LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 5/15 ts. 21-23
  • Ka Moo O Ka Atlegang ka Teng mo Bodiheding jwa Bobulatsela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ka Moo O Ka Atlegang ka Teng mo Bodiheding jwa Bobulatsela
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kamano ya Me le Modimo E Nonofile Go Le Go Kae?
  • Ke Rata Batho Go Le Go Kae?
  • A Ke Na le Thulaganyo E E Lekalekaneng?
  • A Ke Morutisi Yo O Nang Le Kgatelopele?
  • Masego a Bodiredi Jwa Bobulatsela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Bobulatsela bo Nonotsha Kamano ya Rona le Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Babulatsela Ba Lere le go Amogela Masego
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • A o Ka Kgona go Nna Mmulatsela?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 5/15 ts. 21-23

Ka Moo O Ka Atlegang ka Teng mo Bodiheding jwa Bobulatsela

A BODIHEDI jwa bobulatsela ke tiro ya gago? Fa a le gore o mmulatsela, kana mmoledi wa Bogosi wa nako e e tletseng, ga go belaetse gore o kgatlhegela go atlega. Mme katlego a tlhoka se se fetang fela go kgona go senya nako mo tirong e e rileng. Motho yo o atlegileng o tshwanetse go amogela katiso mme a tswelele go tsweletsa dikgono tsa gagwe pele.

Ke jang he, o ka se kgoneng fela go tswelela jaaka mmulatsela mme gape o dira kgatelopele mo tirong ya gago? Go na le dipotso di le mmalwa tsa botlhokwa tseo o ka di akanyetsang.

Kamano ya Me le Modimo E Nonofile Go Le Go Kae?

Nngwe ya dilo tsa botlhokwa mo go tsweleleng pele jaaka mmulatsela ke go nna le kamano e e gaufi, le e e nonofileng le Jehofa Modimo. Mo ntlheng eno, re ka ithuta thuto e e tswang go mopesalema Dafide. O ne a lopa jaana: “Nchupetsa metlhala ea gago, Yehofa; u nthute ditsela tsa gago. Ntsamaisa mo boamarureñ yoa gago, a bo a nthute; gonne ke wena Modimo oa poloko ea me; ke lebelela mo go wena ka letsatsi yeotlhe.”—Pesalema 25:4, 5.

Dafide o ne a ikaegile gotlhelele ka ‘Modimo wa poloko ya gagwe.’ O ne a eletsa fa Jehofa a ka mo ruta mme a mo ‘supetsa metlhala ya Gagwe.’ A ga o lemoge keletso eno e e kwa godimo ya ga Dafide ya go itumedisa Modimo? Seo a ne a le se se fetang keletso e e tlang sewelo, gonne Dafide o ne a bolela jaana: “Ke lebèlèla mo go wena ka letsatsi yeotlhe.”

Mme o ka boloka jang kamano e e gaufi jaana le Jehofa? Ela tlhoko gore mafoko a a fa godimo ke mafoko a ga Dafide a fa a ne a rapela. Ee, go buisana le Modimo ka thapelo ke motheo wa kamano a ntle le one. Re ka gomotsega go itse gore ga re tlhoke go dira tumalano pele le Rraarona wa selegodimo. Re ka bua le ene nako nngwe le nngwe. Jaaka fa Dafide a ne a bolela jaana: “Ke tlhōla ke biletsa kwa go wèna letsatsi yeotlhe hèla.” (Pesalema 86:3) Le eleng Morwa Modimo ka boene, yoo a neng a le mo lefatsheng jaaka motho yo o itekanetseng, o ne a lemoga gore a ka se tswelele pele kwantle ga thuso ya ga Rraagwe. Jesu o ne a bua le ene ka thapelo letsatsi lotlhe—mo mosong, motshegare, le bosigo.—Mareko 1:35; Luke 11:1; 6:12.

Jaaka Bakeresete, re tlhoka go latela sekao sa ga Jesu gore re tle re atlege mo bodiheding jwa rona. (Bahebera 5:7) Mabapi le thapelo, mosadi mongwe wa Mokeresete o ne a tlhalosa ka mokgwa ono morago ga go nna mmulatsela yo o atlegileng ka dingwaga di le 30: “Ke bona fa thapelo a tlhokafala mo go nna gore ke tle ke atlege jaaka mmulatsela. Go nthusitse gore ke ikaege gotlhelele ka Jehofa, ke lemoga gore nka se kgone go dira jalo ka bo nna. Ke lopa Jehofa ke sa kgaotse gore a nthuse ke tswele pele.”

Ee, gore o atlege mo tirelong ya bobulatsela, o tlhoka go nna le kamano e e nonofileng le Jehofa, o ikaege ka mo go feletseng ka ene ka go rapela. Lefa go le jalo, potso e e latelang ke a nngwe ya botlhokwa eo o tshwanetseng go ipotsa yone.

Ke Rata Batho Go Le Go Kae?

Bobulatsela ke pontsho ya lorato. Ka ntlha yang? Gonne bodihedi jwa nako e e tletseng bo kopanyeletsa moya wa go intsha setlhabelo. Jaaka mmulatsela, o tswela pele o senya nako ya gago le maikatlapelo go thusa batho ba bangwe o sa kgaotse. Mme gore o tle o tswele pele o dira seno, o tshwanetse go nna le kgatlhego ya mmatota mo dilong tse ba bangwe ba di tlhokang. Fa a le mo lefatsheng, Jesu o ne a bontsha lorato to to ntseng jalo mo bathong. Ka sekai, ka motlha o mongwe Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba tsamaya ka mokoro ba ya kwa lefelong lengwe le le didimetseng gore ba “itapolose ka lobakanyana.” Lefa go le jalo, boidiidi bo ne jwa fitlha koo pele ga bone. “Me a cwa, me a hitlhèla bontsi yo bogolo yoa batho, me a ba tlhomogela pelo, ka ba nntse yaka dinku tse di senañ modisa: me a simolola go ba ruta dilō di le dintsi.”—Mareko 6:30-34.

Jaaka Jesu, fa re le babulatsela re tshwanetse go nna le lorato to to boteng mo bathong. Lorato to to ntseng jalo to re rotloetsa gore re direle mo boemong jwa bone. Jaaka mokwadi mongwe a kile a bolelela Jesu jaana: “Go . . . rata [Modimo] ka pelo eotlhe, le ka tlhaloganyō eotlhe, le ka thata eotlhe, le motho go rata moñwe ka èna yaka a ithata, ke mo go gaisañ dichupèlō tse di hisiwañ di le boleka, le ditlhabèlō cotlhe.” (Mareko 12:33) Mafoko ano a re thusa go lemoga gore se se botlhokwa ga se fela gore re dira eng mo bodiheding jwa rona mme gape le gore ke ka ntlhayang re se dira.

Jaaka mmulatsela, o senya nako a ntsi mo tirong ya go bolela le go dira barutwa go feta ba bangwe ba bantsi. Mme gape o kopana le batho ba le bantsi. O ikutlwa jang ka bone? Mmulatsela mongwe o ne a bolela jaana: “Ke a itse gore lorato ke loungo lwa moya wa Modimo. Ka jalo kwa ntle ga lone nka bo ke se mo boammaaruring gotlhelele, ke sa re sepe ka go atlega jaaka mmulatsela. Lorato to dira gore ke amege ka batho, gore ke lemoge gore ba tlhoka eng, mme ke lemoga gore batho ba a arabela fa o bontsha lorato. Tota, go na le dinako tseo ka tsone lorato lwa gago mo bathong to tlang go bewa mo tekong ka tsone ka ntlha ya maikutlo a bone kana mekgwa ya bone. Ke ka nako eo ke lekang thata go ba reetsa le go nna pelotelele ka yone.”

A o ikutlwa jalo ka batho ba ba leng mo tshimong eo o nnang mo go yone? Gore o nne mmulatsela yo o atlegileng, o tshwanetse go rata batho. (1 Bathesalonia 2:6-8) Lefa go ntse jalo, gore o atlege mo tirong ya gago ya bobulatsela, o tlhoka gape le thulaganyo e e molemo. Ka jalo, ipotse jaana:

A Ke Na le Thulaganyo E E Lekalekaneng?

Gore mmulatsela a tswele pele ka katlego mo bodiheding jwa nako e e tletseng, o tshwanetse go bo a na le thulaganyo e e molemo. Bobulatsela a ka nna jo bo nyemisang mooko fa o sena thulaganyo ya botho e e siameng. Kwantle ga pelaelo, ga go tlhokege fela gore o nne le thulaganyo e e tla go letlang go senya nako e e rileng mo bodiheding jwa tshimo.

Mmulatsela o tlhoka thulaganyo e e lekalekaneng. A o na le yone? 0 ka ipotsa jaana: A ke senya nako e e tshwanetseng mo dikarolong tse di farologaneng tsa bodihedi? A nka bolela gore ke dira maiteko otlhe go fitlhelela batho mo tshimong? A ke dira diphetogo tse di tlhokegang mo thulaganyong ya me gore ke kgone go ya kwa go bone fa ba le teng kwa gae? A ke dira maeto a go boela a a atlegileng? Jesu o ne a bolela jaana: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa . . . Lo ba rutè.” (Mathaio 28:19, 20) Go rera gammogo le go ruta ke dikarolo tsa botlhokwa mo bodiheding jwa rona. A o kgotsofadiwa ke go tsamaisa dibuka, kana o boela kwa go botlhe ba ba bontshitseng kgatlhego, go sa kgathalesege gore ba amogetse dibuka tsa Bibela kana nnyaa? Ka bokhutshwane, a o dira nako ya gago gore a nne le boleng?

A Ke Morutisi Yo O Nang Le Kgatelopele?

Eo ke potso a nngwe e e botlhokwa. Mo go 2 Timotheo 4:2, Paulo o ne a kwala jaana: “Rèra lehoko; u tlhōahalè go le lobaka le go se lobaka; . . . ka bopelotelele yotlhe le ka [botswerere jwa, NW] go ruta.” Gore ba kgone go rera lefoko, babulatsela ba ba atlegileng ba lwela go bapala botswerere jwa go ruta le go bo tokafatsa go sa kgathalesege gore ba rera mo phuthegong kana ka kwa ntle ga yone. Ke go reng fa Paulo a bitsa go ruta a re ke botswerere? Gonne go ruta go tlhoka bokgoni le boikatiso.

O tlile go tokafatsa jang bokgoni jwa gago jaaka morutisi? Moaposetoloi Paulo o araba jaana: “U tlo u tlhōahalè mo diloñ tse; u ineèlè mo go cōna ka boyotlhe yoa gago; gore bocwèlèlō pele yoa gago bo bōnatshègè mo go botlhe.” (1 Timotheo 4:15) Ee, babulatsela ba tshwanetse go senya nako ba dira thuto ya botho ya Bibela, ba akanya ka yone le go tlhatlhanya ka yone. Seno se akareletsa go dirisa dikakantsho tse di bonwang mo dikgatisong tse di jaaka Go Fetolana ka Dikwalo, Tirelo ya Rona ya Bogosi, le Buka ea Tataiso ea Sekolo sa Boboleli sa Puso ea Leholimo.a

Ka jalo, gore o atlege mo bodiheding jwa bobulatsela, nna le kamano ya botho e e nonofileng le Jehofa Modimo. Fa o dira jalo, seno se tla go rotloetsa gore o bapale lorato to to boteng mo bathong le go le bontsha mo go bone. Legale, gore o bontshe lorato lono, ga o a tshwanela go amega fela ka gore ke nako e e kae e o e senyang mo bodiheding, mme gape o tshwanetse go dira gore nako ya gago a nne le boleng. Jang? Ka go dira maiteko a a tlhokegang gore o fitlhelele batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka gone ka molaetsa wa Bogosi. Sa bofelo, tswela pele go dira kgatelopele jaaka morutisi ka go ithuta mekgwa e e farologaneng ya go bua le batho mo bodiheding le go nna matlhagatlhaga mo go ithuteng Bibela ka boikaelelo jwa go tokafatsa botswerere jwa gago jwa go ruta.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Tse di gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela