PINA 88
Nkitsise Ditsela Tsa Gago
E e Gatisitsweng
1. Re kopane mmogo fano Jehofa,
Re tlile go’ithuta ka wena.
’Foko la gago, lobone lwa rona,
Le re kaela ditsela tsa ’go.
(KHORASE)
Jah nkitsise ditsela tsa ’go tlhe;
Gore ke tsamaye mo go tsone.
Mme o nthute ditaelo tsa gago
Gore ke di boloke ka metlha.
2. Botlhale jwa gago bo bogolo Jah;
O atlhola ka tshiamiso.
’Foko la gago le nna le re kaela;
’Taelo tsa ’go di’a ikanyega.
(KHORASE)
Jah nkitsise ditsela tsa ’go tlhe;
Gore ke tsamaye mo go tsone.
Mme o nthute ditaelo tsa gago
Gore ke di boloke ka metlha.