LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 6/1 ts. 30-31
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tshepa “Moatlhodi wa Lefatshe Lotlhe” yo o Kutlwelobotlhoko!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Ipaakanyetse go Gololelwa mo Lefatsheng le Lesha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • “A Bo Go Latlhèga Wèna Korasina!”—Ka Ntlhayang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • “Moatlhodi wa Lefatshe Lotlhe” o Fedisa Sodoma le Gomora
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 6/1 ts. 30-31

Dipotso tse di Tswang go Babadi

◼ A mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 11:24 a raya gore batho bao Jehofa a ba sentseng ka molelo kwa Sodoma le Gomora ga ba kitla ba tsosiwa?

Fa ka kelotlhoko re ntse re araba potso eno go kgabaganya le dingwaga, re ile ra tlhalosa mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 10:14, 15; 11:20-24; le Luke 10:13-15. Poeletso ya bosheng jaana ya seno e kaya gore ga go tlhokege gore ditemana tseno di tsewe jaaka mafoko a a lebisitseng go isagwe ya batho ba Sodoma/Gomora. Pele ga re tlhatlhoba dikakgelo tse dingwe tsa Bibela mabapi le batho bao ba neng ba senngwa mo metseng eo, a re tlhatlhobeng seo se neng sa buiwa ke Jesu.

Fa a le kwa Galilea, Jesu o ne a “kgōba metse e bontsi yoa ditihō tsa gagwè tsa nonohō di dihilweñ mo go eōna, ka e se ka ea ikwatlhaea.” O ne a bolela e meraro ya yone: “A bo go latlhèga wèna Korasina! go latlhèga wèna Bethesaida! gonne ha ditihō tsa nonohō tse di dihilweñ mo go lona di ka bo di dihilwe mo Ture le Sidona, ba ka bo ba sa bolo go ikwatlhaea . . . mo motlheñ oa tshèkō go tla nna botoka kaga metse ea Ture le Sidona, bogolo go lona. Me wèna, Kaperenama, a u tla golediwa kwa legodimoñ? u tla hologèla mo Bobipoñ: gonne ha ditihō tsa nonohō tse di dihilweñ mo go wèna di ka bo di dihilwe mo Sodoma, o ka bo o sa nntse o eme le gompiyeno. . . . go tla nna botoka kaga lehatshe ya Sodoma, bogolo go wèna.” (Mathaio 11:20-24) Jesu o ne a bua ka tsela e e tshwanang fa a ne a roma barutwa ba gagwe ba ba 12 go ya go rera, mme moragonyana ba ba 70.—Mathaio 10:14, 15; Luke 10:13-15.

Pele ga 1964, re ne re tsaya gore ditemana tseno di raya gore batho ba Korasina, Bethesaida, le Kaperenama, ba ne ba tshwanelwa ke phediso ya bosakhutleng. Lefa go ntse jalo, ditlhogo tsa Watchtower ya 1964 le 1965 di ne tsa phepafatsa gore botlhe bao ba leng mo Hades, kana Sheol, (lebitla la batho le le tlwaelesegileng) ba tla tsoga mme morago ga moo ba tla ‘atlholwa mongwe le mongwe ka ditiro tsa gagwe.’—Tshenolō 20:13.

Ditlhogo tseno di ne tsa supela gape go re: Mathaio 11:23 le Luke 10:15 di bolela gore Kaperenama ga a kitla a golediwa kwa legodimong mme o ne a tla “hologèla mo Bobipoñ,” seo, bogolo, se kayang gore batho ba motse oo ba ne ba tla tlontlololwa. Mo kgaolong yone eo, Jesu o ne a bua ka Ture le Sidona tsa bogologolo. Go ya ka Esekiele 32:21, 30, batho ba Sidona, bao ba neng ba atlhotswe ke Modimo, ba ile Sheol. (Isaia 23:1-9, 14-18; Esekiele 27:2-8) Ereka Jesu a ne a tshwantsha Ture/Sidona le Sodoma, seo se ne se bontsha gore batho ba Sodoma le bone ba mo Sheol.

Lefa go le jalo, fa go sekasekiwa Mathaio 11:20-24 gape, go tsosa potso ya gore a Jesu fano o ne a bua ka katlholo ya bosakhutleng le tsogo. Lebaka la gagwe e ne e le gore batho ba Korasina, Bethesaida, le Kaperenama ba ne ba sa reetse le ka moo go neng go bonala go se kake ga kgonagala ka gone gore ba fetoge le eleng ka Letsatsi la Katlholo. Fa a ne a bua gore go ne go ka nna “botoka” ka Ture/Sidona le Sodoma/Gomora “mo motlheñ oa tshèkō” e ne e le mokgwa wa pheteletso (go gatelela ntlha ka go e feteletsa) wa gore Jesu o ne a sa ikaelela gore seo se tsewe jaaka se ntse, fela jaaka a ne a sa reye gore go dirwe jalo ka ditshwantsho tse di feteleditsweng tseo a neng a di dirisa. Ka sekai:

“Go ka nna boheho legodimo go heta, le lehatshe, bogolo go tlhakanyana ñwe ea molaō go tlhaèla.” “Go tla heta legodimo le lehatshe: me mahoko a me ga a ketla a heta.” (Luke 16:17; 21:33; Mathaio 5:18; bapisa le Bahebera 1:10-12.) Re itse gore magodimo a mmatota le lefatshe ga di kitla di feta. (Pesalema 78:69; 104:5; Moreri 1:4) Jesu gape o ne a re: “Go ka nna boheho kamela go tsèna ka lechoha ya lomaō, bogolo go mohumi go tsèna mo bogosiñ yoa Modimo.” (Mareko 10:25) Tota, Jesu o ne a sa reye gore ga go motho ope yo o humileng yo o neng le ka motlha a tla fetoga morutwa; bangwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga e ne e le Bakeresete ba ba tloditsweng. (1 Timotheo 6:17-19) Go dirisa ga ga Jesu pheteletso e ne e le go gatelela gore go bokete jang gore motho yo o humileng o ka baya Modimo pele ga dikhumo tsa gagwe le menate.—Luke 12:15-21.

Jalo he, go bolela ga ga Jesu gore ‘go ne go tla nna botoka ka metse ya Ture kana Sodoma mo letsatsing la katlholo’ go ne go sa reye gore batho bao ba ne ba tla nna gone mo Letsatsing la Katlholo. A ka bo a ne a gatelela fela gore batho ba le bantsi ba Korasina, Bethesaida, le Kaperenama, ba ne ba le peloethata ba bile ba hutsegile. Re bua re re ba le bantsi ka gonne bangwe mo Kaperenama ba ile ba amogela Keresete. (Mareko 1:29-31; Luke 4:38, 39) Lefa go le jalo, tota-tota metse eo e ne ya mo gana. Bangwe ba baagi ba yone, fela jaaka bakwadi le Bafarasai, ba ne ba ka bo ba ile ba leofela moya o o boitshepo, oo gotlhelele go senang boitshwarelo mo go one le eleng mo ‘tsamaisong e e tlang ya dilo.’ Batho bao ba ya Gehena.—Mathaio 12:31, 32; 23:33.

Kwantle ga mafoko a ga Jesu mo kgannyeng eno, Esekiele 32:21, 30 e re bolelela gore batho ba Ture/Sidona wa bogologolo ba baheitane ba mo Sheol; ka jalo ba tshwanelwa ke tsogo. Go tweng, he, mabapi le baagi ba ‘motse wa Sodoma ka Letsatsi la Katlholo?’ Lebaka la go bo Jesu a ile a tshwantsha Sidona le Sodoma ga le neye tsholofelo ya isagwe go batho bao Modimo o ba sentseng ka molelo le sulefura. Mme a re ke re boneng seo Bibela gape e se buang ka potso eno.

Nngwe ya dikakgelo tse di tlhamaletseng e mo go Yude 7. Jude o ne a sa tswa go bua ka (1) Baiseraele bao ba neng ba senngwa ka ntlha ya go tlhoka tumelo, le (2) baengele bao ba leofileng ebile ba ‘letisitswe letsatsi le legolo la tsheko ba le mo dikgoleng ka bosakhutleng.’ Go tswa foo Jude o ne a kwala jaana: “Hèla yaka metse ea Sodoma le Gomora, . . . e beilwe sekaō, ka go bediwa ka molelō o o sa khutleñ.” Temana eno e supela go metse e le yone ka boyone e sentsweng ka bosakhutleng, eseng batho. Lefa go ntse jalo, ponong ya Yude 5 le 6, batho ka bontsi ba ka tsaya fa temana ya bo 7 e le e e rayang kotlhao ya katlholo go batho. (Ka mo go tshwanang, Mathaio 11:20-24 e ka tlhaloganngwa e le e e kgobang batho e seng maje kana dikago.) Go ya ka tlhaloso eno, Yude 7 e ne e tla raya gore batho ba ba boikepo ba Sodoma/Gomora ba ne ba atlhotswe le go senngwa ka bosakhutleng.a

Fa go lebiwa go sele, re fitlhela go kgatlhisa gore Bibela mo makgetlong a a fetang bongwe e amanya Morwalela le Sodoma/Gomora. Ka tlhaloganyo efe?

Fa a ne a bodiwa kaga “bokhutlō yoa lehatshe,” Jesu o ne a bolelela pele “bokhutlō” jo bo tlang le “sepitla se segolo . . . se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe.” (Mathaio 24:3, 14, 21) O ne a tswelela pele a bua ka ‘metlha ya ga Noa’ le ka ‘se se diragetseng mo metlheng ya ga Lote’ jaaka dikai tsa batho bao ba ileng ba seka ba tsaya tsia tlhagiso ya tshenyego e e tlang. Jesu o ne a oketsa ka go re: “Go tla nna hèla yalo mo motlheñ o Morwa Motho o tla senolwañ ka ōna.” (Luke 17:26-30; bapisa le Mathaio 24:36-39.) A Jesu o ne a tshwantsha kgopolo fela, kana tlhaloganyo eo a dirisitseng dikai tseno ka yone e kaya gore go ne go lebisitswe go dikatlholo tsa bosakhutleng?

Moragonyana, Petere o ne a kwala ka dikatlholo tsa Modimo le go atlhola ga Gagwe bao go ba tshwanelang. Petere o ne a dirisa dikai di le tharo: Baengele bao ba leofileng, lefatshe la bogologolo la motlha wa ga Noa, le bao ba neng ba fedisiwa kwa Sodoma/Gomora. Ka ba morago, Petere o ne a bua jaana: ‘ba tlhoma sekao sa batho ba ba boikepo ba nako e e tlang.’ (2 Petere 2:4-9) Morago ga moo, o ne a tshwantshanya go senngwa ga batho ka Morwalela le go tla ga “letsatsi ya tshekishō le ya tshenyègō ea baikepi.” Seno se etelela pele magodimo a masha le lefatshe je lesha tse di solofeditsweng.—2 Petere 3:5-13.

Ka mo go tshwanang, kwa bokhutlong jwa tsamaiso e e boikepo ya gompieno ya dilo, a bao Modimo o ba senyang ba tla bo ba bone katlholo ya bofelo? Seo ke se se bontshiwang ke 2 Bathesalonia 1:6-9: “Ke raea ha e le mo go siameñ mo Modimoñ go lehetsa pitlaganyo ea ba ba lo pitlaganyañ, Le go naya lona ba lo pitlagañwañ tapologō le rona, mo motlheñ oa tshenolō ea Morèna Yesu ha a cwa legodimoñ, a na le baengele ba thata ea gagwè, a tla A le mo moleloñ o o tutumañ, a itehetsa mo go ba ba sa ineeleñ go utlwa Mahoko a a Molemō a Morèna oa rona Yesu: E le ba ba tla utlwañ thupa, eboñ tshenyègo e e sa khutleñ ea go tlogèla rure mo sehatlhogoñ sa Morèna le mo kgalaleloñ ea nonohō ea gagwè.”

Go na le go tshwana mo go kgatlhisang mo mafokong a tlhaloso eno le seo Jude a boletseng gore se diragetse mo kgannyeng ya Sodoma. Mo godimo ga moo, Mathaio 25:31-46 le Tshenolō 19:11-21 e bontsha gore “dipodi” tseo di tla senngwang mo ntweng e e tlang ya Modimo di tla itemogela ‘petso e e sa khutleng’ mo “bodibeñ yoa molelō,” joo bo tshwantshetsang tshenyego ya goyagoile.b—Tshenolō 20:10, 14.

Ka ntlha ya mabaka ao, mo godimo ga seo Yude 7 e se bolelang, Bibela e dirisa Sodoma/Gomora le Morwalela jaaka dikao tsa tshenyego ya bofelo ya tsamaiso ya jaanong e e boikepo ya dilo. Go a bonala, he, gore bao Modimo o ba sentseng mo dikatlholong tse di fetileng tseo ba ne ba itemogela tshenyego e e sa kakeng ya fetolwa. Legale, mongwe le mongwe wa rona o ka itlhomamisetsa seo ka go itshupa a ikanyega go Jehofa jaanong. Ka tsela eo re tla bo re tshwanelwa ke go tshela mo lefatsheng je lesha go bona gore Modimo o tla tsosa bomang le gore ga a na a tsosa bomang. Re itse gore dikatlholo tsa gagwe di siame. Elihu o ne a re tlhomamisetsa jaana: “E, rure, Modimo ga o ketla o diha ka mokgwa o o boshula, le gōna Mothataeotlhe ga a ketla a shōkamisa katlholō.”—Yobe 34:10, 12.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Mo go Esekiele 16:53-55, “Sodoma le bomorwadiè” ba umakiwa eseng mabapi le tsogo, mme ka tshwantshetso mabapi le Jerusalema le bomorwadie. (Bapisa Tshenolō 11:8.) Bona gape le The Watchtower, June 1, 1952, tsebe 337.

b Bapisa le “Dipotso tse di Tswang go Babadi” mo go The Watchtower ya August 1, 1979.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela