LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Dipokano Tsa Tirelo ka July
    Tirelo ya Bogosi—1993 | July
    • Dipokano Tsa Tirelo ka July

      Beke E E Simololang ka July 5

      Pina 133

      10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le Dikitsiso tse di tlhophilweng go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Dira gore go nne le baboledi ba le babedi kana ba le bararo ba ipaakanyeditse go akgela kafa ba dirisang ditokololo tse dikgologolo tsa dimakasine ka tsela e e mosola ka teng.

      15 mets: “Go Tsamaisa Diboroutšhara go Batla Ba Ba Bontshitseng Kgatlhego.” E tlotliwa ka dipotso le dikarabo. Diboroutšhara tse go neng go lebisitswe kwa go tsone mo serapeng sa 5 ke tse: A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?, le Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise. Itsise phuthego ka diboroutšhara tse di leng teng mo setokong, mme o kope gore ba akgele mabapi le gore ke diboroutšhara dife tse di ka tshwanelang segolobogolo mo tshimong ya lona. Kgothatsa bakaulengwe ka matlhagatlhaga gore ba nne le seabe ka botlalo mo go tsamaiseng diboroutšhara ka July. Ba tlhalosetse gape gore ka dinako di le dintsi fa batho ba tsaya boroutšhara ba ka rata go tsaya le dimakasine gape.

      20 mets: “Go Dirisa Diboroutšhara ka Botlalo ka July.” Tlotla dintlha tseno le phuthego, mme o dire dipontsho tsa dipuisano tse di mo dirapeng tsa 3, 5, le 7. Ba kgothaletse gore ba baakanyetse sentle.

      Pina 30 le thapelo e e konelang.

      Beke E E Simololang ka July 12

      Pina 25

      10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Bala pego ya tsa madi le dikitsiso dipe tsa gore go amogetswe meneelo. Gakolola phuthego ka dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo, mme o bo o tlotla ka dintlha tse di ka buelelwang tse di farologaneng tse di tswang mo dimakasineng.

      20 mets: “Go Boela go ya go Tsosa Kgatlhego mo Bibeleng.” Fa o sena go dira ketapele e khutshwane, dira pontsho ya fa o boela mongwe yo o neng a bontsha kgatlhego mme a sa tsaya buka. Gape, dira pontsho ya kafa o ka boelang ka teng motho yo o neng a sena nako ya go bua le wena mme a tsere pampitshana ya Ke Mang Tota Yo O Busang Lefatshe Leno? Mo pontshong nngwe le nngwe, bontsha kafa mmoledi a simololang motlotlo ka teng a bo a tsosa kgatlhego.

      15 mets: Tlotla ka dithulaganyo tse di fitlheletsweng tsa letsholo la tshimo e e sa abiwang. Dirisa dintlha tse di mosola tse di tswang mo tsenyeletsong e e mo lekwalong le le kwadilweng ka May 16, 1993. Kgothaletsa botlhe ka lorato go tshegetsa dithulaganyo tsa letsholo leno ka botlalo. Go diphuthego tse di ka sekang tsa kgona go bereka mo tshimong e e sa abiwang monongwaga: Tlotlang ka dilo tse di tlhokegang mo phuthegong ya lona kana botsolotsa baboledi ba le babedi kana ba le bararo malebana le kafa ba ithutileng boammaaruri ka teng. Maitemogelo a a ntseng jalo a tshwanetse a tlhophiwa go sa le gale ebile a tshwanetse go bontsha matswela a bodihedi.

      Pina 191 le thapelo e e konelang.

      Beke E E Simololang ka July 19

      Pina 136

      15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikgang tsa Puso ya Modimo. Gape, tlotla le bareetsi ka setlhogo se se reng “Thulaganyo E Ntšha ya Kopano ya Potologo.”

      15 mets: “A O Ka Kgona go Dira Jalo?” Tlotla le bareetsi. Botsolotsa mmulatsela wa ka metlha a le mongwe fela kana ba le babedi kana mmoledi a le mongwe fela kana ba le babedi ba ba direlang jaaka babulatsela ba ba thusang nako le nako. Dira gore ba bolele kafa ba ileng ba dira tshwetso ka gone go dira mo go oketsegileng le kafa ba rulaganyang ditiro tsa bone ka teng.

      15 mets: Puo ka mogolwane e e malebana le bophepa, e theilwe mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya June 1, 1989, ditsebe 15-20. Puo eno e tshwanetse ya neelwa ka mokgwa o o bonolo le wa go atlhola dilo sentle.

      Pina 165 le thapelo e e konelang.

      Beke E E Simololang ka July 26

      Pina 170

      15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Molebedi wa tirelo o sekaseka pego ya tirelo ya tshimo ya June, a ntse a dira dikakgolo le go kgothatsa. Tlotla le phuthego ka dintlha tse di mo lebokoseng le le reng “A O Mmoledi wa Ka Metlha?” Dirisa dintlha tse di mo setlhogong se se reng “Nna Gone Ka Metlha mo Tirelong ya Tshimo” sa Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 1993. August ke kgwedi ya bofelo ya ngwaga wa tirelo. Kgothaletsa baboledi botlhe gore ba nne le seabe mo bodiheding beke le beke, le go bega tirelo ya bone ka bofefo kwa bofelong jwa August. A rotlhe re ka berekela go fitlhelela tlhora e ntšha ya baboledi ka August? Gape, tlotla ka dintlha di le pedi kana di le tharo tse di tshwanetseng tse di ka buelelwang mo dimakasineng gore di dirisiwe mo tirelong ya tshimo mo mafelobekeng ano.

      15 mets: “Sefapaano,” mo bukeng ya Go Fetolana, ditsebe 351-5. E tshwanetse ya dirwa e le poelo mo go mong wa ntlo yo o neng a amogela boroutšhara ya “Bōnañ”. Mong wa ntlo o supa mo tsebeng ya 17 ya boroutšhara a bo a botsa gore ke ka ntlha yang fa go tshwantshitswe Jesu a le mo koteng eseng mo sefapaanong. Mokaulengwe o dirisa buka ya Go Fetolana go thusa mong wa ntlo go bona kgopolo e e tswang mo Bibeleng.

      15 mets: “Go Dirisa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka Tsela E E Mosola.” E sekasekiwa ka dipotso le dikarabo. Thusa botlhe go anaanela sebaka se re ka nnang le sone ka malatsi otlhe sa go tsamaisa dimakasine, ditokololo tsa bosheng le tse dikgologolo.

      Pina 192 le thapelo e e konelang.

  • Dikgang Tsa Puso ya Modimo
    Tirelo ya Bogosi—1993 | July
    • Dikgang Tsa Puso ya Modimo

      Afrika Borwa: Diholo tsa Bogosi tse dingwe tse pedi tse di agilweng ka bofefo di ne tsa kgakolwa, e nngwe e kgakotswe ka March 20 kwa Zola North (kwa Soweto), mme e nngwe ka May 8 kwa Siyathemba (kwa Balfour). Go ne ga kgakolwa Diholo tsa Bogosi di le pedi tse di neng tsa agiwa sesha, e nngwe kwa Strand mme e nngwe kwa Rondebosch, mo mafelobekeng a May 8 le 9. Holo ya Bogosi kwa Kroonstad e ne ya kgakolwa ka Matlhatso, May 8. Re ipelela go bona dikago tseno tse di molemo tse tlhano, tse di dirisiwang ke diphuthego di le supa. Re rata go akgola diphuthego tsotlhe tse 155 tse di nang le sekoloto sa Diholo tsa Bogosi go bo di sa ntse di romela madi a tsone kwa Mokgatlhong ka boikanyegi, re akgola le diphuthego tsotlhe tse di romelelang Mokgatlho moneelo wa Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi.

      Benin: Tlhora e ntšha ya baboledi ba le 2 967 e ne ya bega ka February. Fa e bapisiwa le tiro ya bone ya ngwaga o le mongwe o o fetileng, seno se raya gore baboledi ba oketsegile ka 13,8 lekgolong, diura ka 6,1 lekgolong, dimakasine tse di tsamaisitsweng di oketsegile ka 40,6 lekgolong, mme dithuto tsa Bibela ka 25,1 lekgolong.

      Zaire: Go sa kgathalesege dikgoberego mo go tsa itsholelo le tsa sepolotiki mo lefatsheng leno, bakaulengwe ba ne ba bega tlhora e ntšha ya baboledi ba le 71 098 ka February. Eo e ne e le koketsego ya 9 lekgolong go feta palogare ya ngogola. Baboledi ba phuthego ba dira palogare ya diura di le 16,8 mongwe le mongwe wa bone mo tirelong ya tshimo. Jaanong jaana Zaire e na le babulatsela ba ka metlha ba le 6 000.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela