-
KgothatsoGo Fetolana ka Dikwalo
-
-
Bar. 8:35, 38, 39: “Mañ eo o tla re kgaoganyañ le loratō loa ga Keresete? A ke pitlaganō, kgotsa tlalèlō e e mahèhè, kgotsa pogishō, kgotsa tlala, kgotsa bosaikatègañ, kgotsa poitshègō, kgotsa chaka? Gonne kea tlhōmamisa, go re, go le losho, go le botshelō, go le baengele, go le magōsana, go le dilō tse di leeoñ, go le dilō tse di tla tlañ, go le dinonohō, Go le bogodimo, go le boteñ, leha e ka bo e le sebopiwa señwe se sele, ga go ketla go nonoha sepè go re kgaoganya le loratō loa Modimo, lo lo mo go Keresete Yesu Morèna oa rona.”
Bona gape Bahebera 13:5, 6.
Go batho ba ba kgobegileng marapo ka ntlha ya DITLHAELO tsa bone—
Pes. 34:18: “Yehofa o gauhi le ba ba pelo e phatlogileñ, o boloka ba ba mōea o o ñomogileñ.”
Pes. 103:13, 14: “Yaka rra bana a tla a utlwèle bana ba gagwè botlhoko, Yehofa le èna o tlhomogèla ba ba mmoihañ pelo yalo. Gonne o itse popègō ea rona, o gakologecwe ha re le lorole hèla.”
Neh. 9:17: “U Modimo o o maichwarèlō; u pelo chweu, u tletse bopelotlhomogi, u bonya go galeha, me u letlōtlō ya boutlwelō botlhoko.”
2 Pet. 3:9, 15: “[Jehofa] ga a bonya kaga polèlō ea gagwè ea choloheco, yaka bañwe ba tle ba kaee bonya; me o pelotelele mo go lona, a sa rate gore opè a shwè, ha e se gore botlhe ba tlè mo boikwatlhaoñ. Me lo kaeè, go re, bopelotelele yoa Morèna ke poloka.”
-
-
Kobamelo ya BagologolwaneGo Fetolana ka Dikwalo
-
-
Kobamelo ya Bagologolwane
Tlhaloso: Tlwaelo ya go tlotla le go sisimoga bagologolwane ba ba suleng (ka modiro kana ka mokgwa mongwe) mo tumelong ya gore ba a tshela golo gongwe mo sebakeng se se sa bonaleng mme ba ka thusa kana ba gobatsa ba ba tshelang mme ka gone ba tshwanetse go itumedisiwa. Ga se thuto ya Bibela.
A bagologolwane ba ba suleng ba itse seo batshedi ba se dirang mme ebile a bagologolwane bano ba ka kgona go thusa batshedi?
Mor. 9:5: “Gonne batshedi baa itse ha ba tla shwa: me bashwi ga ba itse sepè.”
Yobe 14:10, 21: “Me motho èna oa shwa, me a nyèlèle . . . me o ba a le kae? Bomorwawè ba newe tlotlō, me èna a se ke a itse.”
Pes. 49:10, 17-19: “Ka gonne oa bōna ha batho ba ba botlhale ba shwa hèla, eo o bosilo le eo o sehōlōhōlō ba nyèlèle hèla mmōgō, ba tlogèlèle ba sele khumō ea bōnè. . . . Ha a shwa, ga a ketla a ea le sepè; kgalalèlō ea gagwè ga e ketla e hologèla moragō ga gagwè. . . . O tla ea leshomoñ ya borragwè; ga ba ketla ba bōna lesedi gopè.”
A ga go boammaaruri gore dijo tse di beilweng mo sebesong kana mo lebitleng di sala di sa kgongwa? A seno ga se supe gore baswi ga ba kgone go solegelwa molemo ke seno?
Bona gape setlhogo se segolo “Tirisa-badimo.”
A go na le lebaka la go boifa gore bagologolwane ba rona ba ba suleng ba tla re gobatsa?
Mor. 9:5, 6: “Me bashwi . . . Go le loratō loa bōnè, le kilō, le bopelotshètlha, yanoñ go nyeletse gotlhe hèla; le gōna ga ba tlhole ba na le kabèlō epè ka bosakhutleñ mo go señwe se se dihwañ tlhatse ga letsatsi.”
A go na le karolo nngwe ya semoya ya motho eo e falolang loso lwa mmele?
Esek. 18:4: “Bōnañ, meōea eotlhe ke ea me; yaka mōea oa rra motho o nntse, mōea oa ñwana le ōna ke oa me: mōea o o leohañ, go tla shwa ōna.” (Le temana 20)
Pes. 146:3, 4: “Lo se ka loa ikanya dikgōsana, leha e le ñwana oa motho, . . . Mōea oa gagwè oa cwa me a boèle mo mbuñ oa gagwè; ka letsatsi yeuō hèla maikaèlèlō a gagwè a nyèlèle.”
Baitseanape le dingaka ga ba ise ba bone sepe sa bosupi jwa go tshela ga sengwe, karolo nngwe e e tshelang ya batho eo e falolang fa mmele o swa.
Bona gape ditsebe 244-246, tlase ga setlhogo “Loso.”
A o ka rata gore bana ba gago le ditlogolwana di go tlotle le go go rata fa o sa tshedile kana ba go direle megoga kwa lebitleng la gago morago ga o se na go swa?
Baef. 6:2, 3: “Tlotla rrago le mmago—e e leñ eōna taolō ea ntlha e e nañ le polèlō ea choloheco,—Gore go tlè go nnè molemō mo go wèna, le gore u tshelè ka bolele mo lehatshiñ.” (Bana ba ba thapisitsweng ka melao-metheo ya Bibela ba bontsha tlotlo e e ntseng jalo eo e tlisang boipelo dipelong tsa batsadi ba bone fa ba sa tshedile.)
Dia. 23:22: “Reetsa rrago eo o gu tsetseñ, u bo u se ka ua nyatsa mmago ha a cohetse.”
1 Tim. 5:4: “Me ha mosadi moñwe eo motlhōlagadi a na le bana, kgotsa ditlogolo, a bauō ba ithutè pele go ichupa bopelonomi mo go ba ga bōnè, le go leboga batsadi ba bōnè: gonne mo, go lebosega mo matlhoñ a Modimo.”
Fa ba ba buang le badimo ba iphaka go tshola melaetsa go tswa baswing, tota melaetsa eno e tswa kae?
Isa. 8:19: “Me e tla re ha ba tla lo raea, ba re, Botsañ ba ba buañ le badimo, le mo go ba e leñ baloi, ba ba cwirinyañ, le ba ba pepedumañ; a chaba a ga e ke e lōpa mo go o e leñ modimo oa eōna? a kaga ba ba tshedileñ, a go ka bodiwa bashwi?” (A Modimo o ne o tla re tlhagisa kgatlhanong le tlwaelo e e ntseng jalo fa e le gore eleruri e re kopanya le baratiwa ba rona?)
Dit. 16:16: “Me ga dihala e rile re ea kwa heloñ ga thapèlèlō, morweetsana moñwe eo o tsenyweñ ke mōea [ledimona, NW] oa tōō, a re kgatlhantsha, e le eo o bapalèlañ beñ ba gagwè ka go bolèla dilō tsa boitseyoanape.”
Bona gape ditsebe 410-412, tlase ga “Tirisa-badimo.”
Kobamelo ya rona e tshwanetse go lebisiwa go mang?
Luke 4:8: “Me Yesu a mo hetola, a re, Go kwadilwe, ga twe, U ōbamèlè Yehofa Modimo oa gago, me u dihèlè ōna o le osi hèla.”
Yoh. 4:23, 24: “Me lobaka loè tla, le gompiyeno lo hitlhile, lo baōbamedi ba amarure ba tla ōbamèlañ Rara ka lōna, ka Mōea le ka boamarure: gonne Rara o batla ba ba nntseñ yalo go nna baōbamedi ba gagwè. Modimo ke Mōea; me ba ba o ōbamèlañ ba na le go o ōbamèla ka mōea le ka boamarure.”
Go na le tsholofelo efe ya go kopanya maloko a malapa mo isagweng, go akareletsa le ba ba suleng?
Yoh. 5:28, 29: “Se gakgamaleleñ mo: gonne lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwè ka lōna, Me ba tla cwa; ba ba dihileñ molemō ba cwèle cogeloñ ea botshelō; me ba ba dihileñ boshula ba cwèle cogeloñ ea tshekishō.”
-
-
KolobetsoGo Fetolana ka Dikwalo
-
-
Kolobetso
Tlhaloso: Lefoko “kolobetso” le tswa go la Segerika ebong baptiʹzein, le le rayang “go ina, go thabuetsa.” (A Greek-English Lexicon, ka Liddell le Scott) Kolobetso ya Bakeresete ya metsing ke tshupo ya ka kwantle ya gore mongwe yo o kolobediwang o dirile boineelo jo bo feletseng, jo bo phepafetseng, le jo bo tlhomameng ka Jesu Keresete go dira thato ya ga Jehofa Modimo. Dikwalo gape di umaka kolobetso ya ga Johane, kolobetso ya moya o o boitshepo, kolobetso ya molelo, gareng ga tse dingwe.
A batho bao ruri ba dumelang Lefoko la Modimo ba ikgogona mo go kolobediweng?
Math. 28:19, 20: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō: Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ.”
Dit. 2:41: “Me hoñ ba ba amogetseñ lehoko ya gagwè, ba kolobediwa.”
Dit. 8:12: “Me e rile ba dumèla Filipo, yaka a ba rèrèla Mahoko a a Molemō kaga bogosi yoa Modimo, le kaga leina ya ga Yesu Keresete, ba kolobediwa, banna le basadi.”
-