-
Lebaka la go bo Kobamelo ya Bokeresete E Le ya Maemo A A Kwa GodimoTora ya Tebelo—1991 | February 15
-
-
wa gagwe o mogolo o o senang boleo mme o tsenye mo legodimong ka molemo wa madi a gagwe.
Kgolagano e nts̆ha, eo e dirilweng gore e nne gone ka madi a ga Jesu, e kgolo go gaisa kgolagano ya Molao. Bao ba leng mo kgolaganong e nts̆ha ba na le melao ya Modimo mo dipelong tsa bone mme ba ipelela go itshwarelwa maleo a bone. (Yeremia 31:31-34) Lebaka la go bo ba lebogela seno le ba tlhotlheletsa gore ba dire boipolelo jwa phatlalatsa jwa tsholofelo ya bone le gore ba kopane le badumedi mmogo le bone. Ka go farologana le bone, baleofi bao ba leofang ka boomo ga ba tlhole ba na le setlhabelo sepe sa maleo.
Tumelo E Botlhokwa!
E le gore re tle re solegelwe molemo ke kgolagano e nts̆ha e e kwa godimo, re tlhoka tumelo. (10:32–12:29) Gape re tlhoka go itshoka fa e le gore re batla go amogela seo Jehofa a se solofeditseng. Jaaka kgothatso ya gore re itshoke, re na le ‘boidiidi jo bo kalo’ jwa basupi ba motlha wa pele ga Bokeresete go re dikologa. Lefa go ntse jalo, segolobogolo re tshwanetse ra tlhokomela tsela e e senang selabe ya ga Jesu kafa tlase ga pogo. Pogo nngwe le nngwe eo Modimo o e letlang gore e re diragalele ka tsela nngwe e ka nna ya lejwa jaaka kotlhao eo e ka nnang ya tlhagisa leungo la kagiso leo eleng tshiamo. Lebaka la go bo ditsholofetso tsa ga Jehofa di le boikanngo le tshwanetse la oketsa keletso ya rona ya go mo direla tirelo e e boitshepo ‘ka tshisimogo le ka poifo.’
Paulo o konela ka tlhagiso. (13:1-25) Tumelo e tshwanetse go re tlhotlheletsa gore re bontshe lorato lwa bokaulengwe, re amogele baeng, re gakologelwe badumedi mmogo le rona bao ba bogang, re boloke lenyalo le tlotlega, mme re ‘kgotsofalele dilo tseo re nang le tsone jaanong.’ Re tshwanetse ra etsa tumelo ya bao ba re eteletseng pele mo phuthegong mme re tshwanetse ra ba utlwa. Mo godimo ga moo, re tshwanetse ra tila botenegi, re itshokele kgobo eo Jesu a neng a e itshokela, “re isetsè Modimo chupèlō ea pakō ka èna ka metlha eotlhe,” mme re tswelele go dira se se molemo. Go itshwara ka tsela e e ntseng jalo le gone go balelwa mo gare ga dikarolo tse di kwa godimo tsa Bokeresete jwa boammaaruri.
-
-
Go Lere Lesedi Kwa Mafelong a a Kwa Kgakala a Kwa BoliviaTora ya Tebelo—1991 | February 15
-
-
Go Lere Lesedi Kwa Mafelong a a Kwa Kgakala a Kwa Bolivia
KAFA bokone le kafa botlhaba jwa dithaba tse di kwa godimodimo tsa Bolivia go na le dinaga tse di kwa tlase tsa boboatsatsi, tseo di tletseng ka dimela. Tsone di kgaogantswe ka dinoka tse di kgaphaselang tseo di itsoketsang ka dikgwa le dipoa tse di tletseng bojang. Go rera mafoko a a molemo a Bogosi mo dikarolong tse di kwa kgakala jaana go ntse jang?
A o ke o ikakanye o le mo teng ga mokoro o mogolo, o o gabilweng mo kutung ya setlhare mme e le o o tsamaisiwang ka enjene kwa morago. Seno ke seo se neng sa diragalela badihedi ba le barataro ba nako e e tletseng go tswa kwa Trinidad, eleng motse o o kwa karolong e e kwa El Beni ya Bolivia. Ba ne ba rulagantse loeto lono e le gore ba ke ba kgone go neela bosupi mo magaeng a a kwa nokeng ao a iseng a ko a tsamaye a fitlhelelwe ka ‘mafoko a a molemo a bogosi’ pele. (Mathaio 24:14) Morago ga gore ba kgabaganye phuthologo e kgolo ya metse ao a neng a tsabakela, mokoro wa bone o ne wa simolola go tsamaya mo molatswaneng o mosesane o o neng o ela kwa Nokeng ya Mamoré.
Mongwe mo setlhopheng seno o bolela jaana: “Re ne re setse re batla re fitlhile mo Mamoré fa re lemoga gore noka kwa bofelong jwa yone e ne e sena metsi. Fa re tswa mo mokorong, re ne ra iphitlhela re nwela mo seretseng go fitlha mo diropeng tsa rona! Mosadi wa me o ne a latlhegelwa ke ditlhako tsa gagwe fa a ne a leka go tswa moo. Mme ka re ne re thusiwa ke bafeti ka tsela, re ne ra kgona go goga mokoro o o thata ono gore o tswe mo seretseng le gore o fitlhe mo mmung o o omileng. Morago ga dioura di le pedi re ntse re dira ka natla, re ne ra fitlha kwa Mamoré.
“Morago ga moo re ne ra kgweetsa ka iketlo go ya kwa godimo ga noka, eo e neng e thibeleditswe ke dintshi tse di kwa godimo tseo di neng di tletse ka dimela tsa boboatsatsi. Fa di utlwa modumo wa enjene, dikhudu tse dikgolo tsa metsi tseo di neng di le mo godimo ga dikota tse di neng di kokobetse mo metsing di ne tsa ithabuetsa mo go one, fa ditolefine tse di kgatlhang tsone di tla di ntse di kwetoga mo metsing nako le nako. Lefelo la ntlha le re neng ra ema mo go lone le ne le tletse mesi eo
-