O Na le Mokgwa Ofe?
1 Dipokano tsa Bokeresete ke karolo ya botlhokwa ya kobamelo ya rona go Jehofa. Moaposetoloi Paulo o re kgothaletsa ka tshwanelo gore re se ka ra bakela go phuthega ga rona, “yaka mokgwa oa bañwe.”—Baheb. 10:25.
2 A o ikutlwa ka tsela e e tshwanang malebana le go phuthega mmogo le bakaulengwe ba gago kwa dipokanong tsa Bokeresete? Mokgwa oo o nang le one o senolang mo ntlheng eno? A o nna gone kwa dipokanong tsotlhe ka metlha, go akaretsa le Thuto ya Buka ya Phuthego? Kana a o fitlhela gore o na le mokgwa wa go fosa dipokano? Ke seabe sefe seo dipokano di nang le sone mo botshelong jwa gago? A o kgothaletsa ba bangwe gore ba nne gone kwa dipokanong ka metlha? A o ntse o kgothaletsa bao ba neng ba le gone kwa Segopotsong gore ba nne gone ka metlha kwa dipokanong?
3 Go sa kgathalesege thulaganyo eo re nang le yone ya letsatsi le letsatsi, kgakololo eno ya ga Paulo ga e ka ke ya tlhaediwa matlho. Le mororo go utlwala gore Mokeresete a ka fosa pokano ka dinako dingwe ka ntlha ya makoa a mo mmeleng kana ka ntlha ya maemo a mangwe ao a se ka keng a kgona go a laola, ruri seo ga e a tshwanela go nna mokgwa. (Bar. 2:21) E re ka go na le maikarabelo a le mantsintsi jaana ao re tshwanetseng ra a tlhokomela, ao a ka akaretsang ditiro di le mmalwa tsa bolegodimo, Mokeresete o tshwanetse go tlhomamisa gore ke dilo dife tse di leng botlhokwatlhokwa. (Bafil. 1:10) Dipokano di balelwa mo gare ba dilo tse e leng tsa botlhokwatlhokwa mo Mokereseteng mme di botlhokwa mo pholong ya rona ya semoya.
KGOTHATSANANG
4 Fa Paulo a ne a kwalela Baroma, o ne a bolela gore o ne a tlhologeletswe go ba bona. Ka ntlhayang? Gore a ke a ba abele neo nngwe ya semoya gore ba “tlè [ba] nitamisiwè.” (Bar. 1:11) O ne a sa kgotsofalele go ba romelela lekwalo fela, leo e leng tshedimosetso e e kwadilweng gore ba le bale, mme go na le moo o ne a ikutlwa gore go kopanela go botlhokwa, ee, go ne go tlhokafala, e re ka a ne a tswela pele ka go bolela jaana: “Go re, nna le lona mmōgō? re gomotsègè mmōgō? mo go lona.” Kana jaaka fa ntlhanyana e e kwa tlase e e go New World Translation Reference Bible e bolela jaana: “Gore re gomotsege re le mmogo.” (Bar. 1:12) Le e leng Paulo, moaposetoloi, o ne a lemoga kafa go neng go tlhokafala ka gone gore a bone kgothatso ka go kopanela le Bakeresete.
5 Ka mokgwa o o tshwanang, kwa dipokanong tsa rona re tshwanetse ra tlhotlheletsana mo loratong le mo ditirong tse di molemo. Monyenyo wa botsalano le go dumedisa ka botsalano go ka nna le diphelelo tse di molemo mo go ba bangwe. Dikakgelo tse di agang, dikarolo tse di baakanyeditsweng sentle tse di mo thulaganyong, go bona ba bangwe ba gatela pele semoyeng, le go nna teng fela mo gare ga bakaulengwe kwa dipokanong e ka nna selo se se kgothatsang thata. Le e leng fa re lapile kwa bokhutlong jwa letsatsi, gantsi re tla fitlhela gore re ikutlwa botoka thata fa re sena go nna gone kwa pokanong. Botsala jwa Bokeresete le lorato tseo bakaulengwe ba rona ba re di bontshang di tla re kgothatsa gore re “sianeñ ka bopelotelele tshianō? e re e beilweñ pele.” (Baheb. 12:1) Fa re reetsa Lefoko la Modimo ka kelotlhoko, seo se ka dira gore re ipaakanyetse go ngaparela boipolelo jwa rona jwa phatlalatsa jwa tsholofelo ya rona re sa reketle. Re tla bona ditshegofatso di le dintsi ka go nna gone kwa dipokanong.
6 Jaanong go feta le fa e le leng pele, re tshwanetse ra ngaparela tumelo ya rona le go tlhotlheletsa ba bangwe mo loratong le mo ditirong tse di molemo. Re tshwanetse ra tlhoafala mo maitekong a rona a gore re nne gone kwa dipokanong tsotlhe tsa phuthego. Ga re batle go wela mo mokgweng kana mo tlwaelong ya go bakela go phuthega mmogo ga rona. Re tshwanetse ra iteka ka thata gore re kgothatse ba bangwe le go ba thusa, go akaretsa le bao ba neng ba le teng kwa Segopotsong, gore ba nne teng kwa dipokanong ka metlha. Ka tsela eno, re tla bontsha kafa re ratang ba bangwe ka gone le kafa re anaanelang dipokano tsa Bokeresete ka gone.