LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 2/1 ts. 24
  • ‘Go Roba’ kwa Venezuela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Go Roba’ kwa Venezuela
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Re Berekile Tshimo ya Rona Gantsi!”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Masimo a Masweu go ka Rojwa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Nnang Barobi ba ba Itumetseng!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Tswelelang Pele mo Thobong!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 2/1 ts. 24

Pego ya Baboledi ba Bogisi

‘Go Roba’ kwa Venezuela

Ka nako nngwe Jesu o ne a tshwantsha tiro ya go rera le thobo ya ngwaga le ngwaga. (Mathaio 9:36-38) Morena wa thobo ke Jehofa Modimo, mme thobo e kgolo eleruri mo lefatsheng lotlhe. Seno se akaretsa tshimo e e berekiwang ka sewelo kwa Venezuela.

Ofisi e e kwa Venezuela ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower e bega seo se diragetseng fa setlhopha sa Basupi se ne se dira tshimo ya Sabana Grande, e e mo Nageng ya Guárico. Basupi bano ba bega jaana: “Ntlo eo re neng re tlile go nna mo go yone e ne e le lefelo le le siametseng go tshwarela dipokano mo go lone, ka jalo e ne ya re kwantle ga go diega ra simolola go laletsa batho gore ba tle dipokanong koo. Batho ba ne ba sa itse sepe kaga Basupi ba ga Jehofa. Lemororo go ne go na le ditlhopha di le nne tsa bodumedi mo toropong, batho ba ne ba le tlhaga go ithuta Bibela.

“Re ne ra dira diura di le tharo mo mosong le di le tharo thapama, re tsena ntlo le ntlo re laletsa batho gore ba tle pokanong maitseboa a a latelang. Re ne re sena ditulo, ka jalo re ne ra ba laletsa gore ba itlele ditulo. Fa nako ya go simolola pokano e atamela, batho ba ne ba simolola go tla, mongwe le mongwe wa bone a tshotse setulo. Fa pokano e sena go tswa, re ne ra ba bolelela gore re ka rata go kwala maina a bao ba ka ratang go nna le thuto ya legae ya Bibela ya mahala. Botlhe ba ba 29 ba ba neng ba le teng ba ne ba batla gore maina a bone a kwalwe mo lenaaneng.

“Fa re tswala kgoro moeng wa bofelo a sena go tswa, re ne ra lemoga gore go ne go na le banna ba le bararo ba eme fa kgokgotshong ya ntlo. Mo e ka nnang ka nako ya borobong, re ne re setse re ipaakanyeditse go nna fa fatshe go ja fa ba kokota mo mojakong. Ba ne ba botsa dipotso tse di tshwanang le gore: ‘Ke go rera ga eng mo lo go dirang mo toropong eno? Ke ka ntlha yang fa lo ne lo na le pokano fano mo maitseboeng ano?’

“Re ne ra botsa gore a re ne re robile molao mongwe. Ba ne ba araba ka go re nnyaa mme ba bolela gore ke baruti ba dikereke tse tharo tsa mo toropong eno. Ba ne ba kgopisegile ka gonne go ne go sena batho mo dikerekeng tsa bone mo maitseboeng ao. Re ne ra ba laletsa gore ba tsene mme ra ba tlhalosetsa kaga tiro ya rona. Gape re ne ra ba tsamaisetsa dibuka mme ra ba kopa gore ba tle gape ka Labone yo o latelang.

“Labone o o latelang baruti ba ne ba tla ba na le batho ba bangwe ba le 22 bao ba neng ba batla go utlwa gore re tlile go reng. Baruti bano ba ne ba akanya gore, ereka re le basadi, re ne re tlile go felela mo nageng fa go tsenwa mo motlotlong. Lefa go ntse jalo, go ya kafa rona re lebang dilo ka teng pokano eno e ne ya atlega. Kwa bokhutlong re ne ra tlhalosa gore re ne re ntse re kwala lenaane la bao ba neng ba batla go ithuta mo go oketsegileng go tswa mo Bibeleng. Bangwe ba bao ba neng ba tsile le baruti ba ne ba batla gore maina a bone a kwalwe, ebile bangwe ba bone ba ne ba re ba batla go ya le rona mo tirong ya go rera!

“Re ne ra tlhalosa gore ba ne ba tla tlhoka kitso e e oketsegileng ya Bibela le thapiso pele ba ka kopanela le rona mo tirong ya go rera. Batho ba ne ba tla kwa ntlong ya rona malatsi otlhe, ba re kopa gore re ba tlhalosetse Bibela. Ka dinako tse dingwe, fa re buile go fitlha go nna bosigo, re ne re tshwanelwa ke go ba kopa gore ba ye magaeng. Fa labofelo re ne re tshwanelwa ke go tswa mo tshimong eo, ba ne ba hutsafetse tota mme ba re bolelela gore fa re boa gape ba ne ba tla tsamaya le rona mo tirong ya go rera. Ba ne ba solofetsa gore ka nako eo ba ne ba tla bo ba dirile kgatelopele e e tlhokegang.”

Fa Basupi ba tswa mo tshimong eo, go ne go na le batho ba le 40 bao ba neng ba batla go ithuta Bibela. Maina a batho bao ba ba kgatlhegang a ne a isiwa kwa phuthegong e e fa gaufi, eo e ka nnang sekgala sa dikilometara tse 50. Morago ga moo, Basupi bangwe go tswa mo toropong e nngwe ba ile ba fudugela mo toropong eno, mme go ile ga tlhomiwa setlhopha sa bareri ba ba matlhagatlhaga ba mafoko a a molemo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela