Kgaolo 14
Bibela le Wena
Batshwaya-diphoso ba segompieno ba bolela gore Bibela ga e dumalane le saense le gore e a ikganetsa, ba re ke ditlhamane fela tseo di kokwantsweng. Jesu, kafa letlhakoreng le lengwe, o ne a re: “Lehoko ya gago [la Modimo] ke boamarure.” (Yohane 17:17) Bosupi jono bo tshegetsa Jesu go na le gore bo tshegetse batshwaya-diphoso. Mabaka a bontsha gore Bibela e boammaaruri go ya ka hisitori. Go feta moo, go utlwana ga yone go go tlhomologileng, dipolelelopele tsa yone tse di boammaaruri, botlhale jwa yone jo bo boteng, le maatla a yone a go dira matshelo a batho gore e nne a a molemo tsotlhe tseno di bontsha gore Bibela ke Lefoko le le kwadilweng la Modimo. Jaaka fa moaposetoloi Paulo a ne a kwala jaana: “Lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō.”—2 Timotheo 3:16.
1. (Kopanyeletsa le tsenyeletso.) (a) Mabaka a bontsha eng ka Bibela? (b) Ke eng seo se bolelwang ke ntlha ya gore Bibela ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng?
LEBAKA la go bo Bibela e le Lefoko la Modimo, eseng la motho, le na le dilo di le dintsi tse dikgolo tse le di bolelang. Le raya gore Modimo eleruri o ile a buisana le batho. O ile a araba dipotso di le dintsi tsa rona le go bontsha tharabololo ya mathata a le mantsi ao re nang le one. Gape le raya gore ditebelelo tsa isagwe tseo di tlhalosiwang mo Bibeleng di boammaaruri. Eleruri Bogosi jwa Modimo bo a busa mme fa nako e ntse e tsamaya bo tla tsaya kgato go tlosa tshiamololo yotlhe, kgatelelo, le go boga gotlhe go go leng gone bo go tlose mo godimo ga lefatshe leno.
2. Go itse gore Bibela ke Lefoko la Modimo go tshwanetse ga go tlhotlheletsa gore o direng?
2 Jaanong, potso ke gore: O tla dirang ka tshedimosetso eno? Bobotlana, go itse gore Bibela ke Lefoko la Modimo go tshwanetse ga go kgothaletsa gore o e tlhatlhobe. Mopesalema o ne a solofetsa boitumelo mo go bao ba dirang jalo fa a ne a kwala jaana: “Go segō monna eo o sa tsamaeeñ mo kgakololoñ ea baikepi, . . . Me go itumèla ga gagwè go mo molaoñ oa ga Yehofa; me o akanya mo molaoñ oa gagwè motshegare le bosigo.”—Pesalema 1:1, 2.
Amogela Thuso
3, 4. (a) Jaaka fa Bibela ka boyone e bontsha, ke eng seo re tshwanetseng ra se dira fa re bona dilo dingwe mo Bibeleng tseo re sa di tlhaloganyeng? (b) Ke bomang bao ka metlha ba kgatlhegelang go thusa batho gore ba tlhaloganye Bibela botoka.
3 Gongwe, fa o ntse o bala Bibela, o tla bona dilo dingwe tseo o sa di tlhaloganyeng. (2 Petere 3:16) Tiragalo nngwe eo e begilweng mo bukeng ya Bibela ya Ditihō e bontsha gore go tshwanetse ga lebelelwa seno. Ka bonako fela morago ga loso lwa ga Jesu, Moethopia mongwe o ne a bala mo dipolelelongpele tse di mo bukeng ya Bibela ya Isaia. Moreri wa Mokeresete ebong Filipo o ne a rakana le ene mme a mmotsa jaana: “A u tlhaloganya se u se balañ?” Moethopia yono o ne a sa tlhaloganye, ka jalo o ne a kopa Filipo gore a mo thuse go tlhaloganya.—Ditihō 8:30, 31.
4 Mosadi mongwe kwa United States o ne a le mo boemong jo bo tshwanang le joo. O ne a bala Bibela ka metlha, mme go ne go na le dithuto di le dintsi tse di botlhokwa tsa Bibela tseo a neng a sa di tlhaloganye fa a ne a e bala a le esi. E ne ya nna fela fa a ne a tlotla le Basupi ba ga Jehofa a ileng a ithuta boammaaruri jwa motheo jwa Bibela, go akareletsa le kafa Bogosi jwa Modimo bo leng botlhokwa ka gone le masego a le mantsi ao Bogosi jono bo tla a leretseng setho. Fa o ba kopa gore ba dire jalo, Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa le wena gore o ke o tlhaloganye seo o se balang mo Bibeleng botoka.
Dirisa Kgakololo ya Bibela
5. Go ya ka Bibela, ke kgato efe e e lereng boitumelo?
5 Re kgothalediwa gore re seka ra bala Bibela fela mme gore gape re dirise seo re se balang. (Pesalema 119:2) Mo godimo ga moo, Bibela e kgothatsa jaana: “A lo ko lo lekeñ lo bōnè ha Yehofa a le molemō; go segō monna eo o mo ikanyañ.” (Pesalema 34:8) Totatota, e re kopa gore re leke Modimo. Leka go tshela tumalanong le melao-metheo ya Modimo, o bontshe gore o ikanya Modimo gore o itse seo se go siametseng. Ke fela fa o dira jalo o tla kgonang go bona gore seno ke tsela e e siameng eleruri. Bao ba ikanyang Modimo jalo eleruri ba itumetse.
6. A go a thusa go leka go tshela tumalanong le ditekanyetso tsa Bibela gompieno? Tlhalosa.
6 Bangwe ba bolela gore ga go na ope yo o ka tshelang ka melao-metheo ya Bibela mo lefatsheng leno le le sa ikanyegeng, la boitshwaro jo bo maswe, le le tletseng thubakanyo. Lefa go le jalo, boammaaruri ke gore ba le bantsi ba dira jalo. Bomang? Lekawana lengwe la kwa Afrika le ne la bona setlhopha sa batho ba ba ntseng jalo. O ne a kwala jaana: “Ke ile ka lemoga mo dingwageng di sekae tse di fetileng gore mo Zimbabwe mono ke lona, Basupi ba ga Jehofa, bao tota lo lekang go latela sekao sa ga Keresete . . . Ke lona fela setlhopha seo, go tla go fitlha jaanong, se ileng sa kgona go ntlhatswa pelo malebana le lorato lwa Modimo le maatla a efangele ya Gagwe, ka mokgwa o lo tshelang ka one mme eseng fela ka puo ya lona le dibuka tsa lona. Lo tshela go ya ka efangele eno ebile lo a e rera, fa batho ba le bantsintsi bone ba rera efangele mme ba sa tshele go ya ka yone.”
Amogela Taolo ya Yone
7. Ke dilo dife tse di dirwang gompieno tseo di leng kgatlhanong le seo Bibela e se buang?
7 Moaposetoloi Paulo o ne a bolela gore Bibela e “molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola.” (2 Timotheo 3:16) Lefa go le jalo, ka dinako tse dingwe, seo Bibela e se buang ga se seo se ratwang ke bale bantsi. Ka sekai, Bibela e kgala ditiro tsa bosodoma, mme bosodoma bo lejwa ke ba le bantsi jaaka mokgwa o o siameng wa go tshela. (Baroma 1:24-27; 1 Bakorintha 6:9-11; 1 Timotheo 1:9-11) Gape Bibela e bolela gore botshelo jwa ngwana yo a iseng a tsalwe bo botlhokwa mme ga bo a tshwanela go senngwa ka boomo, mme ngwaga le ngwaga go senngwa dimpa di ka nna dimilione di le 50 lefatshe ka bophara. (Ekesodo 21:22, 23; Pesalema 36:9; 139:14-16; Yeremia 1:5) Go tweng fa rona ka namana re go fitlhela go le thata go amogela seo Bibela e se buang mo dikgannyeng tse di jaaka tseno?
8, 9. Fa ka lekgetlo la ntlha re go fitlhela go le thata go amogela dintlha dingwe tse di leng mo Bibeleng, ke eng seo re tshwanetseng ra se gakologelwa, mme re tshwanetse ra amogela ditekanyetso tsa ga mang ka metlha?
8 Bakeresete ba ile ba lemoga gore ka metlha go botlhale go latela Lefoko la Modimo. Ka ntlhayang? Ka gonne kwa bokhutlong, go latela seo Bibela e se buang ka metlha go solegela mongwe le mongwe molemo. (Diane 2:1-11) Boammaaruri ke gore, batho ba na le botlhale jo bo nnye thata. Ga ba kgone go bonela ditlamorago tsa dilo tseo ba di dirang pele. Moperofeti Jeremia o ne a bolela jaana: “Yehofa, kea itse ha tsela ea motho e se mo go èna ka esi: ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.”—Yeremia 10:23.
9 Re tshwanetse fela ra leba go re dikologa gore re bone ka moo tlhaloso eno e leng boammaaruri ka gone. Mathata a le mantsi ao a leng gone mo lefatsheng a lerwe ka tlhamalalo fela ke go bo batho ba sa latele kgakololo ya Lefoko la Modimo. Hisitori e telele, e e tletseng mathata ya setho e ile ya bontsha gore setho ga se kake sa itirela ditshwetso ka bosone ka katlego mo dikgannyeng tsa boitshwaro. Modimo o botlhale go re gaisa kgakala. Ke ka ntlhayang fa re sa amogele seo a se buang, go na le gore re ikaege ka botlhale jwa rona?—Diane 28:26; Yeremia 17:9.
Ga Go Na Ope Yo O Itekanetseng
10, 11. (a) Ke dintlha dife tse di malebana le tsela eo re dirilweng ka yone le lefatshe leo re tshelang mo go lone tseo di bakang mathata fa re leka go tshela tumalanong le ditekanyetso tsa Bibela? (b) Bibela e re kgothaletsa gore re batle go kopanela le batho ba ba ntseng jang, mme re ka bona kae batho ba ba ntseng jalo?
10 Bibela e re tlhagisa gape ka karolo e nngwe eo re tlhokang thuso mo go yone. Rotlhe re na le tshekamelo eo re e ruileng ya go dira boleo. “Go akanya ga pelo ea motho go . . . boshula, go cwa bokauñ yoa gagwè.” (Genesise 8:21; Baroma 7:21) Bothata jono bo etegetswa ke lebaka la go bo re tshela mo lefatsheng leo le sa lateleng melao-metheo ya Bibela. Ka ntlha ya moo, re tlhoka thuso eseng fela ya gore re tlhaloganye Bibela mme gape ya gore re dirise dilo tseo re di ithutang. Ke ka ntlha ya moo Bibela e re kgothaletsang gore re kopanele le ba bangwe bao ba ratang go tshela tumalanong le ditekanyetso tsa bomodimo. Mopesalema o ne a kwala jaana: “Ke ila phuthègō ea badiha dibe, ke gana go dula le baikepi. . . . ke tla baka Yehofa mo diphuthegoñ.” Gape Pesalema e nngwe e bolela jaana: “Bōnañ, go molemō yañ, go monate yañ, ha bana ba monna ba aga mmōgō ka pelo ñwe hèla.”—Pesalema 26:5, 12; 133:1.
11 Go kopana mmogo ke karolo e e botlhokwa ya kobamelo mo Basuping ba ga Jehofa. Ba na le dipokano di le mmalwa beke le beke, gammogo le dikopano tse di nnang gone gangwe le gape, koo ba ithutang Bibela mmogo gone le go tlotla ka moo melao-metheo ya yone e dirang ka gone mo matshelong a bone. Ba dira “bokauleñwe” jwa lefatshe ka bophara joo mongwe le mongwe wa bone a kgothalediwang gore a boloke melao-metheo eno e e kwa godimo ya Bibela ebile a thusiwa go e boloka mo go jone. (1 Petere 2:17) Ke ka ntlhayang fa o sa nne gone kwa go nngwe ya dipokano tsa bone mme o bone ka moo batho bano ba ka go thusang ka gone le wena?—Bahebera 10:24, 25.
Tshela Tumalanong le Lefoko la Modimo
12. Ke masego afe ao a lerweng ke go itse gore Bibela ke Lefoko la Modimo?
12 Ka jalo, go itse gore Bibela ke Lefoko la Modimo go leretse masego le maikarabelo. Re a segofadiwa ka gonne re nna le seo se re kaelang mo boitshwarong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi ebong selo seo se seong gope go sele. Go feta moo, re ithuta ka lorato la Modimo la fa a ne a neelana ka Morwawe gore a re rekolole e le gore re ke re kgone go nna le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng. (Yohane 3:16) Re lemoga gore jaanong Jesu o busa jaaka Kgosi ebile ka bofefo o tla tloga a tsaya kgato go tlosa boikepo jo bo mo lefatsheng. Mme ka tsholofelo re letetse “magodimo a masha, le lehatshe ye lesha” tsa tshiamo tseo Modimo ka boene a di solofeditseng.—2 Petere 3:13.
13. Ke maikarabelo afe a a re tlelang fa re amogela Bibela jaaka Lefoko la Modimo?
13 Lefa go le jalo, gakologelwa gore re na le boikarabelo jwa go ithuta Bibela le go tsaya seo e se buang tsiya. Modimo ka boene o kgothatsa jaana: “Morwaaka, u se ka ua lebala molaō oa me, me a pelo ea gago e tshegetsè ditaolō tsa me.” (Diane 3:1) Le eleng lefa ba le bantsi ba leba Bibela jaaka lefoko la motho fela, re tshwanetse ra dira ka bopelokgale gore ‘Modimo o fitlhelwe o le boammaaruri, mme motho mongwe le mongwe e le moaki.’ (Baroma 3:4) Dira gore botlhale jwa Modimo bo kaele botshelo jwa gago. “U ikanyè Yehofa ka pelo eotlhe ea gago . . . Mo ditseleñ cotlhe tsa gago u ipolèlè èna.” (Diane 3:5, 6) Fa o utlwa Lefoko la Modimo ka botlhale jalo go tla solegela botshelo jwa gago molemo jaanong le ka bosakhutleng.
[Mafoko a a mo go tsebe 187]
Ga rea tshwanela go bala Bibela fela mme gape re dire seo re se balang
[Mafoko a a mo go tsebe 188]
Go latela seo Bibela e se buang ka metlha go solegela molemo