-
Madi—A Botlhokwa Thata Gore O TsheleMadi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
-
-
madi a boloka matshelo. Dingaka di ka go bolelela ka makgetlo mangwe ao mo go one motho mongwe yo a neng a dule madi a mantsi a neng a tokafala ka bonako fela fa a sena go tshelwa madi. Ka jalo o ka nna wa ipotsa, ‘Go ya ka kalafi, selo seno se thusa go le kana kang?’ Go na le bosupi jwa kalafi joo bo neelwang go tshegetsa mokgwa wa go alafa ka madi. Ka jalo, o tshwanetse go iponela dintlha tseo gore o tle o itlhophele tsela e o e tsayang mabapi le madi o na le kitso.
-
-
Go Tshelwa Madi Ga go Diphatsa Ka Selekanyo Se Se Kana Kang?Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
-
-
Go Tshelwa Madi Ga go Diphatsa Ka Selekanyo Se Se Kana Kang?
Motho yo o akanyang sentle o tla batlisisa pele ka melemo le dikotsi tsa mokgwa ope fela o o masisi wa kalafi pele a ka o dumela. Go tweng ka go tshelwa madi? Gompieno ke sedirisiwa se segolo thata sa kalafi. Dingaka tse dintsi tseo di kgatlhegelang balwetsi ba tsone tota di ka nna tsa se ka tsa senya nako go ba tshela madi. Ga a bolo go nna a bidiwa mpho ya botshelo.
Dimilione tsa batho di ne tsa aba madi a tsone a mmele kana tsa tshelwa madi. Mo lobakeng lwa 1986-87, Canada e ne e na le batho ba ba abang madi a bone a mmele ba le dimilione di le 1,3 mo baaging ba le dimilione di le 25. “Mo ngwageng wa bosheng oo re nang le dipalo tsa one, go ne ga tshelwa dielo tsa madi di le dimilione tse di fa gare ga di le 12 le di le 14 tsa madi kwa United States fela.”—The New York Times, February 18, 1990.
“Madi ga a bolo go nna le nonofo ya ‘go nna le maatla a a fetang a tlholego,’” go akgela jalo Dr. Louise J. Keating. “Mo dingwageng tsa ntlha tse 46, dingaka le batho fela ba ne ba bua thatathata kafa madi a senang diphatsa dipe ka gone go na le jaaka a ntse totatota.” (Cleveland Clinic Journal of Medicine, May 1989) Go ne go ntse jang ka nako eo, mme go ntse jang jaanong?
Le eleng mo dingwageng tse 30 tse di fetileng, dingaka tse di ithutang ka malwetsi a ditogwa le diedi tsa mmele le bao ba dirang mo mabolokelong a madi a mmele ba ne ba gakololwa jaana: “Madi ke tanamite! A ka thusa tota kana a gobatsa tota. Batho ba ba swang ka ntlha ya go tshelwa madi ba lekana le ba ba swang ka ntlha ya seidibatsi sa ethere kana ka go ariwa lelana. Go fopholediwa gore go swa motho a le mongwe mo ditshelong tsa madi di le 1 000 go ya go di le 3 000 kana mo go tse 5 000. Mo kgaolong ya Lontone go ile ga begiwa gore go swa motho a le mongwe mo dibotlolong dingwe le dingwe di le 13 000 tsa madi a a tshelwang.”—New York State Journal of Medicine, January 15, 1960.
A dikotsi tseo tsa bogologolo di ile tsa nyelediwa mo e leng gore jaanong o ka tshelwa madi o sa tlhagelwe ke kotsi epe? Ka boammaaruri, ngwaga le ngwaga diketekete tse di makgolokgolo di angwa ke madi ka ditsela tse di farologaneng tse di boifisang, mme ba bantsi ba a swa. Dikakgelo tse di fa godimo tseno di ka go akantsha malwetsi a a bakiwang ke madi. Pele o ka tlhatlhoba ntlha eno, elatlhoko dikotsi dingwe tseo di sa itsegeng thata.
MADI LE NONOFO YA GAGO YA GO LWA LE MALWETSI
Kwa tshimologong ya lekgolo la bo 20 la dingwaga, borasaense ba ne ba thusa batho go tlhaloganya botoka kafa madi a raraaneng ka mo go gakgamatsang ka gone. Ba ne ba ithuta gore go na le mefuta e e farologaneng ya madi. Go tshwana ga madi a motho yo o abang madi le a molwetsi ke selo sa botlhokwa thata mo tshelong ya madi. Fa motho yo mofuta wa madi a gagwe e leng wa A, a ka fiwa madi a mofuta wa B, mmele wa gagwe o ka nna wa se ka wa a amogela. Seno se ka bolaya bontsi jwa disele tsa gagwe tse dikhibidu mme a swa fela ka bonako. Lemororo jaanong go kgaoganngwa ga madi a batho go ya ka mefuta ya one le go bona gore a tota a a tshwana e le selo se se tlwaelegileng, diphoso di a diragala. Ngwaga mongwe le mongwe batho ba a swa ka ntlha ya go swa ga disele tsa bone tse dikhibidu.
Dintlha di bontsha gore kgang eno ya go farologana ga one ga e felele fela mo mefuteng e sekae ya madi ao dikokelo di batlang go bona fa a nyalana. Ka ntlha yang? Ebu, mo setlhogong seo a se kwadileng se se reng “Go Tshelwa Madi: Tiriso ya One, Tiriso E E Botlhaswa, le Dikotsi tsa One,” Dr. Douglas H. Posey, Jr., o kwala jaana: “Sampson o ne a tlhalosa fa go tshelwa madi e le sengwe se se kotsi tota, dingwaga tse di ka nnang 30 tse di fetileng . . . [Fa esale go tloga ka nako eo] go ile ga bonwa dire tse di ka nnang 400 tse di lwang kgatlhanong le malwetsi tsa disele tse dikhibidu ga bo ga bonwa le kafa di dirang ka gone. Ga go na pelaelo ya gore palo ya tsone e tla oketsega ka gonne letha la disele tse dikhibidu le raraane fela thata.”—Journal of the National Medical Association, July 1989.
Borasaense jaanong ba ithuta kafa madi a amang tsela eo mmele o iphemelang ka yone, kana tsamaiso ya mmele ya go lwa kgatlhanong le malwetsi. Seo se ka raya eng mo go wena kana mo go mongwe wa losika lwa gago yo o tlhokang go ariwa?
Fa dingaka di ntsha pelo, sebete, kana serwe sepe fela go se tsenya mo mothong yo mongwe, tsamaiso ya mmele ya go lwa kgatlhanong le malwetsi e ka nna ya tshwaya gore go na le togwa nngwe e e tsentsweng mme ya e gana. Lefa go le jalo, go tshelwa madi tota ke go tsenngwa togwa e nngwe. Le eleng madi ao a neng a nyalantswe “sentle thata” a ka nna a dira gore tsamaiso ya mmele ya go lwa le malwetsi e se ka ya dira. Kwa kokoanong ya dingaka tseo di ithutang ka malwetsi a ditogwa le a diedi tsa mmele, go ne ga bolelwa gore makgolokgolo a dipampiri tsa dikgang tsa kalafi “a ile a bolela gore ditshelo tsa madi di ama tsamaiso ya mmele ya go lwa le malwetsi.”—“Case Builds Against Transfusions,” Medical World News, December 11, 1989.
Tiro e kgolo ya tsamaiso ya mmele wa gago ya go lwa le malwetsi ke go kgona go lemoga disele tse di bolayang (tsa kankere) le go di nyeletsa. A go sa direng ga tsamaiso ya mmele ya go lwa le malwetsi go ka baka kankere le loso? Tlhokomela dipego tse pedi tseno.
Lokwalopaka lwa Cancer (February 15, 1987) lo ne lwa anela jaana ka seo se neng sa bonwa mo patlisisong e e neng ya dirwa kwa Netherlands: “Go ne ga bonwa kafa dikotsi tsa go tshelwa madi di amang ka gone selekanyo sa nako se se tshelwang ke balwetsi ba ba tshwerweng ke kankere ya ngati. Mo setlhopheng seno, mo go bao ba neng ba tshetswe madi go ne go tshela 48% mo lobakeng lwa dingwaga tse di nnang di okediwa ka 5 mme mo balwetsing ba ba sa tshelwang madi go ne go tshela 74%.” Dingaka tsa kwa Yunibesithing ya Borwa jwa California di ne tsa nna tsa tlhokomela kafa balwetsi ba le lekgolo bao ba neng ba arelwa kankere ba neng ba tswelela ba tshela ka gone. “Selekanyo seo kankere ya kodu e neng e ipoeletsa ka sone mo bathong ba ba neng ba sa tshelwa madi e ne e le 14% mme mo go bao ba neng ba tshetswe madi e ne e le 65%. Selekanyo seo kankere ya mometso, eleng ya kgogobe, le ya nko kana mosele wa nko, e neng e ipoeletsa ka sone e ne e le 31% mo go bao ba sa tshelwang madi le 71% mo go bao ba tshetsweng madi.”—Annals of Otology, Rhinology & Laryngology, ya March 1989.
Dipatlisiso tse di ntseng jalo di akantshang ka ditshelo tsa madi? Dr. John S. Spratt o ne a konela jaana mo setlhogong sa gagwe: “Ditshelo tsa Madi le Karo ya Kankere”: “Go ka nna ga tlhokega gore ngaka e e arang kankere e nne ngaka e e arang e sa dirise madi.”—The American Journal of Surgery, September 1986.
Tiro e nngwe ya konokono ya tsamaiso ya gago ya mmele ya go lwa kgatlhanong le malwetsi e ka nna go o femela gore o se ka wa tsenwa ke malwetsi. Ka jalo go tlhaloganngwa gore dipatlisiso dingwe di bontsha gore balwetsi ba bangwe bao ba amogelang madi ba kgona go tsenwa ke malwetsi ka bonako. Dr. P. I. Tartter o ne a batlisisa ka go ariwa ga molatelo. Mo balwetsing bao ba neng ba tshelwa madi, 25 lekgolong ya bone e ne ya tsenwa ke malwetsi, fa e bapisiwa le 4 lekgolong ya bao ba neng ba sa tshelwa madi. O bega jaana: “Madi a a tshelwang a amanngwa thata le mathata a a sa tlhaloganngweng a malwetsi ao a tsenang motho fa a tshetswe madi pele a arwa, fa a ntse a ariwa, kana fa a sena go ariwa . . . Kotsi ya go ka tsenwa ke malwetsi morago ga karo e ne ya oketsega kgato ka kgato ka palo ya dielo tsa madi tse di tshetsweng.” (The British Journal of Surgery, August 1988) Bao ba neng ba ile kwa pokanong ya 1989 ya Lekgotla la Amerika la Mabolokelo a Madi ba ne ba lemoga seno: Lemororo 23 lekgolong ya bao ba neng ba tshelwa madi a batho ba bangwe fa dinoka tsa bone di ne di busediwa mo mannong ka go ariwa ba ne ba tsenwa ke malwetsi, bao ba neng ba sa tshelwa madi ba ne ba se ka ba tsenwa ke malwetsi gotlhelele.
Dr. John A. Collins o ne a kwala jaana mabapi le seno se se bakiwang ke go tshelwa madi: “Go tla bo go utlwisa botlhoko tota gore ‘kalafi’ eo go nang le bosupi jo bonnye thata jwa gore e a dira e ka fitlhelwa e le yone e oketsang mathata a magolo ao balwetsi ba ba ntseng jalo ba lebaneng le one.”—World Journal of Surgery, ya February 1987.
A GA A NA BOLWETSI BOPE KANA A TLETSE DIKOTSI?
Bolwetsi jo bo bakiwang ke madi bo tshwenya dingaka tse di kelotlhoko le balwetsi ba le bantsi. Bolwetsi bofe? Ka boammaaruri, ga o kake wa re bo bongwe fela; a mantsi eleruri.
Fa e sena go tlotla ka malwetsi a a itsegeng thata, Techniques of Blood Transfusion (1982) e bua ka “malwetsi a mangwe a a tshelanwang a a amanang le go tshelwa madi,” jaaka thosola, cytomegalovirus, le malaria. Morago ga foo e bua jaana: “Go na le malwetsi a mangwe gape a le mmalwa ao go ileng ga begwa gore a bonwa ka go tshelwa madi, a a akaretsang megare ya bolwetsi jwa herpes, mononucleosis e e tshelanwang, (megare ya Epstein-Barr), toxoplasmosis, trypanosomiasis [bolwetsi jwa boroko jwa mo Afrika le bolwetsi jwa Chagas] leishmaniasis, brucellosis [go opa le go ruruga ga ditlokololo], lenta, filariasis, mmoko, salmonellosis, le letshoroma la malomo a kgofa la Colorado.”
Totatota, lenane la malwetsi a a ntseng jalo le ntse le gola. O ka tswa o ile wa bala ditlhogo tsa dikgang tse di jaaka “A Bolwetsi jwa Lyme Bo Ka Bonwa Ka go Tshelwa Madi? Ga go Lebege go Ka Nna Jalo, Mme Baitseanape Ba Tshwenyegile.” Madi a motho yo o tshwerweng ke bolwetsi jwa Lyme a ka se nne diphatsa go le kana kang? Setlhopha sa baokamedi ba boitekanelo se ne sa bodiwa gore a se ka amogela madi a a ntseng jalo. “Botlhe ba ne ba araba ka gore nnyaa, lemororo go se ope wa bone yo a neng a akantsha gore madi a a ntshitsweng ke batho ba ba ntseng jalo a tshololwe.” Batho ka kakaretso ba tshwanetse go ikutlwa jang ka madi a mmele a a mo mabolokelong ao baitseanape ka bobone ba ka se kang ba dumela go a tshelwa?—The New York Times, July 18, 1989.
Lebaka lengwe la bobedi le le tshwenyang ke gore madi a a kgobokanngwang mo nageng nngwe koo go ka tswang go na le bolwetsi bongwe jo bo rileng a ka nna a ya go dirisiwa golo gongwe kwa kgakala, koo batho mmogo le dingaka tsa koo di sa itseng sepe ka kotsi eo. Ke selo seo ruri se ka kgonegang tota gore go ka nna le bolwetsi bongwe jo bo sa itsegeng mo mading, ka gonne mesepele gompieno e oketsegile, go akaretsa le batshabi le batho ba ba fudugelang kwa dinageng tse dingwe.
Mo godimo ga moo, moitseanape mongwe wa malwetsi a a tshelanwang o ne a tlhagisa jaana: “Madi a tshwanetse go tlhatlhobiwa go thibela go tshelanwa ga malwetsi mangwe ao pele a neng a sa lejwe e le a a ka tshelanwang, go akaretsa le leukemia, lymphoma, le dementia [kana bolwetsi jwa Alzheimer].”—Transfusion Medicine Reviews, January 1989.
Lemororo dikotsi tseno di boifisa jaana, go na le tse dingwe tse di boitshegang le go feta tseno.
KGOGODI YA AIDS
“AIDS e ile ya fetolela ruri tsela eo dingaka le balwetsi ba akanyang ka yone ka madi. Mme kgopolo eo ga e maswe thata, go ne ga bua jalo dingaka tseo di neng di kokoanetse kwa konferenseng ya Ditheo tsa Bosetšhaba tsa Boitekanelo go ya go bua ka tshelo ya madi.”—Washington Post, July 5, 1988.
Kgogodi ya AIDS (acquired immunodeficiency syndrome), ka bosetlhogo jwa yone, e ile ya dira gore batho ba lemoge kotsi ya go tsenwa ke malwetsi a a tshelanwang ka go tshelwa madi. Dimilione di le dintsi jaanong di na le yone. E gola ka tsela eo e sa laolegeng. E bolaya ka selekanyo sa 100 lekgolong.
AIDS e bakiwa ke megare e e bolayang nonofo ya mmele ya go lwa le malwetsi (human immunodeficiency virus [HIV]) eo e kgonang go anama ka madi. Kgogodi eno ya segompieno ya AIDS e ne ya lemogiwa ka 1981. Mo ngwageng o o latelang fela, baitseanape ba boitekanelo ba ne ba lemoga gore megare ya yone e ka nna ya fetisiwa ka dilo tse di dirilweng ka madi. Jaanong go dumelwa gore madirelo a madi a ne a se ka a arabela ka bonako, le eleng morago ga gore go nne le ditlhatlhobo tseo di kgonang go ba supetsa madi a a nang le megare e e bolayang HIV. Madi a a abiwang ke batho a ne kgabagare a simolola go tlhatlhobiwa ka 1985,a mme le eleng ka nako eo ga go a ka ga tlhatlhobiwa dilo tse dingwe tseo di dirilweng ka madi tseo di neng di setse di bolokilwe.
Morago ga foo batho ba ne ba tlhomamisediwa gore, ‘Madi a re nang le one jaanong ga a kotsi.’ Lefa go ntse jalo, moragonyana go ne ga senolwa gore go na le “lobaka longwe lwa nako” lo lo kotsi lwa AIDS. Fa e sena go tsena motho, go ka tsaya dikgwedi pele a ka nna le ditwantshi tseo di kgonwang go lemogiwa. A ka nna a aba madi a gagwe a mmele ao a tla sekang a itshupa le fa a tlhatlhobiwa, a sa itse gore o na le megare eo. Seno se ile sa diragala. Batho ba ile ba tsenwa ke AIDS fa ba sena go tshelwa madi a a ntseng jalo!
Go ne ga nnela maswe kwa pele. The New England Journal of Medicine (June 1, 1989) e ne ya bega ka “Go Tsenwa Ke HIV O Sa Lemoge.” Go ne ga tlhomamisiwa gore batho ba ka nna le megare ya AIDS ka dingwaga di le dintsi mme e sa kgonwe go lemogiwa ka diteko tsa jaanong tseo di sa lebaganang le yone. Bangwe ba ka nna ba bolela gore maemo a a ntseng jalo ga a a tlwaelega, mme a supa gore “kgonego ya gore AIDS e ka tsena motho ka madi le dikarolo tse dingwe tsa one ga e kake ya nyelelediwa ruri.” (Patient Care, November 30, 1989) Go konelwa jaana ka tsela e e tshwenyang thata: Tlhatlhobo e e supang fa e sa go tsena ga e kake ya tsewa jaaka e e tlhomamisang gore o itekanetse. Ke batho ba bakae ba ba santseng ba tla tsenwa ke AIDS ka madi?
SETLHAKO SE SE LATELANG? KANA DITLHAKO TSE DI LATELANG?
Batho ba bantsi bao ba nnang mo dikagong tse di nnang batho ba bantsi ba ile ba nna ba utlwa mokgwasa wa setlhako fa se gata mo boalong jo bo fa godimo ga bone; ba ka nna ba tsitsibana jalo ba letile sa bobedi. Mo bothateng jono jwa madi, ga go ope yo o itseng gore ditlhako tse di bolayang tse di santseng di tla gata di kae ka palo.
Megare ya AIDS e ne ya bidiwa HIV, mme baitseanape ba bangwe jaanong ba e bitsa HIV-1. Ka ntlha yang? Ka gonne ba bone mogare o mongwe wa mofuta wa AIDS (HIV-2). O ka go dira gore o nne le matshwao a a tshwanang le AIDS mme o aname thata mo mafelong a mangwe. Mo godimo ga moo, “ga se ka metlha ditlhatlhobo tsa jaanong tse di dirisiwang mono tsa AIDS di kgonang go o senola,” go bega jalo The New York Times. (June 27, 1989) “Dilo tse di bonweng bosheng . . . di dira gore go nne bokete gore ba mabolokelo a madi a mmele ba tlhomamisege gore madi a a abilweng ga a na kotsi epe.”
Go tweng ka megare e mengwe e e batlileng e tshwana le AIDS? Lekgotla lengwe le le emelang poresidente (U.S.A.) le ne la bolela gore nngwe ya megare eo “go dumelwa fa e le yone e bakang T-cell leukemia/lymphoma le bolwetsi bongwe jo bo kotsi thata jwa disele tsa boboko.” Megare eno e setse e tsene batho ba ba abang madi a mmele mme e ka nna ya anama mo mading. Batho ba tshwanetse go ipotsa jaana, ‘Mabolokelo a madi a mmele a kgona go le kana kang go lemoga megare e mengwe e e ntseng jalo fa e a tlhatlhoba?’
Eleruri, ke gone go tla bonwang fa nako e ntse e tsamaya gore madi a a mo mabolokelong a na le megare e e kana kang. “Dilo tseo di sa itsiweng di ka tshwenya go gaisa tse di setseng di itsiwe,” go kwala jalo Dr. Harold T. Meryman. “Go tla nna bokete go amanya megare e e kgonang go tshelwana eo e tsayang lobaka lwa dingwaga di le dintsi e ise e itshupe le tshelo ya madi ebile go tla e dira gore e se bonwe motlhofo. Eleruri setlhopha sa HTLV ke sa ntlha sa yone go itshupa.” (Transfusion Medicine Reviews, ya July 1989) “Jaaka ekete kgogodi ya AIDS ga e hutsafatse ka mo go lekaneng, . . . dikotsi di le mmalwa tse di boletsweng bosheng kana dikotsi tsa go tshelwa madi tseo di setseng di tlhalositswe di ile tsa gapa tlhokomelo ya batho ka bo 1980. Motho ga a tlhoke go akanya thata gore a bonele pele gore malwetsi a mangwe a a kotsi a gone le gore a kgona go anama ka go tshelwa madi.”—Limiting Homologous Exposure: Alternative Strategies, 1989.
Ka jalo go na le “ditlhako” di le dintsi tseo di setseng di “gatile fa fatshe” mo e leng gore Mafelo a go Alafela Malwetsi a akantsha gore “go nniwe kelotlhoko mo lobopong lotlhe.” Ke gore, ‘badiri ba boitekanelo ba tshwanetse go tsaya fela gore balwetsi botlhe ba na le HIV le megare e mengwe ya malwetsi a a nnang mo mading.’ Badiri ba boitekanelo le batho fela ka kakaretso ba sekaseka pono ya bone ka madi ka mabaka a a molemo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ga re kake ra tsaya fela gore madi otlhe a setse a tlhatlhobiwa. Ka sekai, go begwa gore kwa tshimologong ya 1989, mo e ka nnang 80 lekgolong ya madi a mmele a a mo mabolokelong kwa Brazil a ne a se kafa tlase ga taolo ya puso, ebile a sa tlhatlhobiwe go bonwa gore ga a na AIDS.
[Lebokoso mo go tsebe 8]
“Mo e ka nnang motho a le mongwe mo go bangwe le bangwe ba ba 100 ba ba tshetsweng madi, nako le nako letshoroma le nna gone, go tetesela, kana “urticaria” [“hives”]. . . . Mo e ka nnang motho a le mongwe mo go bangwe le bangwe ba ba 6 000 ba ba tshelwang disele tse dikhibidu, nako le nako go felela ka gore go nne le bolwetsi jwa go swa ga disele tsa motho yoo tse dikhibidu. Seno ke sengwe se se kotsi se se amanang le tsamaiso ya mmele wa motho ya go lwa kgatlhanong le malwetsi se se ka nnang sa diragala ka bonako kana morago ga malatsi motho a sena go tshelwa madi; go ka nna ga felela ka go swa ga [diphilo], go tswalega ga ditshika tsa pelo, go rema ga madi mo ditshikeng, le eleng loso.”—kokoano ya National Institutes of Health (NIH), 1988.
[Lebokoso mo go tsebe 9]
Rasaense wa mo-Denmark ebong Niels Jerne o ne a tlhakanela le mongwe Nobel Price for Medicine ka 1984. Fa a ne a bodiwa gore ke ka ntlha yang fa a ne a gana go tshelwa madi o ne a re: “Madi a motho a tshwana le metlhala ya menwana ya gagwe—ga go na mefuta epe e mebedi ya madi e e tshwanang tota.”
[Lebokoso mo go tsebe 10]
MADI, DIBETE TSE DI SENYEGILENG, LE . . .
“Se se gakgamatsang ke gore, AIDS e e bakiwang ke madi . . . ga e ise e ko e nne kotsi jaaka malwetsi a mangwe—ka sekai, hepatitis,” go ne ga tlhalosa jalo Washington Post.
Ee, batho ba bantsi ba ile ba lwala thata mme ba ile ba swa ka ntlha ya hepatitis eo, e e senang kalafi epe e e tlhamaletseng. Go ya ka U.S.News & World Report (May 1, 1989), mo e ka nnang 5 lekgolong ya batho ba ba tshelwang madi mo United States ba tsenwa ke hepatitis—batho ba le 175 000 ka ngwaga. Mo e ka nnang sephatlo sa bone e nna fela e ba tshwere e sa fole, mme bobotlana a le mongwe mo go ba le 5 o tshwarwa ke cirrhosis kana kankere ya sebete. Go fopholediwa gore go swa ba le 4 000. Akanya o utlwa ka ditlhogo tsa dikgang koo jete ya jumbo e sugakanang teng, e bo e bolaya bapagami botlhe. Mme batho ba le 4 000 ba ba swang ba ka lekana le fa jete ya jumbo e sugakana kgwedi le kgwedi!
Dingaka ga di bolo go itse gore mofuta o o seng kotsi thata wa hepatitis (mofuta wa A) o ka tsena motho fa a ja dijo tse di seng phepa kana a nwa metsi a a leswe. Morago ba ne ba lemoga gore go na le mofuta mongwe o o kotsi o o anamang ka madi, mme go ne go sena tsela eo ba ka tlhatlhobang ka yone gore ga e yo mo mading. Kgabagare, borasaense ba ba botlhale ba ne ba lemoga gore ba ka kgona go bona “motlhala” wa mogare (mofuta wa B) jang. Madi a ne a setse a tlhatlhobiwa mo dinageng tse dingwe kwa tshimologong ya bo 1970. Madi a a bolokilweng a ne a lebega a se kotsi mme isagwe ya madi e lebega e phatsima! A mme go ne go le jalo?
Go ise go e kae go ne ga phepafala gore diketekete tseo di neng tsa tshelwa madi ao a neng a tlhatlhobilwe di ne tsa tshwarwa ke hepatitis. Morago ga go lwala ka lobaka lo loleele ebile ba setse ba le bokoa, batho ba bantsi ba ile ba lemoga gore dibete tsa bone di setse di senyegile. Ke ka ntlha yang fa seno se ne se diragala, fa e le gore madi ao a ne a tlhatlhobilwe? Madi a ne a na le mofuta mongwe, o o neng o bidiwa hepatitis ya non-A, le non-B (NANB). E ne ya tlhasela ditshelo tsa madi ka dingwaga di le lesome—e ne ya tsena batho ba ba fa gare ga 8 le 17 lekgolong bao ba neng ba tshelwa madi kwa Iseraele, Italy, Japane, Spain, Sweden, le kwa United States.
Morago go ne ga nna le ditlhogo tsa dikgang jaaka se se reng “Megare ya Hepatitis ya Non-A, le ya Non-B, Kgabagare E Bonwe”; “Go Senola Letshoroma la Madi.” Gape, molaetsa e ne e le, ‘Selo se se ntseng se tsietsa jaanong se bonwe!’ Ka April 1989, batho ba ne ba bolelelwa gore jaanong go ne go na le tlhatlhobo ya NANB, e jaanong e bidiwang hepatitis C.
O ka nna wa ipotsa gore a tota seno se ka ne se boletswe go ise go tlhomamisiwe. Ebile tota, babatlisisi ba Batadiana ba ile ba bega fa go na le mofuta o mongwe wa megare ya hepatitis, o o tlisang phetogo tota, oo o ka tswang o tshwere nngwetharong ya batho ba ba nang le yone. “Metswedi mengwe,” Harvard Medical School Health Letter (November 1989) e ne ya tlhokomela gore, “e tshwenngwa ke gore A, B, C, D, ga se ditlhaka tse di feletseng tsa megare ya hepatitis; go santse go na le tse dingwe gape tseo di tla tlhagogang.” The New York Times (February 13, 1990) e ne ya bolela jaana: “Baitseanape ba belaela tota gore go ka tswa go na le megare e mengwe gape e e bakang hepatitis; fa e ka bonwa e tla bidiwa hepatitis E le go ya kwa pele.”
A mabolokelo a madi a mmele a santse a lebanwe ke go dira ditlhatlhobo tsa go bona kafa madi a ka tlhatlhojwang ka gone go a dira gore a se nne kotsi? Fa a bua ka mathata a ditshenyegelo, motsamaisi wa Mokgatlo wa Amerika wa Sefapaano se Sehibidu o ne a akgela jaana ka mo go tshwenyang maikutlo: “Ga re kake ra nna ra oketsa ditlhatlhobo ka tse dingwe ka ntlha ya megare mengwe le mengwe e e tshelanwang e e ka nnang ya anama.”—Medical World News, May 8, 1989.
Le eleng tlhatlhobo ya hepatitis B e a palelwa; go santse go na le ba bantsi ba ba e bonang ka madi. Mo godimo ga moo, a batho ba tla kgotsofala fa ba bolelelwa ka tlhatlhobo ya hepatitis C? The Journal of the American Medical Association (January 5, 1990) e ne ya bontsha gore megare ya bolwetsi jono e ka nna ya bonwa morago ga ngwaga fa e tlhatlhobiwa. Fa go ntse jalo, dibete tsa batho ba ba tshetsweng madi di ka nna tsa senyega—mme ba swa.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 11]
Bolwetsi jwa Chagas bo supa fela kafa madi a ka tsenyang batho ba ba kwa kgakala malwetsi ka gone. “The Medical Post” (January 16, 1990) e bega gore ‘batho ba le dimilione di le 10-12 ba Latin America ba tsenwe ke bolwetsi jono jo bo sa foleng.’ Bo ile jwa bidiwa “bongwe jwa mathata a magolo fela thata a a nnang gone ka go tshelwa madi mo Amerika Borwa.” “Tshenekegi nngwe e e bolayang” e loma motho yo o robetseng mo sefatlhegong, e nwa madi, e bo e ntshetsa mantle a yone fa e phuntseng gone. Motho yo e mo lomileng a ka tshwarwa ke bolwetsi jwa Chagas ka dingwaga di le dintsi (mme a ntse a aba madi) pele bo ka dira gore a nne le mathata mangwe a a bolayang a pelo.
Ke ka ntlha yang fa seo se ama batho ba dikontinente tse di kwa kgakala? Dr. L. K. Altman o ne a bega mo go “The New York Times” (May 23, 1989) ka balwetsi ba ba neng ba tshwarwa ke bolwetsi jwa Chagas ba sena go tshelwa madi, bao mongwe wa bone a neng a swa. Altman o ne a kwala jaana: “Go ka nna ga bo go na le ditiragalo tse dingwe tseo di neng tsa se ka tsa lemogiwa ka gonne [dingaka fano] ga di a tlwaelana le bolwetsi jwa Chagas, kana gone go lemoga gore bo ka nna jwa anamisiwa ka go tshelwa madi.” Ee, madi e ka nna koloi eo malwetsi a ka tsamayang mesepele e meleele ka yone.
[Lebokoso mo go tsebe 12]
Dr. Knud Lund-Olesen o ne a kwala jaana: “Ereka . . . batho bangwe bao go belaetsang totatota gore ba ka nna ba bo ba na le bolwetsi e le bone ba ba ithaopelang go aba madi ka gonne ka nako eo go kgonega gore ba ka tlhatlhobiwa fa ba na le AIDS, ke akanya gore re na le lebaka la go gana go tshelwa madi. Basupi ba ga Jehofa ga ba bolo go gana seno ka dingwaga di le dintsi. A ba ne ba bonela isagwe kwa pele?”—“Ugeskrift for Læger” (Doctors’ Weekly), September 26, 1988.
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Mopapa o ne a falola fa a sena go thuntshiwa. Fa a sena go tswa mo kokelong, o ne a busediwa mo go yone gape ka dikgwedi di le pedi, “a le mo botlhokong tota.” Ka ntlha yang? Madi ao a neng a a tshetswe a ne a na le bolwetsi jo bo bolayang jwa cytomegalovirus
[Motswedi wa Setshwantsho]
UPI/Bettman Newsphotos
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Megare ya AIDS
[Motswedi wa Setshwantsho]
CDC, Atlanta, Ga.
-
-
Dilo Dingwe tsa Boleng Jo Bo Tshwanetseng Tseo Di Ka Dirisiwang mo Boemong jwa go Tshelwa MadiMadi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
-
-
Dilo Dingwe tsa Boleng Jo Bo Tshwanetseng Tseo Di Ka Dirisiwang mo Boemong jwa go Tshelwa Madi
O ka nna wa akanya jaana, ‘Go tshelwa madi go na le mathata, mme a ga go na dilo dipe tsa boleng jo bo kwa godimo jo bo tshwanetseng tseo di ka dirisiwang mo boemong jwa one?’ Eo ke potso e e molemo, mme tlhokomela lefoko “boleng jo bo tshwanetseng.”
Motho mongwe le mongwe, go akaretsa le Basupi ba ga Jehofa, o batla kalafi e e thusang ya boleng jo bo kwa godimo. Dr. Grant E. Steffen o ne a tlhokomela dilo dingwe tse pedi tseno tsa botlhokwa: “Tlhokomelo ya boleng jo bo tshwanetseng ya kalafi ke nonofo ya dikarolwana tsa tlhokomelo eo tseo di e thusang go fitlhelela mekgele e e tshwanelegang ya kalafi le eo e seng ya kalafi.” (The Journal of the American Medical Association, July 1, 1988) “Mekgele e e seng ya kalafi” e tla akaretsa go se tlole melaometheo kana go se dire kgatlhanong le segakolodi se se ikaegileng ka Bibela sa molwetsi.—Ditihō 15:28, 29.
A go na le ditsela tse di tshwanelegang le tse di atlegang sentle tseo di ka dirisiwang fa go dirisanwa le mathata a a masisi a kalafi kwa ntle ga go dirisa madi? Ka boitumelo, karabo ke ee.
Lemororo dingaka tse dintsi tse di arang di ne tsa bolela gore di ne di tshela madi fela fa go ne go tlhokega thata, fa kgogodi ya AIDS e sena go tlhagoga di ne tsa se ka tsa tlhola di dirisa madi thata. Setlhogo sengwe sa dikgang se se go Mayo Clinic Proceedings (September 1988) se ne sa bolela gore “o mongwe mo melemong e sekae eo kgogodi eno e neng ya thusa ka yone” e ne e le gore “e ne ya dira gore balwetsi mmogo le dingaka ba loge maano a mangwe go tila tshelo ya madi.” Mookamedi mongwe wa bobolokelo jwa madi a mmele o tlhalosa jaana: “Seo se ileng sa fetoga ke kafa molaetsa o nonofileng ka gone, kafa ba ba dirang dipatlisiso ba reetsang molaetsa ono ka gone (gonne go lemogiwa ga dikotsi tse di ka nnang gone go oketsegile), le kopo ya gore go sekasekiwe fa go na le dilo tse dingwe tse di ka dirisiwang.”—Transfusion Medicine Reviews, October 1989.
Tlhokomela, go na le dilo tse dingwe tse di ka dirisiwang! Re kgona go tlhaloganya seno fa re tlhatlhoba gape lebaka la gore ke eng fa batho ba tshelwa madi.
Hemoglobin e e mo diseleng tse dikhibidu e tsamaisa okosejene eo e tlhokegang gore re itekanele le go tshela. Ka jalo fa motho a latlhegetswe ke madi a mantsi, go ka lebega go utlwala gore a tshelwe a mangwe. Ka tlwaelo o na le digerama di le 14 kana 15 tsa hemoglobin mo dikubiteng tsa disentimetara dingwe le dingwe tse 100 tsa madi. (Motswako ono gape o ka lekanngwa ka hematocrit, eo ka tlwaelo eleng 45 lekgolong.) “Thulaganyo” e e neng e latelwa e ne e le go tshela molwetsi madi pele a ariwa fa e le gore hemoglobin ya gagwe e ne e le kwa tlase ga 10 (kana e le 30 lekgolong ya hematocrit). Lokwalopaka lwa kwa Switzerland Vox Sanguinis (March 1987) le ne la bega gore “65% ya [dingaka tseo di idibatsang] di ne di batla gore balwetsi ba tshelwe digerama di le 10 tse di lekalekanang tsa hemoglobin pele a ka ariwa karo e a e itlhophetseng kana e e tlhophilweng ke ngaka.”
Mme kwa kokoanong ya tshelo ya madi ka 1988, Porofesa Howard L. Zauder o ne a botsa jaana, “Re Kgonne Jang go Bona ‘Palo E E Gakgamatsang Eno’?” O ne a bolela jaana fela ka phepafalo: “Gore molwetsi a fiwe digerama di le 10 tsa hemoglobin (Hgb) pele a ka newa molemo o o idibatsang ke selo fela seo se tlhotlhelediwang ke tlwaelo, ga go tlhomamisiwe ke sepe, mme ebile ga go tshegediwe ka gope ke bosupi jwa bao ba batlisisang ka malwetsi kana bao ba dirang ditekelelo.” Akanya ka diketekete tse dintsi tsa balwetsi tseo di neng tsa tshelwa madi ka lebaka lengwe ‘le le sa bonaleng sentle, le le le sa tlhomamisiwang’!
Bangwe ba ka nna ba ipotsa, ‘Ke ka ntlha yang fa go tlhokega hemoglobin e e tlwaelegileng ya 14 fa motho a ka kgona go tshela ka e e kwa tlase thata ga foo?’ Ka tsela eo, mmele wa gago o santse o na le nonofo e e lekaneng ya go tsamaisa okosejene mo eleng gore o ka itshidila mmele kana wa dira tiro nngwe e e bokete. Dipatlisiso tse di mabapi le balwetsi bao ba tlhaelang disele tse dikhibidu mo mading a bone di senola gore “ga go motlhofo go lemoga gore nonofo ya go dira tiro e kwa tlase koo selekanyo sa hemoglobin se leng kwa tlase ga digerama di le 7 tsa dikarolwana tse di lekalekanang. Bangwe ba ne ba fitlhela go na le bosupi jwa go sa direng sentle ka selekanyo fela se se fa gare.”—Contemporary Transfusion Practice, 1987.
Ereka bagolo ba sa amiwe thata ke selekanyo se se kwa tlase sa hemoglobin, go tweng ka bana? Dr. James A. Stockman III o bua jaana: “Kwa ntle ga ba le mmalwa fela ba ba ka se kang ba diragalelwa ke seno, masea a a tsholwang pele ga nako a nna le hemoglobin e e kwa tlase mo kgweding ya ntlha go ya mo go ya boraro . . . Dilo tse di supang fa masea a tlhoka go tshelwa madi ga di a tlhalosiwa ka botlalo. Eleruri, masea a mantsi a kgona go tshela sentle fela ka selekanyo se se kwa tlase sa hemoglobin kwa ntle ga mathata ape.”—Pediatric Clinics of North America, February 1986.
Tshedimosetso e e ntseng jalo eo ga e reye gore go se ka ga dirwa sepe fa motho a latlhegelwa ke madi a mantsi fa a tlhagelwa ke kotsi kana fa a ariwa. Fa a tswa ka bonako ebile a le mantsi, selekanyo sa madi a motho se wela kwa tlase, mme motho a ka nna a tsenwa ke tsibikelo. Selo sa botlhokwa se se tlhokegang ke gore go dutla ga madi go tshwanetse ga emisiwa mme selekanyo sa one se se mo tsamaisong ya gagwe ya madi se busediwe gape. Seo se tla dira gore tsibikelo e se ka ya nna gone mme disele tse di setseng tse dikhibidu le dikarolwana tse dingwe di nne di tsamae jalo.
Selekanyo seo se ka busediwa kwantle ga go dirisa madi a a feletseng kana polasema ya madi.a Diedi tse dintsi tseo eseng tsa madi di kgona go oketsa selekanyo sa madi. Motswako wa saline (letswai) o itsege thata, mme ebile ga o tlhwatlhwakgolo ebile o nyalana le madi a rona sentle. Go na le diedi tse dingwe tse di dirang dilo dingwe tse di kgethegileng, jaaka dextran, Haemaccel, motswako o o nang le letswai wa Ringer. Hetastarch (HES) ke nngwe ya tse disha tse di oketsang selekanyo se se tletseng sa madi, mme “go ka nna molemo fa se ka dirisediwa balwetsi [ba ba sheleng] bao ba sa batleng melemo e e dirilweng ka madi.” (Journal of Burn Care & Rehabilitation, January/February 1989) Diedi tse di ntseng jalo di thusa tota kwantle ga pelaelo. “Metswako e e kgonang go tlhaolosiwa le go dirwa dithoro [jaaka o o tlwaelegileng wa saline le wa Ringer e e nang le letswai], Dextran le HES ga e na botlhole ebile tlhwatlhwa ya yone e kwa tlase, e bonwa bonolo, e ka kgona go bolokiwa fela e sa tsenngwa mo setsidifatsing, ga e tlhoke gore e tlhatlhobiwe pele gore e ka go siamela gape ga e go beye mo kotsing ya go tsenwa ke malwetsi a a tsenang ka go tshelwa madi.”—Blood Transfusion Therapy—A Physician’s Handbook, 1989.
Lefa go le jalo, o ka nna wa botsa, ‘Ke ka ntlha yang fa diedi tseo eseng tsa madi tseo di tshelwang mo boemong jwa madi di dira fela sentle, ereka ke tlhoka disele tse dikhibidu gore mmele otlhe wa me o bone okosejene?’ Jaaka go umakilwe, o na le dilo tse dingwe tseo di tsamaisang okosejene. Fa o dutla madi, go na le dilo tse dingwe tse di gakgamatsang tsa tlholego tse di simololang go dira. Pelo ya gago e pompa madi a a oketsegileng fa e ntse e itaya. Ereka madi a a dutlileng a emiseditswe ka seedi se se tshwanetseng, madi ao jaanong a leng motlhofo a tsamaya motlhofo, le eleng mo ditshikaneng tse dinnye. Ka ntlha ya diphetogo mo tsamaong eno, ditogwa di bona okosejene e ntsi. Diphetogo tseno di dira tota mo e leng gore lefa o ka sala o na le bontlhanngwe fela jwa disele tsa gago tse dikhibidu, o ka bona 75 lekgolong ya okosejene e o nnang le yone ka tlwaelo. Fa molwetsi a ikhuditse o dirisa fela 25 lekgolong ya okosejene e e leng mo mading a gagwe. Mme dilo tse dintsi tse di idibatsang ka kakaretso di dira gore mmele o se ka wa tlhoka okosejene e ntsi.
DINGAKA DI KA THUSA JANG?
Dingaka tse di ditswerere di ka thusa motho yo o dutlileng madi thata mme a na le disele tse dipotlana fela tse dikhibidu. Fa selekanyo se se tletseng sa madi se sena go busediwa, dingaka di ka dira gore a bone okosejene e ntsi. Seno se dira gore mmele o e bone ka bontsi mme se ile sa felela ka molemo tota. Dingaka tsa kwa Boritane di ile tsa dirisa seno mo mosading mongwe yo a neng a dutlile madi thata mo e leng gore “haemoglobin ya gagwe e ne e le digerama di le 1,8 mo litareng nngwe le nngwe. O ne a kgona go alafiwa . . . [ka] go newa okosejene e ntsi le go tshelwa motswako o montsi wa gelatin [Haemaccel].” (Anaesthesia, January 1987) Pego eo gape e bolela gore ba bangwe ba ba dutlileng madi a mantsi ba ile ba kgona go alafiwa ka go tsenngwa mo dikamoreng tseo di nang le okosejene e ntsi.
Dingaka gape di ka thusa balwetsi ba tsone gore mebele ya bone e kgone go dira disele tse di oketsegileng tse dikhibidu. Jang? Ka go ba naya diedi tse di nang le aene (mo mesifeng kana mo ditshikaneng) tseo di ka thusang mmele go dira disele tse dikhibidu ka makgetlo a le mararo kana a le manè go feta ka tlwaelo. Bosheng jaana go ne ga nna le thuso e nngwe gape. Diphilo tsa gago di ntsha horomone nngwe e e bidiwang erythropoietin (EPO), eo e dirang gore moko wa marapo o dire disele tse dikhibidu. Jaanong go na le EPO (motswako o o dirilweng ka dijine) wa maitirelo. Dingaka di ka nna tsa o naya balwetsi bao ba senang disele tse dikhibidu mo mading a bone, ka gone ba ba thusa gore mebele ya bone e kgone go dira disele tse dingwe tse dikhibidu ka bonako.
Le eleng fa motho a ariwa, dingaka tseo di arang tse di ditswerere le tse di kelotlhoko le bao ba idibatsang ba ka thusa ka go dirisa mekgwa e e tokafaditsweng ya go dira gore madi a se ka a tswa ka bontsi. Go dirisa mekgwa ya boranyane e e dirang tota ka kelotlhoko, jaaka electrocautery go dira gore madi a se ka a tswa a le mantsi, go botlhokwa tota. Ka dinako dingwe madi a a tswelang mo nthong a ka nna a gogiwa, a sefiwa, a bo a busediwa gape mo tsamaong ya madi a gagwe a mmele.b
Balwetsi bao ba leng mo motšhining wa pelo le makgwafo o o tshetsweng seedi seo eseng sa madi ba ka solegelwa molemo ka gonne disele tsa bone di a bo di fokotsegile, mme jalo ba sa latlhegelwe ke disele tse dintsi tse dikhibidu.
Mme go na le ditsela tse dingwe gape tsa go thusa. Go tsidifatsa molwetsi go dira gore a se ka a tlhoka okosejene e ntsi fa a ariwa. Diidibatsi tse di ngotlang kgatelelo ya madi. Go newa kalafi e e tokafatsang go rema ga madi. Desmopressin (DDAVP) go dira gore motho a se ka a dutla madi ka lobaka lo loleele. “Dithipana” tse di arang tsa laser. O tla bona lenane leno le ntse le oketsega jaaka fa dingaka le balwetsi ba ba tshwenyegileng ba ntse ba senka ditsela tseo ba ka tilang tshelo ya madi ka tsone. Re solofela gore ga o kitla o tsamaya o dutla madi ka selekanyo se segolo thata. Mme fa go ne go ka diragala jalo, go a kgonega tota gore dingaka tse di ditswerere di kgone go go alafa di sa go tshele madi, ao a nang le dikotsi tse dintsi jaana.
GO ARIWA KWA NTLE GA GO TSHELWA MADI
Batho ba bantsi gompieno ba gana go tshelwa madi. Ba kopa seo Basupi bone ba se kopang ka ntlha ya tumelo ya bone mme bone ba dira jalo ka mabaka a boitekanelo: gore go dirisiwe mekgwa e mengwe ya kalafi e e nang le boleng go sa dirisiwe madi. Jaaka re setse re bone, motho o santse a ka dirwa karo e kgolo. Fa o na le dipelaelo, bosupi jo bongwe jo bo tswang mo dibukeng tsa kalafi bo ka nna jwa di tlosa.
Setlhogo se se reng “Go Busediwa Go Go Imenneng Ganè ga Tokololo E Kgolo mo Lelokong Lengwe la Basupi ba ga Jehofa” (Orthopaedic Review, ya August 1986) se ne sa bua ka molwetsi mongwe yo a neng a sena disele tse di lekaneng tse dikhibidu mo mading a gagwe ebile “mangole le dinoka tsa gagwe di utlwile botlhoko thata.” O ne a fiwa dextran e e nang le aene pele le morago ga karo, mme e ne ya dira sentle. British Journal of Anaesthesia (1982) e ne ya bega ka Mosupi mongwe wa dingwaga tse 52 yoo selekanyo sa gagwe sa hemoglobin se neng se le kwa tlase ga 10. Noka ya gagwe le legetla di ne tsa kgona go busediwa gape go dirisiwa seidibatsi se se dirang gore kgatelelo ya madi e wele kwa tlase. Setlhopha sa baari sa kwa Yunibesithing ya Arkansas (U.S.A.) le sone se ne sa dirisa mokgwa ono fa se ne se busetsa dinoka di le lekgolo tsa Basupi mo mannong a tsone, mme balwetsi bao ba ne ba fola botlhe. Porofesa yo o okametseng lephata leo o akgela jaana: “Seo re se ithutileng mo balwetsing bao ba (Basupi), jaanong re se dirisa mo balwetsing botlhe bao re alafang dinoka tsa bone.”
Digakolodi tsa Basupi ba bangwe di ba letla gore ba ka tsenngwa dirwe tse di tswang mo bathong ba bangwe fa fela seo se dirwa kwantle ga tiriso epe ya madi. Pego nngwe e e neetsweng morago ga fa go sena go dirwa tiro nngwe ya go tsenya batho ba le 13 diphilo tsa ba bangwe e ne ya konela jaana: “Matswela ka kakaretso a bontsha gore bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa bo ka tsenngwa diphilo tse di tswang mo bathong ba bangwe ka katlego le kwantle ga mathata ape.” (Transplantation, June 1988) Ka mo go tshwanang, go gana madi ga go a ka ga thibela gore tiro ya go tsenya dipelo tsa ba bangwe mo go ba bangwe e se ka ya dirwa ka katlego.
‘Go tweng ka ditiro tse dingwe tsa loaro tse di dirwang kwantle ga go dirisa madi?’ o ka nna wa ipotsa jalo. Medical Hotline (April/May 1983) e ne ya bolela ka “Basupi ba ga Jehofa bao ba neng ba dirwa dikaro tse dikgolo tsa dikarolo tsa basadi tsa go tshola le tsa fa ba ithwele le tsa fa ba tshola bana [kwa Yunibesithing ya Wayne State, U.S.A.] ba sa tshelwe madi.” Lokwalo loo lwa dikgang lo ne lwa bega jaana: “Ga go a ka ga swa ope kana ga nna le mathata ape a a fetang a basadi bao ba neng ba arilwe dikaro tse di tshwanang mme ba tshetswe madi.” Morago lokwalo loo lwa dikgang lo ne lwa bega jaana: “Matswela a patlisiso eno a ka nna a batla gore go sekasekiwe gape tiriso ya madi mo basading botlhe bao ba dirwang dikaro tsa fa ba ithwele le tsa fa ba tshola bana mmogo le tsa dikarolo tsa bone tsa go tshola.”
Go ne ga ariwa balwetsi ka kakaretso ba le 30 bao ba neng ba gana madi kwa kokelong ya Yunibesithi ya Göttingen (Jeremane). “Ga go a ka ga tlhaga mathata ape ao a neng a ka se ka a nna gone gape mo balwetsing bao ba neng ba tshetswe madi. . . . Lebaka la gore go ka se boelwe gape mo go tsheleng batho madi ga le a tshwanela go nyadiwa, mme ka gone ga go a tshwanela gore karo nngwe e e tlhokegang le eo dingaka tse di arang di bolelang gore e tshwanetse e se ka ya dirwa.”—Risiko in der Chirurgie, 1987.
Ka sekai, bagolo ba bantsi le bana ba ile ba ariwa boboko go sa dirisiwe madi kwa Lefelong la Kalafi la Yunibesithi ya New York. Dr. Joseph Ransohoff, mookamedi wa lephata la disele tsa boboko, o ne a kwala jaana ka 1989: “Go phepafetse sentle gore mo mabakeng a mantsi go dirisiwa ga dilo dingwe tseo di dirilweng ka madi go ka tilwa mme balwetsi bao ba ganang dilo tseno ka ntlha ya tumelo ya bone ba ka se tlhagelwe ke kotsi epe, segolobogolo fa karo e dirwa ka bonako le ka nako e khutshwane tota ya go ara. Se se kgatlhang thata ke ntlha ya gore gantsi ke lebala gore molwetsi yoo ke Mosupi go fitlha ka nako ya fa ba tsamaya mme ba nteboga go bo ke ile ka tlotla tumelo ya bone.”
Kgabagare, a karo e e raraaneng ya pelo le ditshikana e ka dirwa mo bagolong le mo baneng go sa dirisiwe madi? Dr. Denton A. Cooley e ne ya nna ene wa ntlha go dira jalo. Jaaka fa o ka bona mo setlhogong sa kalafi seo se kwadilweng gape mo Mametlelelong, mo ditsebeng tsa 27-9, seo se thailweng mo patlisisong ya pele, Dr. Cooley o ne a konela ka gore “dikotsi tsa karo tsa balwetsi ba Basupi ba ga Jehofa di ne di se kwa godimo ga tsa ba bangwe.” Jaanong, o kwala jaana fa a sena go dira dikaro di le 1 106: “Ke ne ka boloka tumalano ya me kana maikano a me mo molwetsing,” a gore ke se ka ka dirisa madi.
Dingaka tse di arang di ile tsa tlhokomela gore Basupi ba ga Jehofa ba thusiwa thata ke go nna le maikutlo a mantle. “Maikutlo a balwetsi bano ruri a tlhoma sekao,” go ne ga kwala jalo Dr. Cooley ka October 1989. “Ga ba boife mathata a a ka nnang gone kana le eleng loso jaaka balwetsi ba bangwe ba bantsi. Ba dumela mo Modimong wa bone ka tumelo e e nonofileng e e sa sweng.”
Seno ga se reye gore ba gatelela tshwanelo ya go swa. Ba batla tlhokomelo ya boleng jo bo tshwanetseng ka botlhaga tota gonne ba batla go fola. Ba tlhatswegile pelo gore go botlhale go obamela molao wa Modimo ka madi, pono eo e thusang thata mo dikarong tseo go sa dirisiweng madi mo go tsone.
Porofesa Dr. V. Schlosser, wa kokelo ya dingaka tse di arang wa Yunibesithi ya Freiburg (Jeremane), o ne a kwala jaana: “Setlhopha seno sa balwetsi se ne se sa dutle madi thata mo lobakeng lwa fa se ne se ariwa le morago ga karo; mathata a a neng a nna gone, fa a ne a le teng, a ne a sekae fela. Go leba bolwetsi ka tsela e e kgethegileng, eo Basupi ba ga Jehofa ba bo lebang ka yone, go ne ga nna le matswela a a molemo fa go dirwa karo le morago ga karo.”—Herz Kreislauf, August 1987.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Basupi ga ba dumele go tshelwa madi jaaka a ntse, disele tse dikhibidu, disele tse ditshweu, dipolatelete, kana polasema ya madi. Fa e le ka dikarolwana tse dinnye jaaka globulin e e lwang kgatlhanong le malwetsi, bona Tora ya Tebelo ya June 1, 1990, ditsebe 30-1.
b Tora ya Tebelo ya March 1, 1989, ditsebe 30-1, e tlotla ka melaometheo ya Bibela e e amang mekgwa ya go boloka madi le ka didirisiwa (tse di kwa ntle ga mmele) tse di tsamaisang madi.
[Lebokoso mo go tsebe 13]
“Re tshwanetse go konela gore mo lobakeng lwa jaanong go na le balwetsi ba bantsi bao ba amogelang dikarolo dingwe tsa madi tseo di ka se kang tsa ba thusa ka sepe (madi ga a tlhokege) mme lefa go le jalo ba le mo kotsing ya go diragalelwa ke sengwe se se sa eletsegeng. Ga go na ngaka epe eo e ka nayang molwetsi kalafi e ntse e itse gore ga e kake ya mo thusa mme e tla mo gobatsa, mme seo ke se se diragalang fa madi a tshelwa go sa tlhokege.”—“Transfusion-Transmitted Viral Diseases,” 1987.
[Lebokoso mo go tsebe 14]
“Bakwadi ba bangwe ba ne ba bolela gore “hemoglobin” e e kwa tlase thata fa gare ga 2 le 2,5 gm./100ml. e ka lekana. . . . Motho yo o itekanetseng sentle a ka tshela a latlhegetswe ke 50 lekgolong ya disele tse dikhibidu mme a sena ditshupo tsa bolwetsi fa a latlhegelwa ka lobaka lo lo rileng lwa nako.”—“Techniques of Blood Transfusion,” 1982.
[Lebokoso mo go tsebe 15]
“Dikgopolo tsa bogologolo kaga go isiwa ga okosejene kwa ditogweng, go fodisa dintho, le ‘botlhokwa jwa go tsamaisa menontsha’ ga madi jaanong di a tlogelwa. Boitemogelo jo re nnileng le jone ka balwetsi bao e leng Basupi ba ga Jehofa bo supa gore motho a ka tshela lefa a latlhegetswe ke disele tse dintsi thata tse dikhibidu.”—“The Annals of Thoracic Surgery,” March 1989.
[Lebokoso mo go tsebe 16]
A le bana ba bannye? “Go ile ga dirwa dikaro di le masome a manè le borobedi tsa pelo mo baneng ka mekgwa ya go sa dirise madi go sa kgathalesege gore karo eo e ne e raraane jang.” Bana bao ba ne ba le dikilogerama di ka nna 4,7 ka bonnye. “Ka ntlha ya go atlega ka metlha ka Basupi ba ga Jehofa le ntlha ya gore tshelo ya madi e na le mathata a a masisi a a kotsi, jaanong re dira bontsi jwa dikaro tsa pelo mo baneng re sa ba tshele madi.”—“Circulation,” September 1984.
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Motšhine wa pelo le makgwafo o ile wa thusa thata mo karong ya pelo e e dirwang mo balwetsing bao ba sa batleng go tshelwa madi
-
-
O Na le Tshwanelo ya go ItlhophelaMadi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
-
-
O Na le Tshwanelo ya go Itlhophela
Tsela nngwe e e dirisiwang jaanong ya kalafi (e e bidiwang go sekaseka dikotsi/mesola) e dira gore go nne motlhofo mo dingakeng le mo balwetsing go dirisana mmogo mo go tileng kalafi ya madi. Dingaka di sekaseka dilo tse di jaaka dikotsi tseo di ka dirwang ke seokobatsi sengwe kana karo le mosola wa tsone. Balwetsi le bone ba ka nna le seabe mo tshekatshekong e e ntseng jalo.
A re diriseng sekai se le sengwe seo batho ba mafelo a mantsi ba se itseng—dikodu tse di ganang go fola. Fa o kile wa nna le bothata jono, o ne o tla ya go bona ngaka. Ebile tota, o ka nna wa ya kwa go tse pedi, ereka gantsi baitseanape ba kalafi gantsi ba akantsha gore o utlwe gore ngaka e nngwe ya reng. E nngwe e ka nna ya akantsha gore o ariwe. E go bolelela gore seo se tla nna ka tsela e e ntseng jaana: lobaka lo o tla lo nnang kwa kokelong, ditlhabi tse o tla di utlwang, le ditshenyegelo. Fa e le ka dikotsi, o bolela gore ga go a tlwaelega gore o ka dutla madi thata le gore ke ka sewelo motho a ka swang mo karong ya mofuta ono. Mme ngaka ya bobedi yone e go kgothaletsa gore o leke kalafi ya diokobatsi tseo di bolayang megare. O tlhalosa mofuta wa seokobatsi, gore se ka atlega go le kana kang, le ditshenyegelo. Fa e le ka dikotsi, o bolela gore ke balwetsi ba sekae fela bao di ka bayang matshelo a bone mo kotsing.
Ngaka nngwe le nngwe e e setswerere e sekaseka dikotsi le mesola, mme jaanong wena o tshwanetse go itlhatlhobela dikotsi tseo le mesola eo e e ka bonwang, mmogo le dilo tse dingwe tse o di itseng sentle. (O mo boemong jo bo molemo jwa go akanyetsa dilo tse di tshwanang o akanyetsa gore maikutlo a gago le bomoya jwa gago di nonofile go le kana kang, kafa lelapa le tla amegang ka gone le gore lelapa le na le madi a a kana kang, le melaometheo ya gago.) Morago o bo o tlhopha. Go lebega fa o tla akanyetsa kalafi e nngwe o na le kitso ka yone mme o bo o gana e nngwe.
Seno se ne se tla nna jalo fa dikodu di ntse di boaboela ngwana wa gago. Lo tla bolelelwa ka dikotsi, mesola, le dikalafi, lona batsadi ba ba lorato bao ba tlileng go amega ka tlhamalalo le bao ba tlileng go sikara maikarabelo a seo se tla diragalang morago. Morago ga go sekaseka dikarolwana tsotlhe, lo ka dira tlhopho lo na le tshedimosetso ka kgang eno eo e amang boitekanelo jwa ngwana wa gago le eleng botshelo jwa gagwe. Gongwe lo dumalana le karo le dikotsi tsa yone. Batsadi ba bangwe ba ka nna ba tlhopha go dirisa diokobatsi tse di bolayang megare, le dikotsi tsa tsone. Fela jaaka kgakololo ya dingaka e farologana, ka jalo balwetsi kana batsadi le bone ba a farologana ka seo ba akanyang gore se a gaisa. Eo ke karolo e e tlhaloganngwang ya go dira tlhopho o na le tshedimosetso mabapi le (dikotsi/mesola).
Go tweng ka tiriso ya madi? Ga go na motho ope yoo a tlhatlhobang dintlha ka tsela e e lekalekaneng yo a ka ganelang gore go tshelwa madi go kotsi tota. Dr. Charles Huggins, yoo eleng motsamaisi wa tirelo ya tshelo ya madi kwa Massachusetts General Hospital, o ne a bua seno ka phepafalo: “Madi ga a ise a ko a tlhoke go nna kotsi. Mme a tshwanetse go lejwa jaaka a kotsi ya one e ka se kang ya tilwa. Ke seedi se se kotsi thata seo re se dirisang mo kalafing.”—The Boston Globe Magazine, February 4, 1990.
Batho ba kalafi ba ile ba gakololwa jaana ka mabaka a a molemo: “Go botlhokwa gore go tlhatlhobiwe gape mmogo le go sekaseka karolo ya go nna kotsi ya mesola/dikotsi tsa go tshelwa madi mme go batliwe dilo tse di ka dirisiwang mo boemong jwa one.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona).—Perioperative Red Cell Transfusion, kokoano ya National Institutes of Health, June 27-29, 1988.
Dingaka di ka nna tsa se ka tsa dumalana ka mesola kana dikotsi tsa go dirisa madi. Yo mongwe a ka tshela batho ba bantsi madi mme a tlhatswega pelo gore o ne a tshwanetse go dira seo lefa go le kotsi. Yo mongwe a ka nna a akanya gore ga go utlwale go baya motho mo kotsing, gonne a ne a atlega thata a sa dirise madi. Lefa go ntse jalo, kgabagare, tshwetso e tshwanetse go dirwa ke wena molwetsi kana motsadi. Ke ka ntlha yang fa e tshwanetse go nna wena? Gonne mmele wa gago (kana wa ngwana wa gago), botshelo, melaometheo, mme se se botlhokwa thata kamano ya gago le Modimo di a amega.
TSHWANELO YA GAGO E A ITSIWE
Mo mafelong a mantsi gompieno, molwetsi o na le tshwanelo e e ka se kang ya gatakwa ka dinao ya go itlhophela kalafi eo a e batlang. “Molao wa go dumela selo o itse sentle ka sone o ile wa thaiwa go dumelwa mo dilong tse pedi tseno: sa ntlha, ke gore molwetsi o na le tshwanelo ya go bona tshedimosetso e e lekaneng ya gore a kgone go tlhopha kalafi e a e kgothalediwang a itse ka yone; sa bobedi, ke gore molwetsi a ka tlhopha go amogela kana go gana kakantsho ya ngaka. . . . Fa balwetsi ba sa lejwe ba na le tshiamelo ya go gana, mmogo le go dumela, le eleng go dumela mme go na le sengwenyana se ba se ganang, bontsi jwa melaometheo ya go tlhopha o na le tshedimosetso ka se se amegang ga e thuse sepe.”—Informed Consent—Legal Theory and Clinical Practice, 1987.a
Balwetsi ba bangwe ba ile ba ganediwa fa ba ne ba leka go dirisa tshwanelo ya bone. E ka nna ya tswa e ne e le tsala eo e neng e na le maikutlo a a nonofileng ka karo ya dikodu kana ka diokobatsi tseo di bolayang megare. Kana ngaka e ka nna ya tswa e ne e tlhatswegile pelo gore kgakololo ya yone e siame. Mookamedi wa kokelo a ka tswa ebile a ile a se ka a dumalana, a ikaegile ka dilo tsa molao kana ka madi.
“Dingaka tse dintsi tsa malwetsi a letlhotlholo ga di batle go ara balwetsi ba [Basupi],” go bua jalo Dr. Carl L. Nelson. “Re dumela gore molwetsi o na le tshwanelo ya go gana mofuta ope fela wa kalafi. Fa e le gore go a kgonega gore karo e ka dirwa ka katlego fela go sa dirisiwe kalafi nngwe, jaaka go tshelwa madi, he seno se tshwanetse go dirwa fela ka tsela ya go itlhophela.”—The Journal of Bone and Joint Surgery, March 1986.
Molwetsi yo o akanyetsang ga a kake a pateletsa ngaka go dirisa kalafi eo e sa e kgoneng sentle. Lefa go le jalo, jaaka Dr. Nelson a ne a bolela, bontsi jwa dingaka tse di ineetseng di ka reetsa seo se dumelwang ke molwetsi. Mookamedi mongwe wa Mojeremane o ne a gakolola jaana: “Ngaka ga e kake ya gana go go thusa . . . e bolela gore ga e na dilo tsotlhe tse dingwe tsa kalafi tseo e ka di dirisetsang Basupi ba ga Jehofa tseo di leng gone. E santse e tshwanetse go thusa le eleng lefa go sena sepe se se kalo seo e ka se dirang.” (Der Frauenarzt, May-June 1983) Ka mo go tshwanang, boikaelelo jwa dikokelo ga se fela go dira madi mme ke go thusa batho botlhe di sa tlhaole. Moithutabomodimo wa Mokatoliki Richard J. Devine o bolela jaana: “Lemororo kokelo e tshwanetse go tsaya matsapa otlhe a kalafi go boloka botshelo le boitekanelo jwa molwetsi, e tshwanetse go tlhomamisa gore tlhokomelo ya kalafi ga e gatake segakolodi sa [gagwe] ka dinao. Mo godimo ga moo, e tshwanetse go tila mekgwa yotlhe ya go gatelela, go solofetsa molwetsi dilo dingwe e mo tshasa bobi mo matlhong go ya go go batla tumelelo ya molao go mo tshela madi ka dikgoka.”—Health Progress, June 1989.
MO BOEMONG JWA DIKGOTLATSHEKELO
Batho ba bantsi ba dumela gore dikgang tse di amang motho ka namana tsa kalafi ga di a tshwanela go isiwa kwa kgotlatshekelong. O ne o ka ikutlwa jang fa o ne o itlhophetse go alafiwa ka diokobatsi tse di bolayang megare mme mongwe a bo a ya kwa kgotlatshekelong a ya go batla tumelelo ya gore a go are dikodu? Ngaka e ka nna ya batla go go naya seo e akanyang gore ke tlhokomelo e e gaisang, mme ga se tiro ya gagwe gore a batle tumelelo ya semolao gore a gatake ditshwanelo tsa gago ka dinao. Mme ereka Bibela e baya go ithiba mo mading mo seemong se le sengwe fela le go tila kgokafalo, go pateletsa Mokeresete madi go tla tshwana fela le tlhakanelodikobo e e patelediwang—eleng go betelela.—Ditihō 15:28, 29.
Lefa go le jalo, Informed Consent for Blood Transfusion (1989) e bega gore dikgotlatshekelo tse dingwe di tshwenyega tota fa molwetsi mongwe a ititeile sehuba gore o tla ipaya fela mo kotsing ka ntlha ya tshwanelo ya gagwe ya bodumedi “mo e leng gore di dira tshwetso ya semolao—re ka re sengwe fela sa maitirelo sa semolao—go ba letla gore ba tshele motho madi.” Ba ka nna ba dira seipato sa gore motho o imile kana o na le bana ba a tshwanetseng go ba tlhokomela. “Tseo ke dilo tse di itlhamelwang tsa semolao,” buka eo e bolela jalo. “Bagolo ba ba tshwanelang sentle kafa molaong ba na le tshwanelo ya go gana kalafi nngwe.”
Batho bangwe bao ba gatelelang tshelo ya madi ba itlhokomolosa ntlha ya gore Basupi ga ba gane mefuta yotlhe ya kalafi. Ba gana kalafi e le nngwe fela, eo le baitseanape ba bolelang e na le dikotsi di le dintsi. Ka tlwaelo bothata jwa kalafi bo ka rarabololwa ka ditsela tse di farologaneng. Jo bongwe bo kotsi ka tsela eno jo bongwe ka tsela e nngwe. A kgotlatshekelo kana ngaka e ka itse gore ke kotsi efe e “o ka e tlhophang”? Ke wena o tshwanetseng go itlhophela. Basupi ba ga Jehofa ba eme ba nonofile gore ga ba batle gore motho yo mongwe a ba direle ditshwetso; ke boikarabelo jwa bone ka namana fa pele ga Modimo.
Fa kgotlatshekelo e ne e ka go pateletsa go amogela kalafi e e bifelesegang, seo se ne se ka ama jang segakolodi sa gago le nonofo ya gago e e botlhokwa ya go eletsa go tswelela o tshela? Dr. Konrad Drebinger o ne a kwala jaana: “Eleruri e tla bo e le mofuta mongwe fela o o sa tsamayeng sentle ka tshwanelo wa go gagamalela kalafi oo o tla dirang motho gore a pateletse molwetsi go amogela kalafi e a e newang, go dirwa kgatlhanong le segakolodi sa gagwe, gore a alafiwe kafa ntle mme tlhaloganyo ya gagwe yone e bolawa.”—Der Praktische Arzt, July 1978.
TLHOKOMELO E E LORATO MO BANENG
Dikgetse tse dintsi tsa madi a mmele tsa dikgotlatshekelo gantsi di kopanyeletsa bana. Ka dinako tse dingwe, fa batsadi ba ba lorato ba kopa ka tlotlo gore go se ka ga dirisiwa madi, batho bangwe ba kalafi ba ile ba batla tshegetso ya dikgotlatshekelo ya gore ba ba tshele madi. Ka boammaaruri, Bakeresete ba dumalana le melao le ditiro tsa kgotlatshekelo tse di thibelang go se tshole bana sentle le go se ba tlhokomele. Gongwe o kile wa bala ka ditsheko tseo motsadi mongwe a neng a tshwara ngwana setlhogo kana a sa batle gore a fiwe kalafi epe. Abo seo se utlwisa botlhoko jang ne! Go phepafetse gore Puso ya Naga e tshwanetse go tsenelela mme e sireletse ngwana yo o latlhilweng yoo. Lefa go le jalo, go motlhofo go bona gore go farologane thata le fa motsadi yo o lorato a kopa kalafi ya boleng jo bo kwa godimo ya bongaka mme go sa dirisiwe madi.
Dikgetse tseno tsa dikgotlatshekelo gantsi di a bo di remeletse mo baneng ba ba leng kwa kokelong. Ngwana yoo o ile jang koo, mme ka ntlha yang? Ka metlha batsadi ba ba amegileng e a bo e le bone ba isitseng ngwana wa bone gore a bone tlhokomelo ya boleng jo bo tshwanetseng. Fela jaaka Jesu a ne a kgatlhegela bana, batsadi ba Bakeresete le bone ba tlhokomela bana ba bone. Bibela e bua ka ‘moamusi yo o ngomaelang bana ba e leng ba gagwe.’ Basupi ba ga Jehofa ba rata bana ba bone tota ka tsela e e tshwanang.—1 Bathesalonia 2:7; Mathaio 7:11; 19:13-15.
Ka tlholego fela, batsadi botlhe ba dira ditshwetso tse di amang pabalesego le botshelo jwa bana ba bone: A lelapa le tla dirisa gase kana lookwane go thuthafatsa ntlo? A ba ka tsamaya le ngwana ka koloi sekgala se seleele? A a ka ya go thuma? Dilo tse di ntseng jalo di kopanyeletsa dikotsi dingwe, le eleng tse di rayang botshelo kana loso. Mme batho ba lemoga seo batsadi ba se akanyang, ka jalo batsadi ke bone ba ba dirang ditshwetso tseo di amang bana ba bone.
Ka 1979 Kgotlatshekelokgolo ya U.S. e ne ya bolela jaana ka phepafalo: “Kgopolo ya molao ka lelapa e ikaegile ka gore batsadi ba na le seo ngwana a se tlhokang ka gonne ba godile, ba na le boitemogelo, le nonofo ya go atlhola ya go dira ditshwetso tse di bokete tsa botshelo. . . . Fela ka gonne tshwetso ya motsadi [mo kgannyeng ya kalafi] e ka nna ya tlhagisa dikotsi dingwe seo ga se tlose maatla a go dira ditshwetso mo batsading mme se a naya setlhopha sengwe kana molaodi mongwe wa puso ya naga.”—Parham v. J.R.
Mo go one ngwaga oo Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya New York e ne ya swetsa jaana: “Karolo e e botlhokwa thata ya go bona fa ngwana a sa neelwe tlhokomelo e e batlegang ya kalafi . . . ke gore a batsadi ba ile ba mo naya tlhokomelo nngwe e e amogelwang ya kalafi e e tshwanetseng go newa ngwana wa bone go ikaegilwe ka maemo a a dikologileng seo. Patlisiso eno ga e kake ya dirwa mo motheong wa gore a tshwetso e motsadi a e dirileng e ‘siame’ kana e ‘phoso,’ go ya ka boemo jwa jaanong jwa kalafi, go sa kgathalesege gore e tlhabolotswe go le kana kang, ga se gantsi e letlang ditshwetso tse di ntseng jalo. Kana gone gore kgotlatshekelo jaanong e nne motsadi wa ngwana yoo.”—In re Hofbauer.
Gakologelwa sekai sa batsadi bao ba tshwanetseng go tlhopha gore a ba amogela karo kana diokobatsi tseo di bolayang megare. Kalafi nngwe le nngwe e tla nna le dikotsi tsa yone. Batsadi ba ba lorato ba na le boikarabelo jwa go sekaseka dikotsi, mesola, le dilo tse dingwe mme ba bo ba tlhopha gore ba tsaya eng. Mo kgannyeng eno, Dr. Jon Samuels (Anesthesiology News, October 1989) o ne a akantsha gore Guides to the Judge in Medical Orders Affecting Children e sekasekiwe gape, mme o ne a bua jaana:
“Kitso ya kalafi ga e a tlhabologa tota mo e leng gore ngaka e ka bonela pele gore molwetsi wa yone o tla tshela kana o tla swa . . . Fa go tlhophiwa tsela nngwe—le fa, ka sekai, ngaka e akantsha tsela nngwe eo e ka atlegang ka 80 lekgolong mme e le e batsadi ba sa dumalaneng le yone, mme batsadi ba dumalana le tsela eo e ka atlegang fela ka 40 lekgolong—ngaka e tshwanetse go tsaya tsela eo go ya ka kalafi e leng kotsi go feta mme e le eo batsadi ba dumalanang le yone.”
Ka ntlha ya dikotsi di le dintsi tse di bolayang tse di nnang gone fa madi a dirisiwa jaaka kalafi le ka gonne go na le ditsela tse dingwe tse di atlegang tse di ka dirisiwang, a go tila go dirisa madi ga go ne go fokotsa dikotsi?
Ka tlholego fela, Bakeresete ba sekaseka dilo tse dintsi tse di amegang fa ngwana wa bone a tlhoka go ariwa. Karo nngwe le nngwe, go dirisiwa madi kana a sa dirisiwe, e na le dikotsi. Ke ngaka efe e e arang e e kgonang go tlhomamisa? Batsadi ba ka tswa ba itse gore dingaka tse di ditswerere di ile tsa atlega mo go areng bana ba Basupi di sa dirise madi. Ka jalo le eleng fa ngaka kana mookamedi wa kokelo a bona selo sengwe se le botoka, go na le go dira gore go nne le ntwa ya semolao e e tshwenyang maikutlo, a ga go botoka gore ba dirisane mmogo le batsadi ba ba lorato bano? Kana batsadi ba ka nna ba isa ngwana wa bone kwa kokelong eo badiri ba yone ba nang le boitemogelo jwa go dirisana le maemo a a ntseng jalo ebile ba dumela go dira jalo. Ebile tota, go sa dirise madi gantsi ke yone tlhokomelo ya boleng jo bo tshwanetseng, ka gonne e ka thusa lelapa “go fitlhelela mekgele ya kalafi le e e seng ya kalafi,” jaaka re setse re boletse kwa pelenyana.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona setlhogo sa kalafi “Madi: Ke Mang Yo O Tlhophang le Segakolodi ke sa ga Mang?” seo se kwadilweng gape mo Mametlelelong, mo ditsebeng 30-1.
[Lebokoso mo go tsebe 18]
GO IMOLOLA MOLAO MAIKARABELO
O ka nna wa ipotsa, ‘Ke ka ntlha yang fa dingaka tse dingwe le dikokelo di le bonako go bona tetla ya kgotlatshekelo ya gore di tshele batho madi?’ Mo mafelong a mangwe di a bo di boifa fela go pegiwa molato.
Ga go na motheo wa go tshwenyega ka seo fa Basupi ba ga Jehofa ba tlhopha mokgwa oo go sa dirisiweng madi mo go ona. Ngaka nngwe kwa Kholetšheng ya Bongaka ya Albert Einstein (U.S.A.) e kwala jaana: “Bontsi jwa [Basupi] bo saena foromo ya American Medical Association fela ka bonako go tlosa molato mo dingakeng le mo kokelong, mme ba bantsi ba tshola [karata ya] Medical Alert. Foromo e e saennweng sentle ebile e kwadilwe matlha sentle ya go ‘Gana Dilo Tse Di Dirilweng ka Madi’ ke tumalano ebile e a tlama go ya ka molao.”—Anesthesiology News, October 1989.
Ee, Basupi ba ga Jehofa ba dirisana mmogo mo go neyeng tlhomamiso ya molao gore ngaka kana kokelo ga e ne e nna le molato ka go naya kalafi e e seng ya madi e e kopiwang. Jaaka go akantshitswe ke baitseanape ba kalafi, Mosupi mongwe le mongwe o tshola karata ya “Medical Document.” E ntšhafadiwa ngwaga le ngwaga mme e saeniwa ke mong le basupi, gantsi e le ba ba atamalaneng thata nae ka losika.
Ka March 1990, Kgotlatshekelokgolo ya kwa Ontario, kwa Canada, e ne ya tshegetsa tshwetso e e neng e bua e dumalana le lokwalonyana loo jaana: “Karata eo ke mafoko a a kwadilweng a boemo jo bo tlhomameng joo motho yo o e tshotseng a ka nnang a bo tsaya go ya ka molao fa a thibela tumalano epe fela le ngaka.” Mo go Medicinsk Etik (1985), Porofesa Daniel Andersen o ne a kwala jaana: “Fa go na le sengwe se se kwadilweng se se utlwalang sentle se se tswang mo molwetsing yo o bolelang gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme ka gone a sa batle madi kafa tlase ga maemo ape, go supa gore keletso eno ya gagwe e sekegelwa tsebe go tla raya gore molwetsi yoo a newe kgololesego ya gagwe, fela jaaka ekete e builwe ka molomo.”
Basupi gape ba tla saena diforomo tsa kokelo. Nngwe ya tseo di dirisiwang kwa kokelong ya Freiburg, kwa Jeremane, e na le fa ngaka e tlhalosang tshedimosetso eo a e neileng molwetsi ka kalafi gone. Foromonyana eno morago e oketsa jaana fa godimo ga fa ngaka le molwetsi ba saenang gone: “Jaaka leloko la setlhopha sa bodumedi sa Basupi ba ga Jehofa, ke gana ka tlhomamo go tshelwa madi kana dikarolo tsa madi a motho yo mongwe fa ke ariwa. Ke a itse gore se se rulagantsweng le seo ke se tlhokang se na le kotsi ya go tlhagisa mathata a go dutla madi. Ereka ke bone tlhaloso e e phepafetseng ka seno segolobogolo, ke kopa gore karo e ke e tlhokang e dirwe ke sa tshelwe madi a ga ope kana dikarolo dipe fela tsa madi.”—Herz Kreislauf, August 1987.
Totatota, mokgwa wa go sa dirise madi o ka nna wa se ka wa nna le dikotsi tse dintsi. Mme ntlha fano ke gore balwetsi ba Basupi ba itumelela go dira gore ope a se ka a tshwenyega ka mo go sa tlhokegeng mo e leng gore batho ba kalafi ba ka tswelela ka boikaelelo jwa bone, eleng go thusa batho go bona botsogo jo bo siameng. Tirisanommogo eno e solegela botlhe molemo, jaaka Dr. Angelos A. Kambouris a ne a bontsha go “Dikaro Tse Dikgolo tsa Mpa tsa Basupi ba ga Jehofa” jaana:
“Tumalano epe fela e e dirwang pele ga karo e tshwanetse go lejwa ke ngaka e e arang e le e e tlamang mme e tshwanetse go kgomarelwa go sa kgathalesege gore go diragala eng fa go ariwa kana morago ga gone. [Seno] se dira gore molwetsi a lebe kalafi ya karo ka maikutlo a a siameng, le go tlosa tlhokomelo ya ngaka e e arang mo dilong tsa molao le tsa batlhalefi mme e e sekamisetsa mo go tsa kalafi le tsa boranyane, ka gone go dira gore a dire ka matsetseleko mme a kgotsofatse molwetsi.”—The American Surgeon, June 1987.
[Lebokoso mo go tsebe 19]
“Go dirisiwa go feta selekanyo ga boranyane jwa kalafi ke sengwe se segolo seo se oketsang ditshenyegelo tsa tlhokomelo ya boitekanelo tsa jaanong. . . . Ditshelo tsa madi di botlhokwa thata ka mo go kgethegileng ka gonne ditshenyegelo tsa tsone di kwa godimo ebile di na le dikotsi tse dintsi. Ka mo go tshwanelang, American Joint Commission on Accreditation of Hospitals e ne ya bolela gore ditshelo tsa madi di ‘dintsi thata, di na le dikotsi tse dintsi le diphoso tse dintsi.’”—“Transfusion,” July-August 1989.
[Lebokoso mo go tsebe 20]
United States: “Botlhokwa jwa gore molwetsi a itlhophele se a se batlang bo ikaegile ka molaomotheo wa kafa mmele wa motho o ntseng ka gone, gore motho o tshwanetse go itirela ditshwetso tsa seo se tla mo diragalelang. Mabaka a semolao ao a batlang gore go dirwe tshwetso eo ke gore sepe fela sa kalafi se se dirwang kwantle ga tumalano ya molwetsi se tshwana fela le go mo tlhasela.”—“Informed Consent for Blood Transfusion,” 1989.
Jeremane: “Tshwanelo ya molwetsi ya go itlhophela se a se batlang e ganetsana le molaomotheo wa go thusa le go boloka botshelo. Go felela ka gore: molwetsi a se ka a tshelwa madi a sa batle.”—“Herz Kreislauf,” August 1987.
Japane: “Ga go sepe se se ‘tlhomameng’ mo dikgannyeng tsa kalafi. Dingaka di dumela gore tsela ya kalafi ya segompieno ke e e gaisang ebile di a e latela, mme ga di a tshwanela go pateletsa karolo nngwe le nngwe ya yone ka ‘tlhomamo’ mo balwetsing. Balwetsi le bone ba tshwanetse go newa kgololesego ya go itlhophela.”—“Minami Nihon Shimbun,” June 28, 1985.
[Lebokoso mo go tsebe 21]
“Ke lemogile gore malapa [a Basupi ba ga Jehofa] a kitlane ebile a a ratana,” go bega jalo Dr. Lawrence S. Frankel. “Bana ba bone ba rutilwe, ba lorato, ebile ba na le tlotlo. . . . Ebile go bonala ba ngaparela dilo tseo ba di laelwang tsa kalafi, goo go ka bontshang maiteko a a supang gore ba amogela kalafi fa fela tumelo ya bone e e letla.”—Department of Pediatrics, M. D. Anderson Hospital and Tumor Institute, Houston, U.S.A., 1985.
[Lebokoso mo go tsebe 22]
“Ka tlwaelo,” go akgela jalo Dr. James L. Fletcher, Jr. “boikgogomoso jwa baitseanape bo ba dira gore ba se ka ba dira katlholo e e siameng ya kalafi. Dikalafi tseo di lejwang e le ‘tse di gaisang gompieno’ ka moso di a fetolwa kana di a latlhwa. Ke eng se se kotsi le go feta, a ke ‘molwetsi yo o ngaparetseng tumelo ya gagwe’ kana ngaka e e boikgogomoso eo e tlhatswegileng pelo gore kalafi ya yone e botlhokwa tota?” —“Pediatrics,” October 1988.
-
-
Madi Ao A Bolokang Botshelo EleruriMadi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
-
-
Madi Ao A Bolokang Botshelo Eleruri
Tshedimosetso e re setseng re e amogetse e sedifatsa dintlha dingwe. Lemororo batho ba bantsi ba go leba e le go go bolokang botshelo, go tshelwa madi go tletse ka dikotsi di le dintsi. Diketekete di a swa ngwaga le ngwaga ka ntlha ya go tshelwa madi; boidiidi jo bongwe bo lwala tota mme bo lebagana le mathata a a tsayang lobaka lo loleele. Ka jalo, le eleng ka tsela e e seng ya semoya, go botlhale go reetsa taolo ya Bibela jaanong ya go ‘ithiba mo mading.’—Ditihō 15:28, 29.
Balwetsi ba sireletsega mo diphatseng di le dintsi fa ba kopa go se tshelwe madi. Dingaka
-