Kgaolo 1
Ke Ka Ntlhayang Fa Re Tshwanetse go Tlhotlhomisa Kaga Ditumelo Tse Dingwe?
1-7. Dingwe tsa dilo tseo di fitlhelwang mo ditumelong tse di farologaneng tsa lefatshe ke dife?
GO SA KGATHALESEGE koo o nnang gone, kwantle ga pelaelo o iponetse ka matlho kafa bodumedi bo amang matshelo a dimilione tsa batho ka gone, gongwe le wena bo amile jwa gago. Mo dinageng tseo kobamelo ya tsone e leng Sehindu gantsi o tla bona batho ba dira puja—moletlo o o ka nnang wa akaretsa go isetsa badimo ditshupelo, e le tsa kokonata, dithunya, le diapole. Moperesiti o tshwaya diphatla tsa badumedi ka selo sengwe sa mmala o mohibidu kana o mosetlha, se se bidiwang tilak. Gape dimilione tsa batho di ologela kwa nokeng ya Ganges ngwaga le ngwaga go ya go intlafatsa ka metsi a yone.
2 Mo dinageng tsa Bokatoliki, o tla bona batho ba rapela mo dikerekeng le mo dikerekeng tse dikgolo ba tshotse sefapaano kana rosari. Dibaga tsa rosari eo di dirisediwa go bala dithapelo tseo di rapelwang go obamelwa Maria. Mme gape o kgona go bona baitlami le baperesiti, bao ba aparang diaparo tsa bone tse dintsho tseo di tlhomolosegileng.
3 Mo mafatsheng a Boporotesetanta, matlwana a kobamelo le dikereke ke ntletsentletse fela, mme ka bosontaga gantsi batsena kereke ba apara diaparo tsa bone tse dintle go gaisa tsotlhe mme ba bo ba kgobokana go opela difela mmogo le go reetsa fa go rerwa. Gantsi baruti ba bone ba apara seaparo se sentsho seo se nang le molala o o ba tlhaolang wa seruti.
4 Mo dinageng tsa Boiselemo, o kgona go utlwa mantswe a ba-muezzin, bao e leng baepapitso ba Mamoselema bao ba tlhaeletsang ba le mo godimo ga tora e tshesane ga tlhano ka letsatsi lengwe le lengwe, ba tlhaeletsa baikanyegi botlhe go tla go ṣalāt, kana thapelo ya kobamelo. Ba leba Qur’ān e e Boitshepo jaaka buka ya dikwalo tse di boitshepo ya Boiselemo. Go ya ka tumelo ya Boiselemo, e ne ya senolwa ke Modimo mme ya newa moperofeti Muḥammad ke moengele Gabariele mo lekgolong la bosupa la dingwaga C.E.
5 Mo mebileng ya mafatshe a mantsi a Ba-Buddha, gantsi go bonala baitlami ba banna ba Se-Buddha, ba apere diaparo tse ditelele tse di lephutshe, tse dintsho, kana tse dikhibidu, tseo di supang boineelo jwa bone. Ditempele tsa bogologolo tseo di nang le ditshwantsho tsa ga Buddha yo o sisibetseng ke bosupi jwa gore tumelo ya Se-Buddha ke ya bogologolo.
6 Se-Shinto seo e leng kobamelo e kgolo ya kwa Japane, ke selo sa letsatsi le letsatsi mo botshelong mo ebileng malapa a na le mafelo a kobamelo ba bile ba isetsa bagologolwane ba bone ditshupelo. Bajapane ba ikutlwa ba gololesegile fela go rapelela dilo tseo bontsi jwa tsone e leng tsa senama fela, le eleng go atlega mo ditlhatlhobong tsa sekolo.
7 Tiro e nngwe ya bodumedi eo e itsegeng lefatshe ka bophara ke ya batho bao ba tsamayang ka ntlo le ntlo ba bile ba ema mo mebileng ba tshotse Dibibela le dibuka tsa Bibela. Mo e ka nnang motho mongwe le mongwe fa a bona batho bano ba tshotse dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!, ba lemoga fa e le Basupi ba ga Jehofa.
8. Hisitori ya boineelo jwa sedumedi e supa eng?
8 Go farologana mo go kana ga boineelo jwa sedumedi lefatshe ka bophara go supa eng? Gore mo diketeketeng tsa dingwaga batho ba nnile ba tlhoka le go nyorelwa dilo tsa semoya. Batho mo matshelong a bone ba nnile le diteko le mekgweleo, dipelaelo le dipotso go akaretsa le masaitsiweng a loso. Maikutlo a bodumedi a ile a supiwa ka ditsela tse dintsi tse di farologaneng jaaka batho ba ne ba ntse ba retologela go Modimo kana go medimo ya bone, ba batla masego le boitumelo. Gape bodumedi bo leka go araba dipotso tse dikgolo tseno: Ke ka ntlhayang fa re le mono? Re tshwanetse go tshela jang? Ke eng seo isagwe e se tsholetseng batho?
9. Ke ka tsela efe batho ka bontsi ba nang le mofuta mongwe wa boineelo jwa sedumedi mo matshelong a bone?
9 Mo letlhakoreng le lengwe, go na le dimilione tsa batho bao ba ipolelang fa e se ba bodumedi bope kana gore ba dumela mo modimong ope. Ke balatola-Modimo. Ba bangwe, ba bosaitsiweng jwa Modimo, ba dumela gore Modimo ga o itsiwe ebile gongwe ga o kake wa itsiwe. Lefa go ntse jalo, seo ka phepafalo ga se reye gore ke batho bao ba sa tsheleng ka melaometheo kana melawana ya boitsholo, fela jaaka go sa reye gore motho yo o iphakang gore ke wa bodumedi jo bo rileng o tshela ka yone. Lefa go ntse jalo, fa motho a dumela gore bodumedi ke “go ineela mo melaometheong mengwe; go ineela ka botlalo kana boikanyegi; go nna kelotlhoko; go rata kana go amana le kobamelo ya bomodimo,” he batho ka bontsi, go akaretsa le balatola-Modimo le ba bosaitsiweng jwa Modimo, ba na le boineelo jwa sedumedi jwa mofuta mongwe mo matshelong a bone.—The Shorter Oxford English Dictionary.
10. A bodumedi bo ama lefatshe la segompieno ka tsela nngwe? Tshwantsha.
10 Ka go bo ditumelo di le dintsi jaana mo lefatsheng leo le ntseng le ngotlegela pele ka baka la dipalamo tse di lobelo le tlhaeletsanyo e e bofefo, matswela a ditumelo tse di farologaneng a ama batho mo lefatsheng ka bophara, ba rata kana ba sa rate. Botlhakanatlhogo joo bo neng jwa simologa ka 1989 ka baka la buka ya The Satanic Verses, eo e kwadilweng ke motho yoo batho bangwe ba mmitsang ‘motenegi wa Momoselema,’ ke bosupi jo bo phepafetseng jwa kafa maikutlo a bodumedi a ka itshupang ka gone mo lefatsheng ka bophara. Baeteledipele ba Boiselemo ba ne ba batla gore buka eo e thibelwe le eleng gore mokwadi wa yone a bolawe. Ke eng seo se dirang gore batho ba gakale go le kalo ka dikgang tsa bodumedi?
11. Ke ka ntlhayang fa go se phoso go tlhatlhobisa ditumelo tse dingwe?
11 Gore re arabe seo, re tlhoka go itse sengwe kaga tshimologo ya ditumelo tsa lefatshe. Jaaka Geoffrey Parrinder a tlhalosa mo go World Religions—From Ancient History to the Present: “Fa motho a ithuta ditumelo tse di farologaneng ga go reye ka gope gore o a bo a sa ikanyege mo tumelong ya gagwe, mme go na le moo go ka nna ga e oketsa jaaka a bona kafa batho ba bangwe ba ileng ba senka boammaaruri ka gone mme ba bile ba tiisiwa ke patlisiso eo ya bone.” Kitso e naya kutlwisiso, mme kutlwisiso e dira gore batho ba bangwe bao ba nang le pono e e farologaneng ba seka ba kgorelediwa.
Ke Ka Ntlhayang Fa O Batlisisa?
12. Ke mabaka afe ao gantsi a laolang gore motho o tla nna wa bodumedi bofe?
12 A o kile wa akanya kana wa re, ‘Ke na le bodumedi jwa me. Tota jone ke kgang ya botho. Ga nke ke buisana le batho ba bangwe ka jone’? Ke boammaaruri, bodumedi ke selo sa botho tota—fela fa re tsholwa, megopolo ya bodumedi kana ya boitsholo e jalwa mo mogopolong wa rona ke batsadi ba rona le balosika. Ka baka leo, gantsi re latela ditsela tsa bodumedi tsa batsadi ba rona le bagologolwane ba rona. Bodumedi jaanong bo tshwana fela le ngwao ya lelapa. Tiro ya go nna jalo e felela jang? Gore mo makgetlong a mantsi batho ba bangwe ba ile ba re kgethela bodumedi jwa rona. E ile ya nna kgang fela ya gore motho o ile a tsholelwa kae le gore o tshotswe leng. Kana, fela jaaka raditiragalo Arnold Toynbee a ile a supa, gantsi go dumela ga motho mo tumelong e e rileng go atlholwa ke “lefelo leo go ileng ga diragala fela gore a tsholelwe mo go lone.”
13, 14. Ke ka ntlhayang fa go sa utlwale go tsaya fela gore bodumedi joo motho a tsholetsweng mo go jone bo amogelwa ke Modimo?
13 A go a utlwala go tsaya fela gore bodumedi joo motho a ileng a bo susumediwa fa a ne a tsholwa ke jwa boammaaruri? Fa e le gore o ile wa tsholelwa kwa Italy kana South America, he, kwantle ga go ikgethela, o ka nna wa bo o ile wa godisiwa jaaka Mokatoliki. Fa e le gore o ne wa tsholelwa kwa India, he go ka nna ga tswa go ile ga diragala fela gore o nne Mo-Hindu kana, fa e le gore o ne wa tsholelwa kwa Punjab, gongwe o Mo-Sikh. Fa e le gore batsadi ba gago ba ne ba tswa kwa Pakistan, he ka phepafalo o ka nna wa bo o le Momoselema. Mme fa e le gore o ile wa tsholelwa mo nageng nngwe ya Bososialise mo dingwageng tse di masome a a seng kalo tse di fetileng, go ka nna ga bo go se kile ga nna le sepe seo o ka se dirang fa e se go gola o le molatola-Modimo.—Bagalatia 1:13, 14; Ditihō 23:6.
14 Ka jalo, a go raya gore bodumedi joo motho a goletseng mo go jone ke jwa boammaaruri, jo bo amogelwang ke Modimo? Fa e le gore kgopolo eo e ile ya nna yone eo e latelwang mo diketeketeng tsa dingwaga, batho ba le bantsi ba ka bo ba santse ba dirisa bodumedi jwa segologolo jwa kobamelo ya badimo le dikobamelo tsa bogologolo tsa tsalo, ba tsaya fela gore ‘seo se neng se siametse bagologolwane ba me le nna se ntshiametse.’
15, 16. Go tlhatlhobisa ditumelo tse dingwe go na le melemo efe?
15 Ka baka la mefuta e e farologaneng thata ya bodumedi eo e ileng ya nna mo lefatsheng mo dingwageng tse di fetang 6 000 tse di fetileng, ke selo se se rutang le se se bulang matlho gore motho a tlhaloganye seo ba bangwe ba se dumelang le kafa ditumelo tsa bone di simologileng ka gone. Mme gape go ka nna ga go naya ditebelelo tsa tsholofelo e e tlhomamisegang kaga isagwe ya gago.
16 Jaanong mo dinageng di le dintsi, ka baka la go eta ga batho le go fuduga ga batho, batho ba bodumedi jo bo sa tshwaneng ba nna mo mafelong a le mangwe fela. Ka jalo, go tlhaloganya pono ya motho yo mongwe go ka dira gore batho ba ditumelo tse di sa tshwaneng ba nne le puisano le motlotlo o o nang le bokao. Gape, gongwe ebile go ka nna ga fedisa letlhoo le le mo lefatsheng leno leo le bakiwang ke go sa tshwaneng ga ditumelo. Ka boammaaruri, batho ba ka nna ba tlhoka kutlwisisano fela thata ka baka la ditumelo tsa bone tsa bodumedi, mme ga go na lebaka la gore motho a ile yo mongwe fela ka baka la gore a bo a na le pono e e sa tshwaneng le ya gagwe.—1 Petere 3:15; 1 Yohane 4:20, 21; Tshenolō 2:6.
17. Ke ka ntlhayang fa re sa tshwanela go ila bao dikakanyo tsa bone tsa bodumedi di sa tshwaneng le tsa rona?
17 Molao wa bogologolo wa Bajuda o ne wa tlhalosa jaana: “U se ka ua ila morwa rrago mo peduñ ea gago: rure go kgalemèla oa ga eno, u tla mo kgalemèla, u bo u sa rwale boleo ka ntlha ea gagwè. U se ka ua ipusholosetsa, leha e le go nna ka pelo e e boshula kaga bana ba batho ba ga eno, me u ratè oa ga eno yaka u ithata: Ke nna Yehofa.” (Lefitiko 19:17, 18) Mosimolodi wa Bokeresete o ne a tlhalosa jaana: “Me ke raea lona ba lo utlwañ, ke re, Ratañ baba ba lona, ba ba lo ilañ lo ba dihèlè molemō, . . . me tuèlō ea lona e tla nna kgolo, me lo tla nna bana ba Mogodimodimo; gonne èna o pelonomi mo go ba ba sa lebogeñ, le mo go ba ba boshula.” (Luke 6:27, 35) Kafa tlase ga setlhogo se se reng “Yo O Tshwanetseng a Botsolodiwa,” Qur’ān e tlhalosa molaomotheo o o tshwanang (mo go surah 60:7, MMP) ka go re: “Go ka nna ga diragala gore Allāh a dire gore o tsalane le bao o ba tsayang jaaka baba ba gago. Mme Allāh o na le Maatla; gape Allāh o a Itshwarela, o Kutlwelobotlhoko.”
18. Seo motho a se dumelang se dira pharologanyo jang?
18 Lefa go ntse jalo, lefa go sa kgoreletseng ba bangwe le go nna le kutlwisiso go tlhokafala, seo ga se kaye gore ga gore sepe gore motho o dumela eng. Fela jaaka raditiragalo Geoffrey Parrinder a ne a tlhalosa: “Fa gongwe go a tle go bolelwe gore bodumedi jotlhe bo na le mokgele o le mongwe fela, kana gore ke ditsela tse di tshwanang fela tse di isang kwa boammaaruring, kana le e leng gore jotlhe bo ruta dithuto tse di tshwanang tsa motheo . . . Lefa go le jalo Ba-Aztec ba bogologolo, bao ba neng ba arametsa dipelo tsa batho bao ba ba bolaileng kwa letsatsing di santse di itaya, eleruri bodumedi jwa bone bo ne bo se molemo jaaka jwa Ba-Buddha ba ba nang le kagiso.” Mo godimo ga moo, fa go tla mo kobamelong, a ga se Modimo yo o tshwanetseng go re atlholela gore ke eng seo se amogelesegang le seo se sa amogelesegeng?—Mika 6:8.
Bodumedi bo Tshwanetse go Atlholwa Jang?
19. Bodumedi bo tshwanetse go ama jang boitshwaro jwa motho?
19 Lemororo ditumelo ka bontsi di na le setlhopha sa ditumelo kana dithuto tsa motheo, tseno gantsi di bopa thuto eo e raraaneng fela thata, eo e sa kakeng ya tlhaloganngwa ke motho yo o tlwaelesegileng. Lefa go le jalo molaomotheo wa gore tiragalo e nna le phelelo ya yone o dira mo makgetlong mangwe le mangwe. Dithuto tsa bodumedi di tshwanetse go tlhotlheletsa botho le boitshwaro jwa letsatsi le letsatsi jwa modumedi mongwe le mongwe. Ka gone, boitshwaro jwa motho mongwe le mongwe ka tlwaelo bo tla supa, ka selekanyo se segolwane kana se sebotlana, bodumedi jwa motho wa go nna jalo. Bodumedi jwa gago bo na le phelelo efe mo go wena? A bodumedi jwa gago bo dira gore motho a nne yo o pelonomi thata? Yo o pelotshweu, yo o ikanyegang, yo o boikokobetso, yo o nang le boitshoko, le yo o tlhomogelang ba bangwe pelo? Dipotso tseno ke tseo di utlwalang, ka gonne jaaka morutisi mongwe yo mogolo wa bodumedi, ebong Jesu Keresete, a ile a tlhalosa: “Setlhare señwe le señwe se se molemō se uñwa louñō lo lo molemō: me setlhare se se boshula se uñwa louñō lo lo boshula. Setlhare se se molemō ga se kake sa uñwa louñō lo lo boshula, le gōna setlhare se se boshula ga se kake sa uñwa louñō lo lo molemō. Setlhare señwe le señwe se se sa uñweñ louñō lo lo molemō sea rèñwa, me se latlhèlwe mo moleloñ. Me ke gōna lo tla ba itse ka louñō loa bōnè.”—Mathaio 7:17-20.
20. Go tsoga dipotso dife mabapi le bodumedi le hisitori?
20 Eleruri ditiragalo tsa lefatshe di tshwanetse go re dira gore re eme re ipotse gore bodumedi bo nnile le seabe sefe mo dintweng tse dintsi tseo di ileng tsa ganyaola batho tsa ba tsa baka go boga mo go seng kana ka sepe. Ke ka ntlhayang fa batho ba le bantsi jaana ba ne ba bolaya ba bo ba bolawa ka leina la bodumedi? Dintwa tsa Botlhabanelatumelo, Dipotsiso, go sa utlwaneng mo go kwa Middle East le Northern Ireland, go ganyaolana ga Ba-Iraq le Ba-Iran (1980-88), go sa utlwaneng ga Ma-Hindu le Ma-Sikh mo India—ditiragalo tseno tsotlhe eleruri di dira gore batho bao ba akanyang ba botse dipotso kaga ditumelo tsa bodumedi le melawana ya boitsholo.—Bona lebokoso le le fa tlase.
21. Dikai dingwe tsa loungo lwa Labodumedi ke dife?
21 Labodumedi le ile la lemotshega fa le le boitimokanyo mo ntlheng eno. Mo dintweng tse pedi tsa lefatshe, Bakatoliki ba ile ba bolaya Bakatoliki le Baporotesetanta ba ile ba bolaya Baporotesetanta ka taolo ya baeteledipele ba bone ba “Bakeresete” ba bapolotiki. Lefa go ntse jalo, Bibela ka phepafalo e supa fa ditiro tsa nama le loungo lwa moya di sa tshwane. Mabapi le ditiro tsa nama, e tlhalosa jaana: “Tse e leñ boaka, le bomashwè, le bopèpè, le tihèlō ea medimo ea disètwa, le boloi, le dikilanō, le kgañ, le mahuha, le dikgakalō, le ditomologanō, le dikgaoganō, le makōkō, le dipelotshètlha, le matagō, le ditlhapèlō, le dilō tse di nntseñ yalo: me ke lo tlhagisa kaga cōna, hèla yaka nkile ka lo tlhagisa, go re, ba ba dihañ dilō tse di nntseñ yalo, ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.” Lefa go le jalo batho bao ba ipolelang fa e le Bakeresete ba ile ba dira dilo tseno ka makgolokgolo a dingwaga, mme boitshwaro jwa bone gantsi bo ile jwa mpampediwa ke baruti ba bone.—Bagalatia 5:19-21.
22, 23. Phapaanong le seo, ke loungo lofe loo bodumedi jwa boammaaruri bo tshwanetseng go lo ungwa?
22 Phapaanong le seo, loungo lo lo siameng lwa moya lo tlhalosiwa jaana: “loratō, le boitumèlō, le kagishō, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemō, le boikañō, le boiñōtlō, le boikgapō: dilō tse, ga di añwe ke molaō opè.” Ditumelo tsotlhe di tshwanetse tsa bo di ungwa loungo lwa mofuta ono lwa kagiso. Mme a di dira jalo? A ya gago e dira jalo?—Bagalatia 5:22, 23.
23 Ka jalo, go tlhatlhoba ga buka eno matsapa a a tserweng ke motho go batla Modimo ka ditumelo tse di mo lefatsheng go tshwanetse ga thusa mo go arabeng dipotso tsa rona. Mme tota bodumedi bo tshwanetse go atlholwa ka tekanyetso efe? Ka tekanyetso ya ga mang?
‘Nna Bodumedi Jwa Me Bo Ntshiametse’
24, 25. Mongwe le mongwe o na le kgwetlho efe malebana le bodumedi jwa gagwe?
24 Batho ba le bantsi ba gana go tsaya kgang epe ka bodumedi ka go bua ba re, ‘Nna bodumedi jwa me bo ntshiametse. Ga ke utlwise ope botlhoko mme ke thusa ope fela yo ke ka kgonang go mo thusa.’ Mme a seo se lekane? A tekanyetso ya rona fela kaga bodumedi e lekane?
25 Fa e le gore bodumedi ke “go supa ga motho fa a dumela ebile a tlotla sebopiwa sengwe sa maatla a a fetang a motho seo se tsewang jaaka mmopi le molaodi wa lobopo,” jaaka bukamantswe nngwe e tlhalosa, he potso e tshwanetse go nna, A bodumedi jwa me bo siametse mmopi le molaodi wa lobopo? Gape, fa go ntse jalo, Mmopi e tla bo e le ene yo o nang le tshwanelo ya go tlhoma boitshwaro, kobamelo, le thuto ya motheo tseo di siameng le tseo di sa siamang. Go dira jalo, o tshwanetse go senolela batho seo thato ya gagwe e leng sone, mme tshenolo eo e tshwanetse go kgona go bonwa ke batho botlhe. Mo godimo ga moo, ditshenolo tsa gagwe, lemororo di ile tsa newa ka dingwaga tse di katologaneng ka makgolokgolo a dingwaga, di tshwanetse ka metlha di utlwane di bo di tshwane. Seno se direla motho mongwe le mongwe kgwetlho—ya go tlhatlhobisa bosupi le gore motho a iponele ka boene seo thato e e siameng ya Modimo e leng sone.
26. Ke buka efe e e boitshepo eo e tshwanetseng go nna yone e e atlholang gore bodumedi jwa boammaaruri ke bofe? Mme ka ntlhayang?
26 Nngwe ya dibuka tsa bogologolo tala eo e iphakang fa e tlhotlheleditswe ke Modimo ke Bibela. Gape ke buka e e anamisitsweng ka bophara le eo e ranotsweng go gaisa dibuka tsotlhe mo ditiragalong tsotlhe tsa batho. Mo e ka nnang dingwaga tse di dikete tse pedi tse di fetileng, mongwe wa bakwaledi ba yone o ne a tlhalosa jaana: “Lo se ka loa bopèga yaka lehatshe yeno: me lo hetolwè ke boshahaco yoa pelo tsa lona, gore lo lemogè mo e leñ go rata ga Modimo, mo go molemō, le mo go lebosègañ, le mo go itekanetseñ.” (Baroma 12:2) Motswedi wa bosupi jono e tla nna eng? Ene mokwadi yoo o ne a tlhalosa jaana: “Lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō: Gore motho oa Modimo a tlè a nnè boitèkanèlō, a iketleeleletse rure tihō ñwe le ñwe e e molemō.” Ka jalo, Bibela e e tlhotlheleditsweng e tshwanetse go nna tekanyetso e e ka ikanngwang ya kobamelo ya boammaaruri le e e amogelesegang.—2 Timotheo 3:16, 17.
27. (a) Dikwalo dingwe tse di boitshepo tsa ditumelo dingwe tsa lefatshe ke dife? (b) Dithuto tsa tsone di tshwanetse go amana jang le tsa Bibela?
27 Karolo e kgologolo go di feta tsotlhe ya Bibela ke ya bogologolo go feta dikwalo tsotlhe tse dingwe tsa bodumedi tse di mo lefatsheng. Torah, kana dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Bibela, tseo e leng Molao o o neng wa kwalwa ke Moshe a tlhotlhelediwa, ke ya bogologolo jwa lekgolo la bo 15 le la bo 16 la dingwaga B.C.E. Phapaanong le seo, mekwalo ya Se-Hindu ya Rig-Veda (eo e leng setlhopha sa difela) e ne ya wediwa go kwalwa mo e ka nnang ka 900 B.C.E. mme ebile ga e iphake fa e tlhotlheleditswe ke Modimo. “Canon of the Three Baskets” ya Se-Buddha ke ya bogologolo jwa lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E. Qur’ān, eo go bolelwang fa e ne ya tswa kwa Modimong e tla ka moengele Gabariele, ke ya lekgolo la bosupa la dingwaga C.E. Book of Mormon, eo go bolelwang fa e ne ya newa Joseph Smith kwa United States ke moengele yo o neng a bidiwa Moroni, ke ya lekgolo la bo 19 la dingwaga. Fa e le gore dingwe tsa dibuka tseno di ne tsa tlhotlhelediwa ke Modimo jaaka bangwe ba dumela, he seo di se bolelang malebana le kaelo ya bodumedi ga se a tshwanela go sa dumalane le dithuto tsa Bibela, eo e leng buka ya ntlha e e tlhotlheleditsweng. Gape di tshwanetse go araba dingwe tsa dipotso tse di kgatlhisang fela thata tsa motho.
Dipotso Tseo Di Tlhokang go Arabiwa
28. Dipotso dingwe tseo di tlhokang go ka arabiwa ke dife?
28 (1) A Bibela e ruta seo bontsi jwa ditumelo bo se rutang le seo batho ba le bantsi ba se dumelang, e leng gore, batho ba na le moya o o sa sweng le gore fa ba swa moya oo o ya kwa lefelong le lengwe, kwa “botshelong jo bo tlang morago ga jwa selefatshe,” kwa legodimong, kwa diheleng, kana kwa pakatoring, kana gore o boa o tsholwa sesha o le mo sebopegong se sele?
(2) A Bibela e ruta gore Molaodi wa lobopo ga a na leina? A e ruta gore ke Modimo o mongwe fela? kana batho ba bararo mo Modimong o le mongwe fela? kana medimo e mentsi?
(3) Bibela e bolela gore boikaelelo jwa ntlha jwa Modimo fa o ne o bopa batho gore ba tshele mo lefatsheng e ne e le bofe?
(4) A Bibela e ruta gore lefatshe le tla senngwa? Kana a e lebisa fela kwa bokhutlong, kana bofelo, jwa tsamaiso eno e e bosula ya lefatshe?
(5) Tota batho ba ka nna le kagiso mo pelong ba bo ba bona poloko jang?
29. (a) Molaomotheo o mogolo o o tshwanetseng go kaela go senka ga rona boammaaruri ke ofe? (b) Ke dikarabo dife tseo Bibela e arabang dipotso tsa rona ka tsone?
29 Bodumedi bongwe le bongwe bo na le dikarabo tse di farologaneng, mme mo go batleng ga rona “tumèlō e e itshekileñ,” re tshwanetse labofelo re fitlhe diphetsong tseo Modimo o batlang gore re di fitlhelele. (Yakobe 1:27) Ke ka ntlhayang fa re ka rialo? Ka gonne molaomotheo wa rona o mogolo e tla bo e le: “A Modimo o hitlhèlwè o le boamarure, me motho moñwe le moñwe a le moaki; yaka go kwadilwe, ga twe, Gore u tlo u siamisiwè mo mahokoñ a gago, le gore o henyè mogañ u tlañ mo tshekoñ.”—Baroma 3:4.a
30. Dipotso dingwe tseo di tshwanetseng go sekasekiwa mo kgaolong e e latelang ke dife?
30 Ereka jaanong re na le motheo wa go tlhatlhobisa ditumelo tsa lefatshe, a re lebeng kwa tshimologong ya go nyorelwa dilo tsa semoya ga batho. Ke eng seo re se itseng kaga kafa bodumedi bo simologileng ka gone? Ke mefuta efe ya kobamelo eo e neng e le teng mo bathong ba ntlha ba gongwe e neng e le ba ba sa tlhabologang?
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Fa e le gore o batla karabo ya Bibela ya dipotso tseno gone jaanong jaana, re akantsha gore o lebe ditemana tse di latelang: (1) Genesise 1:26; 2:7; Esekiele 18:4, 20; Lefitiko 24:17, 18; Mathaio 10:28; (2) Duteronome 6:4; 1 Bakorintha 8:4-6; (3) Genesise 1:27, 28; Tshenolō 21:1-4; (4) Moreri 1:4; Mathaio 24:3, 7, 8; (5) Yohane 3:16; 17:3; Bafilipi 2:5-11; 4:6, 7; Bahebera 5:9.
[Mafoko a a mo go tsebe 16]
Ditumelo tsotlhe di tshwanetse go ungwa loungo lwa kagiso. A mme di a lo ungwa?
[Lebokoso mo go tsebe 14]
Bodumedi, Lorato, le Kilo
“Dintwa tsa bodumedi di na le go nna maswe fela thata. Fa batho ba lwela lefelo lengwe ka mabaka a itsholelo, baa tle ba fitlhe mo ntlheng eo go sa tlholeng go na le mosola go lwa mme ka jalo ba bo ba ineela. Fa lebaka le legolo e le bodumedi, go ineela le go letlana go lebega e le selo se se bosula go se dira.”—Roger Shinn, moporofesa wa boitsholo jwa batho, Union Theological Seminary, New York.
▪ “Batho baa tle ba kgaratlhele bodumedi, ba kwale ka bone, ba bo lwele, ba bo swele; ba dire sengwe le sengwe kwantle ga go bo tshelela . . . Koo bodumedi jwa boammaaruri bo thibetseng bokebekwa jwa mofuta o le mongwe fela gone, bodumedi jwa maaka bo dirile sebapi sa bokebekwa joo ga sekete.”—Charles Caleb Colton (1825).
▪ “Re na le bodumedi jo bo lekaneng fela go re dira gore re ilane, mme e seng jo bo lekaneng go re dira gore re ratane.”—Jonathan Swift (1667-1745).
▪ “Batho ga ba ke ba dira bosula ka botlalo ba bile ba itumetse go na le jaaka fa ba dira jalo ka baka la tumelo ya bodumedi.”—Blaise Pascal (1623-62).
▪ “Tota boikaelelo jwa bodumedi jo bogolo ke go naya batho ba bantsi bao ba ka kgonang go ba fitlhelela dikgakololo tsa semoya le boammaaruri tseo e leng moko wa jone, e le gore mongwe le mongwe wa batho bano a tle a kgone go fitlhelela mokgele o mogolo wa Motho. Mokgele o mogolo wa Motho ke go galaletsa Modimo le go Mo ipelela ka bosakhutleng.”—Arnold Toynbee, raditiragalo.
[Ditshwantsho mo go tsebe 4]
Bahindu ba tlotla noka ya Ganges—eo e bidiwang Ganga Ma, kana Mmè Ganga
Bakatoliki ba ba peloephepa ba leba go Maria fa ba dirisa rosari ya bone
Mo dinageng dingwe tsa Babuda, banna ka bontsi ba direla ka dinako dingwe jaaka baitlami bao ba apereng diaparo tse ditelele tsa mmala wa lephutshe
Bamoselema ba ba ikanyegang ba dira loeto lwa sedumedi lwa go ya kwa Mecca bobotlana gangwe
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Basupi ba ga Jehofa, bao ba itsegeng lefatshe ka bophara ka tiro ya bone ya go rera, mo lefelong le lengwe la kwa Japane
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Ngwana mongwe a kolobediwa mo go nngwe ya dikereke tsa Labodumedi. A go raya gore bodumedi jo motho a tsholetsweng mo go jone ke jwa boammaaruri?
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Setlhabelo sa motho sa Ba-Aztec—a tota ditumelo tsotlhe “ke ditsela tse di tshwanang fela tse di isang kwa boammaaruring”?
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Dimilione tsa batho di ile tsa bolaya tsa ba tsa bolawa ka leina la bodumedi