LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 1/1 ts. 4-6
  • Go rera Mafoko A A Molemo mo Kgolokweng Yotlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go rera Mafoko A A Molemo mo Kgolokweng Yotlhe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ga go Kitla go Tlhokega Inshorense ya Botshelo
  • Go Nna le Dilo tse di Farologaneng tsa Botlhokwa
  • Lenyalo le le Neng la Siamisiwa
  • Go Fetola Botshelo
  • Mafoko a a Molemo kwa Kgolegelong
  • Mafoko A A Molemo go batho botlhe!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Efangele E Ka go Solegela Molemo Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • ‘Go Tlisa Dikgang Tse di Molemo Tsa Sengwe se se Botoka’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Masego a Dikgang Tse di Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 1/1 ts. 4-6

Go rera Mafoko A A Molemo mo Kgolokweng Yotlhe

BOGOSI jwa Modimo bo a busa! Ano ke mafoko a a molemo go gaisa. Ke ka ntlha ya gone moo Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 3 700 000 go dikologa lefatshe ba neng ba rera “Mahoko a a Molemō” a a perofesitsweng ke Jesu le “dikgang tse di itumedisang” tse di bolelwang ke moengele wa ponatshegelo ya ga Johane ka tlhagafalo. (Mathaio 24:14; Tshenolō 14:6, NW) Ke fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a bua jaana: “Tumō ea bōnè e cwetse kwa lehatshiñ yeotlhe, le mahoko a bōnè kwa dikhutloñ tsa lehatshe.” (Baroma 10:18) Mme mo e ka nnang batho ba morafe mongwe le mongwe le ba lotso le ba dipuo le batho ba ile ba arabela ka boitumelo mo pitsong ya bone ya gore ba ‘boife Modimo ba o nee kgalalelo.’—Tshenolō 14:7.

Ga go Kitla go Tlhokega Inshorense ya Botshelo

Mongwe wa bao ke monna mongwe kwa Ennyelane yo a neng a itshedisa ka go sa tlhomamang ga botshelo. Ken e ne e le morekisi wa diinshorense, mme fa a ne a tsena kwa legaeng la Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba mmotsa ba re: “A o ka rata go tshela mo lefatsheng leo go tla bong go sa tlhokege diinshorense tsa botshelo?” Ba ne ba raya jang? Gore go ya ka Bibela, dilo tse dintsi tseo gompieno di dirang gore botshelo bo seka jwa tlhomama, go akareletsa bolwetsi le loso di tla bo di seyo kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo.

A selo se se ntseng jalo se ka kgonega? Ee, Modimo ka boone o solofeditse jalo. Ka sekai, Bibela e bua jaana: “Modimo ka osi o tla nna nabō [batho], . . . Me o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.” (Tshenolō 21:3, 4) Ke eng seo se tla tlisang phetogo e e ntseng jalo? Ke Bogosi jwa Modimo. Go ya ka Lefoko la Modimo, mo bogautshwaneng bo tla “thubaganya bo nyèlètsa magosi auō [a motlha wa segompieno a bopolotiki] aotlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ.”—Daniele 2:44.

Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tlhokomedisa makgolokgolo a dimilione tsa batho Dikwalo tse di tshwanang le tseno mo tirong ya bone ya go rera ya mo kgolokweng yotlhe. Ba bantsi, jaaka Ken ba ne ba lemoga gore seno ga se selo se se elediwang fela. Bosupi bo kgaola kgang. Ditsholofetso tseno tsa Modimo di ka ikanngwa mme di tla diragadiwa mo bogautshwaneng.

Go Nna le Dilo tse di Farologaneng tsa Botlhokwa

Bao ba reetsang Basupi ba ga Jehofa fa ba bolela seo se itsisiweng ke moengele ba lemoga gore go boifa Modimo le go o naya kgalalelo go kopanyeletsa se se fetang go dumela ditsholofetso tsa Bibela. Go fetola tsela eo ba lebang dilo ka yone gotlhelele ebile ba bantsi ba ba nang le matshwenyego a botshelo ba wela makgwafo.

Rafael le mosadi wa gagwe ba ne ba fitlhela seno se le boammaaruri. Ba nna kwa Argentina, mme fa ba ne ba nyalana dingwaga tse di fetang 40 tse di fetileng, mokgele wa bone o mogolo mo botshelong e ne e le gore ba dire ka natla mme ba boloke madi e le gore ba tle ba nne le isagwe e e bolokesegileng. Lefa go le jalo, dingwaga tse 21 moragonyana, seo ba ka se supang jaaka matsapa a bone ke ntlo e nnye eo ba tlholang ba ntse ba e baakantse. Ga ba ikutlwe ba bolokesegile mo go oketsegileng go feta fa ba ne ba nyalana.

Morago ba ne ba utlwa mafoko a a molemo ka Basupi ba ga Jehofa mme ba ithuta ka mofuta o o botoka wa letlotlo le mofuta o o botoka wa polokesego. Mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, Jesu o ne a bua ka seno jaana: “Se iphutheleñ dikhumō mo lehatshiñ, kwa motoutwana o senyañ gōna le morodu, le kwa magodu a phunyetsañ go ucwa gōna. Me iphutheleñ dikhumō kwa legodimoñ, kwa motoutwana o sa senyeñ gōna leha e le morodu, le kwa magodu a sa phunyeñ leha e le go ucwa gōna.”—Mathaio 6:19, 20.

Lefa Bibela e sa re rute gore re seka ra nna le dilo tse di bonalang, e re kgothaletsa gore re seka ra baya tsholofelo ya rona mo dilong tse di ntseng jalo. (Moreri 7:12) Go na le moo, re tshwanetse go dira gore re nne le dikhumo tsa semoya ka go ithuta Bibela, go ithuta go rata ga Modimo, le go dira go rata ga Modimo selo sa ntlha mo botshelong jwa rona. (Mathaio 6:33) Rafael le mosadi wa gagwe ba ne ba simolola go ikgobokanyetsa khumo eno ya semoya, mme jaanong ba ikutlwa ba humile eleruri, eseng ka gonne ba na le madi, mme ka gonne ba na le kamano le Modimo. (Tshenolō 3:17, 18) Molaetsa wa Bogosi jwa Modimo e ne e le mafoko a a molemo tota mo go bone.

Lenyalo le le Neng la Siamisiwa

Mafoko a a molemo a maatla eleruri mo go fitlheleleng se se molemo. Ka sekai, John, yo a nnang kwa Ennyelane, o ne a sa kgatlhegele Bibela, mme mosadi wa gagwe le bana bone ba ne ba e kgatlhegela. Jalo ba ne ba simolola go ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa fa John ene a ne a ya go nwa le ditsala tsa gagwe. Ga felela ka gore a nwe fela thata, a goge, mme, kgabagare, a tsenelele mo boitsholong jo bo sa siamang. Morago o ne a tlogela mosadi wa gagwe a ya go nna le mosadi yo mongwe.

Ba ne ba simolola ka dithulaganyo tsa tlhalo. Mme John o ne a gakgamadiwa ke go bona gore mosadi wa gagwe—yo a ithutileng boitsholo jwa Bokeresete mo thutong ya gagwe ya mafoko a a molemo—o ne a santse a mo utlwela botlhoko. John o ne a sa kgone go tlhaloganya gore ke ka ntlhayang. Dibeke di le tharo pele ba tlhalana, boitsholo jwa mosadi wa ga John jwa Bokeresete bo ne jwa mo ama. O ne a supa fa a ikwatlhaela boitsholo jwa gagwe mme ba ne ba emisa dithulaganyo tsa bone tsa tlhalo. John jaanong o ne a sekaseka mafoko a a molemo ka boene mme a ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Le ene jaanong ke Mokeresete mme o bolelela ba bangwe mafoko a a molemo a Bogosi, ene gammogo le mosadi wa gagwe.

Mo malatsing ano ao dilo tse di lejwang di le botlhokwa mo lelapeng di senyegang, ba bantsi ba tlhoka thuso eo mafoko a a molemo a a thailweng mo Bibeleng a e nayang. Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa wa kwa Peru o ne a ntse fa thoko ga kolonele wa masole fa a le mo loetong ka sefofane. Ba ne ba simolola go tlotla mme kolonele o ne a simolola go mmolelela ka mathata a gagwe a lelapa, go akareletsa le ntlha ya gore mosadi wa gagwe o ne a tshwakgotswe ke diokobatsi ebile o ne a setse a tla mo tlogela go ya go nna le monna mongwe yo mmotlana. Mosupi o ne a mmontsha ka botlhale gore Bibela e naya kgakololo e e molemo, le e e tlhomameng ka dikgang tsa lelapa le gore e ne e mo thusitse ka namana go rarabolola mathata a gagwe a lelapa.—Baefesia 5:21–6:4.

Kolonele o ne a leboga Mosupi ka mafoko a gagwe a a gomotsang mme a dira peeletso ya dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! gore a tle a oketse kitso ya gagwe ya mafoko a a molemo. Mme fa Mosupi a ne a fologa mo sefofaneng, banyalani bangwe ba basha ba ne ba mo sianela, mme ba mo kopa go bua nae. “Re ne re ntse fa pele ga gago,” ba bua jalo, “mme re utlwile puisano ya gago le monna yole. Re batla go beeletsa dimakasine tseo le rona.” Le bone ba ne ba batla go itse ka mafoko a a molemo a a kgonang go tokafatsa matshelo.

Go Fetola Botshelo

Gape, mafoko a a molemo a a thailweng mo Bibeleng a fetola batho. Ke fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a bua jaana: ‘Lefoko la Modimo le tshedile, le naya maatla.’ (Bahebera 4:12) Seno se ne se le boammaaruri mo kgannyeng ya lekawana lengwe kwa Makedonia, kwa Greece. Le ne la gakgamadiwa ke go itse gore go ya ka Bibela, leina la Modimo ke Jehofa. Jalo le ne la kopa tsala ya lone gore e le golaganye le Basupi ba ga Jehofa ka bonako. Go ne ga rulaganyediwa dipuisano di le pedi, tseo nngwe le nngwe ya tsone e neng ya tsaya dioura di le nnè. Lekawana leno le ne la simolola thuto ya ka metlha ya Bibela, eo ya ntlha e neng ya khutla ka nako ya bobedi mo mosong!

Go tswa mo thutong eo ya lone ya ntlha, lekawana leno le ne la simolola go dumalanya botshelo jwa lone le ditekanyetso tsa Bibela ka bonako. O ne a ya dipokanong tsa kobamelo le Basupi ba ga Jehofa mme a simolola go rata Mmopi fela thata. Jehofa le ene o ne a mo segofatsa. Mo bekeng ya ntlha ya thuto ya gagwe ya Bibela, o ne a kgaola moriri wa gagwe o moleele. Mo bekeng ya bobedi, o ne a emisa go ya go batla balekane ba ba kgatlhisang kwa dibareng le kwa didisekong. Mo bekeng ya boraro, o ne a latlha motsoko wa gagwe wa bofelo. Morago ga go ithuta ka dikgwedi di le pedi, o ne a simolola go kopanela le Basupi mo go boleleleng ba bangwe mafoko a a molemo a Bogosi. Ee, o ne a itumelela go bo Basupi ba ga Jehofa ba ile ba lere mafoko a a molemo mo karolong eo a nnang mo go yone ya lefatshe.

Mafoko a a Molemo kwa Kgolegelong

Le eleng ditshipi tsa kgolegelo ga di kgone go thibela mafoko a a molemo. Lekawana lengwe le le bidiwang José kwa Spain le goga katlholo ya nako e telele ya go thukhutha le tshotse dibolao le ditiro tse dingwe tsa bokebekwa. Lefa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kgona go mmolelela mafoko a a molemo, mme molaetsa wa Bibela o ne wa fetola pono ya gagwe gotlhelele. Jehofa o ne a mo ‘naya maatla.’—Bafilipi 4:13.

José o bolela gore a ka nna a tshela botshelo jotlhe jwa gagwe mo tsamaisong eno ya dilo a bofilwe ka ditshipi tsa kgolegelo ka ntlha ya boitsholo jwa gagwe jwa pele. Mme o kolobeditswe ebile jaanong ke Mokeresete. Mosadi wa gagwe o mo tshegetsa tota, mme o leka go godisetsa mosimanyana wa bone mo Bokereseteng. Mo lobakeng lono, José o abalana mafoko a a molemo le magolegwa a mangwe, batho ba ba sa kgoneng go fitlhelelwa ke batho ba ba ka kwantle ga kgolegelo. Motho yo a nnang le ene mo kamotshaneng ya kgolegelo le ene jaanong ke Mokeresete yo o kolobeditsweng.

Tseno ke dikai di sekae fela tse di bontshang seo tiro ya go rera ya mo kgolokweng ya Basupi ba ga Jehofa e felelang ka sone. Ka boammaaruri, mafoko a a molemo ao a rerwang ke moengele yo o sa bonaleng a ile a rerwa ke Basupi ba ga Jehofa jaaka ‘dikgang tse di itumedisang go bao ba nnang mo lefatsheng, ba merafe yotlhe le lotso le puo le batho.’

Ke mafoko a a gaisang, ebile ke one tsholofelo fela ya batho. Re go kgothaletsa go a reetsa. Jaaka Ken le John kwa Ennyelane, le Rafael le mosadi wa gagwe kwa Argentina, le José kwa Spain le bontsintsi jwa ba bangwe, re kopanela le moengele mo go kgothaletseng botlhe go ‘boifa Modimo le go o naya kgalalelo, ka gonne nako ya katlholo ya one e gorogile, ka gone obamelang Ene yo o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le metswedi ya metsi.’—Tshenolō 14:7.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela