LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 8/1 ts. 30-31
  • Go Tswa Tseleng ya Loso go ya Tseleng ya Botshelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tswa Tseleng ya Loso go ya Tseleng ya Botshelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nka Dira Eng Gore ke Kgone go Tlogela Diokobatsi?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
  • A Ntwa Kgatlhanong le Diokobatsi e ka Fenngwa?
    Tsogang!—1999
  • Sengwe Seo Se Leng Maswe Thata go Phala AIDS
    Tsogang!—1990
  • Maatla a go Ntlafatsa a Lefoko la Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 8/1 ts. 30-31

Go Tswa Tseleng ya Loso go ya Tseleng ya Botshelo

BOTSHELO jwa me bo ne jwa senngwa ke go tshwakgolwa ke diokobatsi ka dingwaga di le dintsi. Ke ne ka simolola ka diokobatsi tse di seng bogale mme ka felela ke dirisa tse di bogale thata, tse di tshwanang le LSD. Diokobatsi di ne tsa tshwana le botshabelo jwa mathata a mefuta yotlhe a botho le a loago. Ka bohutsana, ke ne ka kgothaletsa basha ba bangwe go mpata mo tseleng eno ya loso.

Ereka ke ne ke itsege jaaka morekisi wa diokobatsi, ke ne ke tlhomilwe leitlho ke mapodisi. Tota ke ne ke tshogile, ka gonne ke ne ke itse gore fa ke ne ke ka tshwarwa ke ne ke tla atlholelwa dingwaga tse dintsi mo kgolegelong. Lemororo ke ne ke nna mo bohutsaneng, go ne go sa lekana go ntira gore ke fetole ditsela tsa me.

Batsadi ba me ba ne ba leka go nthusa ka go nkisa kwa kokelong ya batho bao ba nang le bolwetsi jwa tlhaloganyo go ya go bona kalafi. Ba ne ba solofela gore melemo le kalafi tseo di bonwang koo di ne di tla rarabolola bothata jwa me, mme fela fa ke ne ke tswa, batsadi ba me ba ne ba lemoga gore le yone kalafi eo e ne e sa kgona go mphetola. Ba ne ba leka go nthusa gape ka gore ke buisane le moruti. Seno le sone se ne sa seka sa bereka. Ke ne ka goga matekwane ka ba ka nwela le bojalwa fa pele ga gagwe, jaaka ekete o ne a seo foo. Ke ne ke sa batle go fetoga!

Mosetsana yoo ke neng ke mmeeletse, ebong Oriana, o ne a le kgatlhanong le tsela ya me ya botshelo fela thata, mme ke ne ke sa batle gore a ntlogele. Kafa go lebegang ka teng, seno se ne se lebega e le seo se neng se ka ntlhotlheletsa gore ke fetoge. Mme, go na le moo, ke ne ka tswelela ka mokgwa wa me wa go dirisa diokobatsi mo sephiring. Ke ne ka dira gore Oriana a dumele gore ke ne ke lwala. Ka bokhutshwane fela ke ne ka nna motho fela yo o seng wa sepe. Ke ne ka nna ka itsholofetsa gore ke tla tlogela, gore ke ne ke kgona go go laola, mme go ne go sena mosola. Ke ne ke tsamaela kgakala fela mo tseleng ya loso.

Ereka ke ne ke batla go nyala Oriana ka bofefo joo ke neng ke ka bo kgona, re ne ra ya go batla mokgabisi wa mo teng ga matlo gore a re baakanyetse ntlo ya rona. Mosadi wa gagwe e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme o ne a bua le rona kaga tumelo ya gagwe. Kwa tshimologong puisano eo e ne ya kgatlha Oriana fela thata go gaisa nna, mme fa e ntse e tswelela, ke ne ka lemoga gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dumela fela thata gore Modimo o tla tloga o dira lefatshe leno paradaise le gore batho ba ne ba tla nna mono ka bosakhutleng ka kagiso.

Ke ne ke batla go iponela ka bonna gore a e ne e le boammaaruri gore “le eleng jaanong Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bontshana lorato ebile ba tlotlana,” jaaka mosadi yono a ne a bolela. Jalo nna le Oriana re ne ra ya kwa Holong ya Bogosi. Ke ne ka utlwa ke tlhabiwa ke ditlhong ka baka la moriri wa me o moleele le kapari ya me e e botlhaswa, mme kafa Basupi ba neng ba re amogela ka gone go ne ga ntira gore ka bonako fela ke ikutlwe ke wetse dibete. Ke ne ka ikutlwa gore ke ne ke ka ba tshepa. Go ne ga phepafala gore go ratana ga bone ka bopeloephepa le go tlotlana e ne e setse e le selo sa mmatota mo go bone.

Go simolola ka letsatsi leo go ya pele, ke ne ka simolola go ya dipokanong tsa Bokeresete ka metlha, ka ba ka simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka kgaola moriri wa me ka ba ka fetola kapari ya me, mme morago ga go dira boiteko jo bogolo, ke ne ka tlogela go goga motsoko le go dirisa diokobatsi. (2 Bakorintha 7:1) Lefa go ntse jalo, go ne go na le bothata jo bongwe jo bo masisi mo botshelong jwa me. Kwantle ga go lemoga, ke ne ke tshwakgotswe ke go nwa bojalwa. Fa ke ne ke nwa, ke ne ke nna mo bothateng. Ke ne ke omana le batho mme ke boulelela Oriana. Ke ne ka latlhegelwa ke boitumelo gotlhelele. (Diane 23:29-35) Ke ne ka dira boiteko jwa go tlogela mokgwa oo, mme ka thuso ya ga Jehofa, maatla a thapelo, le thuso ya bakaulengwe ba Bakeresete, ke ne ka kgona go epolola mokgwa ono o o maswe mo botshelong jwa me.

Nna le mosadi wa me re ne ra kolobediwa ka August 23, 1974. Re lebogela boammaaruri go bo matshelo a rona jaanong a na le bokao. Ereka jaanong ke itshepha, ke ile ka simolola go tlotliwa kwa tirong. Nna le mosadi wa me re ne ra dira madi a mantsi, mme go tswa foo re ne ra lemoga gore re ne re salelwa ke nako e e seng kalo fela go dira tirelo ya rona e e boitshepo. Fa e le gore re ne re batla go ipelela botsalano jo bo gaufi le Jehofa, re ne re tla tshwanela go dira diphetogo mo matshelong a rona. Go na le moo, go ne go na le kotsi ya gore lorato lwa rona lwa ntlha lwa boammaaruri lo ne lo tla tsidifala. Jalo ka 1979 re ne ra simolola go bulatsela, re dira tiro ya go rera ka botlalo.

Ke ka ntlhayang fa ke ne ka dira phetso eno? Ebu, ke ka bo ke le kae gompieno fa ke ne ke sena lesedi la boammaaruri? Bao ke neng ke na nabo mo tseleng ya loso jaanong ba tshwakgotswe ke bojalwa kana ba ile ba latlhegelwa ke malapa a bone kana ba mo kgolegelong—kana ba sule. Lefa go le jalo, ke ne ka gololwa ke molaetsa wa Bibela. Kalafi le boikemisetso di ne di sa lekana gotlhelele. Ke ne ke tlhoka tlhotlheletso e e nonofileng. Go batla go tlhagolela botsalano jwa boammaaruri le Jehofa, eleng Mmopi, go ne ga nnaya tlhotlheletso eo. Jaanong, ke keletso ya me e kgolo go dira sotlhe se ke ka se kgonang go thusa bao eleng makgoba a diokobatsi, gammogo le bao ba bogang kana bao ba senang tsela ya go tswa mo mathateng a bone. Nna le mosadi wa me re ntse re dira fela jalo, ka go arola ka tlhagafalo mo bodiheding jwa Bokeresete. Re nnile le tshiamelo ya go thusa batho ba le bantsi go tsena mo tseleng ya botshelo. Gareng ga bano ke batho ba le bararo bao nna ka bonna ke neng ka ba ruta go dirisa diokobatsi. Mo nakong ya jaanong ke direla jaaka molebedi wa potologo mo bokone jwa Italy.

Go boammaaruri: Go dirisa diokobatsi go tshwana le tsela eo mo nakong e khutshwane e tla go gogelang mo losong kana bobotlana mo botshelong jo bo lolea jo bo senang isagwe. Ke tlhoka mafoko a go bolela kafa ke lebogang Jehofa Modimo ka gone! O ile a mpontsha tsela ya go tswa mo lefifing leo ke neng ke tshela mo go lone mme a mpontsha tsela ya botshelo, eo e tletseng lesedi, eo e gogelang kwa isagweng e e sa khutleng.—Go bolela jalo Ruggero Polotti.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela