LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • re kgao. 41 ts. 295-300
  • Letsatsi la Modimo la Katlholo—Phelelo ya Lone e e Itumedisang!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Letsatsi la Modimo la Katlholo—Phelelo ya Lone e e Itumedisang!
  • Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Letsatsi la Katlholo la Dingwaga Tse di Sekete
  • Ke Bomang ba ba Tsosiwang le go Atlholwa?
  • Lokwalo Lwa Botshelo
  • Go Bulwa ga Dikwalo Tse Dingwe Tsa Momeno
  • Bokhutlo Jwa Loso le Hadese
  • Letsatsi la Katlholo ke Eng?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Tsholofelo ya Tsogo—E Kaya Eng mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • A Leina la Gago le Kwadilwe mo “Bukeng ya Botshelo”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • “Loso Ruri lo Tla Nyelediwa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
re kgao. 41 ts. 295-300

Kgaolo 41

Letsatsi la Modimo la Katlholo—Phelelo ya Lone e e Itumedisang!

Ponatshegelo 15—Tshenolo 20:11–21:8

Setlhogo: Tsogo ya botlhe, Letsatsi la Katlholo, le masego a magodimo a masha le lefatshe le lesha

Nako ya go diragadiwa: Puso ya Dingwaga Tse di Sekete

1. (a) Ke eng se batho ba neng ba latlhegelwa ke sone fa Adame le Efa ba sena go leofa? (b) Ke boikaelelo bofe jwa Modimo jo bo sa fetogang, mme re itse seo jang?

JAAKA batho, re ne re bopetswe go tshelela ruri. Fa Adame le Efa ba ka bo ba ikobetse ditaolo tsa Modimo, ba ka bo ba sa swa. (Genesise 1:28; 2:8, 16, 17; Moreri 3:10, 11) Mme e ne ya re fa ba sena go leofa, ba ne ba latlhegelwa ke boitekanelo jwa bone le botshelo mmogo le bana ba bone, mme loso lo ne lwa busa batho jaaka mmaba yo o sa iponeng tsapa. (Baroma 5:12, 14; 1 Bakorintha 15:26) Le fa go le jalo, boikaelelo jwa Modimo jwa gore a nne le batho ba ba itekanetseng ka bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise bo ne jwa se ka jwa fetoga. Ka ntlha ya lorato lwa gagwe lo logolo mo bathong, o ne a romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi, Jesu, yo o neng a ntsha botshelo jwa gagwe jaaka motho yo o itekanetseng go nna thekololo ya “ba le bantsi” ba bana ba ga Adame. (Mathaio 20:28; Johane 3:16) Jesu jaanong o ka dirisa molemo wa gagwe wa thekololo o o tshwanetseng go tsosolosa batho ba ba dumelang go ya botshelong jo bo itekanetseng mo lefatsheng la paradaise. (1 Petere 3:18; 1 Johane 2:2) A bo leno e le lebaka le le molemolemo la gore batho ‘ba itumele ba bo ba ipele’!—Isaia 25:8, 9.

2. Ke eng se Johane a se begang mo go Tshenolo 20:11, mme “setulo sa bogosi se segolo se sesweu” ke eng?

2 Ka jaanong Satane o tla bo a golegilwe mo moleteng, Puso ya Dingwaga tse di Sekete e e galalelang ya ga Jesu e a simolola. Jaanong ke “letsatsi” le Modimo “a ikaelelang go atlhola lefatshe le le nang le banni ka tshiamo ka monna yo a mo tlhomileng.” (Ditiro 17:31; 2 Petere 3:8) Johane o bolela jaana: “Mme ka bona setulo sa bogosi se segolo se sesweu le yo o ntseng mo go sone. Lefatshe le legodimo tsa tshaba fa pele ga gagwe, mme tsa se ka tsa bonelwa bonno.” (Tshenolo 20:11) “Setulo sa bogosi se segolo se sesweu” ke eng? E ka se nne sepe se sele fa e se setulo sa katlholo sa “Modimo Moatlhodi wa botlhe.” (Bahebera 12:23) Jaanong o tla atlhola batho gore ke bafe ba ba tla solegelwang molemo ke setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu.—Mareko 10:45.

3. (a) Ke eng se se supiwang ke lebaka la gore setulo sa bogosi sa Modimo ga twe “se segolo” e bile “se sesweu”? (b) Ke bomang ba ba tla atlholang mo Letsatsing la Katlholo, mme mo motheong wa eng?

3 Setulo sa bogosi sa Modimo se “segolo,” mo go gatelelang bogolo jwa ga Jehofa jaaka Morena wa Lobopo Lotlhe, mme se “sesweu,” e le mo go supang gore o tshiamo e e se nang molato ope. Ke ene Moatlhodi wa bofelofelo wa batho. (Pesalema 19:7-11; Isaia 33:22; 51:5, 8) Le fa go ntse jalo, o neetse Jesu Keresete tiro ya go atlhola: “Rara ga a atlhole ope ka gope, mme o neetse Morwa go atlhola gotlhe.” (Johane 5:22) Jesu o na le ditsala tsa gagwe tsa ba ba 144 000, ‘ba ba neng ba newa maatla a go atlhola ka dingwaga di le sekete.’ (Tshenolo 20:4) Le fa go ntse jalo, ke ditekanyetso tsa ga Jehofa tse di atlholang gore ke eng se se tla diragalelang motho mongwe le mongwe mo Letsatsing la Katlholo.

4. Go tewa jang fa go twe ‘lefatshe le legodimo di ne tsa tshaba’?

4 Go tewa jang fa go twe ‘lefatshe le legodimo di ne tsa tshaba’? Leno e ntse ke legodimo le le neng la tloga jaaka lokwalo fa go kanololwa sekano sa borataro—mebuso ya batho e e busang eo e ‘boloketsweng molelo e bile e beilwe go ya letsatsing la katlholo le la go senngwa ga baikepi.’ (Tshenolo 6:14; 2 Petere 3:7) Lefatshe ke tsamaiso e e rulagantsweng ya dilo e e leng gone tlase ga puso eno. (Tshenolo 8:7) Go senngwa ga sebatana le dikgosi tsa lefatshe le masole a tsone, mmogo le ba ba iteseletsang go tshwaiwa lotshwao lwa sebatana le ba ba obamelang setshwantsho sa sone, ke tsone di kaiwang ke go tshaba ga legodimo le lefatshe. (Tshenolo 19:19-21) Morago ga fa katlholo e sena go diragadiwa mo lefatsheng la ga Satane le legodimo, Moatlhodi yo Mogolo o laola gore go nne le Letsatsi le lengwe la Katlholo.

Letsatsi la Katlholo la Dingwaga Tse di Sekete

5. Morago ga lefatshe le legologolo le legodimo le legologolo di sena go tshaba, ke bomang ba ba tla salang gore ba atlholwe?

5 Ke bomang ba ba salang gore ba atlholwe morago ga lefatshe le legologolo le legodimo le legologolo di sena go tshaba? Ga se masalela a a tloditsweng a ba ba 144 000, ka go bo bano ba setse ba atlhotswe le go tshwaiwa. Fa e le gore go sa ntse go na le bangwe ba batlodiwa ba ba tla bong ba tshela mo lefatsheng morago ga Haramagedona, ba tshwanetse go swa morago fela ga moo mme ba amogele tuelo ya bone ya selegodimo ka tsogo. (1 Petere 4:17; Tshenolo 7:2-4) Le fa go ntse jalo, didikadike tsa ba boidiidi jo bogolo ba jaanong ba duleng mo pitlaganong e kgolo ba eme mo ba bonwang teng “fa pele ga setulo sa bogosi.” Bano ba setse ba baletswe jaaka ba ba tshiamo gore ba ka falola ka go bo ba ile ba supa tumelo ya bone mo mading a a tsholotsweng a ga Jesu, mme katlholo ya bone e tshwanetse go tswelela pele go ralala dingwaga tse di sekete fa Jesu a ntse a ba gogela kwa “metsweding ya metsi a botshelo.” Morago ga moo, fa ba sena go tsosolosiwa go nna batho ba ba itekanetseng mme morago ga moo ba lekwa, ba tla kaiwa tshiamo ka botlalo. (Tshenolo 7:9, 10, 14, 17) Bana ba ba falolang pitlagano e kgolo le bana bape fela ba ba tla tsholwang ke batho ba boidiidi jo bogolo mo Dingwageng tse di Sekete le bone go tla tlhokega gore ba atlholwe mo dingwageng tse di sekete.—Bapisa Genesise 1:28; 9:7; 1 Bakorintha 7:14.

6. (a) Ke bontsintsi bofe jo Johane a bo bonang, mme ke eng se se kaiwang ke mafoko a a reng “bagolo le bannye”? (b) Ke ka tsela efe e kwantle ga pelaelo Modimo a tla busang dimilione tse a di gakologelwang ka yone?

6 Le fa go ntse jalo, Johane o bona bontsintsi jo bogolo thata go feta bafalodi ba boidiidi jo bogolo. Bo tla nna selekanyo sa diketekete tsa dimilione! “Mme ka bona baswi, ba bagolo le ba bannye, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi, mme dikwalo tsa momeno tsa bulwa.” (Tshenolo 20:12a) “Bagolo le bannye” ba akareletsa batho ba maemo a a kwa godimo le ba eseng ba maemo a a kwa godimo ba ba ileng ba tshela le go swela mo lefatsheng leno mo dingwageng tse di 6 000 tse di fetileng. Mo Efangeleng eo moaposetoloi Johane a neng a e kwala ka bokhutshwanyane morago ga Tshenolo, Jesu o ne a bua jaana ka Rraagwe: “O . . . neile [Jesu] taolo ya go dira katlholo, ka gonne ke Morwa motho. Lo se gakgamalele seno, ka gonne nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe ka yone mme ba tla tswa.” (Johane 5:27-29) A bo seo e tla bo e le namane e tona ya tiro jang ne—go fedisa loso le diphitlho tse di diragetseng go ralala botshelo jotlhe! Kwantle ga pelaelo dimilione tse dintsintsi tseo tsa batho ba Modimo a ba gakologelwang ba tla busiwa ka bonya ka bonya gore ba boidiidi jo bogolo—ba ba leng babotlana ka palo—ba tle ba kgone go dirisana le mathata a a ka nnang a nna gone ka ntlha ya go bo ba ba tsositsweng ba ka nna ba sekamela mo go lateleleng mekgwa ya botshelo ya bone ya bogologolo, ka makoa a bone a senama le maikutlo.

Ke Bomang ba ba Tsosiwang le go Atlholwa?

7, 8. (a) Ke lokwalo lofe lo lo bulwang, mme ke eng se se diragalang morago ga moo? (b) Ke bomang ba ba se kitlang ba tsosiwa?

7 Johane o oketsa jaana: “Mme lokwalo lwa momeno lo longwe lo ne lwa bulwa; ke lokwalo lwa momeno lwa botshelo. Mme baswi ba ne ba atlholwa go ya ka dilo tse di kwadilweng mo dikwalong tseno tsa momeno go ya ka ditiro tsa bone. Mme lewatle la ntsha baswi ba ba mo go lone, le loso le Hadese tsa ntsha baswi ba ba mo go tsone, mme ba atlholwa mongwe le mongwe go ya ka ditiro tsa bone.” (Tshenolo 20:12b, 13) Ruri seno e tla bo e le namane e tona ya tiragalo! ‘Lewatle, le loso, le Hadese’ tsotlhe di nna le seabe, mme ela tlhoko gore mareo ano otlhe ga a reye dilo tse di farologaneng.a Jona, fa a ne a le mo mpeng ya leruarua mme ka jalo a le fa gare ga lewatle, o ne a bolela gore o ne a le mo Sheole, kana mo Hadese. (Jona 2:2) Fa motho a ngaparetswe ke loso lwa ga Adame, re ka re gape o ntse a le mo Hadese. Mafoko ano a polelelopele a re tiisetsa thatathata gore ga go na ope yo o ka lebalwang.

8 Legale, go na le palo e e sa itsegeng ya batho ba ba se kitlang ba tsosiwa. Gareng ga bano go tla bo go le bakwadi le Bafarasai ba ba sa ikwatlhayang ba ba neng ba gana Jesu le baaposetoloi, “monna yo o se nang molao” wa bodumedi, le Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba ileng ba ‘wa.’ (2 Bathesalonika 2:3; Bahebera 6:4-6; Mathaio 23:29-33) Jesu gape o ne a bua ka batho ba sekadipodi ba kwa bofelong jwa lefatshe ba yang “molelong o o sa khutleng, o o baakanyeditsweng Diabolo le baengele ba gagwe,” e leng, ‘go kgaolwa ga bosakhutleng.’ (Mathaio 25:41, 46) Bano ga ba na go bona tsogo!

9. Moaposetoloi Paulo o supa jang gore bangwe ba tla segofadiwa segolobogolo ka tsogo, mme bano ke bomang?

9 Mo letlhakoreng le lengwe, bangwe ba tla segofadiwa segolo bogolo ka tsogo. Moaposetoloi Paulo o ne a supa seno fa a ne a re: “Ke na le tsholofelo mo Modimong, . . . gore go tlile go nna le tsogo ya ba ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Ditiro 24:15) Mabapi le tsogo ya mo lefatsheng, “ba ba siameng” ba tla akaretsa banna le basadi ba bogologolo ba ba ikanyegang—Aborahame, Rahabe, le bontsintsi jwa ba bangwe—ba ba neng ba kaiwa tshiamo jaaka ditsala tsa Modimo. (Jakobe 2:21, 23, 25) Mo go sone setlhopha seno go tla bo go na le basiami ba dinku tse dingwe ba ba neng ba swa ba ikanyega mo go Jehofa mo motlheng wa gompieno. Go bonala gore babolokabothokgami bao botlhe ba tla tsoga pele mo Pusong ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Jesu. (Jobe 14:13-15; 27:5; Daniele 12:13; Bahebera 11:35, 39, 40) Kwantle ga pelaelo bontsi jwa basiami bano ba ba tsositsweng ba tla fiwa ditshiamelo tse di kgethegileng tsa go okamela tiro e kgolo ya go tsosolosa Paradaise.—Pesalema 45:16; bapisa Isaia 32:1, 16-18; 61:5; 65:21-23.

10. Mo go ba ba tla tsosiwang, “ba ba sa siamang” ke bomang?

10 Mme ke bafe he, ba e leng “ba ba sa siamang” ba ba umakiwang go Ditiro 24:15? Bano ba tla akaretsa bontsintsi jwa batho ba ba ileng ba swa go ralala ditiragalo tsotlhe, segolo bogolo ba ba neng ba tshela mo ‘dinakong tsa botlhokakitso.’ (Ditiro 17:30) Bano, ka ntlha ya mafelo a ba tsaletsweng kwa go one kana nako e ba tshedileng ka yone, ba ne ba se ka ba nna le sebaka sa go ithuta go ikobela thato ya ga Jehofa. Mme gape, go ka nna ga bo go na le bangwe ba ba neng ba utlwa molaetsa wa poloko mme ba se ka ba arabela ka botlalo ka nako eo kana ba ile ba swa pele ga ba bontsha botswelelopele jwa boineelo le kolobetso. Mo tsogong batho bao ba tla tshwanelwa ke go baakanya megopolo ya bone le ditsela tsa bone tsa botshelo fa e le gore ba batla go solegelwa molemo ke sebaka seno sa go bona botshelo jo bo sa khutleng.

Lokwalo Lwa Botshelo

11. (a) ‘Lokwalo lwa momeno lwa botshelo’ ke eng, mme ke maina a bomang a a kwadilweng mo lokwalong lono? (b) Ke ka ntlha yang fa lokwalo lwa momeno lwa botshelo lo tla bulwa mo Pusong ya Dingwaga tse di Sekete?

11 Johane o bua ka ‘lokwalo lwa momeno lwa botshelo.’ Eno ke rekoto ya ba ba beetsweng go amogela botshelo jo bo sa khutleng go tswa mo go Jehofa. Maina a bomonnaa Jesu ba ba tloditsweng, a ba boidiidi jo bogolo, le a banna ba ba ikanyegang ba bogologolo, jaaka Moshe, a ile a kwalwa mo lokwalong lo. (Ekesodo 32:32, 33; Daniele 12:1; Tshenolo 3:5) Gone jaanong jaana, ga go ope wa “ba ba sa siamang” ba ba tsositsweng yo leina la gagwe le leng mo lokwalong lwa botshelo. Jalo lokwalo lwa momeno lwa botshelo lo tla bulwa mo Pusong ya Dingwaga tse di Sekete go dira gore maina a ba bangwe ba ba tshwanelegang le one a kwalwe mo teng. Ba maina a bone a sa kwalwang mo lokwalong, kana mo bukeng, ya botshelo, ba “piriganyediwa mo bodibeng jwa molelo.”—Tshenolo 20:15; bapisa Bahebera 3:19.

12. Ke eng se se tla tlhomamisang fa e le gore a motho o tla kwalwa mo lokwalong lwa botshelo lo lo butsweng, mme Moatlhodi yo o tlhophilweng ke Jehofa o ne a tlhoma sekao jang?

12 Ke eng he, se se tla tlhomamisang fa e le gore motho o tla kwalwa mo lokwalong lo lo butsweng lwa botshelo ka nako eo? Lebaka la konokono le tla tshwana fela le jaaka go ne go ntse mo metlheng ya ga Adame le Efa: go ikobela, kana go nna kutlo mo go Jehofa. Ke fela jaaka moaposetoloi Johane a ne a kwalela Bakeresete ka ene ba ba rategang a re: “Lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” (1 Johane 2:4-7, 17) Mo kgannyeng ya go nna kutlo, Moatlhodi yo o tlhophilweng ke Jehofa o ne a tlhoma sekao se se molemo: “Le mororo [Jesu] e ne e le Morwa, o ne a ithuta kutlo mo dilong tse a neng a di boga; mme fa a sena go itekanedisiwa o ne a nna yo o nayang botlhe ba ba mo utlwang poloko ya bosakhutleng.”—Bahebera 5:8, 9.

Go Bulwa ga Dikwalo Tse Dingwe Tsa Momeno

13. Batho ba ba tsositsweng ba tshwanetse go bontsha kutlo ya bone jang, mme ke molaomotheo ofe o ba tshwanetseng go o latela?

13 Batho ba ba tsositsweng bano ba tshwanetse go bontsha kutlo ya bone jang? Jesu ka boene o ne a bua ka ditaolo di le pedi tse dikgolo, a re: “Ya ntlha ke, ‘Utlwa, wena Iseraele, Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa yo o mongwe fela, mme o rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago le ka nonofo yotlhe ya gago.’ Ya bobedi ke eno, ‘O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” (Mareko 12:29-31) Gape go na le melaometheo ya ga Jehofa e e theilweng ka tlhomamo gore ba e latele, jaaka go ila bogodu, go aka, polao, le boitsholo jo bo sa siamang.—1 Timotheo 1:8-11; Tshenolo 21:8.

14. Ke dikwalo dife tse dingwe tsa momeno tse di bulwang, mme ke eng se di se tshotseng?

14 Le fa go ntse jalo, Johane o sa tswa go umaka dikwalo tse dingwe tsa momeno tse di tla bulwang mo Pusong ya Dingwaga tse di Sekete. (Tshenolo 20:12) Tseno e tla bo e le dife? Ka dinako tse dingwe, Jehofa o ile a fa ditao tse di tsepameng ka maemo a a rileng. Ka sekai, mo motlheng wa ga Moshe o ne a ntsha thulaganyo ya melao e e neng e tla raya botshelo mo Baiseraeleng fa ba ne ba ka e utlwa. (Duteronome 4:40; 32:45-47) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ne ga ntshiwa ditao tse disha go thusa batho ba ba ikanyegang gore ba latele melaometheo ya ga Jehofa mo tsamaisong ya dilo ya Bokeresete. (Mathaio 28:19, 20; Johane 13:34; 15:9, 10) Jaanong Johane o bega gore “baswi ba ne ba atlholwa go ya ka dilo tse di kwadilweng mo dikwalong tseno tsa momeno go ya ka ditiro tsa bone.” Ka phepafalo he, go bulwa ga dikwalo tseno go tla itsise kaga dilo tsotlhe tse Jehofa a batlang batho ba di dira mo dingwageng tse di sekete. Ka go dirisa ditao le ditaolo tsa dikwalo tseno mo matshelong a bone, batho ba ba kutlo ba tla lelefatsa malatsi a bone, mme e re kgabagare ba bone botshelo jo bo sa khutleng.

15. Ke mofuta ofe wa thuto e kgolo o o tla tlhokegang ka nako ya tsogo, mme go bonala gore tsogo e tla tswelela ka tsela e e ntseng jang?

15 A bo go tla tlhokega thuto e kgolo jang ne mo dilong tsa puso ya Modimo! Ka 2005 Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba ne ba tsamaisa, mo palogare ya dithuto tsa Baebele di le 6 061 534 mo mafelong a a farologaneng. Mme ga go belaesege gore, mo tsogong, go tla tshwarwa dimilione di le dintsintsi tsa dithuto, tse di theilweng mo Baebeleng le mo dikwalong tse disha! Batho botlhe ba Modimo ba tshwanetse go nna barutisi le go dira boiteko. Fa ba ba tsositsweng ba ntse ba dira botswelelopele, le bone kwantle ga pelaelo ba tla kopanela mo thulaganyong e kgolo eno ya go ruta. Go bonala gore, tsogo e tla tswelela ka tsela e e leng gore ba ba tla bong ba tshela ba nne le boipelo jwa go amogela le go laya ba masika a bone le ditsala tsa bone tsa pele, bao, le bone, ba tla amogelang le go laya ba bangwe. (Bapisa 1 Bakorintha 15:19-28, 58.) Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang dimilione di le thataro ba ba tlhagafetseng mo go anamiseng boammaaruri gompieno ba thaya motheo o o molemo wa ditshiamelo tse ba solofelang go di bona ka nako ya tsogo.—Isaia 50:4; 54:13.

16. (a) Ke maina a bomang a a se kitlang a kwalwa mo lokwalong lwa momeno, kana mo bukeng ya botshelo? (b) Ke bomang bao tsogo ya bone e tla itshupang e le ya “botshelo”?

16 Mabapi le tsogo ya mo lefatsheng, Jesu o ne a bolela gore ‘ba ba dirileng molemo ba tla tsogela tsogelong ya botshelo, ba ba dirileng bosula ba tla tsogela tsogelong ya katlholo.’ Fano “botshelo” le ‘katlholo’ di fapaana thata, mo go supang gore ba ba tsositsweng ba ba “dirileng dilo tse di bosula” morago ga ba sena go rutwa mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng ba atlholwa gore ga ba tshwanelegele botshelo. Maina a bone ga a ne a kwalwa mo lokwalong, kana mo bukeng, ya botshelo. (Johane 5:29) Seno se tla nna fela jalo le ka ba pele ba neng ba tsamaya mo tseleng ya boikanyego mme e re morago, ka lebaka lengwe, ba fetoge mo nakong ya Puso ya Dingwaga tse di Sekete. Maina a ka nna a phimolwa. (Ekesodo 32:32, 33) Mo letlhakoreng le lengwe, ba ka kutlo ba tsamayang mo dilong tse di kwadilweng mo dikwalong ba tla nna ba bolokile maina a bone a kwadilwe, mo lokwalong lwa momeno lwa botshelo, mme ba tswelele ba ntse ba tshela. Mo go bone, tsogo ya bone e tla bo e itshupile e le ya “botshelo.”

Bokhutlo Jwa Loso le Hadese

17. (a) Ke kgato efe e e molemolemo e Johane a e tlhalosang? (b) Hadese e tlhotlhorwa leng? (c) Loso lwa ga Adame lo tla “latlhelwa mo bodibeng jwa molelo” leng?

17 Go tswa foo, Johane o tlhalosa sengwe se ruri se leng molemo! “Mme loso le Hadese tsa latlhelwa mo bodibeng jwa molelo. Seno se kaya loso lwa bobedi, bodiba jwa molelo. Mo godimo ga moo, le fa e le mang yo o sa fitlhelwang a kwadilwe mo bukeng ya botshelo o ne a piriganyediwa mo bodibeng jwa molelo.” (Tshenolo 20:14, 15) Mo bokhutlong jwa Letsatsi la Katlholo la dingwaga tse di sekete, ‘loso le Hadese’ di tlosiwa gotlhelele. Ke ka ntlha yang fa seno se tsaya dingwaga tse di sekete? Hadese, lebitla le le tlwaelegileng la batho botlhe, le tlhotlhorwa gotlhelele fa wa bofelo yo o gakologelwang ke Modimo a tsosiwa. Mme fa fela batho ba tla bo ba sa ntse ba kgotletswe ke boleo jo ba bo ruileng, loso lwa ga Adame lo tla bo lo sa ntse lo le mo go bone. Botlhe ba ba tsositsweng mo lefatsheng, mmogo le ba boidiidi jo bogolo ba ba falolang Haramagedona, ba tla tshwanelwa ke go utlwa se se kwadilweng mo dikwalong go fitlhelela molemo wa thekololo ya ga Jesu o dirisitswe ka botlalo mo go tloseng bolwetse, botsofe, le bogole jo bongwe jo bo ruilweng. Go tswa foo, loso lwa ga Adame, mmogo le Hadese, di “latlhelwa mo bodibeng jwa molelo.” Di tla bo di etse ruriruri!

18. (a) Moaposetoloi Paulo o tlhalosa jang katlego eo puso ya ga Jesu jaaka Kgosi e nang le yone? (b) Ke eng se Jesu a se dirang ka batho ba ba itekanedisitsweng? (c) Ke dilo dife tse dingwe gape tse di diragalang kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete?

18 Ka jalo, thulaganyo e moaposetoloi Paulo a e tlhalosang mo lokwalong lwa gagwe lo a lo kwaletseng Bakorintha e tla bo e digetswe: “Gonne [Jesu] o tshwanetse go busa e le kgosi go fitlha Modimo a sena go baya baba botlhe kafa tlase ga dinao tsa gagwe. Loso [lwa ga Adame] lo tla nyelediwa, e le mmaba wa bofelo.” Go diregang go tswa foo? “Fa dilo tsotlhe di tla bo di beilwe mo taolong ya gagwe, go tswa foo Morwa ka boene le ene o tla ipaya mo taolong ya Ene yo o neng a baya dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe.” Ka mafoko a mangwe Jesu o “neela Modimo wa gagwe le Rraagwe bogosi.” (1 Bakorintha 15:24-28) Ee, fa Jesu a sena go fenya loso lwa ga Adame ka molemo wa setlhabelo sa gagwe sa thekololo, o tla neela Rraagwe, e bong Jehofa, batho ba ba itekanedisitsweng. Go bonala sentle gore mo lobakeng lono, kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete, ke gone Satane a tla gololwang mme teko ya bofelofelo e diragale go tlhomamisa gore ke bomang ba maina a bone a tla nnelang ruri a kwadilwe mo lokwalong lwa botshelo. ‘Iteke ka tlhagafalo’ gore leina la gago le tlhage moo!—Luke 13:24; Tshenolo 20:5.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ba ba tla bong ba tsositswe mo lewatleng ga ba na go akareletsa baagi ba lefatshe ba ba bodileng ba ba neng ba nyelediwa mo motlheng wa Morwalela wa ga Noa; tshenyego eo e ne e le ya makgaolakgang, fela jaaka go tla nna ka katlholo ya ga Jehofa e e tla diragalang mo pitlaganong e kgolo.—Mathaio 25:41, 46; 2 Petere 3:5-7.

[Setshwantsho mo go tsebe 298]

“Ba ba sa siamang” ba ba tsositsweng ba ba utlwang dikwalo tse di bulwang mo Pusong ya Dingwaga tse di Sekete le bone maina a bone a ka nna a kwalwa mo lokwalong lwa botshelo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela