-
Boikaelelo Jwa Modimo ke Eng ka Lefatshe?Totatota Baebele e Ruta Eng?
-
-
KGAOLO YA BORARO
Boikaelelo Jwa Modimo ke Eng ka Lefatshe?
Boikaelelo jwa Modimo ke eng ka batho?
Modimo o ile a latofadiwa ka eng?
Mo isagweng, botshelo bo tla bo bo ntse jang mo lefatsheng?
1. Boikaelelo jwa Modimo ke eng ka lefatshe?
BOIKAELELO jwa Modimo ka lefatshe bo itumedisa tota. Jehofa o batla gore lefatshe le tlale ka batho ba ba itumetseng le ba ba itekanetseng sentle. Baebele ya re “Modimo a jala tshingwana mo Edene” mme a “dira gore go mele . . . setlhare sengwe le sengwe se se eletsegang mo ponong ya motho e bile se le molemo go ka nna dijo.” Fa Modimo a sena go bopa monna wa ntlha e bong Adame le mosadi wa gagwe Efa, o ne a ba baya mo legaeng leo le lentle mme a ba raya a re: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye.” (Genesise 1:28; 2:8, 9, 15) Ka jalo boikaelelo jwa Modimo e ne e le gore batho ba nne le bana, ba atolose melelwane ya tshimo ya legae leo mo lefatsheng ka bophara, le go tlhokomela diphologolo.
2. (a) Re itse jang gore boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe bo tla diragadiwa? (b) Baebele ya reng ka go tshelela ruri ga batho?
2 A o akanya gore boikaelelo jwa ga Jehofa Modimo jwa gore batho ba nne mo lefatsheng la paradaise bo tla tsamaya bo diragadiwa? Modimo o bolela jaana: “Ke bo buile mme ke tla bo diragatsa.” (Isaia 46:9-11; 55:11) Ee, ruri Modimo o tla diragatsa se a se ikaeletseng! A re o ne a se ka a ‘bopela lefatshe lefela, mme o le bopetse go nniwa.’ (Isaia 45:18) Modimo o ne a batla gore go tshele batho ba ba ntseng jang mo lefatsheng? Mme o ne a batla gore ba tshele mo go lone lobaka lo lo kana kang? Baebele e araba jaana: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29; Tshenolo 21:3, 4.
3. Ke maemo afe a a hutsafatsang a a leng teng mo lefatsheng, mme seno se tsosa dipotso dife?
3 O a kgona go bona gore seno ga se ise se direge. Gone jaanong batho ba sa ntse ba lwala e bile ba a swa; gape ba a lwa e bile ba a bolaana. Go raya gore go na le sengwe se se phoso. Gone ke boammaaruri gore Modimo o ne a sa ikaelela gore lefatshe le nne ka tsela e re le bonang le ntse ka yone gompieno. Matsapa di a tsere kae? Ke ka ntlha yang fa boikaelelo jwa Modimo bo ise bo diragadiwe? Ga go na buka epe ya hisitori e e kwadilweng ke batho e e ka re bolelelang karabo ka gonne bothata bo simolotse kwa legodimong.
KWA MMABA A TSWANG TENG
4, 5. (a) Ke mang yo tota a neng a bua le Efa a dirisa noga? (b) Go ka tla jang gore motho yo o ikanyegang yo o kileng a bo a na le seriti a fetoge legodu?
4 Buka ya ntlha ya Baebele e re bolelela ka moganetsi wa Modimo yo o neng a tla mo tshimong ya Edene. O tlhalosiwa e le “noga,” mme e ne e se noga fela e re e tlwaetseng. Buka ya bofelo ya Baebele e mo tlhalosa e le noga “e e bidiwang Diabolo le Satane, yo o tsietsang lefatshe lotlhe le le nang le banni.” Gape o bidiwa “noga ya kwa tshimologong.” (Genesise 3:1; Tshenolo 12:9) Moengele yo o maatla yono, kgotsa setshedi se se sa bonaleng seno sa semoya, se ne sa dirisa noga gore e bue le Efa, fela jaaka motho yo o setswerere a ka dira gore go bonale e kete lentswe la gagwe le tswa mo mpoping. Ga go pelaelo gore motho yono wa semoya o ne a le teng fa Modimo a ne a bopa lefatshe gore batho ba tle go nna mo go lone.—Jobe 38:4, 7.
5 Le fa go ntse jalo, e re ka dilo tsotlhe tse Jehofa a di bopileng di itekanetse, ke mang yo o dirileng “Diabolo” yono, ene “Satane” yono? Karabo e e motlhofo fela ke go re, mongwe wa bana ba ba maatla ba semoya ba Modimo o ne a iphetola go nna Satane. Seno se diregile jang? Motho yo o kileng a bo a na le seriti e bile a ikanyega a ka fetoga go nna legodu. Seo se direga jang? Motho yono a ka nna a itetla go nna le keletso e e sa siamang. Fa a nna a akanya ka yone, keletso eo e ka nna ya gola. Mme fa tshono e tlhaga, a ka nna a diragatsa keletso eo e e sa siamang ya se a ntseng a akanya ka sone.—Jakobe 1:13-15.
6. Go tlile jang gore morwa yo o maatla wa semoya wa Modimo a fetoge Satane Diabolo?
6 Seno ke sone se se neng sa diragalela Satane Diabolo. Go bonala a ile a utlwa fa Modimo a ne a bolelela Adame le Efa gore ba nne le bana mme ba tlatse lefatshe ka bone. (Genesise 1:27, 28) Go bonala Satane a ile a ipolelela go re, ‘Batho bano botlhe ba ka obamela nna go na le gore ba obamele Modimo!’ Ka jalo, keletso eno e e sa siamang e ile ya gola mo pelong ya gagwe. Kgabagare, o ile a tsaya kgato ya go tsietsa Efa ka go mmolelela maaka ka Modimo. (Genesise 3:1-5) Ka jalo, o ne a fetoga “Diabolo,” mo go rayang “Yo o Senyang ba Bangwe Leina.” Mme mo godimo ga moo, o ne a fetoga “Satane,” mo go rayang “Moganetsi.”
7. (a) Ke ka ntlha yang fa Adame le Efa ba ile ba swa? (b) Ke ka ntlha yang fa bana botlhe ba ga Adame ba tsofala e bile ba swa?
7 Ka go dirisa maaka le tsietso, Satane Diabolo o ile a dira gore Adame le Efa ba se ka ba utlwa Modimo. (Genesise 2:17; 3:6) Seno se ne sa felela ka gore kgabagare ba swe, fela jaaka Modimo a ne a rile ba tla swa fa ba sa mo utlwe. (Genesise 3:17-19) E re ka Adame a ile a latlhegelwa ke boitekanelo jwa gagwe fa a ne a leofa, bana botlhe ba gagwe ba ile ba rua boleo mo go ene. (Baroma 5:12) Boemo jwa bone bo ka tshwantshiwa le jwa pane e e dirisediwang go baka senkgwe. Fa pane e bobetsegile golo gongwe, go direga eng ka senkgwe sengwe le sengwe se se dirilweng ka pane eno? Le sone se tla tswa se bobetsegile. Ka tsela e e tshwanang, motho mongwe le mongwe o ruile bosaitekanelang mo go Adame, kgotsa re ka re o “bobetsegile.” Ke gone ka moo batho botlhe ba tsofalang ba bo ba swa.—Baroma 3:23.
8, 9. (a) Go bonala Satane a ile a latofatsa Modimo ka eng? (b) Ke ka ntlha yang fa Modimo a se kile a fedisa batsuolodi bao ka yone nako eo?
8 Fa Satane a ne a dira gore Adame le Efa ba leofele Modimo, tota o ne a dira gore ba mo tsuologele. O ne a sa rate tsela e Jehofa a busang ka yone. Tota re ka re, Satane o ne a re: ‘Modimo ke mmusi yo o bosula. O bua maaka e bile ga a batle go naya babusiwa ba gagwe sepe se se molemo. Batho ga ba tlhoke go busiwa ke Modimo. Ba ka kgona go itirela tshwetso ya gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. E bile ba ka tshela botoka fa ba busiwa ke nna.’ Modimo o ne a tla lebana jang le tatofatso eo e e mo tlontlololang? Bangwe ba akanya gore Modimo a ka bo a ile a bolaya batsuolodi bao ka yone nako eo. A mme go dira jalo go ka bo go ile ga re thusa go bona gore a tatofatso eno ya ga Satane e boammaaruri kgotsa jang? A go ka bo go ile ga supa gore Modimo o busa ka tsela e e siameng?
9 Tsela e e siameng e Jehofa a dirisang tshiamiso ya gagwe e e itekanetseng ka yone e ne e ka se ka ya mo letla gore a bolaye batsuolodi bao ka yone nako eo. O ne a swetsa ka gore go fete nako gore tatofatso ya ga Satane e itshupe ka tsela e e kgotsofatsang gore e boammaaruri go le kana kang le go supa gore Diabolo ke moaki. Ka jalo, Modimo o ile a dira tshwetso ya gore a letle batho gore ba nne le nako ya go ipusa ba tlhotlhelediwa ke Satane. Kgaolo ya 11 ya buka eno, e tla re bolelela gore ke ka ntlha yang fa Jehofa a ile a dira jalo le gore ke ka ntlha yang fa a ile a letla gore go fete nako e ntsi jaana pele a ka rarabolola dikgang tseno. Mme gone jaanong, re tshwanetse go akanya ka ntlha eno: A go ne go siame gore Adame le Efa ba dumele Satane, yo a neng a ise a ke a ba direle sepe se se molemo? A go ne go siame gore ba dumele gore Jehofa, yo o neng a ba neile sengwe le sengwe se ba neng ba na le sone, ke moaki yo o setlhogo? Wena o ka bo o ile wa dira eng?
10. O ka tshegetsa jang letlhakore la ga Jehofa gore o arabe kgwetlho ya ga Satane?
10 Go molemo gore re akanye ka dipotso tseno ka gonne mongwe le mongwe wa rona o lebane le dikgwetlho tse di ntseng jalo gompieno. Ee, o na le tshono ya go tshegetsa letlhakore la ga Jehofa gore go bonale gore tatofatso ya ga Satane e boammaaruri go le kana kang. O ka kgona go tsaya Jehofa e le Mmusi wa gago le go bontsha gore Satane ke moaki. (Pesalema 73:28; Diane 27:11) Go utlwisa botlhoko go bona gore ke batho ba le mmalwa fela mo dibilioneng tsa batho mo lefatsheng lotlhe ba ba dirang tshwetso e e ntseng jalo. Seno se tsosa potso e e botlhokwa e e reng, A tota Baebele e ruta gore Satane ke ene a busang lefatshe leno?
KE MANG YO O BUSANG LEFATSHE LENO?
Satane o ne a ka solofetsa Jesu magosi otlhe a lefatshe jang fa e ka bo e se a gagwe?
11, 12. (a) Go raelwa ga ga Jesu go bontsha jang gore Satane ke mmusi wa lefatshe leno? (b) Ke eng gape se se bontshang gore Satane ke mmusi wa lefatshe leno?
11 Le ka motlha Jesu ga a ise a ko a belaele gore Satane ke ene mmusi wa lefatshe leno. Nako nngwe Satane o ne a dirisa tsela nngwe e e gakgamatsang go bontsha Jesu “magosi otlhe a lefatshe le kgalalelo ya one.” Morago ga moo Satane o ne a solofetsa Jesu a re: “Dilo tseno tsotlhe ke tla di go naya fa o ka wela fa fatshe mme wa nkobamela.” (Mathaio 4:8, 9; Luke 4:5, 6) A ko o akanye ka seno. A Satane o ka bo a raetse Jesu ka magosi ano fa magosi ano e ne e se a gagwe? Jesu o ne a se ka a ganela gore dipuso tseno tsotlhe tsa lefatshe e ne e le tsa ga Satane. Eleruri, Jesu a ka bo a ile a dira jalo fa Satane e ka bo e se ene mmusi wa magosi ano.
12 Gone ke boammaaruri gore Jehofa ke Modimo Mothatayotlhe, Mmopi wa lobopo le lentle ka tsela e e gakgamatsang. (Tshenolo 4:11) Le fa go ntse jalo, ga go na gope mo Baebeleng mo go tweng Jehofa Modimo kgotsa Jesu Keresete ke mmusi wa lefatshe leno. Tota e bile, Jesu o ne a bitsa Satane a re ke “mmusi wa lefatshe leno.” (Johane 12:31; 14:30; 16:11) Gape, Baebele e bitsa Satane Diabolo e re ke “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.” (2 Bakorintha 4:3, 4) Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Johane o ne a kwala jaana ka moganetsi yono, kgotsa ene Satane yono: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.”—1 Johane 5:19.
KAFA LEFATSHE LA GA SATANE LE TLILENG GO FEDISIWA KA GONE
13. Ke ka ntlha yang fa re tlhoka lefatshe le lesha?
13 Lefatshe le nna kotsi le go feta fa dingwaga di ntse di kgabaganya. Le tletse ka masole a a ratang ntwa, boradipolotiki ba ba sa ikanyegeng, baeteledipele ba bodumedi ba baitimokanyi le dikebekwa tse di setlhogo. Lefatshe lotlhe le senyegile mo le ka se kang la baakanngwa. Baebele e senola gore nako e atametse e Modimo a tlileng go senya lefatshe le le boikepo ka yone ka ntwa ya gagwe ya Aramagedona. Lefatshe le le boikepo leno le tla tseelwa sebaka ke lefatshe le lesha la tshiamo.—Tshenolo 16:14-16.
14. Modimo o tlhophile mang go nna Mmusi wa Bogosi jwa Gagwe, mme seno se ne sa bolelelwa pele jang?
14 Jehofa Modimo o ne a tlhopha Jesu Keresete gore a nne Mmusi wa Bogosi jwa Gagwe jwa selegodimo. Bogologolo tala, Baebele e ne ya bolelela pele jaana: “Re tsaletswe ngwana, re neilwe ngwana wa mosimane; mme go busa e le kgosana go tla nna mo legetleng la gagwe. Mme o tla tewa leina go twe . . . Kgosana ya Kagiso. Letlotlo la go busa e le kgosana le kagiso ga di kitla di fela.” (Isaia 9:6, 7) Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe go rapelela puso eno ba re: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10) Jaaka fa re tla bona moragonyana mo bukeng eno, Bogosi jwa Modimo bo tla tloga bo nyeletsa magosi otlhe a lefatshe leno, mme bo tla a tseela sebaka otlhe fela. (Daniele 2:44) Mme morago ga moo, Bogosi jwa Modimo bo tla tlisa lefatshe la paradaise.
LEFATSHE LE LESHA LE ATAMETSE!
15. “Lefatshe le lesha” ke eng?
15 Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya [Modimo], mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.” (2 Petere 3:13; Isaia 65:17) Ka dinako tse dingwe, fa Baebele e bua ka “lefatshe,” e a bo e raya batho ba ba nnang mo lefatsheng. (Genesise 11:1) Ka jalo “lefatshe le lesha” ke setšhaba sa batho ba ba amogelwang ke Modimo.
16. Batho ba Modimo a ba amogelang ba tla bona mpho efe e e molemolemo e e tswang kwa go ene, mme re tshwanetse go dira eng gore re e amogele?
16 Jesu o ne a solofetsa gore mo lefatsheng le lesha le le tlang, batho ba Modimo a ba amogelang ba tla amogela mpho ya “botshelo jo bo sa khutleng.” (Mareko 10:30) Tsweetswee bula Baebele ya gago mo go Johane 3:16 le mo go Johane 17:3, mme o bale gore Jesu o rile re dire eng gore re bone botshelo jo bo sa khutleng. Jaanong, sekaseka Baebele go bona masego a a tla bonwang ke ba ba tshwanelegelang go bona mpho e e molemolemo eo e e tswang kwa Modimong mo lefatsheng le le tlang la Paradaise.
17, 18. Re ka tlhomamisega jang gore lefatshe lotlhe le tla nna le kagiso le polokesego?
17 Boikepo, ntwa, bokebekwa le bothubaki di tla bo di sa tlhole di le gone. “Moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng . . . mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe.” (Pesalema 37:10, 11) Kagiso e tla nna teng ka gonne ‘Modimo o tla dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe.’ (Pesalema 46:9; Isaia 2:4) Morago ga moo “mosiami o tla tlhoga, le letlotlo la kagiso go fitlha ngwedi e sa tlhole e le teng”—seo se raya gore kagiso e tla nna teng ka bosakhutleng!—Pesalema 72:7.
18 Baobamedi ba ga Jehofa ba tla tshela ka polokesego. Mo metlheng ya Baebele, Baiseraele ba ne ba tshela ka polokesego fa fela ba ne ba ikobela Modimo. (Lefitiko 25:18, 19) A bo go tla bo go itumedisa jang ne fa le rona re tla bo re ipelela polokesego e e ntseng jalo mo Paradaiseng!—Isaia 32:18; Mika 4:4.
19. Re itse jang gore go tla nna le letlepu la dijo mo lefatsheng le lesha la Modimo?
19 Ga go kitla go nna le ditlhaelo tsa dijo. Mopesalema o ne a opela a re: “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.” (Pesalema 72:16) Jehofa Modimo o tla segofatsa batho ba gagwe ba ba siameng, mme “lefatshe ka bolone ruri le tla ntsha kungo ya lone.”—Pesalema 67:6.
20. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore lefatshe lotlhe le tla fetoga paradaise?
20 Lefatshe lotlhe le tla nna paradaise. Lefatshe le le kileng la bo le sentswe ke baleofi le tla tseelwa sebaka ke magae a mantle a masha le ditshingwana tse dintle. (Isaia 65:21-24; Tshenolo 11:18) Fa nako e ntse e kgabaganya, dikarolo tsa lefatshe tse go setseng go jadilwe ditshingwana dingwe mo go tsone di tla atologa go fitlha lefatshe lotlhe e nna tshimo e ntle e e ungwang e e tshwanang le Edene. Mme Modimo ga a kitla a palelwa ke go ‘bula seatla sa gagwe gore a kgotsofatse keletso ya setshedi sengwe le sengwe.’—Pesalema 145:16.
21. Ke eng se se bontshang gore go tla nna le kagiso fa gare ga batho le diphologolo?
21 Go tla nna le kagiso fa gare ga batho le diphologolo. Diphologolo tsa naga le diruiwa di tla fula mmogo. Tota le ngwana yo monnye ga a kitla a boifa diphologolo tse gone jaanong di sa ntseng di le kotsi.—Isaia 11:6-9; 65:25.
22. Go tla direga eng ka bolwetse?
22 Bolwetse bo tla fela. E re ka Jesu e tla bo e le Mmusi mo Bogosing jwa Modimo jwa selegodimo, o tla fodisa batho ba le bantsi thata go feta kafa a neng a dira ka gone fa a ne a sa ntse a le mo lefatsheng. (Mathaio 9:35; Mareko 1:40-42; Johane 5:5-9) Ka nako eo, “ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24; 35:5, 6.
23. Ke ka ntlha yang fa tsogo ya baswi e tlile go re itumedisa?
23 Batho ba re ba ratang ba ba re tlogetseng ka loso ba tla tsosiwa mo baswing mme ga ba kitla ba tlhola ba swa gape. Botlhe ba ba suleng ba ba leng mo mogopolong wa Modimo ba tla tsosiwa mo baswing. Tota e bile, “go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.”—Ditiro 24:15; Johane 5:28, 29.
24. O ikutlwa jang ka go tshela mo lefatsheng la Paradaise?
24 A bo botlhe ba ba dirang tshwetso ya go ithuta ka Mmopi yo Mogolo wa rona e bong Jehofa Modimo e bile ba batla go mo direla ba letetswe ke isagwe e e molemolemo jang ne! Jesu o ne a bua ka Paradaise e e tlang mo lefatsheng fa a ne a solofetsa modirabosula yo o neng a swela fa thoko ga gagwe a re: “O tla nna le nna mo Paradaiseng.” (Luke 23:43) Go botlhokwa gore re ithute go le gontsi ka Jesu Keresete, ene yo masego ano otlhe a tlileng go diragadiwa ka ene.
-
-
Bogosi Jwa Modimo ke Eng?Totatota Baebele e Ruta Eng?
-
-
KGAOLO YA BOROBEDI
Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
Baebele e re bolelela eng ka Bogosi jwa Modimo?
Bogosi jwa Modimo bo tlile go dira eng?
Bogosi jono bo tla dira leng gore thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng?
1. Re tlile go tlotla ka thapelo efe e e tumileng?
DIMILIONE tsa batho mo lefatsheng ka bophara di tlwaelane le thapelo e ba le bantsi ba e bitsang thapelo ya Rara wa Rona, kgotsa Thapelo ya Morena. Dipolelo tse pedi tseno di raya thapelo e e tumileng e Jesu Keresete ka boene a neng a e dirisa e le thapelo ya sekao. Eno ke thapelo e e nang le dintlha tse di botlhokwa, mme go sekaseka dilo tsa ntlha tse tharo tse di kopiwang mo go yone go tla go thusa go ithuta go le gontsi ka se tota Baebele e se rutang.
2. Ke dilo dife tse tharo tse Jesu a neng a ruta barutwa ba gagwe go di rapelela?
2 Kwa tshimologong ya thapelo eno ya sekao, Jesu o ne a laela bareetsi ba gagwe a re: “Ka jalo, lo rapele ka tsela eno: ‘Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.’” (Mathaio 6:9-13) Dilo tse tharo tse di kopiwang tseno di kaya eng?
3. Ke eng se re tlhokang go se itse ka Bogosi jwa Modimo?
3 Re setse re ithutile go le gontsi ka leina la Modimo, e bong Jehofa. Mme re tlotlile ka thato ya Modimo go ya bokgakaleng jo bo rileng—se a se dirileng le se a sa ntseng a tlile go se direla batho. Jaanong, Jesu o ne a bua ka eng fa a ne a re re rapele re re: “A bogosi jwa gago bo tle”? Bogosi jwa Modimo ke eng? Go tla ga jone go tla itshepisa leina la Modimo jang? Mme go tla ga Bogosi go amana jang le go dirwa ga thato ya Modimo?
SE BOGOSI JWA MODIMO E LENG SONE
4. Bogosi jwa Modimo ke eng, mme Kgosi ya jone ke mang?
4 Bogosi jwa Modimo ke puso e e tlhomilweng ke Jehofa Modimo e go busang Kgosi e e tlhophilweng ke ene mo go jone. Kgosi ya Bogosi jwa Modimo ke mang? Ke Jesu Keresete. Jesu ke Kgosi e e fetang babusi ba bangwe botlhe ba batho mme o bidiwa “Kgosi ya ba ba busang e le dikgosi le Morena wa ba ba busang e le barena.” (1 Timotheo 6:15) O na le maatla a go dira molemo go gaisa mmusi ope fela wa motho, go gaisa le e leng babusi ba ba ka tswang ba le molemolemo.
5. Bogosi jwa Modimo bo busa bo le kae, mme bo busa eng?
5 Bogosi jwa Modimo bo tla busa go tswa kae? Jesu o kae gone jaanong? O tla gakologelwa gore o ne wa ithuta gore o ne a bolaelwa mo koteng ya tlhokofatso, morago ga moo a tsosiwa mo baswing. Ka bonako fela morago ga moo, o ne a tlhatlogela kwa legodimong. (Ditiro 2:33) Ka jalo, ke teng koo Bogosi jwa Modimo bo leng teng—kwa legodimong. Ke gone ka moo Baebeleng e bo bitsang “bogosi . . . jwa selegodimo.” (2 Timotheo 4:18) Le mororo Bogosi jwa Modimo bo le kwa legodimong, bo tla busa lefatshe.—Tshenolo 11:15.
6, 7. Ke eng se se dirang gore Jesu a nne Kgosi e e sa tshwaneng le epe e nngwe?
6 Ke eng se se dirang gore Jesu e nne Kgosi e e sa tshwaneng le epe e nngwe? Lengwe la mabaka ke gore ga a kitla a swa. Fa Baebele e bapisa Jesu le dikgosi tsa batho, e mmitsa “ene a le esi yo o nang le bosasweng, yo o nnang mo leseding le le ka se kang la atamelwa.” (1 Timotheo 6:16) Seno se raya gore dilo tsotlhe tse di molemo tse Jesu a di dirang di tla nnela ruri. Mme o tla dira dilo tse dikgolo le gone di le molemo.
7 A ko o akanye ka boporofeti jono jwa Baebele jo bo buang ka Jesu: “Moya wa ga Jehofa o tla nna mo go ene, moya wa botlhale le wa go tlhaloganya, moya wa kgakololo le wa thata, moya wa kitso le wa go boifa Jehofa; mme o tla ipelela go boifa Jehofa. Mme ga a kitla a atlhola go ya ka sepe fela se a se bonang ka matlho, le fa e le go kgalemela go ya fela ka se a se utlwileng ka ditsebe. O tla atlhola batho ba maemo a a kwa tlase ka tshiamo, mme o tla naya ba ba pelonolo ba lefatshe kgalemelo ka thokgamo.” (Isaia 11:2-4) Mafoko ano a bontsha gore Jesu o ne a tla nna Kgosi e e siameng le e e utlwelang batho ba ba mo lefatsheng botlhoko. A o ka rata go busiwa ke motho yo o ntseng jalo?
8. Ke bomang ba ba tla busang le Jesu?
8 Ntlha e nngwe ke eno gape ka Bogosi jwa Modimo: Jesu ga a na go busa a le esi. Go tla nna le ba ba busang le ene. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a raya Timotheo a re: “Fa re tswelela re itshoka, gape re tla busa mmogo jaaka dikgosi.” (2 Timotheo 2:12) Ee, Paulo, Timotheo le ba bangwe ba ba ikanyegang ba ba tlhophilweng ke Modimo ba tla busa le Jesu mo Bogosing jwa selegodimo. Ke ba le kae ba ba tla nnang le tshiamelo eo?
9. Jesu o tla busa le batho ba le kae, mme Modimo o simolotse leng go ba tlhopha?
9 Jaaka go tlhalositswe mo Kgaolong ya 7 ya buka eno, moaposetoloi Johane o ne a bontshiwa ponatshegelo e mo go yone a neng a bona “Kwana [Jesu Keresete] e eme mo Thabeng ya Siona [boemo jwa gagwe jwa segosi kwa legodimong], mme a na le ba ba dikete di le lekgolo masome a manè le bonè ba kwadilwe leina la gagwe le leina la ga Rraagwe mo diphatleng tsa bone.” Ba ba 144 000 bao ke bomang? Johane ka boene o re bolelela jaana: “Bano ke bone ba ba nnang ba sala Kwana morago go sa kgathalesege gore o ya kae. Bano ba ne ba rekwa mo bathong e le mabutswapele a Modimo le a Kwana.” (Tshenolo 14:1, 4) Ee, ke ba ba setseng Jesu Keresete morago ka boikanyegi ba segolobogolo ba tlhophetsweng go ya go busa le ene kwa legodimong. Fa ba sena go tsosiwa go ya go tshela kwa legodimong, “ba tla busa lefatshe e le dikgosi” ba na le Jesu. (Tshenolo 5:10) Fa e sa le ka nako ya baaposetoloi, Modimo o ntse a tlhopha Bakeresete ba ba ikanyegang gore a tlatse palo ya ba ba 144 000.
10. Ke ka ntlha yang fa e le thulaganyo e e lorato gore Jesu le ba ba 144-000 ba buse batho?
10 Go rulaganyetsa gore Jesu le ba ba 144 000 ba buse batho ke go bontsha lorato e le tota. Ka gonne Jesu o a itse gore go ntse jang go nna motho le go boga. Paulo o ne a re Jesu “ga se yo o ka se kang a re utlwela botlhoko ka makoa a rona, mme ke yo o lekilweng ka ditsela tsotlhe jaaka rona, mme a se na boleo.” (Bahebera 4:15; 5:8) Ba ba busang mmogo le ene le bone e kile ya nna batho ba ba neng ba boga mme ba itshoka. Mo godimo ga moo, ba ile ba lwantshana le bosaitekanelang jwa bone le go itshokela malwetse a mefuta e le mentsi. Ga go pelaelo gore ba tla tlhaloganya mathata a batho ba lebaneng le one!
BOGOSI JWA MODIMO BO TLA DIRA ENG?
11. Jesu o ne a re barutwa ba gagwe ba rapelele eng ka thato ya Modimo?
11 Fa Jesu a ne a re barutwa ba gagwe ba rapelele Bogosi jwa Modimo gore bo tle, gape o ne a re ba rapelele gore thato ya Modimo e dirwe “mo lefatsheng.” Modimo o kwa legodimong, mme thato ya gagwe ga e bolo go nna e dirwa teng ke baengele ba ba ikanyegang. Le fa go ntse jalo, mo Kgaolong ya 3 ya buka eno, re ne ra ithuta gore moengele mongwe yo o boikepo o ne a tlogela go dira thato ya Modimo mme a dira gore Adame le Efa ba leofe. Mo Kgaolong ya 10, re tla ithuta go le gontsi ka se Baebele e se rutang ka moengele yo o boikepo yono, yo re mo itseng e le Satane Diabolo. Satane le baengele ba e leng dibopiwa tsa semoya tse di neng tsa tlhopha go mo sala morago—tse di bidiwang madimona—ba ne ba letlwa go nna kwa legodimong nakonyana. Ka jalo, ga se botlhe kwa legodimong ba ba neng ba dira thato ya Modimo. Seo se ne se tla fetoga fa Bogosi jwa Modimo bo simolola go busa. Kgosi e e neng e sa tswa go tlhomiwa e leng Jesu Keresete, o ne a tshwanetse go lwa le Satane.—Tshenolo 12:7-9.
12. Tshenolo 12:10 e tlhalosa ditiragalo dife tse pedi tse di botlhokwa?
12 Mafoko a a latelang a boporofeti a tlhalosa se se neng se tla direga: “Ka utlwa lentswe le le kwa godimo kwa legodimong le re: ‘Jaanong go tlile poloko le maatla le bogosi tsa Modimo wa rona le taolo ya ga Keresete wa gagwe, ka gonne molatofatsi wa bakaulengwe ba rona [Satane] o piriganyeditswe kwa tlase, yo o ba latofatsang bosigo le motshegare fa pele ga Modimo wa rona!’” (Tshenolo 12:10) A o etse tlhoko ditiragalo tse pedi tse di botlhokwa thata tse di tlhalosiwang mo temaneng eo ya Baebele? Sa ntlha, Bogosi jwa Modimo jo go busang Jesu Keresete mo go jone bo simolola go busa. Sa bobedi, Satane o ntshiwa kwa legodimong a bo a latlhelwa mo lefatsheng.
13. Diphelelo tsa go ntshiwa ga ga Satane kwa legodimong e ne ya nna dife?
13 Ditiragalo tse pedi tseo di ile tsa felela jang? Re bala jaana ka se se neng sa direga kwa legodimong: “Ka lebaka leno itumeleng, lona magodimo le lona ba lo agileng mo go one!” (Tshenolo 12:12) Ee, baengele ba ba ikanyegang kwa legodimong ba a itumela ka gonne fa Satane le madimona a gagwe ba seyo, mongwe le mongwe mo legodimong o kgona go ikanyega mo go Jehofa Modimo. Go na le kagiso e e feletseng e e nnetseng ruri le kutlwano. Thato ya Modimo e a dirwa jaanong kwa legodimong.
Go ntshiwa ga ga Satane le badimona ba gagwe kwa legodimong go tliseditse lefatshe mathata. Mathata ao a tla fela mo bogautshwaneng
14. Ke eng se se diregang ka ntlha ya go bo Satane a latlhetswe mo lefatsheng?
14 Mme go tweng ka lefatshe? Baebele ya re: “A bo go latlhega lefatshe le lewatle, ka gonne Diabolo o fologetse kwa go lona, a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” (Tshenolo 12:12) Satane o galefetse go bo a ntshitswe kwa legodimong e bile a saletswe ke lobaka lo lo khutshwane fela lwa nako. Bogale jwa gagwe bo dira gore a tlisetse lefatshe matshwenyego kgotsa ‘tatlhego.’ Mo kgaolong e e latelang, re tla ithuta go le gontsi ka ‘tatlhego’ eo. Mme fa re sa ntse re akantse ka seo, re ka nna ra ipotsa go re, Bogosi bo ka dira jang gore thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng?
15. Thato ya Modimo ke eng ka lefatshe?
15 Sa ntlha, gakologelwa gore thato ya Modimo ke eng ka lefatshe. O ithutile ka yone mo Kgaolong ya 3. Kwa Edene, Modimo o ne a bontsha gore thato ya gagwe ke gore lefatshe leno le tlale ka batho ba ba siameng ba ba sa sweng. Satane o ne a dira gore Adame le Efa ba leofe, mme seno se ile sa ama go diragadiwa ga thato ya Modimo mo lefatsheng mme le fa go ntse jalo ga se a ka sa fetola maikaelelo a Modimo ka lefatshe. Jehofa o sa ntse a ikaeletse gore ‘basiami ba rue lefatshe, mme ba age mo go lone ka bosakhutleng.’ (Pesalema 37:29) Mme Bogosi jwa Modimo bo tla diragatsa seo. Jang?
16, 17. Daniele 2:44 e re bolelela eng ka Bogosi jwa Modimo?
16 Akanya ka boporofeti jo bo mo go Daniele 2:44. Bo balega jaana: “Mo metlheng ya dikgosi tseo Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.” Seno se re bolelela eng ka Bogosi jwa Modimo?
17 Sa ntlha, se re bolelela gore Bogosi jwa Modimo bo ne bo tshwanetse go tlhomiwa “mo metlheng ya dikgosi tseo,” kgotsa fa magosi a mangwe a sa ntse a busa. Sa bobedi, se re bolelela gore Bogosi jono bo tla ema ka bosakhutleng. Ga bo kitla bo fenngwa le fa e le go tseelwa sebaka ke bogosi jo bongwe. Sa boraro, re a lemoga gore go tla nna le ntwa fa gare ga Bogosi jwa Modimo le magosi a lefatshe leno. Go tla fenya Bogosi jwa Modimo. Kwa bokhutlong, e tla bo e le jone fela bogosi jo bo busang batho. Ka nako eo, batho ba tla ipelela Bogosi jo bo a gaisang otlhe jo ba iseng ba ko ba bo bone.
18. Ntwa ya bofelo fa gare ga Bogosi jwa Modimo le dipuso tsa lefatshe leno e bidiwa eng?
18 Baebele e re bolelela go le gontsi ka ntwa eo ya bofelo fa gare ga Bogosi jwa Modimo le magosi a lefatshe leno. Ka sekai, e re ruta gore fa bokhutlo bo ntse bo atamela, meya e e boikepo e tla anamisa maaka go tsietsa ‘dikgosi tsa lefatshe lotlhe le le nang le banni.’ Ka ntlha yang? ‘Go phuthela [dikgosi tseno] kwa ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.’ Dikgosi tsa lefatshe di tla phuthelwa mmogo “kwa lefelong le le bidiwang Hara-Magedona ka Sehebera.” (Tshenolo 16:14, 16) Ka ntlha ya se se buiwang mo ditemaneng tse pedi tseo, ntwa ya bofelo fa gare ga dipuso tsa batho le Bogosi jwa Modimo e bidiwa ntwa ya Hara-Magedona, kgotsa Aramagedona.
19, 20. Ke eng se se dirang gore thato ya Modimo e se ka ya dirwa mo lefatsheng gone jaanong?
19 Bogosi jwa Modimo bo tla fitlhelela eng ka nako ya Aramagedona? A ko o akanye gape gore thato ya Modimo ke eng ka lefatshe. Jehofa Modimo o ikaeletse gore lefatshe le tladiwe ka batho ba ba itekanetseng ba ba siameng ba ba mo direlang mo Paradaiseng. Ke eng se se dirang gore go se ka ga nna jalo gone jaanong? Sa ntlha, re batho ba ba nang le boleo, re a lwala e bile re a swa. Le fa go ntse jalo, mo Kgaolong ya 5, re ithutile gore Jesu o ne a re swela gore re kgone go tshelela ruri. Ga go pelaelo gore o gakologelwa mafoko a a mo Efangeleng ya ga Johane, a a reng: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16.
20 Bothata jo bongwe ke gore batho ba le bantsi ba dira dilo tse di bosula. Ba bua maaka, ba a tsietsa e bile ga ba itshware sentle. Ga ba batle go dira thato ya Modimo. Batho ba ba dirang dilo tse di boikepo ba tla senngwa ka nako ya ntwa ya Modimo ya Aramagedona. (Pesalema 37:10) Lebaka le lengwe la go bo thato ya Modimo e sa dirwe mo lefatsheng ke gore dipuso ga di kgothaletse batho go e dira. Dipuso di le dintsi di ba kgothaletsa go dira se se bosula, di setlhogo kgotsa di tletse ditiro tsa boferefere. Baebele e bua fela ka tlhamalalo e re: ‘Motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’—Moreri 8:9.
21. Bogosi bo tla dira jang gore thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng?
21 Morago ga Aramagedona, batho ba tla busiwa ke puso e le nngwe fela, e leng Bogosi jwa Modimo. Bogosi joo bo tla dira gore thato ya Modimo e dirwe le go tlisa masego a a molemolemo. Ka sekai, bo tla fedisa Satane le madimona a gagwe. (Tshenolo 20:1-3) Maatla a setlhabelo sa ga Jesu a tla dirisiwa gore batho ba ba ikanyegang ba se ka ba tlhola ba lwala le fa e le go swa. Go na le moo, ba tla kgona go tshelela ruri fa Bogosi joo bo busa. (Tshenolo 22:1-3) Lefatshe le tla dirwa paradaise. Ka jalo, Bogosi bo tla dira gore thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng, e bile bo tla itshepisa leina la Modimo. Seno se bolela eng? Se bolela gore kgabagare, mongwe le mongwe yo o tla bong a tshela fa Bogosi jwa Modimo bo busa o tla tlotla leina la ga Jehofa.
BOGOSI JWA MODIMO BO TLA TSAYA KGATO LENG?
22. Re itse jang gore Bogosi jwa Modimo bo ne jwa se ka jwa tla fa Jesu a ne a le mo lefatsheng kgotsa ka bonako fela fa a sena go tsosiwa mo baswing?
22 Fa Jesu a ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ba rapele ba re, “A bogosi jwa gago bo tle,” go ne go bonala sentle gore Bogosi bo ne bo ise bo tle ka nako eo. A bo ne jwa tla fa Jesu a ne a tlhatlogela kwa legodimong? Nnyaa, ka gonne Petere le Paulo ba ne ba re fa Jesu a sena go tsosiwa, boporofeti jo bo mo go Pesalema 110:1 bo ne jwa diragadiwa mo go ene, jo bo reng: “Jehofa o raya Morena wa me a re: ‘Nna kafa seatleng sa me sa moja go fitlha ke baya baba ba gago gore e nne sebeo sa dinao tsa gago.’” (Ditiro 2:32-35; Bahebera 10:12, 13) O ne a tshwanelwa ke gore a lete lobakanyana.
Fa Bogosi jwa Modimo bo busa, thato ya gagwe e tla dirwa mo lefatsheng jaaka e dirwa kwa legodimong
23. (a) Bogosi jwa Modimo bo simolotse leng go busa? (b) Re tla tlotla ka eng mo kgaolong e e latelang?
23 O ne a tshwanetse go leta lobaka lo lokae? Mo lekgolong la bo19 le la bo20 la dingwaga, baithuti ba ba tlhoafetseng ba Baebele ba ile ba bala dipalo mme ba lemoga gore lobaka lwa go leta ga gagwe lo ne lo tlile go khutla ka 1914. (Malebana le letlha leno, leba Dintlha Tse di Oketsegileng, ditsebe 215-18.) Ditiragalo tsa lefatshe tse di neng tsa simolola ka 1914 di ne tsa tlhomamisa gore baithuti bano ba ba tlhoafetseng ba Baebele ba ne ba opile kgomo lonaka. Go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele go bontsha gore ka 1914, Keresete o ne a nna Kgosi mme Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo jwa simolola go busa. Ka jalo, re tshela mo ‘lobakeng lo lokhutshwane lwa nako’ lo lo saletseng Satane. (Tshenolo 12:12; Pesalema 110:2) Gape, re ka bua re sa okaoke gore go ise go ye kae, Bogosi jwa Modimo bo tla tsaya kgato ya go dira gore thato ya gagwe e dirwe mo lefatsheng. A dikgang tseno ga di go itumedise? A o a di dumela? Kgaolo e e latelang e tla go thusa go bona gore eleruri Baebele e ruta dilo tseno.
-