LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/94 ts. 1
  • Sekao Se se Ka Latelwang ka Kelotlhoko

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Sekao Se se Ka Latelwang ka Kelotlhoko
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Godisa Bokgoni Jwa Gago Jaaka Morutisi
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • ‘Latelang Dikgato Tsa Gagwe Gaufiufi’
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • “Ke Lo Tlhometse Sekao”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • “O ne A sa Bue le Bone Sepe Fa e Se ka Setshwantsho”
    ‘Tla o Nne Molatedi wa Me’
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
km 12/94 ts. 1

Sekao Se se Ka Latelwang ka Kelotlhoko

1 Kwantle ga pelaelo Jesu e ne e le monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela. O ne a tlhomela barutwa ba gagwe sekao se se molemolemo. Le mororo re sa kgone go fitlhelela boitekanelo jwa gagwe, re kgothalediwa gore re “tsamaye mo dikgatong tsa gagwe.” (1 Pet. 2:21) Re tshwanetse gore re batle go tshwana thata le Jesu ka mo re ka kgonang ka teng, re bolelela batho ba bangwe boammaaruri ka tlhoafalo.

2 Jesu e ne e se moreri fela; e ne e le morutisi yo mogolo. “Batho ba gakgamalela thuto ya gagwe.” (Math. 7:28) Ke eng fa a ne a nna le matswela a a mantle jaana? A re tlhatlhobeng ‘tsela ya gagwe ya go ruta.’

3 Ka Moo Re Ka Latelang Jesu ka Gone: Jesu o ne a rutilwe ke Rraagwe. (Joh. 8:28) Boikaelelo jwa gagwe e ne e le go tlotlomatsa Jehofa le go galaletsa leina la Gagwe. (Joh. 17:4, 26) Mo tirong ya rona ya go rera le go ruta, boikaelelo jwa rona e tshwanetse ya nna go batla go tlotlomatsa Jehofa mme e seng go itlotlomatsa.

4 Sengwe le sengwe se Jesu a neng a se ruta se ne se thailwe mo Lefokong la Modimo. Gangwe le gape o ne a lebisa mo go se se kwadilweng mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng. (Math. 4:4, 7; 19:4; 22:31) Re batla go bontsha batho ba ba re reeditseng se Baebele e se bolelang; ka go dira jalo re dira gore ba bone gore se re rerang ka sone le se re se rutang se tswa mo motsweding wa tshedimosetso wa maemo a a kwa godimo.

5 Jesu o ne a dirisa mafoko a makhutshwane, a a utlwalang, a a sa raraanang. Ka sekai, fa a ne a tlhalosa gore Modimo a ka re itshwarela jang, o ne a re kgothaletsa gore le rona re itshwarele batho ba bangwe. (Math. 6:14, 15) Re tshwanetse go leka go tlhalosa molaetsa wa Bogosi ka mafoko a a bonolo a a supang boikokobetso.

6 Jesu o ne a dirisa ditshwantsho le dipotso ka botswerere go dira gore batho ba bangwe ba akanye. (Math. 13:34, 35; 22:20-22) Ditshwantsho tse di tlwaelegileng, tsa dilo tse di diregang letsatsi le letsatsi di ka thusa batho gore ba tlhaloganye dithuto tsa motheo tse di thata tsa Baebele. Re tshwanetse gore re botse dipotso tse di ka dirang gore batho ba ba re reeditseng ba akanye ka se ba se utlwang. Dipotso tse di thusang motho go bona karabo di thusa gore ba dire ditshwetso tse di siameng.

7 Jesu o ne a ipha nako ya go tlhalosetsa batho ba ba neng ba batla go itse mo go oketsegileng dilo tse di thata. Batho ba ba neng ba kgatlhega tota, jaaka barutwa ba gagwe, ba ne ba kgona go tlhaloganya se Jesu a neng a se ruta. (Math. 13:36) Le rona re tshwanetse go thusa batho fa ba botsa dipotso go tswa pelong. Fa e le gore ga re itse karabo, re ka nna ra batlisisa ka kgang eo mme ra boa ka tshedimosetso moragonyana.

8 Fa a ruta Jesu o ne a dirisa dikai tse mo go tsone motho a neng a ka kgona go dirisa tlhaloganyo ya gagwe mo go se a se bonang. Sekai sa seno ke fa a ne a tlhapisa barutwa ba gagwe dinao, ntswa a ne a le Morena wa bone. (Joh. 13:2-16) Fa re ikokobetsa, batho ba re ba rutang ba tla tlhotlheletsega go dirisa dilo tse ba ithutang ka tsone.

9 Jesu o ne a fitlhelela dipelo tsa batho le go sola molemo lebaka la go bo ba rata tshiamo. Le rona re batla go fitlhelela dipelo. Re leka go tsosa keletso e motho a tshotsweng ka yone ya go batla go obamela motho yo o mogolo thata go mo feta le go batla go tshela ka kagiso le ka boitumelo le batho ba bangwe.

10 Ka December re ka bolelela batho ba bangwe ka dilo tse re di ithutileng kaga Jesu ka go ba tsamaisetsa buka ya Monna Yo Mogolo Go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Fa re etsa dinonofo tsa ga Jesu tsa go ruta re ka nna ra tlhotlheletsa batho ba ba kgatlhegang tota gore ba reetse fa re ntse re tlhalosa se a neng a se ruta.—Math. 10:40.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela