LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 3/15 ts. 12-17
  • Lebelela kwa go Jehofa go Bona Temogo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebelela kwa go Jehofa go Bona Temogo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Seo se Kopanyelediwang ke Temogo
  • Ka moo Joshua a Neng a Bona Temogo ka Gone
  • Ka moo Jehofa a Nayang Temogo ka Gone Gompieno
  • Tlhokomela Gore O Seka Wa Latlhegelwa ke Temogo
  • Temogo eo Jehofa a Ilena a e Naya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • “Botlhale ke Tshireletso”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Ruta Ngwana wa Gago go Direla Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • “Insight on the Scriptures”—Saetlopedia a Ntsha ya Bibela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 3/15 ts. 12-17

Lebelela kwa go Jehofa go Bona Temogo

“Ke tla gu naya [temogo, “NW”] ke go rata tsela e u tla tsamayan ka eona.”—PESALEMA 32:8.

1. Ke dilo dife gape tseo di tlhomamisang gore a re tla dira ditshwetso tse di botlhale? (Bapisa Duteronome 32:7, 29.)

LETSATSI lengwe le lengwe re lebana le go dira ditshwetsodingwe tsa tsone di lebega di le dinnye, tse dingwe ka phepafalo di le botlhokwa. A re tla dira ditshwetso tse di botlhale? Seo se ikaegile ka gore a re phoumela fela kana re a akanya pele ga re bua kana pele ga re dira sengwe. Lefa go ntse jalo, go na le dikgang di le dintsi tseo mo go tsone go dira ditshwetso tse di botlhale go batlang gore re bo re kgona go akanyetsa go feta seo re se itseng. Seno se ka re bath gore re bo re itse gore ditiragalo tsa gone jaanong tsa lefatshe di tla felela fang, le eleng go itse gore go diragalang kwa lefelong la semoya. A re ka dira jalo? A go a kgonega gore motho ope fela a ka dira seno ka mokgwa mongwe mme eseng fela ka go apaapa mo lefifing?

2. Gore re atlege mo botshelong, ke thuso efe eo re a tlhokang, mme ka ntlhayang? (Diane 20:24

2 Batho ba filwe nonofo e e gakgamatsang thata ya tlhaloganyo, mme ba ne ba sa fiwa nonofo ya go ikaela tsela ya botshelo ka katlego kwantle ga go amogela thuso ya Modimo ka boikokobetso. Fela jaaka moperofeti yo O tlhotlheleditsweng Jeremia a kwadile a re: “Yehofa, kea itse ha tsela ea motho a se mo go ena ka esi: ga goeo mo mothun eo o tsamaean ka dinao go siamisa dikgato tsa gagwe.”—Yeremia 10:23.

3. Fa re palelwa ke go lebelela kaelo go tswa kwa go Jehofa, go tla felela fang? (Bapisa Genesise 3:4-6, 16-24.)

3 Go tla felela fang fa re sa tlhokomele ntlha eo mme re bo re ikaega ka borona kana ka batho ba bangwe mabapi le go bona gore se se botlhale kana se se seng botlhale, se se siameng le se se sa siamang ke sefe? Ka go bo re kaelwa ke go akanya ga rona ga nama, go tla nna le dinako tse dingwe tseo ka tsone re tla bonang sengwe se se bosula mo Modimong se le molemo, le go leba tsela e e leng ya boeleele mo Modimong jaaka e e botlhale. (Isaia 5:20) Lefa re ka dira seno re sa ikaelela, re ka nna ra kgopisa ba bangwe. (Bapisa 1 Bakorintha 8:9.) Fa a le ka seo kgabagare se tla diragalelang bao ba sa batleng go kaelwa ke Jehofa, Lefoko la gagwe le tlhalosa jaana: “Go na le tsela a eketen a siame mo mothun, me bokhutlo yoa eona ke ditsela tsa losho.”—Diane 14:12.

4. Jehofa o solofetsa batlhanka ba gagwe thuso efe? (Bapisa Yeremia 10:21.)

4 Mo ponong ya seno, re tlhoka eng? Ka mafoko a a motlhofo fela, re tlhoka thuso eo Jehofa a e nayang. O re kgothatsa, ka go bua jaana: “Ke tla gu [naya temogo, NW] ke gu rata tsela e u tla tsamaean ka eona; ke tla go gakolola leitlho ya me le nntse le le mo go wena.”—Pesalema 32:8.

Seo se Kopanyelediwang ke Temogo

5. “Temogo” ke eng?

5 Totatota “temogo” eo Dikwalo di buang ka yone ke eng? Ke nonofo ya go sekaseka seemo, go leba go feta ka moo o itseng ka gone. Go ya ka Theological Wordbook of the Old Testament, polelwana ya Sehebera eo e dirisitsweng jaaka “temogo” a lebisitse go “go itse lebaka [la dilo tse di rileng] ka botlhale.” Ke mofuta wa kitso e e kgonisang motho go dira ka botlhale le go atlega. E dumalana le tlhaloganyo eo ya motheo le go fetisetsa bokao jwa lediri le le tshwanang la Sehebera, New World Translation, mo godimo ga go dirisa ‘go nna le temogo,’ a dirisa dipolelwana tse di jaaka ‘go dira ka tlhaloganyo,’ ‘go dira ka matsetseleko,’ le ‘go atlega.’—Pesalema 14:2.

6. Ke ka ntlhayang fa go ka twe motho o dira ka botlhale kana ka temogo fa a ‘disa dipounama tsa gagwe’?

6 Ka jalo, “yo o disang dipounama tsa gagwe” o bolelwa gore o “dira ka tlhaloganyo,” kana ka temogo. (Diane 10:19, NW) O a akanya pele ga a bua, a akanyetsa gore ba bangwe ba tla tlhaloganya se a se buang fang, gape le gore a seo a ka se buang ka motho yo mongwe se bontsha botlhale, lorato, kana a le sa botlhokwa. (Diane 12:18; Yakobe 1:19) Ka go bo a tlhotlhelediwa ke go rata ditsela tsa ga Jehofa le keletso ya mmatota ya go thusa bathokaene, seo a se buang se aga ba bangwe.—Diane 16:23.

7. Ke eng seo se neng sa kgonisa Dafide go itsege jaaka motho yo o dirang ka matsetseleko?

7 Go kwadilwe jaana, kaga Dafide morwa Jese: “A nna a ea gonwe le gonwe kwa Saule a mo roman gona, me a nna a diha ka [matsetseleko, (NW)]” ke gore, ka temogo. Dafide o ne a tlhaloganya gore tiro ya gagwe a ne a sa kopanyeletse fela ntwa e e fa gare ga masole a batho. O ne a lemoga gore ene le banna ba ba neng ba tlhabana mmogo le ene ba ne ba lwa dintwa tsa ga Jehofa. Ka jalo, Dafide o ne a lebelela kaelo le tshegofatso go tswa kwa go Jehofa. (1 Samuele 17:45; 18:5; 2 Samuele 5:19) Ka baka leo, ditlhaselo tsa ga Dafide di ne tsa atlega.

8. Mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete ke dikgopolo dife tseo di tlhalosiwang ke lediri le le ranotsweng ka go re ‘go nna le temogo’?

8 Mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika, lediri le le ranotsweng ke go re ‘go nna le temogo’ le dirisiwa gape jaaka, go “bona bokao jwa” le, ‘go tlhaloganya.’ (Baroma 3:11; Mathaio 13:13-15, NW; Baefesia 5:17) Modimo o solofetsa batlhanka ba gagwe nonofo ya go dira tseno. Mme o ba naya temogo eo jang?

Ka moo Joshua a Neng a Bona Temogo ka Gone

9. Jehofa o ne a neela batho temogo jang kwa Iseraeleng wa bogologolo?

9 Kwa Iseraeleng wa bogologolo, Jehofa o ne a laetse Balefi go ruta morafe Molao wa gagwe. (Lefitiko 10:11; Duteronome 33:8, 10) Molao OO o ne o tlhotlheleditswe ke Modimo, mme moya wa ga Jehofa o ne o dira mo thulaganyong eo ya phuthego eo a neng e tshwanetse go o ruta. (Malaki 2:7) Ka mokgwa ono, Jehofa o ne a ‘dira gore Baiseraele ba tlhaloganye,’ kana o ne a ba naya temogo, jaaka go tlhalositswe mo go Nehemia 9:20.

10, 11. (a) Jaaka go bontshitswe mo go Yoshue 1:7, 8, ke eng seo se neng se tla kgonisa Joshua go dira ka temogo? (b) Ke paakanyetso efe ya kaelo eo go neng go le botlhokwa gore Joshua a e anaanele? (c) Ke maiteko afe a botho ao Joshua gape a neng a tlhoka go a dira?

10 Me a batho ba morafe oo ba ne ba tla dira ka temogo? Gore ba dire jalo, ba ne ba tlhokwa go dira sengwe. Jehofa o ne a bua jaana fa a ne a rwesa Joshua boikarabelo jwa go isa Baiseraele kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng: “U nne thata hela le pelokgale thata hela, go tlhokomela go diha kaha molaon otlhe, o Moshe motlhanka oa me o o gu laoletsen: a seka ua o hapoga ua ea kaha ntlhen ea ye legolo kgotsa go ya molema, [e le gore o tle o dire ka botlhale, (NW)] kwa le kwa a can gona. Lokwalo to loa molao, a to se tloge mo molomun oa gago, a akanye mo go lona motshegare le bosigo, gore a tlhokomele go diha kaha go cotlhe tse di kwadilwen mo go lona: gonne tsela ea gago a tla nna le letlhogonolo yalo, me a tla [dira ka botlhale, (NW)].” Lefoko la Sehebera le le dirisitsweng fano jaaka “dira ka botlhale” le raya gape go “dira ka temogo.”—Yoshue 1:7, 8.

11 Jehofa o ne a tla naya Joshua temogo e e ntseng jalo fang? Eseng ka tlhotlheletso nngwe e e gakgamatsang. Sekopololo sa go bona seno a ne a le Lefoko le le kwadilweng la Modimo. Joshua o ne a tlhoka go tlatsa pelo ya gagwe le tlhaloganyo ka lone, a le bala le go tlhatlhanya ka lone ka metlha. Jaaka Joshua a ne a itse, Lefoko la Modimo le ne le bolela gore Balefi ba ne ba tla ba naya taolo e e tswang mo Molaong. Ka jalo, Joshua o ne a tlhoka go lemoga seno, a sa itlhaole jaaka ekete o ne a ka kgona go ikakanyetsa seo ka nosi a akanya ntlha ya gore o ne a na le maemo a a kwa godimo a boikarabelo mo morafeng oo. (Diane 18:1) Joshua o ne a tlhoka go ithuta Lefoko le le kwadilweng la Modimo ka tlhagafalo. Fa a ne a dira seo, a sa tlogele karolo epe fela ya lone, gape fa a ne a le obamela, he o ne a tla dira ka temogo.—Bapisa 1 Dikgosi 2:3.

Ka moo Jehofa a Nayang Temogo ka Gone Gompieno

12. Go iponela molemo mo temogong eo Jehofa a re baakanyeditseng yone, ke dilo dife tse tharo tse di tlhokegang?

12 Fa esale go tla go fitlha mo motlheng wa rona, Jehofa o ile a tswelela go neela batlhanka ba gagwe kaelo a ba a tlhokang gore ba dire ka botlhale. Go solegelwa molemo mo kaelong eno, go tlhokega dilo tse dintsi mo mothong mongwe le mongwe: (1) Re tlhoka go anaanela phuthego ya ga Jehofa, fela jaaka Joshua a ne a dira. Mo go rona, kanaanelo e e ntseng jalo a kopanyeletsa go dirisana mmogo le phuthego ya Bakeresete ba batlodiwa, “motlhanka eo o boikano le eo o botlhale” le Setlhopha sa gagwe se se Laolang. (Mathaio 24:45-47; bapisa Ditihō 16:4.) Mme kanaanelo eno a kopanyeletsa go nna ba ka metlha kwa dipokanong. (Bahebera 10:24, 25) (2) Re tshwanetse go tlhagafalela go dira thuto ya botho ya Lefoko la Modimo le dikgatiso tse di neelwang ke setlhopha sa “motlhanka,” yoo a re thusang go le tlhaloganya. (3) Re tlhoka gape go ipha nako ya go tlhatlhanya kafa dilo tse re di ithutang di ka dirisiwang ka teng mo matshelong a rona le go dirisiwa go thusa ba bangwe.

13. Tsholofelo e e kwadilweng mo go Yeremia 3:15 a kaya eng?

13 Mabapi le mofuta wa bolebedi le phepo ya semoya tseo a neng a tla re baakanyetsa ka tsone mo motlheng wa rona, Jehofa o buile jaana, mo go Yeremia 3:15: “Ke tla to naea badisa kaha peduñ ea me, ba ba tla to yesan ka loco le [temogo, NW].” Eleruri, thulaganyo eno ya phepo ya semoya a ne a tla re naya nonofo e e gakgamatsang ya go ela maemo tlhoko le go lemoga gore ke tsela efe a re tshwanetseng go a tsaya a le gore re atlege. Motswedi wa temogo eo ke mang? Ke Jehofa Modimo.

14. Ke ka ntlhayang fa setlhopha sa “motlhanka” se na le temogo?

14 Ke ka ntlhayang fa setlhopha sa “motlhanka eo o boikano” se na le temogo e e ntseng jalo? Ka go bo ba tlhokomela Lefoko la Modimo ka tlhagafalo mme ba latela kaelo ya lone. Mo godimo ga moo, ka go bo ba ineetse kafa tlase ga kaelo ya ga Jehofa, o ba file moya wa gagwe, a ba dirisa go dumalana le boikaelelo jwa gagwe. (Luke 12:43, 44; Ditihō 5:32) Fela jaaka mopesalema yo o tlhotlheleditsweng a ne a kwala jaana bogologolo: “Ke na le [temogo, NW] go gaisa baruti botlhe ba me; gonne dichupo tsa gago ke cona tlhatlhanyo ea me.”—Pesalema 119:99.

15. (a) Mooko wa kgalemelo eo setlhopha sa “motlhanka” se a re nayang ka metlha ke eng? (b) Mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng, setlhopha sa “motlhanka” se ne sa kgona go re neela “kitso le temogo” jang mabapi le pono ya Bokeresete ka tshelo ya madi?

15 Fa a araba dipotso tsa gore ke eng se se tshwanetseng go dirwa, “motlhanka eo o boikano le eo o botlhale” ka metlha o ile a kgothatsa jaana: ‘Dirisa seo se kwadilweng mo Bibeleng. Ikanye Jehofa.’ (Pesalema 119:105; Diane 3:5, 6) Fa tshelo ya math a simololwa go dirisiwa jaaka mofuta wa kalafi mme e tsosa kgang kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa, The Watchtower ya July 1, 1945, a ne ya tlhalosa pono ya Bokeresete ka boitshepo jwa madi. E ne ya bontsha gore Modimo o ne o thibela go dirisiwa ga math a batho gammogo le a diphologolo. (Genesise 9:3, 4; Ditihō 15:28, 29) Go ne ga seka ga tlotliwa kafa go dira jalo go neng go ka ama botsogo jwa motho ka teng mo setlhogong seo; ka go ne go ise go itsiwe go le kalo ka seo ka nako eo. Kgangkgolo a ne a le go obamela molao wa Modimo, mme a santse a le yone le gompieno. Gompieno, batho ba le bantsi ba lemoga botlhale jo bo nang le mosola jwa go gana tshelo ya math mme ba dira jalo ka dipalo tse di golang. Mme Basupi ba ga Jehofa ba ile ba nna ba kgona go dira ka temogo ka go bo ba ikanya Mmopi, yoo a itseng go le gontsi ka madi go gaisa motho ope fela.

16. Ke ka ntlhayang fa kgalemelo e e mo go Tora ya Tebeto ka dikgang tse di tshwanang le tsa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelo dikobo, malapa a a nang le motsadi a le mongwe, go nna pelobotlhoko goo go ileng ga bonala a le sone fela se se neng se tlhokega?

16 Ereka boikutlo malebana le boitsholo jo bo siameng jwa tlhakanelodikobo bo ntse bo ya kwa tlase, Tora ya Tebelo, a ile ya neelana ka kaelo e e utlwalang ya Dikwalo, go na le go latela tsela e e tlwaelesegileng. Seno se thusa ba le bantsi go babalela kamano ya bone e e molemolemo le Jehofa le go isa tlhokomelo ya bone mo boitumelong jwa goyagoile go na le monate wa nakwana fela. Ka mo go tshwanang, ditlhogo tsa Tora ya Tebelo tseo di neng di lebisitswe mo malapeng a a nang le motsadi a le mongwe le ba ba nang le mathata a go nna le pelo e e botlhoko di ne tsa bontsha temogo eo a ka bonwang fela ke batho ba dikakanyo tsa ga Jehofa a leng tsa botlhokwa mo go bone le bao ka tlhagafalo ba rapelang jaana: “U nthute go diha go rata ga gago; gonne a Modimo oa me.”—Pesalema 143:10; 139:17.a

17. (a) Ke eng seo batlhanka ba ga Jehofa ba neng ba se itse ka ngwaga wa 1914 dingwaga tse di masomesome pele ga one? (b) Lefa go ne go na le dintlha dingwe tseo batho ba Modimo ba neng ba santse ba sa di tlhaloganye morago ga 1914, ke eng seo ba neng ba se itse, seo se neng sa kaela matshelo a bone sentle?

17 A dirisa “motlhanka eo o boikano le eo O botlhale,” Jehofa gape o ne a thusa batlhanka ba gagwe go lemoga gore ngwaga wa 1914 o ne o tla tshwaya bokhutlo jwa Metlha ya Baditshaba, dingwaga tse di masomesome pele ga foo. (Luke 21:24) Legale, fa ba ne ba tsena mo motlheng wa morago ga Ntwa ya Lefatshe I, go ne go na le dipotso tse di neng di ba gakgamatsa. Mme seo ba neng ba se itse se ne se lekane gore ba ka dira ka botlhale. Ba ne ba itse go tswa mo Dikwalong gore nako ya gore Modimo o tle go senya tsamaiso a kgologolo ya dilo a ne a setse a le gaufi; jalo a ne e tla bo a le boeleele go baya tsholofelo ya bone mo go yone kana go letla ditekanyetso tsa yone tsa go atlega mo dilong tse di bonalang go laola matshelo a bone. Ba ne ba itse gape gore Bogosi jwa Modimo a ne a le jone fela tharabololo ya mmatota mo mathateng a a tlhasetseng batho. (Daniele 2:44; Mathaio 6:33) Ba ne ba bona ka phepafalo fela gore ke boikarabelo jwa Bakeresete botlhe ba boammaaruri go itsise Kgosi e e tloditsweng ya ga Jehofa, ebong Jesu Keresete, le Bogosi jwa Gagwe. (Isaia 61:1, 2; Mathaio 24:14) Ka 1925, mo setlhogong sa The Watch Tower se se neng se re “Go Tsalwa ga Morafe,” ba ne ba nonotshiwa ka tlhaloso e e phepafetseng ya Tshenolō kgaolo 12; jalo jaanong ba ne ba tlhaloganya gore go ne go ntse go diragala eng kwa legodimong, seo batho ba sa se bonang ka matlho. Temogo e e ntseng jalo a ne ya kaela matshelo a bone.

18. Ke tshiamelo le boikarabelo bofe tseo re nang le tsone jaanong, mme re tshwanetse go ipotsa potso efe?

18 Ba dira ka tumelo, batho ba le dikete di sekae ba ba neng ba direla Jehofa jaaka basupi ba gagwe ka nako eo ba ne ba simolola go rera mafoko a a molemo a Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Ga felela ka gore dimilione tsa batho di itse le go rata Jehofa mme tsa nna le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng. Rona rotlhe ba re amogetseng boammaaruri a le ka ntlha ya maiteko a bone a a lorato re He ra bontshiwa gore le rona re na le tshiamelo le boikarabelo jwa go tsaya karolo mo tirong eno, go neela mongwe le mongwe yo re ka mo fitlhelelang bosupi jo bo phepafetseng le go tswelela re dira seo go fitlha Jehofa a re tiro e weditswe. (Tshenolō 22:17; bapisa Ditihō 20:26, 27.) A tsela eo o dirisang botshelo jwa gago ka yone a supa gore o anaanela temogo eo Jehofa a ileng a e naya ka phuthego ya gagwe?

19. (a) Naya sekai sa mongwe yoo botshelo jwa gagwe bo neng jwa bontsha gore o anaanela temogo eo Jehofa a e nayang ka phuthego ya gagwe. (b) Re ka ithuta eng ka sekai seo?

19 Matshelo a boidiidi jo bogolo jwa batho mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe a supela gore go ntse fela jalo ka bone. Ka sekai, akanya ka John Cutforth. Dingwaga tse di ka nnang 48 tse di fetileng, o ne a tseela pelong kgakololo ya Dikwalo eo setlhopha sa “motlhanka eo o boikano” se neng se ba tlhokomedisa yone ka nako eo fela jaaka se dira jaanong, eleng: “Batlan pele bogosi yoa gagwe, le tshiamo ea gagwe; me dilo cotlhe tse to tla di okelediwa. Ke gona, se tlhobaelelen ka mosho.” (Mathaio 6:33, 34) Morago ga boitemogelo jwa dingwaga di le dintsi mo tirelong ya ga Jehofa, Mokaulengwe Cutforth o ne a re: ‘Nngwe ya dilo tse di neng tsa gatisediwa thata mo mogopolong wa me ke gore Jehofa o na le phuthego e a e kaelang mo lefatsheng, gore nna jaaka motho nka dira le phuthego eo, le gore fa nka latela kaelo le kgogo ya yone ka botlalo ke tla bona kagiso, thetebalo, le kgotsofalo le ditsala tse dintsi, le masego mangwe a mantsi a magolo.” Go tlhatswega pelo gono go ile ga nonotshiwa ke fa a ntse a ipelela masego a magolo a semoya kgapetsa kgapetsa mo botshelong jwa gagwe a le kwa United States, Canada, Australia, le Papua New Guinea.b Ka boammaaruri, tsela fela e e botlhale mo go rona rotlhe ke go bontsha go anaanela ga rona tsela eo Modimo o neelang batho ba gagwe temogo ka yone.—Mathaio 6:19-21.

Tlhokomela Gore O Seka Wa Latlhegelwa ke Temogo

20, 21. (a) Batho bangwe ba ne ba latlhegelwa ke temogo ya bomodimo eo ba neng ba na le yone pele jang? (b) Ke eng se se ka re thusang go itshireletsa kgatlhanong le tsela e e hutsafatsang?

20 Temogo eo Jehofa a e neelang ke khumo eo re tshwanetseng go a ngomaela. Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go lemoga gore, temogo ya bomodimo a ka re latlhegela fa re sa tswelele mo tseleng eo re ileng ra kgona go a amogela. Ka maswabi, ba le bantsi ba ile ba diragalelwa ke sone seo. (Diane 21:16; Daniele 11:35) Ka go gene kotlhao e e neng e ba ama ka namana, ba ne ba leka go mpampetsa seo ba neng ba se dire. Ba ne ba tsiediwa ke boikgogomoso. Ba ne ba simolola go leba seo Lefoko la Modimo le reng se bosula jaaka se se molemo, mme ba kgaogana le phuthego ya ga Jehofa. Abo seo se hutsafatsa jang ne!

21 Maemo a batho bao a ntse jaaka a tlhalosiwa mo go Pesalema 36:1-3, koo re balang jaana: “Tlolo ea moikepi a bua mo peduñ ea [gagwe].” Ke gore dikakanyo tsa gagwe tsa bogagapa le dikeletso di mo gogela mo bosuleng. “Ga go na poiho ea Modimo ha pele ga matlho a gagwe,” mopesalema o tswelela jalo. “Gonne o iphora mo matlhon a gagwe, a re, Boikepo yoa gagwe ga bo ketla bo lemogwa, bo ilwa. Mahoko a molomo oa gagwe ke boik6po le tsieco hela.” Mme o felela fang? Ga ‘a sa tlhola a na le temogo ya go dire molemo.’ O itlhatswa pelo gore seo a se dirang se siame, mme o raela ba bangwe gore ba mo latele. Abo go le botlhokwa, jang ne, gore re seka ra nna le temogo fela mme gape re a babalele ka go anaanela tsela eo Jehofa a neng a re kgonisa go a bona ka yone!

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona Watch Tower Publications Index 1930-1985, kafa tlase ga “Marriage,” “Families,” “Moral Breakdown,” le “Depression (Mental).”

b Bona The Watchtower ya June 1, 1958, ditsebe 333-6.

O Gakologeiwa eng?

Ke eng se se tla re thusang go dire ditshwetso tse di botlhale?

“Temogo” a kopanyeletsa eng?

Jehofa o naya batlhanka ba gagwe temogo fang mo motlheng wa rona?

Ke eng se se tlhokegang mo go rona gore re solegelwe molemo ka botlalo ke temogo a Jehofa a e nayang?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Go Solegelwa molemo ke temogo eo a neelwang ke Jehofa, re tshwanetse go anaanela phuthego ya gagwe, re tlhagafalele thuto ya botho, le go tlhatlhanya ka se re se ithutang gore re ka se dirisa jang

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela