LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 1/15 ts. 10-15
  • O Kgolrelediiya ke eng Gore o se Kolobediwe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Kgolrelediiya ke eng Gore o se Kolobediwe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ga a ka a Kolobediwa ka Bonako
  • Kolobetso ya Ntlha ya Bokeresete
  • Go Ruta le go Kolobetsa
  • Seo Kolobetso a se Tshwantshetsang
  • Go Ineela ka Thapelo
  • Lebaka la go bo Bangwe ba Ikgogona
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa o tshwanetse Go Kolobediwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Go Tshwanelegela Kolobetso ya Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • A O Tshwanetse Go Kolobediwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Kolobetso le Kamano ya Gago le Modimo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 1/15 ts. 10-15

O Kgolrelediiya ke eng Gore o se Kolobediwe?

“Bona, metse ke a; ke kgorelediwa en gore ke se kolobediwe?”—DITIHŌ 8:36.

1. Go ne go diragala eng mo tseleng e e fa gare ga Jerusalema le Gasa?

MOENGELE wa ga Jehofa o ne a sa tswa go bua, mme sengwe se se tshwaegang se ne se diragala mo tseleng ya sekaka gareng ga Jerusalema le Gasa. Moithiopia o ne a ntse mo kareng e e tsamayang a bala Dikwalo. Go ise go ye kae monna mongwe o ne a siane go bapa le sepalangwa seo. “A a tlhaloganya se u se balan?” a botsa. “[Tota],” Moithiopia a araba, “nka tlhaloganya yan, ha monwe a sa nkgoge?” O ne a gogwa ke Filipo wa moefangele, yo o neng a romilwe ke moengele. Fa a sena go palama kara eo, Filipo o ne a simolola ka boperofeti joo bo neng bo kwadilwe ke Isaia mme a “mo rerela Yesu.”

2, 3. (a) Moithiopia o ne a arabela jang mafoko a a molemo? (b) Tiragalo eno a tsosa dipotso dife?

2 Fa ba ntse ba tsamaya mo tseleng, Moithiopia yoo o ne a khutsa a re: “Bona, metse ke a; ke kgorelediwa en gore ke se kolobediwe?” Fa a rialo, a emisa kara. Banna bao boobabedi ba ne ba tsena mo metsing mme Filipo a mo kolobetsa. Go tswa foo moya wa ga Jehofa o ne wa isa moefangele yoo go sele, mme Moithiopia a tsamaya a itumetse.—Ditihō 8:26-39.

3 Fa o le mongwe yo o kopanelang le Basupi ba ga Jehofa mme o ise o kolobediwe, ditiragalo tseno di ka nna tsa go kgothaletsa gore o botse ka go re: Ke ka ntlhayang fa Moithiopia yoo a ne a kolobediwa ka bofefo jalo? Kolobetso e tshwanetse go dirwa jang? E tshwantshetsa eng? Mme ke kgorelediwa ke eng gore ke se kolobediwe?

Ga a ka a Kolobediwa ka Bonako

4. Moithiopia yono a ne a le mang?

4 Ereka Moithiopia a ne a “ile Yerusalema go obamela,” a ne a le mosokologela Sejudeng yo o rupileng. O ne a le “moopahadiwa” mme eseng ka tsela ya senama, ka gonne banna bao ba kgaotsweng bonna jwa bone ba ne ba sa amogelwe mo phuthegong ya Baiseraele. (Duteronome 23:1) Mo ntlheng ya gagwe, “moopahadiwa” o ne a kaya mosimegi, ka gonne e ne a le ‘monna yo o taolokgolo mo go Kandase mohumagadi kgosi ya Ithiopia, a le yoo o laolang mahumo otlhe a gagwe.’—Ditihō 8:27.

5. Ke ka ntlhayang fa moopahadiwa yoo wa Moithiopia a ne a kolobediwa ka bonako jalo?

5 Moithiopia a ne a le monna wa modit’shaba. Lefa go ntse jalo, ereka a ne a sokologetse mo bodumeding jwa Sejuda, o ne a ka kolobediwa jaaka morutwa wa ga Keresete pele ga molaetsa wa Bogosi o fetisediwa go BaditAhaba ba ba sa rupang ba ba tshwanang le Koronelio ka 36 C.E. Jaaka mosokologela Sejudeng, Moithiopia o ne a itse ka Modimo le Lefoko la Gagwe, lemororo a ne a tlhoka thuso ya semoya. Jalo Filipo o ne a kaelwa go ya go rerela monna yono ebile o ne a kgona go mo kolobetsa pele ga mafoko a a molemo a ya go Badit’shaba.

Kolobetso ya Ntlha ya Bokeresete

6. Moithiopia o ne a kolobediwa jang, mme ke ka ntlhayang fa o araba jalo?

6 Moithiopia o ne a kolobediwa jang? Lefoko “go kolobetsa” le tswa mo lereong la Segerika ba·ptiʹzo, leo le rayang “go nwetsa, go ina.” Go dirisitswe lefoko la mofuta o o tshwanang la “go ina” mo go 2 Dikgosi 5:14 mo go Septuagint ya Segerika. Mme go lemotshega gore Moithiopia o ne a kopa go kolobediwa fa ene le Filipo ba ne ba tla fa ‘bodibeng jwa metsi.’ Gore a kolobediwe, boobabedi ba ne ba “hologela mo metsin,” morago ba “tlhatloga mo metsin.” (Ditihō 8:36-39) Ka jalo, moopahadiwa wa Moithiopia o ne a kolobediwa ka go nwediwa mo metsing.

7. Ke sekao sefe sa pele sa go kolobediwa ka go nwediwa mo metsing?

7 Jesu ka boene o ne a kolobediwa ka go nwediwa mo metsing. Jalo, morago ga go kolobediwa ga gagwe kwa Nokeng ya Joredane, go bolelwa fa a ne a “tlhatloga a cwa ha metsin.” (Mathaio 3:13, 16) Ebile tota, Johane Mokolobetsi o ne a tlhophile lefelo le lengwe fa mokgatsheng wa Joredane gaufi le Salema, leo a neng a le lefelo le le siametseng go kolobeletsa mo go lone. Ka ntlhayang? “Gonne metse a na a le magolo gona.” (Yohane 3:23) Ka gone Dikwalo di laolela gore go kolobelediwe mo bodibeng jwa metsi.

8. Mabapi le kolobetso, re ka konela jang malebana le ditlwaelo tsa Bafarasai le Bajuda ba bangwe?

8 Re ka dira diphetso tse di utlwalang mabapi le kolobetso fa re akanyetsa ditlwaelo tsa Bafarasai le Bajuda ba bangwe. Mokwadi wa Moefangele Mareko o ne a re: “E re ha ba cwa kwa borekelofi, ga ba ke ba ya ha ba sa tlhape [ikgats’he ka metsi, NW, Segerika, ran·tiʹzo,] pele: go bile go na le dilo di le dintsi tse ba di chotsefi go di tshegetsa, yaka go tlhacwa [kolobetsa, NW, ba·pti·smousʹ,], dinwelo, le dipitsana, le diyana tsa kgotlho, (le disekamelo).” (Mareko 7:3, 4) Banna bano ka boitimokanyo ba ne ba ikgatsha ha metsi pele ga baa ja fa ba boa kwa marekelong. Mme ba ne ba kolobetsa, kana ba nwetsa mo metsing, dilwana tse di farologaneng tse ba neng ba di dirisa fa baa ja.

