Bontsha ba Bangwe Diboroutšhara go ba Bolelela ka Tsholofelo ya Gago ya Bogosi
1 Jaaka fa re ntse re bona kafa boperofeti jwa Bibela bo diragadiwang ka gone jaana, re ipelela tsholofelo ya rona ya Bogosi, mme seo se re tlhotlheletsa gore re buisane ka yone le ope fela yo o ka reetsang. (Luke 6:45; Bar. 12:12) Go bontsha ba bangwe diboroutšhara mo bodiheding jwa tshimo ka July ke tsela e nngwe eo re ka bolelelang ba bangwe ka tsholofelo ya Bogosi ka yone jaaka fa Jesu a ile a laela.—Math. 24:14.
2 Ereka re na le diboroutšhara di le dintsi tseo di nang le mebala e mentle ebile di ruta go le gontsi tseo re ka tlhophang go tswa mo go tsone, ke efe mo go tsone eo e ka thusang bao ba leng mo tshimong ya rona mo dilong tseo ba di tlhokang le go tsosa kgatlhego ya bone botoka go gaisa tse dingwe? Gore re kgone go dirisa diboroutšhara tseno ka tsela e e botoka thata, re tshwanetse ra itse seo se leng mo go tsone. Poeletso e e latelang e khutshwane e tla re thusa mo ntlheng eno.
3 Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise: Ka nako ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, Bogosi jwa Modimo e ne e le sone setlhogo seo a neng a rera ka sone. Boroutšhara eno e bontsha gore Bogosi ke puso ya mmatota le kafa e tla rarabololang ka gone mathata ao a dirang gore botshelo bo nne boima jaana gompieno.
4 Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!: E tlhalosa lebaka la go bo Modimo o ile wa dira motho le kafa re ka ipelelang botshelo ka gone mo lefatsheng ka bosakhutleng. Ditshwantsho tseo di tlhalosang go le gontsi mmogo le tshedimosetso eo e opang kgomo lonaka eo e leng mo boroutšhareng eno e ikuela mo basheng le mo go bao ba sa kgoneng go bala go le kalokalo. Ebile gape e ka dirisediwa go ruta bao ba sa utlweng sentle dithuto tsa motheo tsa Bibela.
5 Leina la Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri: Boroutšhara eno e tlotla ka leina la Modimo go ya ka Dikwalo le go ya ka hisitori, e bontsha lebaka la go bo go le botlhokwa gore Bakeresete ba itse leina leno mmogo le go le dirisa mo kobamelong ya bone.
6 “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”: Boroutšhara eno e tlhalosa ka paradaise ebile e aga kanaanelo mo Bibeleng mmogo le mo Mmoping wa rona. Morago ga e sena go tlotla ka lebaka la go bo Modimo o letleletse bosula gore bo nne teng, e itshetlela mo dithutong tseno tsa motheo tsa Bibela: thekololo, tsogo ya baswi, le Bogosi. Boroutšhara eno gape e na le dipotso kwa tlase mo ditsebeng tsa yone, eleng tseo di dirang gore go nne motlhofo mo go rona gore re tshware thuto ya Bibela ka yone.
7 A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?: Batho ba ka nna ba bolela gore ba dumela Tharonngwe, lefa go ntse jalo tsela eo ba e tlhaloganyang ka yone ga e tshwane. Boroutšhara eno e araba dipotso tse di ntseng jaaka: Tharonngwe ke eng? A Bibela e a e ruta? A Jesu Keresete ke Modimo Mothatayotlhe le bontlhanngwe jwa Tharonngwe? Moya o o boitshepo ke eng, mme o dira jang?
8 Fa fela re setse re tlhophile diboroutšhara tseo re tla ratang go di dirisa mo bodiheding jwa ka ntlo le ntlo kana fa re neela bosupi joo eseng jwa ka tlwaelo, re tshwanetse ra boeletsa dipotso tseo di leng mo tsebeng e e kafa morago mo tokololong eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi. Mo tsebeng eo re tla bona dikakantsho tsa kafa re ka tsamaisang dibuka tsa rona ka gone le kafa re ka dirang maeto a go boela ka gone ka maikaelelo a go tsweletsa kgatlhego pele le go simolola thuto ya Bibela.
9 Mo makgetlong a le mantsi, go sa kgathalesege gore a re neela bosupi jwa ka tlwaelo kana jo eseng jwa ka tlwaelo, seo re se tlhokang go ka neela bosupi jo bo molemo ke boroutšhara nngwe. Lefa go ntse jalo, re tshwanetse ra bo re ipaakanyeditse, re na le palo e e lekaneng ya diboroutšhara, re itse seo se leng mo go tsone, le go kgona go lemoga maemo. Ekete tshegofatso ya ga Jehofa mo bodiheding jwa rona joo re bo dirang ka tlhoafalo e ka felela ka gore go nne le ba le bantsi ba ba oketsegileng bao ba tla ipelang le rona mo tsholofelong ya Bogosi!—Dit. 13:47, 48.