Nna Le Pono E E Siameng Ka Boutlwelobotlhoko jwa Modimo
NGAKA e ne e le bonolo e bile e amegile tota. Go ya ka tsela e a neng a kgona go atlhola ka yone, molwetsi wa gagwe eleruri o ne a tlhoka go ariwa gore a tle a tshele. Fa a ne a okaoka mme a tlhagisa kgang ya go tshelwa madi, o ne a gakgamala. Fa a ne a tlhalosa gore ga a kitla a dumela karo e e tla akaretsang go tshelwa madi ka ntlha ya mabaka a bodumedi, o ne a makala le go feta. O ne a ja tlhogo tota go bona tsela ya go ka mo thusa. Kgabagare o ne a akanya gore o e bone. O ne a bolela jaana: “Wa itse gore ke eng, fa o sa dumele go tshelwa madi, o tla swa. Ga o batle gore seo se diragale, a ke re?”
“Tota nnyaa,” molwetsi wa gagwe a rialo.
“Mme, kafa go bonalang ka teng, fa o dumela, o tla bo o dira sengwe se se kgatlhanong le ditumelo tsa bodumedi jwa gago, tseo le tsone e leng selo se se botlhokwa mo go wena. Gone mme, kakantsho ya me ke eno. Ke eng fa o sa dumele go tshelwa madi mme ka gone o be o boloka botshelo jwa gago. Mme morago ga moo o be o ipolela mo Modimong gore o leofile, mme o bo o ikwatlhaya. Ka tsela eo, o tla busediwa gape le mo bodumeding jwa gago.”
Ngaka e e neng e batla go thusa e ne e akanya gore e bone karabo e e tshwanelang sentle. O ne a lemoga gore molwetsi wa gagwe o dumela mo Modimong o o kutlwelobotlhoko. Eleruri nako eno e ne e le yone nako e e siameng ya go solegelwa molemo ke boutlwelobotlhoko jwa Modimo! A mme kakantsho ya gagwe e ne e le e e tshwanelang ka moo e neng e utlwala ka teng?
A Re Tle Re Akanye ka Tsela Eno?
Ka nako tse dingwe re ka nna ra iphitlhela re akanya ka tsela eo ngaka e neng e akanya ka yone. Gongwe re tshosiwa ke kganetso e e seng kana ka sepe e e sa lebelelwang kwa sekolong kana kwa tirong. Kana gongwe re ka iphitlhela re le mo boemong jo bo tlhabisang ditlhong mo re gatelelwang go dira sengwe se se tshwenyang digakolodi tsa rona. Fa re diragalelwa ke selo seo re neng re sa se lebelela, re ka nna ra batla go tsaya tsela e e motlhofo mme re bo re dira sengwe se re itseng gore se phoso, mme re ikaeletse go kopa maitshwarelo moragonyana.
Kana batho bangwe ba ka nna ba raelwa ke ditshekamelo tsa bone tsa go batla go dira se se phoso. Ka sekai, lekau lengwe le ka nna la iphitlhela le le mo boemong jo bo mo raelang tota go dira boaka. Go na le gore a lwantshe keletso e e phoso eo, a ka nna a ineela, mme a ikaeletse go baakanya boemo le Modimo moragonyana. Batho ba bangwe ba bile ba ya bokgakaleng jwa gore ba dire boleo jo bo masisi le mororo ba ntse ba itse gore ba ka nna ba kgaolwa mo phuthegong ya Bokeresete. Gongwe ba akantse gore, ‘Ke tla leta gore go fete nakonyana. Morago ga moo ke tla ikwatlhaya mme ke tla busediwa.’
Mo maemong ano otlhe go na le dilo tse pedi tse di tshwanang. Sa ntlha, batho ba ineela go na le gore ba lwele go dira se se siameng. Sa bobedi, ba ikutlwa gore fa ba sena go dira phoso, fa ba kopa Modimo fela gore a ba itshwarele o tla ba itshwarela.
Pono E E Siameng Ke Efe?
A seno se supa go nna le kanaanelo e e tshwanetseng ka boutlwelobotlhoko jwa Modimo? Gone, a ko o akanye ka boutlwelobotlhoko joo go sekae. Jesu o ne a bolela jaana: “Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo eo tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelo yo bo sa khutleñ.” (Yohane 3:16) Moaposetoloi Johane o ne a bontsha gore boutlwelobotlhoko joo bo dira jang fa a ne a bolela jaana: “Dilō tse kea di lo kwalèla gore lo tlè lo se ka loa leoha. Me ha motho moñwe a leoha re na le Mmueledi kwa go Rara eboñ mosiami Yesu Keresete.” (1 Yohane 2:1) Ka jalo, ka e le gore ka ntlha ya go sa itekanela re wela mo boleong, re ka nna ra rapela Modimo mme ra mo kopa gore a re itshwarele mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu.
Lefa go ntse jalo, a seno se raya gore, ga go kgathalesege gore a re a leofa kana nnyaa, fa fela morago ga moo re kopa boitshwarelo? Le e seng. Gakologelwa mafoko a ntlha a a neng a nopotswe a a bolelang jaana: “Dilō tse kea di lo kwalela, gore lo tlè lo se ka loa leoha.” Mafoko a ga Johane a a latelang mo temaneng eno a tlhalosa ka thulaganyo ya ga Jehofa e e lorato ya go dirisana le go sa itekanelang ga rona. Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go leka ka gotlhe mo re ka kgonang ka teng gore re seka ra leofa. Fa re sa dire jalo re nyatsa lorato lwa Modimo ka tsela e e utlwisang botlhoko, mme re tshwana fela le batho bao Juda a neng a bua ka bone a re ba fetotse tshegofatso ya Modimo bopepe.—Yude 4.
Go leba boutlwelobotlhoko jwa Modimo jaaka letloa lengwe la polokesego leo le tla nang le re sireletsa go sa kgathalesege gore re dira eng ke go nyatsa boutlwelobotlhoko jwa Modimo mme go dira gore go lebege e kete boleo ga bo maswe mo go kalo. Ga go a nna jalo tota. Moaposotoloi Paulo o ne a bolela Tito jaana: “Tshegōhaco ea Modimo e bonetse, e tlèla batho botlhe polokō, E re ruta, go re, e tle e re re nntse re ikgaogantse le boikèpō le dithatō tsa lehatshe, re bo re tshela ka go ikgapa, le ka tshiamō, le ka poihōmodimo, mo motlheñ oa gompiyeno.”—Tito 2:11, 12.
Paulo o ne a bontsha gore o anaanela boutlwelobotlhoko jwa Modimo ka tsela eo a neng a lwa le go sa itekanelang ga gagwe. O ne a bolela jaana: “Ke ikgōba mmele, ke o baea mo taoloñ: e se re kgotsa ka mokgwa moñwe, e tla re ke sena go rerèla ba bañwe Mahoko a a Molemō, nna ka nosi ka tla ka ganwa.” (1 Bakorintha 9:27) Paulo o ne a sa tseye fela gore o tshwanetse go leofa nako le nako. A rona re tshwanetse go dira jalo?
Pono Ya Ga Jesu
Ka nako nngwe Jesu o ne a bontsha kafa a lebang go ineela go na le go dira se se siameng ka teng ka go dira se se motlhofo go ka tila go boga. Ka nako ya fa a ne a simolola go bolelela barutwa ba gagwe kaga loso lwa gagwe lwa setlhabelo lo lo neng lo atamela, Petere o ne a leka go mo kgoba marapo a bolela jaana: “A go nnè kgakala nau, Morèna: mo, ga go ketla go gu dihalèla gopè.” Jesu o ne a itshwara jang? “Tloga ha pele ga me Satana: gonne u sekgopi mo go nna: ka go bo ga u tlhokomele dilō tsa Modimo, ha e se dilō tsa batho hèla.”—Mathaio 16:22, 23.
Go kgalemela Petere ga ga Jesu ka tsela e e gagametseng go ne go bontsha sentle gore Jesu o gana go tsaya tsela e e motlhofo eo e neng e akaretsa go nna kgatlhanong le go rata ga Modimo. Pego e bontsha gore o ne a latela tsela e e siameng a sa reketle, a ntse a bogisiwa gangwe le gape ke Satane. La bofelo o ne a sotliwa, a itewa mo go setlhogo, mme a swa ka tsela e e utlwisang botlhoko. Lefa go ntse jalo, ga a ka a ineela, mme ka ntlha ya seno o ne a kgona go re ntshetsa botshelo jwa gagwe go nna thekololo. Tota mme o ne a sa itshokele dilo tseno gore rona re tle re ‘ipabalele’ fa go tsoga mathata kana go nna le dithaelo!
Go bolelwa jaana kaga Jesu: “U ratile tshiamō ua ila boikèpō.” (Bahebera 1:9) Go tsaya tsela e e motlhofo ya go dira dilo gantsi go akaretsa boikepo. Ka jalo, fa e le gore ruri re ila boikepo—jaaka Jesu a ne a bo ila—re tla gana go ineela ka dinako tsotlhe. Mo bukeng ya Diane, Jehofa o bolela jaana: “Morwaaka u tlhalehè, me u ipedisè pelo ea me, gore ke tle ke hetolè èna eo o nkgōbañ.” (Diane 27:11) Tshiamo ya ga Jesu e e lekalekaneng mme a sa ineele e ne ya leretse Jehofa boitumelo jo bogolo. Le rona re ka itumedisa Jehofa ka tsela e e ntseng jalo fa re latela sekao sa ga Jesu sa bothokgami.—1 Petere 2:23.
Go Thapisiwa Ke Bopelotelele
Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Mo lo itumèlañ thata mo go gōna, leha gompiyeno ka lobakanyana, ha go lōpiwa yalo, lo bo lo tsenye mo bohutsaneñ ka ditekō diñwe le diñwe di le dintsi, Gore go lekwa ga tumèlō ea lona, ka e ratèga bogolo go gouda e e nyèlèlañ, leha e lekilwe ka molelō, go hitlhèlwe e le pakō le kgalalèlō le tlotlō, mo tshenoloñ ea ga Yesu Keresete.” (1 Petere 1:6, 7) Ka go bo re sa itekanela e bile re tshela mo lefatsheng la ga Satane, re tla nna re lebana le diteko le dithaelo. Jaaka fa Petere a bontshitse, diteko le dithaelo tseno di ka nna tsa nna le boikaelelo bongwe jo bo molemo. Di leka tumelo ya rona, di supa gore a re bokoa kana re nonofile.
Gape di a re thapisa. Jesu “a ithuta kutlō ka dilō tse o di bogileñ.” (Bahebera 5:8) Le rona re ka ithuta go nna kutlo, le go ikaega ka Jehofa, fa re itshokela teko. Mme thulaganyo eno ya go ithuta e tla tswelela pele go fitlha e wediwa, fela jaaka fa Petere a bolela jaana: “Modimo . . . ōna ka osi o tla lo diha boitekanèlō, o lo tiise, o lo thatahatse.”—1 Petere 5:10.
Lefa go ntse jalo, fa re ineela mo tekong, re itshupa re le magatlapa kana re le bokoa, re sa rate Jehofa thata e bile re sena tshiamo kana re sena boikgapo. Bokoa bope fela jo bo tshwanang le joo bo diphatsa mo kamanong ya rona le Modimo. Eleruri, tlhagiso e e bolelang jaana ya ga Paulo e ka re tshwanela: “Ha re leoha ka bōmo re sena go amogèla kicō ea boamarure, ga go tlhole go na le setlhabèlèlō sepè sa dibe.” (Bahebera 10:26) Go molemo bogolo jang fa re leofe gotlhelele go na le gore re ineele go nna bokoa le go nna mo kotsing ya go latlhegelwa ke tebelelo yotlhe ya go bona botshelo!
Bothokgami Jo Bo Sa Ikaegang ka Sepe
Mo metlheng ya ga moperofeti Daniele, Bahebera ba bararo ba ne ba tshosetswa ka gore ba tla bolawa ka go latlhelwa mo molelong fa ba sa obamele setshwantsho sa disetwa. Ba ne ba arabela jang? “Ha go ka nna yalo, Modimo oa rona o re o dihelañ, o nonohile go re golola mo boikepishoñ yo bo molelō, yo bo tukañ; me o tla re golola mo seatleñ sa gago, kgosi. Me ha go sa nna yalo, u tlo u itse, kgosi, ha re gana go dihèla medimo ea gago, le go ōbamèla sechwanchō sa gouda se u se tlhomileñ.”—Daniele 3:17, 18.
Ba ne ba tsaya kgato eo ka gore ba ne ba batla go dira se se siameng. Fa e le gore seno se ne se tla raya loso lwa bone, ba ne ba ikemiseditse go swa. Ba ne ba na le tsholofelo ya tsogo. Lefa go ntse jalo, fa e le gore Modimo o ne o tla ba golola, go ne go tla nna molemo bogolo. Mme tshwetso ya bone e e sa fetogeng e ne e sa ikaega ka sepe. Ke ka tsela eo batlhanka ba Modimo ba tshwanetseng go nna ka teng ka metlha.
Mo motlheng ono wa rona bangwe ba ba ganneng go ineela ba ile ba tsenngwa mo kgologelong, ba bogisiwa, le eleng go bolawa. Ba bangwe ba ile ba ntsha dilo tsa bone tse di bonalang setlhabelo, ba ikemiseditse go nna ba humanegile go na le gore ba hume ka go roba melaometheo e e siameng. Go ne ga diragalang ka mosadi wa Mokeresete yo o neng a umakiwa kwa tshimologong ya setlhogo seno? O ne a anaanela kgololo e e molemo mme e se e e botlhale ya ngaka mme ga a ka a ineela a felelwa ke tumelo. Go na le moo, ka go bo a ne a tlotla molao wa ga Jehofa o ne a gana go ariwa. Ka boitumelo, o bile a ba a fola mme a tswelela pele a ntse a direla Jehofa ka tlhoafalo. Lefa go ntse jalo, fa a ne a tlhalosa boemo jwa gagwe a tiile jalo, o ne a sa itse gore diphelelo e tla nna eng, mme lefa go ntse jalo o ne a ikaeletse go tlogela sengwe le sengwe mo thateng ya ga Jehofa.
Ke eng se se neng sa dira gore a nne a tiile lefa a ne a le kafa tlase ga kgatelelo? Ga a ka a leka go ikaega ka nonofo ya gagwe, mme ga go na motlhanka ope wa Modimo yo o tshwanetseng go ikaega ka nonofo ya gagwe. Gakologelwa, “Modimo ke botshabèlō yoa rona le thata, thushō e e gauhi thata mo tlaleloñ.” (Pesalema 46:1) A bo go le molemo jang ne go kopa Modimo gore a re thuse fa re le mo tekong go na le gore re leofe mme morago ga foo re bo re mo kopa gore a re utlwelebotlhoko!
Ee, a le ka motlha re se ka ra tsaya boutlwelobotlhoko jwa Modimo jo bo seng kana ka sepe motlhofo. Go na le moo, a re tlhagoleleng moya wa go eletsa go dira se se siameng ka boammaaruri, lefa re lebane le mathata. Se se tla nonotsha kamano ya rona le Jehofa, go tla re fa thapiso e re e tlhokang go bona botshelo jo bo sa khutleng, e bile re tla tlotla Modimo ka tsela e e tshwanetseng ka ntlha ya boutlwelobotlhoko jwa gagwe. Go itshwara ka tsela e e botlhale jalo go tla itumedisa Rraarona wa selegodimo.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Go nna le tsholofelo e e tiileng ya tsogo go ne ga thusa Bahebera ba bararo go boloka bothokgami