9. Tertullian o ne a reng kaga kolobetso?

9 Le eleng morago ga fa botenegi bo sena go tsenelela, moeteledipele wa kereke Tertullian (c. 160-230 C.E.) o ne a bolela jaana malebana le kolobetso: “Ga go na sepe se se supang gore batho ba pelodithata go gaisa ditiro tse di seng kalo tsa bomodimo tseo di dirwang di bonala, fa di bapisiwa le kgalalelo e e solofediwang morago ga di sena go dirwa; mo a leng gore lebaka fela la gore, kwantle ga mantlontlo ape, ka bomotlhofo jo bo kalo kalo, kwantle ga go itshupa, kwantle ga paakanyo epe e e sa tlwaelegang, labofelo, kwantle ga ditshenyegelo dipe, motho o nwediwa mo metsing, mme fa go ntse go buiwa mafoko a sekae, o kgat’shiwa ka metsi, go tswa foo a bo a tlhatloga gape, a se phepa go le kalo (kana gotlhelele), gore motho o ka bona botshelo jo bo sa khutleng morago ga moo go tsewa a le selo se se sa dumelesegeng gotlhelele.” Elatlhoko gore Tertullian a re, “motho o nwediwa mo metsing . . . me go tswa foo a bo a tlhatloga gape.”

10. Bakanoki ba reng kaga mokgwa wa pele wa go kolobetsa wa Bokeresete?

10 Gape bakanoki ba bontsha gore Bakeresete pele ba ne ba kolobetsa batho ka go ba nwetsa gotlhelele mo metsing. Encyclopedia nngwe e e itsegeng ya Fora a bolela jaana: “Bakeresete ba pele ba ne ba kolobediwa ka go nwediwa mo metsing gongwe le gongwe kwa metsi a neng a ka bonwa teng.” Mme The Catholic Encyclopedia a tlhalosa jaana: “Mofuta wa bogologolo oo gantsi o neng o dirisiwa kwantle ga pelaelo a ne a le go nwediwa ka botlalo mo metsing.”—Bolumo II, tsebe 261 (phetolelo ya 1907).

Go Ruta le go Kolobetsa

11. Jesu o ne a naya barutwa ba gagwe taelo efe?

11 Pele ga motho a kolobediwa, o tshwanetse go nna le kitso e e siameng le go a dirisa. Seno se ne sa phepafadiwa fa Keresete a ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Ke gona tsamaean, to dihe merahe eotlhe barutwa, to ba kolobetse mo inen ya Rara, le ya Morwa, le ya Moea o o Boitshepo: Lo ba rute go tlhokomela dilo cotlhe tse ke di to laoletsen: me bonan, ke bo ke nntse ke na le lona ka metlha eotlhe, le go ea bokhutlon yoa metlha.”—Mathaio 28:19, 20.

12. Go raya eng go kolobediwa “mo inen ya Rara”?

12 Go kolobediwa “mo inen ya Rara” go raya gore mokolobediwa o lemoga boemo jwa Modimo le bolaodi jwa gagwe. Go bolelwa fa Jehofa a le “Mogodimodimo, [a] okame lehatshe yeotlhe,” Mmopi le Molaodi wa Lobopo lotlhe. (Pesalema 36:9; 83:18; 2 Dikgosi 19:15) Motho wa go nna jalo gape o amogela Jehofa jaaka Moatlhodi wa gagwe, MoneiMolao, le Kgosi.—Isaia 33:22; Pesalema 119:102; Tshenolō 15:3, 4.

13. Go raya eng go kolobediwa ‘mo ineng la Morwa’?

13 Go kolobediwa ‘mo ineng la Morwa’ go raya go amogela maemo a ga Keresete le bolaodi jwa gagwe le go mo tsaya jaaka yo Modimo o baakanyeditseng “thekololo ea botlhe” ka ene. (1 Timotheo 2:5, 6) Morago ga go swa ga ga Jesu jaaka mmolokabothokgami, ‘Modimo o ne wa mo tsholeletsa kwa boemong jo bo kwa godimo’ mme bao ba eletsang go kolobediwa ba tshwanetse ba dumela fa Keresete a le “Morena, kgalalecon ea Modimo Rara.” (Bafilipi 2:9-11) Gape ba tshwanetse go amogela Jesu jaaka “moshupi eo o ikanyegan” wa ga Jehofa le “KGOSI EA DIKGOSI.”—Tshenolō 1:5; 19:16.

14. Go kolobediwa ‘mo leineng la moya o o boitshepo’ go tlhoka eng?

14 Motho yoo gape o tshwanetse go kolobediwa ‘mo leineng la moya o o boitshepo.’ O tshwanetse go lemoga gore moya o o boitshepo ga se motho mme ke maatla a Modimo a a dirang, a a diritsitsweng mo popong, mo go tlhotlheletseng bakwaledi ba Bibela, jalo le jalo. (Genesise 1:2; 2 Samuele 23:1, 2; 2 Petere 1:21) Moya wa ga Jehofa o tshwanetse go lemogiwa fa a le selo sa botlhokwa a le gore re tle re tlhaloganye “di1o tse di boten tsa Modimo” le go bontsha maungo a Modimo a “lorato, le boitume1o, le kagisho, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemo, le boikano, Le boino-t1o, le boikgapo.” (1 Bakorintha 2:10; Bagalatia 5:22, 23) Gape go tshwanetse ga dumelwa fa moya wa Modimo o tlhokega mo go tswelediseng tiro ya go rera kaga Bogosi.—Yoele 2:28, 29.

Seo Kolobetso a se Tshwantshetsang

15. Ke ka ntlhayang fa kolobetso ya Bokeresete e sa tlhatswe dibe?

15 Johane o ne a engwe nokeng ke moya o o boitshepo fa a kolobetsa batho. (Ditihō 13:24) O ne a ba kolobetsa, eseng go tlhatswa dibe tsa bone, mme a le tshwantshetsong ya gore ba ikwatlhaile. (Ditihō 19:4) Johane gape o ne a kolobetsa Jesu, yoo ‘o neng a seka a diha boleo bope.’ (1 Petere 2:22) Gape Ananiase o ne a kgothaletsa Saulo wa Tareso jaana: “Nanoga, a kolobediwe, me a itlhapise dibe, ka go bitsa leina [la ga Jesu].” (Ditihō 22:12-16) Ka gone, go nwediwa mo metsing ga Bokeresete ga go tlhatswe dibe. Ga se kolobetso mme ke go tshololwa ga madi a ga Jesu le go “bitsa leina ya gagwe” moo go kgonisang gore motho a itshwarelwe.—Bahebera 9:22; 1 Johane 1:7.

16. (a) Ereka kolobetso a sa tlhatswe dibe e tshwantshetsa eng? (b) Ka tshwantshetso, go diragala eng fa motho a kolobediwa?

16 Lemororo kolobetso ya Bokeresete a sa tlhatswe dibe, ke sesupo se se bontshang gore motho yo o nwediwang mo metsing o ineetse gotlhelele go Jehofa ka Jesu Keresete. (Bapisa Mathaio 16:24.) Go ineela go raya “go bolela, go tlhomamisa, go itomololela.” Go ineela go Modimo go lebisitse go tiro eo motho kwantle ga go sadisa sepe a dirang tumalano ya go itomololela go dira thato ya Modimo ka Keresete. Ka tshwantshetso, fa mokolobediwa a ‘fitlhiwa’ ka nakwana kafa tlase ga metsi go tswa foo a bo a tlhatlosiwa mo go one, o swa malebana le tsela ya gagwe ya pele a bo a tsosediwa tseleng ya botshelo jo bosha, go dira thato ya ga Jehofa kwantle ga go sadisa sepe.—Bapisa Baroma 6:4-6.

17. Ke ka ntlhayang fa kolobetso ya masea a sa tshwanela?

17 Ka phepafalo, kolobetso ke kgato e e masisi. Go kolobetsa lesea go phoso ka gonne ngwana yoo ga a kake a kgona go tlhaloganya, go dira phetso, le go nna morutwa. (Mathaio 28:19, 20) Bao ba neng ba kolobediwa ke Filipo ka nako ya bodihedi jwa gagwe mo Samaria a ne a le “banna le basadi,” eseng masea fela. (Ditihō 8:4-8, 12) Kolobetso ke ya batho ba ba godileng mo ba ka kgonang go ithuta, go dumela, le go bontsha tumelo. (Yohane 17:3; Ditihō 5:14; 18:8; Bahebera 11:6) Malebana le seno, raditiragalo Augustus Neander o ne a kwala ka go re: “Ka metlha tumelo le kolobetso a nnile dilo tse di tsamaisanang mmogo; mme ka gone go lebega go ka tswa go le boammaaruri fela thata . . . gore mokgwa wa go kolobetsa masea o ne o sa itsiwe [mo lekgolong la ntlha la dingwaga]. . . . Gore o ne wa lemogiwa lantlha fa a le mokgwa wa baaposetoloi mo lekgolong la boraro la dingwaga, ke bosupi jo bo hgatlhanong go na le jo bo dumalanang le go amogelwa ga yone jaaka e e simolotsweng ke baaposetoloi.”—History of the Planting and Training of the Christian Church by the Apostles (New York, 1864), tsebe 162.

18. (a) Go ya ka Dikwalo, go tlhokafala eng gore motho a nne mongwe wa Basupi ba ga Jehofa? (b) Ke bosupi bofe jwa tumelo jo bo ka supang fa motho a ka kolobediwa? (c) Go dumela mo thekololong go gatelelwa jang mo go bao ba yang kolobetsong?

18 Gangwe le gape Dikwalo di umaka go kolobediwa ga badumedi. (Ditihō 4:4; 5:14; 8:13; 16:27-34; 18:8; 19:1-7) Go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, he, motho o tshwanetse go nna modumedi—motho yo o bontshang tumelo a ba a kolobediwa. Le eleng pele ga kolobetso, tumelo ya go nna jalo e bontshiwa ka boitshwaro jwa bomodimo, go tshepa Jehofa, go tsaya karolo mo tirong ya go rera ka Bogosi, le go amogela setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu. Bakolobediwa ba gatelelelwa gore ba nne le tumelo mo thekololong, ka gonne potso ya ntlha ya tse pedi tseo sebui se di botsang ya re: “Mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu Keresete, a o ikwatlhaetse maleo a gago ebile o ineetse go Jehofa go dira thato ya gagwe?” Ke fela fa motho a araba ka go dumalana a bile a tlhaloganya gore boineelo jwa gagwe le kolobetso bo mo tlhaola jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa gammogo le phuthego ya Modimo e e kaelwang ke moya a ka amogelwang gore a nwediwe mo metsing.

Go Ineela ka Thapelo

19. Ke ka ntlhayang fa motho a tshwanetse go ineela go Jehofa ka thapelo?

19 Ba ba kolobediwang ba tshwanetse go nna le tumelo mo Modimong le mo go Keresete. Mme ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa ba re go ineela mo Modimong go tshwanetse ga dirwa ka thapelo? Ka gonne go a tshwanela gore re bolelele Jehofa ka thapelo tshwetso ya rona ya go mo neela kobamelo e e feletseng eo a mo tshwanetseng. (Duteronome 5:8, 9; 1 Ditihalō 29:10-13) Go lemotshega fa Jesu a ne a bolela keletso ya gagwe ka thapelo ya go neela Rraagwe wa selegodimo a le esi tirelo e e boitshepo. (Bahebera 10:7-9) Ebu, Jesu o ne “a rapela” fa a kolobediwa! (Luke 3:21, 22) Jalo go phepafetse gore go ineela go Modimo go tshwanetse ga dirwa ka thapelo.

20. Ke ka ntlhayang fa go ka nna ga bo go ne ga diragala gore Bakeresete ba ntlha ba kgothaletse barutwa ba basha go ineela go Jehofa ka thapelo?

20 Go lebega fa Bakeresete ba ntlha ba ne ba kgothaletsa barutwa ba basha go ineela ka thapelo, ka gonne le eleng moragonyana Tertullian o ne a re: “Bao ba tlogang ba kolobediwa ba tshwanetse go rapela gangwe le gape, ka go itima dijo, le ka go khubama ka mangole.” Pelenyana Justin Martyr (c. 100-165 C.E.) o ne a kwala jaana: “Gape ke tla to bolelela tsela eo re neng re ineela go Modimo ka yone fa re ne re sena go ntshafadiwa ka Keresete . . . Botlhe ba ba tlhotlheletsegang gore seo re se buang le go se ruta se boammaaruri, ba bile ba leka go tshela ka tshwanelo, ba laolelwa gore ba rapele le go kopa Modimo ka go itima dijo, gore ba itshwarelwe dibe tsa bone tse di fetileng, le rona re rapela re ba re itima dijo nabo.”

21. Boammaaruri a ka nna ya bo a le bofe, le eleng fa go ineela ka thapelo go se kile ga gatelelwa fa o ne o kolobediwa mo dingwageng tse di fetileng?

21 Fa a le gore go ineela ka thapelo go ne ga seka ga gatelelwa fa o ne o kolobediwa mo dingwageng tse di fetileng, seo ka bosone ga se reye gore kolobetso ya gago ga a na mosola. Le eleng mo malatsing ao, kwantle ga pelaelo ba le bantsi ba ne ba tshwana le monna yo o gakologelwang sentle a khubama a bo a dira boineelo go Jehofa a rapela ka tlhoafalo fa a ne a santse a le mosimanyana go feta dingwaga tse 40 tse di fetileng. Ka nako eo, le eleng fa motho a ne a se kile a dira boineelo ka thapelo kafa tshwanelong pelenyana, o ne a go rapelela jaaka bakolobediwa le ba bangwe ba rapela mmogo fa polelo ya kolobetso a ne e neelwa ka letsatsi la go kolobediwa ga gagwe.

Lebaka la go bo Bangwe ba Ikgogona

22. Ke ka ntlhayang fa bangwe ba ikgogona go kolobediwa?

22 Ereka go nna mosupi yo o ineetseng wa ga Jehofa a le tshiamelo e e segofaditsweng jaana, ke ka ntlhayang fa bangwe ba ikgogona go kolobediwa? Go tlhaela lorato lwa boammaaruri ke lebaka le lengwe la go bo bangwe ba sa utlwe Lefoko la Modimo, ba sa sale Jesu morago, le go kolobediwa. (1 Yohane 5:3) Legale, gantsi batho ba ba sa kolobediwang ga ba bolele gore ga ba na go latela sekao sa ga Jesu kana go utlwa Modimo. Go na le moo, ba tsenelela thata mo mererong ya lefatshe moo ba senang nako e e kalo ya ditiro tsa semoya. Fa a le gore jono e‹ ka tswa a le bothata jwa gago, a go tla bo go se botlhale gore o fetole dilo tse o di ratang, tse o di kgatlhegelang, le tseo o di tlhoafalelang? Bao ba ratang Modimo eleruri ga ba kake gape ba rata lefatshe leno. (1 Yohane 2:15-17) Mme o seka wa itetlelela go forwa ke go ikutlwa o na le polokesego e e sa tshwanelang ka baka la “tsieco ea mahumo.” (Mathaio 13:22) Polokesego ya boammaaruri a bonwa fela ka go amana le Jehofa Modimo ka botlalo.—Pesalema 4:8.

23. Ke ka ntlhayang fa bangwe ba ikgogona go ineela go Jehofa le go go bontsha ka go nwediwa mo metsing?

23 Ba bangwe ba iphaka fa ba rata Modimo mme ba ikgogona go dira boineelo ka gonne ba bona fa ka go dira jalo ba tila boikarabelo le gore ba seka ba ikarabedisiwa. Ba rata go tla ba tshela mo Paradaiseng, mme go tla go fitlha jaanong ba dira go se go nene kana ga ba dire sepe ka gone. (Diane 13:4) Batho ba go nna jalo ga ba kake ba tila go ikarabedisiwa ka gonne ba ne ba rwala boikarabelo joo fa ba ne ba utlwa lefoko la ga Jehofa. (Esekiele 33:7-9) Fa ba ne ba ka ineela, ba ne ba tla bo ba bontsha gore ba tlhaloganya thato ya Modimo e bile ba tlhoafaletse go a dira. Go na le go ithwesa morwalo o o bokete, kutlo ya go nna jalo a ne a tla ba leretse masego a ga Jehofa gape a ne a tla felela ka gore ba nne le boipelo ka gonne ba ne ba tla bo ba tshelela boiphako jwa bone jwa gore baa mo rata.

24. Ke ka lebaka lefe ba bangwe gape ba santse ba ikgogona go kolobediwa?

24 Ba bangwe ba tila go kolobediwa ka gonne ba na le boikutlo jwa gore ga ba itse mo go lekaneng go ka tlhalosa Dikwalo. Mme moopahadiwa wa Moithiopia o ne a iketleeleditse go bontsha boineelo jwa gagwe morago ga go buisana le Filipo fa ba ne ba pagame kara. Eleruri, Moithiopia kwa tshimologong o ne a ka se arabe dipotso tsotlhe tsa bao a neng a ba bolelela kaga boammaaruri. Mme pelo ya gagwe a ne a penologa ka ditebogo tsa seo a neng a se utlwile, mme o ne a seka a ikgogona ka bogatlapa. “Ga go na poiho epe mo loraton: me lorato to to itekanetsen to tlo to latlhele poiho kwa ntle.” (1 Yohane 4:18) Motho ga a tlhotlhelediwe go ineela go Modimo le go kolobediwa ke go itse dikarabo tse dintsi mme o kgoromediwa ke pelo e e tletseng lorato.—Luke 10:25-28.

25. Ke eng seo Jehofa Modimo a se lebeletseng go bao ba ipolelang fa ba mo rata?

25 Fa o ise o kolobediwe, ipotse jaana: Modimo o lebeletseng mo go bao ba reng ba a mo rata? O batla boineelo jo bo feletseng ebile o batla bao ba tla mo obamelang “ka moea le ka boamarure.” (Yohane 4:23, 24; Ekesodo 20:4, 5; Luke 4:8) Moopahadiwa wa Moithiopia o ne a mo neela kobamelo ya mofuta oo, mme o ne a seka a diega fa a ne a newa sebaka sa go kolobediwa. A ga o a tshwanela go rapelela go ineela go Jehofa ka tlhoafalo gone jaanong mme o bo o ipotse o re: “Ke kgorelediwa en gore ke se kolobediwe?”

Dipotso tsa Poeletso

◻ Ke ka ntlhayang fa moopahadiwa wa Moithiopia a ne a ka kolobediwa ka bonako jalo?

◻ Bakeresete ba ne ba kolobetsa ka mokgwa ofe?

◻ Go kolobediwa mo leineng la Rara, la Morwa, le la moya o o boitshepo’ go raya eng?

◻ Kolobetso ya Bokeresete e tshwantshetsa eng?

◻ Ke ka ntlhayang fa go tshwanetswe ga ineelwa go Jehofa ka thapelo?

◻ Bangwe ba ikgogona go ineela le go kolobediwa ka mabaka afe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela