Lebaka la go bo Re Tlhoka go Nna le Tumelo le go Nna Botlhale
Dintlhakgolo go Tswa go Yakobe
BATLHANKA ba ga Jehofa ba tshwanetse go itshoka fa ba lekwa. Gape ba tshwanetse go tila boitsholo jo bo tla felelang ka gore Modimo o se tlhole o ba amogela. Dintlha tse di ntseng jalo di gatelelwa mo lokwalong lwa ga Yakobe, mme o tlhoka gore o bo o na le tumelo e e tlhaga le botlhale jwa selegodimo gore o di dirise tota.
Mokwadi wa lokwalo lono ga a ipolele gore ke mongwe wa baaposetoloi ba babedi ba ga Jesu ba ba neng ba bidiwa Jakobe mme a re ke “motlhanka oa Modimo le oa Morèna Yesu Keresete.” Morwarraagwe Jesu wa ga mmaagwe ebong Jude o bolela ka tsela e e tshwanang gore ke “motlhanka oa ga Yesu Keresete, le monna Yakobe.” (Yakobe 1:1; Yude 1; Mathaio 10:2, 3) Ka gone go bonala gore lokwalo lono lo lo bidiwang ka ene lo ne lwa kwalwa ke morwarraagwe Jesu wa ga mmaagwe ebong Jakobe.—Mareko 6:3.
Lokwalo lono ga lo umake go senngwa ga Jerusalema ka 70 C.E., mme raditiragalo Josephus o bontsha gore Jakobe o ne a swa loso lwa boswelatumelo ka bonako fela morago ga loso lwa molaodi wa Roma Feseto mo e ka nnang ka 62 C.E. Go lebega gore he, lokwalo lono lo ne lwa kwalwa pele ga 62 C.E. Lo ne lo kwaletswe “dichaba tse di shomè le mecō mebedi” tsa Iseraele wa semoya, ka go bo le ne le lebisitswe go bao ba ‘dumelang mo go Morena wa rona Jesu Keresete.’—Yakobe 1:1; 2:1; Bagalatia 6:16.
Jakobe o dirisa ditshwantsho tseo di ka re thusang go gakologelwa kgakololo ya gagwe. Ka sekai, o bontsha gore motho yo o kopang botlhale mo Modimong ga aa tshwanela go nna le pelaelo, “gonne eo o belaèlañ o chwana le makhubu a lewatlè a a kgweediwañ, a phailakwa ke phehō.” (1:5-8) Re tshwanetse go laola loleme lwa rona gonne lo ka laola tsela e re e tsayang fela jaaka selaolasekepe se kaela sekepe kwa se tshwanetseng go ya teng. (3:1, 4) Mme gore re tle re fenye diteko, re tshwanetse go itshoka ka bopelotelele jaaka molemi yo o letileng thobo.—5:7, 8.
Tumelo, Diteko, le Ditiro
Jakobe la ntlha o bontsha gore jaaka Bakeresete re ka kgona go itumela fa re lekwa. (1:1-18) Dingwe tsa diteko tseno, jaaka bolwetsi, di tlhagela batho botlhe, mme Bakeresete bone gape ba bogisiwa jaaka batlhanka ba Modimo le ba ga Keresete. Jehofa o tla re naya botlhale joo re bo tlhokang gore re itshoke fa re ka nna re bo kopa ka tumelo. Ga a ke a re leka ka dilo tse di bosula, mme re ka mo ikanya gore o tla re naya dilo tse di molemo.
Re tshwanetse go obamela Modimo ka go dira ditiro tse di supang fa re na le tumelo gore a re thuse. (1:19–2:26) Seno se re tlhoka gore re nne “badihi ba lehoko,” eseng bautlwi fela. Re tshwanetse go laola loleme, re tlhokomele dikhutsana le basadi ba batlholagadi, mme re nne re sa mathwa gope ke lefatshe. Fa re ka rata bahumi mme ra tlhokomologa bahumanegi, re tla bo re tlola “molaō o e leñ oa segosi” wa lorato. Gape re tshwanetse go gakologelwa gore tumelo eo e supiwa ka ditiro, jaaka dikao tsa ga Aberahame le Rahabe di supa sentle ka tshwanelo. Eleruri, “tumèlō ha e tlhalanye le ditihō e shule.”
Botlhale jwa Selegodimo le Thapelo
Ba ba rutang ba tlhoka go nna le tumelo mmogo le go nna botlhale gore ba kgone go dira ditiro tsa bone. (3:1-18) Ba na le boikarabelo jo bo bokete tota jaaka bakaedi. Fela jaaka bone, re tshwanetse go laola loleme lwa rona—sengwe seo botlhale jwa selegodimo bo re thusang go se dira.
Botlhale gape bo re thusa go lemoga gore go ineela go dira dilo tse lefatshe le ratang go di dira go tla senya kamano ya rona le Modimo. (4:1–5:12) Fa e le gore re ile ra lwela go fitlhelela maikaelelo mangwe a bogagapa kana re kgadile bakaulengwe ba rona, re tshwanetse go ikwatlhaya. Mme abo go le botlhokwa jang ne go tila go nna ditsala tsa lefatshe leno, ka go bo seno ke boaka jwa semoya! A le ka motlha re se ka ra itlhokomolosa go rata ga Modimo ka go rulaganyetsa go bona dilo tse di bonalang, mme a re itiseng kgatlhanong le moya wa go fela pelo le go ngongorega ka ba bangwe.
Mongwe le mongwe yo o lwalang semoyeng o tshwanetse go kopa bagolwane ba phuthego go mo thusa. (5:13-20) Fa go na le maleo a a dirilweng, dithapelo tsa bone le kgakololo ya bone e e botlhale di tla re thusa go dira gore baleofi ba ba ikwatlhaileng ba itekanele gape semoyeng. Ebile tota, “eo o shokololañ moleohi mo timeloñ ea tsela ea gagwè, [o] tla gololola mōea [wa moleofi yoo] mo loshuñ” [lwa semoya le lwa bosakhutleng].
[Lebokoso mo go tsebe 23]
Badiri ba Lefoko: Re tshwanetse go nna “badihi ba lehoko, e señ bautlwi hèla.” (Yakobe 1:22-25) Motho yo o utlwang fela o tshwana le “motho eo o ipōnañ sehatlhōgō sa gagwè sa tlholègō mo seiponiñ.” Fa a sena go iteba go le gonnye fela, o a tloga mme “a lebale ka bonakō popègō ea gagwè kaha e ne e nntse ka gōna.” Mme ‘modiri wa lefoko’ o leba molao wa Modimo o o itekanetseng, kana o o tletseng, o o akaretsang sengwe le sengwe se se tlhokwang mo Mokereseteng ka kelotlhoko. ‘O tswelela jalo,’ a tswelela go sekaseka molao oo ka boikaelelo jwa go baakanya diphoso gore a o sale morago tota. (Pesalema 119:16) Mme “modihi eo o dihañ” o farologana jang le motho yo o itebang mo seiponeng mme a bo a lebala seo se se senotseng? Ka boammaaruri, modiri o dirisa lefoko la ga Jehofa mme o itumelela go ratwa ke Ene!—Pesalema 19:7-11.