LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • re kgao. 15 ts. 82-89
  • “Ke Mang yo o Tshwanelang go Bula Lokwalo Lono Lwa Momeno?”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Ke Mang yo o Tshwanelang go Bula Lokwalo Lono Lwa Momeno?”
  • Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Yo o Nang le Tshwanelo
  • ‘Kwana yo o Neng a Bolailwe’
  • Dipina Tsa Pako
  • Pina e Ntšha
  • Pina ya Selegodimo
  • Go Gola ga Pina ya Pako
  • Buka ya Bibela ya bo 66—Tshenolō
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Go Opelwa Pina e Ntšha ya Phenyo
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Bontle Jwa Setulo sa Bogosi sa ga Jehofa sa Kwa Legodimong
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Molaetsa o o Botshe Le o O Bogalaka
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
re kgao. 15 ts. 82-89

Kgaolo 15

“Ke Mang yo o Tshwanelang go Bula Lokwalo Lono Lwa Momeno?”

1. Ke eng se jaanong se diragalang mo ponatshegelong ya ga Johane?

E KGOLO! E TSHWARISA KGAKGE! Eno ke ponatshegelo e e tshikhinyang maikutlo ya setulo sa bogosi sa ga Jehofa se se fa gare ga dipone tsa molelo, ditšheruba, bagolwane ba ba 24, le lewatle la galase. Mme, wena Johane, ke eng se o se bonang morago ga mo? Johane o tlhoma matlho mo bogareng jwa pono eno ya selegodimo, a re bolelela jaana: “Mme mo seatleng sa moja sa Yo o ntseng mo setulong sa bogosi ka bona lokwalo lwa momeno lo kwadilwe mo teng le kafa morago, lo kanetswe thata ka dikano di le supa. Mme ka bona moengele yo o nonofileng a bolela ka lentswe le le kwa godimo a re: ‘Ke mang yo o tshwanelang go bula lokwalo lono lwa momeno le go kanolola dikano tsa lone?’ Mme go ne go se na le fa e le a le mongwe fela kwa legodimong le fa e le mo lefatsheng le fa e le kafa tlase ga lefatshe yo o neng a kgona go bula lokwalo lwa momeno kgotsa go leba mo go lone. Mme ka lela fela thata ka gonne go se na ope yo o fitlhetsweng a tshwanela go bula lokwalo lwa momeno kgotsa go leba mo go lone.”—Tshenolo 5:1-4.

2, 3. (a) Ke ka ntlha yang fa Johane a tlhoafaletse gore go bonwe mongwe yo o ka bulang lokwalo, mme go bonala seemo e le sefe malebana le go ka dira seo? (b) Batho ba Modimo ba ba tloditsweng ba letetse eng ka tlhagafalo mo motlheng wa rona?

2 Jehofa ka boene, Molaodi yo Mogolo wa lobopo lotlhe, o ntsha lokwalo loo. Lo tshwanetse lwa bo lo tletse ka tshedimosetso ya botlhokwa, ka gonne lo kwadilwe kafa teng le kafa ntle. Go batla go itse ga rona go a rokotsega. Go kwadilwe eng mo lokwalong loo? Re gakologelwa taletso ya ga Jehofa go Johane: “Tlhatlogela kwano, mme ke tla go bontsha dilo tse di tla diragalang.” (Tshenolo 4:1) Re lebeletse ka go shwegashwega pelo, re solofetse go ithuta kaga dilo tseno. Mme ka maswabi, lokwalo lo tswetswe fela thata, lo tswetswe ka go kanelwa ka dikano di le supa!

3 A moengele yo o nonofileng o tla bona mongwe yo o tshwanelegang go ka bula lokwalo? Go ya ka Kingdom Interlinear, lokwalo lo “kafa seatleng se segolo” sa ga Jehofa. Seno se akantsha gore o fuporolotse legofi la gagwe go ntsha lekwalo leno. Mme go lebega go se na ope kwa legodimong kana mo lefatsheng yo o tshwanelegelang go amogela le go bula lokwalo loo. Le e leng kafa tlase ga lefatshe, gareng ga batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ba suleng, ga go na ope yo o tshwanelegelang tlotlo eno e e kwa godimo. Ga go gakgamatse go bo Johane a bonala a utlwile botlhoko thata! Gongwe ga a na go itse “dilo tse di tla diragalang” gotlhelele. Mo motlheng wa rona, le gone, batho ba Modimo ba ba tloditsweng ba ile ba lebelela mo go Jehofa ka tlhoafalo go tlhalosa le go senola boammaaruri mo go Tshenolo. Seno o tla se dira kgato ka kgato ka nako e e beilweng ya go diragadiwa ga polelelo pele, e le gore a tle a etelele batho ba gagwe pele mo tseleng ya ‘poloko e kgolo.’—Pesalema 43:3, 5.

Yo o Nang le Tshwanelo

4. (a) Ke mang yo o bonwang a tshwanelegela go bula lokwalo le dikano tsa lone? (b) Ba setlhopha sa Johane ba bona tuelo le tshiamelo efe gone jaanong?

4 Ee, go na le mongwe yo o ka kgonang go bula lokwalo! Johane o bolela jaana: “Mme mongwe wa bagolwane a nthaya a re: ‘Tlogela go lela. Bona! Tau e e leng ya lotso lwa Juda, modi wa ga Dafide, e fentse gore e bule lokwalo lwa momeno le dikano tsa lone tse supa.’” (Tshenolo 5:5) Jalo, wena Johane, iphimole dikeledi tseo! Ba setlhopha sa Johane le balekane ba bone ba ba ikanyegang gompieno le bone ba itshoketse diteko tse di botlhoko ka dingwaga tse dintsi fa ba ntse ba letetse tshedimosetso ka bopelotelele. A bo jaanong re na le tuelo e e gomotsang jang ne ya go tlhaloganya ponatshegelo eno, mme abo e le tshiamelo e e molemo jang ne go nna le seabe mo tiragatsong ya yone ka go bolelela ba bangwe molaetsa wa yone!

5. (a) Ke polelelopele efe e e neng ya buiwa malebana le Juda, mme ditlogolwana tsa ga Juda di ne tsa busa kae? (b) Shilo ke mang?

5 Ee, “Tau e e leng ya lotso lwa Juda”! Johane o itse polelelopele e Jakobe, mogologolwane wa lotso lwa Juda, a neng a e bolela kaga morwawe wa bonè, e bong Juda: “Juda ke ngwana wa tau. Ruri o tla tlhatloga o tswa mo go se o se tsomang morwaaka. O ne a obega, a namalala jaaka tau, mme jaaka tau, ke mang yo o pelokgale go mo tsosa? Lore lwa segosi ga lo kitla lo fapoga mo Juda, le fa e le lore lwa molaodi mo gare ga dinao tsa gagwe, go fitlha Shilo a tla; mme ditšhaba di tla utlwa ene.” (Genesise 49:9, 10) Losika lwa segosi lwa batho ba Modimo lo simologile mo go Juda. Go simolola ka Dafide, dikgosi tsotlhe tse di neng di busa mo Jerusalema go fitlhelela Bababelona ba senya motse oo e ne e le dikokomana tsa ga Juda. Mme ga go ope wa bone yo o neng a le Shilo yo o neng a boleletswe pele ke Jakobe. Shilo o raya “Yo o Nang le Tshwanelo e e Kafa Molaong.” Go ya ka polelelopele, leina leno le ne le lebisitse kwa go Jesu, ena yo Bogosi jwa ga Dafide jaanong e leng jwa gagwe ka bosakhutleng.—Esekiele 21:25-27; Luke 1:32, 33; Tshenolo 19:16.

6. Jesu e ne e le “letlhogela’’ la ga Jese le ‘modi wa ga Dafide’ ka tsela efe?

6 Ka bofefo Johane o lemoga gore go tewa mang fa go twe “modi wa ga Dafide.” Ka polelelopele, Mesia yo o solofeditsweng o bidiwa “kalana mo sesaneng sa ga Jese [rraagwe Kgosi Dafide] . . . letlhogela” le “modi wa ga Jese o o tla bong o eme jaaka sesupo sa ditšhaba.” (Isaia 11:1, 10) Jesu e ne e le letlhogela la ga Jese, ka go bo a ne a tshotswe mo losikeng lwa segosi lwa ga Dafide, morwa Jese. Gape, jaaka motswe wa ga Jese, ke Ene yo o neng a tlhogisa losika lwa ga Dafide gape, a le naya botshelo le dijo ka bosakhutleng.—2 Samuele 7:16.

7. Ke eng se se tshwanelegisang Jesu go tsaya lokwalo mo seatleng sa Yo o dutseng mo setulong sa bogosi?

7 Jaaka motho yo o itekanetseng, Jesu ke ene yo o neng a direla Jehofa ka tsela e e tlhomologileng ka bothokgami le mo ditekong tse di botlhoko. O ne a ganetsa gotlhelele kgwetlho e e dirilweng ke Satane. (Diane 27:11) Ka gone, o ne a ka bua jaaka a ne a dira mo bosigong jwa pele ga loso lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo a re, “Ke fentse lefatshe.” (Johane 16:33) Jalo he, Jehofa o ne a sikarisa Jesu yo o tsositsweng “taolo yotlhe. . . kwa legodimong le mo lefatsheng.” Ke ene fela mo batlhankeng botlhe ba Modimo yo o tshwanelegelang go amogela lokwalo, e le gore a tle a itsise molaetsa wa lone wa botlhokwatlhokwa.—Mathaio 28:18.

8. (a) Malebana le Bogosi, ke eng se se bontshang go tshwanelega ga ga Jesu? (b) Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore mongwe wa bagolwane ba ba 24 a senolele Johane motho yo o tshwanelegelang go bula lokwalo?

8 Go a tshwanela, eleruri, gore Jesu a bule lokwalo. Fa e sa le ka 1914 o tlhomilwe mo setulong sa bogosi jaaka Kgosi ya Bogosi jwa Modimo jwa Bomesia, mme lokwalo loo lo senola mo gontsi mabapi le Bogosi jono le se bo tla se fitlhelelang. Ka boikanyegi Jesu o ne a supa kaga boammaaruri jwa Bogosi fa a ne a sa ntse a le mono lefatsheng. (Johane 18:36, 37) O ne a ruta balatedi ba gagwe go rapelela go tla ga Bogosi jono. (Mathaio 6:9, 10) O ne a simolola go rerwa ga mafoko a a molemo a Bogosi jono kwa tshimologong ya motlha wa Bokeresete a ba a bolelela pele gore bofelo jwa tiro eo ya go rera bo ne bo tla nna mo motlheng wa bokhutlo. (Mathaio 4:23; Mareko 13:10) Ka tsela e e tshwanang go a tshwanela gore mongwe wa bagolwane ba ba 24 a senolele Johane gore Jesu ke ene yo o tla kanololang dikano. Ka ntlha yang? Ka gonne bagolwane bano ba ntse mo ditulong tsa bogosi ba bile ba rwele dirwalo tsa bogosi, ka go bo e le baruaboswa mmogo le Keresete mo Bogosing jwa gagwe.—Baroma 8:17; Tshenolo 4:4.

‘Kwana yo o Neng a Bolailwe’

9. Go na le go bona tau, Johane o bona eng se eme “mo gare ga setulo sa bogosi,” mme o ne a se tlhalosa jang?

9 Johane o leba go bona “Tau e e leng ya lotso lwa Juda.” Mme abo go gakgamatsa jang ne! Go tlhaga selo se se farologaneng gotlhelele sa tshwantshetso: “Mme ka bona go eme mo gare ga setulo sa bogosi le ga dibopiwa tse nnè tse di tshelang le mo gare ga bagolwane kwanyana jaaka e kete e tlhabilwe, e na le dinaka di supa le matlho a supa, matlho a a kayang meya e supa ya Modimo e e rometsweng mo lefatsheng lotlhe.”—Tshenolo 5:6.

10. “Kwanyana” e Johane a neng a e bona ke mang, mme ke ka ntlha yang fa lereo leno le tshwanela?

10 Fela fa gare, go bapa le setulo sa bogosi, mo bogareng jwa sediko sa dibopiwa tse nnè tse di tshelang le sa bagolwane ba ba 24, go na le kwanyana! Kwantle ga pelaelo Johane ka bofefo o a lemoga gore kwanyana eno ke yone “Tau e e leng ya lotso lwa Juda” le “modi wa ga Dafide.” O itse gore, dingwaga tse di fetang 60 pelenyana, Johane Mokolobetsi o ne a itsise Bajuda ba ba neng ba lebeletse gore Jesu ke “Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe!” (Johane 1:29) Ka nako ya botshelo jwa gagwe jotlhe mo lefatsheng, Jesu o ne a nna a sa leswafadiwa ke lefatshe ka gope—fela jaaka Kwana e e sa leswafalang—gore a tle a ntshe botshelo jwa gagwe jo bo se nang selabe gore e nne setlhabelo sa setho sotlhe.—1 Bakorintha 5:7; Bahebera 7:26.

11. Ke ka ntlha yang fa e se go tlontlolola go tshwantsha Jesu yo o galaleditsweng le ‘kwanyana jaaka e kete e tlhabilwe’?

11 A ka tsela nngwe go ka bo go nyenyefatsa kana go tlontlolola go tshwantsha Jesu yo o galaleditsweng le “kwanyana jaaka e kete e tlhabilwe”? Le e seng! Satane o ne a fenngwa fela thata ke go ikanyega ga ga Jesu go ya fela kwa losong mme seo e le phenyo e kgolo ya ga Jehofa Modimo. Go tshwantsha Jesu ka tsela eno go supa sentle gore o ne a fenya lefatshe la ga Satane gape go gakolola motho ka lorato lo logolo lo Jehofa le Jesu ba ratang batho ka lone. (Johane 3:16; 15:13; bapisa Bakolosa 2:15.) Ka gone Jesu o supiwa e le Losika lo lo solofeditsweng, yo o tshwanelegang sentle go bula lokwalo.—Genesise 3:15.

12. Dinaka tse supa tsa Kwana di tshwantshetsa eng?

12 Ke eng gape se se oketsang go anaanela ga rona “kwanyana” eno? O na le dinaka di supa. Mo Baebeleng dinaka gantsi di tshwantshetsa maatla kana bolaodi, mme palo ya bosupa e supa botlalo. (Bapisa 1 Samuele 2:1, 10; Pesalema 112:9; 148:14.) Ka gone, dinaka tse supa tsa Kwana di emela maatla a a tletseng a Jehofa a a sikarisitseng Jesu. O “kwa godimodimo ga puso nngwe le nngwe le taolo le maatla le borena le leina lengwe le lengwe le le rewang, e seng fela mo tsamaisong eno ya dilo, mme le mo go e e tla tlang.” (Baefeso 1:20-23; 1 Petere 3:22) Jesu o diragaditse maatla, maatla a puso, bogolo jang fa e sa le ka 1914 fa Jehofa a ne a mo tlhoma mo setulong sa bogosi jaaka Kgosi ya selegodimo.—Pesalema 2:6.

13. (a) Matlho a le supa a Kwana a tshwantshetsa eng? (b) Kwana o tswelela ka go dira eng?

13 Mo godimo ga moo, Jesu o tletse moya o o boitshepo ka botlalo, jaaka go tshwantshediwa ke matlho a le supa a kwanyana, “a a kayang meya e supa ya Modimo.” Jesu ke ene yo maatla a a dirang a ga Jehofa a a elelelang kwa batlhankeng ba Gagwe ba mo lefatsheng ka botlalo ka ene. (Tito 3:6) Ga go pelaelo gore, ke ka one moya ono a kgonang go bona go tswa legodimong se se diragalang mo lefatsheng. Fela jaaka Rraagwe, Jesu o na le temogo e e itekanetseng. Ga go na se a se keng a se lemoga. (Bapisa Pesalema 11:4; Sekarea 4:10.) Ga go na pelaelo gore Morwa yono—yo o neng a boloka bothokgami mme a fenya lefatshe; Tau ya lotso lwa Juda; modi wa ga Dafide; yo o ntsheditseng setho botshelo jwa gagwe; yo o nang le bolaodi jo bo tletseng, a na le moya o o boitshepo ka botlalo, a bile a na le temogo e e itekanetseng e e tswang kwa go Jehofa Modimo—ee, yono o tshwanelega sentle go tsaya lokwalo mo seatleng sa ga Jehofa. A o a etsaetsega fa a tshwanetse a amogele thomo eno ya go direla mo phuthegong e e tlotlometseng ya ga Jehofa? Nnyaa! Go na le moo, “a akofa a lo tsaya mo seatleng sa moja sa Yo o ntseng mo setulong sa bogosi.” (Tshenolo 5:7) A bo e le sekao se se molemo jang ne sa go ineela ka iketleetso!

Dipina Tsa Pako

14. (a) Dibopiwa tse nnè tse di tshelang le bagolwane ba ba 24 ba arabela jang fa Jesu a tsaya lokwalo? (b) Tshedimosetso e Johane a e amogelang kaga bagolwane ba ba 24 e tlhomamisa jang se ba leng sone le boemo jwa bone?

14 Ba bangwe ba ba leng fa pele ga setulo sa bogosi sa ga Jehofa ba arabela jang? “Mme e rile a tsaya lokwalo lwa momeno, dibopiwa tse nnè tse di tshelang le bagolwane ba ba masome a mabedi le bonè ba wela fa fatshe fa pele ga Kwana, mongwe le mongwe a tshotse harepa le megopo ya gouta e e neng e tletse maswalo, mme maswalo a kaya dithapelo tsa baitshepi.” (Tshenolo 5:8) Jaaka dibopiwa tsa ditšheruba tse di fa pele ga setulo sa bogosi sa Modimo, bagolwane ba ba 24 ba obamela Jesu ba amogela bolaodi jwa gagwe. Mme bagolwane bano ke bone fela ba ba tshotseng diharepa le megopo ya maswalo. Gape ke bone fela ba ba opelang pina e ntšha. (Tshenolo 5:9) Ka gone ba tshwantshetsa ba ba 144 000 ba “Iseraele wa Modimo” yo o boitshepo, ba le bone ba tshotseng diharepa ba bileng ba opela pina e ntšha. (Bagalatia 6:16; Bakolosa 1:12; Tshenolo 7:3-8; 14:1-4) Gape, bagolwane ba ba 24 go bontshiwa fa ba dira tiro ya selegodimo, ya boperesiti, e e neng e tshwantshediwa ke baperesiti ba Iseraele wa bogologolo ba ba neng ba tshubela Jehofa maswalo mo motlaaganeng—tiro e e khutlileng mo lefatsheng fa Modimo a ne a fedisa Molao wa ga Moshe, ka go o kokotela mo koteng ya tlhokofatso ya ga Jesu. (Bakolosa 2:14) Re fitlhelela tshwetso efe ka seno sotlhe? Gore mono bafenyi ba ba tloditsweng ba bonwa ba le mo kabelong ya bone ya bofelo jaaka ‘baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete, mme ba busa e le dikgosi le ene ka dingwaga di le sekete.’—Tshenolo 20:6.

15. (a) Mo Iseraele, ke mang fela yo o neng a na le tshiamelo ya go tsena mo Boitshepong jwa Maitshepo jwa motlaagana? (b) Ke ka ntlha yang fa go ne go le botlhokwa thata gore moperesiti yo mogolo a tshube loswalo pele ga a tsena mo Boitshepong jwa Maitshepo?

15 Mo Iseraeleng wa bogologolo, go tsena mo Boitshepong jwa Maitshepo fa pele ga bogone jwa tshwantshetso jwa ga Jehofa e ne e le ga moperesiti yo mogolo fela. Mme go ne go le botlhokwa thata gore a tsene a tshotse maswalo. Molao wa ga Jehofa o ne o re: “Mme [Arone] a tseye setsholamolelo se tletse magala a a tukang a molelo go tswa mo sebesong fa pele ga ga Jehofa, le magofi a diatla tsa gagwe tsoopedi a tletse maswalo a a boleta a a nkgisitsweng monate, mme a di tlise mo teng ga sesiro. Gape a beye maswalo mo molelong fa pele ga ga Jehofa, mme leru la maswalo le bipe sekhurumelo sa Letlole, se se leng mo godimo ga Tshupo, gore a se ka a swa.” (Lefitiko 16:12, 13) Go ne go ka se direge gore moperesiti yo mogolo a tsene sentle mo Boitshepong jwa Maitshepo kwantle ga fa a ne a tshubile maswalo.

16. (a) Mo tsamaisong ya dilo ya Bokeresete, ke mang yo o tsenang mo setshwaning sa Boitshepo jwa Maitshepo? (b) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba tshwanetse go ‘tshuba maswalo’?

16 Mo tsamaisong ya dilo ya Bokeresete ga go tsene fela yo o tshwantshediwang ke Moperesiti yo Mogolo, e bong Jesu Keresete, mo lefelong le le tshwantshediwang ke Boitshepo jwa Maitshepo, e leng lefelo le Jehofa a leng mo go lone kwa legodimong, mme go tlile go feleletsa go tsene le mongwe le mongwe wa baperesiti ba ba 144 000 ba babotlana. (Bahebera 10:19-23) Ga go kgonege gore baperesiti bano, jaaka fano ba emelwa ke bagolwane ba ba 24, ba tsene mo Boitshepong jwa Maitshepo, kwantle ga fa ba ka ‘tshuba maswalo,’ ke gore, ba rapela Jehofa le go mo kokotlela ka metlha.—Bahebera 5:7; Jude 20, 21; Pesalema 141:2.

Pina e Ntšha

17. (a) Bagolwane ba ba 24 ba opela pina efe e ntšha? (b) Mafoko “pina e ntšha” gantsi a dirisiwa jang mo Baebeleng?

17 Jaanong go utlwala pina e e molodi o o monate. E opelelwa Kwanyana ke balekane ba gagwe ba baperesiti, bagolwane ba ba 24: “Mme ba opela pina e ntšha, ba re: ‘O a tshwanela go tsaya lokwalo lwa momeno o ba o bula dikano tsa lone, ka gonne o ne wa tlhabiwa mme ka madi a gago o ne wa rekela Modimo batho ba tswa mo lotsong longwe le longwe le teme le batho le setšhaba.’” (Tshenolo 5:9) Mafoko a a reng “pina e ntšha” a tlhaga makgetlo a le mmalwa mo Baebeleng mme gantsi a dirisiwa fa go bakwa Jehofa ka ntlha ya tiro nngwe e kgolo ya kgololo. (Pesalema 96:1; 98:1; 144:9) Ka gone, pina eno e ntšha ka gonne moopedi wa yone jaanong a ka kgona go bolela ditiro tse dingwe tse di gakgamatsang tsa ga Jehofa a ba a bontshe gore o anaanela gape leina la Gagwe le le galalelang.

18. Bagolwane ba ba 24 ba bakelang Jesu ka pina ya bone e ntšha?

18 Le fa go le jalo, fano bagolwane ba ba 24 ba opelela Jesu pina e ntšha go na le go e opelela Jehofa. Mme molaomotheo ke o o tshwanang. Ba baka Jesu ka ntlha ya dilo tse disha tse ene, jaaka Morwa Modimo, a di ba diretseng. Ka madi a gagwe, o nnile motsereganyi wa kgolagano e ntšha mme ka gone o dirile gore go kgonege gore go nne le setšhaba se sesha se e leng thuo e e kgethegileng ya ga Jehofa. (Baroma 2:28, 29; 1 Bakorintha 11:25; Bahebera 7:18-25) Maloko a setšhaba seno se sesha sa semoya a ne a tswa mo ditšhabeng di le dintsi tsa senama, mme Jesu o ba kopantse mo phuthegong e le nngwe fela jaaka setšhaba se le sengwe fela.—Isaia 26:2; 1 Petere 2:9, 10.

19. (a) Baiseraele ba senama ba ne ba retelelwa ke go bona lesego lefe ka ntlha ya go tlhoka boikanyegi ga bone? (b) Setšhaba se sesha sa ga Jehofa se ipelela lesego lefe?

19 Fa Jehofa a ne a phutha Baiseraele go nna setšhaba mo metlheng ya bogologolo ya ga Moshe, o ne a dira kgolagano le bone mme a ba solofetsa gore fa ba ne ba ka nna ba ikanyegile mo kgolaganong eo, ba ne ba tla nna bogosi jwa baperesiti mo go ene. (Ekesodo 19:5, 6) Baiseraele ba ne ba se ka ba ikanyega mme ba se ka ba bona tiragatso ya tsholofetso eo. Mo letlhakoreng le lengwe, setšhaba se sesha, se se thailweng ka kgolagano e ntšha e motsereganyi wa yone e leng Jesu, se nnile sa ikanyega. Jalo maloko a sone a busa lefatshe e le dikgosi le go direla gape jaaka baperesiti, ba thusa ba ba dipelo di siameng gareng ga setho go letlana le Jehofa. (Bakolosa 1:20) Go ntse fela jaaka pina e ntšha e tlhalosa: “Mme wa ba dira gore ba nne bogosi le baperesiti ba Modimo wa rona, mme ba tla busa lefatshe e le dikgosi.” (Tshenolo 5:10) A bo bagolwane ba ba 24 bao ba ipelela go opela pina eno e ntšha jang ne ya go baka Jesu yo o galaleditsweng!

Pina ya Selegodimo

20. Ke pina efe ya pako e jaanong e opelelwang Kwana?

20 Masomosomo a mangwe a selegodimo a phuthego ya ga Jehofa ba arabela jang fa go opelwa pina eno e ntšha? Johane o kgatlhwa ke go bona tsela e ba leng seoposengwe ka yone ba dira ka pelo yotlhe: “Ka bona, mme ka utlwa lentswe la baengele ba le bantsi go dikologa setulo sa bogosi le dibopiwa tse di tshelang le bagolwane, mme palo ya bone e ne e le dimiriate tsa dimiriate le dikete tsa dikete, ba bua ka lentswe le le kwa godimo ba re: ‘Kwana e e neng ya tlhabiwa e a tshwanela go amogela maatla le dikhumo le botlhale le nonofo le tlotlo le kgalalelo le pako.’” (Tshenolo 5:11, 12) A pina e e kgatlhang ya pako ruri!

21. A go bakiwa ga ga Kwanyana go nyenyafatsa bolaodi jwa ga Jehofa kana boemo jwa gagwe? Tlhalosa.

21 A seno se raya gore jaanong Jesu ka tsela nngwe o tsere boemo jwa ga Jehofa Modimo le gore lobopo lotlhe lo baka ene go na le Rraagwe? Legoka! Go na le moo, pina eno ya pako e dumalana le se moaposetoloi Paulo a neng a se kwala a re: “Modimo o ne a godisetsa [Jesu] kwa boemong jo bo kwa godimo mme ka bopelonomi a mo naya leina le le kwa godimo ga leina lengwe le lengwe le sele, gore ka leina la ga Jesu lengole lengwe le lengwe le tle le obame la ba ba kwa legodimong le ba ba mo lefatsheng le ba ba kafa tlase ga lefatshe, le loleme longwe le longwe lo tle lo bolele ka phuthologo fa lo dumela gore Jesu Keresete ke Morena kgalalelong ya Modimo Rara.” (Bafilipi 2:9-11) Jesu mono o tlotlomadiwa ka ntlha ya karolo e a e tsereng mo go rarabololeng kgang ya moruthutha e lobopo lotlhe lo tshwanelwang ke go lebana le yone—e bong go supa gore Jehofa o na le tshwanelo ya go nna molaodi. A bo seno, ruri, se lereditse Rraagwe kgalalelo e kgolo jang ne!

Go Gola ga Pina ya Pako

22. Mantswe a a tswang sebakeng sa selefatshe a kopanela mo pineng efe ya pako?

22 Mo ponong e e tlhalosiwang ke Johane, masomosomo a legodimo a opelela Jesu ka meduduetso ya pako ba itsise boikanyegi jwa gagwe le bolaodi jwa gagwe jwa selegodimo. Mo go seno, ba patiwa ke mantswe a a tswang mo sebakeng sa selefatshe jaaka bano le bone ba tsaya karolo mo go bakeng Rara le Morwa ka bobedi. Fela jaaka ngwana wa mosimane wa motho fela yo o mo lefatsheng a ka tlisetsa batsadi ba gagwe tlotlo e kgolo ka ntlha ya dilo tse a di dirileng, jalo, go ikanyega ga ga Jesu go dira gore lobopo lotlhe lo ‘galaletse Modimo Rara.’ Ka gone, Johane o tswelela ka go bega jaana: “Le sebopiwa sengwe le sengwe se se mo legodimong le mo lefatsheng le kafa tlase ga lefatshe le mo lewatleng, le dilo tsotlhe tse di mo go tsone, ka di utlwa di re: ‘Kwa go Yo o ntseng mo setulong sa bogosi le kwa go Kwana go nne pako le tlotlo le kgalalelo le thata ka bosaengkae le go ya go ile.’”—Tshenolo 5:13.

23, 24. (a) Ke eng se se supang gore pina ya pako e tla simologa leng kwa legodimong, mme leng mo lefatsheng? (b) Modumo wa pina o oketsega jang jaaka dingwaga di ntse di kgabaganya?

23 Pina eno e e monate thata ya pako e opelwa leng? E simolotse go opelwa mo letsatsing la Morena. Morago ga Satane le badimona ba gagwe ba sena go latlhwa kwa magodimong, “sebopiwa sengwe le sengwe se se mo legodimong” se ne sa kgona go kopanela mo pineng eno ya pako. Gape, jaaka pego e bontsha, fa e sa le ka 1919 matshutitshuti a a oketsegang mo lefatsheng ba opetse mmogo ba baka Jehofa, ba oketsega go tswa diketeng di sekae fela go ya dimilione di feta thataro mo ngwageng wa 2005.a Morago ga go senngwa ga tsamaiso ya selefatshe ya ga Satane, “sebopiwa sengwe le sengwe se se mo . . . lefatsheng” se tla bo se opela dipako tsa ga Jehofa le tsa Morwawe. Mo nakong e e tshwanetseng ya ga Jehofa, go tsosiwa ga dimilione tsa baswi go tla simologa, mme go tswa foo “sebopiwa sengwe le sengwe se se . . . kafa tlase ga lefatshe” se se mo kgakologelong ya Modimo se tla nna le tshono ya go kopanela mo pineng eno ya pako.

24 “Go tswa kwa ntlheng ya lefatshe . . . kwa lewatleng . . . le ditlhaketlhake,” didikadike tsa batho ba setse ba opela sefela se sesha ba kopanetse le phuthego ya lefatshe lotlhe ya ga Jehofa. (Isaia 42:10; Pesalema 150:1-6) Pako eno e e ipedisang e tla fitlha kwa setlhoeng sa yone kwa bokhutlong jwa Dingwaga tse di Sekete, fa setho se tla bo se lerilwe mo boitekanelong. Noga eo ya bogologolo, motsietsi yo mogolo, Satane ka sebele, o tla senngwa morago ga moo e le tiragatso e e tletseng ya Genesise 3:15, gape mo konelong ya phenyo, dibopiwa tsotlhe tse di tshelang, tsa semoya le tsa batho, di tla opela mmogo di re: “Kwa go Yo o ntseng mo setulong sa bogosi le kwa go Kwana go nne pako le tlotlo le kgalalelo le thata ka bosaengkae le go ya go ile.” Ga go na lentswe lepe le le tla sekeng le opele sentle mo lobopong lotlhe.

25. (a) Go bala pego ya ga Johane kaga pina eno e e opelwang ke lobopo lotlhe go re tlhotlheletsa go dira eng? (b) Ke sekao sefe se se molemo se dibopiwa tse nnè le bagolwane ba ba 24 ba se re tlhomelang jaaka ponatshegelo e khutla?

25 A bo seo e tla nna nako e e ipedisang jang ne! Ruri se Johane a se tlhalosang mono se tlatsa dipelo tsa rona ka boitumelo se bile se re kgothaletsa go kopanela le masomosomo a selegodimo mo go opeleleng Jehofa Modimo le Jesu Keresete dipako tse di tswang pelong. A ga re a ikemisetsa le e leng go feta pele go dira ditiro tsa tshiamo ka metlha? Fa re dira jalo, re ka lebelela gore, ka thuso ya ga Jehofa, mongwe le mongwe wa rona o tla nna teng kwa konelong e e itumedisang, re tsenelela ka mantswe a rona mo pineng eo e e opelwang ke lobopo lotlhe ya pako. Ruri, dibopiwa tse nnè tsa ditšheruba le Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba tsositsweng ba dumalana ka botlalo, ka gonne ponatshegelo eo e wela ka go re: “Mme dibopiwa tse nnè tse di tshelang tsa re: ‘Amen!’ mme bagolwane ba wela fa fatshe ba obama.”—Tshenolo 5:14.

26. Re tshwanetse go bontsha tumelo mo go eng, mme Kwana o ipaakanyetsa go dira eng?

26 E kete wena, mmadi yo o rategang, o ka bontsha tumelo mo setlhabelong sa Kwana—‘yo o nang le tshwanelo’—mme wa segofadiwa mo maitekong a gago a boikokobetso a go obamela le go direla Jehofa—“yo o ntseng mo setulong sa bogosi.” E kete ba setlhopha sa Johane ba ka go thusa gompieno jaaka ba aba “selekanyo sa bone sa dijo ka nako e e tshwanetseng.” (Luke 12:42) Mme bonang! Kwana o ipaakanyetsa go kanolola dikano tse supa. Ke ditshenolo dife tse di kgatlhang tse jaanong re tlogang re di bona?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona tšhate e e mo tsebeng ya 64.

[Setshwantsho se se tletseng ka tsebe 86]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela