LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Boikaelelo jwa Modimo Ke Gore Motho A Ipelele Botshelo mo Paradaiseng
    Tora ya Tebelo—1989 | August 1
    • kgaitsadie. Go nna nosi ga gagwe jaaka motho go ne ga seka ya re kgabagare ga mo tsentsha mme ga mo amoga boipelo jwa go tshela le jwa go bereka. O ne a patilwe ke Modimo.—Bapisa Pesalema 27:4.

      20. (a) Selo se segolo seo se neng se ipedisa le go itumedisa Adame e ne e le sefe? (b) Ke ka ntlhayang fa go tswelela a tshela ka tsela eno go ka bo go se kile ga ketefalela Adame gotlhelele? (c) Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka eng?

      20 Adame o ne a itse gore o ne a etswe tlhoko ke Rraagwe wa selegodimo a bile a etse tlhoko tiro eo a neng a e dira. Selo seo se neng se mo itumedisa thata e ne e le go itumedisa Modimo wa gagwe le Mmopi, yoo bomolemo jwa gagwe bo neng bo senolwa ke ditiro tse dintle tsa popo tseo monna yoo a neng a dikologilwe ke tsone. (Bapisa Tshenolō 15:3.) Ereka monna yo o itekanetseng ka tekatekanyo yono a ne a kgona go buisana le Modimo wa gagwe o ne a sa kake a ketefalelwa fela thata ke go tswelela a tshela ka tsela eno kana a sulafadiwa pelo ke gone. Gape Modimo o ne o neile Adame tiro e e kgatlhisang, tiro e e natefisang, eo e neng e tla mo naya kgotsofalo e kgolo le boitumelo. Setlhogo se se latelang se tla re bolelela mo go oketsegileng kaga masego a Paradaise eo le ditebelelo tseo Adame a neng a di ipelela tseo a neng a di diretswe ke Mmopi wa gagwe yo o lorato.

  • Ditebelelo Tse Di Molemolemo tsa Motho mo Paradaiseng ya Boitumelo
    Tora ya Tebelo—1989 | August 1
    • Ditebelelo Tse Di Molemolemo tsa Motho mo Paradaiseng ya Boitumelo

      “Modimo oa ba segōhatsa; me Modimo oa ba raea, oa re, Atañ, lo ntsihalè lo tlalè ka lehatse, lo le henyè; me lo laolè ditlhapi tsa lewatlè, le dinōnyane tsa loapi, le señwe le señwe se se tshedileñ se se tsamaeañ mo lehatshiñ.”—GENESISE 1:28.

      1, 2. Jehofa o direla batho dilo ka lorato a ikaeletse eng, mme o ile a abela Adame tiro efe?

      “MODIMO o loratō,” re bolelelwa jalo mo Bibeleng E E Boitshepo. O kgatlhegela setho ka lorato le kwantle ga bogagapa ebile o dira a sa ikhutse e le gore ba tle ba ipelele matshelo a a nang le botsogo jo bontle, a a nang le kagiso ka bosakhutleng mo paradaiseng ya selefatshe ya boitumelo. (1 Yohane 4:16; bapisa Pesalema 16:11.) Monna wa ntlha, Adame yo o itekanetseng, o ne a tshela botshelo jwa kagiso ebile a na le tiro e e kgatlhisang, eo e ipedisang. Mmopi wa motho o ne a mo abetse tiro ya gore a baakanye tshimo eo e e ipedisang ya Edena. Jaanong Mmopi yoo wa motho o ne a mo naya tiro e nngwe gape, e e kgethegileng, kabelo e e gwetlhang, jaaka polelo ya seo se neng sa diragala e lemotsha:

      2 “Me phōlōhōlō ñwe le ñwe ea naga, le nōnyane ñwe le ñwe ea loapi, Yehofa Modimo a di bopa ka mbu, me a di isa kwa monneñ, go bōna kaha o tla di raeañ maina ka gōna; me leina ye monna o le raeañ sebopiwa señwe le señwe se se tshedileñ, ea nna yeōna leina ya shōna. Me monna a raea dikgomo cotlhe maina, le dinōnyane tsa loapi, le phōlōhōlō ñwe le ñwe ea naga.”—Genesise 2:19, 20.

      3. Ke ka ntlhayang fa go ne go sena poifo mo go Adame le mo lobopong lwa diphologolo?

      3 Monna yoo o ne a raya pitse leina a re ke sus, poo a e raya leina a re ke shohr, nku a re ke seh, podi a re ke ‛ez, nonyane a re ke ‛ohph, lephoi a re ke yoh·nahʹ, phikoko a re ke tuk·kiʹ, tau a re ke ’ar·yehʹ kana ’ariʹ, bera a re ke dov, kgabo a re ke qohph, ntša a re ke keʹlev, noga a re ke na·chashʹ, jalo le jalo.a Fa a ne a ya kwa nokeng eo e elelang go tswa mo tshimong ya Edena, o ne a bona ditlhapi. Tlhapi o ne a e raya leina a re ke da·gahʹ. Monna yono yo o neng a sa tshola dibolao o ne a sa boife diphologolo tseno, tse di ruiwang le tsa naga, kana

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela