-
Ke Eng Seo se Dirang Gore go Nne le Maemo a a Utlwisang Botlhoko mo Lelapeng?Tora ya Tebelo—1991 | May 15
-
-
a sa dire dilo sentle [a a neng a sa dire dilo ka tshwanelo] ao mo go one thubakanyo, tlhakanelodikobo e e sa tshwanelang e neng e dirwa, kana go utlwisiwa botlhoko mo maikutlong goo go neng go bakiwa ke go nwa thata e neng e le selo se se diragalang letsatsi le letsatsi.” Ga go gakgamatse go bo bana ba bantsi bao ba neng ba diragalelwa ke dilo tseno ba ka tswa ba sa itse gore ba ka tila jang maemo a a utlwisang botlhoko a lelapa jaaka bagolo.
Bangwe ba batho ba ba elang dilo tlhoko ba ka nna ba pega diphetogo tsa ikonomi, tsa loago, le tsa boitsholo tseo di diragalang mo dinageng tse di tlhabologileng molato. Ka sekai, palo e ntsi ya basadi ba ba tsenang mo ditirong e ile ya dira gore ditiro le boikarabelo jwa lelapa di fetolwe ka tsela e e sa itumediseng. Bommabana ba eletsa go itse ditiro tse di seng motlhofo, borrabana ba kgaratlha le tiro ya lelapa mme ebile ba sa batle, bana ba tlhola ba lela ba leka go tlwaela botshelo jwa letsatsi le letsatsi kwa mafelong a a tlhokomelang bana.
Malapa a mantsi a na le mathata tota mo dinageng tse dintsi mo lefatsheng. Motsadi mongwe yo o dirang o ne a re seno se tshwana le go “tshelela mo maemong a tshoganyetso ka metlha.” Ga go gakgamatse go bo ba ba fetang bontlhanngwe mo go ba ba neng ba botsolodiwa mo patlisisong ya bosheng jaana ya Gallup ba ne ba bolela gore ‘gompieno malapa a Baamerika a mo maemong a a maswe go gaisa mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng,’ mme ke ba sekae fela ba ba neng ba dumela gore boemo jono bo tla tokafala.
Ka gone, maemo a a utlwisang botlhoko a lelapa ke setlhogo se go tlotliwang ka sone ka metlha mo thelebisheneng le mo dithulaganyong tsa motlotlo tsa radio. Batho ka kakaretso ba bala dibuka tsa go ithuta go itharabololela mathata tse di kaga lelapa, dingwe tsa tsone di naya kgakololo e e mosola. Lemororo go kgothalediwa ‘go bulelana mafatlha’ kana ‘go bolelela yo mongwe kafa o ikutlwang ka gone,’ go ka thusa, ga go kgone go senola seo tota se bakang mathata mo legaeng. Setlhogo se se latelang se tla dira jalo le go supa gore maemo a a utlwisang botlhoko mo lelapeng a ka fenngwa jang.
-
-
Baya Modimo Kwa Pele mo Botshelong Jwa Lelapa la Gago!Tora ya Tebelo—1991 | May 15
-
-
Baya Modimo Kwa Pele mo Botshelong Jwa Lelapa la Gago!
BOB LE JEAN—banyalani ba ba umakilweng mo setlhogong se se fetileng—ga ba a ka ba tlhalana. Go na le moo, ba ne ba tlotla mathata a bone le modihedi mongwe wa Mokeresete. O ne a lemoga ka bonako fela gore mathata a bone a ne a bakiwa ke go bo ba ne ba sa godisiwa ka tsela e e tshwanang.
Ka sekai, ereka Bob a ne a tswa kwa lelapeng la batho ba dirang tiro ya diatla le e e seng ya mo ofiseng ebile le ene a dira tiro ya diatla, o ne a batla dijo tse dintsi tsa sefitlholo moso mongwe le mongwe. Jean, yoo a neng a tswa kwa lelapeng la batho ba ba dirang tiro ya mo diofiseng o ne a mo naya fela kofi le senkgwe. Ka jalo go gogagogana ka dijo tsa sefitlholo go ne ga felela ka ntwa ya malatsi otlhe!
Bob le Jean ba ne ba tshwanela go tokafatsa puisano ya bone. Lefa go ntse jalo, selo se se neng se baka kutlobotlhoko se ne se se motlhofo. “A lo a tle lo itshekatsheke lo dirisa 1 Bakorintha 13:4?” modihedi o ne a ba botsa jalo. Temana eo ya Bibela e balega jaana: “Loratō lo ichōka ka pelotelele, lo pelonomi; loratō ga lo pelotshètlha; loratō ga lo ko lo ikgantsha, ga lo mabela.” Temana e e latelang eno e bolela gore lorato “ga lo ko lo diha kaha go sa chwanèlañ, ga lo ko lo ipatlèla hèla, ga lo ko lo gakatsèga, ga lo ko lo akanya boshula.” Bob le Jean ba ne ba batla go dirisa mafoko ano.
Totatota bothata jwa banyalani bano bo ne bo tlhoka go rarabolowa ka tsela ya semoya. Ereka Bob le Jean ba ne ba batla go nna le kamano e e molemo le Modimo, mme mo godimo ga dilo tsotlhe tseo ba neng ba di tlhoka, ba ne ba tlhoka go dirisa melaometheo ya Bibela le go lemoga gore “ha Yehofa a sa age ntlo, ba ba e agañ ba dihèla lehèla.” (Pesalema 127:1) Ditemana 3 go ya go 5 di bua ka go aga lelapa. Mme o ka atlega mo go lereng kagiso mo lelapeng la gago fa o baya Modimo kwa pele mo botshelong jwa lelapa la gago.—Baefesia 3:14, 15.
Seo go Baya Modimo kwa Pele go Se Akaretsang
Go baya Modimo kwa pele mo botshelong jwa lelapa la gago go feta go bolela fela o re, “Lelapa le le rapelang mmogo le nna le ntse le le mmogo.” Go ya ka lokwalopaka lwa Family Relations, bontsi bo dumela gore “bodumedi bo dira gore go nne le tirisano e e siameng le e e molemo mo lelapeng le gore maloko a lone a kgotsofale mo botshelong.” Mme go nna motho wa bodumedi jo bo rileng ga go tshwane le go baya Modimo kwa pele. Bontsi bo kgomarela bodumedi fela gonne e le mokgwa, tlwaelo ya lelapa, kana go bona melemo mengwe mo bathong. Modimo ga o ame botshelo jwa bone jwa letsatsi le letsatsi thata jalo. Se se botlhokwa thata ke gore ga se ditumelo tsotlhe ‘tse di itshekileng le tse di sa leswefalang mo matlhong a Modimo.’—Yakobe 1:27.
Gore re kgone go baya Modimo kwa pele mo botshelong jwa lelapa la rona, rona le bao re ba ratang re tshwanetse go obamela Jehofa, ‘Mogodimodimo o o okameng lefatshe lotlhe,’ kafa ene a batlang ka gone. (Pesalema 83:18) Morwa Modimo, Jesu Keresete, o ne a bolela jaana: “Me lobaka loè tla, le gompiyeno lo hitlhile, lo baōbamedi ba amarure ba tla ōbamèlañ Rara ka lōna, ka Mōea le ka boamarure: gonne Rara o batla ba ba nntseñ yalo go nna baobamedi ba gagwè. Modimo ke Mōea; me ba ba o ōbamèlañ ba na le go o ōbamèla ka mōea le ka boamarure.” (Yohane 4:23, 24) Gore re kgone go obamela Jehofa Modimo “ka mōea,” dipelo tsa rona di tshwanetse go tlala ka tumelo le lorato tseo di tla re tlhotlheletsang go mo direla tirelo e e boitshepo. (Mareko 12:28-31; Bagalatia 2:16) Go obamela Jehofa ka “boamarure” go re tlhoka gore re gane maaka otlhe a bodumedi mme re dire tumalanong le thato ya gagwe jaaka e senolwa ka botlalo mo Bibeleng. Ga re kake ra baya Jehofa Modimo kwa pele fa bodumedi jwa rona bo sa dire dilo tse a di batlang ka botlalo.a Dingwe tsa tsone ke dife? Mme malapa a rona a solegelwa molemo jang fa re di dirisa?
Go Baya Modimo kwa Pele Jaaka Monna Yo O Nyetseng
Bibela e bolela jaana mo go 1 Bakorintha 11:3: “Tlhōgō ea monna moñwe le moñwe [ke] Keresete; le tlhōgō ea mosadi ke monna; le tlhōgō ea ga Keresete ke Modimo.” Fa o le monna yo o nyetseng, o na le boikarabelo jo o bo neilweng ke Modimo jwa go dira ditshwetso mo lelapeng la gago. Mme seno ga se neye monna ope yo o nyetseng tetla ya go gatelela kana go nna modipa.
Bibela e rotloetsa banna gore ba akanyetse kafa basadi ba bone ba ikutlwang ka gone fa ba dira ditshwetso tse di ba amang. (Bapisa Genesise 21:9-14.) Eleruri, Dikwalo di rotloetsa mongwe le mongwe wa rona gore a ‘se tlhokomele dilo tse e leng tsa gagwe fela, fa e se gore mongwe le mongwe a tlhokomele le tse e leng tsa ba bangwe.’ (Bafilipi 2:2-4) Fa go sena molaomotheo ope fela wa Bibela o o amegang, monna yo o nyetseng wa Mokeresete gantsi o tla ineela go dira se mosadi wa gagwe a se batlang. Ereka a mo kgatlhegela thata, o tla tlhomamisa gape gore a se ka a imelwa ke maikarabelo a mantsi. Ka sekai, a ka nna a mo thusa ditiro dingwe tsa mo lelapeng, segolobogolo fa a dira tiro nngwe ya boitshediso.
Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Banna le bōnè ba chwanetse go rata basadi ba bōnè hèla yalo, yaka e ka bo e le mebele ea bōnè. Eo o ratañ mosadi oa gagwè oa ithata. Gonne ga go e se go ko go nne motho opè eo o kileñ a ila nama ea gagwe, me oa e otla, a e ñomaelè, hèla yaka Keresete le èna o dihèla phuthegō.” (Baefesia 5:28, 29) Jesu Keresete o dirisana le maloko a phuthego ka tsela e e lorato.
Kgakololo eno ya ga moaposetoloi Petere le yone e molemo thata: “Lona banna ba lo nyetseñ, lo agè le basadi ba lona kaha kicoñ, ka go naea mosadi tlotlō, yaka e le seyana se se señ thata, ka lo bile lo le barui mmōgō nabō ba tshegōhaco ea botshelō; gore merapèlō ea lona e tle e se ka ea kgoreletsèga.” (1 Petere 3:7) A ga se selo se se masisi tota go lemoga gore fa o sa tshole mosadi wa gago ka tsela e e lorato dithapelo tsa gago di ka kgoreletsega? Ee, monna o tshwanetse go tshwara mosadi wa gagwe ka tsela e e lorato gore Modimo o utlwe le go araba dithapelo tsa gagwe.
Go baya Modimo kwa pele go ama gape kamano ya rre le bana ba gagwe. O tshwanetse go amega tota ka boitekanelo jwa bomoya jwa bone. Lefa go ntse jalo, mo patlisisong nngwe e kgolo mo U.S. ke bontlhanngwe fela jwa banna jo bo neng jwa bolela gore “go nna le seabe mo go ithuteng Dikwalo kana mo ditlhopheng tse di tlotlang ka tsone” e ne e le ‘selo se se botlhokwa thata gore malapa a bone a gole semoyeng.’ Ba bangwe botlhe ba ne ba umaka dilo tse di tshwanang le “go leba kana go reetsa dithulaganyo tsa ditirelo tsa bodumedi tse di gasiwang mo radiong le mo thelebisheneng” kana ‘ba akanya thata ka bokao jwa botshelo.’
Lefa go ntse jalo, Bibela e bolelela borre jaana: “Lo se ka loa rumola bana ba lona go ba gakatsa: me lo ba godisetsè mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.” (Baefesia 6:4) Mo Basuping ba ga Jehofa, go lebeletswe gore borre ba etelele malapa a bone pele mo kobamelong. Banna ba ba ntseng jalo ba baya Modimo kwa pele mo botshelong jwa malapa a bone ka go tsamaisa dithuto tsa magae tsa Bibela, go ya dipokanong tsa Bokeresete, le go dira dilo tseo Dikwalo di laelang gore di dirwe.
Go Baya Modimo kwa Pele Jaaka Mosadi
Fa o le mosadi yo o nyetsweng, o ka baya Modimo kwa pele ka go tshegetsa monna wa gago mo seabeng seo a se dirang jaaka tlhogo ya lelapa. Bibela e bolela jaana: “Basadi ba lo nyecweñ, ineeleñ mo banneñ ba lona, yaka go chwanetse mo Moreneñ.” (Bakolosa 3:18) Seno se ka nna bokete fa monna e le motho yo o sa bueng kana a se matlhagatlhaga go etelela lelapa pele mo kobamelong. Lefa go ntse jalo, go tlhola a kgobilwe ka diphoso tsa gagwe kana se se maswe le go feta go mo gwetlha go tla oketsa kutlobotlhoko mo lelapeng.
Diane 14:1 e bolela jaana: “Mosadi moñwe le moñwe eo o tlhalehileñ o aga ntlo ea gagwè: me eo o seeleele o e rutlolola ka diatla tsa gagwè.” Tsela nngwe eo mosadi yo o nyetsweng yo o botlhale tota a ka bayang Modimo kwa pele ka yone mme a ‘aga ntlo ya gagwe’ ke ka go ikobela monna wa gagwe. (1 Bakorintha 11:3) Ka go bo molao wa bopelonomi o be o le mo lolemeng lwa gagwe, o tila go tshwayatshwaya monna wa gagwe diphoso fela go sa tlhokege. (Diane 31:26) Gape o dira ka natla gore ditshwetso tsa gagwe di atlege.
Tsela e nngwe gape eo mosadi yo o nyetsweng a ka bayang Modimo kwa pele ka yone ke go nna mosadi yo o dirang ka natla. Gone mme, fa e le gore o tshwanetse go dira tiro ya boitshediso, a ka nna a se ka a nna le nako kana nonofo e e tlhokegang go dira gore legae la gagwe le nne jaaka a le batla. O santse a ka leka go nna jaaka “mosadi eo o mokgwa o o iphaphileñ” yoo Bibela e bolelang jaana ka ene: “O lebaleba mekgwa ea ba ntlo ea gagwè thata, me ga a ye diyō tsa poduhalō.”—Diane 31:10, 27.
Mo godimo ga tsotlhe, mosadi o tshwanela go baya kobamelo ya Modimo kwa pele mo botshelong jwa gagwe. Bontsi jwa bao ba etelang kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa la ntlha ba akgela ka bana ba ba phepa. Tiro ya mosadi mo go seno ga e kake ya bapisiwa le sepe. Mme o tshwanetse go dira gape gore a tlhokomele bomoya jwa gagwe ka go rapela, go ithuta, le ka go direla Modimo.
Go Baya Modimo kwa Pele Jaaka Basha
Setlhogo sengwe mo go Adolescent Counselor se bolela jaana: “Bana ba ile ba nna le mekgwa mengwe le botlhajana eo e ileng ya ba dira gore ba laole batsadi ba bone . . . Ereka ba ile ba golela mo bathong bao ba gatelelang le go tlotlomatsa go kgotsofala ka bonako le go huma dilo tse di bonalang, basha ba nna le boikutlo jwa gore ‘Ke se batla jaanong.’” Fa o le mosha, a o na le boikutlo joo?
Bakolosa 3:20 e bolela jaana: “Bana, utlwañ batsadi ba lona mo diloñ cotlhe, gonne mo e be e le mo go kgatlhañ mo Moreneñ.” Motho yo mmotlana o tla dirisana le batsadi ba gagwe fa a leba go ba ikobela e le sengwe seo Modimo o batlang gore a se dire. Ka sekai, ga a kitla a dira sengwe se ba sa se amogeleng a se dira mo sephiring ka go tsalana le ditsala tsa gagwe tsa kwa sekolong tseo ba sa di amogeleng; kana gone go dirisa motsadi yo mongwe ka maano gore a bone dilo tse a di batlang. (Diane 3:32) Go na le moo, motho ope fela yo mmotlana yo o bayang Modimo kwa pele mo botshelong jwa gagwe o tla ineela mo kaelong e e lorato ya batsadi ba gagwe.
Nna O Ntse O Beile Modimo kwa Pele!
Lemororo re ka tswa re na le boemo bofe mo lelapeng, re tshwanetse go baya Modimo kwa pele mo botshelong mme ra tlhagolela kamano e e atamalaneng le ene. A wena le lelapa la gago le dira jalo?
Mo ‘metlheng eno ya bofelo,’ rotlhe re lebane le “dipaka tse di tlhokohatsañ.” (2 Timotheo 3:1-5) Lefa go ntse jalo, go a kgonega gore motho a ka gola semoyeng a bo a falola bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo. (Mathaio 24:3-14) Wena le lelapa la gago le ka nna le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise fa o tsaya kgato mme o dirisa kitso e e tlhomameng ya Bibela. (Luke 23:43; Yohane 17:3; Tshenolō 21:3, 4) Ee, go ka nna fela jalo fa o baya Modimo kwa pele mo botshelong jwa lelapa la gago.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona kgaolo 22 ya buka O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Mosadi wa setswerere o itumelelwa tota
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Bibela e rotloetsa banna ba ba nyetseng gore ba etelele lelapa pele mo kobamelong
-