-
“Tota Ga Re Kgone Go Buisana!”Tora ya Tebelo—1993 | August 1
-
-
“Tota Ga Re Kgone Go Buisana!”
MICHAEL, yo e leng mmueledi, o ne a tshwanetse go nna motho yo o kgonang go buisana tota. Tiro ya gagwe e ne e batla gore a dire jalo. Mme morago ga fa a sena go fetsa dingwaga di le 16 a ntse a nyetse, Michael o ne a tshwanelwa ke go dumela gore fa a boela gae go mosadi wa gagwe ebong Adrian, go ne go lebega ekete bokgoni jwa gagwe jwa go buisana bo a fela. “Go tshwayana diphoso, go omana le go bua dilo tse di sa siamang ka ntlha ya go galefa,” Michael o gakologelwa jalo, “Nna le Adrian re ne re omanetse ruri, mme ke ne ke akanya gore tota seo se ne se tla re lapisa. Ke ne ka ipotsa gore a fa go twe lenyalo go tewa sone se, go nna re sa kgotsofala ka dinako tsotlhe le go nnela go tenega. Fa e le gore botshelo jwa rona jotlhe mmogo bo ne bo tla nna jalo, ke ne ke batla go tswa mo lenyalong—ke tlhoafetse. Ke ne ke se kitla ke kgona go lebana le go tenega gangwe le gape ka tsela e e ntseng jalo le go tshwenyega mo maikutlong ka dingwaga di le 20, 30, 40.”
Ga se Michael le Adrian fela ba ba ikutlwang ka tsela eo. Ke selo se se diragalelang banyalani ba le bantsi bao manyalo a bone a nnelang go fetofetoga e nna ntwa kgotsa kagiso. Motlotlo o e seng wa sepe fela o fetoga ntwa ya molomo. Ba “utlwa” dilo tse di sa buiwang. Ba bua dilo tse tota ba sa ikaelelang go di bua. Ba a rumola ebile ba tshwaya diphoso, mme go tswa foo ba bo ba ikgogona ba didimala fela ba ntse ba tenegelane. Ga ba kgaogane, mme lefa go ntse jalo, tota ga ba “nama e le ñwe hèla.” (Genesise 2:24) Kamano ya bone e eme felo go le gongwe fela. Go boela morago go tla raya gore ba a kgaogana; go tswelela pele go tla raya gore ba lebana le dikgotlhang. Go tila go utlwisiwa botlhoko ke sepe sa dilo tseno, banyalani ba leka go tila go ama maikutlo a yo mongwe ka mo ba ka kgonang ka teng.
Banyalani ba ba ntseng jalo ba tlhoka ‘dikgakololo tse di itekanetseng’ mo lenyalong la bone. (Diane 1:5) Kgakololo e ka bonwa mo Lefokong la Modimo eleng Bibela. Lokwalo lwa ga Paulo lwa bobedi lo a neng a lo kwaletse Timotheo lo gatelela gore Bibela e “molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola.” (2 Timotheo 3:16) Seno se boammaaruri le mo kgannyeng ya go baakanya kgang ya go sa buisane mo lenyalong jaaka fa re tla bona.
-
-
Puisano—Ga Se Go Bua FelaTora ya Tebelo—1993 | August 1
-
-
Puisano—Ga Se Go Bua Fela
AO KO o akanye ka setlhopha sa bajanala ba lebile lefelo le le kgatlhang la naga. Lefa setlhopha sotlhe se lebile lefelo le le lengwe fela, mongwe le mongwe o le bona ka tsela e e farologaneng. Ka ntlha yang? Ke ka go bo mongwe le mongwe o lebile kafa letlhakoreng le le farologaneng. Ga go na batho bape ba babedi ba ba emeng mo lefelong le le lengwe fela ka bobedi jwa bone. Mo godimo ga moo, ga se gore mongwe le mongwe o leba karolo e le nngwe fela ya lefelo leo. Mongwe le mongwe o kgatlhiwa thata ke karolo e e farologaneng.
Go ntse jalo le mo lenyalong. Lefa batho ba ka utlwana jang, ga go na batho bape ba babedi bao tota ba lebang dilo ka tsela e e tshwanang tshe. Monna le mosadi ba farologana mo dilong tse di tshwanang le maikutlo, tsela e ba godisitsweng ka yone, le tsela eo ba tlhotlheleditsweng ke ba gaabo ka yone. Go sa lebe dilo ka tsela e e tshwanang mo go bakwang ke seo e ka nna ya nna motswedi wa dikgotlhang tse di botlhoko. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana a sa tikatike: “Bao ba tsenang mo lenyalong ba tla nna le ditlhabi le kutlobotlhoko.”—1 Bakorintha 7:28, The New English Bible.
Go buisana go akaretsa go dira boiteko jwa go dira gore dipharologano tse di leng teng tseno di nne kamano ya nama e le nngwe. Go dira seno go tlhokega nako ya go bua. (Bona lebokoso le le mo tsebeng ya 7.) Mme go na le mo gontsi mo go akarediwang mo go seno.
Go Bontsha Temogo
Seane sa Bibela se bolela jaana: “Pelo ea eo o tlhalehileñ e [dira gore molomo wa gagwe o bontshe temogo, NW] e be e okeletse dipounama tsa gagwè kicō.” (Diane 16:23) Lefoko la Sehebera le le ranotsweng fano jaaka ‘go dira gore o bontshe temogo’ le raya go nna botlhale, go akanyetsa mabaka sentle. Ka jalo, selo seo go tshwanetseng ga tlhomiwa mogopolo mo go sone gore go tle go nne le puisano e e nang le mosola ke pelo, eseng molomo. Motho yo o kgonang go buisana e tshwanetse ya bo e se sebui fela; o tshwanetse a bo a le moreetsi yo o akanyetsang. (Yakobe 1:19) O tshwanetse a bo a kgona go lemoga maikutlo le mabaka a a fitlhegileng a a dirang gore molekane wa gagwe a itshware ka tsela e e rileng.—Diane 20:5.
Jang? Ka dinako tse dingwe seno se ka nna sa dirwa ka go lebelela mabaka a a bakang kgotlhang. A molekane wa gago o gateletswe thata mo maikutlong kana mo mmeleng? A ke bolwetsi bongwe jo bo dirang gore molekane wa gago a ikutlwe ka tsela eno? “Abo go itumedisa jang go bua lefoko le le siameng ka nako e e tshwanetseng!” Bibela e bolela jalo. (Diane 15:23, Today’s English Version) Ka jalo, go tlhatlhoba maemo go tla go thusa gore o arabe ka tsela e e tshwanetseng.—Diane 25:11.
Lefa go ntse jalo, gantsi kgotlhang e nna teng ka ntlha ya mabaka a a seyong gone jaanong.
Go Tlhaloganya Se Se Diragetseng mo Nakong E E Fetileng
Dilo tse di re diragaletseng ka nako ya fa re sa le bana di ama thata tsela eo re akanyang ka yone fa re setse re godile. Ereka batho ba ba nyalaneng ba tswa mo malapeng a a farologaneng, megopolo e e farologaneng e tla nna teng.
Tiragalo nngwe e e begilweng mo Bibeleng e tshwantshetsa seno. Fa letlole la kgolagano le ne le busediwa kwa Jerusalema, Dafide o ne a supa boitumelo jwa gagwe phatlalatsa. Mme go tweng ka mosadi wa gagwe Mikale? Bibela e bega jaana: “Mikale morwadia Saule, a bo a okometse ka seiponi, me a bōna kgosi Dafide a tlolaka a bina ha pele ga Yehofa; me a mo nyatsa mo peduñ ea gagwè.”—2 Samuele 6:14-16.
Mikale o ne a bontsha botlhokatumelo jwa ga rraagwe ebong Saule yo o neng a sa siama. Batlhalosi bangwe ba Bibela ebong C. F. Keil le F. Delitzsch ba akanya gore ke ka lone lebaka leo Mikale a bidiwang “morwadia Saule” mo temaneng ya 16 go na le gore a bidiwe mosadi wa ga Dafide. Lefa go ntse jalo, kgotlhang e e neng ya nna teng morago ga moo gare ga bone e bontsha sentle gore Dafide le Mikale ba ne ba sa lebe tiragalo e e itumedisang eno ka tsela e e tshwanang.—2 Samuele 6:20-23.
Sekai seno se bontsha gore ditlhotlheletso tse di sa bonaleng tse motho a godisitsweng ka tsone di ka dira gore monna le mosadi ba lebe dilo ka ditsela tse di farologaneng thata. Seno se ntse jalo lefa bobedi jwa bone ba direla Jehofa mmogo. Ka sekai, mosadi yo o neng a sa fiwe tshegetso e e lekaneng mo maikutlong fa a ne a le ngwana a ka nna a tlhoka go tlhomamisediwa ka tsela e e sa tlwaelegang gore wa ratiwa. Seno se ka nna sa tlhakanya monna wa gagwe tlhogo. “Nka nna ka mmolelela ka makgetlo a le makgolo gore ke a mo rata,” a ka nna a rialo, “mme go bo go ntse go sa lekana!”
Mo kgannyeng eno, go buisana go raya gore “moñwe le moñwe a a sa tlhokomele dilō tse e leñ tsa gagwè hèla, ha e se go re, moñwe le moñwe go tlhōkōmèla le tse e leñ tsa ba bañwe.” (Bafilipi 2:4) Go ka kgona go buisana, monna o tshwanetse go leba mosadi wa gagwe a akantse ka dilo tse di mo diragaletseng mo nakong e e fetileng go na le go mo leba go ya ka tse di diragaletseng ene monna ka namana. Mme legale, mosadi le ene o tshwanetse go direla monna wa gagwe jalo.—1 Bakorintha 10:24.
Fa E le Gore O Ne A Gobololwa Fa A Ne A Le Ngwana
Go nna le kgatlhego ka yo mongwe go botlhokwa thata fa e le gore molekane o kile a betelelwa kana a gobololwa ka go tlhakanela dikobo le ene a sa le ngwana—seo ka maswabi e leng bothata jo bo ntseng bo gola gompieno. Ka sekai, mosadi o ka nna a fitlhela gore ka nako ya fa ba tlhakanela dikobo, ga a kgone go farologanya se se diregang ka nako eo le se se diragetseng mo nakong e e fetileng, a sa kgone go farologanya molekane wa gagwe le motlhasedi wa gagwe, kamano ya tlhakanelodikobo le go gobololwa ka tlhakanelodikobo. Seno se ka hutsafatsa tota, segolobogolo fa e le gore monna ga a tseye kgang e e masisi eno ka tsela eo mosadi wa gagwe a e lebang ka yone.—1 Petere 3:8.
Le mororo o ka se kgone go ka fetola se se diragetseng mo nakong e e fetileng kana go fodisa ditlamorago tsa gone ka botlalo, go na le mo gontsi mo o ka go dirang go gomotsa molekane yo o tshwenyegileng mo maikutlong. (Diane 20:5) Jang? “Lona banna lo tshwanetse go leka go tlhaloganya basadi ba lo nnang le bone,” Petere o ne a kwala jalo. (1 Petere 3:7, Phillips) Go tlhaloganya se se diragaletseng molekane wa gago mo nakong e e fetileng ke karolo e e botlhokwa ya puisano. Fa o sena kutlwelobotlhoko, mafoko a gago ga a reye sepe.
Jesu o ne a ‘tlhomoga pelo’ fa a bona batho ba ba lwalang lefa ene ka boene a ise le ka motlha a ko a nne le malwetsi a ba neng ba na le one. (Mathaio 14:14) Ka tsela e e tshwanang wena ka namana o ka nna wa bo o ise o ke o tlhokomologiwe kana o gobololwe fela jaaka mosadi wa gago, mme go na le gore o dire o ka re tlalelo ya gagwe ga e reye sepe, dumela se se mo diragaletseng mo nakong e e fetileng mme o mo tshegetse. (Diane 18:13) Paulo o ne a kwala jaana: “Me yana rona ba re leñ thata, re chwanetse go pepetletsa dithetelèlō tsa ba ba bokōa, me e señ go ikgatlha hèla.”—Baroma 15:1.
Go Nna O Kgopisegile
Lenyalo le tshwana le sejana se se tlhwatlhwakgolo. Fa le senngwa ka boaka, go nna le tshenyo e e seng kana ka sepe. (Diane 6:32) Gone ke boammaaruri gore fa molekane yo o senang molato a ka swetsa ka gore o tla itshwarela yo mongwe, dikarolwana tse di thubegileng di ka kopanngwa ka go boelana. Mme mo go phatlogileng gone go tla nna go ntse go bonala, mme fa go tsoga komano, go ka nna ga nna le tshekamelo ya go leba diphatlha tseo le go dirisa se se diragetseng mo nakong e e fetileng jaaka sebetsa.
Ke selo sa tlholego gore molekane yo mongwe a kgopisege fa yo mongwe a ile a se ka a ikanyega. Mme fa e le gore o ile wa itshwarela molekane wa gago, o tlhokomele gore go nna o ntse o tenegile go se ka ga senya se o se baakantseng ka go mo itshwarela. Go sa kgathalesege gore a o tenega fela o ntse o didimetse kana o dira jalo ka go galefa o sena kutlwelobotlhoko, go kgopisegela ruri go gobatsa balekane ka bobedi. Ka ntlha yang? Ngaka nngwe e ile ya bolela jaana: “Fa molekane wa gago a go utlwisa botlhoko, ke ka go bo o santse o amega ka ene. Ka jalo fa o ikgogona kana o batla go ipusolosetsa ga o utlwise molekane wa gago fela botlhoko mme gape le wena o a ikgobatsa. Kamano e o eletsang gore e ka bo e sa senyega o e senyetsa kwa pele.”
Ee, tota o ka se ka wa kgona go fedisa dikgotlhang mo lenyalong la gago fa o sa kokobetse bogale jwa gago. Ka jalo, ka nako ya fa o sa galefa, tlotla le molekane wa gago ka moo o ikutlwang ka teng. Mo tlhalosetse gore ke ka ntlha yang fa o utlwile botlhoko, le gore ke eng seo o se tlhokang gore o ikutlwe o kgotsofetse le gore o tla dira eng gore o boloke kamano ya lenyalo. Le ka motlha o se ka wa dirisa selo se se diragetseng mo nakong e e fetileng go nna sebetsa se o ka fenyang kgang ka sone.
Go Tshwakgoga go Senya Puisano
Lenyalo le nna mo tlalelong e e seng kana ka sepe fa molekane yo mongwe a dirisa bojalwa kana diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang. Molekane yo o sa tshwakgogang o ka nna a nna mo boemong jo bo tshwanang le jo bo begilweng mo Bibeleng jo Abigaele a neng a le mo go jone. Fa monna wa gagwe Nabale a ne a “tagilwe thata,” Abigaele o ne a leka ka thata go baakanya dilo tse a neng a di dirile ka ntlha ya go tlhoka botlhale ga gagwe. (1 Samuele 25:18-31, 36) Manyalo ao mo go one molekane yo mongwe a amilweng thata ke go tshwakgoga mme yo mongwe a ntse a leka go fetola mokgwa wa motho yo o tshwakgogileng gantsi a tshwana le lelapa la ga Nabale le Abigaele.a
Ka mo go utlwalang, go nna le boitumelo jo bogolo fa motho yo o tshwakgogileng a simolola go tlogela go tshwakgoga. Lefa go ntse jalo, seno e a bo e le tshimologo fela. A o ke o akanye ka setsuatsue se segolo se tsubutla motsana o monnye. Matlo a phutlhama, ditlhare di a khumoga, megala ya ditelefuono e wela fa fatshe. Go nna le boitumelo jo bogolo fa setsuatsue se fetile. Mme lefa go ntse jalo go tshwanetse ga dirwa tiro e kgolo ya go baakanya. Go nna fela jalo fa molekane a simolola go tlogela go tshwakgoga. Dikamano tsa lenyalo tseo di ileng tsa senyega di tshwanetse tsa baakanngwa. Boikanyegi le bothokgami di tshwanetse tsa agiwa gape. Ditsela tsa puisano di tshwanetse go busediwa gape. Go baakanya go go ntseng go dirwa ka iketlo, mo mothong yo o neng a tshwakgotswe yo o tlogelang go tshwakgoga ke karolo ya “motho eo mosha” yo Bibela e reng Mokeresete o tshwanetse go mo tlhagolela. Motho yono yo mosha o tshwanetse a akaretsa ‘maatla a a laolang mogopolo.’—Baefesia 4:22-24.
Leonard le Elaine ba ne ba thusiwa ke thuto ya Bibela gore ba kgone go tlogela go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang, lefa go ntse jalo maatla a a laolang mogopolo a ne a ise a simolole go dira ka botlalo mo go bone.b Go ise go ye kae go ne ga nna le go tshwakgoga go gongwe gape. “Re ile ra leka go dirisa melao ya Bibela dingwaga di le 20 gore re nne le lenyalo le le itumetseng mme re ne re sa kgone,” go bolela jalo Elaine. “Go tshwakgoga ga rona go ne go le masisi. Re ne re sa kgone go go fenya ka go ithuta le go rapela.”
Leonard le Elaine ba ne ba batla kgakololo ya gore ba tle ba tlhaloganye gore ke eng se se dirang gore ba tshwakgoge. Ba ne ba thusiwa segolobogolo ke dikgatiso tse di mo nakong tse di tswang go “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” malebana le go gobololwa ga bana, go tshwakgolwa ke bojalwa le go tlotla basadi.c (Mathaio 24:45-47) “Re ile ra thusiwa go bakaanya tshenyo le go nna gape le kamano e e siameng,” go bolela jalo Elaine.
Go Rarabolola Mathata
Rebeka o ne a ikutlwa a tshwentswe thata ke basadi ba morwawe ebong Esau. Ka ntlha ya go boifa gore morwawe yo mongwe ebong Jakobe o ne a tla etsa sekao sa ga Esau, Rebeka o ne a bolelela monna wa gagwe Isake ka moo seno se mmolaisang pelo ka teng a bolela jaana: “Ke lapisicwe ke botshelō yoa me ka ntlha ea bomorwadia Hethe: ha Yakobe a tsaea mosadi mo go bomorwadia Hethe, ba ba etsañ ba, ba bomorwadia lehatshe ye, botshelō yoa me bo tla nna le molemō oa eñ mo go nna?”—Genesise 27:46.
Tlhokomela gore lefa Rebeka a ne a bua a gagametse ka moo a ikutlwang ka teng, ga a ka a tlhasela Isake. Ga a ka a re, “Ke molato wa gago!” kana, “O tshwanetse go laola botoka mo kgannyeng eno!” Go na le moo, Rebeka o ne a dirisa leemedi “Ke” go tlhalosa ka moo bothata jono bo mo amang ka teng. Seno se ile sa dira gore Isake a mo tlhomogele pelo, ga se a ka sa dira gore a batle go sireletsa seriti sa gagwe. Ka go bo Isake a ne a sa ikutlwe a tlhasetswe, go bonala a ile a utlwa kopo ya ga Rebeka ka bonako.—Genesise 28:1, 2.
Banna le basadi ba ka ithuta go tswa mo sekaong sa ga Rebeka. Fa go tsoga dikgotlhang, tlhaselang bothata joo lo se ka lwa tlhaselana. Jaaka Rebeka, tlhalosa ka moo go hutsafala ga gago go go amang ka teng. “Ke bolaiwa ke pelo ka gore . . .” kana, “Ke ikutlwa ke sa tlhaloganngwe sentle ka gore . . .” e botoka thata go na le go re “O mpolaisa pelo!” kana, “Ga o nke o ntlhaloganya!”
Se Se Fetang Go Nnela Ruri
Lenyalo la banyalani ba ntlha ebong Adame le Efa, le ile la nna ka makgolo a dingwaga mme lelapa la bone la nna le barwa le barwadi. (Genesise 5:3-5) Mme seno ga se reye gore lenyalo la bone le ka ediwa. Pelenyana ga moo, moya wa boitaolo le go nyatsa melao e e siameng ya Mmopi go ile ga senya kamano ya bone ya go nna nama e le nngwe fela.
Ka mo go tshwanang le gompieno, lenyalo le ka nnela ruri mme lefa go ntse jalo, le tlhoka dikarolo tse di botlhokwa tsa go buisana. Go ka nna ga tshwanela gore go fedisiwe megopolo e e itsetsepetseng thata le mekgwa e e sa tshwanelang ya botho. (Bapisa 2 Bakorintha 10:4, 5.) Eno ke thuto e e ntseng e tswelela pele. Mme maiteko a a dirwang a mosola. Jehofa Modimo o kgatlhegela thulaganyo ya lenyalo fela thata ereka e le ene Motlhodi wa lone. (Malaki 2:14-16; Bahebera 13:4) Ka jalo, fa re dira seabe sa rona, re ka nna ra tlhomamisega gore o tla bona maiteko a re a dirang mme o tla re naya botlhale le nonofo tse re di tlhokang go baakanya bothata bope fela mo puisanong ya lenyalo.—Bapisa Pesalema 25:4, 5; 119:34.
-