LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Maphatsiphatsi A Boitlosobodutu
    Tsogang!—1992 | November 8
    • Maphatsiphatsi A Boitlosobodutu

      HOLLYWOOD! Go sa kgathalesege gore o nna kae mo lefatsheng, leina leo le tshwanetse la bo le go gopotsa difilimi le boitlosobodutu. E a ne e bidiwa motsemogolo wa boitlosobodutu wa lefatshe lotlhe fa gongwe gotwe ke Tinseltown, ga go na lefelo lepe le le amanngwang le kgwebo ya boitlosobodutu jaaka karolo eno ya Los Angeles, California. Go lebega fa tota e le boremelelo jwa lefatshe jwa mabela le tsabakelo. Jaaka fa mokwadi mongwe a ile a bolela, “Hollywood e itsege mo lefatsheng lotlhe e le modiri wa ditoro tse di mo difiliming.”

      Boitlosobodutu—Kgwebo E Kgolo

      Mme legale ga se setshwantsho fela sa Hollywood se se tumileng mo lefatsheng; “Hollywood” ke kgwebo e kgolo e e akaretsang lefatshe lotlhe, ya go rekisetsa dinaga tse di kwantle. Tota ebile, go ya ka makasine wa Time, go itlosa bodutu go gaisiwa ke didirisiwa tsa difofane fela mo dilong tse United States e di rekisetsang mafatshe a mangwe. Ngwaga le ngwaga kgwebo eno e kokoanya makgolokgolo a dimiliate tsa diranta, mme karolo ya yone e e utlwalang—e e ka nnang 20 lekgolong—e tswa kwa mafatsheng a sele.

      United States e kometsa 35 lekgolong ya marekisetso a dibuka, 50 lekgolong ya madi a go rekota, 55 lekgolong ya madi a difilimi le dibidio tse di hirisiwang, le 75 go ya go 85 lekgolong ya madi a thelebishene a lefatshe lotlhe.

      Hollywood e duelela matlotlo ano ka go tlosa lefatshe bodutu. Legale ga se gore ka dinako tsotlhe lefatshe le itumelela seo—mafatshe a le mantsi a ile a ngongorega ka go anamisiwa ga ngwao ya Seamerika ka tsela eno, ka go bo basha ba bone ba huralela ngwao ya segabone ba ya le e e tsabakelang e e tswang Amerika. Legale seno ga se reye gore boitlosobodutu bo tswa fela kwa United States. Mafatshe a le mantsi a na le dikgwebo tsa one tsa boitlosobodutu—difilimi, thelebishene, dilo tse di rekotilweng, dibuka, metshameko, le tse dingwe fela jalo.

      Boitlosobodutu—Gompieno Bo Bonwa Motlhofo

      Go sa kgathalesege gore ke mang yo o tlosang lefatshe bodutu kana gore ke mang yo o tshwanetseng go le tlosa bodutu, se se tshwaegang sentle ke gore gompieno boitlosobodutu ga bo kgakala le ope, gompieno bo tletsetletse mo eleng gore ke monka re lebaneng le diphetogo tse dikgolo. Ka sekai: Fa o ne o tshedile mo lekgolong la dingwaga le le fetileng, o ne o ka bo o ile wa tlosiwa bodutu ga kae ke motho yo o rutuntshitsweng, yo o setswerere? Go ya ka batho ba motlha ono, lefa o ka bo o ne o nna mo nageng e e humileng go di gaisa tsotlhe o ne o tla bo o ne o tshelela mo leubeng la boitlosobodutu. Ka sekai, o ne o tla tshwanelwa ke go ya go bogela opera kgotsa khonsata ya simfone. Malatsing ano re reetsa mmino mongwe le mongwe o o teng mo diradiong, kgotsa re ikgara mo sofeng ya mo lapeng, mme, ka go tobetsa konopo fela re bo re ka tlosiwa bodutu ke motshameko mongwe le mongwe o o ka gopolwang.

      Mo nageng epe fela e e tlhabologileng, o tla fitlhela bogolo go na le thelebishene e le nngwe fela mo magaeng a le mantsi, VCR, le CD kgotsa setshamekadikhasete, mo godimo ga dilo tse dingwe tsa di-electronic. Bana bangwe ba gola ba bona dithelebishene di tletse mo ga bone fela jaaka diipone. Mo dinageng tse di sa tlhabologang thata, metse e mentsi le ditikologo di na le lefelo la go bogela thelebishene koo batho ba kgobokanelang teng go ya go itlosa bodutu. Thelebishene e tlhakantse batho tlhogo. Nako ya gagwe ya boiketlo e tletse ka mefuta e e farolaganeng ya go itlosa bodutu.

      A go na le sengwe se se phoso ka seo? A go na le diphatsa dingwe mo mekgweng ya gompieno ya go itlosa bodutu? Kgotsa a go tlalatlala mo go kana ga go itlosa bodutu ke fela gore go na le mekgwa e mentsi ya go itlosa bodutu e batho ba ka tlhophang mo go yone? A re ko re sekasekeng sentle maphatsiphatsi ano a boitlosobodutu.

  • Mokgwa O O Lekalekaneng Wa Go Leba Boitlosobodutu
    Tsogang!—1992 | November 8
    • Mokgwa O O Lekalekaneng Wa Go Leba Boitlosobodutu

      “GO BEREKELA ruri o sa itapolose ke botshelo jo bo tlhomolang pelo.” Gompieno mafoko ao a tlwaelesegile mo eleng gore go motlhofo go lebala gore kana a boammaaruri. Gone tota, “go berekela ruri o sa itapolose” go ka go direla dilo tse di maswe go feta go tlhomola pelo fela. Go ka go dira gore o utlwe fela ka tiro tse dingwe tsotlhe o sa di beye gope.

      Tsaya ka sekai, bothata jo bo tsogileng kwa Japane, eleng lefatshe le le itsegeng thata ka mokgwa o o gagametseng wa go bereka. Gantsi go lebelelwa gore badiri ba bereke nako e e oketsegileng bosigo bongwe le bongwe le ka mafelobeke. Makasine wa Canada o go tweng Maclean’s, o ne wa bolela gore ka kakaretso modiri wa Japane o tsaya diura tse di 2 088 kwa tirong ka ngwaga, fa go bapisiwa le tse di 1 654 tsa modiri wa Canada. Legale, makasine oo o ne wa bolela gore: “Difeme tsa Japane di ile tsa tshwanelwa ke go lebagana le bothata jo bo farologaneng jono: badiri ba bolawa ke karoshi, kana loso lo lo bakiwang ke go bereka go feta selekanyo. Dipampiri tsa dikgang di ile tsa bega ka banna ba ba mo dingwageng tsa bo40 ba ba neng ba bolawa ke pelo kgotsa ke seterouku morago ga go bereka malatsi a le 100 ba ise ba ko ba tseye letsatsi le le lengwe la boitapoloso.” Lephata la ditiro la Japane le bile la tshwanelwa ke go dira dikitsiso, tse di neng di tletse ka mafoko a a molodi a a gogelang, le kgothaletsa batho go tšhaisa ka mafelobeke le go itapolosa. A bo seemo seo se farologane jang ne le sa mafatshe mangwe a Bophirima, koo batho ba tshwanelwang ke go sokwasokwa gore ba bereke beke yotlhe!

      Mosola wa go Tshameka

      Ke sone seo he, go utlwalang go bo baitse ka kakaretso ba tsaya go bereka bobe e le bolwetse, eseng setho. Motho o tlhoka go tshameka—mme eseng fela a santse e le mosimane; bagolo fela jaaka bana ba tlhoka seo. Ka ntlha yang? Batho ba solegelwa molemo jang ke go iketla, kgotsa go tshameka? Buka nngwe e e buang ka kgang eo e ne ya dira lenaane leno: “Go itshupa, bolekane, go dirisa mmele le tlhaloganyo ka nako e le nngwe fela, botsogo jwa mmele, sengwe se se botlhokwa se se farologaneng le lenaneo la tiro ka dinako tsotlhe, go ikhutsa le go itapolosa, sebaka sa go leka sengwe se sesha le go kopana le batho ba e leng la ntlha o ba bona, go aga dikamano le ba bangwe, go bopaganya lelapa, go ithuta ka tlholego, . . . le go ikutlwa o itumetse fela kwantle ga gore o tlhatlhobe gore ka ntlha yang. Dilo tseno tsotlhe ke mengwe ya melemo e batho ba e iponelang fa ba iketlile.”

      Baithutaloago ba ile ba kwala dibuka di le dintsi thata ka boiketlo le go tshameka, mme ba dumalana ka gore go iketla go siametse motho ka namana le setšhaba ka kakaretso. Lefa go ntse jalo, kwantle ga pelaelo ga go na ope yo o tlhaloganyang motho botoka go gaisa Mmopi wa motho. Ene o leba jang kgang eno?

      Go farologana le jaaka bangwe ba gopola, Bibela ga e kgatlhanong le go ja monate le boitapoloso. E re bolelela gore Jehofa ke Modimo o o itumetseng mme ebile o batla gore batlhanka ba gagwe le bone ba itumele. (Pesalema 144:15b; 1 Timotheo 1:11) Mo go Moreri 3:1-4, re ithuta gore go na le “motlha oa go tshèga” le “motlha oa go bina.” Lefoko la Sehebera le le ranotsweng go twe “tshega” fano le na le bokao jwa mafoko a a tlhalosang “motshameko.” Yone buka eo ya Bibela gape e re bolelela gore “ga go na sepè se se molemō mo mothuñ bogolo go go ya, le go nwa, le go yesa mōea oa gagwè molemō mo letsapeñ ya gagwè.”—Moreri 2:24.

      Malatsing ano, mongwe wa mekgwa e e rategang thata ya go ja monate wa nako ya fa o iketlile ke wa go nna mmogedi, o kgobile kgetsi o lebeletse ba bangwe ba ntsha ga tshwene. Legale seo ga se selo se sesha mo go kalo. Bibela e bontsha gore mo diketeketeng tsa dingwaga tse di fetileng batho ba ne ba ntse ba jesiwa monate ke go lebelela ba bangwe ba bina, ba opela, ba letsa diletso tsa mmino, kgotsa ba gaisana mo metshamekong.

      Fa e le mokgwa wa boitapoloso, boitlosobodutu bo ka re solegela molemo fela thata. Ke mang yo o sa itumedisiweng ke bothakga jwa motshameki yo o setswerere, go lelesela ga mosetsana wa sebini, go nna o kokobetse pelo, o lebeletse filimi e e nang le diteko mme e se leswe, kgotsa molotsana wa pina o o salelang mo mogopolong nako e telele morago ga pina e sena go fela? Mme kwantle ga pelaelo bontsi jwa rona re ile ra itumelela go itapolosa ka buka e e monate, mme re bula ditsebe tsa yone ka bofefo le go feta fa monate wa yone o ntse o loelela.

      Boitlosobodutu jo bo ntseng jalo bo ka re lapolosa, le go re direla mo gontsi. Bo ka re rotloetsa, jwa re thamisa, jwa re ama pelo, jwa re dira gore re tshege—tota le gone go re ruta sengwe. Ka sekai, dibuka di ka re ruta mo gontsi ka tsela e motho a bopilweng ka yone. Dibuka tsa ga Shakespeare ke sekai se se papametseng sa seo.

      Diphatsa tsa Boitlosobodutu

      Legale, gore re nne tekatekanyo mo boitlosongbodutu jwa metlheng eno, re tshwanetse go ela tlhoko bomolemo le bodiphatsa jwa jone. Go builwe thata ka tlhotlheletso ya boitlosobodutu e e bodisang, mme ka kakaretso diphatsa tseo tsa jone di ka kgaoganngwa ka ditlhopha tse pedi tse ditona: bontsi le boleng, go tlalatlala ga boitlosobodutu le seo se leng mo go jone. Sa ntlha a re bueng ka bontsi jwa jone.

      Re tshela mo metlheng ya lefifi, e Bibela e e bitsang “dipaka tse di tlhokohatsañ.” (2 Timotheo 3:1) Ga go gakgamatse he, go bo boitlosobodutu jwa motlha ono bo tshwanelana le nako e re tshelang mo go yone, gantsi le ka bomaswe jwa yone jotlhe. Thubakanyo e e maswe thata, boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo jo bo makgapha, le maikutlo a a maswe mo go one otlhe a batho ba nang nao—jaaka tlhaolele—gotlhe go tsenngwa mo boitlosongbodutu jo bo rategang thata, go bo leswefatsa ka selekayo se se farolaganeng. Fa jaanong ba setse ba feteletse, se go ka bong go twe ke boitlosobodutu ga se farologane thata le ditshwantsho tse di tsosang keletsodikobo le leswe. Ela tlhoko dingwe tsa dikai tsa seno.

      Difilimi: Fa go ne go abiwa dikgele tse di tlotlegang thata tsa Hollywood, tsa di-Oscar, ba le bararo mo banneng ba ba ileng ba kgethiwa mo setlhopheng sa “motshameki yo o ba gaisitseng botlhe” monongwaga ba ne ba tshameka dikarolo tsa babolai ba ba tsenwang, bao botlhe mo setshwantshong ba bolayang ba sa iphitlhe. Go begwa gore motshameki mongwe o ngatha sekidi mo sefatlhegong sa mosadi fa kafa a ntse a mmetelela. Fa go buiwa ka go dira madi, nngwe ya tse di ileng tsa atlega thata monongwaga ke e e neng e bidiwa Basic Instinct. Fa re e atlhola ka go dirisa dikakgelo tse di dirilweng kaga yone, setlhogo seno ga se e tlhalose jaaka e ntse. Filimi eo e simolola ka pono e e bontshang tlhakanelodikobo e sa fitlhe sepe eo mo go yone mosadi a tlhabang moratiwa wa gagwe yo o bofilweng gantsintsi ka peke e e thubang aese, a bo a ikgasakaka ka madi gongwe le gongwe.

      Mmino: Bosheng jaana mmino wa rap le heavy metal e ile ya kgalwa thata ka ntlha ya mabaka a a tshwanang a se e se buang. Dipina tse di galaletsang go tlontlololwa le go gobololwa ga basadi mo go tsa tlhakanelodikobo, thubakanyo le go ila merafe e e farologaneng le mapodisi, tota le kobamelo ya ga Satane tsotlhe di ile tsa fitlhelwa mo direkoteng tsa rap le heavy metal. Mo mafelong mangwe, direkote tse di nang le mafoko a a makgapha ao di tshwanetse go nna le letshwao la tlhagiso. Mme fela jaaka fa go begwa fa moletsi wa rap yo go tweng Ice-T a ile a dumela, o opela mafoko a a tsitsibanyang mmele mo dipineng tsa gagwe e le fela gore a itsiwe jalo; go tlhomamisa go oka bothamotelele. Sekgantshwane sa mmino wa rock ebong Prince o ne a opela a galaletsa go tlhakanela dikobo ga motho le kgaitsadie. Gantsi, dibidio tsa dipina di dira gore boitsholo joo jwa tlhakanelodikobo jo bo makgapha bo bonwe. Bidio e go tweng Justify My Love ya sekgantshwane sa mmino wa pop ebong Madonna e ne ya tuma go di gaisa ka leina le le maswe ka go bontsha go jesiwa monate ke go bona pogisego le ditiro tsa bosodoma. Tota le MTV, e leng kgaso ya thelebishene ya U.S. e go itseweng gore ka dinako tse dingwe e atle e gase dibidio tsa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le go tsitlega e sa tsitlege, e ile ya gana go gasa eno.

      Dibuka: Tsaya ka sekai maronopo a a tserweng mo dikakgelong tsa dibuka tsa bosheng. American Psycho e tlhalosa ka botlalo ditiro tse di tsitsibanyang mmele tsa mmolai yo o tsamayang a bolaya batho yo o dirang dilo tse di maswe go ka buiwa ka direpa tsa batho ba a ba bolaileng, go kopanyeletsa le go ba ja tota. Boremelelo jwa e go tweng Vox ke puisano ka mogala ya monna mongwe le mosadi mongwe ba ba iseng ba ko ba kopane gope ba ba tsosetsanang maikutlo a tlhakanelodikobo ka puo e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. Raptor yone e latedisa ditiro tse di sokameng tsa tlhakanelodikobo tsa batho bangwe ba ba tlhakantseng ba lekgolo la borataro la dingwaga, ke gore batho ba ba nang le dirwe tsa bonna le tsa bosadi mo go bone. Dibuka tsa marato gantsi di kgothaletsa le go galaletsa kgokafalo le boaka. Dibuka tsa metlae, tse pele di kileng tsa bo di siametse bana, gantsi gompieno di tlhalosa tlhakanelodikobo, thubakanyo, le dithuto tsa tumelabotlhodi.

      Metshameko: Batho ga ba ise ba kgaotse go kopa gore go thibelwe motshameko wa mabole. Go sa kgathalesege bosupi jo bo ntseng bo tswa jwa gore lebole lengwe le lengwe la kgaatshoo le gobatsa boboko ka tsela e e leng gore ga bo kake jwa tlhola bo siama, madi a mantsi le babogedi ba ba dimilione ba tswelela ka go okela ba ba lwang mo mosakong wa mabole. Makgolokgolo a batshameki ba mabole ba ile ba betswa ka tsela eno ba bo ba swela ruri ka mmatota.

      Legale, metshameko e mengwe e ile ya bolaya ba ba fetang bao. Go tlwaelegile go bala ka thubakanyo e e ileng ya tlhagoga mo mabaleng a motshameko kgotsa mo babogeding. Dipheretlhego tse di tsetsweng ke boratanaga kgotsa moya o o sa tlhamalalang wa “go rata setlhopha” di bolaile makgolokgolo mo mabaleng a matona go dikologa lefatshe. Go lwantsha dipoo, mo pampiri ya beke le beke ya dikgang e go tweng Die Zeit ya Jeremane e go bitsang “motshameko o eleng wa sephologolo go e gaisa o o tshwareletseng go fitlhela mo motlheng ono,” bosheng jaana go ile ga simolola go ratiwa fela thata kwa Spain le kwa borwa jwa Fora. Morago ga poo e sena go tlhaba molwantshadipoo yo o tumileng wa dingwaga di le 21 ebong José Cubero mo pelong, mogaka yo o oleng yoo o ile a tsewa ka lekesi la gagwe a dikolosiwa lebala la dipoo la Madrid mme o ne a galalediwa ke bamorati ba le 15 000. Bidio ya loso lwa gagwe e ne ya boelediwa gantsi mo thelebisheneng ya Spain.

      Gone ke boammaaruri gore, tseno ke ditiragalo tse di maswemaswe thata, mme ebile ga di reye gore boitlosobodutu jotlhe mo go dingwe tsa dikarolo tseno tse di farologaneng bo maswe. Mme le fa go le jalo go nna tekatekanyo mo boitlosongbodutu go tla dira gore re dumele ntlha ya gore ditiragalo tseno tse di maswemaswe di a tle di diragale mme ebile di a ratega. Ka ntlha yang? A mme gone, o lemogile gore se se neng se lebega e le tiragalo e e maswemaswe mo dingwageng tse di fetileng jaanong ga se sa tlhole se tsibosa batho? Dilo tse di maswe thata e a re kgabagare di amogelwe ke batho; batho ba a di tlwaela. Wena o tlile go tlwaela eng?

      Kgang ya go Tlalatlala

      Lefa go le jalo, lefa boitlosobodutu jotlhe bo ne bo ka bo bo siame tota, go santse go na le kgang ya go tlalatlala ga jone. Kgwebo ya boitlosobodutu ga e golole e a tsholola. Ka sekai, kwa United States fela, dibuka tse di farologaneng di le 110 000 di ne tsa gatisiwa ka 1991 fela. Fa o ne o ka simolola go bala buka wa ba wa e fetsa ka letsatsi, go ne go tla go tsaya dingwaga tse di fetang 300 go bala dibuka tse di golotsweng mo ngwageng o le mongwe fela! Kgwebo ya difilimi ya U.S. e dira difilimi tse di fetang 400 ka ngwaga, mme mafatshe a mangwe a a di reka fa kafa a ntse a itirela tsa one gape. Kgwebo ya India e dira makgolokgolo a difilimi tsa Sehindi ngwaga le ngwaga. Mme ke mang yo o ka balang direkoto tsa dipina, di-compact disc, le ditheipe tse di gololwang ngwaga le ngwaga? Thelebishene le yone e ntse e le foo.

      Mo mafatsheng mangwe a a tlhabologileng, go na le dikgaso tse di farologaneng tsa thelebishene—diteishane tse di hirisiwang, dikgaso tsa satalaete, le dikgaso tse di tlwaelegileng. Seo se raya gore boitlosobodutu bo ka thelesegela mo legaeng bo sa kgaotse mo diureng di le 24 ka letsatsi. Metshameko, dipina, terama, metlae, ditoro tsa saense, dipuisano, difilimi, tseno tsotlhe o ka di bona ka go tobetsa konopo fela. Ka tiriso ya VCR diketekete tsa difilimi di nna teng, mo godimo ga dibidio tse di tlhalosang kafa o ka dirang dilo dingwe ka teng, dibidio tsa mmino, tota le ditheipe tse di ka go rutang ka tlholego, ditso, le saense.

      Mme jaanong nako e a go tswa kae ya boitlosobodutu jono jotlhe? Boitsaenape bo ka nna jwa bo bo kgona go re direla kgakgamatso ka go re tlosa bodutu ka ponyo ya leitlho—akanya fela kafa Mozart a neng a ka gakgamala ka teng fa a ne a ka utlwa nngwe ya dipina tsa gagwe mo seromamoweng! Lefa go le jalo, boitsaenape ga bo kake jwa dira nako e e tlhokegang go ja monate oo otlhe. Tota ebile, mo mafatsheng mangwe a boitsaenape bo leng kwa godimo thata teng, go ile ga nna le gone gore nako ya boiketlo e ngotlege, go na le gore e oketsege.

      Ka jalo fa re bo leseletsa, boitlosobodutu bo ka kometsa nako yotlhe ya rona ya boiketlo. Mme re tshwanetse go gakologelwa gore boitlosobodutu ke mongwe fela wa mekgwa ya boitapoloso, o gantsi ebileng e le wa botshwakga. Bontsi jwa rona re tlhoka gore re ne re tswa re ya go itshedila, re tsaya karolo go na le go nna fa fatshe fela re bo re tlosiwa bodutu ke ba bangwe. Re ka dikologadikologa mo, ra itumelela bolekane, le go tshameka metshameko.

      Fa e le gore ke phoso go lesa boitlosobodutu bo kometsa nako ya rona yotlhe ya boiketlo, go raya gore go maswe le go feta go bo lesa bo kometsa nako e e tshwanetseng go beelwa go diragatsa maikarabelo a magolo, a a etsang go ikarabela mo Mmoping wa rona, mo malapeng a rona, mo tirong ya rona, le mo ditsaleng tsa rona! Ka jalo he, go botlhokwatlhokwa go nna tekatekanyo mo boitlosongbodutu! Re tla itse jang gore ke boitlosobodutu bofe jo bo sa re siamelang, le gore fa bo le bontsi thata ke fa bo le kae?

      [Ditshwantsho mo go tsebe 7]

      Boitlosobodutu bongwe bo ka ama dipelo tsa rona mme jwa re thamisa

  • O Tla Tlhopha Boitlosobodutu Bofe?
    Tsogang!—1992 | November 8
    • O Tla Tlhopha Boitlosobodutu Bofe?

      GO LEBA boitlosobodutu ka tekatekanyo ke kgang e nngwe. Fa go bontsha tekatekanyo gone e le e nngwe gape. Go motlhofo go bona gore boitlosobodutu bo a tlhokega, lefa go ntse jalo bontsi jwa jone ke matlakala fela mme ebile ke go senya nako. Go sa kgathalesege seo, re tlhoka go dira ditshwetso letsatsi le letsatsi—mme ga se ka metlha di leng motlhofo.

      Jaaka fa re setse re bone, kgwebo ya boitlosobodutu ga e dire gore go dira tshwetso go nne motlhofo. Go gontsi mo e leng gore ga o itse gore ke o tlhophe eng o lese eng, mme lefa go le jalo, mo diketeketeng tsa dingwaga, Bibela e ile ya neela batho ba ba peloephepa kaelo e ba e tlhokang. Boitsaenape jwa motlha ono ga bo a dira gore melaometheo ya Bibela e tswapoge; go na le moo, e botlhokwa thata ebile e tlhokega thata mo metlheng eno ya dipharagobe go gaisa le fa e le leng pele. Jaanong a re boneng kafa re ka dirisang ka teng melaometheo eo fa go tla mo diphatseng tse pedi tse di ka leriweng ke boitlosobodutu—diteng tsa jone le nako e bo e jang.

      Dikaelo tsa Bibela Ke Dife?

      Mosha mongwe o a ipolaya, mme kwa morago go lemogiwa gore o ne a rata mmino wa heavy-metal rock o o neng o kgothaletsa go ipolaya. Mosetsana wa dingwaga tse di 14 o phophothela mmaagwe go fitlhela a bo a a swa, mme go lebega fa le ene a ne a rata mmino wa heavy metal thata. Mosimane wa dingwaga tse di 15 o bolaya mosadi mongwe, mme mmueledi wa gagwe o bolela gore o tlhotlheleditswe ke difilimi tse di bontshang bosetlhogo jo bo tsitsibanyang mmele. Filimi e e bontshang thubakanyo ya makoko e a simolola, mme go tsoga ntwa ya makoko gone moo mo mafelong a go bontshetswang difilimi mo go one mme le ba ba emetseng go ya go bona filimi eo ba a lwa.

      Go phepafetse gore boitlosobodutu jo re bo tlhophang bo a re ama. Baitse bangwe ba ka nna ba tsholola dipego tse di fa godimo ba re ke bosupi jo bo diragalang ka sewelo fela jo bo sa felelang. Lefa go le jalo, melaometheo ya Bibela e itebaganya le mathata ao ka tlhamalalo. Ka sekai, ela tlhoko mafoko ano a a bokete: “Tsamaea le batho ba ba botlhale, me u tla nna botlhale: me monkana oa dieleele o tla utlwisiwa botlhoko ke gōna.” (Diane 13:20) A mme boitlosobodutu jo bongwe ga bo dire gore o dire sone seo—go tsamaya, kgotsa go tsalana le batho ba ba dieleele, kgotsa ba ba senang boitsholo? Ka tsela e e tshwanang, 1 Bakorintha 15:33 e balega jaana: “Lo se ka loa tsietsèga: Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.” Ano ga se mafoko a a bolelang dilo di le dintsi a a sa tlhamalalang, ga se a baitse ba ba sa utlwaneng ka mogopolo ba ba ganetsanang ka dipalopalo. Ke molao fela o o motlhofo o o bontshang kafa motho a ntseng ka teng. Fa re tsamaya ka metlha le batho ba ba senang boitsholo, mekgwa ya rona e tla amega ka tsela e e sa siamang.

      Melaometheo eo e thusa gape fa go tla mo go obameleng bagaka ba metshameko, ba difilimi, ba thelebishene, le ba mmino. Le mororo bagaka bano gantsi ba galaletsa thubakanyo kgotsa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, mo metshamekong ya bone le mo matshelong a bone, barati ba bone—bogolo jang basha—ba santse ba lebega ba ba obamela. Bosheng jaana pampiri ya dikgang e go tweng The European e ile ya re: “Baithutaloago ba re mo bathong ba gompieno ba ba sa sekamelang thata mo bodumeding bagaka ba ba tumileng ba ka nna ba bo ba direla mo maemong a pele a kileng a bo a tshwerwe ke bodumedi mo matshelong a basha ba le bantsi.” Mme a ko o ele tlhoko se Pesalema 146:3 e se bolelang: “Lo se ka loa ikanya dikgōsana, leha e le ñwana oa motho, eo go senañ thushō epè mo go èna.” Mme Diane 3:31 e a re: “U se ka ua rata ua bo u ka nna yaka motho oa sesenyi, u bo u se ka ua itshenkèla ditsela dipè tsa gagwè.”

      Molaomotheo o mongwe wa konokono ke o: Fa Bakeresete ba dira ditshwetso, ga baa tshwanela go tshwenyega fela ka gore di tla ba ama jang ka namana mme gape ba tshwanetse go amega ka ba bangwe ba ba mo phuthegong ya Bokeresete, go kopanyeletsa le ba ba kgopakgopegang fela. (1 Bakorintha 10:23-33) Se se molemo ke gore, melaometheo ya Bibela gape e re thusa go tlhoma ditekanyetso mabapi le boitlosobodutu tse ka tsone re ka tlhophang re sa boife sepe. Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola jaana: “Sa bohèlō, ba ga echo, dilō cotlhe tsa boamarure, dilō cotlhe tse di chwanetseñ go tlotlwa, dilō cotlhe tse di itshekileñ, dilō cotlhe tse di ratègañ, dilō cotlhe tse di bolèlwañ ka molemō; ha go na le molemō moñwe, me ha go na le pakō, lo gopolè dilō tse.”—Bafilipi 4:8.

      Melaometheo eno e ile ya nna ya kaela batho ba Modimo mo makgolokgolong a dingwaga. Kwa Roma wa bogologolo Bakeresete ba ne ba sa tlhoke molao ope o o papametseng o o ba bolelelang gore metshameko ya batho ba ba tlhabanang gore ba bo ba swe, e e neng e tletse ka polao le bosetlhogo, e ne e le boitlosobodutu jo bo sa siamang. Ba ile ba dirisa melaometheo e e tshwanang le e e fa godimo fela mme ka go dira jalo ba itshireletsa, bone le malapa a bone, le diphuthego tsa bone.

      Kafa O Ka Tlhophang ka Teng

      Bakeresete ba boammaaruri ba dira jalo le gompieno. Fa ba tlhopha boitlosobodutu, ba tlhola pele gore bo na le boitshwaro jwa mofuta ofe. Jang? Ka sekai, pele ga ba reka rekoto, ba lebelela khabara ya yone pele. Mmino oo o bapadiwa jang? A o kgothaletsa mekgwa e e sa reng ee? Kilano? Botsoulodi? Bogale? Tlhakanelodikobo le phepiso? Fa gongwe mafoko a one a a bo a kwadilwe gore motho a a bone. Ka tsela e e tshwanang, dipati tsa dibuka gantsi di na le tshobokanyo ya diteng, mme fa gongwe le dikakgelo tse di leng malebana le tsone di a bo di le teng. Mme le ka difilimi fa gongwe go nna le dikakgelo tse di leng malebana le tsone mo dimakasineng le mo dipampiring tsa dikgang tsa lefelo leo. Mafatshe a mangwe a baya difilimi ka ditlhopha tse di ka thusang go kaela motho. Kwantle ga pelaelo, fa e le gore lefatshe leno le le senang boitsholo le bona boitlosobodutu bongwe bo tlhalosa tlhakanelodikobo, boitsholo jo bo sa siamang, kgotsa thubakanyo go feta selekanyo, go thata go akanya gore Mokeresete ene a ka tlhoma ditekanyetso tse di kwa tlase ga tseo mme a bo a iteseletsa go tsenya dilo tseo mo tlhaloganyong le mo pelong ya gagwe.

      Mo letlhakoreng le lengwe, Kgosi Solomone yo o botlhale o kile a tlhagisa jaana: “U se ka ua nna tshiamō ea mo go heteletseñ; le gōna u se ka ua itiha botlhale yoa mo go heteletseñ: ana u ka bo u itshenyetsañ?” (Moreri 7:16) Go itira mosiami thata ke seru se go leng motlhofo go wela mo go sone fa go tla mo boitlosongbodutu. Re ka nna ra ngaparela thata tlhopho e re e dirileng, re sena go sekaseka melaometheo ya Bibela ka kelotlhoko le ka thapelo. Mme lefa go le jalo, re ka nna ra fitlhela gore ba bangwe ba le bone ba tshelang ka melaometheo e e tshwanang le ya rona ba e leba ka tsela e e farologaneng. O se ka wa dira gore seo se go hutsafatse. Mongwe le mongwe wa rona o ikarabelela mo tlhophong e a e dirileng.—Bagalatia 6:4.

      Fa go Le Gontsi go Feta Selekanyo Ke Fa Go Le Kae?

      Mokgwa o lefatshe le bayang boiketlo kwa pele ka one o feteletse fela thata. Ka sekai, kakgelo nngwe ya bosheng jaana mo makasineng wa kgwebo o go tweng Parks & Recreation e ne ya bitsa boitapoloso e re ke “konokono ya botshelo.” Ka tsela e e tshwanang, bosheng jaana The New York Times Magazine e ne ya bolela jaana ka bosigo jwa Matlhatso, e leng nako e e rategang thata ya boitapoloso: “Fa o tlhakanya, o tla fitlhela gore malatsi a fa gare ga beke a mantsi thata go feta masigo a Matlhatso, mme lefa go le jalo bosigo jwa Matlhatso ke jone bo dirang gore botshelo bo nne le bokao.” Baitse bangwe ba bile ba re mo mafatsheng a a tlhabologileng, batho ba rata boiketlo thata, mme ba tsaya bodumedi e le nngwe ya ditiro tsa fa o iketlile.

      Bakeresete ga ba gakgamadiwe ke go bewa kwa pele ga dilo tse di seng botlhokwa jalo. Bibela e sale e boleletse pele gore mo “metlheñ [eno] ea bohèlō” e e tlhokofatsang, batho ba tla nna “baithati, . . . barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:1-4) Mme melaometheo ya Bibela yone e re thusa go baya dilo tsa rona ka maemo a tsone sentle. Fela jaaka fa Jesu a ile a re, “u ratè Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago, le ka mōea otlhe oa gago, le tlhaloganyō eotlhe ea gago, le ka thata eotlhe ea gago.” (Mareko 12:30) Ka jalo, mo bathong ba Modimo, go mo rata go tla pele mo matshelong a bone. Go na le go tsaya gore tirelo ya Bokeresete ke ya fa motho a iketlile, ba e baya kwa pele. Tota le tiro ya bone ya boitshediso e direlwa go tshegetsa tirelo eo ya botlhokwa.—Mathaio 6:33.

      Ka jalo fa go tla mo boitlosongbodutu, Mokeresete o tshwanetse go sekaseka ditshenyegelo, a bapise nako e bo tlileng go e ja le nako e tota e bo tshwanetseng. (Luke 14:28) Fa e le gore go itlosa bodutu ka tsela nngwe go tla raya go tlhokomologa dilo tsa botlhokwa, tse di etsang thuto ya motho ka namana kgotsa ya lelapa ya Bibela, nako ya go nna mmogo le badumedi ka ene, bodihedi jwa Bokeresete, kgotsa maikarabelo a a botlhokwa a lelapa, he go raya gore bo tla bo bo tura go feta selekanyo.

      Seo Dilo Tse O Di Tlhophang Di Se Senolang ka Wena

      Nako e re e tsayang re itlosa bodutu e tla bontsha gore ke eng se re se bayang kwa pele, fela jaaka fa se se mo boitlosongbodutu jwa rona se tla senola boitshwaro jwa rona le gore re tlhoafetse go le kana kang mo boineelong jwa rona. Dilo tse re di tlhophang di tla bolelela batho ba re nnang le bone gore re batho ba mofuta mang, gore ke mekgwa efe ya boitsholo e re e batlang. Dilo tse re di tlhophang di tla bolelela ditsala tsa rona, ba lelapa la rona, le phuthego ya rona gore a re tekatekanyo kgotsa re batho ba ba sa obegeng, gore a re tlhamaletse kgotsa re baitimokanyi, gore a re tshiamo kgotsa re ithaya re re re siame.

      Mma ditshwetso tsa gago di go emele wena le ba lelapa la gago, ereka o sa fitlhegela matlho a Mmopi, yo o sekasekang dipelo le maikutlo a rona rotlhe. Bahebera 4:13 ya re: “Ga go na sebopiwa sepè se se sa bōnatshegeñ mo matlhoñ a ōna: me dilō cotlhe di apogile, di senogile ha pele ga matlhō a ōna o re nañ le go dihana naō.” Ke Modimo fela yo o ka bonang karabo ya popota ya kgang eno: A mme gone re tla kaelwa ke melaometheo ya gagwe mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo?

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela