LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 8/1 ts. 10-15
  • Tila Seru sa Bogagapa O Bo O Atlege

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tila Seru sa Bogagapa O Bo O Atlege
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa O Re Tlhagisa Kaga Kotsi
  • Go Nna Mo Kotsing ya Seru sa Bogagapa jwa Khumo kana Dithoto
  • Bogagapa mo Dikarolong tse Dingwe tsa Botshelo
  • Tswelela Pele O Ititeile Sehuba Gore O Tla Tila Bogagapa
  • “Motlha wa Bogagapa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Akanya Fela ka Lefatshe le le Senang Bogagapa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • O ka Kgona go Tswa mo Diraing Tsa ga Satane!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • O ka Boloka Jang Pono e e Lekalekaneng ka Madi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 8/1 ts. 10-15

Tila Seru sa Bogagapa O Bo O Atlege

“Ba ba eletsañ go huma ba tla ba wèle mo thaeloñ, le mo seruñ.”

—1 TIMOTHEO 6:9.

1. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tshwenyega kaga diru?

LEFOKO “seru” le ka nna la dira gore o akanye ka motsomi a thaisa ka sengwe se se fitlhegileng gore a tle a tshware setshedi se se sa itseng gore se thaisitswe. Lefa go ntse jalo, Modimo o tlhalosa ka phepafalo gore mo go rona diru tse di kotsi le go gaisa, ga se dilo tseo tsa mmatota, mme ke dilo tse di ka re thaisang semoyeng le mo boitsholong. Diabolo ke setswerere mo go thayeng diru tse di ntseng jalo.—2 Bakorintha 2:11; 2 Timotheo 2:24-26.

2. (a) Jehofa o re thusa jang gore re tile diru tse di kotsi? (b) Ke mofuta ofe o o tlhomologileng wa seru o o tla sekasekwang jaanong?

2 Jehofa o re thusa ka go kaya dingwe tsa diru tsa ga Satane tse dintsi ebile di farologane. Ka sekai, Modimo o re tlhagisa gore dipounama tsa rona, kana molomo, di ka nna seru fa re bua ka tsela ya boeleele, ka kgakgabuelo, kana kaga sengwe se re neng re sa tshwanela go bua kaga sone. (Diane 18:7; 20:25) Boikgodiso e ka nna seru, jaaka go nna le batho ba ba ratang go galefa e ka nna seru. (Diane 22:24, 25; 29:25) Mme lefa go ntse jalo a re sekasekeng seru se sengwe: “Ba ba eletsañ go huma ba tla ba wèle mo thaeloñ, le mo seruñ, le mo dithatoñ di le dintsi tsa bosilo le tse di senyañ, tse di nwetsañ batho mo tshenyegoñ le mo tatlhegoñ.” (1 Timotheo 6:9) Se se tlhotlheletsang seru seo kana se se dirang gore se nne gone se ka sobokanngwa ka lefoko le le lengwe fela eleng “bogagapa.” Lefa gantsi bogagapa bo bonwa ka motho go itoma molomo wa tlase gore a hume, tota bogagapa ke seru se se nang le dikarolo di le dintsi.

Jehofa O Re Tlhagisa Kaga Kotsi

3, 4. Hisitori ya bogologolo ya batho e re tshwaretse thuto efe kaga bogagapa?

3 Totatota, bogagapa ke keletso e e feteletseng kana e e fetileng selekanyo ya go batla go nna le mo go oketsegileng, e ka tswa e le madi, dithoto, thata, tlhakanelodikobo, kana dilo tse dingwe. Ga re batho ba ntlha go nna mo kotsing ya seru sa bogagapa. Bogologolo kwa tshimong ya Edena, bogagapa e ne ya nna seru mo go Efa go tswa foo le mo go Adame. Molekane wa ga Efa, yo o neng a na le boitemogelo mo botshelong go mo feta, o ne a setse a kile a laiwa ke Jehofa ka namana. Modimo o ne o ba neetse legae la paradaise. Ba ne ba ka ipelela letlotlo la dijo tse di siameng sentle tsa mefutafuta, tse di lemilweng mo nageng e e sa kgotlelwang. Ba ne ba ka lebelela go tshola bana ba ba itekanetseng, ba ba neng ba ka nna le bone mme ba direla Modimo ka bosakhutleng. (Genesise 1:27-31; 2:15) A seo se ne se ka se lebege se lekane gore se kgotsofatse motho lefa e ka nna ofe?

4 Lefa go ntse jalo, fa mongwe a na le dilo tse di lekaneng seo se ka se thibele gore bogagapa e nne seru mo go ene. Efa o ne a tlelwa ke seru sa gore a batle go tshwana le Modimo, a na le kgololesego e e oketsegileng ebile a itlhomela melao ya gagwe. Go lebega gore Adame o ne a batla go tswelela pele a nna le molekane wa gagwe yo montle, go sa kgathalesege gore seo se ne se tla baka eng kwa morago. Ereka le bone batho bano ba ba itekanetseng ba ne ba nna mo serung sa bogagapa, o ka tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa bogagapa e ka nna seru le mo go rona.

5. Go botlhokwa go le kana kang gore re tile seru sa bogagapa?

5 Re tshwanetse gore re itise gore re se ka ra wela mo serung sa bogagapa ka gonne moaposetoloi Paulo o re tlhagisa jaana: “A ga lo itse ha ba ba sa siamañ ba se ketla ba rua bogosi yoa Modimo? Lo se ka loa tsietsèga: go le baakahadi, go le baōbamedi ba medimo ea disètwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basodoma, go le magodu, go le ba ba [bogagapa, NW] . . . ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.” (1 Bakorintha 6:9, 10) Paulo gape o ne a re bolelela jaana: “Mme boaka, le mashwè aotlhe, leha e le [bogagapa, NW], go se ka ga ba ga umakwa mo go lona.” (Baefesia 5:3) Ka jalo bogagapa ga e a tshwanela lefa e le gone go nna jone selo se go buiwang ka sone ka boikaelelo jwa go kgotsofatsa nama ya rona e e sa itekanelang.

6, 7. (a) Ke dikai dife tsa Bibela tse di gatelelang kafa bogagapa bo ka nnang maatla ka gone? (b) Ke ka ntlha yang fa dikai tseo di tshwanetse go re tlhagisa?

6 Jehofa o kwadile dikai di le dintsi tse di tla re tlhagisang ka kotsi ya bogagapa. Gakologelwa bogagapa jwa ga Akane. Modimo o ne a bolela gore Jeriko o ne a tla senngwa, mme lefa go ntse jalo gauta, selefera, kgotlho, le tshipi di ne di tshwanetse go ya kwa polokelong ya Gagwe ya dilo tse di tlhwatlhwakgolo. Kwa tshimologong Akane o ka nna a bo a ne a ikaeletse go latela kaelo eo, mme lefa go ntse jalo, o ne a wela mo serung sa bogagapa. Fa a tsena kwa Jeriko, go ne ga nna jaaka ekete o ile go reka dilwana mme a fitlhela pitse e ole ka disale, a bona le seaparo se sentle se se neng se lebega se ka mo tshwanela tota. Fa a ne a sela gauta le selefera tse di jang dikete tsa diranta, o ka nna a bo a ile a akanya jaana, ‘Rure ke bolaile! Ke monka ke itseela fela.’ Mme e ne e le gone tota! Ereka a ne a meletsa mathe dilwana tse di neng di tshwanetse go senngwa kana go isiwa kwa polokelong, o ne a utswela Modimo, mme seo se ne sa felela ka gore Akane a swe. (Yoshue 6:17-19; 7:20-26) Gape ela tlhoko dikai tsa bo Gehasi le Judase Isekariota.—2 Dikgosi 5:8-27; Yohane 6:64; 12:2-6.

7 Ga re a tshwanela go lebala ntlha ya gore batho ba bararo ba ba umakilweng fa godimo fano e ne e se baheitane ba ba neng ba sa itse melao ya ga Jehofa. Go na le moo, kamano ya bone le Modimo e ne e le ya go ineela go ene. Botlhe ba ne ba bone dikgakgamatso tse di neng di tshwanetse go ka bo di ba tlhomamiseditse gore Modimo o na le maatla le gore go botlhokwa go nna re ntse re ratwa ke ene. Lefa go ntse jalo, ba ne ba wela mo serung sa bogagapa. Le rona re ka senya kamano ya rona le Modimo fa re ka itetla gore re wele mo serung sa bogagapa ka tsela lefa e ka nna efe fela. Ke mefuta efe ya bogagapa e e ka nnang kotsi thata mo go rona?

Go Nna Mo Kotsing ya Seru sa Bogagapa jwa Khumo kana Dithoto

8. Bibela e re neela tlhagiso efe malebana le khumo?

8 Bontsi jwa Bakeresete ba utlwile ditlhagiso tse di phepafetseng go tswa mo Bibeleng kgatlhanong le go tlhagolela lorato lwa dikhumo, go eletsa letlotlo. Ke ka ntlha yang fa re sa tlhatlhobe dingwe tsa tsone, jaaka di fitlhelwa mo go Mathaio 6:24-33; Luke 12:13-21; le 1 Timotheo 6:9, 10? Lefa o ka tswa o akanya gore o amogela kgakololo e e ntseng jalo ebile o e sala morago, a ga go bonale sentle gore Akane, Gehasi, le Judase le bone ba ne ba ka nna ba bua gore ba dumelana le yone? Go phepafetse gore, re tshwanetse ra dira se se fetang go dumela fela mo tlhaloganyong. Re tshwanetse go ela tlhoko gore seru sa go nna bogagapa mo khumong kana mo dithotong ga se ame matshelo a rona a ka metlha.

9. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go sekaseka boikutlo jwa rona malebana le go reka?

9 Mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi, gantsi re tlamega go reka dilwana—dijo, diaparo, le dilo tse di tla dirisiwang mo gae. (Genesise 42:1-3; 2 Dikgosi 12:11, 12; Diane 31:14, 16; Luke 9:13; 17:28; 22:36) Mme lefa go ntse jalo dikgwebo di rotloetsa keletso ya go nna le dilo tse di oketsegileng ebile e le tse disha. Dipapatso tse di tletseng mo dipampiring tsa dikgang, mo dimakasineng, le mo dithelebisheneng ke maiteko a a fitlhegileng a go rotloetsa bogagapa. Tlhotlheletso eo gape e ka bonwa mo mabenkeleng ka diraka tse di tletseng dihempe tsa bommè, dijase, mesese, le dikipara, mmogo le dishelofo tse di tletseng ka ditlhako tse disha, didirisiwa tsa motlakase, le dikhemera. Go ka nna botlhale gore Bakeresete ba ipotse jaana, ‘A go reka e setse e le gone selo sa konokono mo botshelong jwa me kana sengwe se segolo se ke intshang bodutu ka sone?’ ‘A ruri ke tlhoka dilo tse disha tse ke di bonang, a kana dikgwebo di setse di ungwisa dipeo tsa bogagapa tse ke nang le tsone?’—1 Yohane 2:16.

10. Ke seru sefe sa bogagapa se se leng kotsi bogolo jang mo banneng?

10 Fa e le gore go lebega go reka e le seru se se tlwaelegileng mo basading, go nna le madi a a oketsegileng ke seru mo banneng ba le bantsintsi. Jesu o ne a tshwantsha seru seno ka monna yo o neng a humile ebile a amogela madi a a lekaneng mme lefa go ntse jalo a ititeile sehuba gore o tla ‘rutla matlo a gagwe le mabolokelo a bo a aga a magolwane gore a boloke mabele a gagwe le dithoto tsa gagwe tse dintle mo go one.’ Jesu o ne a dira gore go phepafale gore kotsi e ne e ka nna efe: “Tlhokomèlañ, lo bo lo itisè mo bopelotshetlheñ” kana mo bogagapeng. (Luke 12:15-21) Lefa re ka tswa re humile kana re sa huma, re tshwanetse go utlwa kgakololo eo.

11. Mokeresete a ka wela mo serung sa bogagapa jwa go batla madi a a oketsegileng jang?

11 Bogagapa jwa go batla madi a a oketsegileng, kana dilo tse di ka rekwang ka madi tse di oketsegileng, gantsi bo rotloediwa ka tsela e e fitlhegileng. Go ka nna ga tlisiwa thulaganyo ya go ikhumisa ka bofefo—kana sebaka se se tlang ka sewelo sa go itsetsepela sentle mo go tsa madi ka go boloka madi a gago ka tsela nngwe e e ka dirang gore a go latlhegele. Kana motho a ka nna a raelesega go ipatlela madi ka mekgwa mengwe ya go sa ikanyege kana e e seng kafa molaong ya kgwebo. Keletso eno ya bopelotshetlha e ka fekeetsa, ya tswa seru. (Pesalema 62:10; Diane 11:1; 20:10) Batho bangwe mo phuthegong ya Bokeresete ba ile ba simolola kgwebo ba solofetse gore bakaulengwe ba bone ba ba ba ikanyang e ne e tla nna bone ba tla rekang thata. Fa e le gore boikaelelo jwa bone e ne e se fela go tlisa sengwe se se tlhokegang kana go dira tiro e e tlhokegang ka ‘go dira ka natla, ba dira se se siameng ka diatla tsa bone,’ mme e le gore ba ne ba ikaeletse go dira madi ka bofefo ba dirisa Bakeresete ka bone ka tsela e e tla dirang gore ba latlhegelwe, he ba dira jalo ka ntlha ya bogagapa. (Baefesia 4:28; Diane 20:21; 31:17-19, 24; 2 Bathesalonia 3:8-12) Bogagapa jwa go rata madi bo ile jwa gogela ba le bantsi mo goreng ba betšhe ka dirafole, di-sweepstake, kana dilotari. Ba bangwe ba ile ba latlha bopelotlhomogi le go akanya sentle, mme ba tabogela go ya go pega ba bangwe melato kwa dikgotleng tsa semolao ba solofetse gore ba tla atswiwa ka madi a mantsi.

12. Ke ka ntlha yang fa re itse gore bogagapa jwa go rata khumo bo ka fenngwa?

12 Dikarolo tse go builweng ka tsone fa godimo ke tse re tshwanetseng go itlhatlhoba mo go tsone gore re tle re bone sentle gore a re ka tswa re na le bogagapa. Lefa re na le jone, re ka fetoga. Gakologelwa gore Sakaio o ne a fetoga. (Luke 19:1-10) Fa mongwe a lemoga gore o na le bothata jwa bogagapa jwa go rata dikhumo kana dithoto, o tshwanetse gore a bo a ititeile sehuba jaaka Sakaio gore a tile seru seo.—Yeremia 17:9.

Bogagapa mo Dikarolong tse Dingwe tsa Botshelo

13. Pesalema 10:18 e re bontsha seru sefe se sengwe sa bogagapa?

13 Ba bangwe ba fitlhela go le motlhofo go bona kotsi ya bogagapa fa go tliwa mo kgannyeng ya madi kana dithoto mme go le thatanyana go bo bona fa bo tla ka ditsela tse dingwe tse bo tlang ka tsone. Bukantswe nngwe ya Segerika e bolela gore setlhopha sa mafoko a a ranotsweng ka go re “bogagapa” kana “bopelotshetlha” a kaya “‘go batla gape,’ malebana le go nna le thata jalo le jalo, mmogo le dithoto.” Ee, re ka nna ra welwa ke seru sa go batla ka bogagapa gore re gatelele ba bangwe ka thata e re nang nayo, gongwe re dira gore ba nne ba tshogile fa re ntse re ba laola.—Pesalema 10:18.

14. Keletso ya go nna le thata e ile ya baka mathata mo dikarolong dife?

14 Fa e sale mo metlheng ya bogologolo batho ba ba sa itekanelang ba nnile ba itumelela go dirisa thata mo go ba bangwe. Modimo o ne a bonela pele gore boleo bo ne bo tla felela ka tsela e e utlwisang botlhoko ya gore banna ba le bantsi ba ‘laole’ basadi ba bone. (Genesise 3:16) Lefa go ntse jalo, bokoa jono ga bo a felela fela mo banyalaning. Dingwaga di le diketekete moragonyana, mokwadi mongwe wa Bibela o ne a bolela gore ‘motho o na le thata mo go yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) Gongwe o itse kafa seo se ileng sa nna jalo ka gone mo dikgannyeng tsa bopolotiki le tsa bosole, a mme e ka tswa e le gore le mo matshelong a rona, re leka go nna le thata e e oketsegileng motho ka namana kana taolo?

15, 16. Mokeresete a ka wela mo serung sa keletso ya go nna le thata e e oketsegileng mo dikarolong dife? (Bafilipi 2:3)

15 Rotlhe re dirisana le batho ba bangwe—mo lelapeng la rona kana go akaretsa le masika, kwa tirong ya boitshediso kana kwa sekolong, le ditsala, le kwa phuthegong. Gongwe gangwe le gape, kana gantsi, re a tle re nne le seabe mo go direng tshwetso ya gore go tla dirwa eng, le gore se tla dirwa jang kana leng. Seo ka bosone ga se phoso ebile ga se bosula. Lefa go ntse jalo, a re itumela mo go feteletseng fa re dirisa thata epe fela e re ka tswang re na le yone? A e ka tswa e le gore re rata gore e nne rona re dirang ditshwetso ebile re batla gore re di dire ka mo go oketsegileng? Bommenejere ba lefatshe kana baokamedi gantsi ba bontsha boikutlo jono ka go dira gore ba dire le banna ba ba nnang ba re ee fela, mme ba sa lebe dilo ka tsela e e fapaaneng le ya bone kana ba sa ganetse fa beng ba bone ba batla (ba ikgagapelela) thata ka tsela ya lefatshe.

16 Seno ke seru se re tshwanetseng go se tila fa re dirisana le Bakeresete ka rona. Jesu o ne a re: “Loa itse ha balaodi ba Badichaba ba bo ba le bogōma mo go bōnè, le bagolo ba bōnè ba gagamatsa taolō mo go bōnè. Ga go ketla go nna yalo mo go lona: me leha e le mañ eo o ratañ go tla a nna mogolo mo go lona, a a nnè modihedi oa lona.” (Mathaio 20:25, 26) Boikokobetso jo bo ntseng jalo bo tshwanetse jwa bonala fa bagolwane ba Bakeresete ba ntse ba dirisana mmogo, ba dirisana le batlhanka ba bodihedi, mmogo le letsomane. Ka sekai, a go tla bo go sa bontshe go eletsa go nna le thata fa molebedi yo o okamelang a buisana le bagolwane ka ene ka dikgang tse dipotlana fela mme a itirela ditshwetso tsotlhe tsa konokono? A ruri o iketleeditse go abela ba bangwe ditiro? Go ka nna le mathata fa motlhanka wa bodihedi yo o tshwarang pokano ya tirelo ya tshimo a ne a ka batla gore go latelwe dithulaganyo tsa gagwe fela a mang o a rata, le gone a tlhoma melao.—1 Bakorintha 4:21; 9:18; 2 Bakorintha 10:8; 13:10; 1 Bathesalonia 2:6, 7.

17. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore re tlhatlhobe dijo fa re sekaseka kgang ya seru sa bogagapa?

17 Dijo ke karolo e nngwe e batho ba le bantsi ba welang mo serung sa bogagapa ka yone. Gone ke boammaaruri, ke ga tlholego go itumelela go ja le go nwa; Bibela e a go dumelela. (Moreri 5:18) Lefa go ntse jalo, ke gantsi keletso ya mofuta ono e gola nako e telele, go feta se ka tlwaelo se itumelelwang ebile se lekane. Fa seno e ne e se sengwe se se tshwanetseng go tshwenya batlhanka ba Modimo, ke ka ntlha yang fa Lefoko la ga Jehofa le bolela jaana mo go Diane 23:20: “Se nne mo banwiñ ba boyalwa yoa mofine, le mo go ba ba bogagaru mo go yeñ nama”? Lefa go ntse jalo, re ka tila seru seno jang?

18. Re ka itshekatsheka jang malebana le dijo le dino?

18 Modimo ga a reye gore batho ba gagwe ba simolole go tshela ka selekanyo se se rileng sa dijo se se gagametseng. (Moreri 2:24, 25) Mme ebile le gone ga a dumele gore dijo le dino e nne dilo tsa konokono mo motlotlong wa rona le mo dithulaganyong tse re di dirang. Re ka nna ra ipotsa jaana, ‘A gantsi ke nna matlhagatlhaga mo go feteletseng fa ke tlhalosa dijo dingwe tse ke di jeleng kana tse ke rulaganyetsang go di ja?’ ‘A gantsi fa ke tlotla ke nnela go bua kaga dijo le dino?’ Se sengwe gape se se ka supang e ka nna tsela e re itshwarang ka yone fa re ja dijo tse re sa di apayang kana tse re sa di rekang, gongwe fa re etetse kwa legaeng la mongwe kana fa go na le dijo mo kopanong ya Bokeresete. A e ka tswa e le gore fa re le koo re ja thata go feta kafa re tlwaetseng go ja ka gone? Re gakologelwa gore Esawe o ne a letla gore dijo e nne tsone tsa botlhokwa thata ka mo go feteletseng, mme seo sa mo tlisetsa kotsi botshelo jotlhe.—Bahebera 12:16.

19. Bogagapa bo ka nna bothata jang malebana le go ijesa monate ka tlhakanelodikobo?

19 Paulo o re lemotsha seru se sengwe: “Me boaka, le mashwè aotlhe, leha e le [bogagapa, NW] go se ka ga ba ga umakwa mo go lona, yaka go chwanetse baitshepi.” (Baefesia 4:17-19; 5:3) Eleruri, bogagapa bo ka gola malebana le monate wa tlhakanelodikobo. Gone ke boammaaruri, boipelo jono bo a tshwanela mo lenyalong. Maikutlo a lorato a a tlisiwang ke boipelo jono a na le seabe mo go thuseng monna le mosadi gore ba nne ba utlwana dingwaga di le dintsi tsa lenyalo la bone. Lefa go ntse jalo, ke batho ba sekae fela ba ba ka ganetsang gore lefatshe la gompieno le gatelela tlhakanelodikobo mo go feteletseng, le dira gore se tota e leng bogagapa jo Paulo a bo umakileng se lebege se siame fela. Mme batho ba segolobogolo e nnang bone ba nnang le pono eno e e phoso kaga tlhakanelodikobo ka bofefo ke ba ba kgatlhiwang ke boitsholo jo bo maswe le batho ba ba sa aparang, mo go tletseng thata gompieno mo dibaesekopong ka bontsi, mo dibidiong, le mo dimakasineng, mmogo le kwa mafelong a boitlosobodutu.

20. Bakeresete ba ka ipontsha jang gore ba etse tlhoko kotsi ya go nna bogagapa mo dikgannyeng tsa tlhakanelodikobo?

20 Pego ya boleo jwa ga Dafide le Bathesheba e bontsha gore mongwe wa batlhanka ba Modimo a ka wela mo serung sa bogagapa jwa tlhakanelodikobo. Lefa a ne a gololesegile gore a itumelele monate mo lenyalong la gagwe, Dafide o ne a letla gore keletso e e sa tshwanelang ya go tlhakanela dikobo kwantle ga lenyalo e gole. Fa a bona kafa mosadi wa ga Uria a neng a le montle ka gone, o ne a leseletsa kakanyo ya gagwe—le kgato—gore di dire gore a ijese monate le ene mme go sa tshwanela. (2 Samuele 11:2-4; Yakobe 1:14, 15) Kwantle ga pelaelo re tshwanetse ra tila mofuta ono wa bogagapa. Le gone mo lenyalong tota go tshwanetse ga tilwa bogagapa. Seno se tla akaretsa go gana mekgwa e e feteletseng ya tlhakanelodikobo. Monna yo o ititeileng sehuba gore o tla tila bogagapa mo karolong eno o tla nna le kgatlhego tota mo molekaneng wa gagwe, mo e leng gore tshwetso nngwe le nngwe e ba e dirang ka bobedi jwa bone malebana le go laola pelegi e ka se ke e dirwe go lebilwe gore go itumela ga monna ke gone go botlhokwa go feta botsogo jwa mosadi gone jaanong le mo isagweng.—Bafilipi 2:4.

Tswelela Pele O Ititeile Sehuba Gore O Tla Tila Bogagapa

21. Ke ka ntlha yang fa go sekaseka kgang kaga bogagapa go sa tshwanela go re kgoba marapo?

21 Jehofa ga a re neele ditemoso kana ditlhagiso ka gonne a sa re tshepe ka tsela nngwe. O itse gore batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng ba batla go mo direla ka boikanyegi, ebile o na le tshepo ya gore bontsi jwa bone ba tla tswelela pele ba dira jalo. A ka bua kaga batho ba gagwe ba le mmogo jaaka a ile a bua kaga Jobe fa a ne a bua le Satane: “A u nntse u tlhokometse motlhanka oa me, Yobe? ka gonne ga go na opè eo o chwanañ naè mo lehatshiñ, e le monna eo o itekanetseñ, eo o siameñ, motho eo o boihañ Modimo, me a tshaba boshula?” (Yobe 1:8) Rraarona wa selegodimo yo o lorato, yo o re ikanyang o re tlhagisa mo dirung tse di kotsi, jaaka tse di malebana le mefuta ya bogagapa, ka gonne o batla gore re tswelele pele re sena molato ebile re ikanyega mo go ene.

22. Re tshwanetse ra dira eng fa e le gore se re se ithutileng se senotse karolo nngwe e re leng mo kotsing mo go yone motho ka namana, kana e re leng bokoa mo go yone?

22 Mongwe le mongwe wa rona o ruile tshekamelo ya mofuta mongwe wa bogagapa, mme ra o tlhagolela ka ntlha ya tlhotlheletso ya lefatshe leno le le boikepo. Go tweng fa e ka re jaaka re ntse re ithuta kaga bogagapa—malebana le khumo, dithoto, thata le taolo, dijo, kana go ijesa monate ka tlhakanelodikobo—wa bona go na le fa o leng bokoa gone? He tsaya tsia kgakololo ya ga Jesu: “Ha seatla sa gago se gu kgopa, u se kgaolè; go ka nna molemō mo go wèna go tsèna mo botsheloñ u le segōlè, bogolo go go tsèna u le diatla coopedi mo moletiñ.” (Mareko 9:43) Dira diphetogo dipe fela tse di tlhokegang mo boikutlong jwa gago kana mo dilong tse o di kgatlhegelang. Tila seru se se kotsi sa bogagapa. Ka jalo ka thuso ya Modimo, o ka “tsèna mo botsheloñ.”

Ke Ithutile Eng?

◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tshwenyega kaga seru sa bogagapa?

◻ Bogagapa jwa go batla dikhumo kana dithoto bo ka nna seru jang mo go rona?

◻ Bogagapa mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo bo ka nna kotsi fela thata ka tsela efe?

◻ Re tshwanetse ra nna le boikutlo bofe malebana le bokoa bope jo re ka nnang najo malebana le bogagapa?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela