A o Ipaakanyeditse go ka Lebana le Boemo Jwa Tsa Kalafi jo bo Gwetlhang Tumelo?
Boloka tshedimosetso eno moo o ka e bonang teng ka bonako ka nako ya fa o e tlhoka.
1 Ga go na ope yo o akanyang go le kalo ka ntlha ya gore go ka nna ga diragala gore a robadiwe kwa kokelong gompieno kana ka moso. Lefa go ntse jalo, ‘ba diragalelwa botlhe ke motlha le bowelo.’ (Mor. 9:11) Le eleng le fa e le gore ga o amogele kalafi jaaka mofuta wa go tlhokomela pholo oo o o ratang, ke eng seo o ka se dirang go itshireletsa gore o se ka wa tshelwa madi a a sa batlegeng fa go ka diragala gore o sale o idibetse morago ga kotsi nngwe mme o bo o tabogisediwa kwa kokelong? Ee, kotsi kana fa boemo jwa pholo ya gago bo koafala ka bonako fela go ka dira gore o iphitlhele o lebane mo phatleng le go kgwetlhiwa ga tumelo ya gago.
2 Fa go ka diragala gore o iphitlhele o le mo kokelong ka ntlha ya lebaka lepe fela, ke eng seo o tla se dirang go boloka bothokgami fa mongwe koo a ka go bolelela gore otla swa fa o ka seka wa tshelwa madi? A o tla itlhaganelela go dumela gore maiphako ao a bontsha ka boammaaruri boemo joo o leng mo go jone? A o tlhatswegile pelo ka botlalo gore ga o batle madi? A o ipaakanyeditse go ka ka lebana le kgetlho eno ya tumelo ya gago le go ‘ithiba mo mading’?—Dit. 15:28, 29.
3 Gore o kgone go atlega go gana go tshelwa madi a a sa batlegeng, a a kgotlelang semoyeng, go simolola ka gore o bo o tlhatswegile pelo ka seo. Go tlhatswega pelo ka tsela e e ntseng jalo go tshwanetse ga thaiwa mo go tlhaloganyeng ka phepafalo seo Bibela e se bolelang ka madi. Kwantle ga moo, o ka nna, ka ponyo ya leitlho, wa tshosiwa ke mongwe yo o iphakang gore o na le kitso e e fetang ya gago ka boemo joo. A o tla tsiediwa gore o akanye gore gongwe dingaka di itse botoka ka madi go feta kafa Modimo o itseng ka gone? Eleruri, mo maemong ano o tla tshwanelwa ke gore o “ititeye sehuba” gore o tla dira “se se siameng” mo matlhong a ga Jehofa, go sa kgathalesege seo batho bao eleng batho fela ba ka se bolelang—Dute. 12:23-25.
DIKGATO TSA BOTLHOKWATLHOKWA TSA ESALE GALE—A O SETSE O DI TŠERE?
4 Ya ntlha, tlhomamisa gore dikarata tsa kalafi tsa botlhe mo lelapeng di tladitswe ka botlalo—di kwadilwe letlha, di saennwe, ebile go na le basupi mo go tsone. Bakaulegwe bangwe bao ba ileng ba tsena kwa kokelong dikarata tsa bone di sena letlha kana basupi kana di sena letlha ebile ra sena basupi, ba ile ba gwetlhiwa malebana le gore a dikarata tseo tsa bone ke tsa boammaaruri. Mme ebile a dikarata tsa boitshupo tsa bana ba rona botlhe bao ba iseng ba kolobediwe di tladitswe? Fa e le gore ga go a nna jalo, fa go ka tlhaga maemo a tshoganyetso ao ngwana wa gago a amegang mo go one, badiredi ba kwa kokelong ba tla itse jang boemo jwa gago malebana le madi le gore ke mang yoo ba tshwanetseng ba ikgolaganya nae?
5 Morago ga moo tlhomamisa gore botlhe ba tsamaye ka dikarata tseno KA DINAKO TSOTLHE. Botsa bana ba gago gore a ba di tšere pele ba ya sekolong letsatsi lengwe le lengwe, ee, le eleng pele ba ya kwa lebaleng lengwe la metshameko kana kwa lefelong lengwe la go intsha bodutu. Rotlhe re tshwanetse ra tlhomamisa gore dikarata tseno di teng mo go rona fa re le kwa tirong, kwa malatsing a boikhutso, kana kwa kopanong ya Bokeresete. Ga re a tshwanela go e tlogela kwa morago le ka motlha ope!
6 A o ke o akanye fela gore o ne o tla diragalelwa ke eng fa o ne o ka fitlha o le mo boemong jo bo sa jeseng di welang kwa phaposing ya maemo a tshoganyetso kwa kokelong, o idibetse kana o sa kgone go ipuelela ka namana. Fa o sena karata eno mo go wena, mme go ise go nne le ope wa losika kana mogolwane mongwe kwa kokelong yo o ka go buelelang, mme go bo go dirwa tshwetso ya gore o ‘tlhoka madi,’ go ka diragala thata gore o tshelwe madi. Ka maswabi, go na le bangwe bao ba ileng ba diragalelwa ke seno. Mme lefa go ntse jalo fa re na le karata eno, e a re buelela, e tlhalosa seo re se ratang.
7 Seno ke sone se karata ya tsa kalafi e leng botoka go phala sebaga sa tsa kalafi se se rwalwang mo letsogong kana mo thamong. Sebaga sa tsa kalafi se se rwalwang mo letsogong kana mo thamong ga se tlhalose mabaka a rona a a theilweng mo Bibeleng a boemo joo jwa rona mme ebile ga se na metekeno e e tshegetsang seo se bontshitsweng moo. Tshwetso nngwe e e ileng ya dirwa ke kgotlatshekelo ya kwa Canada malebana le karata ya kgaitsadi mongwe e ne ya bolela jaana: “[Molwetsi yono] o kgethile go itsise dingaka mmogo le batho ba bangwe ba ba thusang ka go tlhokomela pholo a dira jalo ka tsela eo e leng yone fela e e ka kgonegang, gore fa go ka diragala gore a idibale kana gongwe a seka a kgona go bolela seo a se eletsang, gore ga a dumele go tshelwa madi.” Ka gone o seka wa bo wa disa wa e tlogela kwa morago!
8 Ereka karata eno ya rona ya tsa kalafi e dirilwe segolobogolo gore e thuse mo maemong a tshoganyetso, he mo karong eo o ikgethelang yone e tla bo e le selo sa botlhale fa o ka ikwalela esale gale karata ya gago ka namana, e e nang le tshedimosetso ka botlalo go gaisa eno (e e theilweng mo karateng eno ya rona ya tsa kalafi) e le gore o ke o kgone go akaretsa dintlha ka botlalo tse di ntseng jaaka mofuta wa karo le maina a dingaka le kokelo. O na le tshwanelo ya gore o dire seno mme ka gone o tlhomamise gore o alafiwe ka tsela eo o itlhophetseng yone. Le eleng le fa wena le ngaka lo ka nna lwa tswa lo sa lebelela mathata ape a a masisi, mo tlhalosetse gore karata eo e tshwanetse ya latelwa ka nako ya fa go diragala sengwe seo se sa lebelelwang.—Dia. 22:3.
9 Kgato ya bobedi e e leng botlhokwa ke gore o buisane le badiredi ba ba tlhokegang ba tsa kalafi bao o tlileng go tshwanelwa ke gore o dirisane le bone mo kalafing eo o e ikgethelang kana ya tshoganyetso. Ke bomang bao o tshwanetseng wa buisana nabo segolobogolo?
BUISANA LE BADIREDI BA TSA KALAFI
10 SETLHOPHA SA TSA KALAFI: Eno ke nako eo ka yone go boifa motho go sa tshwanelang go go fenya ka yone. (Dia. 29:25) Fa o lebega o sa tlhomamisege sentle, mongwe a ka nna a swetsa ka gore ga o a tlhoafala ka seo o se buang. Fa go tlhokega gore o ariwe, e ka tswa e le seo o se ikgethetseng kana e le selo sa tshoganyetso, wena kana leloko lengwe la lelapa leo le leng fa gaufi le tshwanetse la botsa dipotso le ititeile sehuba e le dipotso tse di tlhamaletseng a di botsa tlhogo ya setlhopha se se arang. Potso nngwe ya botlhokwa ke gore, A setlhopha seo se se arang se tla tlotla dikeletso tsa molwetsi le go mo alafa kwantle ga go mo tshela madi kafa tlase ga maemo otlhe? Fa o sa tlhomamisediwe seno o tla bo o sa sireletsega ka botlalo.
11 Mmolelele ka phepafalo le ka tsela e e nang le seriti e e bontshang kafa o tlhatswegileng pelo ka gone gore ke eng seo o se eletsang. Mo tlhalosetse ka phepafalo gore o batla mokgwa o mongwe wa go alafa bolwetsi juta gago o go sa dirisiweng madi mo go ane. Tlotla o digile maikutlo le ka bopelokgale ka karata ya gago ka namana ya tsa kalafi eo o e dirileng esale gale mmogo le foromo ya kokelo eo e e gololang gore e se ka ya bonwa molato. Fa ngaka e e arang e sa batle go dira go ya kafa o eletsang ka gone, o tla boloka nako fa o kopa mookamedi wa kokelo gore a go batlele ngaka e nngwe. Seo ke bontlhanngwe jwa tiro ya gagwe.
12 NGAKA E E IDIBATSANG: Mo bathong botlhe ba ba mo setlhopheng sa tsa kalafi bao o tshwanetseng wa buisana nabo pele ga karo, O TSHWANETSE WA BUISANA LE NGAKA ENO. Ereka ngaka eno e e idibatsang e na le boikarabelo jwa gore e go boloke o ntse o tshela ka nako ya fa ngaka e e arang e ntse e tsweletse ka tiro ya yone, ke ene a dirang ditshwetso tse di ntseng jaaka tsa go dirisiwa ga madi. Ka gone ga o a sireletsega ka botlalo fa o buisane le ngaka e e arang fela. Ka gone, o tshwanetse wa buisana ka boemo jwa gago le ngaka e e idibatsang o bo o mo tlhatswe pelo malebana le seo, o tlhomamise gore a o tla tlotla boemo joo jwa gago kana nnyaa.—Bapisa Luke 18:3-5.
13 Go lebega tlwaelo e le gore ngaka eno e e idibatsang e etele molwetsi ka nakwana e khutshwane go setse go le thari thata mo bosigong jwa pele ga o dirwa karo—o go etela thari thata fa a le kgatlhanong le boemo jwa gago malebana le madi. Ganelela mo goreng ngaka e e arang e tlhophe ngaka e e idibatsang e e ka kgonang go go reetsa eo o ka kgonang go buisana le yone esale gale pele eo o e ikgethetseng. Ka jalo go tla bo go santse go na le nako ya gore o batle yo mongwe fa wa ntlha a gana go dira kafa o eletsang ka gone. O se ka wa letla ope gore a go je ka loleme gore o se ka wa dirisa tshwanelo eno ya go batla go kgotsofalela ngaka e e idibatsang ya mo karong ya gago.
14 Mo go bano botlhe, o tshwanetse wa tlhalosa boemo jono jwa gago ka phepafalo jo bo se kakeng jwa fetolwa. GA O BATLE MADI. Kopa gore go dirisiwe mekgwa e mengwe ya go alafa bolwetse jwa gago eo go sa dirisiweng madi mo go yone. Bolela dilo tse dingwe tseo di ka dirisiwang mo boemong jwa madi mo bolwetsing jwa gago. Fa setlhopha sa tsa kalafi se akanya gore dilo tseo ga di na go thusa ka sepe mo bolwetsing jwa gago, ba kope gore ba dire patlisiso mo dibukeng tsa kalafi ka dilo tse dingwe tse di ka dirisiwang. Ba tlhomamisetse gore o ka kgona go ba bonela tshedimosetso e e rileng fa ba rata o dira jalo ka go kopa bagolwane ba gago gore ba ikgolaganye le Mokgatlho.
GO DIRISA DITSHWANELO TSEO O NANG NATSO
15 Tlhatlhoba ka kelotlhoko foromo ya go golola kokelo gore e seka ya bonwa molato le foromo ya go dumela go amogela kalafi tseo kokelo e go kopang gore o di saena ka nako eo ba go amogelang ka yone mo kokelong. Ka dinako tse dingwe ka bonako fela morago ga fa diforomo tseno di sena go bolela gore ba tla dira fela kafa o eletsang ka teng, serapa se se latelang morago ga moo se bolela gore motho yo o di saenileng o dumela gore kokelo e ka dirisa kalafi “e e bolokang botshelo” fa ba rakana le mathata. Seo se ka nna sa akaretsa madi. O na le tshwanelo ya go fetola dipolelo dipe tse di tshwanang le tseo gore di se ka tsa akaretsa madi kana go di phimola ka pene gotlhelele ka go thala mola mo godimo ga tsone. Baoki ba ka nna ba leka go go bolelela gore ga wa tshwanela go dira jalo, mme lefa go ntse jalo o letleletswe go ka dira jalo! Ba tlhalosetse gore foromo e e ntseng jalo ke tumalano eo o e dirang le le bone le gore ga o kake wa saena tumalano eo o sa dumalaneng le yone. Fa mongwe a leka go go pateletsa gore o saene seo o sa batleng go se saena, kopa go buisana le mookamedi wa kokelo kana moemedi wa balwetsi wa kokelo eo kana o kope go buisana le bone boobabedi.
16 A o na le tshwanelo ya go ka dira dilo tse di ntseng jalo? Ee, o na le yone. Ka gone itse ditshwanelo tsa gago jaaka molwetsi. Ditshwanelo tseno ga di sale kwa mojakong ka nako ya fa o tsena mo kokelong. Ga o a tshwala go di latlha e le gore o ke o kgone go bona kalafi. O seka wa letla ope gore a go bolelele se se farologaneng le seno.
17 Nngwe ya ditshwanelo tse di ntseng jalo ke se se bidiwang tshwanelo ya go dumalana o sena go fiwa tshedimosetso ka botlalo, eleng seo se bolelang gore ga go na kalafi epe eo o ka e fiwang kwantle ga gore o dumele go e amogela. Ebile fa o rata o ka nna wa gana gotllelele go amogela kalafi. Go dumela ga gago go amogela kalafi nngwe go tshwanetse ga latela morago ga fa o sena go tlhalosediwa ka phepafalo gore setlhopha sa tsa kalafi se ikaelela go dira eng, go akaretsa le dikotsi tseo di akarediwang mo go seo. Morago ga moo, ba tshwanetse ba go bolelela ka mekgwa e mengwe ya kalafi eo e leng teng eo e ka dirisiwang mo boemong jwa eo. Morago ga moo, fa o sena go fiwa tshedimosetso eno, o tlhopha kalafi eo o e ratang.
18 Gore o kgone go ka tlhomamisega ka seo o dumelang go se amogela, o TSHWANETSE wa botsa dipotso tse di molemo kaga sepe fela seo o sa se tlhaloganyeng, segolobogolo fa badiredi ba kokelo ba dirisa mafoko a le mantsi kana ba dirisa mafoko a tsa kalafi. Ka sekai, fa ngaka e re e tlile go dirisa “plasma,” wena o ka nna wa swetsa le mogopolo wa gago fela ka gore e raya se se bidiwang “plasma volume expander,” mme go sa nna jalo. Pele ga ga o dumela, botsa jaana: “A o bua ka sengwe se se tswang mo mading?” Botsa jaana mabapi le mekgwa epe fela ya kalafi eo a tlileng go e dirisa: “A o tlile go dirisa dilo dingwe tseo di tswang mo mading mo kalafing eo?” Fa a tlhalosa motšhine mongwe oo a ka ratang go o dirisa, botsa jaana: “A go na le nako eo madi a me a tlileng go bolokiwa gongwe ka yone fa o ntse o tsweletse ka go dirisa motšhine ono?”
19 Mme lefa go ntse jalo ke eng seo o tshwanetseng wa se dira fa o sena go dira sotlhe se se fa godimo mme ba santse ba sa dire go ya kafa o eletsang ka gone kana le eleng go nna kgatlhanong le boemo joo jwa gago? O seka wa dikadika go kopa thuso. Bangwe ba ile ba leta lobaka lo lotelele go kopa thuso mme ba tsenya matshelo a bone ka boone mo kotsing.
THUSO YA BOTLHOKWA KA NAKO EO E TLHOKEGANG KA YONE
20 Ela mokgwa o o latelang tlhoko oo o tshwanetseng go odirisa gore o bone thuso eo o e tlhokang: (1) Ka bonako fela fa wena kana moratiwa wa gago a tshwanelwa ke go dirwa karo eo a e ikgethetseng kana e le ka ntlha ya maemo a tshoganyetso mme go bo go nna le go sa utlwane ka mafoko ka ntlha ya gore kokelo e batla go dirisa madi; kana (2) fa pholo ya gago kana ya moratiwa wa gago e etegela mo go maswe; kana (3) fa mo kgannyeng e go amegang ngwana (kana mogolo) mo go yone, ngaka, mooki, kana mookamedi wa tsa kalafi wa kokelo a bolela gore ba ya go bona tetla ya kgotlatshekelo, he:
21 IKGOLAGANYE LE BAGOLWANE BA LEFELO LEO fa e le gore ga o ise o dire jalo. (Eleruri, ka ntlha ya boemo jwa rona malebana le madi, ke selo sa botlhale gore re itsise bagolwane ba rona ka nako epe fela fa re tshwanela go ya kwa lefelong lepe fela la tsa kalafi.) Morago ga moo, fa go tlhokega, BAGOLWANE BA TLA IKGOLAGANYA LE MOKGATLHO. Bagolwane ba ka nna ba tla kwa kokelong ka nako eno go tla go go thusa.—Isa. 32:1, 2.
22 Mokgatlho mmogo le balebedi ba ditoropo mo ditoropong tsotlhe tse dikgolo ba na le lenaane la maina a dingaka tseo di dirisanang mmogo le rona mo tulong ya lona e le gore wena kana bagolwane ba ka ikgolaganya le tsone. Fa go sena bape mo lefelong leo, bagolwane ba tla botsa kwa Mokgatlhong. Gone ke boammaaruri gore bagolwane ga ba kake ba go direla ditshwetso, mme lefa go ntse jalo gantsi ba ka go thusa go tlhatlhoba kafa Mokgatlho o lebang dilo ka teng le go go itsise ditshwanelo tseo o nang le tsone mo go tsa kalafi kana kafa molaong.
23 Fa setlhopha sa tsa kalafi se santse se gana go dira kafa o eletsang ka teng, buisana le mookamedi wa tsa kalafi wa kokelo mabapi le gore ba emisediwe ka ba bangwe go tswa mo badiring ba gagwe bao ba tla tlotlang dilo tseo o di eletsang. Fa mookamedi wa kokelo a dikadika go dira jalo ebile e le FELA fa e le gore tota o na le ngaka e nngwe e e arang eo e leng gongwe mme o ka kgona go fudusediwa koo, jalo fa o rata o ka naya mookamedi wa kokelo seteitemente se se kwadilweng seo se nang le maina a dingaka tseo di neng di sa batle go dira kafa o eletsang ka gone le go bolela gore ga o tlhole o ba batla mo kgetsing ya gago.
24 A o na le tshwanelo ya go dira jalo? Ee, o na le tshwanelo eo. Mme fa e re morago ga moo kgang eo e bo e isiwa kwa moatlhoding, seteitemente seo se o se kwadi-leng se ka mo thusa thata gore a itse dilo tseo o di eletsang. Seo ga pe go ka diragala gore se bulele dingaka tse dingwe tse di arang sebaka go ya ka melao ya tsa kalafi gore di tsene mme di go thuse ka tsa kalafi. Mme, se se botlhokwa le go feta moo ke gore seo se ka thusa go dira gore o bone tlhokomelo eo o e tlhokang ya tsa kalafi pele pholo ya gago e etegela ka tsela e e diphatsa. O seka wa leta lobaka lo lotelele thata!
25 Le mororo re se kake ra laela ope gore a nne le inšorense ya pholo, re tshwanela go go itsise gore gantsi re nna le bothata jo bogolo mo go boneng ngaka e tota yone e leng ngaka e e tirisanommogo gore e alafe bao ba senang inšorense e e lekaneng ya tsa kalafi kana ba ba senang inšorense epe ya tsa kalafi.
DIPOTSO TSE DI RARAANENG TSEO O TSHWANETSENG W A ITISA MO GO TSONE
26 O tshwanetse wa itse gore go na le dipotso dingwe tseo dingaka kana ba bangwe ba di botsang mme e se ka maikutlo a mantle ka metlha. Eo gantsi e bodiwang ke dingaka (le ke baatlhodi bangwe) ke:
• “A bogolo o ka swa (wa letla ngwana wa gago gore a swe) go na le gore o dumele ‘go tshelwa madi a a bolokang botshelo’?”
27 Fa o re ee, seo e tla bo e le karabo e e siameng go ya ka bodumedi. Mme lefa go ntseng jalo karabo e e ntse jalo gantsi ga e tlhaloganngwe sentle mme ebile ka dinako tse dingwe e ka dira gore kgotlatshekelo e dire ditshwetso tse di botlhoko. O tshwanetse wa gakologelwa gore ga o mo bodiheding mo boemong jono. Go na le moo, o bua ka kalafi e e tlhokegang. Ka gone, o tshwanetse wa tsamaisana le bareetsi ba gago, e ka tswa e le ba tsa kalafi kana borramolao.—Pes. 39:1; Bakol. 4:5, 6.
28 Mo ngakeng, moatlhodi, kana mookamedi wa tsa kalafi wa kokelo, “ee” e ka bolela gore o batla go nna moswelatumelo kana gore o batla go ntsha ngwana wa gago setlhabelo ka ntlha ya tumelo ya gago. Mo boemong jono ga go kitla go thusa ka metlha gore o ba bolelele kafa o nang le tumelo e e nonofileng ka gone mo tsogong ya baswi. Ba tla go tsaya jaaka motho wa bodumedi yo o sa batleng go utlwa sepe ka tumelo ya gago, yo o sa kgoneng go dira ditshwetso tse di nang le tlhaloganyo fa botshelo bo le mo kotsing. Mo kgannyeng ya bana, ba tla go leba jaana motsadi yo o botlhaswa yo o ganang kalafi e e fa e go tweng ke “e e bolokang botshelo.”
29 Mme lefa go ntse jalo GA SE gore tota o gana go alafiwa. Seo lo sa utlwaneng ka sone fela le ngaka ke MOFUTA wa kalafi. Ntlha eno gantsi e tla dira gore ba lebe kgang eno ka tsela e e farologaneng gotlhelele. Mo godimo ga moo, ke go tsietsa gore ba dire gore madi a lebege jaaka ekete ke one FELA kalafi “e e bolokang botshelo” le e e sireletsegileng. (Bona Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?, ditsebe 7-22.) Ka jalo o tshwanetse wa tlhalosa ntlha eo ka phepafalo. O ka dira seo jang? O ka nna wa araba jaana:
• “Ga ke batle go swa (ga ke batle ngwanake a swa). Fa ke ne ke batla go swa (fa ke ne ke batla ngwanake a swa), nkabo ke ituletse kwa gae. Mme go na le moo ke tlile kwano gore ke bone kalafi e le gore ke tle ke tshele (e le gore ngwanake a ke a tshele). Seo ke se batlang ke mokgwa o mongwe wa kalafi o go sa dirisiweng madi mo go one go alafa bolwetse (jwa ngwanake) jwa me. Go na le dikalafl tse dingwe tse di leng teng mo boemong jwa eno.”
30 Dipotso tse dingwe tseo gantsi di bodiwang ke dingaka kana ke baatlhodi ke:
• “Go tla diragalang ka wena fa kgotlatshekelo e ka laela gore o tshelwe madi ka kgang? A go tla twe ke wena o molato?”
• “A fa o ka tshelwa madi ka kgang seo se tla baka gore o lelekiwe mo kerekeng ya gago kana gore o idiwe go bona botshelo jo bo sa khutleng? Phuthego ya lona e tla go leba jang?”
31 Kgaitsadi mongwe o ne a araba moatlhodi ka gore mo lekgetlong le le ntseng jalo molato e ne e tla bo e se wa kgaitsadi yoo ka ntlha ya seo moatlhodi a se dirileng. Le mororo ntlha nngwe e le boammaaruri mo go seno, moatlhodi o ne a swetsa ka gore ereka go se kitla gotwe molato ke wa kgaitsadi yoo, he e tla nna ene moatlhodi yo o rwalang boikarabelo joo. O ne a laela gore a tshelwe madi.
32 O tshwanetse wa tlhaloganya gore ba bangwe gantsi ba botsa dipotso tseno ba batla fela tsela ya go tila go bo o gana go amogela madi. O se ka wa ba naya tsela eo o sa ikaelela! Ka jalo re ka tila jang go sa tlhaloganyane sentle mo go ntseng jalo? O ne o ka nna wa araba jaana:
• “Fa ke tshelwa madi ka kgang ka tsela epe fela, mo ga nna seo se tla bo se tshwana fela le go betelelwa. Ke tla boga botshelo jotlhe jwa me mo maikutlong le mo semoyeng ka ntlha ya diphelelo tsa tlhaselo eo e e sa batlegeng e e dirilweng mo go nna. Ke ne ke tla gana ka thata yotlhe eo ke nang le yone gore mmele wa o gobololwe ka tsela e e ntseng jalo ke sa dumela seo. Ke ne ke tla dira sotlhe seo ke ka se kgonang gore ke ise bao ba ntlhaselang jalo kwa kgotlatshekelong fela jaaka fa ke ne ke ka dira fa ke beteletswe.”
33 Ba tshwanetse ba thusiwa gore ba tlhaloganye ka phepafalo gore mo go rona go tshelwa madi ka kgang re go leba jaaka go gobololwa ga mebele ya rona ka tsela e e makgapa. Ga se motshameko. Ka gone itsetsepele. Ba tlhalosetse ka phepafalo gore o batla mekgwa e meng ya kalafi eo go sa dirisiweng madi mo go yone.
KE ENG SEO O TLA SE DIRANG GORE O NNE O IPAAKANTSE?
34 Re tlhatlhobile dingwe tsa dilo tseo o tshwanetseng wa di dira go itshireletsa mmogo le lelapa la gago gore lo seka lwa tshelwa madi lo sa batle. (Moragonyana, re solofela go lo neela dintlha ka botlalo tse di oketsegile tse di leng malebana le kafa lo ka berekanang ka gone le mathata ao a nnang teng fa masea le bana ba tshosediwa ka go tshelwa madi.) Gape re bone seo Mokgatlho o ileng wa se dira ka lorato go tlamela ka thuso ka nako eo e tlhokegang ka yone. Ke eng seo o tshwanetseng wa se dira ka tshedimosetso eno go tlhomamisa gore o ipaakanyeditse go lebana le boemo jwa tsa kalafi joo bo gwetlhang tumelo ya gago?
Sa ntlha: Tlotla le lelapa lo boeletsa dintlha tseno le go bona gore lo tla reng le gore lo tla dirang, segolobogolo ka nako ya maemo a tshoganyetso.
Go tsweng foo: Tlhomamisa gore o na le dikarata tsotlhe tseo o tlhokang go nna le tsone.
Mme morago ga moo: Rapela Jehofa ka tlhoafalo ka kgang eno o mo kopa gore a go eme nokeng mo maikemisetsong a gago a a nonofileng a gore o ‘ithibe mo mading.’ Fa re ikobela molao wa gagwe oo o leng malebana le madi seo se re tlhomamisetsa gore o tla re naya botshelo jo bo sa khutleng.—Dit. 15:29; Dia. 27:11,12.
[Box on page 5]
Fa pholo ya gago e etegela mo go maswe mo e leng gore go nna le matshosetsi a gore o ka nna wa tshelwa madi, tlhatlhoba bokose eno go bona seo o tshwanetseng wa se dira:
1. Bitsa bagolwane ba phuthego ya lona gore ba tle go go thusa.
2. Dira gore bagolwane ba ikgolaganye le Mokgatlho fa go tlhokega.
3. Bagolwane ba ka nna ba go thusa gore o buisane le dingaka le ba bangwe.
4. Bagolwane ba ka nna ba go thusa gore o ikgolaganye le dingaka tse dingwe gore tsone di ke di ikgolaganye le dingaka tseo di tlileng go go ara malebana le mekgwa e mengwe ya kalafi.
5. Gape bagolwane ba ka thusa go dira gore o fudusediwe kwa kokelong e nngwe e e nang le tlotlo go feta eo e le gore o ke o bone kalafi eo o e tlhokang.