Kgaolo 9
Go Ngangatlela Leina la ga Jesu
PEREGAMO
1. Ke phuthego efe e e neng ya amogela molaetsa o o latelang wa ga Jesu, mme Bakeresete bao ba ne ba nna mo motseng wa mofuta ofe?
FA RE tsamaya sekgala sa dikilometara di le 80 go ya kwa bokone ka tsela e e bapileng le lotshitshi lwa lewatle go tswa kwa Semerena mme go tswa foo re tsamaya dikilometara di le 24 go katoga lewatle, go kgabaganya mokgatšha wa Noka ya Caicus, re fitlha mo Peregamo, o jaanong o bidiwang Bergama. Motse oo o ne o tumisitswe ke tempele ya one ya ga Zeus, kana Jupitere. Ka bo1800, baithutamarope ba ne ba fudusetsa aletara ya tempele eo kwa Jeremane, koo e sa ntseng e ka bonwa teng, mmogo le ditshwantsho tse dintsi tse di tlhomilweng le tse di setilweng tsa medimo ya boheitane, mo Pergamon Museum kwa Berlin. Ke molaetsa ofe o Morena Jesu a neng a tla o romelela phuthego eo e e neng e dikaganyeditswe ke kobamelo e kanakana ya medingwana?
2. Jesu o itlhalosa ka tsela e e ntseng jang, mme ke eng se se kaiwang ke go tshola ga gagwe ‘tšhaka e e magale mabedi’?
2 Sa ntlha, Jesu o itlhalosa gore ke mang, ka go re: “Kwalela moengele wa phuthego e e kwa Peregamo o re: Tseno ke dilo tse a di buang yo o nang le tšhaka e e bogale, e telele e e magalemabedi.” (Tshenolo 2:12) Fano Jesu o boeletsa kafa a tlhalosiwang ka teng mo go Tshenolo 1:16. Jaaka Moatlhodi le Modiragatsakatlholo, o tla kgemetha botlhe ba ba bogisang barutwa ba gagwe. A bo tlhomamisetso eo e gomotsa jang ne! Le fa go ntse jalo, mabapi le katlholo, a ba ba leng mo phuthegong le bone ba tlhagisege gore Jehofa, a dirisa ‘morongwa yono wa kgolagano,’ e bong Jesu Keresete, o “tla nna mosupi yo o bofefo” wa botlhe ba ba iphakang go nna Bakeresete mme ba obamela medingwana, ba ba nang le boitsholo jo bo sa siamang, ba ba akang, le ba ba sa ikanyegeng le ba ba palelwang ke go tlhokomela batlhoki. (Malaki 3:1, 5; Bahebera 13:1-3) Kgakololo le kgalemelo e Modimo o dirang gore Jesu a e neele e tshwanetse go tsewa tsia!
3. Ke kobamelo efe ya maaka e e neng e le mo Peregamo, mme go ka buiwa jang ga twe “setulo sa bogosi sa ga Satane” se ne se le koo?
3 Jaanong Jesu o raya phuthego eo a re: “Ke itse kwa o nnang gone, ke gore, kwa setulo sa bogosi sa ga Satane se leng gone.” (Tshenolo 2:13a) Ka boammaaruri, Bakeresete bao ba ne ba dikologilwe ke kobamelo ya ga Satane. Ntle le tempele ya ga Zeus, go ne go na le kago ya kobamelo ya ga Aesculapius, modimo wa phodiso. Gape Peregamo e ne e tumile jaaka lefelo le legolo la bodumedi jwa go obamela babusibagolo. Lefoko la Sehebera le le ranotsweng ka gore “Satane” le raya “Moganetsi,” mme ‘setulo sa gagwe sa bogosi’ se kaya puso ya gagwe ya lefatshe lotlhe e Modimo a e dumeletseng ka lobaka lo lo rileng. (Jobe 1:6, mokwalo o o kwa tlase wa New World Translation Reference Bible) Go ntsifala ga kobamelo ya medingwana mo Peregamo go ne go bontsha gore “setulo sa bogosi” sa ga Satane se ne se itsetsepetse mo motseng oo. A bo Satane a tshwanetse a bo a ne a gakala jang ne go bo Bakeresete ba koo ba ne ba sa mo obamele ka kobamelo ya setšhaba seo!
4. (a) Jesu o akgolela Bakeresete ba Peregamo eng? (b) Moemedi wa Roma e bong Pliny o ne a kwalela Mmusi Trajan a reng mabapi le kafa a neng a tshwara Bakeresete ka teng? (c) Go sa kgathalesege bodiphatsa jwa gone, Bakeresete ba Peregamo ba ne ba tsaya tsela efe?
4 Ee, “setulo sa bogosi sa ga Satane” se gone kwa Peregamo. “Mme le fa go ntse jalo,” Jesu o a tswelela, “o nna o ngangatletse leina la me, e bile o ne wa se ka wa latola tumelo ya gago mo go nna le eleng mo malatsing a ga Antipase, mosupi wa me, yo o ikanyegang, yo o neng a bolaelwa fa thoko ga lona, kwa Satane a nnang gone.” (Tshenolo 2:13b) A kakgolo e e itumedisang! Kwantle ga pelaelo go bolaelwa tumelo ga ga Antipase go ne go bakilwe ke go gana ga gagwe go inaakanya le ditlwaelo tsa sedimona le kobamelo ya mmusi wa Roma. Moragonyana fela ga Johane a sena go amogela polelelopele eno, Pliny yo Mmotlana, moemedi wa sephiri wa ga Mmusi Trajan wa Roma, o ne a kwalela Trajan a mo tlhalosetsa tsela ya gagwe ya go dirisana le batho ba ba neng ba bonwe molato wa go nna Bakeresete—tsela e mmusi ka boene a neng a dumalana le yone. Ba ba neng ba itatola gore ke Bakeresete ba ne ba gololwa fa, jaaka Pliny a ne a bolela, “ba ne ba ile ba nketsa fa ke ntse ke rapela medimo, ba isetsa setshwantsho sa gago [Trajan] tshupelo ya maswalo le beine . . . mme, mo godimo ga moo, ba hutsa Keresete.” Bape fela ba ba neng ba fitlhelwa ba le Bakeresete ba ne ba bolawa. Le mororo ba ne ba lebane le kotsi e e ntseng jalo, Bakeresete ba Peregamo ba ne ba se ka ba itatola tumelo ya bone. Ba ne ba ‘ngangatletse leina la ga Jesu,’ ka ba ne ba tswelela go tlotla boemo jwa gagwe jo bo kwa godimo jwa Mogalaletsi wa ga Jehofa le Moatlhodi yo o tlhomilweng. Ka boikanyego, ba ne ba sala dikgato tsa ga Jesu morago jaaka basupi ba Bogosi.
5. (a) Ke eng mo motlheng wa segompieno se se tshwanang le bodumedi jwa kobamelo ya babusi se se baketseng Bakeresete mo motlheng wa rona diteko tse di botlhoko? (b) Tora ya Tebelo e thusitse Bakeresete bano jang?
5 Ka makgetlo a a farologaneng, Jesu o ne a itsisitse gore Satane o busa lefatshe leno la gompieno le le bosula, mme ka ntlha ya bothokgami jwa ga Jesu, Satane o ne a se na thata mo go ene. (Mathaio 4:8-11; Johane 14:30) Mo motlheng wa rona, ditšhaba tse di nonofileng, bogolo jang “kgosi ya bokone” le “kgosi ya borwa,” di ntse di lwela go laola lefatshe lotlhe. (Daniele 11:40) Moya wa boratanaga o ile wa ya magoletsa, mme kobamelo ya babusi e na le mofuta o mongwe wa kobamelo o o tshwanang le one mo motlheng wa segompieno, e leng moya wa botšhaba mme o tletse mo lefatsheng lotlhe. Ditlhogo tse di neng di bua kaga boitlhaodi mo ditokololong tsa makasine wa Tora ya Tebelo ya November 1, 1939 (ka Seesemane), le Tora ya Tebelo ya June 1, 1980, le ya September 1, 1986, di tlhalositse thuto ya Baebele mo kgannyeng eno ka phepafalo, di kaela Bakeresete ba ba batlang go tsamaya mo leineng la ga Jehofa le go fenya lefatshe, fela jaaka Jesu a ne a dira ka bopelokgale.—Mika 4:1, 3, 5; Johane 16:33; 17:4, 6, 26; 18:36, 37; Ditiro 5:29.
6. Fela jaaka Antipase, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba ema jang ba nitame mo metlheng ya segompieno?
6 Kgakololo e e ntseng jalo ga e bolo go tlhokwa ka potlako. Fa ba lebane le moya wa boratanaga wa go tlhoka tlhaloganyo, Basupi ba ga Jehofa, ka bobedi ba ba tloditsweng le balekane ba bone, ba ne ba tshwanelwa ke go ema ba nitame mo tumelong. Kwa United States, makgolokgolo a bana le barutabana ba ne ba kobiwa mo dikolong ka go bo ba ne ba sa tsholeletse folaga ya naga letsogo, fa kwa Jeremane gone Basupi ba ne ba bogisiwa mo go setlhogo ka gonne ba gana go tsholeletsa sefapaano sa Banasi letsogo. Jaaka go setse go tlhalositswe, Banasi ba ga Hitler ba ne ba bolaya diketekete tsa batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ka go bo ba ne ba gana go kopanela mo kobamelong eo ya medingwana ya naga. Ka bo1930, fa kobamelo ya babusi ya Seshinto kwa Japane e ne e le kwa godimo thata, badiredi ba le babedi ba babulatsela ba ne ba jala peo e ntsi thata ya Bogosi kwa Taiwan mo go neng go nna Bajapane gone. Babusi ba sesole ba ne ba ba latlhela mo kgolegelong, koo mongwe wa bone a neng a swela teng ka ntlha ya go tshwarwa makgwakgwa. Yo mongwe moragonyana o ne a gololwa, mme ya re a ise a ye gope fela a thuntshiwa kafa morago—Antipase wa motlha wa segompieno. Le mo motlheng ono, go na le mafatshe ao mo go one batho ba patelediwang go obamela ditshwantsho tsa naga e bile ba tshwanelwang ke go ineela ka botlalo mo Pusong. Basupi ba bantsi ba babotlana ba latlhetswe mo dikgolegelong, mme ba le mokawana ba ne ba bolawa, ka ntlha ya boemo jwa bone jwa bopelokgale jwa go se kopanele mo dipolotiking gonne e le Bakeresete. Fa o le mosha yo o lebaneng le dikgang tse di ntseng jalo, ithute Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi, e le gore o tle o “[nne] le tumelo gore [o] kgone go boloka moya o tshela,” mme o tla bona botshelo jo bo sa khutleng.—Bahebera 10:39–11:1; Mathaio 10:28-31.
7. Basha bangwe ba kwa India ba ile ba lebana jang le kgang ya kobamelo ya dilo tsa naga, mme ka phelelo efe?
7 Basha kwa dikolong ba ile ba lebana le dikganetso tse di tshwanang le tseo. Ka 1985, kwa kgaolong ya Kerala, kwa India, bana ba bararo ba babotlana ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba gana go itatola tumelo ya bone e e thailweng mo Baebeleng, ba gana go opela pina ya setšhaba. Ba ne ba ema ka tlotlo fa ba bangwe ba opela, mme le fa go le jalo ba ne ba kobiwa mo sekolong. Rraabone o ne a dira boikuelo go ya go fitlha fela kwa Kgotlatshekelong e Kgolo ya India, koo baatlhodi ba babedi ba neng ba fitlhelela tshwetso ya go sa bone bana bano molato, ba tlhalosa jaana ka bopelokgale: “Setso sa rona se ruta gore re tshwanetse go amogelana; filosofi ya rona e ruta gore re tshwanetse go amogelana; molaomotheo wa rona o dira gore re amogelane; a re tlhokomeleng gore re se ka ra senya moya ono.” Makwalodikgang le dipego tse dingwe tse di molemo tsa dikgang tse di neng di bua ka kgetsi eno di ne tsa itsise setšhaba sotlhe se ka nako eo se neng se dira nngwetlhanong ya batho ba lefatshe lotlhe gore go na le Bakeresete mo nageng eo ba ba obamelang Modimo wa boammaaruri Jehofa le gore batho bano ga ba letle sepe se ba tlogedisa melaometheo ya Baebele.
Ditlhotlheletso Tse di Bodisang
8. Jesu o ne a bona go tlhokega go nyaletsa Bakeresete ba Peregamo eng?
8 Ee, Bakeresete ba Peregamo ba boloka bothokgami. Le fa go ntse jalo, Jesu o ba bolelela jaana: “Ke na le dilo di le mmalwa tse ke di nyatsang ka wena.” Ba dirileng se se tlhokang kgalemo? Jesu o a re bolelela: “Gore koo o na le ba ba ngangatletseng thuto ya ga Balaame, yo o neng a simolola go ruta Balake gore a beye sekgopi fa pele ga bana ba Iseraele, gore ba je dilo tse di isediwang medingwana ditlhabelo le go dira kgokafalo.”—Tshenolo 2:14.
9. Balaame e ne e le mang, mme kgakololo ya gagwe e ne ya ‘baya sekgopi fa pele ga bana ba Iseraele’ jang?
9 Mo motlheng wa ga Moshe, Kgosi Balake wa Moabe o ne a hira Balaame, moporofeti yo o neng a se Moiseraele, mme gone a itse sengwe ka ditsela tsa ga Jehofa, go hutsa Iseraele. Jehofa o ne a kganela Balaame, a mo pateletsa go segofatsa Baiseraele le go hutsa baba ba bone. Seno se ne sa gakatsa Balake thata mme Balaame a kokobetsa bogale jwa gagwe ka go akantsha gore a dire sengwe se se bonokopela thata: A basadi ba Moabe ba hepisetse banna ba Iseraele gore ba kopanele mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo e e maswe ba bo ba obamele modingwana wa maaka e bong Baale wa Peore! Leano leno le ne la bereka. Jehofa a tuka bogale, go tshwanela, mme a romela sebetso se se neng sa bolaya bagokafadi bao ba Baiseraele ba le 24 000—sebetso se se neng sa ema fela fa moperesiti Finease a tsaya kgato e e molemo ya go tlosa bosula mo Iseraele.—Dipalo 24:10, 11; 25:1-3, 6-9; 31:16.
10. Ke dikgopiso dife tse di neng di kukunetse mo phuthegong ya Peregamo, mme ke ka ntlha yang fa Bakeresete bao ba ka tswa ba ne ba akanya gore Modimo o ne o tla itlhokomolosa diphoso tsa bone?
10 Jaanong, mo motlheng wa ga Johane, a go na le dikgopi tse di tshwanang le tseo mo Peregamo? Ee, di teng! Boitsholo jo bo sa siamang le kobamelo ya medingwana di kukunetse mo phuthegong. Bakeresete bao ga ba a reetsa ditlhagiso tsa Modimo tse ba neng ba di filwe ka moaposetoloi Paulo. (1 Bakorintha 10:6-11) E re ka ba itshoketse pogiso, gongwe ba ithaya ba re Jehofa o tla itlhokomolosa melato ya bone ya tlhakanelodikobo. Jalo Jesu o ba bolelela puo phaa gore ba tshwanetse go ila bosula jo bo ntseng jalo.
11. (a) Bakeresete ba tshwanetse go itisa mo go eng, mme ba tshwanetse go tila go akanya ga mofuta ofe? (b) Go kgabaganya dingwaga, go kgaotswe batho ba le kae mo phuthegong ya Bokeresete, mme gantsi e le ka mabaka afe?
11 Ka go tshwana gompieno, Bakeresete ba tshwanetse go itisa kgatlhanong le go ‘fetola bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo wa rona seipato sa boitshwaro jo bo repileng.’ (Jude 4) Re tshwanetse go ila se se bosula le go ‘itaya mebele ya rona’ e le gore re tle re latele tsela ya boitsheko jwa Bokeresete. (1 Bakorintha 9:27; Pesalema 97:10; Baroma 8:6) Le ka motlha ga re a tshwanela go akanya gore go tlhagafala mo tirelong ya Modimo le go boloka bothokgami tlase ga pogiso go re naya tetla ya go kopanela mo boitshwarong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Go kgabaganya dingwaga, batlolamolao ba ba neng ba kgaolwa mo phuthegong ya lefatshe ka bophara ya Bakeresete, bontsi jwa bone e le ka mabaka a boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, ba nnile diketekete. Mo dingwageng tse dingwe palo ya bone e ile ya feta ya ba ba neng ba bolawa mo Iseraeleng wa bogologolo ka ntlha ya ga Baale wa Peore. E kete re ka nna re itisitse e le gore re se ka ra nna ba lesomo leo!—Baroma 11:20; 1 Bakorintha 10:12.
12. Fela jaaka batlhanka ba Modimo mo metlheng ya pele, ke melaometheo efe e e dirang mo Bakereseteng gompieno?
12 Gape Jesu o kgalemelela Bakeresete ba Peregamo go ‘ja dilo tse di isediwang medingwana ditlhabelo.’ Seno se ne se tla kopanyeletsa eng? Go ya ka mafoko a ga Paulo a a neng a a kwalela Bakorintha, gongwe bangwe ba ne ba sa dirise kgololesego ya bone ya Bokeresete sentle mme ka boomo ba kgopisa digakolodi tsa ba bangwe. Le fa go le jalo, ba ka tswa ba ne ba kopanela ka tsela nngwe mo medirong ya mmatota ya kobamelo ya medingwana. (1 Bakorintha 8:4-13; 10:25-30) Bakeresete ba ba ikanyegang gompieno ba tshwanetse go bontsha lorato lo eseng lwa bogagapa mo go diriseng ga bone kgololesego ya Bokeresete, ba ikela tlhoko gore ba se kgopise ba bangwe. Tota, ba tshwanetse go tila mefuta ya segompieno ya kobamelo ya medingwana, e e tshwanang le go obamela dinaletsana tse di tshamekang mo thelebisheneng, mo dibaesekopong, le mo metshamekong, kana ba dira madi modimo wa bone, kana le eleng go dira dimpa tsa bone modimo wa bone!—Mathaio 6:24; Bafilipi 1:9, 10; 3:17-19.
Tilang go Itira Makoko!
13. Ke mafoko afe a kgalemo ao Jesu morago a a rayang Bakeresete ba Peregamo, mme ke ka ntlha yang fa phuthego eo e ne e a tlhoka?
13 Jesu gape o kgalemela Bakeresete ba Peregamo, ka go re: “Jalo le wena, o na le ba ba ngangatletseng thuto ya lekoko la ga Nikolase ka tsela e e tshwanang.” (Tshenolo 2:15) Mo nakong e e fetileng, Jesu o ne a akgoletse Baefeso go ila ditiro tsa lekoko leno. Mme Bakeresete ba Peregamo ba tlhoka kgakololo mo go bolokeng phuthego e se na makoko. Go tlhokega nitamo e e oketsegileng mo go tshegetseng ditekanyetso tsa Bokeresete e le gore kutlwano e Jesu a neng a e rapelela mo go Johane 17:20-23 e tle e bolokwe. Go a tlhokega “go rotloetsa ka thuto e e itekanetseng mmogo le go kgalemela ba ba ganetsang.”—Tito 1:9.
14. (a) Go tswa metlheng ya bogologolo, phuthego ya Bakeresete e ne ya tshwanelwa ke go emelelana le bomang, mme moaposetoloi Paulo o ne a ba tlhalosa jang? (b) Ke mafoko afe a ga Jesu a a tshwanetseng go utlwiwa ke ope fela yo o ka tswang a batla go latela setlhopha se se itomololang?
14 Go tswa bogologolong, phuthego ya Bokeresete e ne ya tshwanelwa ke go emelelana le batlhanogi ba ba boikgogomoso, bao ka puo e e borethe, ya boferefere “ba bakang dikgaogano le dikgopiso kgatlhanong le thuto” e e ntshitsweng ka thulaganyo ya ga Jehofa. (Baroma 16:17, 18) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa ka matshosetsi ano mo e ka nnang mo dikwalong tsotlhe tsa gagwe.a Mo metlheng ya segompieno, mo Jesu a tsosoloseditseng phuthego ya boammaaruri mo boitshekong jwa yone le kutlwano ya Bokeresete, kotsi ya go itira makoko e sa ntse e le teng. Jalo he, bape fela ba ba ka tswang ba batla go latela setlhopha se se itomololang, ka gone ba dira lekoko, ba tshwanetse go tsaya tsia mafoko a ga Jesu a a latelang: “Jalo ikwatlhaye. Fa o sa dire jalo, ke tla kwa go wena ka bonako, mme ke tla lwa le bone ka tšhaka e telele ya molomo wa me.”—Tshenolo 2:16.
15. Go itira makoko go simologa jang?
15 Go itira makoko go simologa jang? Gongwe motho mongwe yo o itlhomileng jaaka morutisi o ka nna a simolola dipelaelo, a ganetsa boammaaruri bongwe jwa Baebele (jo bo tshwanang le gore re mo metlheng ya bofelo), mme jalo setlhopha sengwe se itlhaole se bo se mo sale morago. (2 Timotheo 3:1; 2 Petere 3:3, 4) Kana mongwe o ka nyatsa tsela e Jehofa a dirang tiro ya gagwe ka yone mme a tsose moya wa botshwakga a bolela gore go tsamaya ka ntlo le ntlo go rerwa molaetsa wa Bogosi ga go kafa Dikwalong le gone ga go tlhokege. Go nna le seabe mo tirelong eno, e le fa go latelwa sekao sa ga Jesu le baaposetoloi ba gagwe, go ne go tla boloka bano ba ikokobeditse; le fa go le jalo, ba tlhopha go itlhaola le go nna kwa ga mothakga, gongwe ba ipalela Baebele fela ka dipaka dingwe ba le bosi koo. (Mathaio 10:7, 11-13; Ditiro 5:42; 20:20, 21) Bano ba itshimololela megopolo ya bone kaga Segopotso sa loso lwa ga Jesu, taelo ya Dikwalo ya go ithiba mo mading, go ketekwa ga malatsi mangwe a a ketekwang, le go dirisiwa ga motsoko. Mo godimo ga moo, ba nyenyafatsa leina la ga Jehofa; go ise go ye kae ba boela mo ditseleng tsa pele tse di repileng tsa Babelona o Mogolo. Se se bileng se le maswe go feta, bangwe ba tlhotlhelediwa ke Satane go tlhanogela le go ‘itaya batlhankammogo le bone,’ ba ba kileng ba bo ba le bakaulengwe ba bone.—Mathaio 24:49; Ditiro 15:29; Tshenolo 17:5.
16. (a) Ke ka ntlha yang fa ba ba reketlisiwang ke tlhotlheletso ya batlhanogi ba tshwanetse go itlhaganelela go ikotlhaya? (b) Ba ba ganang go ikotlhaya ba tla diragalelwa ke eng?
16 Ope fela yo o reketlang ka ntlha ya tlhotlheletso ya botlhanogi o tshwanetse go itlhaganelela go utlwa mokgosi wa ga Jesu wa gore motho a ikotlhae! Maaka a batlhanogi a tshwanetse go ganwa ka jaana a le botlhole tota! A thailwe mo bopelotshetlheng le kilo, ga a tshwane le boammaaruri jwa tshiamo, jo bo itshekileng, le jo bo rategang joo Jesu a fepang phuthego ya gagwe ka jone. (Luke 12:42; Bafilipi 1:15, 16; 4:8, 9) Fa e le ka ba ba ganang go ikotlhaya, Morena Jesu o “lwa le bone ka tšhaka e telele ya molomo wa [gagwe].” O fefera batho ba gagwe e le gore a tle a boloke kutlwano eo a neng a e rapelela mo maitsiboeng a gagwe a bofelo le barutwa ba gagwe mo lefatsheng. (Johane 17:20-23, 26) E re ka batlhanogi ba gana kgakololo e e lorato le thuso e ba e newang ke dinaledi tse di mo seatleng sa gagwe se segolo, Jesu o ba atlhola a ba a ba otlhaya “ka bopeloethata jo bogolo thata,” a ba latlhela “kwa lefifing le le kwa ntle.” Ba a kgaolwa, gore ba se ka ba tlhola ba nna sebediso mo bathong ba Modimo.—Mathaio 24:48-51; 25:30; 1 Bakorintha 5:6, 9, 13; Tshenolo 1:16.
‘Mana a a Fitlhilweng le Letlapana le le Borethe’
17. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba “fenyang” ba tla duelwa ka eng, mme Bakeresete ba Peregamo ba ne ba tlhoka go fenya eng?
17 Botlhe ba ba utlwang kgakololo ya ga Jesu, e a e neelang ka kaelo ya moya o o boitshepo wa ga Jehofa, ba tla bona tuelo e kgolo. Reetsa! “A yo o nang le tsebe a utlwe se moya o se buang le diphuthego: Yo o fenyang ke tla mo naya mangwe a mana a a fitlhilweng, e bile ke tla mo naya letlapana le le borethe le lesweu, mme mo letlapaneng le le borethe leno go kwadilwe leina le lesha le go seng ope yo o le itseng fa e se yo o le amogelang.” (Tshenolo 2:17) Ka gone, Bakeresete ba Peregamo, fela jaaka Bakeresete ba Semerena, ba kgothalediwa go ‘fenya.’ Gore ba tle ba atlege, ba ba kwa Peregamo, koo setulo sa ga Satane sa bogosi se leng gone, ba tshwanetse go bifela kobamelo ya medingwana. Ba tshwanetse go fenya boitsholo jo bo sa siamang, go itira makoko, le botlhanogi jo bo tshwanang le jwa ga Balake, Balaame, le lekoko la Banikolaitane. Ka go dira jalo, Bakeresete ba ba tloditsweng bao ba tla lalediwa go ja mangwe a “mana a a fitlhilweng.” Seno se kaya eng?
18, 19. (a) Mana a Jehofa a neng a a naya Baiseraele e ne e le eng? (b) Ke mana afe a a neng a fitlhilwe? (c) Ke eng se se tshwantshediwang ke go ja mana a a fitlhilweng?
18 Mo motlheng wa ga Moshe, Jehofa o ne a abela Baiseraele mana go ba tshedisa mo loetong lwa bone lwa mo nageng. Mana ao a ne a sa fitlhwa, ka gonne moso mongwe le mongwe—kwantle ga ka letsatsi la Sabata—a ne a bonala ka kgakgamatso, a tshwana le dikapetlana tsa kapoko mo godimo ga lefatshe. E ne e le thulaganyo ya Modimo ya go boloka Baiseraele ba tshedile. Jehofa o ne a raya Moshe a re a boloke bontlhanngwe jwa “senkgwe” seno mo sejaneng sa gouta mo teng ga letlole le le boitshepo la kgolagano go nna segopotso ‘go ya le dikokomana tsa Iseraele.’—Ekesodo 16:14, 15, 23, 26, 33; Bahebera 9:3, 4.
19 A bo e le setshwantsho se se tshwanelang jang ne! Mana ano a ne a fitlhilwe fa lefelong la Boitshepo jwa Maitshepo la motlaagana, koo lesedi le le gakgamatsang le le neng le phatsima mo godimo ga Letlole le neng le tshwantshetsa go nna gone ga ga Jehofa ka boene. (Ekesodo 26:34) Go ne go se na ope yo o neng a letlelelwa go tsena mo lefelong leo le le boitshepo go ya go ja mana a a fitlhilweng. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a re balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng ba ba fenyang ba ne ba tla ja “mana a a fitlhilweng.” Fela jaaka Keresete pele ga bone, ba tsena, “e seng mo lefelong le le boitshepo le le dirilweng ka diatla, le e leng sekaelo sa selo sa mmatota, mme . . . mo legodimong ka bolone.” (Bahebera 9:12, 24) Fa ba tsosiwa, ba apara bosaboleng le bosasweng—eleng mpho e e gakgamatsang ya ga Jehofa, e e tshwantshediwang ke go fiwa ga bone “mana a a fitlhilweng” a a sa nyeleleng. A bo setlhopha se sebotlana seo sa bafenyi se le lesego jang ne!—1 Bakorintha 15:53-57.
20, 21. (a) Ke eng se se tshwantshediwang ke go naya Bakeresete ba ba tloditsweng letlapana le lesweu? (b) E re ka go na le matlapa a masweu a le 144 000 fela, ba boidiidi jo bogolo ba na le tsholofelo efe?
20 Bano gape ba amogela “letlapana le le borethe le lesweu.” Mo dikgotlatshekelong tsa Roma, go ne go dirisiwa matlapa fa go neelwa katlholo.b Letlapa le lesweu le ne le kaya go sa bonwe molato, fa letlapa le lentsho lone le ne le kaya katlholo, gantsi ya loso. Go naya ga ga Jesu Bakeresete ba Peregamo “letlapana le le borethe le lesweu” go ne go tla bontsha gore o ba bona ba se na molato, ba itshekile, ba bile ba le phepa. Mme mafoko a ga Jesu a ka tswa a na le tlhaloso e nngwe. Mo metlheng ya puso ya Roma, matlapa gape a ne a dirisiwa jaaka dithekethe tsa go tsena mo meletlong e e kwa godimo. Jalo letlapana le lesweu le ka tswa le supa sengwe se se kgethegileng fela thata mo Mokereseteng yo o tloditsweng wa mofenyi—eleng go letlelelwa go tsena mo lefelong le le tlotlegang kwa legodimong mo lenyalong la Kwana. Go abiwa matlapana ano a le 144 000 fela.—Tshenolo 14:1; 19:7-9.
21 A seno se raya gore ga o tsewe tsia fa o le mongwe wa ba boidiidi jo bogolo jo bo obamelang mmogo le batlodiwa? Nnyaa, le eseng! Le fa o ka tswa o sa amogele letlapana le lesweu la go amogelwa kwa legodimong, fa o itshoka, o ka nna wa falola pitlagano e kgolo mme wa nna le seabe mo tirong e e itumedisang ya go tsosolosa Paradaise mo lefatsheng. Ba ba tla kopanelang le wena mo go seno e tla nna baikanyegi ba ba tsositsweng ba metlha ya pele ga Bokeresete le ba dinku tse dingwe ba ba ka tswang ba sule bosheng. Kgabagare, baswi botlhe ba ba rekolotsweng ba tla segofadiwa ka go tsosediwa botshelong mo lefatsheng la paradaise.—Pesalema 45:16; Johane 10:16; Tshenolo 7:9, 14.
22, 23. Leina le le kwadilweng mo letlapaneng le le newang Bakeresete ba ba tloditsweng le kaya eng, mme seno se tshwanetse go kgothaletsa eng?
22 Leina le lesha le le kwadilweng mo letlapaneng leno ke lefe? Leina ke selo sa go tlhaola motho le go mo farologanya le ba bangwe. Bakeresete bano ba ba tloditsweng ba amogela letlapana morago ga ba sena go wetsa botshelo jwa bone jwa selefatshe e le bafenyi. Ka phepafalo, he, leina le le mo letlapaneng leno le amana le tshono ya bone ya go kopana le Jesu kwa legodimong—boemo jo bo itumedisang thata jwa go nna dikgosi jo bo tla itumelelwang fela le go ipelelwa ke ba ba ruang Bogosi jwa selegodimo. Jalo he, ke leina, kana maemo a bone, “le go seng ope yo o le itseng fa e se yo o le amogelang.”—Bapisa Tshenolo 3:12.
23 Abo seo e le kgothatso jang ne mo go ba setlhopha sa Johane go ‘utlwa se moya o se buang le diphuthego’ le go se dirisa! Mme abo seno se kgothatsa badirimmogo le bone ba boidiidi jo bogolo jang ne, go direla le bone ka boikanyegi fa ba sa ntse ba ka ipelela bolekane jwa bone mono mo lefatsheng le go kopanela le bone mo go itsiseng Bogosi jwa ga Jehofa!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona gape 1 Bakorintha 3:3, 4, 18, 19; 2 Bakorintha 11:13; Bagalatia 4:9; Baefeso 4:14, 15; Bafilipi 3:18, 19; Bakolosa 2:8; 1 Bathesalonika 3:5; 2 Bathesalonika 2:1-3; 1 Timotheo 6:3-5; 2 Timotheo 2:17; 4:3, 4; Tito 1:13, 14; 3:10; Bahebera 10:26, 27.
b Bona Ditiro 26:10 le mokwalo o o kwa tlase mo New World Translation Reference Bible.
[Ditshwantsho mo go tsebe 43]
Dilo tseno tse di bontshang kafa kobamelo ya boheitane e neng e aname ka teng di beilwe mo pontsheng gore di bonwe ke botlhe kwa Pergamon Museum kwa Berlin
[Setshwantsho mo go tsebe 45]
Mana a mangwe a ne a fitlhilwe mo letloleng la kgolagano. Go newa mana a a fitlhilweng a tshwantshetso go raya gore batlodiwa ba ba fenyang ba amogela bosasweng
[Setshwantsho mo go tsebe 45]
Letlapana le lesweu le newa ba ba amogelwang mo lenyalong la Kwana