-
A Tlhakanelodikobo e Tla Tokafatsa Kamano ya Rona?Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
-
-
Kgaolo 24
A Tlhakanelodikobo e Tla Tokafatsa Kamano ya Rona?
Heather o na le dikgwedi di le pedi fela a ratana le Mike mme o ikutlwa e kete o sa le a mo itsile bogologolo. Ba kwalelana melaetsa ka founo ka metlha, ba fetsa diura di le dintsi ba bua mmogo mo founong e bile yo mongwe o setse a kgona le go bala mogopolo wa yo mongwe! Mme jaanong, fa ba ntse ba dutse mo koloing e e emeng mo leseding la ngwedi, Mike o batla se se fetang fela motlotlo.
Mo dikgweding tse pedi tse di fetileng, Mike le Heather ba ne ba tshwarana fela ka diatla le go atlana go sekaenyana. Heather ga a batle go dira se se fetang seo. Mme gape ga a batle go latlhegelwa ke Mike. Ga go na ope yo o dirang gore a ikutlwe a le montle e bile a le botlhokwa jaana. O ipolelela jaana: “Gone mme, tota nna le Mike re a ratana.”
GONGWE o ka tswa o bona gore seemo seno se tla felela jang. Mme se o ka tswang o sa se lemoge ke kafa tlhakanelodikobo e tla fetolang dilo ka gone fa gare ga ga Mike le Heather—mme e se ka tsela e e itumedisang. Akanya ka dintlha tse di latelang:
Fa o itlhokomolosa molao mongwe wa tlholego, jaaka molao wa maatlakgogedi, o boga ditlamorago tsa gone. Go ntse jalo le fa o itlhokomolosa molao wa boitsholo, jaaka o o reng: “Lo ithibe mo kgokafalong.” (1 Bathesalonika 4:3) Ditlamorago tsa go sa ikobele taelo eo ke dife? Baebele ya re: “Yo o dirang kgokafalo o leofela mmele wa gagwe.” (1 Bakorintha 6:18) Seo se boammaaruri go le kana kang? Bona gore a o ka kgona go kwala ditlamorago di le tharo tse di utlwisang botlhoko tse di ka tlelang batho ba ba tlhakanelang dikobo pele ga lenyalo.
1 ․․․․․
2 ․․․․․
3 ․․․․․
Jaanong, leba se o se kwadileng. A o ile wa akaretsa dilo tse di jaaka malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo, boimana jo bo sa batlegeng kgotsa go sa tlhole o amogelwa ke Modimo? Ruri tseo ke ditlamorago tse di utlwisang botlhoko tse di ka welang batho ba ba itlhokomolosang molao wa Modimo wa boitsholo o o amanang le kgokafalo.
Le fa go ntse jalo, o ka nna wa raelesega. O ka nna wa ipolelela gore, ‘Nka se diragalelwe ke sepe.’ Tota e bile, mongwe le mongwe o tlhakanela dikobo. Balekane ba gago kwa sekolong ba ikgantsha ka mekgwa ya bone ya tlhakanelodikobo mme ga go bonale go ba utlwisa botlhoko. Gongwe fela jaaka Heather yo go builweng ka ene mo tiragalong ya kwa tshimologong, o akanya gore go tlhakanela dikobo go tla dira gore wena le molekane wa gago lo atamalane thata. Tota e bile, ga go ope yo o batlang go sotliwa ka gore ga a ise a tsamaye a tlhakanele dikobo. A ga go botoka go ineela?
A ko o iketle! Sa ntlha, ga se mongwe le mongwe yo o go dirang. Gone ke boammaaruri gore o ka tswa o badile ka dipalopalo tse di bontshang gore palo e e kwa godimo thata ya basha e tlhakanela dikobo. Ka sekai, patlisiso nngwe ya kwa United States e ne ya bontsha gore ka nako ya fa basha ba fetsa sekolo se segolwane, ba le babedi ba bone mo go ba le bararo mo nageng eo, ba setse ba tlhakanela dikobo. Mme gape seo se raya gore a le mongwe mo go ba le bararo—e leng palo e kgolo—ga ba go dire. Mme go tweng ka ba ba go dirang? Babatlisisi ba ile ba lemoga gore bontsi jwa basha ba ba ntseng jalo ba lebana le dingwe tsa ditlamorago tseno tse di botlhoko tse ba neng ba sa di emela.
DITLAMORAGO TSE DI BOTLHOKO 1 GO NGOMOGA PELO. Basha ba le bantsi ba ba ileng ba tlhakanela dikobo pele ga lenyalo ba re morago ba ile ba ikwatlhaela seo.
DITLAMORAGO TSE DI BOTLHOKO 2 GO SE TLHOLE BA IKANYANA. Fa ba sena go tlhakanela dikobo, molekane mongwe le mongwe o ipotsa gore, ‘O ile a tlhakanela dikobo le mang gape?’
DITLAMORAGO TSE DI BOTLHOKO 3 GO SWABISIWA. Boammaaruri ke gore, basetsana ba le bantsi ba rata mongwe yo o tla ba sireletsang, e seng yo o tla ba dirisang. Mme basimane ba le bantsi ba felelwa ke kgatlhego mo mosetsaneng yo ba kileng ba tlhakanela dikobo le ene.
Mo godimo ga moo, basimane ba le bantsi ba ile ba re le ka motlha ba ka se nyale mosetsana yo ba ileng ba tlhakanela dikobo le ene. Ka ntlha yang? Ka gonne ba batla mongwe yo o itshekileng!
Fa o le mosetsana, a seno se a go gakgamatsa—gongwe le e leng go go galefisa? Ka jalo, se lebale seno: Tota go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go farologane thata le se se bontshiwang mo difiliming le mo thelebisheneng. Ba tsa boitlosobodutu ba tlotlomatsa go tlhakanela dikobo ga basha mme ba dira gore go lebege e le go ijesa monate go go seng kotsi kgotsa e kete ke lorato lwa mmatota. Ka jalo, o se ka wa tsietsega! Batho ba ba lekang go go pateletsa go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo, ba ipatlela melemo ya bone fela. (1 Bakorintha 13:4, 5) Gone mme, a motho ope fela yo tota a go ratang a ka batla go go utlwisa botlhoko mo mmeleng le mo maikutlong? (Diane 5:3, 4) Mme a ope fela yo tota a amegang ka wena a ka go raela gore o senye kamano ya gago le Modimo?—Bahebera 13:4.
Fa o le lekawana mme o intsha le mongwe, se go tlotlilweng ka sone mo kgaolong eno se ka go thusa go akanya thata ka kamano e o leng mo go yone. Ipotse gore, ‘A ke kgathalela mosetsana yo ke intshang le ene?’ Fa o arabile ka ee, o ka bontsha seno jang ka tsela e e molemo? Ka go nna le bopelokgale jwa go ngaparela melao ya Modimo, botlhale jwa go tila maemo a a ka lo raelang le lorato lo lo bontshang gore o amega ka maikutlo a molekane wa gago. Fa o na le dinonofo tse di ntseng jalo, mosetsana yo o intshang le ene o tla ikutlwa ka tsela e e tshwanang le ya mosetsana wa Moshulame yo o neng a itshwere sentle yo o neng a re: “Moratiwa wa me ke wa me mme nna ke wa gagwe.” (Sefela sa Difela 2:16) Ka bokhutshwane fela, o tla bo o le mogaka wa gagwe!
O ka tswa o le mosimane kgotsa mosetsana, fa o ka ineela mme wa tlhakanela dikobo pele ga lenyalo, o tla bo o inyenyefatsa ka go aba sengwe se se tlhwatlhwakgolo. (Baroma 1:24) Ke gone ka moo ba le bantsi ba ikutlwang e se batho ba sepe e bile ba se na mosola morago ga moo, jaaka e kete ba ile ba nna botlhaswa mme ba letla gore karolo nngwe ya bone e e botlhokwatlhokwa e utswiwe! O se ka wa letla gore seno se go diragalele. Fa mongwe a leka go go patelela go tlhakanela dikobo ka go go raya a re, “Fa o nthata, o tla dira seno,” gana o tiisitse o re, “wena fa o nthata o ka se ka wa nkopa go dira jalo!”
Mmele wa gago o botlhokwa thata gore o ka o aba. Bontsha gore o nonofile ka go ikobela taelo ya Modimo ya go ithiba mo kgokafalong. Mme letsatsi lengwe fa o ka tsena mo lenyalong, o tla tlhakanela dikobo. O tla kgona go go itumelela ka botlalo, o sa tshwenyege, o sa ikwatlhae e bile o se na dipelaelo tse gantsi e nnang ditlamorago tsa go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo.—Diane 7:22, 23; 1 Bakorintha 7:3.
BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 2, DIKGAOLO 4 LE 5
Go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo go kotsi go le kana kang?
DITEMANA TSA BOTLHOKWA
“Tshabang kgokafalo. . . . Yo o dirang kgokafalo o leofela mmele wa gagwe.”—1 Bakorintha 6:18.
KAKANTSHO
Fa o batla go itse gore o itshware jang fa o na le batho ba bong bo sele, molao o o siameng o o ka o latelang ke ono: Fa se o batlang go se dira e le sengwe se o sa batleng gore batsadi ba gago ba go bone o se dira, go raya gore ga o a tshwanela go bo o se dira.
A O NE O ITSE GORE . . . ?
Fa mosimane a sena go tlhakanela dikobo le kgarebe ya gagwe, gantsi go tlwaelegile gore a e tlogele mme a batle e nngwe.
SE KE SE IKAELETSENG!
Fa ke na le mongwe wa bong bo sele, maemo a ke tshwanetseng go a tila ke ․․․․․
Fa motho wa bong bo sele a batla gore re kopane kwa lefelong le le se nang batho, ke tla re ․․․․․
Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․
O AKANYANG?
● Le fa go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go ka lebega e le selo se se eletsegang mo mothong yo o sa itekanelang, ke eng fa o sa tshwanela go go dira?
● O tla dira eng fa mongwe a re o tlhakanele dikobo?
[Mafoko a a mo go tsebe 176]
“E re ka o le Mokeresete, o na le dinonofo tse di tla dirang gore ba bangwe ba go kgatlhegele. Ka jalo, o tshwanetse go nna o ntshitse matlho dinameng le go gana fa o kopiwa go dira sengwe se se amanang le boitsholo jo bo sa siamang. Tlotla dinonofo tseo. O se ka wa ineela!’’—Joshua
[Setshwantsho mo go tsebe 176, 177]
Go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go tshwana le go tsaya setshwantsho se sentle se se takilweng o bo o se dirisa go nna mmetshe o o phimolang dinao
-
-
Nka Fenya Jang Mokgwa wa go Itshwaratshwara Dirwe Tsa Tlhakanelodikobo?Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
-
-
Karolo 25
Nka Fenya Jang Mokgwa wa go Itshwaratshwara Dirwe Tsa Tlhakanelodikobo?
“Ke simolotse go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo ke na le dingwaga di le robedi. Moragonyana ke ne ka ithuta kafa Modimo a lebang kgang eno ka teng. Ka metlha fa ke ne nka raelesega mme ka go dira, ke ne ke sala ke utlwile botlhoko tota. Ke ne ke ipotsa gore, ‘A Modimo a ka rata motho yo o tshwanang le nna?’”—Luiz.
FA O fitlha mo dingwageng tsa bosha, keletso ya tlhakanelodikobo e ka nna maatla thata. Ka ntlha ya seo, o ka nna wa simolola go nna le mokgwa wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo.a Ba le bantsi ba ka nna ba re ga go sepe se se phoso ka gone. Ba re, “Ga go utlwise ope botlhoko.” Le fa go ntse jalo, go na le lebaka le le utlwalang la gore o tile mokgwa ono. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Jalo, bolayang ditokololo tsa lona tsa mmele . . . ka ga . . . keletso ya tlhakanelodikobo.” (Bakolosa 3:5) Go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo ga go bolaye keletso ya tlhakanelodikobo mme go a e gakatsa. Mo godimo ga moo, ela tlhoko dintlha tse di latelang:
● Go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo go dira gore motho a ikgathalele a le esi. Ka sekai, fa motho a ntse a tsweletse ka mokgwa oo, o tlhoma mogopolo mo go kgotsofatseng dikeletso tsa gagwe.
● Go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo go dira gore motho a lebe batho ba bong bo sele jaaka didirisiwa fela tsa go ikgotsofatsa.
● Go tlwaela go ikgotsofatsa mo go bakiwang ke mokgwa wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo, go ka dira gore motho a se ka a kgotsofalela dikamano tsa tlhakanelodikobo fa a setse a le mo lenyalong.
Go na le gore o simolole go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo gonne o batla go okobatsa keletso ya tlhakanelodikobo, lwela go nna le boikgapo. (1 Bathesalonika 4:4, 5) Baebele e go thusa go dira jalo ka go go kgothaletsa go tila maemo a a ka nnang a dira gore o nne le keletso ya tlhakanelodikobo. (Diane 5:8, 9) Mme gone, go tweng fa e le gore o setse o le lekgoba la mokgwa ono wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo? Gongwe o kile wa leka go emisa mme ga o atlege. Go ka nna motlhofo gore o itlhoboge le go akanya gore ga o ka ke wa kgona go tshela ka melao ya Modimo. Ke tsela e mosimane mongwe yo o bidiwang Pedro a neng a ikutlwa ka yone. A re: “Fa ke ne ke boela mo mokgweng ono gape, ke ne ke kgobega marapo tota. Ke akanya gore nka se itshwarelwe ka se ke se dirileng. Ke ne ke sa kgone go rapela.”
Fa e le gore ke tsela e le wena o ikutlwang ka yone, o se ka wa nyema mooko. O ka kgona go bona thuso. Basha ba le bantsi—le bagolo—ba ile ba kgona go fenya mokgwa wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo. Le wena o ka kgona!
Go Fenya go Ikutlwa Molato
Jaaka go setse go tlhalositswe, batho ba ba nang le mokgwa wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo gantsi ba tshwenngwa ke go ikutlwa molato. Ga go pelaelo gore ‘go utlwa botlhoko ka tsela ya bomodimo’ go ka go tlhotlheletsa gore o lwele go fenya mokgwa ono. (2 Bakorintha 7:11) Mme go ipona molato ka tsela e e feteletseng go ka nna le matswela a a sa itumediseng. Go ka dira gore o kgobege marapo jaana mo o ka felelang o ineela mme o tswelela ka mokgwa oo.—Diane 24:10.
Ka jalo, kgaratlhela go leba seemo se o leng mo go sone ka tsela e e tshwanetseng. Go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo ke mofuta mongwe wa boitshekologo. Go ka dira gore o nne ‘motlhanka wa dikeletso tse di farologaneng le menate’ e bile go godisa mekgwa e e sa siamang. (Tito 3:3) Le fa go ntse jalo, go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo ga se mofuta wa boitsholo jo bo maswe thata jwa tlhakanelodikobo jaaka kgokafalo. (Jude 7) Fa o na le bothata jwa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo, ga o a tshwanela go akanya gore o dirile boleo jo o ka se kang wa bo itshwarelwa. Selo sa botlhokwa ke go lwantsha tlhotlheletso eo le gore o tswelele o lwela go fenya mokgwa ono!
Go motlhofo go ikutlwa o kgobegile marapo fa o sena go boela gape mo mokgweng oo. Fa seo se direga, gakologelwa mafoko ano a a mo go Diane 24:16: “Mosiami o ka wa ga supa, mme ruri o tla tsoga; mme baikepi ba tla dirwa gore ba kgotšwe ke masetlapelo.” Go palelwa ka nakwana ga go reye gore o motho yo o boikepo. Ka jalo, o se ka wa ineela. Go na le moo, batla gore ke eng se se dirileng gore o boele gape mo mokgweng oo mme o tile go dira selo seo gape.
Iphe nako ya go tlhatlhanya ka lorato le kutlwelobotlhoko ya Modimo. Mopesalema Dafide, yo le ene a neng a tle a leofe ka ntlha ya makoa a a neng a na le one, o ne a re: “Fela jaaka rre a bontsha bomorwawe kutlwelobotlhoko, Jehofa o bontshitse ba ba mmoifang kutlwelobotlhoko. Gonne o itse popego ya rona sentle, a gakologelwa gore re lorole.” (Pesalema 103:13, 14) Ee, Jehofa o a itse gore ga re a itekanela e bile o “iketleeleditse go itshwarela.” (Pesalema 86:5) Mme gone, o batla gore re leke ka natla go baakanya bothata. Ka jalo, ke dilo dife tse o ka di dirang gore o kgone go fenya mokgwa ono?
Ela tlhoko boitlosobodutu jwa gago. A o lebelela difilimi kgotsa dithulaganyo tsa thelebishene kgotsa mafelo a Internet a a bontshang dilo tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo? Mopesalema o ile a rapela Modimo jaana ka botlhale: “Dira gore matlho a me a fete a sa bona se se se nang mosola.”b—Pesalema 119:37.
Lwela go tlhoma mogopolo wa gago mo dilong tse dingwe. Mokeresete mongwe yo o bidiwang William o gakolola jaana: “Pele ga o ya go robala, bala sengwe se se theilweng mo Baebeleng. Go botlhokwa thata gore selo sa bofelo se o ileng wa akanya ka sone mo letsatsing e bo e le se se amanang le dilo tsa semoya.”—Bafilipi 4:8.
Bolelela mongwe ka bothata jono. Ka ntlha ya go tlhabiwa ke ditlhong, go ka nna ga nna thata go bolelela mongwe ka kgang eno. Le fa go ntse jalo, go dira jalo go ka go thusa go fenya mokgwa oo! Ke se Mokeresete mongwe yo o bidiwang David a ileng a se lemoga. A re: “Ke ne ka bua le rre ka kgang eno re le babedi fela. Ga nkitla ke lebala se a ileng a se bua. O ile a bua jaana ka sefatlhego se se supang monyenyo, ‘Ruri ke motlotlo ka wena.’ O ne a itse gore go ne ga ntlhoka bopelokgale tota gore ke bue le ene ka kgang eo. Eno e ne e le kgothatso e ke neng ke e tlhoka mme e ne ya nthusa gore ke ikemisetse go dira se se siameng.
“Rre o ne a mpontsha ditemana di le mmalwa go nthusa gore ke lemoge gore ‘ke ne ke se motho yo o bosula,’ mme a mpontsha le ditemana tse dingwe go tlhomamisa gore ke tlhaloganya bomasisi jwa se ke neng ke se dira. O ne a nthaya a re ke lwele go tlogela mokgwa ono mme a ntlhomamisetsa gore re tla tlotla gape ka kgang eno mo nakong e e tlang. O ne a re fa nka boela gape mo mokgweng oo ke se ka ka letla seo se nkgoba marapo, mme ke iphe nako e teletsana ya go lwa le mokgwa ono ke sa ineele.” David o konela ka go reng? A re: “Go nna le mongwe yo o itseng ka bothata jwa me le yo o nthusang, go ne ga ntsholegela molemo fela thata.”c
Go itlosa bodutu ka tlhakanelodikobo ke kgang e e masisi. Bona lebaka la seo.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo ga go a tshwanela go tshwantshiwa le keletso ya tlhakanelodikobo e go itiragalelang fela gore e nne teng. Ka sekai, mosimane a ka nna a thanya bosigo a ikutlwa a na le keletso ya tlhakanelodikobo kgotsa ga direga gore seedi sengwe se se bidiwang semen se tswe a ntse a robetse. Ka tsela e e tshwanang, le mo basetsaneng bangwe go ka itiragalela fela gore ba nne le keletso eo, segolobogolo pele kgotsa morago ga modikologo wa bone wa kgwedi. Go farologana le seo, go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo ke go tsosa keletso ya tlhakanelodikobo ka boomo.
b Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala Bolumo 2, Kgaolo 33.
c Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala Bolumo 2, tsebe 239-241.
DITEMANA TSA BOTLHOKWA
“Tshaba dikeletso tse basha ba nang le go nna le tsone, mme latelela tshiamo, tumelo, lorato, kagiso, mmogo le ba ba bitsang Morena ka pelo e e phepa.”—2 Timotheo 2:22
KAKANTSHO
Pele ga keletso e nna maatla, rapela. Kopa Jehofa Modimo gore a go neye “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” gore o kgone go fenya thaelo.—2 Bakorintha 4:7.
A O NE O ITSE GORE . . . ?
Motho mongwe le mongwe yo o bokoa a ka ineela mo dikeletsong tsa gagwe tsa tlhakanelodikobo. Mme gone, go tlhokega gore motho e bo e le monna kgotsa mosadi wa mmatota gore a nne le boikgapo, tota le fa a le nosi.
SE KE SE IKAELETSENG!
Nka kgona go tlhoma mogopolo wa me mo dilong tse di itshekileng fa ke ․․․․․
Go na le gore ke ineele mo keletsong, ke tla ․․․․․
Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․
O AKANYANG?
● Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go gakologelwa gore “Jehofa o iketleeleditse go itshwarela”?—Pesalema 86:5.
● E re ka Modimo yo o dirileng gore batho ba nne le keletso ya tlhakanelodikobo, e le ene gape a reng o tshwanetse go lwela go nna boikgapo, o tshwanetse a bo a tlhomamisegile gore o ka kgona go dira eng?
[Mafoko a a mo go tsebe 182]
Fa ke sena go fenya bothata jono, ke ile ka itumelela go nna le segakolodi se se phepa fa pele ga ga Jehofa mme seno ke sengwe se nka se se ananyeng ka sepe!’’—Sarah
[Setshwantsho mo go tsebe 180]
Fa o taboga o bo o wa, ga go reye gore o tshwanetse go simolola gape kwa tshimologong—le go boela gape mo mokgweng wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo, ga go phimole kgatelopele e o neng o setse o e dirile
-
-
A go Phoso go Itlosa Bodutu ka Tlhakanelodikobo?Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
-
-
Karolo 26
A go Phoso go Itlosa Bodutu ka Tlhakanelodikobo?
“Bana bangwe ba rulaganya go kopana e le fela go bona gore a ba ka feleletsa ba tlhakanetse dikobo le gore ba ka kgona go tlhakanela dikobo le batho ba le kae.”—Penny.
“Basimane ba bua ka gone phatlalatsa. Ba ikgantsha ka gore ba na le kgarebe mme gape ba tlhakanela dikobo le basetsana ba bangwe ba bantsi.”—Edward.
GOMPIENO basha ba le bantsi ba ikgantsha ka gore ba itlosa bodutu ka tlhakanelo dikobo kwantle ga gore ba itlame ka lorato. Bangwe ba bone ba na le ditsala tse ba tlhakanelang dikobo le tsone kwantle ga go nna le “maitlamo” ape a go ratana.
Se gakgamale fa le wena o ka ikutlwa o raelesega go dira seo! (Jeremia 17:9) Edward yo o umakilweng kwa godimo a re: “Basetsana ba le bantsi ba ile ba nkopa gore ke tlhakanele dikobo le bone, mme e re ka ke le Mokeresete ke tshwanelwa ke go lebana le ntwa e e thata, e leng go gana. Ga go motlhofo go gana!” Ke melaometheo efe ya Baebele e o tshwanetseng go nna o e gopotse fa mongwe a batla gore o itlose bodutu le ene ka tlhakanelodikobo?
Itse Gore ke Eng fa go Itlosa Bodutu ka Tlhakanelodikobo go le Phoso
Kgokafalo ke boleo jo bo masisi mo e leng gore batho ba ba e dirang, “ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.” (1 Bakorintha 6:9, 10) Tota go ntse jalo, go sa kgathalesege gore batho ba ba e dirang ba a “ratana” kgotsa ba itlosa bodutu fela ka tlhakanelodikobo. Gore o kgone go fenya dithaelo tseno, o tshwanetse go leba kgokafalo jaaka Jehofa a e leba.
“Tota ke dumela gore tsela ya ga Jehofa ke yone tsela e e molemolemo ya go tshela.”—Karen, Canada.
“Se lebale gore o morwa kgotsa morwadia mongwe, o tsala ya batho ba le bantsi le leloko la phuthego. O tla swabisa batho bano botlhe fa o ka itetla go raelesega!”—Peter, Britain.
Fa o ka leba kgokafalo ka tsela e Jehofa a e lebang ka yone, o tla kgona go ‘tlhoa se se bosula’ tota le fa o ikutlwa o eletsa go se dira.—Pesalema 97:10.
Temana e o ka e balang: Genesise 39:7-9. Ela tlhoko kafa Josefa a ileng a nna pelokgale ka gone mme o bone le se se mo thusitseng gore a kgone go emelana le thaelo ya go tlhakanela dikobo.
Nna Motlotlo Ka se O se Dumelang
Gantsi basha ba kgona go nna motlotlo le go emela se ba se dumelang. O na le tshiamelo ya go tlotlomatsa melao ya Modimo ka tsela e o itshwarang ka yone. O se ka wa tlhabisiwa ditlhong ke tsela e o lebang go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo ka yone.
“Itsise ba bangwe kwa tshimologong fela gore wena o na le melao ya boitsholo e o e latelang.”—Allen, Germany.
“Basimane ba ke neng ke tsena le bone kwa sekolong se segolwane ba ne ba itse sentle gore ke motho yo o ntseng jang, mme ba ne ba itse gore maiteko ape fela a ba a dirang e ne e le go itapisa fela.”—Vicky, United States.
Go kgona go emela se o se dumelang go bontsha gore jaanong o nna Mokeresete yo o godileng semoyeng.—1 Bakorintha 14:20.
Temana e o ka e balang: Diane 27:11. Bona kafa o ka itumedisang Jehofa ka gone ka go dira se se siameng!
Nna o Tlhomame!
Go botlhokwa go gana. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba tsaya seo e le “go itira e kete ga o batle.”
“Sengwe le sengwe fela se o se dirang—tsela e o aparang ka yone, e o buang ka yone, batho ba o buang le bone le tsela e o itshwarang ka yone fa o na le batho—se tshwanetse go bontsha gore tota o a gana.”—Joy, Nigeria.
“O tshwanetse go ba bontsha gore ba lebale, ga o na go go dira. Le ka motlha o se ka wa amogela dimpho tsa basimane ba ba lekang go atamalana le wena. Ba ka nna ba dira gore o ikutlwe molato, e kete o ba kolota sengwe gonne ba go file dimpho.”—Lara, Britain.
Jehofa o tla go thusa fa o ka nna o tlhomame. Mopesalema Dafide o ne a kgona go bua jaana ka Jehofa a akantse ka se se mo diragaletseng: “O tla dira ka boikanyegi le motho yo o ikanyegang.”—Pesalema 18:25.
Temana e o ka e balang: 2 Ditiragalo 16:9. Ela tlhoko gore Jehofa o tlhoafaletse go thusa ba ba batlang go dira se se siameng.
Bonela Dilo Kwa Pele
Baebele ya re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha.” (Diane 22:3) O ka dirisa kgakololo eo jang mo botshelong jwa gago? Ka go bonela dilo kwa pele!
“Kgaogana gotlhelele le batho ba ba buang ka dilo tseo.”—Naomi, Japan.
“O se ka wa naya batho tshedimosetso ka ga gago, jaaka aterese ya gago kgotsa nomoro ya founo.”—Diana, Britain.
Ela tlhoko tsela e o buang ka yone, e o itshwarang ka yone, batho ba o tsalanang le bone le mafelo a o ratang go ya thata kwa go one. Go tswa foo o ipotse, ‘A go na le dilo dingwe tse ke di dirang ke sa lemoge tse di tla dirang gore bangwe ba batle go tlhakanela dikobo le nna?’
Temana e o ka e balang: Genesise 34:1, 2. Bona kafa mosetsana mongwe yo o bidiwang Dina a ileng a tlhagelwa ke ditlamorago tse di botlhoko ka gone ka ntlha ya go bo a ne a le kwa lefelong le le sa siamang.
Se lebale, go itlosa bodutu ka tlhakanelodikobo ke kgang e e masisi mo go Jehofa Modimo, mme le wena o tshwanetse go e tsaya masisi. Fa o emela se se siameng, o ka kgona go nna o na le segakolodi se se phepa mo Modimong le go nna motho yo o tlotlegang. Fela jaaka mosetsana mongwe yo o bidiwang Carly a bolela, “goreng o tshwanetse go letla mongwe a go ‘dirisa’ fela gore a ikgotsofatse ka nako eo? E re ka o dirile ka thata go nna o ikanyega mo go Jehofa, lwela gore a nne a go leba ka tsela eo!”
Ke basetsana ba ba ntseng jang ba basimane ba reng ba a ba rata? O ka nna wa sala o gakgametse!
DITEMANA TSA BOTLHOKWA
‘Dira bojotlhe jwa gago gore kwa bofelong Modimo a go fitlhele o se na selabe o se na molato e bile o le mo kagisong.’—2 Petere 3:14.
KAKANTSHO
Tokafatsa dinonofo tsa gago tsa kafa teng. (1 Petere 3:3, 4) Fa o le motho yo o molemo, o tla kgatlhegelwa ke motho yo o siameng.
A O NE O ITSE GORE . . . ?
Jehofa o batla gore o itumelele tlhakanelodikobo ka tsela e a e dirileng ka yone—go ijesa monate mo lenyalong—o sa tshwenyege, o sa tlhobaele le go ikwatlhaya, dilo tse gantsi e leng ditlamorago tsa kgokafalo.
SE KE SE IKAELETSENG!
Nka kgona go etsa boikemisetso jwa ga Josefa jwa go nna a itshekile mo boitsholong fa ke ․․․․․
Ke tla tila phoso e Dina a ileng a e dira fa ke ․․․․․
Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․
O AKANYANG?
● Le fa tlhakanelodikobo e e sa tshwanelang e ka lebega e le selo se se eletsegang mo mothong yo o sa itekanelang, ke eng fa e le phoso?
● O tla dira eng fa mongwe a re o tlhakanele dikobo?
[Mafoko a a mo go tsebe 185]
“Tlhomama! Fa lekawana lengwe le ne le dira sengwe se se bontshang gore le batla go tlhakanela dikobo le nna, ke ne ka re, ‘A ko o tlose seatla sa gago mo legetleng la me!’ Ka mo leba ka tsela e e bontshang gore ke tiisitse, mme ka tsamaya.’’—Ellen
[Setshwantsho mo go tsebe 187]
Fa o itlosa bodutu ka tlhakanelodikobo, o a inyenyefatsa
-