LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • re kgao. 18 ts. 104-113
  • Dithoromo Tsa Lefatshe Tsa Letsatsi la Morena

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dithoromo Tsa Lefatshe Tsa Letsatsi la Morena
  • Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dithoromo mo Bathong
  • Jehofa ke Ene yo o Tshikhinyang
  • Thoromo e Kgolo ya Lefatshe!
  • Motlha wa Lefifi
  • Go ‘Tlosiwa’ ga Legodimo
  • ‘Re Weleng Godimo Lo bo Lo re Fitlhe’
  • Phediso ya Lefatshe e e Boleletsweng Pele E Tla Tla Leng?
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Tsamaiso ya Jaanong E Tla Nama E Diegile Goleele Go le Kae?
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
  • Itumeleng—Bogosi jwa ga Jehofa jwa Bomesia Bo A Busa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Letsatsi la Morena le tla Rayang mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
re kgao. 18 ts. 104-113

Kgaolo 18

Dithoromo Tsa Lefatshe Tsa Letsatsi la Morena

1, 2. (a) Go ka utlwala jang go bona thoromo e kgolo ya lefatshe e direga fa o leng teng? (b) Johane o tlhalosa eng fa sekano sa borataro se kanololwa?

A GO kile ga nna le thoromo e e maswe thata ya lefatshe, mme e direga mo lefelong le o leng mo go lone? Ga se boitemogelo jo bo itumedisang. Thoromo e kgolo e ka simolola ka go diga dilo ka tsela e e tshosang le go dira modumo o e keteng go duma ga maru. Thoromo eno e ka nna ya nna e gakala e tla e didimala go sekae fa o ntse o batla fa o ka tshabelang gone—gongwe kafa tlase ga deseke. Kana e ka simolola e le selo se se diregang ka tshoganyetso fela, se se tšhwetlakanyang dilo, morago ga moo go latele go thubega ga dijana, dilwana tsa mo ntlong, le e leng dikago. E ka baka tshenyo e e seng kana ka sepe, mme gape dithoromo tse dingwe tse dinnye tse di diregang morago ga moo le tsone di bake tshenyo e nngwe di bo di oketse le matlhotlhapelo.

2 O akantse ka seno, ela tlhoko se Johane a se tlhalosang fa go kanololwa sekano sa borataro: “Mme ka leba fa a bula sekano sa borataro, mme ga nna thoromo e kgolo ya lefatshe.” (Tshenolo 6:12a) Seno se tshwanetse sa bo se diragala mo motlheng o le mongwe fela le go kanololwa ga dikano tse dingwe. Tota thoromo eno ya lefatshe e diragala leng mo letsatsing la Morena, mme ke thoromo ya mofuta ofe?—Tshenolo 1:10.

3. (a) Jesu o ne a bolelela pele ditiragalo dife mo polelelongpele ya gagwe kaga sesupo sa go nna gone ga gagwe? (b) Dithoromo tsa lefatshe tsa mmatota di amana jang le thoromo e kgolo ya lefatshe ya tshwantshetso ya Tshenolo 6:12?

3 Dithoromo tsa lefatshe tsa mmatota le tsa tshwantshetso di umakiwa gantsinyana mo Baebeleng. Mo polelelongpele ya gagwe e kgolo kaga sesupo sa go nna gone ga gagwe ka maatla a Bogosi, Jesu o bolelela pele kaga “dithoromo tsa lefatshe mo mafelong ka go latelana.” Tseno e ne e tla nna karolo ya “tshimologo ya ditlhabi tsa tlalelo.” Fa e sa le ka 1914, ka go bo palo ya batho mo lefatsheng e oketsegile go nna diketekete tsa dimilione, dithoromo tsa mmatota di okeditse ditlalelo tsa metlha ya rona fela thata. (Mathaio 24:3, 7, 8) Le fa go le jalo, le mororo di diragatsa polelelopele, dithoromo tseno tsa lefatshe e nnile matlhotlhapelo a tlholego, a a diregang ka tsela ya mmatota. Ke ketapele ya thoromo ya lefatshe e kgolo ya tshwantshetso ya Tshenolo 6:12. Eno, eleruri, e diragala e le thoromo ya bofelofelo e e bakang tshenyo e kgolo thata, e e tla bong e tla morago ga tatelano ya dithoromonyana tse di diregang pele ga yone tse di tshikhinyang tsamaiso ya dilo ya lefatshe ya ga Satane go ya fela kwa metheong ya yone.a

Dithoromo mo Bathong

4. (a) Ke go tloga leng batho ba ga Jehofa ba ileng ba lebelela gore ditiragalo tse di boitshegang di tla simologa ka 1914? (b) Ngwaga wa 1914 o ne o tla tshwaya bofelo jwa lobaka lofe?

4 Go simologa mo bogareng jwa dingwaga tsa bo1870, batho ba ga Jehofa ba ne ba ntse ba lebeletse gore ditiragalo tse dikgolo di ne di tla simologa ka 1914 le gore di ne di tla tshwaya bofelo jwa Metlha ya Baditšhaba. Eno ke nako ya “metlha e le supa” (dingwaga di le 2 520) e e simologileng ka go tlosiwa ga bogosi jwa ba losika lwa ga Dafide kwa Jerusalema ka 607 B.C.E. go ya go go tlhongwa mo setulong sa bogosi ga ga Jesu mo Jerusalema wa selegodimo ka 1914 C.E.—Daniele 4:24, 25; Luke 21:24.b

5. (a) C. T. Russell o ne a ntsha kitsiso efe ka October 2, 1914? (b) Ke diphetogo dife tse dikgolo tsa sepolotiki tse di diragetseng fa e sa le ka 1914?

5 Ka gone, fa C. T. Russell a ne a tla go tshwara temana ya letsatsi le lelapa la Bethele la Brooklyn, kwa New York, mo mosong wa October 2, 1914, o ne a ntsha kitsiso e e sa lebalesegeng a re: “Metlha ya Baditšhaba e fedile; dikgosi tsa bone ga di tlhole di busa.” Eleruri, diphetogo tse dikgolo tse di neng tsa diragala lefatshe ka bophara tse di neng tsa simologa ka 1914 di ne di le dikgolo mo eleng gore magosi a mantsi a a neng a sa bolo go busa a ne a nyelela. Go thankgolwa mo pusong ga bogosi jwa bo-czar ka nako ya menolopuso ya lekoko la Ba-Bolshevik ya 1917 go ne ga gogela mo go reng puso e e latelang dikgopolo tsa ga Karl Marx le ya bokapitalisiti di se ka tsa utlwana ka lobaka lo loleele. Dithoromo tsa diphetogo tsa sepolotiki di ntse di tsweletse ka go sa jese batho di welang lefatshe ka bophara. Gompieno, mebuso e le mentsi e palelwa ke go busa go feta ngwaga kana tse pedi. Go sa tlhomamang ga bopolotiki go supiwa ke kgang ya kwa Italy, eo e nnileng le dipuso tse disha di le 47 mo dingwageng tse 42 fela morago ga Ntwa ya Lefatshe II. Mme dithoromo tseo tsa ntlha ke diketapele fela tsa phetogo e kgolo thata mo pusong. Seno sotlhe se tlile go felela ka eng? Bogosi jwa Modimo bo tla busa lefatshe lotlhe bo le josi.—Isaia 9:6, 7.

6. (a) H. G. Wells o ne a tlhalosa motlha o mosha le wa botlhokwa mo ditiragalong jang? (b) Motlhalefi mongwe le moitsedipolotiki mongwe ba ne ba kwala eng kaga motlha wa ditiragalo fa e sa le ka 1914?

6 Baitsehisitori, batlhalefi, le baeteledipele ba dipolotiki ba ne ba supa gore ngwaga wa 1914 e nnile tshimologo ya motlha o mosha le wa botlhokwa mo ditiragalong. Dingwaga di le 17 morago ga motlha oo o sena go simologa, raditiragalo H. G. Wells o ne a akgela ka go re: “Moperofeti o ne a ka itumelela go bolelela pele dilo tse di itumedisang. Mme tiro ya gagwe ke go bolela se a se bonang. O bona lefatshe le le sa ntseng le laolwa thatathata ke masole, baratanaga, ba ba gwebang ka madi, le barati ba madi; lefatshe le le tletseng dipelaelano le kilo, le le latlhegelwang ka bofefo fela thata ke kgololesego e e tshwanetseng setho, le le dirang diphoso ka go kgaoganya batho ka ditlhopha tse di ilanang, e bile le ipaakanyetsa dintwa tse dingwe.” Ka 1953 motlhalefi Bertrand Russell o ne a kwala ka go re: “Fa e sa le ka 1914, mongwe le mongwe yo o etseng tlhoko ditshekamelo tsa lefatshe o ile a tshwenngwa thata ke se se neng se bonala jaaka mosepele o o kailweng go le pele le o o rulaganyeditsweng go le pele go ya matlhotlhapelong a magolo. . . . Ba bona batho ba tshwana le seganka sa Mogerika se se feletsweng ke maatla, se se ntseng se kgweediwa ke medimo e e gaketseng e bile se sa tlhole se itaolela kwa se yang teng.” Ka 1980 moitsedipolotiki Harold Macmillan, fa a ne a tlhalosa ka kagiso e e neng e le teng kwa tshimologong ya lekgolo la rona la bo20 la dingwaga, o ne a re: “Sengwe le sengwe se ne se tokafalela pele. Leno e ne e le lefatshe le ke neng ka tsholelwa mo go lone. . . . Ka tshoganetso fela, go sa lebelelwa, moso mongwe ka 1914 seo sotlhe se ne sa khutla.”

7-9. (a) Ke diphetogo dife tse dikgolo tse di tshikhintseng batho fa e sa le ka 1914? (b) Diphetogo tseno tse dikgolo mo bathong ka nako ya go nna gone ga ga Jesu di tla akaretsa boemo bofe mo bathong?

7 Ntwa ya Lefatshe II e ne ya lere diphetogo tse dingwe tse dikgolo. Mme dintwa tse dipotlana di ntse di tsweletse ka go tshikhinya lefatshe. Matshosetsi a a tshosang a dirukhutlhi kgotsa dipuso tse di dirisang dibetsa tse di senyang di dira gore batho ba le bantsi ba ipotse dipotso.

8 Le fa go le jalo, dilo tse dingwe kwantle ga dintwa, di tshikhintse batho go ya fela kwa meding fa e sa le ka 1914. Nngwe ya diphetogo tse dikgolo tse di hutsafatsang go di feta tsotlhe e ne ya simololwa ke go wela tlase ga itsholelo ya United States ka October 29, 1929. Seno se ne sa simolola se se neng sa bidiwa Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi, e e neng ya ama dinaga tsotlhe tse di neng di busiwa ka thulaganyo ya bokapitalisiti. Boemo jono bo ne jwa tokafala mo dingwageng tsa magareng ga 1932 le 1934, mme re sa ntse re utlwa matswela a jone le gompieno. Fa e sale ka 1929 lefatshe leno le itsholelo ya lone e koafetseng le nnile la tshegetswa fela thata ke dithulaganyo tsa nakonyana. Mebuso e ikaega thata ka dikoloto. Mathata a lookwane ka 1973 le go fokotsega ga boleng jwa madi ka 1987 go ne ga tsweledisa go reketla ga nonofo ya madi. Fa go ntse go le jalo, dimilione tsa batho ba reka dilo tse dintsi ka sekoloto. Dipalo tse dikgolo tsa bone ba jelwa madi ke metshameko ya madi, maano a go oketsa madi ka bonako, le dilothari le boferefere jo bongwe jwa go betšha, bontsi jwa dilo tseno di duelelwa ke dipuso tse di ka bong di sireletsa batho. Baefangele ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ba rerang mo dithelebisheneng le bone ba ntshitse letsogo ba batla go gapa karolo ya bone ya dimilionemilione tsa diranta!—Bapisa Jeremia 5:26-31.

9 Pelenyana, mathata a tsa itsholelo a ne a dirile gore Mussolini le Hitler ba tseye puso. Babelona o Mogolo ga a ise a ko a senye sebaka mo go itsalanyeng le bone, mme Vatican e ne ya tsenelela ditumalano le Italy ka 1929 mme le Jeremane ka 1933. (Tshenolo 17:5) Metlha e e maswe e e neng ya latela ruri e ne e le karolo ya tiragatso ya polelelopele ya ga Jesu ya go nna gone ga gagwe, e e neng e tla akareletsa le “tlalelo e e mahehe ya ditšhaba, e sa itse kgoro ya botso . . . fa batho ba ntse ba tepelela ka ntlha ya poifo le tebelelo ya dilo tse di tlelang lefatshe le le nang le banni.” (Luke 21:7-9, 25-31)c Ee, dithoromo tse di neng tsa simolola go tshikhinya batho ka 1914 di ile tsa tswelela, mme tsa latelwa ke diteteselo tse dingwe tse di maatla thata.

Jehofa ke Ene yo o Tshikhinyang

10. (a) Ke ka ntlha yang fa go na le dithoromo di le dintsi jaana mo mererong ya batho? (b) Ke eng se Jehofa a se dirang, a baakanyetsa eng?

10 Go roroma mono ga merero ya batho ke matswela a go palelwa ga motho go kaela dikgato tsa gagwe. (Jeremia 10:23) Mo godimo ga moo, noga ele ya bogologolo, e bong Satane, “yo o tsietsang lefatshe lotlhe le le nang le banni,” o oketsa mahutsana mo boitekong jwa gagwe jwa bofelo jwa go faposa batho botlhe mo go obameleng Jehofa. Maranyane a segompieno a dirile gore batho ba ba mo lefatsheng ba atamalane thatathata, moo go dirang gore dikilano tsa ditšhaba le tsa ditso di tshikhinye batho go ya fela kwa meding, mme se go tweng ke lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, ga le kgone go bona tharabololo e e ka thusang. Go gaisa lefa e le leng pele, motho o busa yo mongwe go mo utlwisa botlhoko. (Tshenolo 12:9, 12; Moreri 8:9) Le fa go le jalo, Molaodimogolo Jehofa, Modiri wa legodimo le lefatshe, o nnile a dira tshikhinyo ya mofuta wa gagwe mo dingwageng tse 90 tse di fetileng, a baakanyetsa go rarabololela mathata a lefatshe ruri. Jang?

11. (a) Ke go reketlisiwa ga mofuta ofe go go tlhalosiwang mo go Hagai 2:6, 7? (b) Polelelopele ya ga Hagai e diragadiwa jang?

11 Mo go Hagai 2:6, 7 re bala jaana: “Gonne Jehofa wa masomosomo o buile jaana, ‘E tla re go ise go ye kae—mo lobakeng lo lo khutshwanyane—ke reketlise magodimo le lefatshe le lewatle le lefatshe le le omeletseng. Mme ke tla reketlisa ditšhaba tsotlhe, mme dilo tse di eletsegang tsa ditšhaba tsotlhe di tla tsena; mme ke tla tlatsa ntlo eno ka kgalalelo,’ go buile Jehofa wa masomosomo.” Bogolo jang fa e sale ka ngwaga wa 1919, Jehofa o dirile gore Basupi ba gagwe ba bolele dikatlholo tsa gagwe mo dikarolong tsotlhe tsa batho mo lefatsheng. Tsamaiso ya ga Satane ya lefatshe e ntse e itsisiwe ka tlhagiso eno ya lefatshe lotlhe.d Jaaka fa batho ba ntse ba tlhagisiwa, batho ba ba boifang Modimo, “dilo tse di eletsegang,” ba kgothaleditswe go ikgaoganya le ditšhaba. Ga se gore ba tshikhinngwa ke thoromo ya phuthego ya ga Satane. Mme jaaka fa ba ntse ba lemoga seemo, ba swetsa ka bobone go kopanela le setlhopha sa Johane sa batlodiwa mo go tlatseng ntlo ya ga Jehofa ya kobamelo ka kgalalelo. Seno se fitlhelelwa jang? Ka tiro ya botlhaga ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo jo bo tlhomilweng. (Mathaio 24:14) Bogosi jono, jo bo bopilweng ka Jesu le balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng, bo tla nna bo eme kgalaletsong ya ga Jehofa jaaka “bogosi jo bo ka se kang jwa reketlisiwa.”—Bahebera 12:26-29.

12. Fa o setse o simolotse go tsibogela tiro ya go rera e e boleletsweng pele mo go Mathaio 24:14, ke eng se o tshwanetseng go se dira pele ga thoromo e kgolo ya lefatshe ya Tshenolo 6:12 e diragala?

12 A o mongwe wa ba ba tsibogetseng tiro eo ya go rera? A gongwe o mongwe wa ba ba dimilione ba mo dingwageng tsa bosheng ba nnileng teng kwa Segopotsong sa loso lwa ga Jesu? Fa go ntse jalo, nna o tswelele pele mo go ithuteng boammaaruri jwa Baebele. (2 Timotheo 2:15; 3:16, 17) Kgaogana gotlhelele le mokgwa wa botshelo jwa batho ba selefatshe ba ba atlhotsweng ba ga Satane! Tsena ka botlalo mo setlhopheng sa Bakeresete sa lefatshe le lesha o bo o nne le seabe ka botlalo mo tirong ya sone pele ga “thoromo e kgolo ya lefatshe” ya bofelo e thubaganya lefatshe lotlhe la ga Satane e le dira makgaoganyane. Mme thoromo e kgolo eo ya lefatshe ke eng? A re boneng jaanong.

Thoromo e Kgolo ya Lefatshe!

13. Ke ka tsela efe thoromo e kgolo ya lefatshe eleng selo se eleng lantlha se itemogelwa ke batho?

13 Ee, metlha eno ya bofelo e e tlhokofatsang e nnile nako ya dithoromo tsa lefatshe—tsa mmatota le tsa tshwantshetso. (2 Timotheo 3:1) Mme ga go epe ya dithoromo tseno e e leng tshikhinyego e kgolo ya bofelo ya lefatshe eo Johane a e bonang fa go kanololwa sekano sa borataro. Nako ya dithoromo tsa ntlha e fedile. Jaanong go tla thoromo e kgolo ya lefatshe eo e leng sa ntlha e itemogelwa ke batho. Ke thoromo e kgolo ya lefatshe mo eleng gore dikgoberego le dikhuduego tse e di tsosang ga di kake tsa lekanngwa ka selekanyo sa Richter kana ka selekanyo sepe fela sa batho. Seno ga se thoromonyana fela e potlana mo lefatsheng mme ke thoromo e kgolo e e senyang “lefatshe” lotlhe fela, ke gore, batho botlhe ba ba bosula.

14. (a) Ke polelelopele efe e e bolelelang pele thoromo e kgolo ya lefatshe le diphelelo tsa yone? (b) Polelelopele ya Joele le ya Tshenolo 6:12, 13 di tshwanetse tsa bo di bua ka eng?

14 Baporofeti ba bangwe ba ga Jehofa ba ne ba bolelela pele thoromo eno ya lefatshe le diphelelo tsa yone tse di maswe thata. Ka sekai, mo e ka nnang ka 820 B.C.E., Joele o ne a bua ka ‘go tla ga letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa,’ a tlhalosa gore ka nako eo “letsatsi ka bolone le tla fetolwa lefifi, le ngwedi madi.” Moragonyana, o oketsa ka mafoko ano: “Boidiidi, boidiidi bo mo lebaleng le le kwa tlase la katlholo, gonne letsatsi la ga Jehofa le gaufi mo lebaleng le le kwa tlase la katlholo. Letsatsi le ngwedi ka botsone di tla fifala, le tsone dinaledi di tla busa phatsimo ya tsone. Mme Jehofa ka boene o tla kurutla go tswa mo Siona, o tla ntsha lentswe la gagwe go tswa mo Jerusalema. Mme ruri legodimo le lefatshe di tla reketla; mme Jehofa o tla nna botshabelo jwa batho ba gagwe, le kago ya phemelo mo go bomorwa Iseraele.” (Joele 2:31; 3:14-16) Go reketlisiwa mono go ka raya fela katlholo e e tla ntshiwang ke Jehofa ka nako ya pitlagano e kgolo. (Mathaio 24:21) Ka gone polelo e e tshwanang e e mo go Tshenolo 6:12, 13 ka mo go utlwalang e tla kaya se se tshwanang.—Bona le Jeremia 10:10; Sefania 1:14, 15.

15. Moperofeti Habakuke o ne a bolelela pele ka thoromo efe e kgolo?

15 Dingwaga di ka nna 200 morago ga Joele, moperofeti Habakuke o ne a bua jaana a rapela Modimo wa gagwe: “Ao tlhe Jehofa, ke utlwile pego kaga gago. Jaanong ke boifa tiro ya gago tlhe Jehofa. A ko o e tsosolose mo gare ga dingwaga! E kete o ka dira gore e itsiwe mo gare ga dingwaga. E kete o ka gakologelwa go bontsha kutlwelobotlhoko mo nakong ya khuduego.” “Khuduego” eo e ne e tla nna eng? Habakuke o tswelela ka go tlhalosa pitlagano ka tshwantshetso, a bua jaana kaga Jehofa: “O ne a ema fela a sa tshikinyege, gore a tle a tshikinye lefatshe. . . . O ne wa gwanta go ralala lefatshe ka katlholo. O ne wa photha ditšhaba ka bogale. Le fa go ntse jalo, fa e le nna, ke tla itumela mo go Jehofa ka boene; ke tla ipela mo Modimong wa poloko ya me.” (Habakuke 3:1, 2, 6, 12, 18) A bo Jehofa a tla tshikhinya lefatshe lotlhe thata jang ne fa a photha ditšhaba!

16. (a) Ke eng se se bolelelwang pele ke moperofeti Esekiele ka nako ya fa Satane a tlhasela batho ba Modimo labofelo? (b) Thoromo e kgolo ya lefatshe ya Tshenolo 6:12 e felela ka eng?

16 Esekiele le ene o ne a bolelela pele gore fa Gogo wa Magogo (Satane yo o kokobeditsweng) a tlhasela batho ba Modimo labofelo, Jehofa o tla dira gore “thoromo e kgolo” e tle “mo lefatsheng la Iseraele.” (Esekiele 38:18, 19) Le mororo go ka tswa go buiwa le ka dithoromo tsa mmatota, re tshwanetse go gakologelwa gore Tshenolo e bua ka ditshupo. Polelelopele eno le dipolelelopele tse dingwe tse di nopotsweng bogolo jwa tsone ke tsa tshwantshetso. Ka gone, go kanololwa ga sekano sa borataro go lebega go bolela setlhoa sa ditshikhinyego tsotlhe tsa tsamaiso eno ya dilo ya selefatshe—thoromo e kgolo e batho botlhe ba ba ganetsanang le bolaodi jwa ga Jehofa Modimo ba tla senngwang mo go yone.

Motlha wa Lefifi

17. Thoromo e kgolo ya lefatshe e ama letsatsi, ngwedi, le dinaledi jang?

17 Fela jaaka Johane a tswelela go bontsha, thoromo e kgolo e diragala ka nako e le nngwe le ditiragalo tse di tshosang tse di kopanyeletsang le e leng magodimo. A re: “Letsatsi la nna lentsho jaaka letsela la kgetsi la moriri, mme ngwedi yotlhe ya nna jaaka madi, dinaledi tsa legodimo tsa wela mo lefatsheng, jaaka fa setlhare sa mofeige se se tshikhinngwang ke phefo e kgolo se tlhotlhora difeige tsa sone tse di sa butswang.” (Tshenolo 6:12b, 13) A tiragalo e e gakgamatsang! A o ka akanya ka lefifi le le tshosang le le neng le tla nna teng fa polelelopele eo e ne e ka diragadiwa ka mmatota? Go sa tlhole go na le marang a letsatsi a a bothitho, a a itumedisang motshegare! Go sa tlhole go na le lesedi la ngwedi le le nametsang, le letuba bosigo! Le makgolokgolo a dinaledi di ne di se kitla di tlhola di phatsima mo loaping le lentshontsho. Go na le moo, go ne go tla nna lefifi le le sa feleng, go le tsididi.—Bapisa Mathaio 24:29.

18. ‘Magodimo a ne a tla fifala’ ka tsela efe mo Jerusalema ka 607 B.C.E.?

18 Ka tsela ya semoya, lefifi le le ntseng jalo go ne ga bolelelwa pele fa le ne le tla nna teng mo Iseraeleng wa bogologolo. Jeremia o ne a tlhagisa ka go re: “Lefatshe lotlhe le tla kgakgabala, a mme ga ke na go diragatsa phediso e e feletseng? Ka ntlha ya seno lefatshe le tla hutsafala, mme magodimo a a kwa godimo a tla fifala.” (Jeremia 4:27, 28) Ka 607 B.C.E. fa polelelopele eo e ne e diragadiwa, dilo di ne di le dintsho tota mo bathong ba ga Jehofa. Motsemogolo wa bone, e bong Jerusalema, o ne wa gapiwa ke Bababelona. Tempele ya bone e ne e sentswe, gape le lefatshe la bone le ne le tlogetswe le le marope fela. Mo go bone, go ne go se na lesedi lepe le le gomotsang le le neng le tswa kwa legodimong. Go na le moo, go ne ga nna jaaka Jeremia a ne a raya Jehofa ka go hutsafala a re: “O bolaile; ga o a bontsha bopelotlhomogi bope. O thibile ka leru le legolo gore o se ka wa atamelwa, gore thapelo e se ka ya feta.” (Dikhutsafalo 3:43, 44) Mo go Jerusalema, lefifi leo la selegodimo le ne le kaya loso le tshenyego.

19. (a) Moporofeti wa Modimo Isaia o tlhalosa jang lefifi le le kwa legodimong mabapi le Babelona wa bogologolo? (b) Polelelopele ya ga Isaia e ne ya diragadiwa leng le gone jang?

19 Moragonyana, lefifi le le tshwanang kwa legodimong le ne la kaya tatlhego mo go Babelona wa bogologolo. Moporofeti wa Modimo o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana kaga seno: “Bona! Letsatsi la ga Jehofa le etla, le setlhogo ka tšhakgalo le ka bogale jo bo tukang, gore lefatshe le dirwe selo sa go akabalelwa, le gore le nyeletse baleofi ba lefatshe mo go lone. Gonne dinaledi tsa magodimo le masomo a tsone a Kesile ga di kitla di phatsimisa lesedi la tsone; letsatsi le tla fifala fa le tswa, le ngwedi ga e kitla e dira gore lesedi la yone le phatsime. Ke tla tlisetsa naga e e ungwang kotlhao ka ntlha ya bosula jwa yone, le baikepi ka ntlha ya tlolo ya bone.” (Isaia 13:9-11) Polelelopele eno e ne ya diragadiwa ka 539 B.C.E. fa Babelona a ne a gapiwa ke Bameda le Baperesia. E tlhalosa sentle lefifi, go itlhoboga, le go tlhoka lesedi lepe le le gomotsang mo go Babelona fa a ne a wela ruri go tswa mo boemong jwa gagwe jaaka mmuso o mogolo wa lefatshe.

20. Tsamaiso eno ya dilo e lebaganywe ke phelelo efe e e tshosang fa thoromo e kgolo ya lefatshe e simologa?

20 Ka tsela e e tshwanang, fa thoromo e kgolo ya lefatshe e simologa, tsamaiso eno yotlhe ya lefatshe e tla apesiwa ke lefifi le legolo la go itlhoboga. Masedi a a tsabakelang, a a phatsimang a tsamaiso ya ga Satane ya selefatshe ga a na go phatsimisa marang ape a tsholofelo. Le eleng gompieno, baeteledipele ba lefatshe ba dipolotiki, segolo bogolo ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete, ba itsege ka boitshwaro jwa bone jo bo bodileng, go aka, le botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang. (Isaia 28:14-19) Ga ba tlhole ba ka ikanngwa. Lobone lwa bone lo lo tlogang lo tima lo tla fifala fa Jehofa a diragatsa katlholo. Tlhotlheletso ya bone ya sekangwedi mo mererong ya selefatshe e tla senoga fa e le ya tshololo ya madi, ya polao. Bagaka ba bone ba selefatshe ba tla fedisiwa jaaka didumedi tse di welang mo lefatsheng ba ba ba gasagasiwa jaaka difeige tse di sa butswang fa di udubadiwa ke sefefo se segolo. Lefatshe lotlhe la rona le tla roromisiwa ke “pitlagano e kgolo e e jaaka e e iseng e ko e nne fa e sale ka tshimologo ya lefatshe go fitlha jaanong, nnyaa, le gone e se kitla e nna gone gape.” (Mathaio 24:21) A tebelelo e e boifisang!

Go ‘Tlosiwa’ ga Legodimo

21. Mo ponatshegelong ya gagwe, Johane o bona eng mabapi le “legodimo” le “thaba nngwe le nngwe le setlhaketlhake sengwe le sengwe”?

21 Ponatshegelo ya ga Johane e tswelela jaana: “Legodimo la tloga jaaka lokwalo lwa momeno lo lo menwang, le thaba nngwe le nngwe le setlhaketlhake sengwe le sengwe di ne tsa tlosiwa mo mafelong a tsone.” (Tshenolo 6:14) Ga go pelaelo gore, ano ga se magodimo a sebele kana dithaba tsa mmatota le ditlhake. Mme di tshwantshetsa eng?

22. Kwa Edoma, ke “magodimo” a mofuta ofe a a neng a “menwa, fela jaaka lokwalo lwa momeno”?

22 Mabapi le “legodimo,” re thusiwa go tlhaloganya seno ke polelelopele e e tshwanang e e bolelang ka go shakgalela ditšhaba tsotlhe ga ga Jehofa: “Botlhe ba lesomosomo la magodimo ba tla bola. Le magodimo a tla menwa, fela jaaka lokwalo lwa momeno.” (Isaia 34:4) Go tshwanetse ga boga segolo bogolo Edoma. Jang? O ne a gapiwa ke Bababelona ka bokhutshwane fela morago ga go senngwa ga Jerusalema ka 607 B.C.E. Ka nako eo, go ne ga se ka ga begwa ditiragalo dipe tse di tlhomologileng tse di neng di diragala kwa magodimong a mmatota. Mme go ne go direga dilo tse dingwe tse dikgolo mo ‘magodimong’ a Edoma.e Mebuso ya gagwe e e dirilweng ka batho e ne ya folosiwa mo maemong a yone a a kwa godimo, a sekalegodimo. (Isaia 34:5) E ne ya “menwa” ya ba ya beelwa kwa thoko, jaaka go ne go ka tualo, jaaka lokwalo lo logologolo lo lo neng lo sa tlhole lo solegela ope molemo.

23. “Legodimo” le le tla ‘menwang fela jaaka lokwalo lwa momeno’ ke eng, mme mafoko a ga Petere a tlhomamisa jang tsela eno ya go tlhaloganya dilo?

23 Ka gone, “legodimo” le le tla ‘menwang fela jaaka lokwalo lwa momeno’ go tewa mebuso e e sa rateng Modimo e e busang lefatshe leno. E tla tlosediwa ruri ke Mopalami wa pitse e tshweu yo o fenyang ka botlalo. (Tshenolo 19:11-16, 19-21) Seno se tlhomamisiwa ke se moaposetoloi Petere a neng a se bua fa a ne a tlhologeletswe go bona ditiragalo tse di neng di tshwantshediwa ke go kanololwa ga sekano sa borataro: “Magodimo le lefatshe tse di gone jaanong di boloketswe molelo . . . e bile di beilwe go ya letsatsing la katlholo le la go senngwa ga baikepi.” (2 Petere 3:7) Mme go tweng ka mafoko a a reng, “thaba nngwe le nngwe le setlhaketlhake sengwe le sengwe di ne tsa tlosiwa mo mafelong a tsone”?

24. (a) Ke leng, mo polelelopeleng ya Baebele, go bolelwang fa dithaba le ditlhake di tshikhinyega kana di sa iketla? (b) ‘Dithaba di ne tsa reketla’ jang fa Ninefe a ne a wa?

24 Mo polelelopeleng ya Baebele, dithaba le ditlhake go bolelwa fa di tshikhinyega kana di sa iketla ka mokgwa mongwe ka dinako tsa dikhuduego tse dikgolo tsa sepolotiki. Ka sekai, fa moperofeti Nahume a ne a bolelela pele dikatlholo tsa ga Jehofa kgatlhanong le Ninefe, o ne a kwala jaana: “Dithaba ka botsone di reketlile ka ntlha ya gagwe, le tsone dithota di ne tsa iphitlhela di gakologa. Mme lefatshe le tla kokomoga ka ntlha ya sefatlhego sa gagwe.” (Nahume 1:5) Ga go begiwe sepe ka go phatloga ga dithaba tsa mmatota fa Ninefe a ne a wa ka sebele ka 632 B.C.E. Mme mmuso wa lefatshe o pele o neng o lebega o nonofile jaaka thaba o ne wa wa ka tshoganetso.—Bapisa Jeremia 4:24.

25. Kwa bokhutlong jo bo tlang jwa tsamaiso eno ya dilo, “thaba nngwe le nngwe le setlhaketlhake sengwe le sengwe” di tla sutisiwa jang?

25 Ka jalo, “thaba nngwe le nngwe le setlhaketlhake sengwe le sengwe” tse go buiwang ka tsone fa go kanololwa sekano sa borataro go a utlwala gore e bo e ka nna mebuso ya sepolotiki le mekgatlho ya lefatshe leno e e laolwang ke yone tse mo bathong ba le bantsi di neng di lebega di tlhomame. Di tla sutisiwa gotlhelele mo mannong a tsone, se se tla gakgamatsang se ba se tshosa ba ba neng ba ntse ba ikantse mo go tsone pele. Jaaka polelelopele e tswelela go anela go tla bo go se na pelaelo epe gore letsatsi le legolo la bogale jwa ga Jehofa le Morwawe—e leng thoromo ya bofelo e e tlosang mekgatlho yotlhe ya ga Satane—le tlile go ntsha tefetso!

‘Re Weleng Godimo Lo bo Lo re Fitlhe’

26. Batho ba ba ganetsang bolaodi jwa Modimo ba tla itshwara jang mo theregong ya bone, mme ba tla bua mafoko afe ka ntlha ya letshogo?

26 Mafoko a ga Johane a tswelela jaana: “Mme dikgosi tsa lefatshe le ba maemo a a kwa godimo le balaodi ba sesole le ba ba humileng le ba ba nonofileng le motlhanka mongwe le mongwe le motho mongwe le mongwe yo o gololesegileng ba iphitlha mo dikgageng le mo mafikeng a dithaba. Ba nna ba raya dithaba le mafika ba re: ‘Re weleng godimo lo bo lo re fitlhele sefatlhego sa Yo o ntseng mo setulong sa bogosi le tšhakgalo ya Kwana, ka gonne letsatsi le legolo la tšhakgalo ya bone le gorogile, mme ke mang yo o kgonang go ema?’”—Tshenolo 6:15-17.

27. Baiseraele ba ba neng ba sa ikanyege ba Samarea ba ne ba lela ba reng, mme mafoko ao a ne a diragadiwa jang?

27 Fa Hosea a ne a bolela katlholo ya ga Jehofa mo go Samarea, eleng motsemogolo wa bogosi jwa Iseraele jo bo neng bo le kwa bokone, o ne a re: “Mafelo a a kwa godimo a Bethe-afene, e leng boleo jwa Iseraele, ruri bo tla nyelediwa. Mitlwa le sitlwasitlwane di tla tlhoga mo godimo ga dibeso tsa bone. Mme batho ba tla raya dithaba ba re, ‘Re bipeng!’ le dithota ba re, ‘Re weleng godimo!’” (Hosea 10:8) Mafoko ano a ne a diragadiwa jang? Ebu, fa Samarea a ne a gapiwa ke Baasiria ba ba setlhogo ka 740 B.C.E., go ne go se na kwa Baiseraele ba neng ba ka tshabela gone. Mafoko a ga Hosea a tlhalosa boikutlo jwa tatlhego, go rerega mo gogolo, le boitlhobogo jo batho ba ba fentsweng ba neng ba bo utlwa. Dithota tsa sebele le fa e le makgotla a sekadithaba a Samarea di ne di sa kgone go ba sireletsa, le mororo di ne di lebega e le tse di nnetseng ruri mo nakong e e fetileng.

28. (a) Jesu o ne a neela basadi ba Jerusalema tlhagiso efe? (b) Tlhagiso ya ga Jesu e ne ya diragadiwa jang?

28 Ka go tshwana, fa Jesu a ne a isiwa go ya go bolawa ke masole a Roma, o ne a bua le basadi ba Jerusalema mme a re: “Malatsi a etla a batho ba tla reng, ‘Go itumela basadi ba ba meopa, le dipopelo tse di neng tsa se ka tsa belega le mabele a a neng a se ka a amusa!’ Go tswa foo ba tla raya dithaba ba re, ‘Re weleng godimo!’ le dithota ba re, ‘Re bipeng!’” (Luke 23:29, 30) Go senngwa ga Jerusalema ke Baroma ka 70 C.E. go itsege sentle, mme go phepafetse gore mafoko a ga Jesu a ne a kaya se se tshwanang le a ga Hosea. Ka nako eo go ne go se na lefelo le Bajuda ba ba neng ba setse mo Judea ba neng ba ka iphitlha mo go lone. Gongwe le gongwe kwa ba neng ba leka go iphitlha gone mo Jerusalema, kana le eleng fa ba ne ba tshabela kwa kagong ya phemelo e e neng e le kwa godimo ga thaba ya Masada, ba ne ba se ka ba kgona go falola katlholo e e boitshegang ya ga Jehofa.

29. (a) Fa letsatsi la bogale jwa ga Jehofa le tla, seemo se se maswe sa ba ba tshwaregileng ka go ema nokeng tsamaiso eno ya dilo e tla nna sefe? (b) Ke polelelopele efe ya ga Jesu e e tla diragadiwang fa Jehofa a supa tšhakgalo ya gagwe?

29 Jaanong, go kanololwa ga sekano sa borataro go bontshitse gore selo se se tshwanang se tla diragala mo letsatsing le le tlang la bogale jwa ga Jehofa. Fa tsamaiso eno ya dilo ya selefatshe e tshikhinngwa labofelo, ba ba ineetseng mo go e tshegetseng ba tla senka lefelo la go iphitlha ka patla le jase, mme ga ba kitla ba le bona. Bodumedi jwa maaka, Babelona o Mogolo, o setse a ba swabisitse mo gogolo. Dikgaga tse di mo dithabeng tsa sebele lefa e le mekgatlho ya sepolotiki le ya kgwebo tsa tshwantshetso tsa sekadithaba ga di kitla di thusa ka madi le fa e le ka mofuta ope fela wa thuso. Ga go na sepe se se tla ba sireletsang mo bogaleng jwa ga Jehofa. Go rerega ga bone go tlhalosiwa sentle ke Jesu: “Go tswa foo sesupo sa Morwa motho se tla bonala kwa legodimong, mme go tswa foo ditso tsotlhe tsa lefatshe di tla ititaya di lela selelo sa khutsafalo, mme di tla bona Morwa motho a tla a le mo marung a legodimo ka maatla le kgalalelo e kgolo.”—Mathaio 24:30.

30. (a) Ke eng se se kaiwang ke potso e e reng: “Ke mang yo o kgonang go ema?” (b) A go na le bangwe ba ba tla kgonang go ema ka nako ya katlholo ya ga Jehofa?

30 Ee, ba ba ganneng go amogela bolaodi jwa Mopalami wa pitse e tshweu yo o fentseng ba tla patelesega go dumela molato wa bone. Batho ba ka boomo ba itirileng karolo ya losika lwa noga ba tla senngwa fa lefatshe la ga Satane le feta. (Genesise 3:15; 1 Johane 2:17) Seemo sa lefatshe ka nako eo se tla bo se le ka tsela e batho ba le bantsi, tota, ba tla botsang ba re: “Ke mang yo o kgonang go ema?” Go bonala ba tla tsaya gore ga go na ope yo o ka kgonang go ema a amogelesega fa pele ga ga Jehofa ka letsatsi leo la katlholo. Mme ba tla bo ba le phoso, jaaka buka ya Tshenolo e tswelela go bontsha.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Gantsi dithoromo tsa lefatshe tsa mmatota di etelelwa pele ke teteselo ya lefatshe e e dirang gore dintša di bogole kana di tlabatlabe mme e tshosa le diphologolo tse dingwe le ditlhapi, le mororo batho ba ka tswa ba sa belaele sepe go fitlha thoromo ya mmatota e simologa.—Bona Tsogang!, ya July 8, 1982, tsebe 14 (ka Seesemane).

b Go bona tlhaloso ka botlalo, bona ditsebe 22, 24.

c Mo dingwageng tse di fetang 35, go simologa ka 1895 go ya go 1931, mafoko a Luke 21:25, 28, 31 a ne a nopolwa mo khabareng ya makasine wa Tora ya Tebelo kafa morago ga setshwantsho sa ntlosedi e e bonesitseng loapi lo lo okameng lewatle la matsubutsubu a a gaketseng.

d Ka sekai, mo letsholong le le kgethegileng la 1931, Basupi ba ga Jehofa ka bobone ba ne ba naya baruti, batho ba dipolotiki, borakgwebo mo lefatsheng lotlhe diketekete tsa bukana ya The Kingdom, the Hope of the World.

e Mo tirisong e e tshwanang ya lefoko ‘magodimo,’ polelelopele ya “magodimo a masha” e e mo go Isaia 65:17, 18 e ne ya diragadiwa la ntlha mo tsamaisong e ntšha ya puso, eo e neng e kopanyeletsa Mmusi Serubabele le Moperesiti yo Mogolo Jeshua, e e neng ya tlhongwa mo Lefatsheng la Tsholofetso morago ga go boa ga Bajuda kwa botshwarong jwa Babelona.—2 Ditiragalo 36:23; Esere 5:1, 2; Isaia 44:28.

[Lebokoso mo go tsebe 105]

Ngwaga wa 1914 O ne Wa Bonelwa Pele

“E ne e le ka B.C. 606, fa bogosi jwa Modimo bo ne bo khutla, serwalo sa bogosi se ne sa tlosiwa, mme lefatshe lotlhe la neelwa Baditšhaba. Dingwaga di le 2520 go simologa ka B.C. 606, di wela ka A.D. 1914.”f—The Three Worlds, e e gatisitsweng ka 1877, tsebe 83.

“Bosupi jwa Baebele bo phepafetse e bile bo nonofile jwa gore ‘Metlha ya Baditšhaba’ ke lobaka lwa dingwaga tse 2520, go simologa ka ngwaga wa B.C. 606 go ya go A.D. 1914 le go o akareletsa.”—Studies in the Scriptures, Bolumo 2, e e kwadilweng ke C. T. Russell mme ya gatisiwa ka 1889, tsebe 79.

Charles Taze Russell le baithutimmogo nae ba Baebele ba ne ba lemoga masome a dingwaga di le dintsi pele gore 1914 o ne a tla tshwaya bofelo jwa Metlha ya Baditšhaba, kana metlha e e beilweng ya ditšhaba. (Luke 21:24) Le mororo mo metlheng eo ya pele ba ne ba sa tlhaloganye ka botlalo gore seno se ne se tla kaya eng, ba ne ba tlhatswegile pelo gore 1914 e ne e tla nna ngwaga wa botlhokwa mo ditiragalong tsa lefatshe, mme ba ne ba bua boammaaruri. Ela tlhoko nopolo e e latelang ya pampiri ya dikgang:

“Ntwa e kgolo e e neng ya simologa mo Yuropa e ne ya diragatsa polelelopele e e sa tlwaelegang. Mo kwatareng ya lekgolo la dingwaga pele ga moo ‘Baithuti ba Baebele ba Ditšhaba Tsotlhe,’ ba ba neng ba itsiwe thata e le ‘Ba ba Dumelang mo Pusong e e Tlogang e Tla ya Dingwaga Tse di Sekete,’ ba dirisa bareri le dipampiri tsa dikgang, ba ne ba ntse ba bolelela lefatshe gore Letsatsi la Bogale le le boleletsweng pele mo Baebeleng le ne le tla simologa ka 1914. ‘Tlhokomelang 1914!’ e ne e le mokgosi o o neng wa tlhabiwa ke makgolokgolo a baefangele ba ba etang.”—The World, e leng pampiri ya dikgang ya New York, ya August 30, 1914.

[Ntlha e e kwa tlase]

f Fa ba ne ba lebela pele, Diithuti tseo tsa Baebele di ne di ise di lemoge gore ga go na ngwaga wa lefela gareng ga “B.C.” le “A.D.” Moragonyana, fa go sena go dirwa patlisiso go ne go bonala go tlhokega go baakanya B.C. 606 go nna 607 B.C.E., ngwaga wa lefela le one o ne wa phimolwa, mo go neng ga dira gore polelelopele e nne e supe go “A.D. 1914.”—Bona “The Truth Shall Make You Free,” e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa ka 1943, tsebe 239.

[Lebokoso mo go tsebe 106]

1914—Ngwaga wa Diphetogo

Buka ya Politikens Verdenshistorie—Historiens Magt og Mening (Hisitori ya Lefatshe ya ga Politiken—Maatla a Hisitori Le se E se Bolelang), e e gatisitsweng ka 1987 kwa Copenhagen, e tlhokomedisa se se latelang mo tsebeng ya 40:

“Go solofela kgatelopele ga lekgolo la bo19 la dingwaga go ne ga nyelelela ruri ka 1914. Ngwaga pele ga go simologa ga ntwa, raditiragalo wa kwa Denmark le radipolotiki Peter Munch o ne a kwala jaana ka tsholofelo: ‘Bosupi jotlhe bo bontsha gore ga go ka ke ga nna le ntwa gareng ga mebuso e megolo ya Yuropa. “Matshosetsi a ntwa” le one a tla nyelela mo isagweng, jaaka go nnile ga diragala gangwe le gape fa e sa le ka 1871.’

“Phapaanong le seo, re bala jaana mo pegong ya gagwe ya moragonyana: ‘Go simologa ga ntwa ka 1914 ke motlha o mogolo wa diphetogo mo ditiragalong tsa batho. Go tswa motlheng o o phatsimang wa kgatelopele, koo go neng go ka dirwa ditiro ka pabalesego e e lekanetseng, re ne ra simolola motlha wa masetlapelo, poifo, le kilo, go sena pabalesego gope fela. Go ne go se na ope yo o neng a ka bolela, le e leng gompieno ga go na ope yo o ka bolelang, gore lefifi le le neng la re wela ka nako eo le tla raya go senyediwa ruri ga tsela e batho ba tshelang ka yone, tshenyo e motho a e itiretseng mo diketeketeng tsa dingwaga.’”

[Setshwantsho mo go tsebe 110]

‘Thaba nngwe le nngwe ya sutisiwa’

[Setshwantsho mo go tsebe 111]

Ba iphitlha mo dikgageng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela