LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 11/15 ts. 15-20
  • Nna le Kgatlhego ya Sebele mo go ba Bangwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna le Kgatlhego ya Sebele mo go ba Bangwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgatlhego ya Semoya le Dipharologano tsa Botho
  • Tsaya Gore ba Bangwe baa go Gaisa
  • Itlwaetse go Bontsha Kgatlhego ya Sebele mo go ba Bangwe
  • Akanyetsa ba Bangwe
  • Go Gapa Mokaulengwe wa Gago
  • Go Gapa ba ba sa Dumeleng
  • Go Bontsha Gore re Kgatlhegela ba Bangwe ka Namana
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Go Bontsha go Kgatlhegela Motho yo Mongwe
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Bagolwane Ba bakeresete—‘Badirimmogo Gore re Ipele’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Akanyetsa Maikutlo a ba Bangwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 11/15 ts. 15-20

Nna le Kgatlhego ya Sebele mo go ba Bangwe

“Moñwe le moñwe a a sa tlhokomele dilō tse e leñ tsa gagwè hèla, ha e se go re, moñwe le moñwe go tlhōkōmèla le tse e leñ tsa ba bañwe.”—BAFILIPI 2:4.

1, 2. Go na le mabaka afe a a gone gape a go nna le kgatlhego ya sebele mo go ba bangwe?

RE NA le mabaka a a molemo a go kgatlhegela ba bangwe. Ka sekai, batho-ka-rona ba tshwanetse go re kgatlha ka gonne re a farologana. Dibopapopego tsa disele tsa mebele ya rona di na le thulaganyo ya popego ya dilo tse re di ruileng. Di farologana fela thata mo eleng gore badiredi ba ba batlisisang ka bokebekwa ba ne ba oketsa ka “tseo-menwana” e go dirisiwang dibopapopego mo lenaneng la bone la mekgwa ya bone ya go batlisisa.

2 Go na le mabaka a mangwe ao ka one re farologanang jaaka batho mme a a kgatlha. Re tlhotlhelediwa ke tikologo ya rona, go simolola fela fa re imiwa. Go na le bosupi jo bontsi jwa gore masea a a iseng a tsholwe a kgona go tsibogela seo se diragalang ka kwantle ga popelo. He, morago ga go tla mo lefatsheng jaaka ba ba hemang mme re sa ikaega ka ope, kana re le meya, maikutlo a batsadi ba rona le ditsela tsa bone di a re ama. Fa re ntse re gola, o ka nna wa tswa o le ngwana yo o esi kana o na le bomorwarrago kana bokgaitsadio ba o nang le seabe mo go ba tlhokomeleng. Go nna le bokopano jo bo ntseng jalo kana go bo tlhoka go ama ka moo re golang ka gone. Seo re se balang, re se rutwang kwa sekolong, re se lebang mo thelebisheneng le sone se tlhotlheletsa go akanya le ditiro tsa rona.

3. Tumalanong le Bafilipi 2:4, re tshwanetse go kgatlhegela eng mo go ba bangwe segolo bogolo?

3 Jalo, he, tsela eo re farologanang ka yone e dira gore re kgatlhegelane. Mme moaposetoloi Paulo o ne a akantse ka lebaka lengwe le legolo malebana le go kgatlhegela ba bangwe. Ka gone, o ne a kgothatsa Bakeresete-ka-ene go ‘se kgatlhegele dilo tse e leng tsa bone fela, fa e se gore, mongwe le mongwe a kgatlhegele le tse e leng tsa ba bangwe.’ (Bafilipi 2:4) Go na le go kgatlhegela melemo e e leng ya rona fela, segolo bogolo re tshwanetse go kgatlhegela bomoya jwa ba bangwe. Ke ditsela dingwe dife he, tseo mo go tsone re ka nnang le kgatlhego ya sebele mo go ba bangwe?

Kgatlhego ya Semoya le Dipharologano tsa Botho

4. Go ya ka Baefesia 4:22-24, ke diphetogo dife tseo di nonotshang go nna le kgatlhego ya semoya mo go ba bangwe?

4 Go nna le kgatlhego ya semoya mo go ba bangwe go ka nonotshiwa ke fa rona ka borona re dirisa kitso ya boammaaruri jwa Dikwalo mme re ithuta go dira tumalanong le sekao sa ga Jesu Keresete. (1 Petere 2:21) Jaaka Bakeresete ba boammaaruri, re ‘apola motho wa bogologolo yo o bolang kafa dithatong tsa tsietso’ ebile re direla mo go emisetseng seno sebaka ka “motho eo mosha, eo kaha Modimoñ o bopilweñ mo tshiamoñ, le mo boitshepoñ yoa boamarure.” (Baefesia 4:22-24) Ka gone, boikutlo jwa bogagapa fa go ntse go ya bo tseelwa sebaka ke go amega ka ba bangwe ka bonolo, le ka go ba akanyetsa.—Isaia 65:25.

5. Ke ka ntlhayang fa go na le dipharologano tsa botho mo phuthegong ya Bokeresete, mme seno se tsosa dipotso dife?

5 Go bonala gore lefa batho ba ga Jehofa ba fetotse botho jwa bone, ditshekamelo tsa boleo di ntse di gone. Ke fela jaaka Paulo le ene a ne a dumela gore: “Mo go nna eo ke ratañ go diha molemō, boshula boo bo nntse bo le gōna.” (Baroma 7:21) Legale, dinonofo tse dingwe tse re di ruileng le tseo re neng ra nna natso di santse di le gone, mme di a re tlhaola. Bangwe ke ditswerere, bangwe ba kelotlhoko. Fa ba bangwe ba didimetse ba bile ba sa bue thata, bangwe ba tlwaela mongwe le mongwe ba bile ba botsalano. He, go ka tshegediwa jang kutlwano mo phuthegong ya Bokeresete fa batho ba farologane jaana?

6. Re tshwanetse go leba dipharologano tsa botho jang, mme o ne o ka tshwantsha seno jang?

6 Fa e le gore re tshwanetse go bontsha kgatlhego ya semoya mo go ba bangwe le go tshegetsa kutlwano ya Bokeresete, re tshwanetse go leba dilo fela jaaka di ntse le go tlhaloganya. Ereka Modimo a sa lebelela boitekanelo mo go rona, ga re a tshwanela go batla seo mo ditsaleng tsa rona tsa Bakeresete. Mo godimo ga moo, Jehofa ga aa lebelela gore batlhanka botlhe ba gagwe ba tshwane ka mo go feletseng. Mo phuthegong ya Bokeresete, re na le boemo jwa rona rotlhe mme re ka kgona go dirisa dinonofo tsa rona tse re di ruileng le tse re di filweng ke Modimo go tsweledisa tiro ya gagwe. (1 Bakorintha 12:12-26) Fa ka metlha re dira ka natla kafa tlase ga kaelo ya Tlhogo ya phuthego, Jesu Keresete, ga re kitla re bona nako ya go lebana le go bonana diphoso. (1 Bakorintha 4:1-4) Fela jaaka mmetli a itse, sedirisiwa sengwe le sengwe se diretswe tiro e e rileng. A hamore e ka gonya letshobana le lentle go tshwana fela le boro? A serethefatsi se se dirisetswang go betla logong se ka dirisiwa go kurufela sekurufu mo go lone? Nnyaa, ka go bo sedirisiwa sengwe le sengwe se na le tiro ya sone e e se tshwanetseng.

7. Jaaka re arola mmogo mo tirelong ya Bogosi, ke eng seo re tshwanetseng go nna re ntse re se akantse?

7 Abo mafoko a pina eno ya Bogosi “Tirelo e e Itumedisang” a le boammaaruri jang ne! E re kgothatsa jaana: “Re direle Modimo ka boipelo, ka ’mpho le dikgono tse re nang natso.” Go boammaaruri gore re ka tswa re sena dikgono tse di tlhomologileng. Lefa go le jalo, ka metlha re tshwanetse ra bo re ntse re akantse ka tiro e a re e neetseng jaaka Basupi ba ga Jehofa mme re ineele mo go yone ka pelo yotlhe. Jaaka pina eno e oketsa jaana: “Lefa tiro’a rona e le potlana, seo se bontsha fa re rata Jehofa.”—Opelelang Jehofa Dipako, pina 130.

Tsaya Gore ba Bangwe baa go Gaisa

8. Kutlwano e ka nonotshiwa ka go dira eng seo Paulo a neng a se bolela mo go Bafilipi 2:1-3?

8 Kutlwano e ka godisiwa gape ke go leba ba bangwe jaaka ba ba go gaisang. Paulo o ne a kwala jaana: “Me ke gōna ha go na le kgomoco ñwe mo go Keresete, ha go na le nameco ñwe ea loratō, ha go na le bolekane boñwe le Mōea, ha go na le mautlwèlō botlhoko a manana le mapelotlhomogi, Dihahatsañ boitumèlō yoa me, yoa gore lo nnè kgopolō e le ñwe hèla, lo chwanè mo loratoñ, lo le mo tumalanoñ e le ñwe hèla, lo le pelo e le ñwe hèla.” Tlhokomela gore moaposetoloi o oketsa ka go re: “Lo sa dihe sepè ka go re lo itiha lekōkō, leha e le ka go ipelahatsa hèla, ha e se go re, ka boikokobeco yoa pelo, moñwe le moñwe a kaeè eo moñwe ha a mo gaisa ka molemō.”—Bafilipi 2:1-3.

9. Go raya eng go nna yo o ratang dikgogakgogano le yo o ikgogomosang, mme dinonofo tseno di ka tilwa jang?

9 Ka go sa tseye gore ba bangwe baa mo gaisa, motho yo o ratang dikgotlhang o supa “tshekamelo e e sa siamang le e e lapisang ya dikomang le dikgogakgogano.” (Webster’s New Collegiate Dictionary) Mokgwa ono o ka itshupa mo ‘dikganetsanong tsa mafoko.’ (1 Timotheo 6:4) Go boammaaruri gore re tshwanetse go amega thata ka ditlhaloso tsa mafoko mangwe le bokao jwa one. Jalo tila go nna tlhogoethata ka dipolelo dingwe tse di dirisiwang mo puong kana tse di kwadilweng. Mme go tweng fa go tlhaga pono nngwe e e farologaneng le ya gago? Kgomarela tshedimosetso ya Dikwalo eo Modimo o e neetseng ka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” ka boikanyegi. (Mathaio 24:45-47) Mo godimo ga moo, ke yone tsela e re ithutileng boammaaruri ka yone lantlha. Go lemoga seno go tla re thusa go tila go nna boikgogomoso, ke gore, go iteba re le botlhokwa thata.

Itlwaetse go Bontsha Kgatlhego ya Sebele mo go ba Bangwe

10. Bafilipi 2:4 e ka dirisiwa jang mo phuthegong?

10 Gakologelwa gore Paulo o re kgothaletsa gore re seka ra ‘tlhokomela dilo tse e leng tsa rona fela, mme re tlhokomele dilo tseo e leng tsa ba bangwe gape.’ (Bafilipi 2:4) Seno se raya eng? Fela jaaka go ela tlhoko tikologo ya rona go ka re thusa mo bodiheding jwa rona jwa tshimo, jalo go kgatlhegela boitekanelo jwa ba bangwe mo phuthegong go tla re naya ditshono tsa go nonotsha kgolagano ya lorato eo e dirang gore re utlwane. Bagolwane segolo bogolo ba na le boikarabelo jwa go bontsha badumedi-ka-bone gore ba ba utlwela botlhoko, ka go bo seane sa re: “U tlhōahalèlè go itse macomane a gago kaha a nntseñ ka gōna.” (Diane 27:23) Legale, rotlhe re ka kgona ebile re tshwanetse go tlhokomela dilo tseo badumedi-ka-rona ba di tlhokang.—1 Petere 2:17.

11. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go nna ba ba reetsang fa re bua le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba semoya?

11 Tsela e nngwe ya go nonotsha kutlwano le go godisa go kgatlhegela ba bangwe ke go ipha nako go buisana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba semoya. Batla go itse gore ba akanya eng. Seno se ka dirwa ka go ba etela kwa magaeng a bone, pele le fa morago ga dipokano kwa Holong ya Bogosi, le fa gare ga dithulaganyo kwa dikopanong. Mme reetsa ka kelotlhoko fa ba bua. Seno se ka raya gore re tla kgona go utlwa mathata ao ba thulanang le one, mme ke gone he re ka kgonang go ba thusa go rwala merwalo ya bone ka jalo re diragatsa molao wa ga Keresete. (Bagalatia 6:2) Lefa go le jalo, sengwe seo se fetang fela go bua le bakaulengwe ba rona ke sone seo se tla sireletsang kutlwano mo phuthegong. Ke eng seo?

Akanyetsa ba Bangwe

12. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go akanyetsa ba bangwe?

12 Go akanyetsa ba bangwe go godisa kutlwano ya Bokeresete. Ereka dikgatelelo tsa botshelo di ntse di oketsega, rotlhe re tlhoka go bontsha nonofo eno. A le ka motlha re seka ra ikgotsofalela fela ka seo se leng mo ditlhaloganyong tsa rona mo e leng gore re bo re palelwe go tlhokomela boikutlo jwa ba bangwe. Ka sekai: Fa mongwe yo a neng a na le karolo mo thulaganyong a ne a tla kwa Pokanong ya Tirelo, mogolwane o ne a itlhaganelela go bua le ene ka kgang nngwe e e neng e tshwanetse gore e itsisiwe. Se se neng sa gakgamatsa mogolwane yono le go mo tlhabisa ditlhong, yo o nang le karolo yoo o ne a mo leba, a nyenya, mme a bo a mo raya a re: “Santlha, Mokaulengwe, dumela!” Kgang e e neng e tshwanetse go tla go itsisiwe e ne ya buiwa morago ga gore ba dumedisane ka botsalano mme mokaulengwe o ne a phuthologa. Abo mogolwane yoo a ne a ithuta thuto e kgolo jang ne! O seka wa nna bofefo, ka gone o itlhokomolosa dilo tse dinnye tseo di dirang gore botsalano jwa rona le batho ba bangwe bo itumedise.

13. Go akanyetsa ba bangwe go tlhotlheletsa bagolwane gore ba dire eng fa ba dirisana le ditsala tsa bone tsa Bakeresete?

13 Go akanyetsa ba bangwe go tlhotlheletsa bagolwane go bontsha kutlwelobotlhoko le dinonofo tse dingwe tse di molemo. Ka dinako tse dingwe, banna bano ba tshwanetse go nna bonolo, “yaka ha moamusi a ñomaèla bana ba e leñ ba gagwè.” (1 Bathesalonia 2:7) Go thusa batho ba bangwe go batla bopelotelele le go ba tshegetsa ka lorato. Bao ba ‘tlogetseng lorato lwa bone lwa ntlha’ ba ka nna ba tlhoka go kgothalediwa go dira mo gogolwane mme ba ka thusiwa gore ba lemoge gore nako e potlakile. (Tshenolō 2:4; 2 Timotheo 4:2; Behebera 6:11, 12) Jaaka Paulo, bagolwane ba ‘rata ka tlhoafalo’ ditsala tsa bone tsa Bakeresete, ba ba laya le go ba nametsa gore ba ‘tsamaye mo go tshwanetseng Modimo.’—1 Bathesalonia 2:8, 11, 12.

14. Ke bosupi bofe jo Paulo a neng a bo naya jo bo supang gore o ne a utlwela ba bangwe botlhoko?

14 Paulo o ne a tlogelela bagolwane sekao se se molemo sa ka moo ba ka bontshang tlhokomelo e e lorato mo boitekanelong jwa semoya jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ka gone. O ne a kwala jaana: “Kwa ntlè ga dilō tse di kwa ntlè, go na le mo go nkimèlañ ka malatsi aotlhe, ke raea tlhobaèlō kaga diphuthègō cotlhe.” Ka gonne Paulo a ne a amega jalo, o ne a ka nna a botsa jaana: “Go na le mañ eo o bokōa, me nna ke se bokōa? mañ eo o kgopisiwañ, me nna ke sa gakale?” Fa o le mogolwane, a o na le boikutlo jo bo ntseng jalo?—2 Bakorintha 11:28, 29.

Go Gapa Mokaulengwe wa Gago

15. Fa go tsoga mathata a a masisi fa gare ga bakaulengwe, ke kgakololo efe ya ga Jesu e e mo go Mathaio 18:15 e e tshwanetseng go latelwa, mme boikaelelo bo tshwanetse go nna bofe?

15 Go akanyetsa ba bangwe go nonotsha kutlwano fa gare ga batlhanka ba ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, mo mabakeng a a sa tlwaelegang, go ka nna ga nna le dipharologano tsa botho. Mo mabakeng a fa go na le dikgang tse di masisi, Bakeresete ba tshwanetse go latela kgakololo ya ga Jesu e e kwadilweng go Mathaio 18:15-17. Tlhokomela kgato ya ntlha. Ke go bua le mokaulengwe wa gago kwa thoko e le gore o “mo kaèlè molato oa gagwè.” Boikaelelo jwa gago e tshwanetse go nna bofe? Ebu, ‘go gapa mokaulengwe wa gago’! Jesu o ne a bua jaana: “E tla re ha a gu utlwile u tla bo u gapile oa ga eno.” Se se itumedisang, go bua mmogo kwa thoko gantsi ke sone sotlhe seo se tlhokegang gore o busetse gape dikamano tsa kagiso fa gare ga gago le moobamedi-ka-wena wa ga Jehofa.

16. Ke eng se o tshwanetseng go se dira fa o tlhokomela gore mokaulengwe wa gago o na le sengwe kgatlhanong le wena?

16 Fa o lemoga gore mokaulengwe wa gago o na le sengwe kgatlhanong le wena, latela kgakololo ya ga Jesu o ‘letlane le mokaulengwe wa gago.’ (Mathaio 5:24) Buang bothata lo ritibetse, ka tsela e e bonolo, lo leka go tlhaloganya dipono tsa lona. Ka tsela eno, kgang gantsi e kgona go rarabololwa mme go nne le kagiso mo phuthegong.

Go Gapa ba ba sa Dumeleng

17, 18. Ke kgakololo efe eo Petere a e nayang basadi ba Bakeresete bao ba nnang mo magaeng a a kgaoganeng ka bodumedi?

17 Nngwe ya maemo a a bokete thata ao mo go one go ka dirisiwang melao-metheo ya Dikwalo ke mo lelapeng leo le kgaoganeng ka bodumedi. Bakeresete ba le bantsi ba dira ka boikanyegi jaaka ba bantsi ba dirisana le dikgatelelo le mathata ao a tsosiwang ke go sa nneng le kutlwano ya semoya mo lenyalong la bone. Ba ka thusiwa jang?

18 Ka gonne ba kgatlhegela ba bangwe, bagolwane ba itumelela go kgona go naya bao ba leng mo malapeng ao a kgaoganeng ka bodumedi thuso ya semoya. Ka sekai, tlhokomelo ya basadi ba ba leng mo seemong seo e ka lebisiwa mo kgakololong ya ga Petere kaga boitsholo jwa bone. O ba bolelela gore ba ineele mo banneng ba bone, le eleng fa bano ba sa dumele ba bile “ba sa utlwe lehoko.” Ke ka ntlhayang fa ba tshwanetse go ineela? “Ba tlè ba kgōnwè [kana, ba gapiwe] kwa ntlè ga lehoko ke mokgwa o montlè oa basadi ba bōnè.” (1 Petere 3:1; Kingdom Interlinear) Mme go dirisa kgakololo eno go na le mosola go le kana kang?

19. Naya sekai go tshwantsha molemo o re ka o bonang ka go dirisa 1 Petere 3:1.

19 Mosadi mongwe yo o bidiwang Vera o ipolela gore fa a ne a fetoga Mokeresete kwa tshimologong, o ne a tlhola a buile le monna wa gagwe ka boammaaruri jwa Bibela, mme o ne a kgopisega. “Ka go latela kgakololo ya Dikwalo eo ke e neilweng ke mogolwane mongwe,” o oketsa jalo, “ke ne ka swetsa ka gore go tla nna botoka gore ke nne botlhale ke bo ke emele dinako tse di tshwanetseng.” Tota-tota, Vera o ne a dirisa 1 Petere 3:1, lefa a ne a tsaya dikgato dingwe go dira gore monna wa gagwe, Barry, a tlotle le ene ka melao-metheo ya Bibela. Moragonyana o ne a tlhalosa jaana: “Fa dingwaga di ntse di tsamaya, ke ne ka fitlhela gore Awake! [eleng lokwalo-paka mmogo le Tora ya Tebelo] e ne e nna mo mafelong a a sa tlwaelegang mo ntlong. E ne e na le dikgang tse di mosola mme ka nako nngwe di bile di le kwa pele ga dikgang.” Go ne ga felela ka gore, morago ga dingwaga tse 20 ba sa utlwane, Barry le Vera jaanong ba itumelela go bo ba utlwana mo tirelong ya ga Jehofa.

20. Ke thuso efe eo bagolwane ba ka e nayang banna ba Bakeresete ba ba leng mo magaeng a a kgaoganeng ka bodumedi?

20 Monna yo o dumelang o lebane le mathata a magolo fa mosadi wa gagwe a ganetsa Bokeresete jwa boammaaruri mme a tlhotlheletsa bana ba gagwe go mo ganetsa. Go kgatlhegela monna yo o ntseng jalo ka sebele, bagolwane ba ka lebisa tlhokomelo ya gagwe mo melaometheong e mengwe ya Bibela e e thusang. Ka sekai, go ka supiwa gore go sa kgathalesege kganetso ya mosadi wa gagwe, e santse e le tlhogo ya lelapa mme o tshwanetse go naya bana ba gagwe kaelo ya Dikwalo. (Baefesia 6:4) A ka nna a kgothalediwa go tshela le mosadi wa gagwe “kaha kicoñ,” a kgatlhegela seo a se dirang a mo thusa ka ditiro tsa mo lapeng le go tlhokomela bana. (1 Petere 3:7) Mo godimo ga moo, monna yo o dumelang le rre o tshwanetse go kgothalediwa go tshola mela ya puisano e bulegile gore a tle a kgone go itse seo se leng mo pelong ya leloko lengwe le lengwe la lelapa la gagwe. Bagolwane ba ka mo kgothaletsa gore ka metlha a nne a ntse a thusa mosadi wa gagwe ka mafoko a a ‘lokilweng ka letswai,’ a mmolelela ka botlhale boammaaruri jwa Dikwalo ka dinako tse di tshwanetseng.—Bakolosa 4:6.

21. Mosadi yo o sa dumeleng a ka thusiwa jang go kgatlhegela boammaaruri?

21 Go bontsha kgatlhego go masika a Bakeresete ba ba leng mo magaeng a a kgaoganeng ka bodumedi gantsi go dira gore ba arabele mo molaetseng wa Bogosi. Go tshwantsha: Monna mongwe wa Mokeresete o ne a kgobegile marapo ka gonne mosadi wa gagwe a ne a sa bolo go nna a mo ganetsa ka dingwaga di le mmalwa. Mogolwane o ne a ithaopela go mo etela le go mo thusa ka puisano ya Bibela. Fa a fitlha kwa legaeng leo, mogolwane o ne a dumedisa mosadi yoo ka boitumelo mme a mmotsa jaana: “A o tla rata go nna le rona?” Taletso eo e e botsalano e ne ya kgatlha mosadi yoo mo e leng gore o ne a itumelela go tsenelela mo dipuisanong. Go ise go ye kae o ne a amogela boammaaruri mme a simolola go rerela ba bangwe.

22. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go nna le kgatlhego ya sebele mongwe mo go yo mongwe?

22 Jaaka Basupi ba ga Jehofa, he, a re ‘direng dilo tsotlhe ka ntlha ya mafoko a a molemo.’ (1 Bakorintha 9:23) Eleruri, “ha re bōna lobaka, a re kè re diheñ se se molemō mo bathuñ botlhe, me bogolo mo go ba e leñ ba ntlo ea tumèlō.” (Bagalatia 6:10) A re nneng le kgatlhego ya sebele mo go ba bangwe gore lorato lwa rona lo gole mo bokopanong jwa rona jwa lefatshe lotlhe jwa bokaulengwe.

O ne O ka Araba Jang?

◻ Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go kgatlhegela ba bangwe segolo bogolo?

◻ Re ka godisa go nna le kgatlhego ya sebele go badumedi-ka-rona jang?

◻ Bagolwane ba ka bontsha go akanyetsa ba bangwe jang?

◻ Go ka felela jang fa re kgatlhegela bao ba sa dumeleng ka sebele?

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Jaaka sedirisiwa sengwe le sengwe se diretswe go dira tiro e e rileng, Bakeresete botlhe mo phuthegong ba ka dirisa dinonofo tsa bone tseo ba di filweng ke Modimo go tsweledisa tiro ya Modimo

Go nonotsha kutlwano ya Bokeresete, nna le kgatlhego ya sebele mo go ba bangwe

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Paulo o ne a tlogelela bagolwane sekao se se molemo sa ka moo ba ka bontshang tlhokomelo e e lorato mo badumeding-ka-bone ka gone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela