LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 4/1 ts. 26-29
  • Tiro e e Molemolemo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tiro e e Molemolemo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Seo se Tlhotlheleditseng Botshelo jwa Rona
  • Go Bulatsela ka Baesekele mo Fora
  • Kgwetlho mo Spain
  • Go Latofadiwa ka Gore re BaFascist
  • Re Bidiwa Makomanisi kwa Ireland
  • Ntwa ya Lefatshe II le go ya kwa Gileade
  • Tiro ya Borongwa mo Afrika
  • Diphetogo tse Pedi tsa Botho
  • Tirelo mo Afrika Borwa
  • Masego a Tirelo ya Borongwa
  • Karolo 2—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • ‘Go Sego Botlhe Bao ba Nnang ba Lebeletse mo go Jehofa’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Karolo 4—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Ke Fetotse Kabelo Ke na Le Dingwaga di le 80
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 4/1 ts. 26-29

Tiro e e Molemolemo

Dingwaga tse 57 tsa Botshelo jwa Borongwa

Jaaka go boletse Eric Cooke

MO LESEDING le le letobo la mo mosong, ke ne ke itshegeditse ka tshipi ya mokoro ke lebeletse mouwane kwa loapi to kopanang gone le lefatshe. Nna le morwarre re ne re tlogile kwa Southampton, kwa Ennyelane, mo bosigong jo bo fetileng mme re ne re ya kwa Saint-Malo, kwa Fora. A re ne re le bajanala? Nnyaa, re ne re ikaeletse go isa molaetsa wa Bogosi kwa Fora. Fa re fitlha mo Saint-Malo, re ne ra tsaya dibaesekele tsa rona mme ra leba kwa bokone.

Ka jalo ke gone kafa nna le morwarre yo monnye John re neng ra tsenela tiro ya borongwa ka gone dingwaga tse di fetang 57 tse di fetileng. Mme ke eng seo se ileng sa dira gore re tsenele tirelo ya nako e e tletseng? Re He ra tlhotlhelediwa ke eng go tlogela botshelo jo bo iketlileng jwa kwa gae mo legaeng la rona kwa Ennyelane?

Seo se Tlhotlheleditseng Botshelo jwa Rona

Mme o ne a ya go reetsa puo ya phatlalatsa e e reng “Baswi ba Kae?” ka 1922. E ne ya mo kgatlha fela thata mme o ne a fetoga motlhanka yo o ineetseng wa ga Jehofa ka bonakonyana fela. Mme rre o ne a sa itumelela seo. O ne a tsena Kereke ya Anglican, mme o ne a tlhola a re isa kwa kerekeng ka Sontaga mo mosong fa Mme ene a ne a re ruta Bibela mo thapameng.

John o ne a nna dingwaga tse 14 ka 1927 mme a simolola go ya dipokanong le Mme le go arola mo bosuping jwa ntlo le ntlo. Mme nna ke ne ke sa tshwenngwe ke sepe, ke ne ke dira tiro e e monate mo Bankeng ya Barclay. Lefa go le jalo, ke ne ka simolola go ithuta Bibela gammogo le dikgatiso tsa Mokgatlho wa Watch Tower, fela ka go bo ke ne ke tlotla Mme. Morago ga foo ke ne ka dira botswelelopele jwa semoya ka bonako mme ka kolobediwa ka 1930.

Fa John a ne a tlogela sekolo ka 1931, o ne a simolola tirelo ya nako e e tletseng jaaka mmulatsela. Fa a ne a nkopa gore ke nne mopati wa gagwe mo tirong ya bobulatsela, ke ne ka tlogela tiro ya me ya kwa bankeng mme ka tsamaya le ene. Boikaelelo jwa rona bo ne jwa nonotshiwa ke leina la rona le lesha, Basupi ba ga Jehofa, leo re neng re sa tswa go le amogela. Kabelo ya rona ya ntlha a ne a le toropo ya La Rochelle le tshimo e e bapileng le yone kafa lotshitshing to to kafa bophirima lwa Fora.

Go Bulatsela ka Baesekele mo Fora

Fa re ntse re tsamaya ka dibaesekele re tswa kwa borwa jwa Saint-Malo, re ne re ipelela go bona masimo a diapole mo Normandy le go dupa lonko lwa maungo a a buduleng go tswa kwa go neng go dirwa dino ka matute a diapole gone. Re ne re sa lemoge gore mo dingwageng tse 13 moragonyana ga foo mo Ntweng ya Lefatshe II, matshitshi a a gaufi a Normandy a ne a tla senngwa ke dintwa tse di ileng tsa tsholola madi a mantsi go gaisa mo hisitoring; le eleng go lemoga gore tirelo ya rona ya nako e e tletseng a ne a tla tsaya lobaka to to kalo. Ke ne ka bua ke itshamekela le John feia ka re: “Ke akanya gore re thle go dira dingwaga di le tlhano fela jaaka babulatsela. Aramagedona ga a kgakala go le kalo!”

Morago ga go tsamaya malatsi a mararo ka dibaesekele, re ne ra goroga kwa La Rochelle. Re ne re itse Sefora rotlhe, ka jalo re ne ra seka ra nna le bothata jwa go bona ntlonyana e ntlenyane e e nang le dilwana. Re ne ra akaretsa metsana e e ka nnang bokgakala jwa dikilometara tse 20 go tswa mo motseng oo re neng re nna mo go one ka dibaesekele tsa rona, re gasa dibuka tsa Bibela. Go tswa foo re ne ra ya kwa motsemogolong o mongwe mme re ne ra dira se se tshwanang. Go ne go sena Basupi bape mo karolong eo ya Fora.

Ka July 1932, Mokgatlho o ne wa romela John go ya go dira kwa Spain, ka a ne a ithutile Se-Spain kwa sekolong. Ke ne ka tswelela mo borwa jwa Fora mme ke ne ka nna le bapati ba ba farologaneng go tswa kwa Ennyelane ka dingwaga tse pedi. Ka go bo go ne go sena bokopano bope le Basupi, go rapela ka metlha le go ithuta Bibela ka metlha a ne a le sone se se neng se re tshola re nonofile mo semoyeng. Re ne re ya kwa Ennyelane gangwe ka ngwaga fa re ya kwa dikopanong tsa ngwaga le ngwaga.

Ka 1934 re ne ra kobiwa kwa Fora. Kereke ya Roma Katoliki, eo ka nako eo a neng a na le tlhotlheletso a kgolo, a ne a na le seabe mo go seo. Go na le go boela kwa Ennyelane, ke ne ka kopana le babulatsela ba bangwe ba babedi ba Maesemane, mme ra ya kwa Spain jaaka gale ka dibaesekele tsa rona. Bosigo bongwe re ne ra robala mo ditlhareng, jo bongwe mo godimo ga bojang jo bo jewang ke dikgomo, mme jo bongwe re ne ra robala fa lotshitshing lwa lewatle. Kgabagare re ne ra fitlha kwa Barcelona kwa bokone jwa Spain mme ra kopana le John, yoo a neng a re amogela.

Kgwetlho mo Spain

Go ne go sena diphuthego dipe tsa Basupi ba ga Jehofa mo Spain ka nako eo. Morago ga go dira dikgwedi di sekae mo Barcelona, re ne ra fetela kwa Tarragona. Ke gone koo re neng ra simolola go dirisa di-phonograph le direkoto :sa dipuo tse dikhutshwane tsa Bibela ka Se-Spain. Di ne di le mosola fela thata, segolo bogolo mo dikhefing le mo mabankeleng a bojelo a a tlalang batho.

Re ne ra kopana le Mosupi mongwe, kwa Lerida, kafa bokone bophirima, ebong Salvador Sirera. A kgothaditswe ke go nna ga rona mo kgaolong eo, o ne a direla jaaka mmulatsela ka nakwana. Kwa Huesca, Nemesio Orus o ne a re amogela ka tlhagafalo mo legaeng la gagwe le lennye le le neng le le kwa godimo ga lebenkele la gagwe la go baakanya ditshupanako. E ne ya nna ene motho wa ntlha yoo re ileng ra mo tshwarela thuto ya legae ya Bibela, re dirisa nngwe ya dibukana tsa ntlhantlha tsa Mokgatlho. Re ne re a tshwara ka dioura di sekae letsatsi le letsatsi, mme go ise go a kae a bo a setse a dira le rona jaaka mmulatsela.

Mo motsemogolong o o latelang, eleng Zaragoza, re ne ra ipelela go thusa Antonio Gargallo le Jose Romanos, ebong basha ba babedi ba ba neng ba le mo dingwageng tsa bosha. Ba ne ba tla bosigo bongwe le bongwe kwa kamoreng ya rona gore re ba tshwarele thuto ya Bibela go tswa mo bukeng Government. Fa nako a ntse e tsamaya, le bone ba ne ba dira le rona jaaka babulatsela.

Go Latofadiwa ka Gore re BaFascist

Ka yone nako eo, mathata a ne a simolola. Spanish Civil War a ne a tla tloga a tlhagoga, eleng ntwa eo mo go yone kgabagare go neng go tla swa makgolokgolo a diketekete tsa batho. Nna le Antonio re ne ra tsena mo mathateng mo motseng mongwe gaufi le Zaragoza. Mosadi mongwe yo a neng a tsaya dibukana tsa rona o ne a akanya gore a ne a le tsa Katoliki mme a re latofatsa ka gore re BaFascist. Re ne ra tshwarwa mme ra isiwa kwa mapodising. “Lo dira eng mo motseng ono?” ga botsa jalo mogolwane wa mapodisi. “Batho ba ba nnang fano ke bakomanisi mme ga ba batle dikgang tsa Ba-Fascist!”

Morago ga go tlhalosa se re se dirang, o ne a kgotsofala. O ne a re fa dijo tsa motshegare mme a re laela gore re tswe mo motseng fa batho ba ikhuditse mo thapameng. Mme fa re tswa, go ne go na le segopa sa batho ba ba neng ba re emetse. Ba ne ba tsaya dibuka tsotlhe tsa rona. E ne a le tiragalo e e maswe. Lefa go ntse jalo, re ne ra leboga, ka go bo lepodisi leo le ne la goroga mme la bua le segopa seo sa batho ka botlhale. Ba ne ba kgotsofala fa a ne a ba raya a re o tla re isa kwa baokameding kwa Zaragoza. Koo a ileng a re buelela le moofisiri wa motsemogolo, mme re ne ra gololwa.

Ka July 1936, fa ntwa ya semorafe a ne e simolola, Antonio o ne a gana go tsenela bosole jwa ga Franco, mme a bolawa. Abo a tla nna boipelo jang ne fa nna le John re mo amogela gape ka tsogo ya baswi mme re bona monyenyo wa gagwe o o bonolo gape!

Re Bidiwa Makomanisi kwa Ireland

Moragonyana fela ga gore ntwa eo ya semorafe a tlhagoge, nna le John re ne ra boela kwa Ennyelane ka malatsi a rona a ngwaga le ngwaga a boikhutso. Ntwa a ne ya dira gore re seka ra kgona go boela gape kwa Spain, ka jalo re ne ra bulatsela dibeke di sekae kwa Kent, gaufi le legae la rona kwa Broadstairs. Jaanong ga tla kabelo ya rona e e latelang—Ireland. Mookamedi wa Mokgatlho Joseph F. Rutherford, o ne a re baakanyetsa gore re ye koo go ya go gasa pampitshana e e kgethegileng ya setlhogo se se reng You Have Been Warned. Go ne go sena diphuthego dipe mo Ireland borwa, fa a se Basupi ba sekae fela fale le fale.

Jaanong, ka tlhotlheletso ya baruti ba Katoliki, re ne ra latofadiwa ka gore re makomanisi—seo a neng a le phapang ya seo re neng re latofadiwa ka sone kwa Spain! Setlhopha se se galefileng sa Makatoliki se ne sa tsena mo ntlong ya rona, sa tsaya mabokose a dibuka, mme sa di tshuba. Re ne ra itemogelela ditiragalo tse di tshwanang pele re boela kwa Ennyelane ka nako ya selemo ya 1937.

Ntwa ya Lefatshe II le go ya kwa Gileade

Fa go ne go bolelwa ka tshimologo ya Ntwa ya Lefatshe 11 ka September 1939, John o ne a direla mo Bordeaux, kwa Fora mme ke ne ke le molebedi wa phuthego mo Derby, kwa Ennyelane. Babulatsela ba bangwe, ba ba neng ba tla go dira le nna go kopanyeletsa le John ba ne ba gololwa mo tirong e e patelediwang ya bosole, mme ba bangwe, jaaka nna, ba ne ba seka ba gololwa. Ka jalo ka nako ya ntwa ke ne ke tsena ke bo ke tswa mo kgolegelong. Go ne go tlhokega boitshoko go emelelana le maemo a dikgolegelo tsa nako eo ya ntwa, mme re ne re itse gore bakaulengwe ba rona mo Yuropa ba ne ba boga go feta rona.

Morago ga ntwa mookamedi yo mosha wa Mokgatlho wa Watch Tower, Nathan H. Knorr, o ne a etela Ennyelane mme a rulaganyetsa gore bangwe ba babulatsela ba ye kwa sekolong sa Bibela sa Watchtower sa Gileade kwa bokone jwa New York go ya go katisiwa jaaka barongwa. Jalo ka May 1946 nna le John re ne ra kgabaganya Atlantic re le mo sekepeng se se dirilweng ka nako ya ntwa sa Liberty.

Setlhopha sa borobedi sa Gileade a ne a le sone sa ntlha seo eleruri a neng a le sa merafe yotlhe. Abo a ne a le boitemogelo jo bo omosang pelo jang ne go ithuta le go kopana le babulatsela ba bogologolo mo dithutong tseo tsa dikgwedi tse tlhano! Kgabagare, letsatsi la go aloga le ne la goroga mme re ne ra itse dikabelo tsa rona. Ke ne ka isiwa kwa Rhodesia bokone eo jaanong a itsegeng jaaka Zimbabwe, mme John o ne a romelwa kwa Portugal le Spain.

Tiro ya Borongwa mo Afrika

Ke ne ka goroga kwa Cape Town, mo Afrika Borwa, ka November 1947. Sekepe se sengwe se ne sa tla le bangwe bao re neng re le mmogo kwa sekolong ebong Ian Fergusson le Harry Arnott. Mokaulengwe Knorr o ne a re etela ka bonakonyana fela, mme re ne ra ya kopanong kwa Gauteng. Re ne ra fetela kwa bokone kwa dikabelong tsa ronaIan o ne a ya kwa Nyasaland (e jaanong eleng Malawi), Harry o ne a ya kwa Rhodesia Bokone (e jaanong a leng Zambia), mme nna ke ne ka ya kwa Rhodesia Borwa (Zimbabwe). Fa nako a ntse a tsamaya, Mokgatlho o ne wa tlhoma lekala, mme ke ne ka tlhomiwa jaaka molebedi wa lekala. Re ne re na le diphuthego tse 117 le baboledi ba ba ka nnang 3 500 mo nageng eo.

Go ise go a kae go ne ga goroga barongwa ba bangwe ba basha ba bane. Ba ne ba akanya gore ba ne ba abetswe kwa go nniwang mo dintlong tsa mmu gone, koo ditau di lalang di rora, dinoga di tsamaya kafa tlase ga malao, le koo maemo eleng a bogologolo. Go na le moo, ka jaana mebila ya Bulawayo a ne a tletse ka ditlhare tsa dithunya, matlwana a segompieno, le batho ba ba neng ba iketleeleditse go reetsa molaetsa wa Bogosi, ba ne ba a bitsa paradaise ya bobulatsela.

Diphetogo tse Pedi tsa Botho

Fa ke ne ke kolobediwa ka 1930, go ne go sa tlhaloganngwe go le gontsi ka bao ba neng ba tla tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng. Jalo nna le John re ne re ja ditshwantshetso, fela jaaka mongwe le mongwe ka nako eo. Le eleng ka 1935, fa go ne go bolelwa gore “boidiidi yo bogolo” jwa Tshenolō kgaolo 7 bo ne bo kgethololwa jaaka setlhopha sa “dinku di sele,” kakanyo ya rona ga e a ka ya fetoga. (Tshenolō 7:9; Yohane 10:16) Jaanong ka 1952, The Watchtower mo tsebeng ya 63, a ne ya bontsha ka phepafalo pharologano fa gare ga tsholofelo ya selefatshe le tsholofelo ya selegodimo. Re ne ra lemoga gore re ne re sena tsholofelo ya selegodimo, mme re ne re na le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng la paradaise.—Isaia 11:6-9; Mathaio 5:5; Tshenolō 21:3, 4.

Phetogo a nngwe a ne a le efe? Ke ne ka nna le lerato le legolo mo go Myrtle Taylor, yoo a neng a ntse a dira le rona ka dingwaga tse tharo. Fa go ne go phepafala sentle gore o ne a ikutlwa ka tsela e e tshwanang ka nna le gore o ne a anaanela tiro ya borongwa thata fela jaaka nna, ke ne ka mmeelela mme ra nyalana ka July 1955. Myrtle o ile a itshupa a le mosadi yo o ntshegetsang eleruri.

Tirelo mo Afrika Borwa

Mokaulengwe Knorr o ne a etela Rhodesia Borwa ka 1959, mme nna le Myrtle re ne ra abelwa go tla go direla mo Afrika Borwa. Go ise go a kae re ne re setse re le mo kabelong ya me ya tiro ya potologo. Ao a ne a le malatsi a a itumedisang eleruri. Mme ke ne ke ntse ke tsofala, le botsogo jwa ga Myrtle bo ne bo re tsosetsa mathata. Morago ga nakonyana re ne re sa tlhole re kgona go direla mo tirelong ya potologo, ka jalo re ne ra nna kwa legaeng la borongwa kwa Cape Town mme ra direla koo dingwaga di sekae. Moragonyana, re ne ra abelwa gape go ya kwa Durban, kwa Natala.

Re ne re abetswe Chatsworth, eleng lefelo le legolo la Ba-India. Eno a ne a le kabelo ya naga esele mo gare ga naga a sele—kgwetlho ya mmatota mo barongweng ba ba tsofetseng jaaka rona. Fa re ne re fitlha koo ka February 1978, go ne go na le phuthego ya Basupi ba le 96 bao bontsi jwa bone a neng a le Ba-India. Re ne ra tshwanelwa ke go ithuta gore batho ba Ba-Hindu ba ne ba akanya jang ka bodumedi le go tlhaloganya dingwao tsa bone. Tsela eo moaposetoloi Paulo a neng a e dirisa mo bosuping jwa gagwe mo Athena a ne ya nna sekai se se thusang mo go rona.—Ditihō 17:16-34.

Masego a Tirelo ya Borongwa

Jaanong ke na le dingwaga di le 78, tseo 57 ya tsone a leng tseo ke diretseng jaaka morongwa ka tsone. Abo go kgothatsa jang ne go bona koketsego e e gakgamatsang kwa dinageng tseo nkileng ka direla kwa go tsone! Fora e fitlheletse baboledi ba Bogosi ba ba 100 000, Spain a na le ba ba fetang 70 000, mme Afrika Borwa a ne ya oketsega go tloga go 15 000 fa re ne re fitlha fano go fitlha go ba ba fetang 43 000.

Basha, a maemo a lona a to letla go tsenela tirelo ya nako e e tletseng? Fa go le jalo, ke to tlhomamisetsa gore eno ke tiro e e molemolemo. Ga se fela tshireletsego go tswa mo mathateng le mo dithaelong tse di farafereng batho ba basha gompieno mme a kgona go bopa botho jwa gago go fetogela mo melaometheong ya ga Jehofa ya tshiamo. Abo a le lesego jang ne le tshiamelo mo basheng le mo bathong ba bagolo go direla Jehofa jaanong!

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Moeti o tla mo phaposi-boapeelong ya ga Myrtle Cooke e e mo bothibelelong.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela