LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • re kgao. 42 ts. 301-305
  • Legodimo le Lesha le Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Legodimo le Lesha le Lefatshe le Lesha
  • Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Metsi” A ba Ba Nyorilweng
  • Ba ba Fenyang
  • Kafa “Magodimo a Masha, le Lehatshe ye Lesha” Di Simologang Ka Gone
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
  • “Lo Ipele ka Bosaengkae Mo go Se ke Se Bopang”
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
  • Motse o o Galalelang
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Jerusalema yo Mosha ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
re kgao. 42 ts. 301-305

Kgaolo 42

Legodimo le Lesha le Lefatshe le Lesha

1. Ke eng se Johane a se tlhalosang fa moengele a mmusetsa kwa tshimologong ya Puso ya Dingwaga tse di Sekete?

PONATSHEGELO eno e e galalelang e tswelela pele go rarabologa fa jaanong moengele a busetsa Johane kwa tshimologong ya Puso ya Dingwaga tse di Sekete. Ke eng seo a se tlhalosang? “Mme ka bona legodimo le lesha le lefatshe le lesha; gonne legodimo la pele le lefatshe la pele di ne di fetile, le lewatle ga le tlhole le le gone.” (Tshenolo 21:1) Ruri seno ke ponalo e e kgatlhisang thata!

2. (a) Polelelopele ya ga Isaia kaga magodimo a masha le lefatshe le lesha e ne ya diragadiwa jang mo Bajudeng ba ba tsosolositsweng ka 537 B.C.E.? (b) Re itse jang gore go tla nna le tiragatso e nngwe gape ya polelelopele ya ga Isaia, mme tsholofetso eno e diragadiwa jang?

2 Makgolokgolo a dingwaga pele ga motlha wa ga Johane, Jehofa o ne a reile Isaia a re: “Gonne bona, ke bopa magodimo a masha le lefatshe le lesha; mme dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.” (Isaia 65:17; 66:22) Polelelopele eno e ne ya diragadiwa pelepele fa Bajuda ba ba ikanyegang ba ne ba boela kwa Jerusalema ka 537 B.C.E. morago ga dingwaga tse 70 ba le mo botshwarong kwa Babelona. Mo tsosolosong eo, ba ne ba nna setlhopha sa batho ba ba phepafaditsweng, “lefatshe le lesha,” mo tsamaisong ya puso e ntšha, “magodimo a masha.” Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Petere o ne a supa kaga tiragatso e nngwe gape ya polelelopele, a re: “Mme go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe, mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.” (2 Petere 3:13) Johane jaanong o bontsha gore tsholofetso eno e diragadiwa mo letsatsing la Morena. “Legodimo la pele le lefatshe la pele,” e bong tsamaiso ya dilo e e rulagantsweng ya ga Satane ka thulaganyo ya mebuso ya yone e e tlhotlhelediwang ke Satane le madimona a gagwe, di tla feta. “Lewatle” le le kgaphaselang la baikepi, e bong batho ba batsuolodi ga le kitla le tlhola le nna teng. Mo boemong jwa lone go tla nna “legodimo le lesha le lefatshe le lesha”—mofuta wa batho o mosha mo lefatsheng ba ba busiwang ke puso e ntšha, Bogosi jwa Modimo.—Bapisa Tshenolo 20:11.

3. (a) Ke eng se Johane a se tlhalosang, mme Jerusalema yo Mosha ke eng? (b) Jerusalema yo Mosha “o fologa o tswa legodimong” ka tsela efe?

3 Johane o tswelela jaana: “Gape ka bona motse o o boitshepo, Jerusalema yo Mosha, o fologa o tswa legodimong kwa Modimong e bile o baakantswe jaaka monyadiwa a kgabiseditswe monna wa gagwe.” (Tshenolo 21:2) Jerusalema yo mosha ke monyadiwa wa ga Keresete, yo o dirilweng ka Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang go ya fela kwa losong le ba ba tsosediwang go nna dikgosi le baperesiti le Jesu yo o galaleditsweng. (Tshenolo 3:12; 20:6) Fela jaaka Jerusalema wa selefatshe a ne a nna motsemogolo wa puso ya Iseraele wa bogologolo, Jerusalema yo Mosha yo o tsabakelang le Monyadi wa gagwe di bopa puso ya tsamaiso e ntšha ya dilo. Leno ke legodimo le lesha. ‘Monyadiwa o fologa kwa legodimong,’ e seng ka tsela ya mmatota, mme ka tsela ya gore jaanong o lebisa tlhokomelo ya gagwe mo lefatsheng. Monyadiwa wa ga Kwana o tshwanetse go nna mothusi wa gagwe yo o ikanyegang mo ditsamaisong tsa puso ya tshiamo ya batho botlhe. Seno ruri ke lesego le legolo mo lefatsheng le lesha!

4. Ke tsholofetso efe e Modimo a e dirang e e tshwanang fela le e a neng a e dira mo setšhabeng sa Iseraele se se neng se sa tswa go thaiwa?

4 Johane o tswelela go re raya a re: “Morago ga moo ka utlwa lentswe le le kwa godimo le tswa mo setulong sa bogosi le re: ‘Bona! Mogope wa Modimo o mo bathong, mme o tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba gagwe. Mme Modimo ka boene o tla nna le bone.’” (Tshenolo 21:3) Fa Jehofa a ne a dira kgolagano ya Molao le setšhaba se se neng se sale sesha sa bogologolo sa Iseraele, o ne a solofetsa a re: “Ruri ke tla baya motlaagana wa me mo gare ga lona, moya wa me ga o kitla o lo ila. Ruri ke tla tsamaya mo gare ga lona ke bo ke itshupa ke le Modimo wa lona, mme lona, lo tla itshupa lo le batho ba me.” (Lefitiko 26:11, 12) Mme jaanong Jehofa o dira tsholofetso e e tshwanang mo bathong ba ba ikanyegang. Mo Letsatsing la Katlholo la dingwaga tse di sekete, ba tla nna batho ba ba kgethegileng thata mo go ene.

5. (a) Modimo o tla aga jang le batho mo Pusong ya Dingwaga tse di Sekete? (b) Modimo o tla aga jang le batho morago ga Puso ya Dingwaga tse di Sekete?

5 Mo Pusong ya Dingwaga tse di Sekete, Jehofa o tla “aga” le batho mo thulaganyong ya nakwana, a emetswe ke Morwawe wa segosi, Jesu Keresete. Le fa go ntse jalo, kwa bofelong jwa Puso ya Dingwaga tse di Sekete, fa Jesu a busetsa Bogosi kwa go Rraagwe, go tla bo go sa tlhokege moemedi ope wa segosi kana mmueledi. Jehofa o tla aga ka tsela ya semoya le ‘batho ba gagwe’ ka tsela e e tlhomameng le e e tlhamaletseng. (Bapisa Johane 4:23, 24.) A bo seo e tla nna tshiamelo e kgolo jang ne mo bathong ba ba tsosolositsweng!

6, 7. (a) Ke ditsholofetso dife tse di molemolemo tse Johane a di bolelang, mme ke bomang ba ba tla ipelelang masego ao? (b) Isaia o tlhalosa jang paradaise ya semoya le e e bonalang?

6 Johane o tswelela pele ka go re: “Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” (Tshenolo 21:4) Re gakololwa gape ka ditsholofetso tsa pelenyana tse di tlhotlheleditsweng. Isaia gape o ne a lebelela nakong eo ya fa loso le bohutsana di tla bong di sa tlhole di le gone mme bohutsana bo tseetswe sebaka ke boitumelo. (Isaia 25:8; 35:10; 51:11; 65:19) Johane jaanong o tiisetsa gore ditsholofetso tseno di tla diragadiwa ka tsela e e molemolemo mo Letsatsing la Katlholo la dingwaga tse di sekete. Selo sa ntlha boidiidi jo bogolo bo tla ipelela masego. “Kwana, yo o mo gare ga setulo sa bogosi,” fa a ntse a ba disitse “o tla ba kaela go ya kwa metsweding ya metsi a botshelo. Mme Modimo o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone.” (Tshenolo 7:9, 17) Mme kgabagare botlhe ba ba tsositsweng mme ba bontsha tumelo mo dithulaganyong tsa ga Jehofa ba tla bo ba na le bone, ba ipelela paradaise ya semoya le ya mmatota.

7 Isaia o bolela jaana: “Ka nako eo matlho a difofu a tla bulwa, le ditsebe tsa bosusu di tla thibololwa.” Ee, “ka nako eo setlhotsa se tla palama fela jaaka kgama e tonanyana, le loleme lwa yo o sa kgoneng go bua lo tla goa ka boitumelo.” (Isaia 35:5, 6) Ka nako eo gape, “ba tla aga matlo, ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga, mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele. gonne jaaka malatsi a setlhare a ntse, malatsi a batho ba me a tla nna fela jalo; mme batho ba me ba ba tlhophilweng ba tla dirisa tiro ya diatla tsa bone ka botlalo.” (Isaia 65:21, 22) Jalo ga ba kitla ba tlosiwa mo lefatsheng.

8. Ke eng se Jehofa ka boene a se bolelang mabapi le boikanngo jwa ditsholofetso tseno tse di molemo thata?

8 A bo dilo tseno tse di kwa pele tse di molemolemo di dira gore megopolo ya rona e tlhatlhanye ka ditsholofetso tseno! Dithulaganyo tse di molemo thata di boloketswe batho botlhe ba ba ikanyegang fa go busa puso e e lorato ya selegodimo. A o go fitlhela go le thata go dumela gore ditsholofetso tseno di tla direga? A ke ditoro fela tsa monnamogolo yo o neng a isitswe botshwarwa kwa setlhaketlhakeng sa Patamose? Jehofa ka boene o a araba: “Mme Yo o ntseng mo setulong sa bogosi a re: ‘Bona! Ke dira dilo tsotlhe disha.’ Gape, a re: ‘Kwala, ka gonne mafoko ano a a ikanyega e bile a boammaaruri.’ Mme a nthaya a re: ‘Di diragetse! Ke nna Alefa le Omega, tshimologo le bokhutlo.’”—Tshenolo 21:5, 6a.

9. Ke ka ntlha yang fa masego ano a isagwe a ka tsewa gore ruriruri a tla diragala?

9 Go ntse jaaka e kete Jehofa ka boene o ne a saenela batho ba ba ikanyegang tlhomamisetso, kana tshwanelo ya kafa molaong, kaga masego ano a isagwe. Ke mang yo o ka lekang go belaela Motlhomamisetsi yo o ntseng jalo? Ebu, ditsholofetso tseno di tlhomamisega fela thata mo eleng gore Jehofa o bua jaaka e kete di setse di diragaditswe: “Di diragetse”! A Jehofa ga se “Alefa le Omega . . . , Ene yo o gone le yo o neng a le gone le yo o tlang, Mothatayotlhe”? (Tshenolo 1:8) Ruri ke ene! Ene ka boene o bolela jaana: “Ke nna wa ntlha, e bile ke nna wa bofelo, me kwantle ga me ga go na Modimo ope.” (Isaia 44:6) Ka jalo, o ka tlhotlheletsa dipolelelopele mme a di diragatse tsotlhe fela. A bo seo se nonotsha tumelo jang ne! Jalo o solofetsa jaana: “Bona!, Ke dira dilo tsotlhe disha”! Go na le go belaela gore a jaana dikgakgamatso tseno di tla diragala tota, ruri re tshwanetse ra bo re ipotsa gore: ‘Ke eng se nna ka bonna ke tshwanetseng go se dira go bona masego ao?’

“Metsi” A ba Ba Nyorilweng

10. Ke “metsi” afe a Jehofa a a abang, mme a emelang?

10 Ke Jehofa ka boene yo o buang a re: “Le fa e le mang yo o nyorwang ke tla mo nosa mahala mo motsweding wa metsi a botshelo.” (Tshenolo 21:6b) Go fedisa lenyora leo, motho o tshwanetse go tlhokomela bomoya jwa gagwe mme a ikemisetse go amogela “metsi” a a tswang mo go Jehofa. (Isaia 55:1; Mathaio 5:3) Ke “metsi” afe ao? Jesu ka boene o ne a araba potso eo fa a ne a rerela mosadi mongwe yo o neng a le fa sedibeng sa Samarea. O ne a mo raya a re: “Le fa e le mang yo o nwang metsi a ke tla a mo nayang ga a kitla a nyorwa ka gope, mme metsi a ke tla a mo nayang a tla nna mo go ene motswedi wa metsi a a pomponyegang go naya botshelo jo bo sa khutleng.” ‘Motswedi oo wa metsi a botshelo’ o elela go tswa kwa Modimong ka Keresete jaaka thulaganyo ya gagwe ya go tsosolosetsa batho botshelong jo bo itekanetseng. Fela jaaka mosadi wa Mosamarea, a bo re tshwanetse go tlhagafalela jang ne go nwa thatathata metsi a a mo motsweding oo! Mme, fela jaaka mosadi yoo, a bo re tshwanetse go ipaakanyetsa jang ne go latlha dilo tsotlhe tsa lefatshe gore re tle re bolelele ba bangwe dikgang tse di molemo!—Johane 4:14, 15, 28, 29.

Ba ba Fenyang

11. Ke tsholofetso efe e Jehofa a e dirang, mme mafoko ao a dira mo go bomang pele?

11 Ba ba nwang “metsi” a a lapolosang ao le bone ba tshwanetse go fenya, fela jaaka Jehofa a tswelela go bua a re: “Le fa e le mang yo o fenyang o tla rua dilo tseno, mme ke tla nna Modimo wa gagwe mme o tla nna morwaake.” (Tshenolo 21:7) Tsholofetso eno e tshwana fela le ditsholofetso tse di fitlhelwang mo melaetseng e e yang diphuthegong tse supa: ka jalo, mafoko ano a tshwanetse a dire pele mo barutweng ba ba tloditsweng. (Tshenolo 2:7, 11, 17, 26-28; 3:5, 12, 21) Bomonnawe Keresete ba semoya mo dingwageng tsotlhe tse di fetileng ba ile ba nna ba lebeletse ka tlhagafalo tshiamelo ya go nna bontlhanngwe jwa Jerusalema yo Mosha. Fa ba fenya, fela jaaka Jesu a fentse, ba tla fiwa dilo tse ba di solofetseng.—Johane 16:33.

12. Tsholofetso ya ga Jehofa mo go Tshenolo 21:7 e tla diragadiwa jang mo boidiiding jo bogolo?

12 Boidiidi jo bogolo jo bo tswang mo ditšhabeng tsotlhe le jone bo lebile mo tsholofetsong eno. Le bone ba tshwanetse go fenya, ba direla Modimo ka boikanyego go fitlhelela ba falola pitlagano e kgolo. Go tswa foo ba tla tsena mo bosweng jwa bone jwa selefatshe, ‘bogosi jo ba bo baakanyeditsweng go tloga fa e sa le lefatshe le thaiwa.’ (Mathaio 25:34) Bano le ba bangwe ba dinku tsa Morena ba ba lebeletseng go nna mo lefatsheng ba ba falolang teko kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete ba bidiwa “baitshepi.” (Tshenolo 20:9) Ba tla ipelela kamano e e boitshepo le go nna bana ba Mmopi, Jehofa Modimo, ba le maloko a phuthego ya gagwe ya lobopo lotlhe.—Isaia 66:22; Johane 20:31; Baroma 8:21.

13, 14. Go bona ditsholofetso tse di molemolemo tsa Modimo, ke ditlwaelo dife tse re tshwanetseng go di tila gotlhelele, mme ka ntlha yang?

13 Malebana le tebelelo eno e e molemo thata, a bo go le botlhokwa jang ne gore Basupi ba ga Jehofa jaanong ba nne ba le phepa ba se ka ba leswefadiwa ke dilo tsa lefatshe la ga Satane! Re tshwanetse go nna re nonofile, re ititeile sehuba, mme re ikemiseditse gore Diabolo ga a kitla a re gogela mo setlhopheng se Jehofa ka boene a se tlhalosang fano a re: “Mme magatlapa le ba ba se nang tumelo le ba ba ferosang sebete ka ntlha ya leswe la bone le babolai le bagokafadi le ba ba dirisanang le meya le baobamedi ba medingwana le baaki botlhe, kabelo ya bone e tla nna mo bodibeng jo bo tukang molelo le sulefera. Seno se kaya loso lwa bobedi.” (Tshenolo 21:8) Ee, motho yo o tla nnang morui o tshwanetse go tila ditlwaelo tse di leswefaditseng tsamaiso e kgologolo eno ya dilo. O tshwanetse go fenya ka go nna a ikanyega le fa a lebagane le dikgatelelo le dithaelo.—Baroma 8:35-39.

14 Le fa dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete di iphaka gore ke monyadiwa wa ga Keresete, di dirisa ditlwaelo tse di maswe tseo Johane a di tlhalosang fano. Jalo di ya kwa tshenyegong e e sa khutleng mmogo le Babelona o Mogolo ka kakaretso. (Tshenolo 18:8, 21) Ka tsela e e tshwanang, ope fela wa ba ba tloditsweng kana wa ba boidiidi jo bogolo yo o dirang tiro e e bosula, kana a e kgothaletsa, o lebagane le tshenyego e e sa khutleng. Fa ba ganelela mo ditirong tse, ga ba kitla ba bona ditsholofetso. Mme mo lefatsheng je lesha, botlhe ba ba lekang go tlisa ditlwaelo tse di ntseng jalo ba tla senngwa ka bofefo, ba tsena mo losong lwa bobedi kwantle ga tsholofelo epe ya tsogo.—Isaia 65:20.

15. Ke bomang ba ba tlhomologileng jaaka bafenyi, mme Tshenolo e konelwa ka tsela e e kwa godimo ka ponatshegelo efe?

15 Ba ba tlhomologileng jaaka bafenyi ke Kwana, Jesu Keresete, le monyadiwa wa gagwe wa ba ba 144 000, Jerusalema yo Mosha. A bo go tshwanela jang ne, gore Tshenolo e bo e konelwa ka tsela e e tlotlometseng ke pono e e kwa godimo thata, ya Jerusalema yo Mosha! Johane jaanong o tlhalosa ponatshegelo e nngwe gape ya bofelo.

[Ditshwantsho mo go tsebe 302]

Mo bathong ba lefatshe le lesha, go tla nna le tiro e e itumedisang le botsalano jwa batho

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela