LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • O Tla Ema Jang fa Pele ga Setulo sa Katlholo?
    Tora ya Tebelo—1995 | October 15
    • O Tla Ema Jang fa Pele ga Setulo sa Katlholo?

      “E tlaa re Morwa Motho a tla ka kgalalelo ya gagwe, a na le baengele botlhe, foo o tlaa dula mo setulong sa gagwe sa bogosi sa kgalalelo.”—MATHAIO 25:31.

      1-3. Re na le lebaka lefe le le malebana le tolamo le le dirang gore re nne le tsholofelo?

      ‘A O BONWE MOLATO KANA GA O A BONWA MOLATO?’ Batho ba bantsi ba a šwegašwega fa ba ntse ba reeditse dipego tsa kgetsi nngwe ya kgotlatshekelo. Baatlhodi le ba ba sekasekang bosupi jwa dikgetsi ba ka nna ba leka go ikanyega, a mme gantsi go nna le tolamo? A ga o ise o utlwe le ka tshiamololo le tsietso mo tsamaisong ya boatlhodi? Tshiamololo e e ntseng jalo ga se gone e simololang go nna teng, jaaka re bona mo setshwantshong sa ga Jesu se se mo go Luke 18:1-8.

      2 Sengwe le sengwe se se go diragalelang ka tolamo ya batho, ela tlhoko tsela e Jesu a neng a konela ka yone: “Modimo one, a ga o ketla o sekela ba e leng baitshenkedwi ba one ba ba goelang kwa go one motshegare le bosigo . . . Ke a lo bolelela, o tlaa ba sekela ka bonako. Le fa go ntse jalo e tlaa re Morwa Motho a tla, a o tlaa fitlhela tumelo mo lefatsheng?”

      3 Ee, Jehofa o tla dira gore batlhanka ba gagwe kgabagare ba bone tolamo. Jesu le ene o na le seabe, segolobogolo gone jaanong ka gonne re tshela mo “metlheng ya bofelo” ya tsamaiso ya segompieno e e bosula ya dilo. Jehofa o tla tloga a dirisa Morwawe yo o maatla gore a nyeletse bosula mo lefatsheng. (2 Timotheo 3:1; 2 Bathesalonika 1:7, 8; Tshenolo 19:11-16) Re kgona go lemoga seabe sa ga Jesu mo go sengwe sa ditshwantsho tsa bofelo tse a neng a di neela, se gantsi se bidiwang setshwantsho sa dinku le dipodi.

      4. Re ntse re tlhaloganya nako ya go diragadiwa ga setshwantsho sa dinku le dipodi jang, mme ke ka ntlha yang fa re tlhokomela setshwantsho seno gone jaanong? (Diane 4:18)

      4 Re sa le ka re tlhaloganya gore setshwantsho seno se tshwantshetsa Jesu a dutse e le Kgosi ka 1914 mme fa e sa le ka nako eo a ntse a atlhola—batho ba ba itshupang e le dinku a ba neela botshelo jo bo sa khutleng mme ba e leng dipodi a ba atlholela loso ka bosakhutleng. Mme fa re sekaseka setshwantsho seno gape re bona kutlwisiso nngwe e e fetotsweng mabapi le nako e se tla diragadiwang ka yone le se e se tshwantshetsang. Go tokafadiwa mono go gatelela botlhokwa jwa tiro ya rona ya go rera le botlhokwa jwa tsela e batho ba tsayang kgato ka yone. Gore re bone motheo wa go tlhaloganya setshwantsho seno ka tsela e e boteng jaana, a re ko re sekasekeng se Baebele e se bontshang ka ga Jehofa le Jesu, boobabedi e le Dikgosi e bile e le Baatlhodi.

      Jehofa Jaaka Moatlhodi yo Mogolo

      5, 6. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore re lebe Jehofa e le Kgosi e bile e le Moatlhodi?

      5 Jehofa o busa lebopo lotlhe ka a na le thata mo dilong tsotlhe. Ke “Kgosi ya metlha,” e re ka a se na tshimologo le bokhutlo. (1 Timotheo 1:17; Pesalema 90:2, 4; Tshenolo 15:3) O na le thata ya go dira ditaolo, kana melao le go e dirisa. Mme thata ya gagwe e akaretsa go nna Moatlhodi. Isaia 33:22 e bolela jaana: “Jehofa ke Moatlhodi wa rona, Jehofa ke Motlhoma molao wa rona, Jehofa ke Kgosi ya rona; ene o tlaa re boloka.”

      6 Batlhanka ba Modimo ba sa le ka ba lemoga gore Jehofa ke Moatlhodi wa dikgetsi le dikganetsano. Ka sekai, fa “Moatlhodi wa lefatshe lotlhe” a se na go sekaseka bosupi ka ga bosula jwa Sotoma le Gomora, o ne a atlhola ka gore baagi ba koo ba tshwanelwa ke go senngwa mme a bo a diragatsa katlholo eo e e siameng. (Genesise 18:20-33; Jobe 34:10-12) A bo go itse gore Jehofa ke Moatlhodi yo o siameng yo o ka diragatsang dikatlholo tsa gagwe ka metlha go tshwanetse ga re kgothatsa jang ne!

      7. Jehofa o ne a dira jang e le Moatlhodi fa a ne a dirisana le Baiseraele?

      7 Kwa Iseraeleng wa bogologolo, ka dinako tse dingwe Jehofa o ne a atlhola ka tlhamalalo. A o ne o ka se gomotsege ka nako eo go itse gore Moatlhodi yo o itekanetseng o ne a atlhola dikgang? (Lefitiko 24:10-16; Dipalo 15:32-36; 27:1-11) Gape Modimo o ne o dira “dikatlholo” tse di neng di le molemo tsotlhe e le dilo tse di tlhokegang fa go atlholwa. (Lefitiko 25:18, 19; Nehemia 9:13; Pesalema 19:9, 10; 119:7, 75, 164; 147:19, 20) Ke “Moatlhodi wa lefatshe lotlhe,” ka jalo rotlhe re amiwa ke seo.—Bahebere 12:23.

      8. Daniele o ne a bona ponatshegelo efe e e tshwanang le kgang eno?

      8 Re na le bosupi jwa “mongwe yo o boneng ka matlho” malebana le kgang eno. Moperofeti Daniele o ne a bontshiwa ponatshegelo nngwe ya dibatana tse di bogale tse di neng di emela dipuso kana mebuso e megolo. (Daniele 7:1-8, 17) O ne a oketsa jaana: “Ga bewa ditulo tsa bogosi, mme ga dula mongwe yo o leng mogologolo; diaparo tsa gagwe di le ditshweu jaaka kapoko.” (Daniele 7:9) Ela tlhoko gore Daniele o ne a bona ditulo tsa bogosi “mme ga dula mongwe yo o leng mogologolo [e bong Jehofa].” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) A o ko o ipotse gore, ‘A Daniele fano o ne a lebeletse fa Modimo a nna Kgosi?’

      9. Ke eng se se bolelwang ke ‘go dula’ mo setulong sa bogosi? Naya dikai.

      9 Gone, fa re bala ka motho yo o neng a “dula” mo setulong sa bogosi, re ka nna ra akanya ka ene a nna kgosi, ka gonne ka dinako tse dingwe Baebele e bolela ka tsela e e ntseng jalo. Ka sekai: “Ya re [Simeri] a simolola go busa, e le gone a dulang mo setulong sa bogosi, a . . .” (1 Dikgosi 16:11; 2 Dikgosi 10:30; 15:12; Jeremia 33:17) Boperofeti jwa ga Mesia bo ne jwa bolela jaana: “O tlaa dula a ba a busa mo setulong sa gagwe sa bogosi.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ka gone, ‘go dula mo setulong sa bogosi’ go ka raya go nna kgosi. (Sekaria 6:12, 13) Jehofa o tlhalosiwa e le Kgosi a dula mo setulong sa bogosi. (1 Dikgosi 22:19; Isaia 6:1; Tshenolo 4:1-3) Ke “Kgosi ya metlha.” Lefa go ntse jalo, fa a ne a tlhoma karolo e ntšha ya bolaodi, go ne go ka bolelwa gore o ntse Kgosi, jaaka e kete o ne a dula sesha mo setulong sa gagwe sa bogosi.—1 Ditirafalo 16:1, 31; Isaia 52:7; Tshenolo 11:15-17; 15:3; 19:1, 2, 6.

      10. Ke tiro efe ya konokono e e neng e dirwa ke dikgosi tsa Iseraele? Tshwantsha.

      10 Mme go na le ntlha fano ya konokono: Tiro e kgolo ya dikgosi tsa bogologolo e ne e le go reetsa dikgetsi le go ntsha dikatlholo. (Diane 20:8; 29:14) Gakologelwa katlholo e e tshwanetseng ya ga Solomone fa mongwe le mongwe wa basadi ba babedi a ne a bolela fa ngwana e le wa gagwe. (1 Dikgosi 3:16-28; 2 Ditirafalo 9:8) Nngwe ya dikago tsa gagwe tsa bogosi e ne e le “mokatako o o okameng setulo sa bogosi kwa o ka dulelang tsheko gone,” gape e ne e bidiwa “mokatako wa tshekelo.” (1 Dikgosi 7:7) Jerusalema o ne a tlhalosiwa e le lefelo le “ditulo tsa bogosi tsa katlholelo di beilwe[ng] gone.” (Pesalema 122:5) Go phepafetse gore ‘go dula mo setulong sa bogosi’ gape go ka raya go ntsha katlholo.—Ekesodo 18:13; Diane 20:8.

      11, 12. (a) Ke eng se se neng se kaiwa ke go dula ga ga Jehofa, mo go umakilweng mo go Daniele kgaolo 7? (b) Ditemana tse dingwe di tlhomamisa jang gore Jehofa o a dula gore a atlhole?

      11 Jaanong a re boeleng kwa tiragalong e mo go yone Daniele a neng a bona ‘go dula mongwe yo o leng mogologolo.’ (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Daniele 7:10 e oketsa jaana: “Tsheko ya bewa, le dikwalo tsa petlekwa.” Ee, Mongwe yo o leng Mogologolo o ne a dutse a atlhola bolaodi jwa lefatshe le go atlhola fa Morwa motho a tshwanela go busa. (Daniele 7:13, 14) Go tswa foo re bala gore “mogologolo wa metlha a tla, mme ga atlholelwa baitshepi,” e le ba go atlhotsweng gore ba tshwanela go busa le Morwa motho. (Daniele 7:22, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Kgabagare ‘tsheko e ne ya dula’ le go atlhola puso ya bofelo ya lefatshe ka tsela e e botlhoko.—Daniele 7:26.a

      12 Ka gone, fa Daniele a bona Modimo ‘o dula mo setulong sa bogosi’ go ne go raya go tla ga Gagwe a tla go atlhola. Pelenyana Dafite o ne a opela jaana: “[Jehofa o ne a] emetse tshiamo ya me le go seka ga me; o ne [a] dutse mo setulong sa bogosi [a] atlhola ka tshiamo.” (Pesalema 9:4, 7) Mme Joele o ne a kwala jaana: “A merafe e itsose, e tle kwa molapong wa ga Jehošafate; gonne [nna Jehofa] ke tlaa dula teng ke atlhola merafe yotlhe.” (Joele 3:12; bapisa Isaia 16:5.) Jesu mmogo le Paulo ba ne ba le mo boemong jwa boatlhodi jo mo go jone motho a neng a dula gore a reetse kgetsi nngwe a bo a atlhola.b—Johane 19:12-16; Ditiro 23:3; 25:6.

      Boemo Jwa ga Jesu

      13, 14. (a) Ke eng se se neng sa tlhomamisetsa batho ba Modimo gore Jesu o ne a tla nna Kgosi? (b) Jesu o dutse leng mo setulong sa gagwe sa bogosi, mme o ne a busa go tloga ka 33 C.E. go ya pele ka kutlwisiso efe?

      13 Jehofa ke Kgosi e bile ke Moatlhodi. Re ka reng ka ga Jesu? Moengele yo o neng a itsise ka go tsalwa ga gagwe o ne a bolela jaana: “Morena Modimo o tlaa mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafite rraagwe, . . . bogosi jwa gagwe ga bo ketla bo nna le bokhutlo.” (Luke 1:32, 33) Jesu o ne a tla nnela ruri moruaboswa wa bogosi jwa ga Dafite. (2 Samuele 7:12-16) O ne a tla busa a le kwa legodimong, ka gonne Dafite o ne a bolela jaana: “Jehofa o raya morena wa me [Jesu] a re: ‘Dula ka fa letsogong la me le legolo go tsamaye ke dire baba ba gago sebeo sa gago sa dinao.’ Jehofa o tlaa otlolola lore lwa thata ya gago go tswa Sione; wena o buse mo gare ga baba ba gago.”—Pesalema 110:1-4.

      14 Seo se ne se tla diragala leng? Jesu o ne a se ka a busa e le Kgosi a santse a le motho. (Johane 18:33-37) Ka 33 C.E., o ne a swa, a tsosiwa, a bo a tlhatlogela kwa legodimong. Bahebere 10:12 e bolela jaana: “Ene, o rile a sena go isetsa ruri setlhabelo sa dibe se le sengwe fela, a dula ka fa letsogong le legolo la Modimo.” Jesu o ne a na le thata efe? “[Modimo o ne] wa mo dudisa ka fa letsogong la one le legolo mo mannong a selegodimo. Kwa godimodimo ga puso yotlhe, le taolo, le thata le bogosi . . . wa mo neela phuthego gore a nne tlhogo ya dilo tsotlhe.” (Baefeso 1:20-22) E re ka Jesu a ne a nna le thata ya segosi mo Bakereseteng fa e sa le ka nako eo, Paulo o ne a ka kwala gore Jehofa ke “yo O re golotseng, a re ntsha mo thateng ya lefifi, a re tlolagantshetsa mo bogosing jwa Morwa lorato lwa one.”—Bakolosa 1:13; 3:1.

      15, 16. (a) Ke ka ntlha yang fa re bolela gore Jesu o ne a se ka a nna Kgosi ya Bogosi jwa Modimo ka 33 C.E.? (b) Jesu o ne a simolola go busa mo Bogosing jwa Modimo leng?

      15 Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a se ka a nna Kgosi le Moatlhodi mo ditšhabeng ka nako eo. O ne a dutse gaufi le Modimo, a emetse nako ya gore a nne Kgosi ya Bogosi jwa Modimo. Paulo o ne a kwala jaana ka ga gagwe: “O kile wa bua ka ga ofe wa baengele ka lobaka longwe wa re: ‘Dula ka fa letsogong la me le legolo, ke tle ke tsamaye ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago’?”—Bahebere 1:13.

      16 Basupi ba ga Jehofa ba gatisitse bosupi jo bontsi jwa gore nako ya ga Jesu ya go leta e fedile ka 1914, fa a ne a nna mmusi wa Bogosi jwa Modimo kwa magodimong a a sa bonaleng. Tshenolo 11:15, 18 e bolela jaana: “Bogosi jwa lefatshe bo diregile bogosi jwa Morena wa rona, le jwa ga Keresete wa gagwe; o tlaa busa ka bosakhutleng le ka bosaengkae.” “Ditšhaba tsa tlala bogale, mme bogale jwa gago jwa tla.” Ee, ditšhaba di ne tsa galefelana ka Ntwa ya Lefatshe I. (Luke 21:24) Dintwa, dithoromo tsa lefatshe, dikgogodi tsa malwetse, go tlhaela ga dijo le tse dingwe fela jalo, tse re sa leng re di bona go tloga ka 1914 di tlhomamisa gore Jesu jaanong o a busa mo Bogosing jwa Modimo, mme bokhutlo jwa lefatshe bo gaufi.—Mathaio 24:3-14.

      17. Ke dintlha dife tsa konokono tse re setseng re di tlhomamisitse go tla go fitlha fano?

      17 Fa re boeletsa ka bokhutshwane fela: Go ka twe Modimo o dutse mo setulong sa bogosi e le Kgosi, mme ka kutlwisiso e nngwe o ka nna mo setulong sa gagwe sa bogosi a atlhola. Ka 33 C.E., Jesu o ne a dula kafa letsogong le legolo la Modimo, mme jaanong ke Kgosi ya Bogosi. A mme Jesu yo jaanong a busang e le Kgosi gape ke Moatlhodi? Mme ke ka ntlha yang fa seno se re ama, segolobogolo mo motlheng ono?

      18. Go na le bosupi bofe jo bo bontshang gore Jesu le ene o ne a tla nna Moatlhodi?

      18 Jehofa yo o nang le tshwanelo ya go tlhoma baatlhodi, o ne a tlhopha Jesu gore a nne Moatlhodi yo o dirang dilo tsa Gagwe tse a di tlhokang. Jesu o ne a bontsha seno fa a ne a bua jaana ka batho ba ba tshelang semoyeng: “Rara ga a atlhole motho ope, mme katlholo yotlhe o e neetse Morwa.” (Johane 5:22) Lefa go ntse jalo, seabe sa ga Jesu sa boatlhodi se feta mofuta oo wa go atlhola, ka gonne ke moatlhodi wa batshedi le baswi. (Ditiro 10:42; 2 Timotheo 4:1) Paulo o kile a bolela jaana: “[Modimo] o tlhomile letsatsi le o tlaa atlholang lefatshe ka lone ka tshiamo, ka monna [Jesu] yo o mo laotseng; mo, o go tlhomamiseditse batho botlhe ka o mo tsositse.”—Ditiro 17:31; Pesalema 72:2-7.

      19. Ke ka ntlha yang fa go siame go bolela ka Jesu a dutse e le Moatlhodi?

      19 Ka gone, a go na le sengwe se se re tshegetsang fa re swetsa ka gore Jesu o dula mo setulong sa bogosi se se galalelang mo tirong e e rileng e le Moatlhodi? Ee. Jesu o ne a bolelela baaposetoloi jaana: “Lona ba lo ntshetseng morago, e tlaa re mo Bošafatsong jwa dilo tsotlhe, fa Morwa Motho a dula mo setulong sa gagwe sa bogosi sa kgalalelo, le lona lo tlaa dula mo ditulong tsa bogosi di le 12, lo atlhola ditso tse 12 tsa Iseraele.” (Mathaio 19:28, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Le mororo Jesu e le Kgosi ya Bogosi gone jaanong, tiro ya gagwe e kgolo e e umakilweng mo go Mathaio 19:28 e tla akaretsa go nna mo setulong sa bogosi a atlhola ka Mileniamo. Ka nako eo o tla atlhola batho botlhe, basiami le basiamolodi. (Ditiro 24:15) Go mosola go nna re gakologetswe seno fa re ntse re ela tlhoko sengwe sa ditshwantsho tsa ga Jesu se se bolelang ka motlha wa rona le ka matshelo a rona.

      Ke Eng se se Bolelwang ke Setshwantsho?

      20, 21. Ke eng se baaposetoloi ba ga Jesu ba neng ba se botsa se se bontshang ka motlha wa rona, mme seo se dira gore go bodiwe potso efe?

      20 Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba mmotsa jaana pelenyana fela a ise a swe: “Re bolelele gore dilo tse di tlaa dirafala leng? Sesupo e tlaa nna eng sa go tla ga gago, le sa bokhutlo jwa lefatshe?” (Mathaio 24:3) Jesu o ne a bolelela pele ka ditiragalo tsa botlhokwa tse re neng re tla di bona mo lefatsheng pele ‘bokhutlo bo tla.’ Nakonyana fela pele bokhutlo bo tla, ditšhaba di ne di tla “bona Morwa Motho a tla ka maru a legodimo, ka nonofo le ka kgalalelo e kgolo.”—Mathaio 24:14, 29, 30.

      21 Lefa go ntse jalo, batho ba ditšhaba tseo ba tla diragalelwa ke eng fa Morwa motho a tla mo kgalalelong ya gagwe? A re ko re boneng seo mo setshwantshong sa dinku le dipodi, se se simololang jaana: “E tlaa re Morwa Motho a tla ka kgalalelo ya gagwe, a na le baengele botlhe, foo o tlaa dula mo setulong sa gagwe sa bogosi sa kgalalelo. Merafe yotlhe e tlaa phuthelwa fa pele ga gagwe.”—Mathaio 25:31, 32.

      22, 23. Ke dintlha dife tse di bontshang gore setshwantsho sa dinku le dipodi ga se a simolola go diragadiwa ka 1914?

      22 A setshwantsho seno se diragadiwa fa Jesu a ne a nna kgosi ka 1914, jaaka re sa le re tlhaloganya jalo bogologolo? Legale, Mathaio 25:34 e bua ka ene e le Kgosi, ka jalo go a utlwala gore setshwantsho seno se simolotse go dira fa e sa le Jesu a nna Kgosi ka 1914. Mme ke eng se a neng a se atlhola ka bonako fela morago ga moo? E ne e se go atlholwa ga “ditšhaba tsotlhe.” Go na le moo, o ne a tlhokomela batho ba ba bolelang gore ba bopa ‘ntlo ya Modimo.’ (1 Petere 4:17, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Go dumalana le Malaki 3:1-3, Jesu, yo o leng morongwa wa ga Jehofa, o ne a lekola Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba setseng mo lefatsheng ka tsela ya go atlhola. Gape e ne e le nako ya go atlholwa ga Labokeresete, yo o neng a bolela maaka gore ke “ntlo ya Modimo.”c (Tshenolo 17:1, 2; 18:4-8) Lefa go ntse jalo ga go na sepe se se bontshang gore ka nako eo, kana fa e sa le ka nako eo, Jesu o ne a atlhola batho ba ditšhaba tsotlhe la bofelo jaaka dinku kana dipodi.

      23 Fa re sekaseka tiro ya ga Jesu mo setshwantshong seno, kgabagare re mmona a atlhola ditšhaba tsotlhe. Setshwantsho seno ga se bontshe gore katlholo eo e ne e tla diragala ka dingwaga tse dintsi, jaaka e kete motho mongwe le mongwe yo o swang mo masomeng ano a dingwaga o ne a atlholelwa loso ka bosakhutleng kana go bona botshelo jo bo sa khutleng. Go lebega gore batho ba bantsi ba ba suleng mo masomeng a dingwaga a bosheng jaana ba mo mabitleng a a tlwaelegileng a batho. (Tshenolo 6:8; 20:13) Lefa go ntse jalo, setshwantsho seno se bontsha motlha o Jesu a atlholang batho ba “ditšhaba tsotlhe” ka one ba ka nako eo ba tla bong ba tshela e bile ba emetse gore a diragatse katlholo ya gagwe ya bolaodi.

      24. Setshwantsho sa dinku le dipodi se tla diragadiwa leng?

      24 Ka mafoko a mangwe, setshwantsho seno se lebisitse mo isagweng fa Morwa motho a tla bo a tla ka kgalalelo ya gagwe. O tla dula gore a atlhole batho ba ka nako eo ba tla bong ba tshela. Katlholo ya gagwe e tla ikaega ka se bone ba itshupileng ba le sone. Ka nako eo “go kgaoganngwa ga batho ba ba siameng le ba ba bosula” go ne go tla bo go setse go tlhomilwe sentle. (Malaki 3:18) Go ntshiwa ga katlholo ya mmatota le go diragadiwa ga yone go tla dirwa ka nako e e beilweng. Go tswa foo Jesu o tla dira ditshwetso tse di ikaegileng ka se batho ba itshupileng ba le sone.—Bona gape 2 Bakorinthe 5:10.

      25. Ke eng se Mathaio 25:31 e se bontshang fa e bolela ka Morwa motho a dutse mo setulong sa bogosi se se galalelang?

      25 Seno he, se raya gore ‘go dula ga ga [Jesu] mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang’ gore a atlhole, mo go umakilweng mo go Mathaio 25:31, go bolela ka nako e e tlang fa Kgosi eno e e nonofileng e tla dula e atlhola ditšhaba e bo e diragatsa katlholo. Ee, tiragalo ya go atlhola e Jesu a leng mo go yone mo go Mathaio 25:31-33, 46 e tshwana le tiragalo e e mo go Daniele kgaolo 7, koo Kgosi e e busang, e leng Mongwe yo o leng Mogologolo, a neng a dutse a dira tiro ya gagwe e le Moatlhodi.

      26. Ke tlhaloso efe e ntšha ya setshwantsho e e leng teng?

      26 Go tlhaloganya setshwantsho sa dinku le dipodi ka tsela eno go bontsha gore go atlholwa ga dinku le dipodi go tla diragala mo isagweng. Go tla diragala fa “sepitla se segolo” se se umakilweng mo go Mathaio 24:29, 30 se se na go itaya le fa Morwa motho a se na go ‘tla mo kgalalelong ya gagwe.’ (Bapisa Mareko 13:24-26.) Go tswa foo, fa tsamaiso yotlhe e e bosula e ya bokhutlong, Jesu o tla tsenya lekgotla a bo a atlhola le go diragatsa katlholo.—Johane 5:30; 2 Bathesalonika 1:7-10.

      27. Ke eng se re tshwanetseng ra kgatlhegela go se itse ka setshwantsho sa bofelo sa ga Jesu?

      27 Seno se phepafatsa tsela e re tlhaloganyang nako e setshwantsho sa ga Jesu se tla diragadiwang ka yone, se se bontshang nako e dinku le dipodi di tla atlholwang ka yone. Mme rona ba re santseng re rera mafoko a a molemo a Bogosi ka botlhaga se re ama jang? (Mathaio 24:14) A se dira gore tiro ya rona e se ka ya lebega e le botlhokwa, kana se re neela boikarabelo jo bongwe jo bogolo? A re ko re boneng mo setlhogong se se latelang gore se re ama jang.

  • Dinku le Dipodi Di na Le Isagwe Efe?
    Tora ya Tebelo—1995 | October 15
    • Dinku le Dipodi Di na Le Isagwe Efe?

      “O tlaa ba kgaoganya, bangwe mo go ba bangwe, jaaka modisa a tle a kgaoganye dinku le dipodi.”—MATHAIO 25:32.

      1, 2. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go kgatlhegela setshwantsho sa dinku le dipodi?

      ELERURI Jesu Keresete e ne e le Morutisi yo mogolo go feta botlhe mo lefatsheng. (Johane 7:46) Tsela e nngwe e a neng a ruta ka yone e ne e le ya go dirisa ditshwantsho. (Mathaio 13:34, 35) Di ne di le motlhofo lefa go ntse jalo di le maatla fa di tlhalosa boammaaruri jo bo kwa teng jwa semoya le jwa boperofeti.

      2 Mo setshwantshong sa dinku le dipodi, Jesu o ne a tlhalosa jaana malebana le nako ya gore a tseye kgato a le mo boemong jo bo kgethegileng: “E tlaa re Morwa Motho a tla ka kgalalelo ya gagwe, a . . .” (Mathaio 25:31) Re tshwanetse ra se kgatlhegela ka gonne ke setshwantsho se Jesu a neng a wetsa karabo ya gagwe ya potso eno ka sone: “Sesupo e tlaa nna eng sa go tla ga gago, le sa bokhutlo jwa lefatshe?” (Mathaio 24:3) Mme seno se kaya eng mo go rona?

      3. Pelenyana mo therong ya ga Jesu, ke eng se a neng a bolela gore se ne se tla nna gone gautshwane, morago fela ga gore sepitla se segolo se simologe?

      3 Jesu o ne a bolelela pele ka ditiragalo tse di tlhomologileng gore di ne di tla tla “gautshwane, morago” ga go itaya ga sepitla se segolo, e leng ditiragalo tse re di emetseng. O ne a bolela gore ka nako eo “sesupo sa Morwa Motho” se tla bonala. Seo se tla ama thata “ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe” tse di tla “[bonang] Morwa Motho a tla ka maru a legodimo, ka nonofo le ka kgalalelo e kgolo.” Morwa motho o tla bo a na le “baengele ba gagwe.” (Mathaio 24:21, 29-31)a Re ka reng ka setshwantsho sa dinku le dipodi? Dibaebele tsa segompieno di se kwadile mo kgaolong ya 25, mme ke karolo ya karabo ya ga Jesu, fa a ne a tlhalosa mo gontsi ka go tla ga gagwe a le mo kgalalelong mme a tlhomile mogopolo mo go atlholeng “ditšhaba tsotlhe.”—Mathaio 25:32.

      Dilo Tse di Dirisitsweng mo Setshwantshong

      4. Ke eng se se umakilweng ka ga Jesu mo mafokong a a simololang a setshwantsho sa dinku le dipodi, mme ke bomang gape ba ba umakiwang moo?

      4 Jesu o simolola setshwantsho ka go bolela jaana: “E tlaa re Morwa Motho a tla.” O ka tswa o itse gore “Morwa Motho” ke mang. Gantsi bakwadi ba Efangele ba bontsha fa mafoko ao a raya Jesu. Tota le ene Jesu o ne a dira jalo, ga go belaetse gore o ne a akantse ka ponatshegelo ya ga Daniele ya “mongwe yo o tshwanang le mongwe morwa motho” a tla kwa go yo o leng Mogologolo gore a amogele “puso, le kgalalelo, le bogosi.” (Daniele 7:13, 14; Mathaio 26:63, 64; Mareko 14:61, 62) Lefa go buiwa ka Jesu thata mo setshwantshong seno, ga se ene fela. Pelenyana mo therong eno, jaaka go nopotswe mo go Mathaio 24:30, 31, o ne a bolela gore fa Morwa motho ‘a tla ka nonofo le ka kgalalelo e kgolo,’ baengele ba gagwe ba tla dira karolo e e botlhokwa. Ka mo go tshwanang, setshwantsho sa dinku le dipodi se bontsha baengele ba na le Jesu fa a ‘dula mo setulong sa gagwe sa bogosi sa kgalalelo’ gore a atlhole. (Bapisa Mathaio 16:27.) Mme Moatlhodi le baengele ba gagwe ba kwa legodimong, ka jalo a go na le batho ba go builweng ka bone mo setshwantshong seno?

      5. Re ka itse “bomonnawe” Jesu jang?

      5 Fa re leba setshwantsho seno re bona ditlhopha tse tharo tse re tlhokang gore re di farologanye. Mo godimo ga dinku le dipodi, Morwa motho o oketsa ka setlhopha sa boraro se go itsiwe ga sone go tla re thusang gore re itse dinku le dipodi. Jesu o bitsa setlhopha seno sa boraro a re ke bomonnawe ba semoya. (Mathaio 25:40, 45) Ba tshwanetse ba bo ba le baobamedi ba boammaaruri, ka gonne Jesu o ne a bolela jaana: “Le fa e le mang yo o tlaa dirang go rata ga Rre . . . , ke ene nnake, le kgaitsadiake, le mme.” (Mathaio 12:50; Johane 20:17) Ka tshwanelo, Paulo o ne a kwala ka Bakeresete ba ba leng karolo ya “losika lwa ga Aberahame” e bile e le bomorwa Modimo. O ne a ba bitsa “bomonnawe” Jesu le “baabedwi ba pitso ya selegodimo.”—Bahebere 2:9–3:1; Bagalatia 3:26, 29.

      6. Ke bomang “ba babotlana” ba bomonnawe Jesu?

      6 Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a umaka bomonnawe “ba babotlana?” Mafoko ao a tshwana le se baaposetoloi ba neng ba mo utlwa a se bua pelenyana. Fa Jesu a ne a tshwantsha Johane Mokolobetsi, yo o neng a swa pele ga ga Jesu e bile a na le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng, le ba ba tla bonang botshelo jwa selegodimo, o ne a bolela jaana: “Ga go a tsoga ope yo mogolo go feta Johane Mokolobetsi; le fa go ntse jalo, yo o leng mmotlana mo bogosing jwa legodimo o mogolo bogolo go ene.” (Mathaio 11:11) Batho bangwe ba ba yang kwa legodimong ba ka tswa ba ne ba tumile mo phuthegong, jaaka baaposetoloi, mme ba bangwe ba sa tuma thata, mme botlhe ke bomonnawe Jesu ba semoya. (Luke 16:10; 1 Bakorinthe 15:9; Baefeso 3:8; Bahebere 8:11) Ka gone, lefa gone ba bangwe ba ne ba lebega ba se botlhokwa thata mo lefatsheng, e ne e le bomonnawe mme ba tshwanetse ba ka bo ba tshwerwe sentle.

      Ke Bomang ba e Leng Dinku le Dipodi?

      7, 8. Ke eng se Jesu a neng a se bolela ka dinku, ka jalo re ka swetsa ka go reng ka bone?

      7 Re bala jaana malebana le go atlholwa ga dinku: “[Jesu o] tlaa raya ba ba ka fa tsogong la [gagwe] le legolo, [a] re: ‘Tlang, lona basegofadiwa ba ga Rre, ruang bogosi jo lo bo baakanyeditsweng e sa le ka tlholego ya lefatshe. Gonne ke ne ka tshwarwa ke tlala, lwa mpha dijo; ka nyorwa, lwa nnosa; ka nna moeng, mme lwa ntshola; ke ne ke sa apara, lwa nkapesa; ka lwala, lwa ntekola; ka nna mo ntlong ya kgolegelo, mme lwa tla kwa go nna.’ Foo basiami ba tlaa mo fetola ba re: ‘Ana Morena re kile ra go bona leng o tshwerwe ke tlala, mme ra go jesa, kgotsa o nyorilwe, ra go nosa? Re go bonye leng o le moeng ra go tshola, gongwe o sa apara ra go apesa? Re go bonye leng o lwala, kgotsa o le mo ntlong ya kgolegelo, mme ra ya kwa go wena?’ Mme kgosi e tlaa ba fetola e ba raya e re: ‘Ammaaruri ke a lo raya: E re ka lo go diretse mongwe wa bonnake ba babotlana ba, lo go diretse nna.’” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Mathaio 25:34-40.

      8 Go phepafetse gore dinku tse di atlholwang ka gore di tshwanela go nna mo letlhakoreng le le siameng le le tlotlegang le le le amogelwang la ga Jesu di emela setlhopha sengwe sa batho. (Baefeso 1:20; Bahebere 1:3) Ke eng se ba se dirileng mme le gone leng? Jesu o bolela gore ba ne ba mo neela dijo, metsi le diaparo, ba mo thusa ka bopelonomi, ka tlotlo le ka bopelotshweu fa a ne a lwala kana a le kwa kgolegelong. Fa dinku di ne di bolela gore ga di ise di ko di direle Jesu jalo ka tlhamalalo, o tlhalosa gore e re ka ba ne ba ema bomonnawe ba semoya nokeng, e leng Bakeresete ba masalela a a tloditsweng, ka jalo ka tsela eo ba go diretse ene.

      9. Ke ka ntlha yang fa setshwantsho seno se ka se diragadiwe ka Mileniamo?

      9 Setshwantsho seno ga se diragadiwe ka nako ya Mileniamo, ka gonne ka nako eo batlodiwa ba tla bo ba sa tlhole e le batho ba ba bolawang ke tlala, lenyora, ba ba lwalang, kana ba ba tsenngwang mo kgolegelong. Lefa go ntse jalo, ba le bantsi ba bone ba diragaletswe ke seo mo bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo. Fa e sa le Satane a latlhelwa mo lefatsheng, o ile a tlhasela masalela ka tšhakgalo ya gagwe e kgolo, a ba sotla, a ba bogisa le go ba bolaya.—Tshenolo 12:17.

      10, 11. (a) Ke ka ntlha yang fa go sa utlwale go akanya gore dinku di akaretsa mongwe le mongwe yo o direlang bomonnawe Jesu tiro e e molemo? (b) Totatota dinku di emela bomang?

      10 A Jesu o bolela gore mongwe le mongwe yo o bontshang mongwe wa bomonnawe bopelonominyana, jo bo jaaka go ba neela senkgwe kana metsi, o tshwanela go nna mongwe wa dinku tseno? Ke boammaaruri gore go ba direla dilo tseo go ka nna ga bontsha bopelonomi jwa motho, mme totatota, go lebega dinku tsa setshwantsho seno di tshwanetse gore di dire mo gontsi. Ka sekai, Jesu o ne a sa bolele ka balatolamodimo kana baruti ba ba ka nnang ba direla mongwe wa bomonnawe sengwe se se molemo. Se se farologaneng le seo, Jesu o ne a bitsa dinku tseno “basiami” ka makgetlho a le mabedi. (Mathaio 25:37, 46) Ka jalo dinku di tshwanetse tsa nna batho ba ba neng ba thusa bomonnawe Keresete ka nako e telele le go ba ema nokeng ka tsela e e matlhagatlhaga e bile ba na le tumelo e e tla dirang gore Modimo o ba amogele ba siame.

      11 Ka makgolokgolo a a ntseng a feta a dingwaga, batho ba bantsi ba ba jaaka Aberahame ba ile ba itumelela go nna le boemo jo bo siameng. (Jakobe 2:21-23) Noa, Aberahame le ba bangwe ba ba neng ba ikanyega ba akarediwa mo go ba “dinku di sele” ba ba tla ruang botshelo mo Paradaiseng mo Bogosing jwa Modimo. Mo metlheng ya bosheng jaana dimilione tse dingwe gape tsa batho ba amogetse kobamelo ya boammaaruri e le dinku di sele mme ba nna “letsomane le le lengwe fela” le batlodiwa. (Johane 10:16; Tshenolo 7:9) Batho bano ba ba solofetseng go tshela mo lefatsheng ba lemoga fa bomonnawe Jesu e le baemedi ba Bogosi mme ka gone ba a ba thusa—ka tsela ya mmatota le semoyeng. Jesu o tsaya se dinku di sele di se direlang bomonnawe mo lefatsheng se direlwa ene. Batho bao ba ba tla bong ba tshela fa a tla go atlhola ditšhaba ba tla atlholwa e le dinku.

      12. Ke ka ntlha yang fa dinku di ka nna tsa botsa gore di diretse Jesu dilo dife tse di molemo?

      12 Fa e le gore jaanong dinku di sele di rera mafoko a a molemo le batlodiwa le go ba thusa, ke ka ntlha yang fa ba botsa jaana: “Ana Morena re kile ra go bona leng o tshwerwe ke tlala, mme ra go jesa, kgotsa o nyorilwe, ra go nosa?” (Mathaio 25:37) Go ka nna le mabaka a a farologaneng. Se ke setshwantsho fela. Jesu o dirisa sone go bontsha tsela e a amegang thata ka bomonnawe ba semoya ka yone; o utlwa botlhoko le bone, o boga le bone. E ne e rile pelenyana Jesu a bolela jaana: “Yo o tsholang lona o tshola nna, le yo o tsholang nna, o tshola ene yo o nthomileng.” (Mathaio 10:40) Mo setshwantshong seno, Jesu o atolosa molaomotheo ono, a bontsha gore se se diretsweng bomonnawe (se se siameng kana se se bosula) se fitlha le kwa legodimong tota; go jaaka e kete se diretswe ene a le kwa legodimong. Gape, Jesu fano o gatelela dilo tse Jehofa a di lebang fa a atlhola, a phepafatsa sentle gore katlholo ya Modimo e tshwanetse e bile e tshiamo, lefa e ka tswa e itumedisa kana e le ya go bona motho molato. Dipodi di ka se ka tsa ntsha seipato sa gore, ‘Gone, fa fela re ka bo re go bone ka tlhamalalo.’

      13. Ke ka ntlha yang fa batho ba sekadipodi ba ka bitsa Jesu ba re “Morena”?

      13 Fa re setse re tlhaloganya gore katlholo e e bontshitsweng mo setshwantshong seno e dirwa leng, ke gone re tla bonang sentle gore dipodi ke bomang. E tla diragadiwa fa “[go bonala] sesupo sa Morwa Motho kwa legodimong. Foo ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla hutsafala, mme di tlaa bona Morwa Motho a tla . . . ka nonofo le ka kgalalelo e kgolo.” (Mathaio 24:29, 30, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Batho ba ba tla falolang sepitla mo Babiloneng o Mogolo ba ba neng ba tlhoile bomonnawe Kgosi jaanong ba ka nna ba bolela fa Moatlhodi e le “Morena” ka go tlhoka tsholofelo, ba akanya gore o tla boloka matshelo a bone.—Mathaio 7:22, 23; bapisa Tshenolo 6:15-17.

      14. Jesu o tla atlhola dinku le dipodi mo motheong ofe?

      14 Lefa go ntse jalo, katlholo ya ga Jesu e ka se theiwe mo maiphakong a go tlhoka tsholofelo a batho ba ba neng ba tsena kereke pele, balatolamodimo kana ba bangwe. (2 Bathesalonika 1:8) Go na le moo, moatlhodi o tla sekaseka boemo jwa pelo le ditiro tsa nako e e fetileng tse batho ba di diretseng ‘mongwe wa ba babotlana [wa bomonnawe].’ Ke boammaaruri gore palo ya Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba setseng mo lefatsheng e ntse e fokotsega. Lefa go ntse jalo, fa fela batlodiwa, ba ba bopang “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale,” ba tswelela pele ba aba dijo le go kaela, batho ba ba tla nnang dinku ba na le sebaka sa go direla setlhopha sa motlhanka molemo, fela jaaka ‘boidiidi jo bogolo e le ba morafe mongwe le mongwe, le ba ditso tsotlhe, le batho’ ba dirile.—Tshenolo 7:9, 14.

      15. (a) Batho ba bantsi ba itshupile jang gore ba tshwana le dipodi? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tila go umaka gore motho ke nku kana ke podi?

      15 Bomonnawe Keresete le dimilione tsa dinku di sele tse di kopaneng le bone go dira letsomane le le lengwe fela ba ntse ba tshwarwa jang? Batho ba bantsi ba ka tswa ba sa tlhasela baemedi ba ga Keresete, mme le gone ga ba a tshwara batho ba gagwe ka tsela e e lorato. E re ka batho ba sekadipodi ba rata lefatshe leno le le bosula, ba gana molaetsa wa Bogosi, e ka tswa ba gana go o reetsa ka tlhamalalo kana e seng ka tlhamalalo. (1 Johane 2:15-17) Ke boammaaruri gore kgabagare, Jesu ke ene yo o tla tlhomiwang gore a atlhole. Ga se rona ba re bonang gore dinku ke bomang le gore dipodi ke bomang.—Mareko 2:8; Luke 5:22; Johane 2:24, 25; Baroma 14:10-12; 1 Bakorinthe 4:5.

      Setlhopha Sengwe le Sengwe se Lebeletse Isagwe e e Ntseng Jang?

      16, 17. Dinku di tla nna le isagwe e e ntseng jang?

      16 Jesu o ne a atlhola dinku jaana: “Tlang, lona basegofadiwa ba ga Rre, ruang bogosi jo lo bo baakanyeditsweng e sa le ka tlholego ya lefatshe.” A bo e le taletso e e lorato jang ne—“Tlang”! Ba tle kae? Kwa botshelong jo bo sa khutleng, jaaka a ne a oketsa jaana: “Basiami ba tlaa ya mo botshelong jo bo sa khutleng.”—Mathaio 25:34, 46.

      17 Mo setshwantshong sa ditalente, Jesu o ne a bontsha se batho ba ba tla busang le ene kwa legodimong ba tlhokang go se dira, mme mo setshwantshong seno o bontsha se babusiwa ba Bogosi ba tshwanetseng go se dira. (Mathaio 25:14-23) Ka mo go tshwanetseng, e re ka ba dinku ba ema bomonnawe Jesu nokeng ka pelo yotlhe, ba rua lefelo le le mo lefatsheng le le busiwang ke Bogosi jwa gagwe. Ba tla itumelela botshelo mo lefatsheng la paradaise—selo se ba se lebeletseng se Modimo o se ba baakanyeditseng fa e sa le “ka motheo wa lefatshe” la batho ba ba rekolotsweng.—Luke 11:50, 51.

      18, 19. (a) Jesu o tla atlhola dipodi ka katlholo efe? (b) Re ka tlhomamisa jang gore dipodi ga di ne di tlhokofadiwa ka bosakhutleng?

      18 A bo katlholo e go atlholwang dipodi ka yone e farologane jang ne! “Foo e tlaa raya le bone ba ba ka fa letsogong la yone la molema e re: ‘Tlogang fa go nna, bahutsegi ke lona, lo yeng molelong o o sa khutleng, o o baakanyeditsweng diabolo le baengele ba gagwe. Gonne ke ne ka tshwarwa ke tlala, mme ga lo a ka lwa mpha dijo; ka nyorwa, mme lwa se ka lwa nnosa; ka nna moeng, mme lwa se ka lwa ntshola; ke sa apara, mme lwa se ka lwa nkapesa; ka lwala, ka ba ka nna mo ntlong ya kgolegelo, mme ga lo a ka lwa ntirela. “Foo le bone ba tlaa mo fetola ba re: ‘Morena re kile ra go bona leng o tshwerwe ke tlala, kgotsa lenyora, kgotsa o le moeng, kgotsa o sa apara, kgotsa o lwala, kgotsa o le mo ntlong ya kgolegelo, mme ra se ka ra go direla?’ Foo o tlaa ba fetola a re: ‘Ammaaruri ke a lo raya, e re ka lo se ka lwa go direla mongwe wa ba babotlana ba, le nna ga lo a ka lwa go ntirela.’”—Mathaio 25:41-45.

      19 Baithuti ba Baebele ba itse gore seno ga se reye gore meya e e sa sweng ya batho ba sekadipodi e tla boga mo molelong o o sa timeng. Nnyaa, ka gonne batho ke meya; ga ba na meya e e sa sweng. (Genesise 2:7; Moreri 9:5, 10; Esekiele 18:4) Fa Moatlhodi a atlhola dipodi ka go ba latlhela mo “molelong o o sa khutleng,” o ne a raya tshenyego e e senang tsholofelo ya go tshela gape mo isagweng, e gape e tla rayang go fedisiwa ka bosakhutleng ga ga Diabolo le badimona ba gagwe. (Tshenolo 20:10, 14) Ka gone, Moatlhodi wa ga Jehofa o tlhoma dikatlholo tse di sa tshwaneng. O bolelela dinku gore, “Tlang”; dipodi a re, “Tlogang fa go nna.” Dinku di tla rua ‘botshelo jo bo sa khutleng.’ Dipodi di tla ya “petsong e e sa khutleng.”—Mathaio 25:46.b

      Go Kaya Eng mo go Rona?

      20, 21. (a) Bakeresete ba na le tiro efe e e botlhokwa gore ba e dire? (b) Gone jaanong go dirwa tiro efe ya go kgaoganya? (c) Batho ba tla bo ba le mo boemong bofe fa setshwantsho sa dinku le dipodi se simolola go diragadiwa?

      20 Baaposetoloi ba banè ba ba neng ba utlwa Jesu a araba malebana le sesupo sa go nna gone ga gagwe le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ba ne ba na le mo gontsi go go dira. Ba ne ba tla tlhoka gore ba bule matlho le go nna ba disitse. (Mathaio 24:42) Gape ba ne ba tla tlhoka go dira tiro ya go neela bosupi e e umakilweng mo go Mareko 13:10. Basupi ba ga Jehofa ba dira tiro eo ka natla gompieno.

      21 Lefa go ntse jalo, kutlwisiso eno e ntšha ya setshwantsho sa dinku le dipodi e kaya eng mo go rona? Kana gone, batho ba setse ba eme mo matlhakoreng a a sa tshwaneng. Ba bangwe ba mo ‘tseleng e kgolo e e isang tshenyegong,’ fa ba bangwe ba leka go nna mo ‘tseleng e e pitlaganyeng e e isang botshelong.’ (Mathaio 7:13, 14) Mme nako e Jesu a tla atlholang dinku le dipodi la bofelo ka yone e e tlhalositsweng mo setshwantshong seno e santse e le kwa pele. Fa Morwa motho a tla e le Moatlhodi, o tla lemoga gore Bakeresete ba bantsi ba boammaaruri—tota “boidiidi jo bogolo” jwa dinku tse di ineetseng—ba tla tshwanela go ralala karolo ya bofelo ya “sepitla se segolo” go tsena mo lefatsheng le lesha. Gone jaanong se ba se lebeletseng se tshwanetse sa ba itumedisa. (Tshenolo 7:9, 14) Mo letlhakoreng le lengwe, palo e kgolo ya “ditšhaba tsotlhe” e tla bo e itshupile e tshwana le dipodi tse di tlhogoethata. Ba “tlaa ya mo petsong e e sa khutleng.” A bo lefatshe le tla gololesega jang ne!

      22, 23. E re ka setshwantsho seno se santse se tla diragadiwa mo isagweng, ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re dire tiro ya go rera gompieno?

      22 Lefa gone go atlholwa mo go tlhalosiwang mo setshwantshong seno go santse go tla diragala mo isagweng e e fa gaufi, tota le gone jaanong go dirwa sengwe se se botlhokwa thata. Rona Bakeresete re dira tiro ya go boloka matshelo ya go bolela molaetsa o o kgaoganyang batho. (Mathaio 10:32-39) Paulo o ne a kwala jaana: “Gonne ga twe: ‘Le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la Morena o tlaa bolokwa.’ Jaana ba tlaa bitsa jang ene yo ba iseng ba dumele mo go ene? Ba ka dumela jang mo go ene yo ba iseng ba utlwe ka ga gagwe? Mme ba ka utlwa jang fa ba se na moreredi?” (Baroma 10:13, 14) Bodiredi jwa rona jwa phatlalatsa bo fitlhelela batho mo dinageng tse di fetang 230 ka leina la Modimo le molaetsa wa gagwe wa poloko. Bomonnawe Keresete ba batlodiwa ba santse ba eteletse pele tiro eno. Jaanong ba dinku di sele ba ba ka nnang dimilione di le tlhano ba dira le bone. Mme batho mo lefatsheng lotlhe ba dumalana le molaetsa o o bolelwang ke bomonnawe Jesu.

      23 Batho ba bantsi ba utlwa molaetsa wa rona fa re rera ka ntlo le ntlo kana ka tsela e e seng ya tlwaelo. Batho ba bangwe ba ka nna ba ithuta ka Basupi ba ga Jehofa le se re se bolelang ka ditsela tse re sa di lemogeng. Fa nako ya katlholo e tla, Jesu o tla sekaseka jang boikarabelo jwa batho le melemo ya lelapa? Ga re itse, mme ga go thuse gore re fopholetse. (Bapisa 1 Bakorinthe 7:14.) Batho ba bantsi gone jaanong ba itlhokomolosa seno, ba a sotla, kana ba nna le seabe mo go bogiseng batho ba Modimo ka tlhamalalo. Ka gone, nako eno e botlhokwa; batho ba ba ntseng jalo ba ka nna ba bo ba fetoga ba Jesu a tla ba atlholang e le dipodi.—Mathaio 10:22; Johane 15:20; 16:2, 3; Baroma 2:5, 6.

      24. (a) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore batho ba amogele go rera ga rona? (b) Thuto eno e go thusitse gore o nne le boikutlo bofe malebana le bodiredi jwa gago?

      24 Lefa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore batho ba bantsi ba amogela molaetsa, ba ithuta Lefoko la Modimo, ba bo ba nna Basupi ba ga Jehofa. Batho ba bangwe ba gone jaanong ba lebegang e le dipodi ba ka nna ba fetoga mme ba tshwana le dinku. Ntlha ke gore batho ba ba o amogelang le go ema masalela a bomonnawe Keresete nokeng ka matlhagatlhaga jaanong ba setse ba naya bosupi jo bo tla ba nayang motheo wa gore ba bewe mo letsogong le legolo la ga Jesu, fa a dula mo setulong sa gagwe sa bogosi gore a atlhole mo isagweng e e gaufi. Batho bano ba a segofadiwa e bile ba tla tswelela pele ba segofadiwa. Ka gone, setshwantsho seno se tshwanetse sa re tlhotlheletsa gore re dire ka botlhaga thata mo bodireding jwa Bokeresete. Pele go nna thari, re batla go dira gotlhe mo re ka go kgonang gore re bolele mafoko a a molemo a Bogosi mme ka tsela eo re neela batho ba bangwe sebaka sa go a amogela. Go tswa foo Jesu o tla bo a atlhola, ka go ba nyeletsa kana ka go ba amogela.—Mathaio 25:46.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela