LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 6/1 ts. 30-31
  • Batla Jehofa mme O Mo Direle ka Pelo Yotlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batla Jehofa mme O Mo Direle ka Pelo Yotlhe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Letsatsi la ga Jehofa Le Gaufi
  • Poloko E A Kgonagala
  • Batho Bao Ba Bolokilweng
  • Dithuto go Tswa mo Dikwalong: Hagai 1:1–2:23
  • Baya Tiro ya ga Jehofa kwa Pele
  • Go Tlhokega Tirelo Eo E Dirwang ka Peloyotlhe
  • Buka ya Bibela ya bo 37—Hagai
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Nnang lo Ntetetse”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Buka ya Bibela ya bo 36—Sefania
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • A Diatla Tsa Gago di se Repe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 6/1 ts. 30-31

Dithuto go Tswa mo Dikwalong: Sefania 1:1–3:20

Batla Jehofa mme O Mo Direle ka Pelo Yotlhe

DINGWAGA di ka nna 50 pele ga Bababelona ba senya Juda wa motenegi, Jehofa o ne a bolela jaana ka moperofeti wa gagwe ebong Sefania: “Ke tla nyèlèlètsa rure dilō cotlhe di tloga mo lehatshiñ.” (1:1, 2) Mme gape Modimo o ne wa bontsha batho ba gagwe seo ba tshwanetseng ba se dira gore ba sireletsege. (2:3; 3:9) Malebana le seno, buka ya Sefania e na le dithuto tse di botlhokwa go botlhe bao jaanong ba lebaneng le “[ntwa] ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe.”—Tshenolō 16:14.

Letsatsi la ga Jehofa Le Gaufi

Fa letsatsi la ga Jehofa le le gaufi jaana, bape ba ba ileng ba katogela kong go Jehofa ba tshwanetse ba boela kwa go ene ka bonako. Gareng ga batho bao Modimo o tlileng go ba “nyeletsa” ke “bao ba menogileñ mo go saleñ Jehofa moragō.” Ba ile ba katogela kgakala mme ga ba tlhole ba amegile ka thato ya Modimo. Abo e le boemo jo bo kotsi jang ne! Bo tshwanetse jwa siamisiwa ka bonako.—Sefania 1:3-11.

Khumo ya dilo tse di bonalang ga e kake ya sireletsa ope mo letsatsing la ga Jehofa. Bangwe bao ba bolelang gore ba direla Jehofa ba tshwaregile mo go lelekiseng dilo tse di bonalang, ba ipaya mo boemong jwa boiketlo. Mme abo ba itsietsa jang ne! Dilo tsa bone tse di bonalang ga di kitla di ba sireletsa mo “letsatsiñ yeuō.”—Sefania 1:12-18.

Poloko E A Kgonagala

Gore re sujwe mo letsatsing la ga Jehofa, go tlhokega se se fetang kitsonyana e sekae fela ya Dikwalo. “Bakgōbaladi” bao ba “dihileñ katlholō ea gagwè” ba tlhagisiwa gore ba ‘batle Jehofa, ba batle tshiamo, ba batle kgobalalo.’ Ke bao ba “ichokèlañ bokhutloñ” fela bao ba tla bolokwang.—Sefania 2:1-3; Mathaio 24:13.

Merafe eo e gatelelang batho ba ga Jehofa gompieno e tla senngwa. Ba tla diragalelwa ke seo se ileng sa diragalela Moaba, Amone, Asiria, le merafe e mengwe eo e dikologileng Jude. Gape tshenyego e letetse Babelona O Mogolo. (Tshenolō 18:4-8) Abo seno se re kgothaletsa gore re tswelele re bolela ka dikatlholo tsa Modimo jang ne!—Sefania 2:4-15.

Batho Bao Ba Bolokilweng

Jehofa jaanong o baakanyetsa batho ba gagwe phalolo. A o kgaogane le dikakanyo tsa Sebabelona mme le go simolola go bua “puō e e itshekileñ” ya boammaaruri jo bo tlhotlhwa kgolo jwa Bibela? A o ile wa ‘bitsa leina la ga Jehofa, ka go ineela mo go ene? A ‘o lere tshupelo’ ebong, “louñō loa melomo e e ipolèlañ leina ya gagwè [phatlalatsa, NW]”? Gore o tle o falole, o tshwanetse wa direla “ka tumalanō e le ñwe hèla” le batho ba ba ineetseng ba ga Jehofa.—Sefania 3:1-10; Baroma 10:13-15; Bahebera 13:15.

E le gore re bolokwe, re tshwanetse ra batla Jehofa re bo re tlotlomatse leina la gagwe le le boitshepo. Boikgodiso, tshiamololo, le maaka ga di na bonno mo bathong ba gagwe. (Baefeso 4:25-32) Ke “ba ba boikobo le ba ba moya o o ikokobeditseng” fela bao ba tla bolokwang fa a itshepisa leina la gagwe.—Sefania 3:11-20, NW.

Dithuto go Tswa mo Dikwalong: Hagai 1:1–2:23

BUKA ya Hagai e re isa kwa go 520 B.C.E., dingwaga di le 17 morago ga gore masalela a Bajuda a boele kwa Jerusalema go ya go aga tempele ya ga Jehofa sesha. (Hagai 1:1) Eno e ne e le nako eo mongwe le mongwe a neng a tshwanetse a tlhoma pelo ya gagwe mo tirong ya Modimo. Lefa go le jalo, Jehofa o ne a bona go tlhokega go romela moperofeti Hagai gore a gakolole batho ba Gagwe kaga boikarabelo jwa bone. A re na le dilo tseo re di ithutang mo go seno?

Baya Tiro ya ga Jehofa kwa Pele

O seka wa baya dikgatlhego tsa dilo tse di bonalang kwa pele ga maikarabelo a semoya. Bajuda bao ba neng ba boela kwa legaeng la bone ba ne ba na le lebaka la go amega ka go sa tlhomamang ga tsa ikonomi, baagelani bao ba seng botsalano, le tse dingwe. Mme tseno e ne e se tsone tse di neng di dira gore ba itlhokomolose, ka ntlha ya botshelo jwa bone jo bo manobonobo. Ke fela morago ga gore ba tsosiwe ke Hagai ba neng ba simolola go bereka mo tempeleng. Ka mo go tshwanang gompieno, re tshwanetse go ‘tlhoma dipelo tsa rona mo ditseleng tsa rona.’ mme re tlhomamise gore re ema tiro ya Modimo nokeng ka bojotlhe jo bo ka kgonegang.—Hagai 1:2-15.

Jehofa o segofatsa maiteko a bao ba dirang tiro ya gagwe ka pelo yotlhe. Modimo o ne a tla segofatsa tiro ya ga Serubabele le Bajuda ba bangwe ya go swetsa tempele, mme kgalalelo ya yone e ne e tla gaisa ya ntlo ya pele. Fa “boidiidi yo bogolo” bo arabela mo molaetseng wa Bogosi gompieno, “dilō tse di elètsègañ tsa merahe eotlhe” di tla mo tempeleng ya semoya ya ga Jehofa, mme o ‘tlatsa ntlo ya gagwe ka kgalalelo.’—Hagai 2:1-9; Tshenolo 7:9.

Go Tlhokega Tirelo Eo E Dirwang ka Peloyotlhe

Kobamelo ya rona e nna ya botlhokwa fela fa re le phepa, maikutlo a rona a itshekile, mme re direla Jehofa ka pelo yotlhe. Go itlhokomolosa ntlo ya Modimo go ne go dira gore Bajuda ba seka ba nna phepa, mme o ne a tla ba segofatsa fela fa tiro ya tempele e ne e simolola. Ka jalo fa e le gore re batla go ipelela masego a ga Jehofa, re tshwanetse ra siamisa sengwe le sengwe seo se batlang go tlhokomelwa le go tlhoma dipelo tsa rona mo tirong ya gagwe. (Bapisa Dipalō 19:11-13.) Fa re ntse re letetse Jehofa gore a reketlise magodimo le lefatshe, a menole dipuso, a re lateleng Serubabele wa tshwantshetso ebong Jesu Keresete, mme re nne le seabe ka pelo yotlhe mo tirong ya ga Jehofa.—Hagai 2:10-23.

[Lebokoso mo go tsebe 30]

DITEMANA TSE DI TLHATLHOBILWENG TSA BIBELA

○ Sefania 1:5—Malakame, go bonala a tshwana le Milekome, Moleke, kana Moloke, e ne e le modimo o mogolo wa maaka wa Baamone. (1 Dikgosi 11:5, 7) Kobamelo ya Moleke e ne e akaretsa go ntsha bana setlhabelo go go neng go le makgapha mme go ne go ganediwa ke Molao.—Lefitiko 20:2-5; Ditihō 7:42, 43.

○ Sefania 2:14—Jaaka fa go ne ga bolelelwa pele, dipilara tse di oleng tsa Ninife e e sentsweng le metse ya yone e megolo e ne ya nna mafelo ao dinonyane le dibatana di dulang mo go one. Dinonyane mme gongwe le phefo ‘di ne di opela’ mo matlhabaphefong a teng a a tlogetsweng fela. Dikgoro tota le eleng le dikarolo tse di kafa teng ga dikago tse dikgolo di ne di senngwa.

○ Sefania 3:9—Lebaka la go bo batho ba bua puo e e tshwanang ga le reye gore ba tla utlwana, jaaka fa bo bontshiwa ke dintwa tse di lowang magareng ga batho ba ba buang leleme le le lengwe. “Puō e e itshekileñ” ke boammaaruri jwa Dikwalo, “sekaō sa mahoko a a tshedileñ.” (2 Timotheo 1:13) E pota ka kwa ga boikgodiso, ebile e galaletsa Modimo, ebile e kopanya botlhe ba ba e buang.

○ Hagai 1:6—Ereka Bajuda ba ne ba itlhokomolosa tempele ya ga Jehofa, o ne a seka a ba segofatsa. Ka jalo, ba ne ba jala ka bontsi mme ba ntsha dipeo tse dinnye mme ba ne ba tlhoka dijo tse di lekaneng le dino tseo di ka kgotsofatsang ditlhokafalo tsa bone. Diaparo tsa bone di ne di le dipotlana ka palo kana e ne e le tsa boleng jo bo sa lekanang go ka ba boloka ba thutafetse, le bao ba neng ba amogela madi go ne go ntse jaaka ekete ba ne ba tsenya madi ao mo dikgetsaneng tsa madi tse di tletseng maroba. Go farologana le Bajuda bao, a le ka motlha re seka ra itlhokomolosa dikgatlhego tsa bomodimo.—Diane 10:22; Nehemia 10:39.

○ Hagai 2:9—Lemororo tempele ya “pele,” eo e neng e agilwe ke Solomone, e ne ya nna dingwaga di le 420, ‘ntlo ya morago’ e ne ya dirisiwa dingwaga di le 584 (515 B.C.E-70 C.E.). Ka jalo tempele ya bobedi e ne ya nna lobaka lo lo leelenyana. Baobamedi ba ba oketsegileng ba ne ba phuthegela kwa go yone, jaaka ka Pentekosete ya 33 C.E., fa Bajuda le basokologela Bojudeng bao ba neng ba tswa go pota Judea ka kwa ba ne ba kgobokanela mo go yone. Go feta moo, Mesia, ebong Jesu Keresete, o ne a ruta mo ‘ntlong ya morago.’ Mabaka ano a e neela kgalalelo e kgolwane ya bodumedi.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela