LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/94 ts. 1
  • Lefoko la Modimo le Nonofile

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefoko la Modimo le Nonofile
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Solegelwa Molemo ke go Bala Baebele Letsatsi le Letsatsi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Bibela—Buka E E Tshwanetseng go Balwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Go Bala Baebele Go ka Go Solegela Molemo Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Go Bala Baebele—Go Molemo E Bile go a Itumedisa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
km 11/94 ts. 1

Lefoko la Modimo le Nonofile

1 Baebele e tlhotlheleditse matshelo a dimilione tsa batho. Se e se bolelang se tlhotlheletsa batho thata go na le lefa e le eng se motho a se dirang. (Baheb. 4:12) A o ko o ele tlhoko gore e re diretseng. Eleruri, ga go na sepe se se botlhokwa fela thata jaaka yone.

2 Basupi ba ga Jehofa ke baithuti le babueledi ba bagolo ba Baebele. Re tshwanetse go leba mmalo wa rona wa Baebele e le selo se se botlhokwa mo thulaganyong ya rona ya ka metlha ya puso ya Modimo, e nna selo se se tlang kwa pele ga go lebelela thelebishene kana dilo tse dingwe tsotlhe tsa go itlosa bodutu.

3 Dira Gore E Nne Tlwaelo ya ka Metlha: Batho ba ga Jehofa ba ile ba lemoga kafa go bala Baebele ka metlha go nonofileng ka gone. Ka dingwaga tse dintsi letshwao lengwe mo go nngwe ya dikago tsa rona tsa feketeri kwa Brooklyn le ile la tlhotlheletsa batho ba ba fetang ka tsela gore ba nnele go “Bala Lefoko la Modimo Baebele E E Boitshepo Letsatsi le Letsatsi.” Batho ba e leng gone ba tlang mo Bethele ba bolelelwa gore ba bale Baebele yotlhe mo ngwageng wa bone wa ntlha mo tirelong ya Bethele.

4 Le mororo o ka tswa o tshwaregile ka metlha, a o nna o bala mmalo wa Baebele wa beke le beke o o kailweng o o leng mo Thulaganyong ya Sekolo sa Bodihedi sa Puso ya Modimo? Fa e le gore o ile wa nna le bothata go dira seno, ke eng fa o sa leke go tokafatsa seno ka November? Mmalo wa Baebele wa kgwedi yotlhe o tswa mo go Pesalema 95-109, o o tlhokang gore motho a bale ditsebe tse di ka nnang tharo kana tse nne beke nngwe le nngwe. Bangwe ba bona go le botoka gore ba bale go sekaenyana mo letsatsing lengwe le lengwe, e ka tswa e le phakela thata mo mosong kana pele ga ba ya go robala maitseboa. Lefa o ka tswa o go dira ka tsela efe, se se botlhokwa ke gore o tla bona melemo e e itumedisang e e bonwang ka ntlha ya go bala Lefoko la Modimo ka metlha.

5 Tsamaisa Buka ya Lefoko la Modimo ka November: Batho ba le bantsi ba santse ba tlotla Baebele mme ba rata go reetsa fa re ba e balela. Ka November re tla bo re tsamaisa buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? Seno se re fa tshono e e molemolemo ya go bontsha batho ba ba dipelo tse di ikanyegang botlhokwa jwa Lefoko la Modimo. Nna matlhagatlhaga fa o dira seno.

6 Baakanyetsa dikakgelo dingwe tse di molemo tse di supang ka moo buka ya Lefoko la Modimo e leng botlhokwatlhokwa ka gone e bile e le tse di ka dirang gore batho ba e kgatlhegele. Ke eng o sa tlhophe nngwe ya diketapele tse di leng mo bukeng ya Go Fetolana mo tsebeng 10, mo setlhogong se se reng “Bibela/Modimo”? Mo ditsebeng 62-72 o tla bona tshedimosetso e e oketsegileng e e ka go thusang malebana le Baebele. Ke eng fa lo sa sekaseke tshedimosetso eno jaaka lelapa pele ga lo ya tirelong? Lo ka nna lwa nna le thulaganyo ya go ithapisa, lo dirisa diketapele tse di mo bukeng ya Go Fetolana kana tse dingwe tse lo boneng gore lo a atlega fa lo di dirisa mo tshimong ya lona.

7 Dira gore o bontshe motho kafa Baebele e leng mosola ka gone jaaka go supilwe mo kgaolong 12 ya buka ya Lefoko la Modimo. Jaaka fa ikonomi e ntse e ya kwa tlase mo lefatsheng lotlhe, batho ba le bantsi ba ntse ba dira gore go batla madi le dilo tse di bonalang e nne selo sa botlhokwa thata mo matshelong a bone. O ka nna wa lebisa mongantlo mo serapeng sa 3 le 4 mo kgaolong eno, mo tlhalosetse kaga kgakololo e e lekalekanang le e e botlhale e e mo Lefokong la Modimo.

8 Ee, Baebele ke Lefoko la Modimo. Fa re e bala, re e dumela, re bo re dirisa kgakololo ya yone mo matshelong a rona, re tla solegelwa molemo thata. E ne ya kwalwa gore e re kaele le gore re nne le tsholofelo. (Bar. 15:4) Go botlhokwa gore re e bale letsatsi le letsatsi mme re iketleeletse go e dirisa go ruta batho ba bangwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela