Merafe Yotlhe e Tloga e Bona Tshiamo
“Se se siamen shodhe shodhe hela ke shona se a tla se salan morago, gore a tshele, a ye lehatshe boshwa, ye Yehofa Modimo oa gago o le gu mean.—DUTERONOME 16:20.
1. Boikaelelo jwa ntlha jwa Modimo ka motho e ne a le bofe, mme o ne a ka bo diragatsa fang fela?
BOIKAELELO jwa ga Jehofa Modimo fa a ne a bopa monna le mosadi e ne a le gore lefatshe leno le dale ka dibopiwa tse di itekanetseng. Tsotlhe di ne di tla mm aka mme di dira karolo ya tsone mo go fenyeng lefatshe. (Genesise 1:26-28) Ereka motho a ne a bopilwe mo setshwanong sa Modimo a bile . a tshwana nae, o ne a neilwe dinonofo tsa botlhale, tshiamo, lorato, le maatla. Motho o ne a Ica diragatsa boikaelelo jwa Modiri wa gagwe fela fa a ne a dirisa dinonofo tseno ka tekatekano.
2. Go latela tshiamo ga bana ba Iseraela go ne go le botlhokwa go le kana kang?
2 Jaaka go lemogilwe mo setlhogong se se fetileng, motho o ne a tsuologela tiro ya Modimo ya go dira dilo mme a atlholelwa loso. Jaanong, ka ntlha ya bosaitekanelang, go ne go sa kgonege gore a diragatse boikaelelo jwa ntlha jwa Modimo ka setho. Go sa kgoneng ga motho go supa tshiamo e e itekanetseng e nnile lebaka la botlhokwa mo thetelelong eno. Ga go gakgamatse, he, go bo Moshe a ne a gakolola bana ba Iseraele jaana: “Se se siamen shotlhe shotlhe hela ke shōna se a tla se salan morago”! Matshelo a bone le go kgona ga bone go rua Lefatshe la Tsholofetso go ne go ikaegile ka go latela ga bone tshiamo.—Duteronome 16:20.
Moriti wa Dilo tse di Tlang tse di Molemo
3. Ke ka ntlhayang fa go sekaseka ditirisano tsa ga Jehofa le Baiseraele go le botlhokwa mo go rona gompieno?
3 Ditirisano tsa ga Jehofa le morafe wa IseIraele di nonotshitse tshepo ya rona ya, gore eleruri o tla bontsha merafe yotlhe tshiamo ya gagwe ka phepafalo ka Motlhanka wa gagwe yo o tlhophilweng, ebong Jesu Keresete. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa dintlha tseno ka tsela eno: “Ka gonne dilo cotlhe tse di kwadilwen gale, di kwadilwe gore di re rute, gore re bone cholohelo ka pelotelele le ka kgomoco ea dikwalo.” (Baroma 15:4) Ereka Modimo o “rata tshiamo le tshiamisho,” o ne o batla gore Baiseraele ba mo etse mo ditirisanong tsotlhe tsa bone mmogo. (Pesalema 33:5) Seno se ka bonwa sentle fa go sekasekiwa mealo ya e e 600 eo a neng ya newa Baiseraele.
4. Go ne go dirwa fang ka mathata a ditshwanelo tsa baagi mo Molaong wa ga Moshe?
4 Mathata a ditshwanelo tsa baagi a ne a sa nne teng fa go ne go latelwa Molao wa ga Moshe. Fa re tsaya kgang ya motho yo o neng a se Moiseraele yo o neng a tlile go nna mo lefatsheng leo, Lefitiko 19:34 a tlhalosa jaana: “Moen eo o yakilen mo go Iona, a a nne go lona yaka eo o tsalecwen mo go Iona, a mo rate yaka a ithata.” Abo a ne a le thulaganyo e e siameng le e e lorato jang ne! Gape, baatlhodi le basupi ka go tshwana ba ne ba laiwa jaana: “U se ka ua sala bontsi morago mo go dihen boshula; le gona a seka ua shupa kaga se se ganelwan ua sala bontsi morago go haposa katlholo: Le gona a se ka ua tshaba le se se ganelwan sa mohumanegi ka mokgwa oa botsalano.” (Ekesodo 23:2, 3) A ko o akanye ka seobahumi le bahumanegi ba direlwa tshiamo ka go tshwana!
5. Bapisa melao ya bokebekwa ya Molao wa ga Moshe le ya gompieno.
5 Mn tsamaisong ya Moalo wa ga Moshe, melao ya bokebekwa a ne a gaisa kgakala melao e e mo dibukeng tsa melao tsa merafe gompieno. Ka sekai, legodu le ne le sa tlhatlhelwe mo kgolegelong a le gore le seka la rwesa batho ba ba dirang ka natla bao ba utlwang Molao morwalo. O ne a tshwanelwa ke go bereka le go duelela seo a neng a se utswile go menagane sebedi kana go feta. Jalo yo o utswetsweng o ne a sa latlhegelwe ke sepe. A re re legodu le ne le gana go bereka le go duela. Fa go ntse jalo, o ne a rekisiwa jaaka lekgoba go fitlhela go ne go busediwa se se utswilweng. Fa a ne a tswelela go bontsha boikutlo jwa boganana, o ne a bolawa. Ka tsela eno moutswelwa o ne a direlwa tshiamo, mme seno a ne a le thibedi a kgolo go ba bangwe bao ba neng ba ka batla go utswa. (Ekesodo 22:1, 3, 4, 7; Duteronome 17:12) Mo godimo ga moo, ereka botshelo bo le boitshepo mo matlhong a Modimo, mmolai ope fela o ne a bolawa. Seno se ne se tlosa motho yo o bosula, wa mmolai mo morafeng oo. Lefa go ntse jalo, babolai ba batho bao ba neng ba sa ikaelela ba ne ba bontshiwa kutlwelo botlhoko.—Dipalo 35:9-15, 22-29, 33.
6. Go sekaseka melao ya Baiseraele go re gogela kwa phetsong efe?
6 Ke mang he, yo o ka latolang gore mo ditirisanong tsotlhe tsa Modimo tsa boatlhodi le morafe wa Iseraele go ne go na le tshiamo? Ka gone, a bo re gomotsega jang ne, re nna le tsholofelo e kgolo jang ne fa re akanyetsa kafa tsholofetso ya Modimo e e mo go Isaia 42:1 e tla diragadiwang ka teng ka Keresete Jesu! Mo go yone re tlhomamisediwa jaana: “O tla ntshetsa tshiamisho kwa merahin.”
Katlholo a Lekalekanngwa ka Kutlwelo Botlhoko
7. Tlhalosa kafa Jehofa a neng a dirisana ka kutlwelobotlhoko le Baiseraele ka gone.
7 Katlholo ya Modimo a lekalekanngwa ka kutlwelo botlhoko. Seno se ne sa bontshiwa ka phepafalo fa Baiseraele ba ne ba simolola go tsuologela ditsela tsa Modimo tsa tshiamo. Reetsa kafa Moshe a neng a tlhalosa ka teng kafa Jehofa a neng a ba tlhokomela ka teng ka kutlwelo botlhoko mo dingwageng tse 40 tseo ba neng ba le mo nageng ka tsone: “O mo hitlhetse mo lehatshin ye le sekaka, mo nagen e e bobidibidi hela, e e dumaduman, a mo dikanyetsa, a mo disa, a mo dihela yaka nyetse ea leitlho ya gagwe. Yaka ncwi eo motona o tlen a hudue setlhaga sa gagwe, a bokabokele mo godimo ga mamphorwana a gagwe, ena a ba tsharololela diphuka tsa gagwe, a ba tsaea, a ba rwala mo diphukefi tsa gagwe: Yehofa a le esi a ba goga.” (Duteronome 32:10-12) Moragonyana, fa morafe oo o ne o fetoga batenegi, Jehofa o ne a ikuela jaana: “Boeafi yana mo ditselefi tsa lona tse di boshula, le mo ditihofi tsa lona tse di boshula.”—Sekaria 1:4a.
8, 9. (a) Jehofa o ne a bontsha tshiamo ya kut1welo botlhoko go Bajuda go ya bokgakaleng bofe? (b) Ba ne ba welwa ke matlhotlhapelo afe kwa bofelong, mme go ka tweng ka tsela ya Modimo ya go dirisana le bone?
8 Gore Jehofa o ne a tla ba utlwela botlhoko go ne ga tsena ka tsebe a nngwe ga tswa ka e nngwe. Modimo o ne wa bua jaana, ka moperofeti Sekaria: “Ga baa ka ba utlwa, leha a le go ntheetsa.” (Sekaria 1:4b) Jalo tshiamo ya Modimo ya kutlwelo botlhoko a ne ya mo kgoromeletsa go romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi go ya go ba thusa go boela kwa go Ene. Johane Mokolobetsi o ne a itsise Morwa wa Modimo ka go re: “Bdnafi, Kw ana oa Modimo, eo o tlosafi boleo yoa lehatshe!” (Yohane 1:29) Mo dingwageng di le mmalwa, Jesu o ne a ruta Bajuda ditsela tsa Modimo tsa tshiamo a sa lape, a dira dikgakgamatso tse di senang palo mme ka gone a supa gore ke Mogolodi yo go boleletsweng pele ka ene. (Luke 24:27; Yohane 5:36) Mme batho ba ne ba seka ba reetsa lefa a le go dumela. Ka gone, Jesu o ne a kgoromeletsega go khutsa jaana: “Yerusalema we! Yerusalema we! eo o bolaeafi baperofeti, a kgobotletse ba ba romilwefi kwa go ena! Ke ratile gantsintsi yafi go phutha bana ba gago, hela yaka koko a tle a phuthe mamphorwana a eona mo diphukefi tsa eona, me to ganne! Bonafi, ntlo ea lona to a tlogelecwe a ropehetse hela.”—Mathaio 23:37, 38.
9 Modimo o ne wa nama o sa tshwere go diragadiwa ga katlholo ya gagwe ya pusoloso mo dingwageng tse di latelang tse 37, go fitlha ka 70 C.E. Go tswa foo o ne a letlelela Baroma go senya Jerusalema le go isa diketekete tsa Bajuda botshwarwa. Fa re akanyetsa boitshoko jwa ga Jehofa le bopelotelele jwa gagwe mo nakong ya makgolokgolo a dingwaga, ke mang yo o sa kakeng a bona tshiamo mo ditirisanong tsotlhe tsa gagwe le bantlo ya Iseraele?
Tshiamo go Merafe Yotlhe
10. Tshiamo ya Modimo a ne ya bontshiwa merafe yotlhe jang?
10 Morago ga Baiseraele ba sena go gana Jesu, Jakobe o ne a bua jaana: “Modimo oa lekola Badichaba, gore o tlhaolele leina ya ona batho mo go brine.” (Ditihō 15:14) “Batho” bano, go akareletsa le Bajuda ba sekae bao ba neng ba amogela Jesu jaaka Mesia, botlhe ba bopa “Iseraela [wa semoya] oa Modimo” mme o bopilwe ka balatedi ba ga Keresete Jesu ba ba tsetsweng ka moya ba le 144 000. (Bagalatia 6:16; Tshenolō 7:1-8; 14:1-5) Modumedi wa ntlha yo o sa rupang wa Moditshaba a ne e le Korenelio. Fa Korenelio le balelapa la gagwe ba ne ba amogela tsela ya Modimo ya poloko, Petere o ne a re: “Amarure kea lemoga ha Modimo a se motlhaodi oa batho: Me mo merahifi eotlhe eo o boihafi ona, a ba a diha tshiamo, oa lebosega mo go ona.” (Ditihō 10:34, 35) Paulo o bua mo go oketsegileng kaga tshiamo ya go sa tlhaole ga ga Jehofa fa a re: “Ga go kake ga nna Moyuda le Mogerika, ga go kake ga nna motlhanka le mogololwa, ga go kake ga nna monna le mosadi: gonne lotlhe to motho a le moñwe hela mo go Keresete Yesu. Me ha to le ba ga Keresete, hofi to losika loa ga Aberahame, to baruaboshwa kaha polelofi ea choloheco.”—Bagalatia 3:28, 29.
11. Aberahame o ne a newa tsholofetso efe, mme e tla diragadiwa jang?
11 Fano re gakololwa tsholofetso e e gakgamatsang eo Jehofa a neng a e naya Aberahame. Ka go bo monna yoo wa tumelo a ne a ikemiseditse go ntsha morwawe yo o rategang ebong Isake setlhabelo, Modimo o ne wa mo raya wa re: “Ka a dihile selo se, ua se ka ua gana ka morwao, morwao eo o esi: Ka re, Mo go segohatsen ke tla gu segohatsa, . . . Me merahe eotlhe ea lehatshe a tla segohala mo losiken loa gago.” (Genesise 22:16-18) Tsholofetso eno a tla diragadiwa jang? “Losika loa ga Aberahame,” loo to bopilweng ka Jesu Keresete le balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng ba ba 144 000 bao ba itshupang ba ikanyega go ya losong, ba tla busa setho ba le kwa legodimong ka dingwaga tse di sekete. (Tshenolō 2:10, 26; 20:6) Malebana le nako eo e e itumedisang. Jehofa o re tlhomamisetsa jaana: “Ga go tota ga phusho ea gagwe, le ga kagisho ga go ketla go nna le bokhutlo.” Ka ntlhayang? Ka gonne ‘puso ya segosana’ ya Bogosi joo jwa Bomesia a tla ‘tshegediwa ka katlholo le ka tshiamo go ya bosakhutleng.’—Isaia 9:7.
12. Masego a kgolagano ya ga Aberahame a setse a itemogelelwa go ya bokgakaleng bofe?
12 Mme ga re tlhoke go leta go fitlha Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Jesu Keresete a simologa gore re ipelele masego a kgolagano ya ga Aberahame. Masego ano a setse a ntse a itemogelelwa ke ba “boidiidi yo bogolo” ba batho “ba morahe monwe le monwe, le ba dico cotlhe, le batho, le dipuo.” Ka go ‘tlhatswa dikobo tsa bone le go di sweufatsa mo mading a ga Kwana,’ ebong Jesu Keresete ka tshwantshetso, ba nna le seemo se se molemo fa pele ga ga Jehofa. Jaaka Aberahame, ba nna ditsala tsa ga Jehofa! Eleruri mo tseleng ya ga Jehofa ya go boloka dimilione tsa batho ba merafe yotlhe go na le tshiamo.—Tshenolō 7:9, 14.
A o Arabela Ditseleng tsa Modimo tsa Tshiamo?
13, 14. (a) Rotlhe re tshwanetse go sekaseka dipelo tsa rona jang? (b) Re ka bontsha gore re leboga Jehofa jang?
13 A o amegile pelo le go kukiwa maikutlo fela thata ke tsela ya Modimo ya tshiamo le ya lorato ka go ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi go go rekolola? Akanya maikutlo a ga Aberahame fa Jehofa a ne a mo kopa gore a ntshe morwawe, yo o neng a mo rata fela thata, setlhabelo! Mme maikutlo a Modimo a feta ao. Akanya ka maikutlo a gagwe fa Morwawe yo o rategang a ne a tlontlololwa, a gobololwa ke bafeti ba tsela, a utlwa botlhoko jo bogolo mo koteng ya tlhokofatso. Akanya kafa Jehofa a neng a itshwara ka teng fa Jesu a ne a goa ka go re: “Modimo oa me, Modimo oa me, a ntatlhetsen?” (Mathaio 27:39, 46) Lefa go ntse jalo, tshiamo a ne a tlhoka gore Jehofa Modimo a letlelele Morwawe go swa ka tsela eo a le gore a He a supe bothokgami jwa gagwe a tlotlomatsa tshiamo ya Modimo. Mo godimo ga moo, fa Jehofa a ne a letlelela Morwawe go swa, o ne a re bulela tsela ya go bona poloko.
14 Eleruri, he, go leboga ga rona Jehofa le Morwawe go tshwanetse ga re kgoromeletsa go itsise jaana phatlalatsa: “Poloka a nne go Modimo oa rona . . . le go Kwana.” (Tshenolō 7:10) Fa re arabela sentle ka tsela eno, re bontsha gore re dumela mafoko a ga Moshe a a reng: “Ditsela [tsa ga Jehofa] cotlhe ke tshiamisho.” (Duteronome 32:4) Abo re tshwanetse ra bo re itumedisa dipelo tsa ga Jehofa le Morwawe jang ne fa re bolela mme go tswa foo re ba re latela ditsela tsa Modimo tsa tshiamo tsa go bona poloko ga batho!
15. Mafoko a ga Jesu go Nikodemo a botlhokwa go le kana kang mo go rona?
15 A ga re itumelele go bo badumedikarona ba bo-1870 ba ne ba tsaya kgato e e nitameng mabapi le kgang ya setlhabelo sa thekololo? A ga re itumelele go bo rona gompieno re le ba phuthego eo a ikemiseditseng fela ka go tshwana go tshegetsa tsela ya Modimo e e siameng le e e lorato ya go bona poloko ga batho? Fa re itumelela se, he re tshwanetse go reetsa ka kelotlhoko seo Jesu a neng a se bolelela Nikodemo: “Modimo ga oa ka oa roma Morwa ona mo lehatshin go sekisa lehatshe, me a le gore lehatshe le bolokwe ka ena. Eo o dumelan mo go ena ga a sekisiwe: . . . Eo o dihan boamarure, o tla lesedin, gore ditiho tsa gagwe di senolwe, ha di dihilwe mo Modimon.” Gore re falole katlholo ya Modimo ya pusoloso, re tshwanetse go supa gore re dumela mo Morweng yoo ka go dira ‘ditiro tse di tumalanong le Modimo.’—Yohane 3:17, 18, 21.
16. Barutwa ba ga Jesu ba ka galaletsa Rara wa rona wa selegodimo fang?
16 Jesu o ne a re: “Rre o galalediwa ke mo, ke go re, ha to ufiwafi segolo; me yalo to tla nna barutwa ba me. Ha to tshegetsa ditaolo tsa me, to tla nna mo loraton lwa me; hela yaka ke tshegeditse ditaolo tsa ga Rre, me ke nntse mo loratofi loa gagwe.” (Yohane 15:8, 10) Dingwe tsa ditaolo tseno ke dife? E nngwe a fitlhelwa mo go Yohane 13:34, 35, koo Jesu a neng a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Ke to naea taolo a ncha, ea go re, Lo ratane; . . . Batho botlhe ba tla itse ha to le barutwa ba me ka mo, ha to ratana.” Loungo lwa lorato to bonala sentle gareng ga Basupi ba ga Jehofa. Jesu gape o ne a laola jaana: “Ke gona tsamaeafi to dihe merahe eotlhe barutwa, to ba kolobetse mo inefi ya Rara, le ya Morwa, le ya Moea o o Boitshepo: Lo ba rute go tlhokomela dilo cotlhe tse ke di to laoletsefi: me bonafi, ke bo ke nntse ke na le lona ka metlha eotlhe, le go ea bokhutlon yoa metlha.” (Mathaio 28:19, 20) A wena ka bowena o dira ‘ditiro tseno tse di tumalanong le Modimo’?
17. Ke phelelo efe eo a bontshang gore tiro ya go rera le go dira barutwa ke pontsho ya tshiamo ya ga Jehofa?
17 Tshiamo ya tsela ya ga Jehofa ya go letlelela balatedi ba ga Jesu go dira ditiro tseno tsa go rera le go ruta a bonala sentle fa re akanya ka seo se neng sa fitlhelelwa ke Basupi ba ga Jehofa mo ngwageng o le mongwefela fela. Ka 1988, go ne ga nna le barutwa ba basha bao ba neng ba kolobediwa ba le 239 268! A seno ga se lere boipelo mo pelong ya gago?
Modimo wa Tshiamo o tla Tsaya Kgato ka Bofefo
18. Go ka bodiwa dipotso dife ponong ya go bogisiwa ga batho ba Modimo?
18 Tiro ya go naya bosupi ga a ka ya dirwa kwantle ga kganetso. Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Ha ba mpogisitse, le lona ba tla to bogisa.” (Yohane 15:20) Ditiragalo tsa motIha wa segompieno tsa Basupi ba ga Jehofa di tiisetsa boammaaruri jwa mafoko ao. Dithibelo, go latlhelwa mo dikgolegelong, dititeo, le eleng go tlhokofadiwa di itemogetswe ke Basupi mo nageng nngwe le nngwe. Gape re gakologelwa mafoko a polelelopele ya ga Habakuke a a reng: ‘Molao o repisitswe, le katlholo ga a tlhole a tswelela gope.’ Ka gone, ka dinako tse dingwe, le eleng batho ba ga Jehofa ba ka nna ba ikutlwa ba batla go botsa jaana: ‘Ke ka ntlhayang fa Jehofa a lebelela bao ba dirisanang le ba bangwe ka bonokwane fela? Ke ka ntlhayang fa A didimala fa motho yo o bosula a kometsa yo o tshiamo go mo gaisa?’—Habakuke 1:4, 13.
19. Ke setshwantsho sefe seo Jesu a neng a se naya se se re thusang go tlhaloganya dikgang go ya ka pono ya Modimo?
19 Jesu o ne a naya setshwantsho seo se re thusang go araba dipotso tseno ebile se re kgonisa go bona dilo go ya ka pono ya Modimo. Mo go Luke 17:22-37, Jesu o tlhalosa maemo a thubakanyo ao a neng a tla tshwaya bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo. O ne a bolela gore a ne a tla tshwana le ao a neng a le teng pele ga Morwalela wa motlha wa ga Noa le go senngwa ga Sodoma le Gomora mo metlheng ya ga Lote. Go tswa foo, jaaka go tlhalosiwa mo go Luke 18:1-5, Jesu o ne a retologela go barutwa ba gagwe mme “a bua sechwancho nabo, sa go re, batho ba chwanetse go rapela ka metlha eotlhe, ba sa nosele.” Jesu o ne a bolela ka motlholagadi mongwe yo o neng a tlhoka fela thata le ka “moatlhodi” mongwe yo o neng a le mo seemong sa go ka kgotsofatsa ditlhokafalo tsa motlholagadi yoo. Motlholagadi yoo o ne a nna a kopa ka go re: “Ntsheka mo go eo o mpatikafi.” Ka go bo a ne a sa ipone tsapa, moatlhodi labofelo o ne a “mo sekela.”
20. Setshwantsho sa ga Jesu se re tsholetse thuto efe?
20 Re ithuta eng mo go seno gompieno? Fa Jesu a ne a bapisa moatlhodi yo o sa siamang yoo le Jehofa, o ne a re: “Utlwafi se moatlhodi eo o sa siamafi o se buafi. Me Modimo ona, a ga o ketla o sekela ba a left baitshenkedwi ba ona, ba ba goelafi kwa go ona motshegare le bosigo, me o bile o pelotelele kaga bone. Kea to bolelela, O tla ba sekela ka bonako.”—Luke 18:6-8a.
21. Re tshwanetse go leba le go dirisana le mathata a rona a botho jang?
21 Ka metlha gakologelwa gore fa go tla mo mathateng a rona a botho, sepe fela seo se ka tswang se lebega a le go diega ga Modimo go araba ditopo tsa rona ga se ka baka la go bo o sa rate go di araba. (2 Petere 3:9) Fa re ka tswa re boga pogiso ya mofuta mongwe kana go tlhoka tshiamo jaaka ga motlholagadi yole, re ka nna le tumelo ya gore Modimo o tla tlhomamisa gore kgabagare tshiamo e diragadiwe. Re ka bontsha tumelo ya go nna jalo jang? Ka go rapela ka go bisa go khutla le go oketsa dithapelo tsa rona ka go dira ditiro tsa boikanyegi ka metlha. (Mathaio 10:22; 1 Bathesalonia 5:17) Ka boikanyegi jwa rona, re tla supa gore go na le tumelo mo lefatsheng, gore go na le barati ba boammaaruri ba tshiamo, le gore re bangwe ba bone.—Luke 18:8b.
“Lona Merahe, Itumelen le Batho ba Gagwe”
22. Moshe o ne a digela pina ya gagwe ka ntlha efe ya boitumelo?
22 Makgolokgolo a dingwaga tse di fetileng, Moshe o ne a digela pina ya gagwe ka ntlha eno ya boitumelo: “Lona merahe, itumelefi le batho ba gagwe; gonne o tla lehetsa madi a batlhanka ga gagwe, o tla ipusholosa mo babefi ba gagwe, me o tla dihela lehatshe ya gagwe, le batho ba gagwe, teohololo.” (Duteronome 32:43) Letsatsi la Modimo la pusoloso le atamela ka potlako fela thata. Abo re leboga jang ne go bo a santse a le pelotelele a bile a le tshiamo!
23. Bao ba tsayang karolo mo boitumelong jwa batho ba Modimo ba letetswe ke phelelo efe e e itumedisang?
23 Batho ba merafe yotlhe ba santse ba bulegetswe ke tsela ya go ‘ikwatlhaya,’ mme ga go kgomo ya boroko. Petere o ne a tlhagisa jaana: “Letsatsi ya Morena le tla tla yaka legodu.” (2 Petere 3:9, 10) Tshiamo ya Modimo a tlhoka gore tsamaiso eno e e bosula e senngwe ka bofefo. Fa a senngwa, ekete re ka fitlhelwa gareng ga bao ba neng ba arabela pitsong eno e e itumedisang: “Lona merahe, itumelefi le batho ba gagwe.” Ee, ekete re ka nna gareng ga batho ba ba itumetseng bao ba boneng gore mo ditseleng tsotlhe tsa Modimo go na le tshiamo!
O ne O tla Araba Jang?
◻ Ke ka ntlhayang fa Molao wa ga Moshe o tshwanetse go nonotsha tumelo ya rona mo tshiamong ya Modimo?
◻ Ke eng seo se tshwanetseng go re kgoromeletsa go arabela mo ditseleng tsa Modimo tsa tshiamo?
◻ Jehofa o ka galalediwa jang?
◻ Gompieno, boitumelo jwa boammaaruri bo ka bonwa kae fela?
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
“Amarure kea lemoga ha Modimo a se motihaodi oa batho: Me mo merahin eotihe eo o boihan ona, a ba a diha tshiamo, oa lebosega mo go ona.”—Ditihō 10:34, 35
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Modimo o tla dira gore baitshenkedwi ba gagwe bao ba goelang kwa go ene ba direlwe tshiamo