LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w14 6/1 ts. 3
  • Leroborobo le le Aparetseng Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Leroborobo le le Aparetseng Lefatshe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modimo o Leba Jang go Goga Motsoko?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Disekerete—A o A di Gana?
    Tsogang!—1996
  • Matshelo a Dimilione a Kuelela Mosi
    Tsogang!—1995
  • Nonotsha Boikemisetso Jwa Gago
    Tsogang!—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
w14 6/1 ts. 3
Disekerete di le makgolokgolo di rulagantswe go ya ka dinaga tse di mo mmapeng wa lefatshe

SETLHOGO SA KA FA NTLE | KAFA MODIMO A LEBANG GO GOGA MOTSOKO KA GONE

Leroborobo le le Aparetseng Lefatshe Lotlhe

Motsoko ke mmolai yo o setlhogo.

  • O bolaile batho ba le 100 000 000 mo lekgolong le le fetileng la dingwaga.

  • Mo ngwageng, o bolaya batho ba ka nna 6 000 000.

  • O bolaya motho a le esi, metsotswana mengwe le mengwe e le merataro.

E bile ga go bonale go tla nna le phetogo epe.

Balaodi ba fopholetsa gore fa mokgwa ono o tswelela, ka 2030, palo ya batho ba ba bolawang ke go goga motsoko ngwaga le ngwaga, e tla oketsega go feta 8 000 000. Gape ba bonela pele gore kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo21 la dingwaga, motsoko o tla bo o bolaile batho ba le 1 000 000 000.

Motsoko ga o ame fela batho ba ba o gogang. Gape o ama maloko a lelapa a a setseng, a a tshwenyegang mo maikutlong e bile a nna le mathata a tsa madi, gape o ama le batho ba le 600 000 ba ba swang ngwaga le ngwaga ba bolawa fela ke go hema mosi wa motsoko. Mathata ano a ama mongwe le mongwe ka ntlha ya ditlhwatlhwa tse di nnang di oketsega tsa kalafi.

Go farologana le malwetse a leroborobo a a dirang gore dingaka di batle kalafi ka bonako, kalafi ya leroborobo leno yone e setse e le gone; e a itsiwe. Dr. Margaret Chan, motsamaisimogolo wa Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo o ne a re: “Leroborobo la motsoko le bakilwe ke batho, e bile bothata jono bo ka thibelwa ke dipuso le setšhaba fa ba dirisana mmogo.”

Dinaga di le dintsi di ile tsa dira maiteko a magolo a go fedisa bothata jono jwa boitekanelo. Go tloga ka Phatwe 2012, dinaga di ka nna 175 di ile tsa dumalana gore di tla leka go laola tsela e motsoko o dirisiwang ka yone.a Le fa go ntse jalo, go na le tlhotlheletso e kgolo e e dirang gore bolwetse jono bo gole. Ngwaga le ngwaga madirelo a motsoko a dirisa diranta di le dibilione go o phasalatsa e le gore di ngoke bareki, segolobogolo basadi le basha ba ba nnang mo dinageng tse di tlhabologang. Tsela e motsoko o tshwakgolang ka yone e dira gore palo ya batho ba le bilione ba o setseng o ba tshwakgotse e nne e le kwa godimo. Fa batho ba gone jaanong ba gogang motsoko ba sa o tlogele, palo ya batho ba ba swang e tlile go oketsega thata mo dingwageng di le masome a manè tse di latelang.

Go phasalatsa le go tshwakgolwa go dirile gore batho ba le bantsi ba ba wetseng mo mokgweng ono, ba eletse e kete ba ka o tlogela. Naoko le ene o ne a wela mo mokgweng ono. O ne a simolola go goga motsoko a le mo dingwageng tsa bolesome. Fa a etsa mokgwa o motsoko o bontshiwang ka one mo metsweding ya tshedimosetso o ne a ikutlwa a le botlhale. Le fa a ne a bona batsadi ba gagwe ba bolawa ke kankere ya makgwafo, o ne a tswelela a goga motsoko tota le fa a ne a godisa barwadi ba gagwe ba babedi. A re: “Ke ne ke tshwenyegile ka go tshwaediwa ke kankere ya makgwafo e bile ke ne ke amegile ka boitekanelo jwa banake, mme gone ke ne ke sa kgone go o tlogela. Ke ne ke akanya gore ga nkitla ke kgona go tlogela go goga motsoko.”

Le fa go ntse jalo, Naoko o ne a tlogela go goga motsoko. O ne a thusiwa ke sone selo se se thusitseng dimilione tsa batho gore ba tlogele go goga motsoko. Ke eng sone seo? Tsweetswee tswelela go bala.

a Dikgato tseno di akaretsa go ruta batho ka dikotsi tsa go goga motsoko, go thibela madirelo go rekisa motsoko, go oketsa makgetho a motsoko le go dira dithulaganyo tse di tla thusang batho gore ba tlogele go goga motsoko.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela