-
DikitsisoTirelo ya Bogosi—1992 | October
-
-
Dikitsiso
◼ Mpho ya buka ka October: Peeletso ya Tsogang! kana ya Tora ya Tebelo kana tsoopedi ka moneelo wa R17,00 e le nngwe mo ditokololong tseo di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga e le nngwe ya ditokololo tseo di tswang gangwe ka kgwedi le peeletso ya dikgwedi di le thataro ya ditokololo tseo di tswang gabedi ka kgwedi ke R8,50. November: Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? ka moneelo wa R2,60. December: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela ka moneelo wa R8,00. January: Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang? ka moneelo wa R2,60.
◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go otora 1993 Calendar of Jehovah’s Witnesses mo otoreng ya dibuka ya November. Dikhalentara di tla bo di le gone ka Seburu, Se-China, Seesemane, Sefora, Segerika, Sejeremane, Sepotokisi, Sesotho, Setadiana, Sexhosa, le Sezulu.
◼ Re gakolola DIPHUTHEGO TSOTLHE gore ka tsweetswee di otore dikarata tsa Medical Directive (di tokafaditswe ebile di dirilwe ka tsela e ntšha) le Identity Card ka bofefo jo bo ka kgonegang ka foromo e e tlwaelegileng ya Literature Order (S-AB-14). Diphuthego tseo di nang le tlhaelo mo diakhaontong tsa tsone tsa dibuka di tshwanetse tsa romela madi le diotoro tsa tsone. Dikarata tseno ke disente di le 5 e le nngwe. Tsweetswee lo se ka lwa aba dikarata tseno, mme lo di beye go fitlha lo amogela ditlhaloso tse di oketsegileng go tswa kwa Mokgatlhong.
◼ Tsweetswee elang tlhoko: Ereka jaanong re na le The Watchtower le Awake! di le mo dikhaseteng mono Afrika Borwa, ditlhwatlhwa tsa peeletso di ile tsa fetolwa ka tsela e e latelang:
Poso E E Sa Poso
Tsamayeng ka E E Tsamayang
Sefofane ka Sefofane
Batho ba ba golafetseng
pono ya matlho* R33,00 R43,00
Phuthego le batho botlhe R154,00 R164,00
Babulatsela (Ya motho ka namana) R137,00 R147,00
* Go tlhokega sesupo sa gore motho ruri ke sefofu kana gore o golafetse pono ya matlho.
◼ Dibuka Tse disha Tse Di Leng Gone:
Chicheŵa: O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise (Dibuka tse dipotlana tsa yone; phuthego le batho botlhe: R4,00; babulatsela: R2,00). Seesemane: New World Translation of the Holy Scriptures—With References e le mo didiseketeng (Sete ya didisekete tse supa tsa selekanyo sa 3 1/2” tsa di-kilobyte tse 720. Phuthego le batho botlhe: R40,00; babulatsela: R33,00.) Sepotokisi: Insight on the Scriptures, Bolumo ya bo 3 (phuthego le batho botlhe: R15,00; babulatsela: R12,00).
-
-
Letlole la DipotsoTirelo ya Bogosi—1992 | October
-
-
Letlole la Dipotso
◼ Go tshwanetse go tsaya bana bao batsadi ba bone eleng Bakeresete lobaka lo lo kae ba tswela tshimo pele ga ba ka tsewa jaaka baboledi ba ba sa kolobediwang?
Batsadi ba Bakeresete ba batla gore bana ba bone ba nne batlhanka ba ba nonofileng, le ba ba ikanyegang ba ga Jehofa. (1 Sam. 2:18, 26; Luke 2:40) Le ba sa ntse ba le babotlana, bana ba ba mo malapeng a Bokeresete ba tshwanetse go bo ba kgona go emela tumelo ya bone e e thailweng mo Bibeleng ka botswerere. Fa bana ba tswela tshimong le batsadi ba bone go tswa bonyaneng go gola ga bone ga semoya go a fefoga. Mme legale gore bana ba itumelele tirelo ya tshimo, ba nne le keletso ya go nna baboledi ba ba sa kolobediwang, le go tswelela ba nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi, go botlhokwa gore ba rutwe gore e nne selo se se tswang mo pelong. Thapiso e e lolameng e e dirwang ke batsadi e a tlhokega. (1 Tim. 4:6; 2 Tim. 2:15) Fa e le gore batsadi ba a dumela baboledi ba ba nang le bokgoni ka dinako tse dingwe ba ka thusa.—Bona Bodihedi jwa Rona, ditsebe 99-100.
Fa bana ba ba nang le maitseo ba tsamaya le batsadi ba bone ba Bakeresete mo tirong ya ka ntlo le ntlo, ba ithuta kafa bodihedi bo dirwang ka teng. Mme legale ga ba kitla ba tsewa jaaka baboledi ba ba sa kolobediwang go fitlhelela ba nna le bokgoni jo bo rileng ka namana. Batsadi ba Bakeresete ke bone ba tla bonang gore ngwana o ka tsaya karolo e e kana kang mo go neeleng bosupi fa ba ntse ba bereka le ene. Bana ba ba iseng ba tsewe jaaka baboledi ba ba sa kolobediwang ga ba a tshwanela go ya tshimong ba le nosi kgotsa ba tsamaya le bana ba bangwe mo tirelong ya tshimo. Batsadi ba ka baakanyetsa bana ba bone tirelo ya tshimo le go ba letlelela go tsaya karolo ka ditsela tse di farologaneng, tse di etsang go bala ditemana, go tsamaisa pampitshana kana makasine, kgotsa go bontsha mong wa ntlo setshwantsho se se mo go nngwe ya dikgatiso. Fa ngwana a ntse a gola, o ka nna a kgona go tsaya karolo ka tsela e kgolwane mo motlotlong.
Fa ba thapisitswe sentle, bana ba kgona go ithuta go lemoga botlhokwa jwa bodihedi jaaka fa ba ntse ba reetsa kaelo ya batsadi ba bone le go itshwara sentle. Batsadi ga ba a tshwanela go tlogela bana ba bone ba ba iseng ba nne baboledi ba ba sa kolobediwang kwa go tshwarelwang pokano ya tirelo teng, ba solofela gore bangwe ba ba tlhokomele. Batsadi ba ba nang le kamego ba lemoga boikarabelo jwa bone ka namana jwa go tlhokomela se bana ba bone ba se dirang. Mme legale, baboledi ba bangwe ba ba nang le boikarabelo ba ka nna ba batla go thusa mo go thapiseng bana ba babotlana ba ba bontshang kgatlhego ya boammaaruri ya go direla Jehofa mo bodiheding.
-