Itumelele Tirelo ya Gago E E Boitshepo
GORE re fitlhelele mokgele ope fela wa botlhokwa, re tshwanetse gore re bo re iketleeditse go ithontsha dilo dingwe. Gore motho a nne ngaka go tlhoka gore a tseye dingwaga di le dintsi a ithuta e bile a ititeile sehuba, gape go tlhokega madi. Mongwe yo o setswerere mo dijiminaseting o a bo a dirisitse karolo e kgolo ya bosha jwa gagwe a ntse a ikatisa ka mekgwa e e nnang e nnela bokete kwa pele, a na le maikaelelo a a sa kgaotseng a gore bokgoni jwa gagwe e nne jo bo itekanetseng. Moletsi yo o setswerere wa piano le ene o itse sentle kafa go mo tsereng dingwaga tse dintsi ka gone a ntse a ikatisa a tsentse marapo dinameng.
Lefa go ntse jalo, go na le mokgele mongwe o o busetsang motho tuelo e e fetang kgakala se a ileng a se ithontsha. Ono ke ofe? Ke tshiamelo ya go nna motlhanka wa Mogodimodimo, Jehofa Modimo. Lefa e ka tswa e le eng se re se ithontshang, e ka tswa e le nako, madi, kana maatla, tshiamelo ya go direla Mmopi wa rona tirelo e e boitshepo e tlisa melemo e e ka se bapisiweng le epe. Mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo a boammaaruri: “Poihōmodimo e molemō kaga dilō cotlhe, ka e na le choloheco kaga botshelō yoa gompiyeno, le kaga yōna yo bo tla tlañ.” (1 Timotheo 4:8) A re boneng gore seo se boammaaruri jang.
Fa Re Simolola Go Ithuta Kaga Modimo
Bontsi jwa batho ba ba amogelang mafoko a a molemo ba bo ba simolola go ithuta Bibela ba ka nna ba bo ba sa lemoge kafa seno se tla lereng diphetogo tse dikgolo ka gone mo matshelong a bone. Sa ntlha, moithuti yo mosha wa Bibela a ka nna a latlhegelwa ke dingwe tsa ditsala tsa gagwe tse di sa kgoneng go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa a sa tlhole a dirisana mmogo le bone mo ditirong tse jaanong a bonang di sa tlotle Modimo. (1 Petere 4:4) Ba bangwe ba ka nna ba ganediwa ke ba lelapa mme ba ka nna ba utlwa botlhoko go bona bao ba ba ratang ba bontsha go sa rate Jehofa, gongwe le eleng go mo ila. (Mathaio 10:36) Tseo e ka nna ditlamorago tse di bokete.
Kwa tirong kana kwa sekolong, le gone go tla nna le ditlamorago. Moithuti yo mosha wa Bibela fa nako e ntse e ya o tla tlogela go nna le seabe mo diphathing le mo meletlong e mengwe ya selefatshe. Ga a kitla a tlhola a reetsa puo e e leswe ya badirikaene kana baithutikaene, le gone ga a na go tlhola a bolelelana metlae ya matlhapa le bone. Go na le moo, o tla leka go dirisa kgakololo e e fitlhelwang mo go Baefesia 5:3, 4: “Boaka, le mashwè aotlhe, leha e le boiphètlhō, go se ka ga ba ga umakwa mo go lona, yaka go chwanetse baitshepi; Leha e le matlhapa, leha e le puō ea dinyana, leha e le dinyaō, tse e leñ dilō tse di sa chwanelañ: me bogolo go ntshiwè malebogō.”
Diphetogo tse di ntseng jalo di ka nna tsa dira gore moithuti wa Bibela a kgaphelwe kwa ntle. Seo se ka nna bokete, bogolo jang mo mosheng yo o santseng a tsena sekolo. Fa go ntse go feta malatsi a boikhutso ao ba tshwanelwang ke go a itshokela, mmogo le dithuto tse di kgatlhanong le Modimo, tse di jaaka thutotlhagelelo, le kgatelelo e e sa feleng ya gore ba ye le mogoro, Bakeresete ba basha ba tshwanelwa ke gore ba lwele tumelo ya bone ka metlha. Go latela ditsela tsa Modimo go tla dira gore ba farologane le batho mme go ka nna ga felela ka gore baithutikabone le barutisi ba bone ba ba sotle. Go nna bokete thata go amogela seno, bogolo jang mo dingwageng tsa bolesome tse di thata, mme lefa go ntse jalo go amogelwa ke Modimo go botlhokwa thata mo go ka nnang le ditlamorago tse di ntseng jalo.
A Tota ke Go Latlhegelwa?
Dilo tse dingwe tse di ka simologang di lebega jaaka go latlhegelwa fa go ntse go ya di bonala e le masego. Bangwe ba tshwanelwa ke go latlha mokgwa wa go goga motsoko. (2 Bakorintha 7:1) Seno e ka nna ntwa, mme lefa go ntse jalo, a bo go itumedisa jang ne fa kgabagare mokgwa oo o o bosula o fenngwa! Go ka bolelwa se se tshwanang ka go fenya go tshwakgolwa ke diokobatsi tse dingwe kana ke tagi. A bo botshelo bo le botoka thata jang ne fa bo sena mekgwa e e ntseng jalo e e senyang! Ba bangwe ba nna le mathata a lenyalo a ba tshwanetseng go a fedisa. Ba ba tshelang mmogo fela ba sa nyalana ba tshwanetse ba nyalana kana ba kgaotsa go nna mmogo. (Bahebera 13:4) Ba ba nnang le basadi ba ba fetang a le mongwe fela ba tshwanetse ba sala ka mosadi wa bokau jwa bone fela. (Diane 5:18) Diphetogo tse di ntseng jalo di akaretsa go latlhegelwa ke dilo dingwe, mme lefa go ntse jalo di lere kagiso mo lelapeng.
Akanya ka Maduo a Gone
Totatota, mongwe le mongwe yo o utlwang melao ya ga Jehofa o solegelwa molemo eleruri. E le la ntlha mo botshelong jwa gagwe, moithuti wa Bibela o simolola go bitsa Mmopi wa gagwe a dirisa leina la Gagwe, Jehofa. (Pesalema 83:18) Moithuti o simolola go rata Jehofa fa a ntse a ithuta dilo tse di molemo tseo A di diretseng batho le tse a santseng a tla di ba direla. Kwa dinageng tse kwa go tsone go tshaba baswi go anameng, o tlogela go boifa tumelobotlhoding, ka go itse gore baswi ba robetse, ba emetse go tsosiwa. (Moreri 9:5, 10) Mme a bo go gomotsa jang ne go lemoga gore Jehofa ga a bogisetse batho ruri kwa diheleng! Ee, ruri boammaaruri bo a mo golola.—Yohane 8:32.
Fa moithuti a ntse a fetola botshelo jwa gagwe go bo dumalanya thata le melao ya ga Jehofa, o simolola go nna le segakolodi se se phepa le go itlotla. Go ithuta go tshela jaaka Mokeresete wa boammaaruri go mo thusa gore a tlhokomele lelapa la gagwe botoka, se se dirang gore a kgotsofale le go itumela tota. Se sengwe gape ke go nna gone kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi. A bo seo e le boitemogelo jo bo itumedisang jang ne! Fano go na le batho ba ruri ba dirisang lorato lwa mmatota lo Bibela e reng lo tshwanetse go tlhaola batho ba Modimo. (Pesalema 133:1; Yohane 13:35) Puo ya bone e phepa e bile e a agelela fa ba ntse ba bua “ditihō tse dikgolo tsa Modimo.” (Ditihō 2:11) Ee, go kopana le “bokauleñwe” go lere boitumelo. (1 Petere 2:17) Go kopana le batho ba ba molemo jalo go thusa moithuti wa Bibela gore a “aparè motho eo mosha, eo kaha Modimoñ o bopilweñ mo tshiamoñ, le mo boitshepoñ yoa boamarure.”—Baefesia 4:24.
Kgato ya Go Ineela
Fa motho a ntse a gola mo kitsong, kgabagare o tlhotlhelediwa ke go rata Jehofa gore a neele botshelo jwa gagwe go ene mme a supe boineelo jono ka go kolobediwa ka metse. (Mathaio 28:19, 20) Jesu o gakolola barutwa ba gagwe gore pele ga ba tsaya kgato eno, ba bone gore ditlamorago e tla nna eng. (Luke 14:28) Gakologelwa gore, Mokeresete yo o ineetseng o baya Jehofa kwa pele a bo a gana dilo tsa nama. O dira ka natla gore a latlhe “ditihō tsa nama” mme a tlhagolele “louñō loa Mōea.” (Bagalatia 5:19-24) Kgakololo e e mo go Baroma 12:2 jaanong e na le seabe se segolwane mo botshelong jwa gagwe: “Lo se ka loa bopèga yaka lehatshe yeno: me lo hetolwè ke boshahaco yoa pelo tsa lona, gore lo lemogè mo e leñ go rata ga Modimo.” Ka jalo, Mokeresete yo o ineetseng o tshela botshelo jwa gagwe ka maikaelelo a a shafaditsweng.
Lefa go ntse jalo, ela tlhoko gore o amogela eng. Selo sa ntlha, jaanong o na le kamano e e gaufiufi le Mmopi wa lobopo lotlhe. O boletswe tshiamo gore a tle a nne tsala ya Modimo! (Yakobe 2:23) Jaanong o na le lebaka le le utlwalang la go bitsa Modimo a re ke “Rra echo eo o kwa legodimoñ.” (Mathaio 6:9) Masego a mangwe gape a a tlelang yo o sa tswang go ineela ke go itse gore tota go na le lebaka la go bo botshelo bo le gone le gore o tshela botshelo jwa gagwe go dumelana le lebaka leo. (Moreri 12:13) A ka kgona go supa fa Diabolo e le moaki ka go tswelela pele a ikanyega, a setse Jesu morago. A bo seo se itumedisa pelo ya ga Jehofa jang ne!—Diane 27:11.
Gone ke boammaaruri, fa Mokeresete a ntse a itshoka mo tseleng ya go ikanyega, go na le dilo tse dingwe tse di tshwanetseng go mo latlhegela. Go tlhoka nako gore motho a ithute Lefoko la Modimo ka botlalo ene ka namana mmogo le go ithuta le phuthego. (Pesalema 1:1-3; Bahebera 10:25) Nako e e dirisiwang mo ditirong tse dingwe e tshwanetse ya solwa molemo gore e dirisiwe mo bodiheding jwa tshimo. (Baefesia 5:16) Gape go tlhokega nako le maiteko gore motho a nne gone kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa le gore a ye kwa dikopanong tsa bone tse dipotlana le tse dikgolo. Go ka nna ga tlhoka go intsha setlhabelo gore motho a tsenye letsogo mo go tshegetseng Holo ya Bogosi le tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe ka madi. Lefa go ntse jalo, jaaka dimilione tsa Bakeresete di ka supa, go nna le seabe mo dilong tse di ntseng jalo ka pelo yotlhe go lere boitumelo. Jesu o ne a re: “Go aba go lesegō bogolo go go amogèla.”—Ditihō 20:35.
Maduo a go tshegetsa tiro ya ga Jehofa a feta se motho a latlhegelwang ke sone kgakala. Fa re ntse re gola, bodihedi jwa rona bo simolola go ungwa le go itumedisa go feta pele. Eleruri, ga go na sepe se se ka kgotsofatsang thata jaaka go ruta mongwe boammaaruri jwa Bibela re bo re mmona a simolola go obamela Jehofa. Mme fa e le gore moobamedi yo mosha yo ke leloko la lelapa, gongwe e le ngwana yo o thapisitsweng “mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna,” seo se itumedisa ka tsela e e kgethegileng. (Baefesia 6:4) Re bona Modimo a segofatsa maiteko a rona thata a gore re nne “badihi mmōgō” le ene.—1 Bakorintha 3:9.
Maduo A Mangwe A Go Direla ka Boikanyegi
Ke boammaaruri, fa fela tsamaiso e ya dilo e santse e le teng re tla nna le mathata. Go bonala sentle gore mathata a ka nna a nnela maswe kwa pele fa nako ya ga Diabolo e ntse e khutshwafala. Re ka nna ra tshwanelwa ke go bogisiwa kana go lwantsha dithaelo. Mme lefa go ntse jalo go itse gore Modimo o na le rona go a re gomotsa e bile go re fa maatla a gore re itshoke. (1 Bakorintha 10:13; 2 Timotheo 3:12) Bakeresetekarona bangwe ba ile ba itshoka ka dingwaga di le dintsi ba itshokela go tshwarwa setlhogo, mme lefa go ntse jalo ba ne ba itshoka ka ntlha ya lorato lo ba ratang Modimo ka lone. Batho ba ba atlegang fa ba itshokela mefuta e e farologaneng ya diteko ba ikutlwa jaaka baaposetoloi ba ne ba ikutlwa fa ba ne ba ketekwa ka dithupa go tswa foo ba bo ba gololwa. Ditihō 5:41 e anela jaana: “Me hoñ ba cwa ha pele ga lekgotla, ba itumèla ka ba kailwe chwanèlō ea go tlotlololwa ka ntlha ea Leina.”
Maduo a go itshoka a feta se motho a tla latlhegelwang ke sone le gone jaanong. Mme lefa go ntse jalo, gakologelwa gore poifomodimo “e na le choloheco” e seng kaga “botshelō yoa gompiyeno” fela mme gape le kaga “yōna yo bo tla tlañ.” (1 Timotheo 4:8) A bo ditebelelo tsa motho yo o itshokang di le dikgolo jang ne! Fa o ka ikanyega, o tla falola sepitla se segolo se se tshwayang bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo. Kana fa o swa pele ga tiragalo eo e e tshwayang phetogo ya botlhokwa, o tla tsosediwa mo lefatsheng le lesha le le tla latelang. (Daniele 12:1; Yohane 11:23-25) Akanya kafa o tla ikutlwang o itumetse ka gone ka nako eo fa o kgona go re: “Ke kgonne, ka thuso ya ga Jehofa!” A bo go itumedisa jang go rua karolo mo lefatsheng leo, le le “tla [bong] le tletse kicō ea go itse Yehofa, yaka metse a khurumeditse lewatlè.”—Isaia 11:9.
Ee, go direla Modimo go tlhoka gore o ithontshe dilo dingwe. Mme lefa go ntse jalo fa di bapisiwa le maduo a gone, se se go latlhegelang ga se sepe. (Bafilipi 3:7, 8) Ka ntlha ya dilo tsotlhe tse Modimo a di direlang batlhanka ba gagwe gone jaanong le tse a santseng a tla di ba direla mo isagweng, re boeletsa mafoko ano a mopesalema: “Ke tla ntshetsa Yehofa eñ, ka ntlha ea masegō aotlhe a gagwè a o a ntihetseñ?”—Pesalema 116:12.