Go Rulaganyetsa Dingwaga tse di Sekete tse di Tlang Jaanong
“Ba tla busa naè ka dinyaga di le makgolo a shomè.”—TSHENOLŌ 20:6.
1. Go tlile go nna jang mo lefatsheng mo nakong e e fetang dingwaga tse di sekete go tloga jaanong?
GO TEWA JANG! A re raya gore mo dingwageng tse di sekete go tloga jaanong, batho ba tla bo ba santse ba le teng mo lefatsheng? Re raya sone seo tota! Mme mo godimo ga moo, ka nako eo batho botlhe ba tla bo ba na le mebele, dipelo, le dikakanyo tse di itekanetseng—jaaka monna le mosadi ba ntlha kwa tshimologong ya go nna gone ga motho mo kgolokweng eno. Ee, mo dingwageng di le sekete go tloga jaanong, batho ba tla bo ba le mo sebopegong le mo setshwanong sa Modimo le Motsosolosi wa bone. (Genesise 1:26-30) Ba tla bo ba ipelela botshelo ka botlalo mo “tshimoñ ea Edena,” eleng paradaise ya boitumelo, mo lefatsheng le le phepafaditsweng le le tla bong le sa tlala go feta ka baagi. (Genesise 2:15) Sotlhe seno e tla bo e le tiragatso ya boikaelelo jwa ntlhantlha jwa Mmopi ka lefatshe le ka bao ba neng ba tshwanetse go nna mo go lone. Go fitlhelela selo se se itumedisang seno go tla mo goletsa jaaka yo o ikanyegang mo tsholofetsong ya gagwe e e lorato ya go segofatsa batho le fa ba mo tsuologela.
2. Mo makgolong a a 19 a dingwaga a a fetileng batho ba ne ba bona ka moo batho ba ba itekanetseng ba tlileng go nna ka gone jang?
2 Go fitlhelela selo se se segofaditsweng seo go tla tlotlomatsa Puso ya Modimo ya Dingwaga tse di Sekete ka Morwawe yo o galaleditsweng, yoo a neng a nna dingwaga tse 33 1/2 mo lefatsheng jaaka motho yo o itekanetseng dingwaga tse di makgolo a a 19 tse di fetileng. Re bala jaana ka sebopego sa gagwe sa nako eo: “Lehoko a tla a nna nama, me a aga mo go rona, me ra bōna kgalalèlō ea gagwè, ekete kgalalèlō ea eo o tsecweñ a le esi a cwa kwa go Rara, a tletse tshegōhaco le boamarure.” (Yohane 1:14) Jalo batho ba Iseraele ba ne ba bona ka Jesu Keresete gore sebopiwa se se itekanetseng sa motho se ntse jang. (Luke 3:23, 38) Ee, batho ba ne ba bona ka moo batho ba ba itekanetseng ba tla nnang ka gone mo Paradaiseng e e tlang ya selefatshe dingwaga tse di makgolo a a 19 tse di fetileng.
3, 4. (a) Tota puso ya ga Jehofa ka Jesu Keresete le ba ba 144 000 e tla nna boleele jo bo kae? (b) Ke lefoko lefe leo le dirisediwang nako eo, mme seno se ne sa bontshiwa jang mo maineng a dikgatiso dingwe tsa Watch Tower?
3 Boleele jwa puso ya Bogosi jwa ga Jehofa ka Jesu Keresete le balatedi ba gagwe ba ba galaleditsweng ba ba 144 000 bo ne jwa bolelelwa pele gore bo ne bo tla nna dingwaga di le sekete. Mabapi le Puso eo ya Dingwaga tse di Sekete, moaposetoloi yo o tsofetseng Johane o ne a kwala jaana: “Me ka bōna ditulō tsa bogosi, me batho ba dula mo go cōna, me ba neèlwa katlholō; me ka bōna meōea ea ba ba kgaocweñ ditlhōgō ka ntlha ea chupō ea ga Yesu, le ka ntlha ea lehoko ya Modimo, le ba ba se kañ ba ōbamèla sebatana leha e le sechwanchō sa shōna, le gōna ba se ka ba iteseletsa go chwaiwa lochwaō mo diphatleñ, le mo diatleñ tsa bōnè; me ba tshela, ba ba ba busa le Keresete ka dinyaga di makgolo a shomè. Me bashwi ba ba setseñ ba seka ba tshela ga ba ga tla ga tsamaea dinyaga tse di makgolo a shomè tsa heta pele. E ke eōna cogō ea ntlha. Go segō, go bile go boitshèpō èna eo o nañ le kabèlō mo cogoñ ea ntlha: bauō, losho loa bobedi ga lo na thata mo go bōnè; me ba tla nna baperisiti ba Modimo le ba ga Keresete, me ba tla busa naè dinyaga di le makgolo a shomè.”—Tshenolō 20:4-6.
4 Ereka ka Seesemane nako ya Dingwaga tse di Sekete gape e ka bidiwa millennium, nako eo e bidiwa Puso ya ga Keresete ya Millennium. Bao ba amogelang le go ruta thuto eno ya Bibela ka dinako dingwe ba bidiwa ba-millennium kana bakiliasete go ya ka lefoko la Segerika le le rayang “sekete.” Ka mo go kgatlhisang, dibolumo tsa Studies in the Scriptures (tseo di kileng tsa gatisiwa ke Watch Tower Bible and Tract Society) di ne di bidiwa Millennial Dawn. Mme buka ya dipina eo e kileng ya dirisiwa ke Baithuti ba Merafeyotlhe ba Bibela e ne e bidiwa Hymns of the Millennial Dawn.
5. Boemo jwa ga Satane le badimona ba gagwe bo tla nna bofe mo Pusong ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Keresete?
5 Polelwana “dinyaga [tse] di makgolo a shomè” e e mo go Tshenolō 20:4 ga se ya tshwantshetso mme e raya dingwaga tse di sekete tsa mmatota. Ka Millennium oo, Satane Diabolo le masomosomo a gagwe a badimona ba tla bo ba le mo moleteng, ka go bo pele fela a bua ka Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Keresete, moaposetoloi Johane o ne a bua jaana: “Ka bōna moengele moñwe a hologa mo legodimoñ, me ka seatla a chotse sekopololō sa molete o o senañ bolekeleco, le ketane e kgolo. Me a chwara kgōgèla, nōga ea bogologolo, e e leñ Diabolo le Satane, me a mo golega kgolegō ea dinyaga di le makgolo a le shomè. Me a mo latlhèla mo moletiñ o o senañ bolekeleco, me a o cwala, a ba a o kana mo godimo ga gagwè, gore a se ka a tlhōla a tsietsa merahe, go tsamaea dinyaga tse di makgolo a leshomè di heta pele: me moragō ga mouō o tla bōna go gololwa ka lobakanyana.”—Tshenolō 20:1-3.
6. (a) Ke ngwaga ofe o bangwe ba Baroma Katoliki ba ileng ba re Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Keresete e khutlile ka one? (b) Fa e le gore boiphako joo jwa Bakatoliki e ne e le boammaaruri, he lobakanyana lwa go gololwa ga ga Satane go tswa mo moleting o o senang bolekeletso lo setse lo nnile le nako e e kae?
6 Bangwe ba Baroma Katoliki ba ile ba bolela gore Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Jesu Keresete e ne ya khutla ka 1799 fa masole a Bafora a ne a thopa Roma mme a tlosa mopapa jaaka mmusi wa yone, jalo a isiwa botshwarwa kwa Fora, koo a neng a swela gone. Baruti ba Katoliki ba ne ba bolela gore Satane le badimona ba gagwe ba ne ba gololwa ka nako eo go tswa mo “moletiñ o o senañ bolekeleco” kana ‘mosima’ go tla go shahatsa tiro ya bone ya go tsietsa ka “lobakanyana.” (Tshenolō 20:1-3) Fa e le gore seo se ne se le boammaaruri go ne go tla raya gore “lobakanyana” lo setse lo na le dingwaga tse 190 lo ntse lo tsweletse, mme ga go lebege lo tla fela.
7. Bibela e supa eng mabapi le nako le mofuta wa Puso ya Millennium ya ga Jesu Keresete?
7 Lefa go ntse jalo, go ya ka Dikwalo, Puso ya boammaaruri ya Millennium ya ga Jesu Keresete e santse e tla tla mo isagweng. Tiragatso ya motlha wa segompieno ya boperofeti jwa Bibela e supa gore e setse e atametse. Ka Millennium wa boammaaruri, Satane le badimona ba gagwe ba tla tsenngwa mo moleteng, mme Jesu Keresete le baruaboswa–mmogo le ene ba ba 144 000 ba tla busa batho botlhe ba sa kgorelediwe ke phuthego ya ga Diabolo. Masego a goyagoile a batho ba ba golotsweng, ao e tla bong e le tiragatso ya kgolagano ya ga Jehofa le “tsala” ya gagwe Aberahame, a tla simolola ka “boidiidi yo bogolo,” joo bo tla falolang “sepitla se segolo” se se sa tshwaneng le sepe seo se tla fedisang tsamaiso eno e e boikepo. A tla atolosediwa go ya mo dibilioneng tsa batho ba ba suleng ba ba rekolotsweng ka ‘madi a ga Kwana,’ Jesu Keresete. (Yakobe 2:21-23; Tshenolō 7:1-17; Genesise 12:3; 22:15-18; Mathaio 24:21, 22) Ka baka leno, bano ba tla tsosiwa go tshela mo lefatsheng go tswa mo borokong jwa loso mo mabitleng.—Yohane 5:28, 29.
Phuthego ya Bokeresete
8. Buka The New Creation e ne ya tlhalosa thulaganyo efe, mme e ile ya seka ya bonela pele tiro efe ya thulaganyo eo?
8 Mo tiragatsong ya ditsholofetso tsa Modimo, phuthego e ntšha e ile ya etelela masego ao pele ka makgolokgolo a dingwaga. Re bala jaana, mabapi le phuthego eo: “Ha motho a le mo go Keresete, oa ba a le sebopiwa se sesha.” “Go le bogwèra ga se sepè, go le bokgola ga se sepè, ha e se sebopiwa se sesha hèla.” (2 Bakorintha 5:17; Bagalatia 6:15) Bogologolo ka 1904, buka The New Creation e ne ya tlhokomedisa ka phuthego eno e ntšha e e neng ya nna gone mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. (Studies in the Scriptures, Motseletsele wa VI, Thuto V, ya setlhogo “Phuthego ya Popo e Ntšha”) Go ya ka pono ya yone ya seo bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914 bo neng bo tla se kaya, buka eo e ne ya seka ya bonela pele tiro e kgolo e e gakgamatsang ya phuthego eo e e neng e tla dirwa morago ga diphelelo tse di kgoreletsang tsa ntwa ya ntlha ya lefatshe mo ditiragalong tsa motho.—Luke 21:24.
9. Masalela a popo e ntšha a ne a iketleeletsa seemo sefe?
9 Go bolokiwa ga masalela a popo e ntšha ya semoya go fitlha kwa bokhutlong jwa Ntwa ya Lefatshe I ka 1918 le go bolokiwa ga bone ba ntse ba tshela ba le mo nameng mo ngwageng wa morago ga ntwa wa 1919 go ne ga gakgamatsa fela thata. Mme maemo a millennium a ne a sa simolola. Ka phepafalo he, go ne go na le tiro e ntsi eo masalela a popo e ntšha a neng a tshwanetse go e dira mo lefatsheng pele ba ka bona tsholofetso ya bone ya selegodimo ya go arola le Jesu Keresete mo tirong ya millennium. Ka gone, go ne go na le tlhokego e kgolo ya go tsosolosa le go rulaganya masalela ano gape. Jalo, ka tumelo e e sa tshikhinyegeng le go tlhagafalela tiro e e larileng kwa pele, ba ne ba iketleeletsa seemo seo.
10. Ke dipotso dife tse di neng tsa tsoga malebana le dimilione tseo di lebeletseng go falolela mo tsamaisong e ntšha ya dilo?
10 Masalela a a tloditsweng a ne a lebeletse gore batho bangwe mo lefatsheng ba ne ba tla falola bokhutlo jo bogolo jwa tsamaiso eno e e boikepo go tsena mo Pusong ya Millennium ya ga Jesu Keresete. Go ne ga nna jalo segolo bogolo morago ga puo ya phatlalatsa e e neng e re “Dimilione tse di Tshelang Jaanong Di ka Nna tsa Seka tsa Tlhola di Swa” e sena go neelwa kwa Los Angeles, California mo ngwageng wa ntwa wa 1918. A dimilione tseno tsa bafalodi ba Hara-Magedona di ne di tla rulaganngwa? (Tshenolō 16:14-16) Pele ba ka tsena go Millennium go nna karolo ya “lehatshe ye lesha” a ba ne ba tla arola mo tirong ya go rera ka Bogosi gammogo le masalela? (2 Petere 3:13) Dipotso tseno di ne di tla arabiwa ke ditiragalo tsa morago ga ntwa.
11. (a) Go ne go tshwanetswe ga dirwa eng ka dinku di sele tse di neng di tlile go nna letsomane le le lengwe le masalela? (b) Ke ka ntlhayang fa go sa tshwane ga ditsholofelo tsa masalela le dinku di sele e ne e se lebaka la gore ba kgaogane?
11 Mafoko a a latelang a Modisa yo o Molemo, Jesu Keresete, a ne a le mo nakong: “Ke bile ke na le dinku di sele, tse e señ tsa saka ye; le cōna ke na le go di lere, me di tla utlwa lencwe ya me; me di tla nna lecomane le le leñwe hèla, le modisa a le moñwe hèla.” (Yohane 10:16) Fa e le gore masalela a a tloditsweng a ne a tlhoka go rulaganyediwa tiro ya morago ga ntwa go tloga ka 1919 go ya pele gape fa e le gore moragonyana ba dinku di sele ba ne ba tla nna letsomane le le lengwe le masalela a letsomane leno, go ne go tla diragala eng? Ebu, bao ba dinku di sele ba ne ba tla tshwanela go rulaganngwa gammogo le masalela! Ntlha ya gore ba dinku di sele ba ne ba na le tsholofelo e e farologaneng—go tshela mo paradaiseng ya selefatshe ya boitumelo—go ne go sa dire gore ba ikgaoganye le masalela. Botlhe ba ne ba latela Modisa a le mongwe fela, mme go ne go sa tshwanelwa go nna le kgaogano fa gare ga ditlhopha tse pedi tseno go fitlha fa masalela a a tloditsweng a Bogosi a galalediwa.
12. (a) Ke eng seo se leng botlhokwa thata go gaisa go bolokiwa ga batho? (b) Ke leng mme ke ka ntlhayang go neng ga nna ga botlhokwa thata go itsise ka Bogosi?
12 Go gololwa ga batho mo boleong le mo losong, go fedisiwa ga go busiwa ke lefatshe la ga Satane, le go busediwa ga batho ba ba kutlo mo Paradaiseng e e tlhomilweng gape mo lefatsheng lotlhe ke dikarolo tse di tlhomologileng tsa boikaelelo jo bo lorato jwa ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, go na le sengwe se se botlhokwa fela thata mo lobopong lotlhe. Seo ke eng? Ke go golediwa ga bolaodi jwa ga Jehofa Modimo jwa lobopo lotlhe gammogo le go itshepisiwa ga leina la gagwe le le boitshepo. Go ne ga otlelelwa fa go itsisiwe ga Bogosi jwa Modimo ka Kgosi e e busang, ebong, Jesu Keresete, go le mo nakong, kwa kopanong ya bobedi ya Baithuti ba Bibela ba Merafeyotlhe kwa Cedar Point, Ohio, ka 1922. Ereka Metlha ya Baditšhaba e ne e fedile ka 1914, e ne e le nako ya go diragatsa mafoko ano a boperofeti a ga Jesu Keresete: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:14) Bogosi jo bo neng bo tla tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe le go itshepisa leina la gagwe le le boitshepo bo ne bo ile jwa tlhongwa kwa legodimong ka 1914, mme Jesu Keresete o ne a busa mo gare ga baba ba gagwe. Seno e ne e le mafoko a a molemolemo go rerwa ka sepe fela seo se neng se le gone go itsise Kgosi le Bogosi jwa gagwe!
13. Mabapi le tiro ya go rera ka Bogosi, Modimo o ne wa baakanyetsa ka eng, mme ka ntlhayang?
13 Jehofa ke morulaganyi mo lobopong lotlhe, ka go bo e le Mogodimodimo, le yo Mogolo. O ne jaanong a rulaganyetsa tiro ya go rerwa ga Bogosi jwa gagwe ka botlalo mo merafeng yotlhe mo lefatsheng, pele ga bokhutlo jwa tsamaiso eno bo tla. Ka gone, maloko a a santseng a tshela a masalela a a tloditsweng a ne a kopanngwa go nna phuthego ya merafeyotlhe go diragatsa go rata ga gagwe. Bano ba tshwanetse go bolelela lefatshe gore jaaka Satane a ile a gwetlha bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe, go nna gone ga jone gammogo le tshwanelo ya bolaodi joo di tshwanetse go tlotlomadiwa, tsa lejwa di le tshiamo go gaisa pele.
Go Rulaganyediwa Pele ga Millennium
14. (a) Pele ga Motlha wa rona o o Tlwaelegileng, ke phuthego efe e e neng ya nna karolo ya phuthego ya ga Jehofa ya lobopo lotlhe mo lefatsheng? (b) Dafide o ne a itshupa jang gore ke morulaganyi yo o tlhomologileng?
14 Jehofa Modimo o ile a nna le phuthego e e bonalang mo lefatsheng, ka makgolo a a 15 a dingwaga pele ga Motlha wa rona o o Tlwaelegileng. O ne a dirisa moperofeti Moshe jaaka motsereganyi wa Gagwe mo go rulaganyeng morafe wa Iseraele morago ga go gololwa ga one kwa Egepeto, eleng puso ya ntlha ya lefatshe mo ditiragalong tsa Bibela. Kafa tlase ga Molao wa ga Moshe, Iseraele e ne ya nna karolo e e bonalang ya phuthego ya ga Jehofa ya lobopo lotlhe. Morulaganyi yo o tlhomologileng gareng ga batho bano ba ba tlhophilweng ba Modimo e ne e le kgosi ya modisa Dafide, yo re balang jaana ka ene: “Me Dafide a ba kgaoganya makōkō a a hapaanañ, hèla yaka bomorwa Lefi [ba ba neng ba direla kwa felong ga boitshepo ga ga Jehofa] ba nntse; eboñ Gereshone, le Kohathe, le Merari.” “Ba kgaoganngwa yalo [baperesiti] kaha taoloñ ea bola, bañwe ba tlhakanye le ba bañwe; gonne go no go le dikgōsana tsa ntlo e e boitshèpō, le dikgōsana tsa Modimo, mo go bomorwa Eleasare le mo go bomorwa Ithamare.”—1 Ditihalō 23:3, 6; 24:1, 5.
15. (a) Baiseraele ba ne ba tswa jang kwa Egepeto? (b) Ke bomang gape ba ba neng ba itlhophela go tswa mo Egepeto, mme a ba ile ba nna ba ntse ba kgomarelelane le Baiseraele?
15 Dingwaga tse di makgolokgolo pele ga nako ya ga Dafide, fa Baiseraele ba ne ba tswa kwa Egepeto, ga baa ka ba tswa ba siane fela ba tlhakatlhakane mme ba ne ba tswa ka thulaganyo. Seno se ne sa bontsha gore motsereganyi, Moshe o ne a dirile tiro e e molemo ya go ba rulaganya. Boidiidi jo bogolo jwa ba eseng Baiseraele bo ne jwa tswa le bone, jwa itlhophela go tsamaya le batho ba Modimo o o dirang dikgakgamatso, Jehofa, yo o neng o nonofile go gaisa medimo yotlhe ya Egepeto. Lefa go ne go na le mathata a le mantsi, moragonyana “bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ” jono jo bo neng bo rata batho ba ba tlhophilweng bano ba ga Jehofa bo ne bo santse bo na le bone mo sekakeng se se boifisang sa Sinai. (Ekesodo 12:37-51; Dipalō 11:4) Bontsintsi jo bo tlhakaneng joo go lebega bo ne jwa tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng gammogo le Baiseraele ba eteletswe pele ke motlhatlhami wa ga Moshe, Joshua, ka gonne Modimo o ne o laotse gore paakanyetso eo e nne gone koo malebana le batho bao ba bajaki.
16. (a) Bontsintsi jo bo tlhakaneng bo ne bo tshwantshetsa bomang? (b) Bano ba tshwanetse go dira eng go falola bokhutlo jwa tsamaiso eno?
16 Bontsintsi jo bo tlhakaneng joo go tswa kwa Egepeto wa Bo-Faro bo ne bo tshwantshetsa boidiidi jo bogolo mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga. Ga se Baiseraele ba semoya mme ke dinku di sele tsa Modisa yo o Molemo, Jesu Keresete. Bone gammogo le masalela a a tloditsweng, ba lebeletse pele go gololwa gotlhelele mo setshwaning sa Egepeto, eleng tsamaiso ya lefatshe ya dilo eo Faro yo Mogolwane, Satane Diabolo, e leng modimo wa yone. (Yohane 10:16; 2 Bakorintha 4:4; Tshenolō 7:9) Mme ba tshwanetse go dira eng go falola tshenyego e e maswe eo ya lefatshe le legologolo leno la ga Satane le go tsena mo lefatsheng je lesha je le solofeditsweng kafa tlase ga ga Joshua yo Mogolwane, Jesu Keresete? (2 Petere 3:13) Ba tshwanetse go dira tumalanong le dithulaganyo tse di dirilweng ke boremelelo jwa phuthego ya ga Jehofa e e bonalang, masalela a a tloditsweng.
17. Mo lefatsheng leno le le tlhakatlhakaneng, ba boidiidi jo bogolo ba arabela jang, mme ba lebeletse eng kwa pele?
17 Boidiidi jo bogolo jwa dinku di sele bo ile jwa tsenngwa go nna letsomane le le lengwe le le rulagantsweng kafa tlase ga Modisa a le mongwe yo o galaleditsweng, Kgosi e e busang, ebong Jesu Keresete, segolo bogolo fa esale go tloga bogareng jwa dingwaga tse di masome mane tsa lekgolo la bo-20 la dingwaga. Mo lefatsheng le le ntseng le tswelela pele ka go tlhoka thulaganyo lefa go ntse go na le Lekgotla la Merafe e e Kopaneng, ba boidiidi jono jo bogolo ba tshegetsa masalela a a tloditsweng ka pelo yotlhe mme ka jalo ba supa maatla a a kopanyang a moya wa ga Jehofa o o boitshepo. Ka boiketleetso, ba nna ba rulagane le masalela ba ntse ba lebeletse pele tirelo e e kgethegileng mo lefatsheng mo Pusong ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Jesu Keresete.
Dikakanyo tsa Gago ke Dife?
◻ Dikwalo di supa eng ka nako le mofuta wa Puso ya Millennium ya ga Jesu Keresete?
◻ Ke eng seo se leng botlhokwa go gaisa go bolokiwa ga batho?
◻ Ke phuthego efe eo e ileng ya nna karolo ya selefatshe ya phuthego ya ga Jehofa ya lobopo lotlhe, pele ga Motlha wa rona o o Tlwaelegileng?
◻ Bao ba tshwantshediwang ke bontsintsi jo bo tlhakaneng ba falolela jang mo Pusong ya Dingwaga tse di Sekete?