Kgaolo 133
Jesu O Wetsa Dilo Tsotlhe Tse Modimo O Di Batlang
ABO go tla bo go na le lebaka la go itumela jang ne fa Kgosi ya Motlhabani Jesu Keresete a nyeletsa Satane le lefatshe le le boikepo leno! Kgabagare Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya kagiso ya ga Jesu e simolola go busa!
Batho ba ba tla bong ba falotse Hara-Magedona ba tla tlosa dilo tse di sentsweng ke ntwa eo ya tshiamo, ba kaelwa ke Jesu le dikgosi tse di busang nae. Go lebega gore batho ba ba tla bong ba falotse ba ba mo lefatsheng ba tla tshola bana ka lobakanyana, mme bano ba tla nna le seabe mo tirong e e itumedisang thata ya go dira lefatshe go nna tshimo e ntle ya sekaparaka.
Fa nako e ntse e tsamaya Jesu o tla tsosa dimilione tsa batho tse di senang palo kwa mabitleng go tla go itumelela Paradaise e ntle eno. O tla dira seno a diragatsa tiisetso eno e e neng ya dirwa ke ene: ‘Lobaka loe tla, lo botlhe ba ba mo diphupung ba tla . . . tswang.’
Mo gare ga bao Jesu a tla ba tsosang go tla bo go na le monna yo pele e neng e le modirabosula yoo o neng a swela fa thoko ga gagwe mo koteng ya tlhokofatso. Gakologelwa gore Jesu o ne a mo solofetsa jaana: “Ruri ke a go bolelela gompieno, ka re o tla nna le nna mo Paradaiseng.” (NW ) Nnyaa, monna yoo ga a kake a tseelwa kwa legodimong go ya go busa jaaka kgosi le Jesu, ebile ga se gore Jesu o tla nna motho gape a bo a tshela le ene mo lefatsheng la Paradaise. Go na le moo, Jesu o tla nna le monna yo pele e neng e le modirabosula yono ka tlhaloganyo ya gore O tla mo tsosa go tla go tshela mo Paradaiseng a bo a tlhomamisa gore o bona dilo tsotlhe tse a di tlhokang mo nameng le mo semoyeng, jaaka setshwantsho se se mo tsebeng e e latelang se supa.
Akanya fela ka seo! Lelapa lotlhe la motho—bafalodi ba Hara-Magedona, bana ba bone, le dimilione tse di diketekete tsa baswi ba ba tsositsweng ba ba mo ikobelang—ba dirwa boitekanelo kafa tlase ga tlhokomelo e e lorato ya ga Jesu. Jehofa, ka Morwa wa gagwe wa kgosi, Jesu Keresete, o tla nna le batho ka tsela ya semoya. “Me,” fela jaaka lentswe le Johane a neng a le utlwa le tswa kwa legodimong le bolela, “o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho, le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko.” Ga go na motho ope mo lefatsheng yo o tla bogang kana a lwala.
Kwa bokhutlong jwa Puso ya Dingwaga Tse Di Sekete ya ga Jesu, boemo bo tla nna fela jaaka Modimo a ne a ikaeletse kwa tshimologong fa a ne a bolelela batho ba ntlha ba babedi ebong Adame le Efa gore ba ate mme ba tlale mo lefatsheng. Ee, lefatshe le tla bo le tletse ka lotso lwa batho ba ba siameng le ba ba itekanetseng. Seno ke ka gonne melemo ya setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo e tla bo e bonwa ke mongwe le mongwe. Ga go ope yo o tla bong a santse aa swa ka ntlha ya boleo jwa ga Adame!
Ka gone, Jesu o tla bo a dirile dilo tsotlhe tse Jehofa o neng o mo kopile go di dira. Ka gone, kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete, o tla neela Rraagwe Puso mmogo le lelapa le le itekanetseng la batho. Modimo ka nako eo o tla golola Satane le badimona ba gagwe go tswa mo moleteng wa go sa direng sepe mo go tshwanang fela le jaaka ekete ba sule. Ka boikaelelo bofe?
Ebu, kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete, bontsi jwa bao ba tshelang mo Paradaiseng e tla bo e le batho ba ba tsositsweng mo baswing bao tumelo ya bone e iseng e ko e lekiwe. Ba ne ba ise ba itse ditsholofetso tsa Modimo pele ga ba swa ka jalo ba ne ba sa kake ba supa fa ba di dumela. He, fa ba sena go tsosiwa mo baswing le go rutiwa boammaaruri jwa Bibela, go motlhofo mo go bone go direla Modimo, ba le mo Paradaiseng, ba sa ganediwe. Mme fa Satane a ne a ka newa tshono ya go leka go ba thibela go tswelela ba direla Modimo, a ba ne ba tla nna ba ntse ba ikanyega le fa ba lekwa? Satane o tla gololwa gore potso eno e arabiwe.
Tshenolo e e neng ya newa Johane e senola gore morago ga Puso ya ga Jesu ya Dingwaga tse di Sekete, Satane o tla atlega mo go faposeng batho ba palo e e sa itsiweng mo go direleng Modimo. Mme, fa teko ya bofelo e sena go wediwa, Satane, badimona ba gagwe, le botlhe ba a tla atlegang go ba faposa ba tla nyelediwa. Mo letlhakoreng le lengwe, bafalodi ba ba lekilweng ka botlalo, ba ba ikanyegang ba tla tswelela ba tshela go ipelela masego a a tswang kwa go Rraabone wa selegodimo ka bosakhutleng.
Ka phepafalo, Jesu o ile a nna le seabe sa botlhokwa, mme ebile o tla tswelela a nna le sone, mo go diragatseng boikaelelo jo bo galalelang jwa Modimo. Abo re ka nna ra ipelela isagwe e e molemo jang ne ka ntlha ya se Kgosi e kgolo ya Modimo ya selegodimo e tla se fitlhelelang. Lefa go le jalo, ga re kake ra lebala dilo tsotlhe tse a neng a di dira fa e ne e santse e le motho.
Jesu o ne a tla mo lefatsheng ka go ithatela fela mme a ruta batho kaga Rraagwe. Mo godimo ga dilo tseno tsotlhe o ne a supa kafa dinonofo tse di kwa godimo thata tsa Modimo di ntseng ka gone. Dipelo tsa rona di a tlhotlheletsega fa re tlhokomela bopelokgale jo bo boitshegang jwa gagwe le go dira ga gagwe ka tsela ya senna, botlhale jwa gagwe jo bo ka se kang jwa bapisiwa le bope, nonofo ya gagwe e e gaisang ya botlhe ya go ruta, go etelela pele ga gagwe a sa boife, le lorato lwa gagwe lo lo neneketsang le boutlwelobotlhoko. Fa re gakologelwa kafa a neng a boga ka gone ka tsela eo re ka se kang ra e tlhalosa fa a ne a ntsha thekololo, eo e leng yone fela re ka kgonang go bona botshelo ka yone, dipelo tsa rona eleruri di tlhotlheletsega gore re mo itumelele tota!
Ka boammaaruri, abo re ithutile ka monna yo o gakgamatsang jang ne mo thutong eno ya botshelo jwa ga Jesu! Bogolo jwa gagwe bo a bonala ebile bo bogolo tota. Re tlhotlheletsega go bua mafoko ano a a neng a buiwa ke mmusi wa Moroma Ponto Pilatwe a a reng: “Bōnañ, monna ke eo!” Ee ruri, monna ke eo,” monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela!
Ka go amogela setlhabelo sa thekololo se se dirilweng go re solegela molemo, mokgweleo wa boleo le loso oo re o ruileng go tswa mo go Adame o ka tlosiwa mo go rona, mme Jesu o ka nna “Rara oa Bosakhutleñ.” Botlhe ba ba tlileng go bona botshelo jo bo sa khutleng ba tshwanetse go ithuta fela ka Modimo mme gape le ka Morwawe, Jesu Keresete. Ekete fa o bala le go ithuta buka eno o ka thusega mo go gopeng kitso eno e e nayang botshelo! 1 Yohane 2:17; 1:7; Yohane 5:28, 29; 3:16; 17:3; 19:5; Luke 23:43; Genesise 1:28; 1 Bakorintha 15:24-28; Tshenolō 20:1-3, 6-10; 21:3, 4; Isaia 9:6.
▪ Batho ba ba tla falolang Hara-Magedona le bana ba bone ba tla bona tshiamelo efe e e itumedisang?
▪ Ke bomang ba bangwe ba ba tla itumelelang go nna mo Paradaiseng mo godimo ga bafalodi ba Hara-Magedona le bana ba bone, mme Jesu o tla nna le bone ka tlhaloganyo efe?
▪ Boemo e tla nna bofe morago ga dingwaga tse di sekete, mme Jesu o tla dira eng ka nako eo?
▪ Ke ka ntlha yang fa Satane a tlile go gololwa mo moleting, mme kgabagare go tlile go diragala eng ka ene le botlhe ba ba mo salang morago?
▪ Jesu a ka nna “Rara oa Bosakhutleñ” wa rona jang?