LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Ke Eng fa o Tshwanetse go Tswelela o Tshela?
    Tsogang!—2014 | April
    • Monna yo o ikutlwang a tlaletswe mme a akanya go ipolaya

      SETLHOGO SA KA FA NTLE

      Ke Eng fa o Tshwanetse go Tswelela o Tshela?

      FA O ne o ka kopana le Diana,a o ne o tla mo tsaya e le lekgarebe le le botlhale, le le botsalano e bile le rata batho. Mme le fa Diana a lebega a itumetse, ka fa teng o tlaletswe thata jaana mo go fetang malatsi, dibeke kgotsa le e leng dikgwedi a ikutlwa a se na mosola. A re: “Ga go letsatsi lepe le le fetang ke sa akanye ka go swa. Eleruri ke akanya gore botshelo bo ka nna botoka fa ke seyo.”

      “Dipatlisiso dingwe di bontsha gore nako le nako fa motho a le mongwe a ipolaya, ba le 200 ba lekile go ipolaya mme [ba bangwe] ba le 400 ba kile ba akanya go ipolaya.”—THE GAZETTE, MONTREAL, CANADA.

      Diana a re a ka se ka a ba a ipolaya. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe ga a bone lebaka lepe la go tswelela a tshela. A re: “Selo se ke se eletsang thata ke gore ke bolawe ke kotsi. Ke setse ke tsaya loso e le tsala—e seng mmaba.”

      Batho ba le bantsi ba tlhaloganya tsela e Diana a ikutlwang ka yone, mme bangwe ba bone ba kile ba akanyetsa—kgotsa ba leka—go ipolaya. Le fa go ntse jalo, baitse ba re bontsi jwa batho ba ba lekang go ipolaya, e a bo e se gore tota ba batla go ipolaya; ba batla fela go fedisa pogo ya bone. Ka bokhutshwane fela, ba dumela gore ba na le lebaka la go bo ba tshwanetse go swa; se ba se tlhokang ke lebaka la go tswelela ba tshela.

      Ke eng fa o tshwanetse go tswelela o tshela? Ela tlhoko mabaka a mararo a go tswelela o tshela.

      TLHAMANE: Go tlotla ka go ipolaya—kgotsa le e leng go dirisa lefoko leo—go kgothaletsa batho gore ba go leke.

      BOAMMAARURI: Go bua ka kgang eno ka tshosologo gantsi go thusa motho yo o a tleng a akanye ka go ipolaya gore a akanyetse mabaka a mangwe.

      a Leina le fetotswe.

  • Ka Gonne Dilo di a Fetoga
    Tsogang!—2014 | April
    • SETLHOGO SA KA FA NTLE | KE ENG FA O TSHWANETSE GO TSWELELA O TSHELA?

      Ka Gonne Dilo di a Fetoga

      “Re patikwa ka tsela nngwe le nngwe, mme ga re a pitlagana mo re ka se tshikhinyegeng; re akabetse, mme ga se mo re tlhokang kgoro ya botso gotlhelele.”—2 BAKORINTHA 4:8.

      Go ipolaya go a tle go tlhalosiwe e le “tharabololo ya leruri ya bothata jwa nakwana.” Le fa go ka tswa go le thata jang go dumela, maemo a a ngomolang pelo—tota le a go lebegang o ka se kgone go a laola—e ka nna a nakwana. E bile tota a ka tokafala o sa lebelela.—Bona lebokoso le le reng, “Maemo a Bone a Ile a Fetoga.”

      Tota le fa maemo a sa fetoge, go botoka go rarabolola mathata a gago ka iketlo. Jesu o ne a re: “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela kaga letsatsi le le latelang, gonne letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone. Letsatsi lengwe le lengwe le lekanwe ke bosula jwa lone.”—Mathaio 6:34.

      Mme go tweng fa e le gore maemo a gago a ka se fetoge? Ka sekai, a re re o na le bolwetse jo bo sa foleng. Kgotsa go tweng fa o tlaletswe ka ntlha ya boemo bongwe jo bo ka se rarabologeng, jo bo jaaka go thubega ga lenyalo kgotsa go swelwa ke mongwe yo o mo ratang?

      Tota le mo maemong a a ntseng jalo, go na le sengwe se o ka se fetolang: tsela e o lebang boemo ka yone. Fa o ithuta go amogela se o ka se kgoneng go se fetola, go ka direga thata gore o lebe dilo ka tsela e e siameng. (Diane 15:15) Gape go ka direga thata gore o batle ditsela tse dingwe tsa go itshokela boemo joo go na le go tsaya go swa e le tharabololo. Diphelelo e ka nna dife? Ka selekanyo se se rileng, o simolola go kgona go laola boemo bongwe jo go lebegang bo ka se laolege.—Jobe 2:10.

      GAKOLOGELWA SENO: O ka se kgone go palama thaba ka go tsaya kgato e le nngwe fela; le fa go ntse jalo, o ka lebana le kgwetlho eo kgato ka kgato. Go ntse fela jalo le ka bontsi jwa dikgwetlho tse o lebanang le tsone, le fa di ka tswa di lebega di tshwana le dithaba go le kana kang.

      SE O KA SE DIRANG GOMPIENO: Bua le mongwe—gongwe tsala kgotsa leloko lengwe la lelapa—ka boemo jwa gago. Motho yoo a ka nna a kgona go go thusa go leba boemo jwa gago ka tsela e e tshwanetseng.—Diane 11:14.

      MAEMO A BONE A ILE A FETOGA

      Akanya ka batho ba le banè ba ba ikanyegang ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ba ileng ba tlalelwa mo ba ileng ba feleletsa ba sa batle go tswelela ba tshela.

      • Rebeka: “Fa e le gore e ke tsela e go leng ka yone, tota ke ka ntlha yang fa ke tshela?”—Genesise 25:22.

      • Moshe: “Tsweetswee mpolaele ruri. . . . Mma ke se ka ka bona masetlapelo a me.”—Dipalo 11:15.

      • Elija: “Tsaya moya wa me, gonne ga ke botoka mo go borremogologolwane.”—1 Dikgosi 19:4.

      • Jobe: “Ke ka ntlha yang ke ne ke sa swe fa ke tswa mo sebopelong?”—Jobe 3:11.

      Fa o bala dipego tsa Baebele ka batho bano, o tla fitlhela gore maemo a bone a ile a tokafala—ka ditsela tse di neng di sa lebelelwa. Go ka direga se se tshwanang le ka wena. (Moreri 11:6) O se ka wa itlhoboga!

  • Ka Gonne Thuso e Gone
    Tsogang!—2014 | April
    • SETLHOGO SA KA FA NTLE | KE ENG FA O TSHWANETSE GO TSWELELA O TSHELA?

      Ka Gonne Thuso e Gone

      “Latlhela[ng] tlhobaelo yotlhe ya lona mo [Modimong], ka gonne o a lo kgathalela.”—1 PETERE 5:7.

      Go swa go ka lebega go le botoka go na le go tshela fa o akanya gore ga go na sepe se se ka dirwang go tokafatsa boemo jwa gago. Mme sekaseka dingwe tsa dilo tse di ka go thusang.

      Thapelo. Thapelo ga se selo fela se se dirang gore o ikutlwe botoka; le gone ga se selo se o se dirang fela ka gonne o se na kgoro ya botso. Ke puisano ya mmatota le Jehofa Modimo yo o go kgathalelang. Jehofa o batla gore o mmolelele dilo tse o tshwenyegang ka tsone. Tota e bile Baebele e re rotloetsa jaana: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa.”—Pesalema 55:22.

      Ke eng fa o sa bue le Modimo ka thapelo gompieno? Dirisa leina la gagwe, Jehofa, mme o bue le ene go tswa pelong. (Pesalema 62:8) Jehofa o batla gore o mo itse, o nne tsala ya gagwe. (Isaia 55:6; Jakobe 2:23) Thapelo ke mokgwa wa puisano o o ka o dirisang nako nngwe le nngwe, gongwe le gongwe.

      Go ya ka American Foundation for Suicide Prevention, “ka metlha dipatlisiso di bontsha gore bontsi jwa batho ba ba ipolayang—diperesente di le 90 kgotsa go feta—ba ne ba na le bolwetse bongwe jo bo amanang le tlhaloganyo fa ba ne ba ipolaya. Le fa go ntse jalo, gantsi malwetse ano a ne a sa lemogiwa kgotsa a sa alafiwa sentle”

      Batho ba ba amegang ka wena. Botshelo jwa gago bo botlhokwa mo bathong ba bangwe—go akaretsa ditsala le ba lelapa la gago ba ba ka tswang ba setse ba kile ba go bolelela gore ba amega ka wena. Batho ba ba amegang ka wena ba akaretsa le batho ba o ka tswang o ise o tsamaye o kopane le bone. Ka sekai, fa Basupi ba ga Jehofa ba le mo bodireding, ba a tle ba kopane le batho ba ba tlaletsweng, ba bangwe ba bone ba ileng ba bolela gore ba ne ba tlhoka thuso fela thata mo ba neng ba akanya go ipolaya. Go rera ka ntlo le ntlo go dirile gore Basupi ba ga Jehofa ba nne le tshono e e tlhomologileng ya go thusa batho ba ba ntseng jalo. Basupi ba ga Jehofa ba latela sekao sa ga Jesu ka go amega ka beng ka bone. Ba amega le ka wena.—Johane 13:35.

      Go bona thuso mo go ba ba nang le bokgoni. Gantsi dikakanyo tsa go ipolaya di bontsha gore motho o na le bolwetse bongwe jwa maikutlo, jo bo jaaka clinical depression. Ga go tlhabise ditlhong go lwala bolwetse bongwe jwa maikutlo—fela jaaka go sa tlhabise ditlhong go lwala bolwetse bongwe jwa mo mmeleng. Tota e bile, go tshwenyega mo maikutlong go ile ga bidiwa “mofikela wa tlhaloganyo.” Mongwe le mongwe a ka tshwenyega mo maikutlong—mme a ka alafiwa.a

      GAKOLOGELWA SENO: Gantsi ga go motlhofo go intsha mo mosimeng o o boteng wa go tshwenyega mo maikutlong. Mme o ka kgona go tswa fa mongwe a go tshwara ka seatla a go ntsha.

      SE O KA SE DIRANG GOMPIENO: Batla ngaka e e itsegeng ka go kgona go alafa malwetse a go fetofetoga maikutlo a a jaaka go tshwenyega mo maikutlong.

      a Fa maikutlo a go ipolaya a le maatla e bile a sa fele, batla metswedi e o ka bonang thuso kwa go yone—mogala o o lelediwang go thusa batho gore ba se ka ba ipolaya kgotsa lephata la thuso ya potlako kwa bookelong. Batho ba ba berekang mo mafelong ao ba thapiseditswe go go thusa.

  • Ka Gonne Go na Le Tsholofelo
    Tsogang!—2014 | April
    • Monna yo o solofetseng thata mo ditsholofetsong tsa Modimo

      SETLHOGO SA KA FA NTLE | KE ENG FA O TSHWANETSE GO TSWELELA O TSHELA?

      Ka Gonne Go na Le Tsholofelo

      “Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—PESALEMA 37:11.

      Baebele e bontsha gore botshelo bo “tletse matshwenyego.” (Jobe 14:1) Gompieno mongwe le mongwe o amiwa ke mofuta mongwe wa masetlapelo. Mme batho bangwe ba ikutlwa ba se na tsholofelo le e seng ka botshelo, jaaka e kete dilo di ka se siame, go ka se nne botoka mo isagweng. A o ikutlwa jalo? Fa go ntse jalo, tlhomamisega gore Baebele e re naya tsholofelo ya mmatota—e seng wena fela mme batho botlhe. Ka sekai:

      • Baebele e ruta gore Jehofa Modimo o ne a ikaeletse gore re nne le botshelo jo bo botoka.—Genesise 1:28.

      • Jehofa Modimo o solofetsa go dira lefatshe la rona paradaise.—Isaia 65:21-25.

      • Ruri tsholofetso eo e tla diragadiwa. Tshenolo 21:3, 4 ya re:

        “Mogope wa Modimo o mo bathong, mme o tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba gagwe. Mme Modimo ka boene o tla nna le bone. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”

      Tsholofelo eo ga se go ijesa dijo tsa ditoro fela. Jehofa Modimo ruri o ikaeletse go e diragatsa, o na le maatla le keletso ya go dira jalo. Tsholofetso e e mo Baebeleng e ka ikanngwa, mme e araba sentle potso e e reng, “Ke eng fa o tshwanetse go tswelela o tshela?”

      GAKOLOGELWA SENO: Le fa maikutlo a gago a ka fetofetoga jaaka mokoro o o yang kwa le kwa mo lewatleng le le sa iketlang, molaetsa wa Baebele o o nayang tsholofelo o ka tshwana le tshetledi e e go thusang gore o nne o tlhomame.

      SE O KA SE DIRANG GOMPIENO: Simolola go sekaseka se Baebele e se rutang ka tsholofelo ya mmatota ka isagwe. Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa. O ka ikgolaganya le bone mo lefelong la lona kgotsa wa bona tshedimosetso e e mosola mo atereseng eno ya bone ya Internet, jw.org/tn.a

      a Kakantsho: Ya kwa jw.org/tn o bo o leba ka fa tlase ga DIKGATISO > LAEBORARI YA MO INTERNET. Fa o le koo, batla mafoko a a jaaka “go tshwenyega mo maikutlong” kgotsa “go ipolaya” go bona thuso e e oketsegileng.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela