LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/91 ts. 1-4
  • Lo se Ka Lwa Lapa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lo se Ka Lwa Lapa
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • TSAMAISA BUKA YA GO FALOLELA
  • KGOTHALETSA BA BANGWE GORE BA NNE BA NONOFILE
  • ‘Lo se Ka Lwa Lapa’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Dithaere—Di ka Nna Botlhokwa Thata mo Botshelong Jwa Gago!
    Tsogang!—2004
  • O se Lape go Dira Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Bona Dikarabo Tsa Dipotso Tseno
    Thulaganyo ya Kopano ya Potologo ya 2017-2018—Ka Molebedi wa Potologo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
km 1/91 ts. 1-4

Lo se Ka Lwa Lapa

1 1991 Yearbook e bolela ka koketsego e e kgatlhisang tota eo e diregang mo lefatsheng lotlhe. Mo nageng nngwe le nngwe go na le ditlhora tse dintšha tsa baboledi.

2 Mme go ntse jang mo tshimong ya lona? A o fitlhela batho ba sa kgathalele molaetsa? A batho ga ba kgatlhegele molaetsa wa Bogosi? A go na le batho ba se kae fela mo magaeng? A ke ba se kae fela bao ba arabelang ka tsela e e molemo? Fa e le gore go ntse jalo, o ka nna wa kgothadiwa ke kgakololo ya ga Paulo mo go Bagalatia 6:9: “Me a re se lapeñ mo go diheñ molemō: gonne re tla rōba mo motlheñ o e leñ ōna, ha re sa ñodiege.” Go dira se se molemo eleruri go kopanyeletsa go rera mafoko a a molemo a Bogosi ka ntlo le ntlo. Re tshwanetse ra tswelela re rera ka potlako go fitlhelela Jehofa a re tiro e weditswe. (Isa. 6:8) Tota le eleng le mo ditshimong tse di boima, go santse go bonwa batho ba sekadinku.

3 Re tshwanetse ra dira eng gore re se ka ra lapa mo bodiheding? Go fetola tsela eo re simololang motlotlo ka yone kana diketapele tsa rona go ka nna ga thusa. Dikakantsho tse di molemolemo di fitlhelwa mo bukeng ya Go Fetolana. A o kile wa di leka? Go ba atamela ka bokhutshwanyane mme e le ka tlhamalalo go ka nna ga dira gore beng ba matlo ba le bantsi ba reetse. Dira gore batho ba itse gore o foo ka gonne o a ba kgatlhegela ka namana le gore o kgatlhegela pholo ya bone e e molemo.

TSAMAISA BUKA YA GO FALOLELA

4 Ka January re ka bontsha ka moo re amegileng ka gone ka ba bangwe ka go ba tsamaisetsa buka ya Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha. Rona ka namana re bontsha ba bangwe ka tsela eo Bogosi jwa Modimo bo leng molemo ka gone ebile re bo ema nokeng ka go rera mafoko a a molemo. Buka ya Go Falolela ke sedirisiwa se se molemolemo sa go thusa ba bangwe gore ba ithute ka mo go oketsegileng kaga Bogosi joo ba buang ka jone gantsi thata jaana mo thapelong, mme ba sa itse go le go kalo ka jone.

5 Go na le dintlha di le mmalwa tseo di ikuelang mo bukeng eno. O ka nna wa fitlhela kgaolo 1 le ditshwantsho tse di leng go ditsebe 4 le 5 di le mosola mo neelanong ya gago. Ke mang yo o neng a ka se ka a rata go nna mo maemong a Paradaise ao a bontshitsweng moo? Serapa sa ntlha se bolela gore go a kgonega go ipelela isagwe ya kagiso le polokesego mo lefatsheng leno. Gape o ka nna wa rata go bontsha setlhogwana se se leng go tsebe 14 seo se tlotlang ka kgang ya bolaodi. Serapa 9 se se leng go tsebe 16 se ka balwa go thusa mong wa ntlo gore a lemoge gore Bogosi jwa Modimo ke puso ya mmatota eo e tla tlogang e dira gore batho ba ditso tsotlhe ba nne seoposengwe e bo e neela kaelo e e siameng eo botlhe ba e tlhokang. Gone ke boammaaruri gore, o ka nna gape wa fitlhelela dintlha tse dingwe di tshwanela mo neelanong ya gago.

6 Eleruri rona ka namana re ka kgothadiwa ke tsela eo re nnang le seabe ka yone mo tirong ya go rera ka Bogosi beke le beke re bo re nonotshiwa ke gone. Mo godimo ga moo, semoya sa rona se ka bolokwa se le kwa godimodimo ke fa re ithuta Lefoko la Modimo ka metlha le fa re nna le seabe ka metlha mo dipokanong tsa phuthego.—Baheb. 10:23-25.

KGOTHALETSA BA BANGWE GORE BA NNE BA NONOFILE

7 O ka kgona go ithusa le gore o kgothatse ba bangwe ka gore o bereke le bone mo bodiheding jwa tshimo. (Bagal. 6:10) Ke ka ntlha yang fa o sa kope babulatsela le bagolwane gore a o ka bereka le bone? Gape, bao ba sa tsweng ka metlha kana gongwe ba sa tlhole ba le matlhagatlhaga ba ne ba tla kgothadiwa ke tsela eo o kgatlhegelang botsogo jo bo molemo jwa bone jwa semoya ka gone.

8 Rotlhe re tlhoka go itshoka mo tirelong ya ga Jehofa mme re se ka ra lapa mo metlheng eno ya bofelo e e boima. Fa re itshoka ka tsela eno seno se tla re kgonisa gore re boloke tlhoafalo ya rona ya Bokeresete go sa kgathalesege mathata kana lebaka la go bo ba bangwe ba sa kgatlhege. (Baheb. 10:36-39) Rapela Jehofa gore a go fe maatla. (Isa. 40:29-31) Mo kope gore a go thuse go itshoka, mme o boloke boikutlo jo bo siameng mo mogopolong. Gakologelwa, re dira tiro ya Modimo. O bona seo re se dirang mo tirelong ya gagwe, mme ga a lebale. (Baheb. 6:10) Ka jalo a re se ka ra lapa! Go na le moo, a re nne re “totahetse mo tihoñ ea Morèna ka metlha eotlhe,” re ikaege ka Jehofa gore a re nonotshe gore re dire ‘tiro ya gagwe e e molemo.’—1 Bakor. 15:58; Bagal. 6:9.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela