LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/91 ts. 1
  • Go Lemoga Bokao Jwa Ditiragalo Tsa mo Malatsing Ano

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lemoga Bokao Jwa Ditiragalo Tsa mo Malatsing Ano
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bua ka Ditiragalo Tsa Bosheng fa o Rera
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Setlhogo sa Motlotlo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Dirisa Ditiragalo Tsa Bosheng go Tsosa Kgatlhego
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Boela Kwa o Boneng Kgatlhego Teng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
km 10/91 ts. 1

Go Lemoga Bokao Jwa Ditiragalo Tsa mo Malatsing Ano

1 “Mokgwa oa lehatshe yeno oa heta.” (1 Bakor. 7:31) Seno se supiwa ke ditiragalo tse di diragalang ka bofefo tsa mo malatsing ano. Ditiragalo tseno mmogo le tsotlhe tse di diragalang mo teng ga phuthego ya ga Jehofa, di kaya eng mo go wena ka namana?—Luke 21:28.

2 Go diragadiwa ga boperofeti jwa Bibela mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga go tlhomamisa gore tsamaiso yotlhe e e boikepo ya dilo e mo malatsing a yone a bofelo. (Math. 24:3-14; Luke 21:7-11) Jesu o ne a re “losika lo, ga lo ketla lo heta go tsamaee dilō cotlhe di dihale pele.” (Luke 21:32) A o lemoga bokao jwa seno mo bathong ba mo tshimong ya lona bao ba iseng ba tseye kgato go ema kafa letlhakoreng la ga Jehofa? Fa e le gore wa lemoga, seno se ama bodihedi jwa gago jwa tshimo jang?—Luke 21:34-36.

3 Thusa Ba Bangwe Nako E Santse E le Teng: Jesu o ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe gore ba sole molemo maemo ao a ba dumelelang gore ba itsise mafoko a a molemo. (Yoh. 9:4) Moaposetoloi Paulo o ne a boeletsa kgakololo e e tshwanang fa a ne a kgothaletsa bakaulengwe ba kwa Kolosa gore ‘ba ba kwa ntle ba ba tsamaele ka botlhale, ba ntse ba swela lobaka molemo.’—Bakol. 4:5.

4 Bangwe ba ile ba reetsa kgakololo ya moaposetoloi ya go sola lobaka molemo ba bo ba nna babulatsela ba ka metlha. Basha ba le bantsi ba ile ba tsaya tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha ba santse ba le kwa sekolong mme ba ile ba atlega tota ka go dira jalo. Basha bao ba leng kwa sekolong ba ka sola lobaka molemo ka go thusa balekane ba ba leng mo tlelaseng e le nngwe le bone go tlhaloganya bokao jwa seo se diragalang gompieno le tsholofelo e e phatsimang ya isagwe kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo.—Mor. 12:1.

5 Re ka dirisa nako ya rona sentle mo bodiheding jwa tshimo ka October ka go bontsha makasine wa Tsogang! ka sebaka sengwe le sengwe se re se bonang. Kgatiso eno e lemotsha bokao jwa mmatota jwa ditiragalo tsa mo malatsing ano. E tsamaisetse batho ba ba amegileng bao o ba fitlhelang fa o bereka ka ntlo le ntlo. Simolola ka bowena go e tsamaisetsa balekane ba gago ba sekolo kana batho ba kwa o berekang gone. Gatelela dikgang tseo di ka kgatlhang ka mo go kgethegileng batho ba o ba itseng. Ka sekai, Tsogang! ya October 8, 1991, e na le ditlhogo tse di buang ka ga go sotliwa ga bana. Batho ba le bantsi ba amegile ka kgang eno.

6 Setlhogo sa Motlotlo sa kgwedi eno se ka dirisiwa jang? Fa o sena go ikitsise, o ka botsa mong wa ntlo jaana: “O akanya gore ke ka ntlha yang fa re thulana le maemo a a utlwisang botlhoko thata jaana gompieno?” Fa a sena go araba, o ka nna wa oketsa ka gore: “Bibela ya dumela gore batho ba le bantsi ga ba na tsholofelo mo botshelong ebile botshelo jwa bone bo utlwisa botlhoko. Ela tlhoko seo se bolelwang fano mo go Moreri 2:17. [E bale.] A o dumelana le seo se bolelwang fano? [Mo letle gore a arabe.] O ka re ke eng seo se ka gomotsang motho yo o thulanang le mathata a le mantsi? [Mo letle gore a akgele.] Temana eo e re fang tsela e e molemo eo re ka lebang botshelo ka yone ke eno. [Bala Pesalema 37:39, 40.] Leno ke lone lebaka la go bo Basupi ba ga Jehofa ba kgothaletsa gore go ithutiwe Bibela. Ka sekai, ela tlhoko kgang eo e tlotliwang mo makasineng wa rona wa bosheng wa Tsogang!” Go tswa foo o bo o tsamaisa peeletso. Fa peeletso e sa amogelwe, tsamaisa dimakasine ka bongwe kana o tlogele pampitshana.

7 Ga go na pelaelo gore metlha eno ke e e kgatlhisang go direla Jehofa ka yone. Ekete ntlha eno e ka re tlhotlheletsa gore re dirise ditshono tseo re ka di bonang mo kgweding eno ka tsela e e molemo go thusa batho ba ba oketsegileng ba ba dipelo di ikanyegang gore ba bone seo tota ditiragalo tsa mo malatsing ano di se kayang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela