LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Botlhoko Jwa go Tlhokafalelwa
    Tsogang!—2018 | No. 3
    • Monna yo o hutsafetseng a dutse a le esi mo resetšhurenteng

      GO THUSA BA BA SWETSWENG

      Botlhoko Jwa Go Tlhokafalelwa

      “Nna le Sophiaa re ne re na le dingwaga di feta 39 re nyalane, fa a ne a tlhokafala morago ga go lwala sebaka. Ditsala tsa me di ile tsa nthusa fela thata e bile ke ne ke tlhola ke tshwaregile ka ditiro dingwe. Mme ke ile ka fetsa ngwaga otlhe ke utlwile botlhoko thata. E ne e kete ga ke kgone go laola maikutlo a me. Le gone jaanong morago ga dingwaga tse tharo a tlhokafetse, ke sa ntse ke na le go tlelwa ke kutlobotlhoko e le nna ke sa e tlhaloganyeng.”​—Kostas.

      A o tlhokafaletswe ke mongwe yo o mo ratang? Fa go le jalo, o ka tswa o tlhaloganya tsela e Kostas a ikutlwang ka yone. Go tlhokafalelwa ke motho yo o nyalaneng le ene, mongwe wa losika kgotsa tsala e o e ratang ke nngwe ya dilo tse di utlwisang botlhoko thata. Baitse ba dumalana le ntlha eo. Makasine wa The American Journal of Psychiatry wa re bontsi jwa batho ba ba tlhokafaletsweng ba utlwa botlhoko thata ka gonne ba akanya gore ba ka se tlhole ba bona batho bao gape. Kutlobotlhoko eo e ka dira gore motho yo o tlhokafaletsweng a ipotse gore: ‘Ke a go ikutlwa jaana go fitlha leng? A ke tla tlhola ke itumela gape? Ke eng se se ka nkgomotsang?’

      Makasine ono o tla araba dipotso tseno. Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka dilo tse o ka di lebelelang fa e le gore o sa tswa go tlhokafalelwa ke mongwe. Ditlhogo tse dingwe di tla tlotla ka dilo tse o ka di dirang gore o se ka wa hutsafala thata.

      Re solofela gore dintlha tsotlhe tse di mo makasineng ono di tla gomotsa le go thusa mongwe le mongwe yo o tlhokafaletsweng.

      a Go na le maina mangwe a a fetotsweng mo makasineng ono.

  • Se o Ka se Solofelang
    Tsogang!—2018 | No. 3
    • Banyalani ba ba hutsafetseng

      GO THUSA BA BA SWETSWENG

      Se O Ka Se Solofelang

      Le fa baitse ba re go na le maikutlo a a rileng a batho ba ba tlhokafaletsweng ba fetang mo go one, batho ga ba hutsafale ka tsela e e tshwanang. A mme seo se raya gore motho yo o sa bontsheng gore o utlwile botlhoko kgotsa yo o swelang mo teng, ga a a hutsafala? Ga go a nna jalo. Le fa go thusa go amogela le go bontsha gore o utlwile botlhoko, re ka se re go na le tsela e le nngwe fela ya go hutsafala. Gantsi go ikaegile ka tsela e motho a godisitsweng ka yone, botho jwa gagwe, maitemogelo a gagwe mo botshelong le gore motho yo a mo ratang o tlhokafetse jang.

      O TLILE GO IKUTLWA JANG?

      Batho ba ba tlhokafaletsweng ba ka tswa ba sa itse gore go tla diragalang fa nako e ntse e tsamaya. Le fa go ntse jalo, go na le maikutlo a gantsi batho ba ba tlhokafaletsweng ba a tleng ba nne le one. Ka sekai:

      Go tlelwa ke maikutlo a a farologaneng. Motho yo o tlhokafaletsweng a ka lela thata, a tlhoafalela motho yo o tlhokafetseng e bile maikutlo a gagwe a ka fetofetoga. Gape maikutlo a ka isiwa magoletsa ke go bona sengwe se se mo gopotsang motho yoo le go lora ka ene. Fa a bolelelwa la ntlha gore motho yoo o tlhokafetse, a ka nna a gakgamala le go sa dumele se a se utlwang. Tiina o gopola tsela e a ileng a tsiboga ka yone fa a bolelelwa gore monna wa gagwe e bong Timo o tlhokafetse, a re: “Ke ne ke sa itse gore ke direng. Kwa tshimologong ga ke a ka ka lela. Pelo ya me e ne e le botlhoko thata mo ke neng ke sa kgone le go hema. Ke ne ke sa dumele se se diragetseng.”

      Go tshwenyega thata, go galefa le go ipona molato. Ivan a re: “Fa mosimane wa rona yo o neng a na le dingwaga di le 24 e bong Eric a sena go tlhokafala, nna le mosadi wa me e bong Yolanda re ne re galefile tota! Re ne re maketse ka gore e ne e le la ntlha re nna le maikutlo a a ntseng jalo. Re ne re ikutlwa molato ka gonne re tsaya gore re paletswe ke go thusa ngwana wa rona.” Alejandro le ene o ile a ikutlwa ka tsela e e tshwanang fa mosadi wa gagwe a sena go tlhokafala morago ga go lwala lobaka lo loleele. A re: “Kwa tshimologong ke ne ke tsaya gore fa Modimo a kgona go ntlogelela gore ke utlwe botlhoko ka tsela eno, go raya gore ga ke a siama. Mme morago ke bo ke ikwatlhaela gore ke ile ka pega Modimo molato ka selo se se diragetseng.” Kostas yo re buileng ka ene kwa tshimologong a re: “Ka dinako tse dingwe ke ne ke galefela Sophia go bo a ntlogetse. Mme morago ke tla bo ke ikwatlhaela go bo ke ikutlwa ka tsela eo ka gonne e ne e se molato wa gagwe go bo a tlhokafetse.”

      Go dira dilo tse di sa tlwaelegang. Ka dinako tse dingwe motho yo o tlhokafaletsweng a ka nna a akanya ka dilo tse di seyong. Ka sekai, a ka nna a akanya gore o kgona go bua le motho yo o tlhokafetseng, go mo tshwara le go mmona. Gape go ka nna thata gore a tlhome mogopolo mo go se a se dirang kgotsa go lebala thata. Tiina a re: “Ka dinako tse dingwe ke tla bo ke bua le motho mme tlhaloganyo ya me e bo e simolola go akanya ka dilo tse di diragetseng pele Timo a tlhokafala. Kgang eno e ne e ntshwenya thata.”

      Go batla go nna o le nosi. Motho yo o tlhokafaletsweng a ka nna a selekega kgotsa a se nnisege fa a na le batho. Kostas a re: “Ke ne ke sa rate go nna le batho ba ba nyetseng gape ke sa rate go nna le batho ba ba sa nyalang.” Yolanda a re: “Ke ne ke sa rate go nna mo gare ga batho ba ba ngongoregang ka mathata a bone a ke neng ke tsaya gore ga a makalo fa a bapisiwa le a rona! Gape go ne go se monate go utlwa batsadi ba bangwe ba bua ka bana ba bone. Ke ne ke itumela le bone mme go le thata go ba reetsa. Nna le monna wa me re ne re itse gore re tshwanetse go tswelela ka botshelo, mme re ne re sa kgone.”

      Mathata a botsogo. Go tlwaelegile gore batho ba ba tlhokafaletsweng ba felelwe ke keletso ya dijo, mmele wa bone o fokotsege le go palelwa ke go robala sentle. Aaron o gopola se se ileng sa direga ngwaga morago ga gore rraagwe a tlhokafale, a re: “Ke ne ke palelwa ke go robala. Ke ne ke tlhola ke tsoga mo gare ga bosigo ke akanya ka loso lwa ga rre.”

      Alejandro o ile a simolola go nna le mathata a botsogo a a neng a sa a tlhaloganye. A re: “Ke ile ka ya ngakeng makgetlo a le mmalwa mme e ile ya mpolelela gore ga ke lwale. Ke ne ke belaela gore go hutsafala ke gone go dirang ke ikutlwe e kete ke a lwala.” Fa nako e ya Alejandro o ile a tlogela go ikutlwa ka tsela eo. Mme gone Alejandro o dirile sentle go ya go bona ngaka. Go hutsafala thata go ka koafatsa mmele, ga gakatsa bolwetse jo motho a setseng a na le jone kgotsa ga tsosa malwetse a mangwe a masha.

      Go sa kgone go dira dilo tsa botlhokwa. Ivan a re: “Fa Eric a sena go tlhokafala, re ile ra tshwanelwa ke go bolelela ba losika, ditsala, mothapi wa gagwe le motho yo a neng a hirile kwa go ene. Gape go na le dipampiri tsa semolao tse re neng re tshwanetse go di tlatsa. Mo godimo ga moo, re ne re tlhoka go rulaganya dilo tsa gagwe. Dilo tseno tsotlhe di ne di tlhoka gore re tlhome mogopolo mo go tsone mme ka nako eo re ne re lapile mo tlhaloganyong, mo mmeleng le mo maikutlong.”

      Mathata a batho ba bangwe a tla fa ba tshwanelwa ke go dira dilo tse di neng di dirwa ke motho yo o tlhokafetseng. Tiina a re: “Timo ke ene a neng a tlhokomela diakhaonto tsa banka le dilo tse dingwe tse di amanang le kgwebo ya rona. Ke ile ka tlhoka go dira dilo tseo mme di ile tsa oketsa mathata a ke neng ke na le one. Ke ne ke ipotsa gore a ke tla di kgona.”

      Dilo tse re setseng re tlotlile ka tsone mo setlhogong seno di re thusa go lemoga gore ga go motlhofo go tswelela ka botshelo fa o tlhokafaletswe. Motho yo o tlhokafaletsweng a ka utlwa botlhoko thata mme go itse dilo tse re tlotlileng ka tsone go ka thusa batho ba ba sa tswang go tlhokafalelwa gore ba kgone go leka go tswelela ka botshelo. Ga se gore dilo tsotlhe tse re tlotlileng ka tsone fano di tla diragalela mongwe le mongwe yo o tlhokafaletsweng. Mme batho ba ba tlhokafaletsweng ba ka gomodiwa ke go itse gore ga go na sepe se se phoso ka maikutlo a ba nang le one.

      A KE TLA TLHOLA KE ITUMELA GAPE?

      Se o ka se lebelelang: Botlhoko jo motho a bo utlwang fa a tlhokafaletswe ga bo nnele ruri, fa nako e ntse e ya bo a okobala. Seo ga se reye gore kutlobotlhoko eo e tla fela kgotsa gore o tla lebala ka motho yo o tlhokafetseng. Mme gone, botlhoko joo bo tla okobala ka iketlo. Botlhoko joo bo ka boa gape fa go tlhaga sengwe se se go gopotsang motho yoo kgotsa ka letsatsi lengwe le le kgethegileng le lo neng lo le keteka mmogo. Mme fa nako e ntse e ya, batho ba bantsi ba a tlwaela ba bo ba kgona go tswelela ka ditiro tsa letsatsi le letsatsi. Gantsi batho ba ba ntseng jalo ba thusiwa ke ba losika le ditsala e bile bone ka bobone ba dira sengwe gore ba kgone go itshoka.

      Go tlile go tsaya lobaka lo lo kae? Bangwe go ba tsaya dikgwedi gore botlhoko joo bo okobale. Mme bontsi bo tsaya dingwaga di ka nna pedi pele ba ikutlwa botoka. Ba bangwe go ba tsaya lobaka lo loleele.a Alejandro a re ene go mo tsere dingwaga tse tharo.

      Se iphelele pelo. Se leke go dira dilo di le dintsi ka nako e le nngwe mme itse gore fa nako e ntse e ya botlhoko joo bo tla okobala. Mme potso ke gore, a go na le dilo tse o ka di dirang gone jaanong go okobatsa kutlobotlhoko ya gago le go go thusa gore o se ka wa hutsafala lobaka lo loleele?

      Ga go phoso go utlwa botlhoko fa re tlhokafaletswe

      a Go na le batho ba ba ka utlwang botlhoko thata ka lobaka lo loleele mo ba feleletsang ba lwala. Batho ba ba ntseng jalo ba tlhoka go bona dingaka tsa malwetse a tlhaloganyo.

  • Se o Ka se Dirang fa o Tlhokafaletswe
    Tsogang!—2018 | No. 3
    • Batho ba itlosa bodutu

      GO THUSA BA BA SWETSWENG

      Se o Ka se Dirang fa o Tlhokafaletswe

      Go na le dilo tse dintsi tse go tweng motho o tlhoka go di dira fa a tlhokafaletswe, dingwe tsa tsone di thusa go feta tse dingwe. Gongwe seo se dirwa ke gore batho ga ba hutsafale ka tsela e e tshwanang. Se se thusang motho yo mongwe se ka nna sa se ka sa thusa yo mongwe.

      Mme go na le dikakantsho dingwe tse di ileng tsa kgona go thusa batho ba le bantsi. Gantsi di buiwa ke baitse e bile di dumalana le kgakololo e e mo bukeng ya bogologolo e leng Baebele.

      1: LETLA BA LOSIKA LE DITSALA GORE BA GO THUSE

      • Batho ba itlosa bodutu

        Baitse ba re go dira jalo go thusa thata gore motho yo o tlhokafaletsweng a kgone go itshoka. Mme ka dinako tse dingwe motho yoo a ka tswa a batla go nna a le nosi. Gongwe a ka nna a fela pelo fa batho ba bangwe ba leka go mo thusa. Go tlwaelegile go ikutlwa jalo.

      • O se ka wa tsaya gore o tlhoka go nna o le mo gare ga batho ka dinako tsotlhe mme gone o se ka wa ba thibela fa ba leka go go thusa. Nnete ke gore o tlile go ba tlhoka mo nakong e e tlang. Bua le bone sentle fa o ba bolelela dilo tse o di tlhokang le tse o sa di tlhokeng.

      • Leka go bona gore ke nako efe e o tlhokang go nna o le nosi ka yone le e o tlhokang go nna le batho ka yone.

      BAEBELE YA RE: “Ba babedi ba botoka go na le a le mongwe . . . Gonne fa . . . mongwe wa bone a ka wa, yo mongwe o ka kgona go tsosa molekane wa gagwe.”​—Moreri 4:9, 10.

      2 Ja Sentle O Bo O Ipha Nako Ya Go Ikatisa

      • Go ja dijo tse di nang le dikotla go tla thusa mmele wa gago gore o se ka wa tsenwa ke malwetse. Leka go ja maungo, merogo le dijo tse di se nang mafura a mantsi.

      • Nwa metsi a mantsi le dino tse dingwe tse di siametseng mmele wa gago.

      • Fa o se na keletso ya dijo, ja dijo tse dinnye. O ka nna wa kopa ngaka ya gago gore e go neye dilo tse o ka di jang kgotsa tse o ka di nwang fa o sa eletse go ja.a

      • Go ikatisa go ka go thusa gore o se ka wa akanya thata ka dilo tse di utlwisang botlhoko. Batho ba bangwe ba dirisa nako ya go ikatisa gore ba kgone go akanya ka motho yo o tlhokafetseng mme ba bangwe ba e dirisa gore ba emise go akanya ka ene.

      BAEBELE YA RE: “Ga go ope yo o kileng a tlhoa mmele wa gagwe, mme o a o otla, o a o babalela.”​—Baefeso 5:29, Tswana Central.

      3: IPHE NAKO E E LEKANENG YA GO ROBALA

      • Bolao

        Go robala go botlhokwa, segolo jang mo bathong ba ba tlhokafaletsweng ka gonne ba lapa thata.

      • O se ka wa nwa dilo tse di nang le khafeine kgotsa bojalwa jo bontsi ka gonne bo ka dira gore o se ka wa kgona go robala.

      BAEBELE YA RE: “Boikhutso jo bo tletseng seatla bo botoka go na le tiro ya bonatla e e tletseng seatla gabedi le go kgaratlhela phefo.”​—Moreri 4:6.

      4: LEKA DITSELA TSE DINGWE TSE DI KA GO THUSANG

      • Basadi ba tlotla

        Se lebale gore batho ba hutsafala ka ditsela tse di sa tshwaneng. Ka jalo, fa nako e tsamaya, o tlile go bona tsela e e go berekelang.

      • Batho ba bantsi ba bone go thusa go bua le ba bangwe ka kutlobotlhoko e ba leng mo go yone mme go na le ba ba sa rateng go bua ka maikutlo a bone. Baitse ba na le dikgopolo tse di sa tshwaneng fa go tla mo ntlheng eno. Fa e le gore o batla go bua le motho yo mongwe mme o okaoka, simolola ka go bua le tsala ya gago.

      • Batho bangwe ba thusiwa ke go lela fa ba utlwile botlhoko mme ba bangwe ba kgona go itshokela botlhoko joo ntle le go lela thata.

      BAEBELE YA RE: “Pelo e itse botlhoko jwa yone.”​—Diane 14:10, Tswana Central.

      5: TILA MEKGWA E E KOTSI

      • Monna a nwa bojalwa

        Batho bangwe fa ba tlhokafaletswe ba nwa thata kgotsa ba dirisa diritibatsi go leka go okobatsa botlhoko jo ba bo utlwang. Go dira jalo go kotsi. Dilo tseo di ka okobatsa botlhoko ka nakwana fela mme fa nako e ntse e ya di ka nna le diphelelo tse di maswe. Se dire dilo tse di ka tsenyang botshelo jwa gago mo kotsing.

      BAEBELE YA RE: “A re intlafatseng leswe lengwe le lengwe.”​—2 Bakorintha 7:1.

      6: DIRISA NAKO YA GAGO SENTLE

      • Batho bangwe ba dirisa nako ya bone e ntsi ba dira ditiro tse di ba thusang gore ba se ka ba akanya thata ka kutlobotlhoko e ba leng mo go yone.

      • Go batla ditsala tse disha, go ithuta tiro nngwe kgotsa go itlosa bodutu go ka go thusa gore o se ka wa akanya thata ka motho yo o tlhokafetseng.

      • Fa nako e ntse e ya, o tla lemoga gore ga o tlhole o fetsa nako e ntsi o akanya ka motho yo o tlhokafetseng e bile kutlobotlhoko ya gago e a okobala.

      BAEBELE YA RE: “Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng, . . . nako ya go lela le nako ya go tshega; nako ya go hutsafala le nako ya go tlolaka.”​—Moreri 3:1, 4.

      7: ITIRELE THULAGANYO YA LETSATSI LE LETSATSI

      • Mosadi a ithulaganya

        Leka go nna le thulaganyo ya dilo tse o di dirang letsatsi le letsatsi.

      • Go nna le thulaganyo ya dilo tse di jaaka go robala, go ya tirong le go dira dilo dingwe go tla go thusa gore o kgone go tswelela ka botshelo.

      • Nna o tshwaregile ka ditiro tse di go thusang gore o se ka wa tlhoma mogopolo mo kutlobotlhokong ya gago.

      BAEBELE YA RE: “Ga a kitla a gakologelwa malatsi a botshelo jwa gagwe gantsi, ka gonne Modimo wa boammaaruri o dira gore a tshwarege ka go ipela ga pelo ya gagwe.”​—Moreri 5:20.

      8: TILA GO DIRA DITSHWETSO KA LEPOTLAPOTLA

      • Batho ba e reng fa ba sena go tlhokafalelwa ba bo ba dira ditshwetso tsa botlhokwa ka bonako, ba feleletsa ba di ikwatlhaela moragonyana.

      • Fa go kgonega, leta nakonyana e telele pele o fuduga, o tlogela tiro kgotsa o aba dilo tsa motho yo o tlhokafetseng.

      BAEBELE YA RE: “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo, mme mongwe le mongwe yo o mafega ruri o leba kwa letlhokong.”​—Diane 21:5.

      9: GOPOLA MOTHO YO O TLHOKAFETSENG

      • Monna a bontsha ditsala mosadi wa gagwe yo o tlhokafetseng

        Batho ba bantsi ba ba tlhokafaletsweng ba bona go thusa go dira dilo tse di ba gopotsang motho yoo.

      • O ka kokoanya difotho, dilo dingwe kgotsa go kwala buka ka dilo tse o batlang go di gopola ka motho yo o tlhokafetseng.

      • Baya dilo tse di go gopotsang motho yo o tlhokafetseng mme o di lebe morago fa o siame.

      BAEBELE YA RE: “Gakologelwa malatsi a bogologolo.”​—Duteronome 32:7.

      10: ETELA LEFELO LENGWE

      • O ka nna wa akanyetsa go etela lefelo lengwe.

      • Fa o sa kgone go eta, o ka nna wa dira sengwe se se go itumedisang se se jaaka go tsamaya mo sekgweng, go etela musiamo kgotsa go tsaya loeto ka koloi.

      • Go dira selo se o sa tlwaelang go se dira letsatsi le letsatsi le gone go thusa gore o kgone go itshoka.

      BAEBELE YA RE: “Tlang, lona ka bolona, re yeng kwa thoko mo lefelong le le se nang batho mme lo ikhutse go sekae.”​—Mareko 6:31.

      11: THUSA BA BANGWE

      • Mosha a thusa mosadi yo o godileng

        Se lebale gore go ipha nako ya go thusa batho ba bangwe go ka dira gore le wena o ikutlwe botoka.

      • Gongwe o ka simolola ka go thusa batho ba le bone ba amilweng ke loso lwa motho yo o tlhokafetseng ba ba jaaka ditsala kgotsa ba losika ba ba ka tswang ba tlhoka go kgothadiwa.

      • Go thusa le go kgothatsa ba bangwe go ka dira gore o boe gape o itumele le go dira gore o kgone go tswelela ka botshelo.

      BAEBELE YA RE: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”​—Ditiro 20:35.

      12: DIRA GORE DILO TSA BOTLHOKWA DI TLE PELE

      • Go tlhokafalelwa ke motho yo o mo ratang go ka go thusa go lemoga gore ke dilo dife tse di tlhokang go tla pele mo botshelong.

      • Dirisa tshono eno go sekaseka botshelo jwa gago.

      • Dira diphetogo fa go tlhokega.

      BAEBELE YA RE: “Go botoka go ya kwa ntlong ya khutsafalo go na le go ya kwa ntlong ya mokete, ka gonne seo ke bokhutlo jwa batho botlhe; mme yo o tshelang o tshwanetse go go isa pelong.”​—Moreri 7:2.

      SE O KA SE DIRANG FA O TLHOKAFALETSWE

      • 1: LETLA BA LOSIKA LE DITSALA GORE BA GO THUSE

        Iphe nako ya go nna o le nosi le ya go nna le batho ba bangwe.

      • 2: JA SENTLE O BO O IPHA NAKO YA GO IKATISA

        Ja dijo tse di nang le dikotla, nwa metsi a mantsi o bo o ikatisa.

      • 3: IPHE NAKO E E LEKANENG YA GO ROBALA

        Go robala go tla go thusa gore o se ka wa lapa thata.

      • 4: LEKA DITSELA TSE DINGWE TSE DI KA GO THUSANG

        Batho ga ba hutsafale ka go tshwana, ka jalo, batla tsela e e go berekelang.

      • 5: TILA MEKGWA E E KOTSI

        Tila go dirisa bojalwa le diritibatsi ka tsela e e feteletseng ka gonne go dira jalo go go okeletsa mathata.

      • 6: DIRISA NAKO YA GAGO SENTLE

        Nna le nako ya go akanya ka motho yo o tlhokafetseng le ya go itapolosa le batho ba bangwe.

      • 7: ITIRELE THULAGANYO YA LETSATSI LE LETSATSI

        Itirele thulaganyo e e tla go thusang gore o tswelele ka botshelo.

      • 8: TILA GO DIRA DITSHWETSO KA LEPOTLAPOTLA

        Fa go kgonega, leta ngwaga kgotsa go feta, pele o dira ditshwetso tsa botlhokwa gore o se ka wa di ikwatlhaela kwa morago.

      • 9: GOPOLA MOTHO YO O TLHOKAFETSENG

        Kgobokanya ditshwantsho kgotsa kwala buka e e tla go gopotsang motho yo o tlhokafetseng.

      • 10: ETELA LEFELO LENGWE

        Dira dilo tse o sa tlwaelang go di dira.

      • 11: THUSA BA BANGWE

        Thusa ba bangwe go akaretsa le ba ba amilweng ke loso lwa motho yo o mo ratang.

      • 12: DIRA GORE DILO TSA BOTLHOKWA DI TLE PELE

        Dirisa tshono eno go sekaseka botshelo jwa gago le go dira diphetogo mo go tlhokegang gone.

      Nnete ke gore ga go na sepe se se tlileng go fedisa botlhoko jwa go tlhokafalelwa ke motho yo o mo ratang. Mme go na le batho ba bantsi ba ba thusitsweng ke go dirisa dikakantsho tse re buileng ka tsone mo setlhogong seno. Dikakantsho tseno ga se tsone fela tse motho a ka di dirisang fa a tlhokafaletswe. Mme fa o dirisa dingwe tsa tsone o ka kgona go itshoka le go tswelela ka botshelo.

      a Tsogang! ga e buelele mofuta ope wa kalafi.

  • Se se Ka Thusang ba ba Tlhokafaletsweng
    Tsogang!—2018 | No. 3
    • Batho ba emetse go amogela baratiwa ba bone ba ba tlhokafetseng

      GO THUSA BA BA SWETSWENG

      Se Se Ka Thusang Ba Ba Tlhokafaletsweng

      BOSHENG JAANA GO DIRILWE DIPATLISISO TSE DINTSI MALEBANA LE KUTLOBOTLHOKO E E NNANG TENG FA MOTHO A TLHOKAFALETSWE. Mme jaaka re bone mo ditsebeng tse di fetileng, se bomankge ba se buang se tsamaisana le se se kwadilweng mo Lefokong la Modimo e leng Baebele. Seno se re bontsha gore le fa Baebele e le buka ya bogologolo, kgakololo ya yone e a thusa. Gape Baebele e na le tshedimosetso e e ka thusang batho ba ba tlhokafaletsweng.

      • Go itse gore baswi ba rona ga ba boge

        Moreri 9:5 ya re ‘baswi ga ba itse sepe’ le gore ‘dikakanyo tsa bone di a nyelela.’ (Pesalema 146:4) Gape Baebele e tshwantsha loso le boroko.​—Johane 11:11.

      • Re kgothadiwa ke go itse gore Modimo o a re rata

        Pesalema 34:15 ya re: “Matlho a ga Jehofaa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe di ntlheng ya go goa ga bone ba kopa thuso.” Go tshololela Modimo maikutlo a rona ka thapelo go gomotsa thata go feta fa o bua le motho yo mongwe kgotsa o leka go laola maikutlo a gago. Seno se re thusa gore re nne ditsala tsa Mmopi wa rona e bile o tla dirisa maatla a gagwe go re gomotsa.

      • Go itse gore go na le bokamoso jo bo itumedisang

        A o akanya gore batho ba ba mo mabitleng ba tla tsamaya ba tshela gape? Ee ka gonne Baebele e re solofetsa jalo. Baebele e tlhalosa tsela e maemo a tlileng go nna ka yone mo lefatsheng fa e re Modimo “o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a [rona], mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”​—Tshenolo 21:3, 4.

      Batho ba ba dumelang mo Modimong yo go buiwang ka ene mo Baebeleng e bong Jehofa, ba kgothadiwa ke go itse gore ba tla boa ba kopana gape le baratiwa ba bone ba ba tlhokafetseng. Ka sekai, Ann yo monna wa gagwe a neng a tlhokafala morago ga gore ba fetse dingwaga tse 65 mo lenyalong a re: “Baebele e nthusa go itse gore batho ba ba tlhokafetseng ga ba boge le gore Modimo o tlile go ba tsosa. Ke na le go gopola ntlha eno nako le nako fa ke akanya ka monna wa me mme seo se nthusa gore ke kgone go itshokela se se ntiragaletseng!”

      Tiina yo re buileng ka ene mo ditsebeng tse di fetileng a re: “Fa e sa le Timo a tlhokafala, Modimo o ntse a nkeme nokeng. Jehofa o ile a nkgomotsa thata fa ke ne ke utlwile botlhoko. Ke dumela se Baebele e se buang fa e re Modimo o tlile go tsosa ba ba tlhokafetseng. Seo se dira gore ke kgone go itshoka go fitlha ke boa ke kopana le Timo gape.”

      Eno ke tsela e batho ba le dimilionemilione ba ba dumelang mo Baebeleng ba ikutlwang ka yone. Tota le fa o akanya gore se Baebele e se buang ga se utlwale kgotsa ke go ijesa dijo tsa ditoro fela, goreng o sa iphe nako ya go dira dipatlisiso go bona gore a kgakololo ya yone kgotsa ditsholofetso tse di mo go yone di a utlwala kana jang? Gongwe o tla fitlhela gore Baebele e kgona go thusa batho ba ba tlhokafaletsweng.

      ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

      Leba dibidio tse di buang ka kgang eno mo jw.org

      Batho ba emetse go amogela baratiwa ba bone ba ba tlhokafetseng

      Baebele e re solofetsa gore batho ba ba tlhokafetseng ba tla boa ba tshela gape

      BASWI BA KAE?

      Baswi ba Kae?

      Go diragalang ka rona fa re swa? Karabo ya Baebele e ka re gomotsa fela thata

      Ya kwa LAEBORARI > DIBIDIO (Dibidio Tsotlhe: BAEBELE)

      DIKGANG TSE DI MOLEMO

      Re ka Bona Kae Dikgang Tse di Itumedisang?

      Re ka bona kae dikgang tse di itumedisang?

      Ya kwa DITHUTO TSA BAEBELE > KAGISO LE BOITUMELO

      a Baebele ya re leina la Modimo ke Jehofa.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela