Go Aga Botho Jwa Bokeresete mo Baneng ba Rona
MMAAGWE Wanda, yoo a neng a tlogetswe ke monna o ne a dira ka natla go aga dinonofo tsa Bokeresete mo go morwadie. Katiso eno e ne ya lekwa fa Wanda a na le dingwaga di le 12. Ka nako eo, Wanda le monnawe wa mosetsana le wa mosimane, ba ne ba tshwanela go tlogela mmaabo mme ba ya go nna le rraabo ka lobakanyana. Rraagwe e ne e se modumedi, ka jalo Wanda o ne a tla dira jang fa mmaagwe a ne a sa mmone?
Sengwe seo kgabagare se diragalelang batsadi ba Bakeresete ke fa go tla nako ya gore bana ba bone ba dire ditshwetso, tumelo ya bone e lekwa. Bana ba ka nna ba kgaoganngwa le batsadi ba bone ba Bakeresete jaaka go ne ga diragala ka Wanda. Bankane ba bone ba sekolo ba ka nna ba ba gatelela go dira diphoso. Kana ba ka nna ba lebana le diteko tse di maatla tota. Batsadi ba Bakeresete ba a solofela le go rapelela gore fa dinako tseo di tla, bana ba bone ba bo ba na le botho jwa Bokeresete jo bo nonofileng tota gore ba kgone go emelana le teko eo.
Batsadi ba ka aga dinonofo tse di nonofileng tsa Bokeresete jang mo baneng ba bone? Pele re ka bona gore go ne ga diragala eng ka Wanda, a re boneng kafa Bibela e re thusang ka gone go araba potso eo. Motheo wa karabo eo o bonwa mo mafokong ano a ga moaposetoloi Paulo a a neng a a kwalela Bakeresete ba kwa Korintha a a reng: “Gonne ga go na motho opè eo o ka thaeañ mothèō o sele ha e se o o theilweñ, o e leñ Yesu Keresete. Me ha moñwe leha e le mañ a aga mo motheoñ o ka gouda, le selefera, le mayè a a tlhokègañ, le logoñ, le boyañ, le diritè; Tihō ea moñwe le moñwe e tla bōnadiwa: gonne letsatsi le tla e bolèla, ka e senolwa ke molelō; me molelō ka osi o tla leka tihō ea moñwe le moñwe kaha e nntseñ ka gōna.”—1 Bakorintha 3:11-13.
Motheo
Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a kwala mafoko ano? O ne a setse a simolotse thulaganyo ya go aga botho jwa Bokeresete kwa Korintha, mme thulaganyo eo e ile ya nna le mathata. Legale, thulaganyo ya ga Paulo e ne e sa ame bana ba gagwe ka namana. E ne e ama bao ba neng ba nna Bakeresete ka ntlha ya go bo a ile a ba rerela. Mme kgopolo ya go bo bano e ne e le bana ba gagwe ba semoya, le seo a neng a se bolela di botlhokwa thata mo batsading.—1 Bakorintha 4:15.
Paulo o ne a kile a tla mo Korintha nako nngwe pele ga foo mme o ne a tlhomile phuthego ya Bokeresete koo. Bao ba neng ba tsere kgato ka thero ya gagwe ba ne ba dirile diphetogo tse dikgolo tota mo bothong jwa bone. Bangwe ba bone pele ba ne ba na le boitsholo jo bo maswe, e le magodu, diaka, le matagwa. (1 Bakorintha 6:9-11) Mme ba ne ba kgona go fetoga ba akanya jaaka Bakeresete gonne Paulo o ne a thaile motheo o o molemo tota, jaaka go ka tualo. Motheo oo e ne e le eng? “Ga go motho opè eo o ka thaeañ mothèō o sele ha e se o o theilweñ, o e leñ Yesu Keresete.”—1 Bakorintha 3:11.
Paulo o ile a thaya motheo ono jang fa a ntse a ruta badumedi ba basha kwa Korintha? O re bolelela jaana: “Me nna ba ga echo, e rile ke ea koñ go lona, ka bo ke sa ee ka bontlè yoa puō leha e le yoa botlhale, ke lo bolèlèla bosaitsiweñ yoa Modimo. Gonne ke ne ke ikaeletse, go re, ga nketla ke itse sepè mo go lona, ha e se Yesu Keresete le ene a bapocwe.” (1 Bakorintha 2:1, 2; Ditihō 18:5) Ga a ka a dira gore batho ba tlhokomele ene kana a kgabisa boammaaruri gore bo ikuele jaaka thutego nngwe. Go na le moo, o ne a dira gore go tlhokomelwe Jesu Keresete le tsela eo Modimo o neng o mo dirisitse ka yone.
Ebile tota, Jesu ke motheo o o nonofileng ka tsela e e kgatlhisang wa go aga ga Bokeresete. O ne a intsha setlhabelo sa thekololo. Jaanong ke Kgosi ya selegodimo e e tla tlogang e nyeletsa baba ba Modimo ka Hara–Magedona. Morago ga foo o tla diragatsa tshiamo ya Modimo mo pusong ya gagwe ya dingwaga tse di sekete, mme jaaka Moperesiti yo Mogolo wa Modimo, o tla dira gore batho botlhe ba itekanele kgato ka kgato. Ke motheo ofe gape oo motho a ka o batlang?
Ka gone, fa re aga botho jwa Bokeresete mo baneng ba rona, re tla bo re dira sentle fa re etsa Paulo mme re tlhomamisega gore ba lemoga dintlha tse di botlhokwa tseno. Re tshwanetse go ruta bana ba rona go tloga fela e santse e le masea go rata Jesu ka ntlha ya se a se dirileng le seo a santseng a se re direlang.—1 Petere 1:8.
Kago
Lefa go ntse jalo, lemororo Paulo a ne a thaile motheo o o molemo jalo, tiro ya gagwe e ne ya senyega fa a sena go tsamaya. (1 Bakorintha 3:10) Bothata joo bo ne bo tshwana fela le joo batsadi ba bantsi ba nnang le jone gompieno. Ba godisetsa bana ba bone mo tumelong ya Bokeresete mme ba tlhomamisega gore bana ba bone ba tlhaloganya se boammaaruri e leng sone. Mme fa bana bano ba gola, ba katogela kgakala le tumelo kana ba a e tlogela. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? Gantsi ke ka ntlha ya didirisiwa tsa go aga tse di dirisitsweng.
Paulo o ne a bolela gore botho jwa motho bo ka agiwa ka didirisiwa tse di botlhokwa thata tseno: gouta, selefera, le maje a a tlhokegang. Kana bo ka agiwa ka didirisiwa tseno tsa tlhwatlhwa e e kwa tlase: logong, bojang, le dirite. (1 Bakorintha 3:12) Jaanong fa moagi a dirisa gauta, selefera, le majana a a tlhokegang, o tshwanetse a bo a aga kago ya mofuta wa maemo a a kwa godimo tota, ya boleng jo bo kwa godimo thata. Mme moagi yo o dirisang logong, bojang, le dirite o aga sengwe se se seng thata, sa nakwana le sa tlhwatlhwa e e kwa tlase.
Go lebega go ne go dirisiwa didirisiwa tse di seng thata tsa semoya fa go ne go agiwa kwa Korintha. Bangwe ba batho bao ba neng ba aga mo motheong o o neng o dirilwe ke Paulo ba ne ba dirisa dilo tsa tlhwatlhwa e e kwa tlase, ba ne ba sa age dikago tse di nonofileng tse di tla nnelang ruri. Bakorintha ba ne ba simolola go lebelela batho, mme go ne ga nna le dikgaogano, mafufa le dikgogakgogano mo gare ga bone. (1 Bakorintha 1:10-12; 3:1-4) Seno se ka bo se thibetswe jang? Ka go dirisa didirisiwa tsa boleng jo bo botoka, tse di thata tota.
Tsone di emela dinonofo tse di botlhokwa tse e leng karolo ya botlhokwa ya botho jwa Mokeresete. Dinonofo dife? Moaposetoloi Petere o ne a umaka e nngwe: “Boleng jo bo lekilweng jwa tumelo ya lona, joo bo leng tlhwatlhwakgolo go gaisa gouta.” (1 Petere 1:6, 7, NW) Kgosi Solomone o ne a umaka tse dingwe gape tse pedi eleng: botlhale le temogo, tseo go nna le tsone ‘go gaisang tlhwatlhwa ya selefera.’ (Diane 3:13-15) Mme Kgosi Dafide o re gakolola gore go boifa Jehofa le go itumelela melao ya gagwe go “eletsèga bogolo go gouda.”—Pesalema 19:9, 10.
Didirisiwa tseno mmogo le tse dingwe tse di botlhokwa di ka agelelwa mo bothong jwa Bokeresete go thusa bana ba rona go falola diteko. Lefa go le jalo, re ka tlhomamisega jang gore re aga ka didirisiwa tse di ntseng jalo? Ka go ela tlhoko thata dipelo tsa bana ba rona mmogo le tsa rona.
Tiro E E Atlegileng Thata ya go Aga
Seabe seo pelo ya motsadi e nnang le sone mo tirong ya go aga se bonwa mo taolong eo Jehofa a neng a e neile batsadi mo morafeng wa bogologolo wa Iseraele: “Me mahoko a ke a gu laolèlañ gompiyeno, a a nnè mo peduñ ea gago.” Mme o ne a tswelela ka go bolela jaana: “Me u a rutè bana ba gago ka tlhōahalo.” (Duteronome 6:6, 7) Ka gone, pele re ka aga ba bangwe, re tshwanetse go ikaga ka borona. Bana ba rona ba tshwanetse go bona gore botho jwa rona bo bopilwe ka didirisiwa tse di siameng ba bona seo mo dilong tse re di buang le tse re di dirang.—Bakolosa 3:9, 10.
Gape re tshwanetse go fitlhelela dipelo tsa bone fa re ba ruta. Moagi yo o neng a atlega thata mo go ageng botho jwa Bokeresete ebong Jesu o ne a fitlhelela dipelo ka go dirisa ditshwantsho le dipotso. (Mathaio 17:24-27; Mareko 13:34) Batsadi ba fitlhela gore yone mekgwa eno ya go ruta e dira tota. Ba dirisa ditshwantsho go dira gore boammaaruri jwa Bokeresete bo ikuele mo dipelong tsa bana ba bone ba babotlana, mme ba dirisa dipotso tse ba di akanyeditseng thata go batla go bona seo bana ba ba setseng ba godile tota ba se akanyang le gore ba akanya jang ka seo mo dipelong tsa bone.—Diane 20:5.
Moshe o ne a bolela jaana fa a ne a leka go aga mo Baiseraeleng keletso ya go nna ba ntse ba ikanyega: “Tshegetsa ditaolō tsa ga Yehofa, le ditaeō tsa gagwè, . . . gore go nnè molemō mo go wèna.” (Duteronome 10:13) Ka tsela e e tshwanang, batsadi ba dira sentle gore ba se ka ba tlhalosa fela ka phepafalo se Modimo o se batlang mme gape ba supe ka ditiro ka tsela e e tlhwatswang pelo tota gore ke ka ntlha yang fa dilo tse di jaaka boikanyegi, go nna phepa mo boitsholong, le ditsala tse di molemo di ka ba solegela molemo.
Kgabagare, Jesu o ne a bolela jaana: “Me botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.” (Yohane 17:3) Fa bana ba itse Jehofa ba sa le babotlana, ba ithuta go bua le ene ka mathata a bone, le go bona a araba dithapelo tsa bone, ba kgona go nna le karolo e e botlhokwa go gaisa ya botho jwa Bokeresete: kamano le Mmopi wa bone ka namana.
Molelo
Paulo o ne a fitlhela gore kago ya kwa Korintha e ne e sa agiwa sentle, mekgwa ya selefatshe, jaaka makoko le dikgaogano di ne di nna teng. Seno se ne se le kotsi gonne, jaaka a ne a tlhalosa, “molelō ka osi o tla leka tihō ea moñwe le moñwe kaha e nntseñ ka gōna.”—1 Bakorintha 3:13.
Molelo oo ke eng? E ka nna teko epe fela eo Satane a lekang Bakeresete ka yone. E ka nna kgatelelo ya bankane, dithaelo tsa senama, go rata dilo tse di bonalang, pogiso, le eleng dipelaelo tse di senyang mekgwa e e siameng. Diteko tse di ntseng jalo di tla tla eleruri. “Tihō ea moñwe le moñwe e tla bōnadiwa: gonne letsatsi le tla e bolèla, ka e senolwa ke molelō.” Batsadi ba ba botlhale ba aga botho jwa bana ba bone ba lebeletse gore bana ba tla lekwa. Mme ba tlhomamisega gore Jehofa o tla thusa bana ba bone gore ba fenye teko eo. Batsadi ba tla segofadiwa thata fa ba na le boikutlo joo.
Tuelo
Paulo o ne a bolela jaana: “Ha tihō ea moñwe e èma, e o e agileñ mo motheoñ, o tla amogèla tuèlō.” (1 Bakorintha 3:14) Moaposetoloi Paulo o ne a amogela tuelo. O ne a kwalela Bakeresete ba kwa motsemogolong wa Thesalonika jaana, koo le gone a kileng a aga gone: “Gonne cholohèlō ea rona e be e le eñ, kgotsa boitumèlō yoa rona, leha e le serwalō sa boipelahaco? A ga se lona hèla, ha pele ga Morèna oa rona Yesu, mo go tleñ ga gagwe? Gonne ke lona kgalalèlō ea rona, le boitumèlō yoa rona.”—1 Bathesalonia 2:19, 20.
Mmaagwe Wanda o ne a duelwa jaana. Fa Wanda wa dingwaga tse 12 a ne a iphitlhela a kgaogane le mmaagwe, kwa tshimologong o ne a lela go fitlha a bo a tshwara boroko. Morago a bo a gakologelwa kgakololo ya ga mmaagwe ya gore a bolelele Jehofa mathata a gagwe ka thapelo. O ne a rapela mme ka bonako fela o ne a tlelwa ke kgopolo ya go leba buka ya dinomoro tsa mogala go bona fa go sena Basupi ba ga Jehofa fa gaufi. O ne a ikgolaganya le bone mme a itse gore go na le lelapa lengwe le le neng le nna fela kwa tlasenyana mo mmileng o ntlo ya ga rraagwe e neng e le mo go one. “Abo ke ne ka itumela jang!” go bolela jalo Wanda.
E ne ya re ka ntlha ya kgothatso eo Wanda a neng a e bona go tswa mo lelapeng leno, o ne a dira dithulaganyo tsa gore monnawe wa mosimane le wa mosetsana ba tsene gape mo tirong ya Bokeresete. “E ne e le nna yo ke neng ke dira gore ba siamele go ya dipokanong,” o a tlhalosa, “ke ne ke tshwanetse go tlhatswa diaparo tsa bone, ke ba kame meriri, le go tlhomamisa gore re nne phepa ebile re lebega sentle.” E ne e le tiro e e thata tota go dirwa ke mosetsanyana, mme o ne a e dira. Ka nako nngwe rraagwe o ne a leka go ba thibela go ya kwa dipokanong, mme bana bano ba ne ba mo kopa thata, ke fa a ba letla.
Moragonyana, bana ba ne ba boelana gape le mmaabo. Wanda o ne a kolobediwa jaaka Mokeresete fa a na le dingwaga di le 15, mme kgabagare a bolela fa a eletsa thata go nna morongwa. Ee, tiro ya ga mmaagwe Wanda e ne ya falola teko. O ne a itumelela tuelo ya go bona morwadie a emela boammaaruri a nonofile a le esi. Ekete batsadi botlhe ba Bakeresete ba ka atlega ka tsela e e tshwanang fa ba ntse ba leka go aga botho jwa Bokeresete mo baneng ba bone.
[Lebokoso mo go tsebe 27]
Lemororo, jaaka setlhogo seno se bontsha, batsadi ba leka thata go aga dinonofo tsa Bokeresete mo baneng ba bone, bana le bone ba na le boikarabelo. Bone, fela jaaka Bakeresete botlhe, ba tshwanetse go ikaga. (Baefesia 4:22-24) Lemororo batsadi ba na le tshono e e molemo tota ya go ba thusa mo go seno, kwa bokhutlong motho mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso ka boene ya go direla Jehofa.