A O Thusa Ngwana wa Gago Gore A Tlhophe Jehofa?
“KE NE ke ikutlwa ke lapisiwa ke go ithuta Baebele tota. Ke ne ka dira tshwetso mo pelong ya me ke sa bolelela ope gore ke ne ke se ketla ke nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa fa ke gola,” go ne ga bolela jalo lekawana lengwe. Lefa gone re ka solofela gore bontsi jwa bana ba ba mo magaeng a Bokeresete ba tla tlhopha go ema kafa letlhakoreng la ga Jehofa, basha ba ba tshwanang le ene ba ka goga bokete tota fa ba ntse ba leka go tlhopha Jehofa go nna Modimo wa bone.
Ka dinako tse dingwe batsadi ga ba itse gore tota ba ka kaela bana ba bone sentle jang. Ba tshwaragana le go itlhaba ka dipotso gore a ba dira se se tshwanetseng, jaaka rre mongwe yo o neng a tshwenyegile yo o kileng a re: “Fa ke bua boammaaruri fela, go ne go na le dinako tse ke neng ke a tle ke lebelele bongwanake ba robetse, ba santse ba na le dikeledi tsa kutlobotlhoko mo marameng a bone, ke bo ke ipotsa gore a ke ne ke sa tshwanela go kabo ke repisitse letsogo go sekae.” Bomorwawe ba babedi ba ne ba gola ba bo ba tlhopha go direla Jehofa.
Lefa go ntse jalo go na le basha ba ba tleng ba latlhe Jehofa le phuthego ya Bokeresete ba ya kwa letlhakoreng la ga Satane. Ka jalo tota batsadi ba kgona jang go thusa bana ba bone gore ba tlhophe Jehofa? Gore re arabe potso eo, santlha a re boneng gore ke eng fa basha bangwe ba latlha Jehofa mme batsadi ba bone ba batla thata jaana gore ba mo ngaparele.
Lebaka la go bo Basha Bangwe Ba Latlha Jehofa
Lengwe la mabaka a a atileng thata ke gore basha bangwe tota ga ba ke ba fitlha mo go itseng Jehofa kana ditsela tsa gagwe. Le fa ba nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete go tswa boseeng, ke seomodiro fela mo go bone, e bile ga se gore tota ba senka Jehofa. (Isaia 55:6; Ditiro 17:27) Mosimane yo o umakilweng fa godimo o ne a lapisega kwa dipokanong tsa Bokeresete ka gonne o ne a sa tlhaloganye se se buiwang ke dibui kwa seraleng.
Dipeo tsa boammaaruri di a jalwa mo go ba bangwe, mme lefa go ntse jalo ba letla dipelo tsa bone gore di gogelwe ke tsela ya go tshela mo lefatsheng la ga Satane e e lebegang e sena mathata, ya go rata dilo tse di bonalang. Ba bangwe ga ba kgone go fenya keletso e kgolo thata ya gore ba tsalane le bomonkanaabone ba bo ba tshwane le bone.—1 Ditirafalo 28:9; Luke 8:12-14; 1 Bakorinthe 15:33.
Lefa go ntse jalo, mo lefatsheng lotlhe, bana ba le bantsi ba ba tswang mo magaeng a Bokeresete ba tlhophile go ema kafa go Jehofa. A dikgato tse di molemo tse batsadi ba bone ba ileng ba di tsaya di ka re ruta sengwe?
Simolola Go Sale Gale
Selo se se botlhokwa thata mo go thuseng bana ba gago gore ba tlhophe Jehofa ke go simolola go sale gale. Mo mabakeng a le mantsi, dilo tse di tsenang mo ngwaneng le tse a di ithutang fa pelo ya gagwe e santse e le bonolo, e bile e bulegile, di tla tsaya botshelo jotlhe. (Diane 22:6) Ka jalo simolola go bolelela bana ba gago kafa Jehofa a leng molemo ka gone, le kafa a leng lorato e bile a le mogolo ka gone go sale gale, o leka go dira gore dipelo tsa bone di rate Jehofa le gore ba anaanele se Jehofa a se ba diretseng. Batsadi ba le bantsi ba ile ba diragatsa seno ka go dirisa ditlhogo tse dintsintsi tse di buang kaga popo ya ga Jehofa tse di fitlhelwang mo dikgatisong tsa Mokgatlho wa Watchtower.
Go utlwa le go tlotla Jehofa le kobamelo ya gagwe ke dingwe tsa dinonofo tse di tshwanetseng go tsenngwa mo mogopolong go tswa bonnyeng. Go a itumedisa go bona bana ba ba iseng ba tsene sekolo kwa dipokanong tsa Bokeresete ba leka go tsaya dintlha tse di motlhofo fela le go bala ditemana mo Dibaebeleng tsa bone kana ba tsamaya le batsadi ba bone kwa ntlwaneng go ya go tlhapa difatlhego ka metsi a a tsididi fa ba otsela. Tseno ke dilo tse dinnye, mme lefa go ntse jalo di botlhokwa fela thata gore di tlhotlheletse mogopolo o monana ono gore Jehofa o tshwanetse go tlotliwa le go utlwiwa!
Go ithuta Baebele ka namana ka tlhoafalo le gone go tshwanetse ga simologa go sale gale. Batsadi bangwe ba ne ba simolola go bala buka ya Go Reetsa Morutisi Yo Mogoloa le bomorwaabone fa ba ne ba na le dingwaga di le pedi. Moragonyana, fa basimane bano ba ne ba simolola go tsena sekolo, ba ne ba tsoga phakela mme moso le moso ba ithute dibuka tsa Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela le O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise* le mmaabone. Mme morago ga foo ba ne ba tlotla ka temana ya letsatsi e tshwerwe ke rraabone pele ga dijo tsa mo mosong. Maiteko a batsadi bano a ne a nna le matswela a mantle thata fa bosheng jaana bomorwaabone ba ne ba itlhophela gore ba direle Jehofa, ba bontsha boineelo jwa bone ka go kolobediwa mo metsing yo mongwe a na le dingwaga tse 10 yo mongwe tse 11.
Mokaulengwe mongwe yo o molemo yo e santseng e le lekawana yo o direlang kwa ofising ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower kwa Japane o ne a gakologelwa gore fa a ne a santse a le mmotlana thata, mmaagwe o ne a mo thusa gore a nne le kamano le Jehofa ka go nna gaufi le ene bosigo, a bo a mo thusa go rapela. O ne a se ke a lebala thuto e a neng a e mo ruta—go sa kgathalesege gore o ne a ya kae kana a dira eng, Jehofa o ne a le gaufi ka dinako tsotlhe e bile a iketleeleditse go thusa.
Batsadi ba ba atlegang ba ithuta go lemoga mekgwa e e phoso e e bakwang ke go sa itekanelang mo bana ba bone ba go ruileng, mme batsadi ba simolola go sale gale go thusa bana ba bone gore ba baakanye mekgwa eno. (Diane 22:15) Mekgwa ya go rata go nna pelotshetlha, bogoma, go ikgogomosa, go bona ba bangwe diphoso thata, e tshwanetse ya baakanngwa go sale gale. Eseng jalo dipeo tseo di tla gola, e bo e re moragonyana di bo di dira gore ngwana a tsuologele Modimo le ditsela tsa gagwe. Ka sekai, batsadi ba ba ka tswang ba na le maitlhomo a mantle fela mme e le ba ba leseletsang bana ba bone thata gantsi ba dira gore bana ba rate go iteba ba le bosi fela. Bana bano ba ketefalelwa ke go tlotla batsadi ba bone lefa e le Jehofa, ba tshwana le ‘ba ba sa lebogeng’ ba ba umakiwang mo Baebeleng. (Diane 29:21, NW) Kafa letlhakoreng le lengwe, bana ba ba neelwang ditiro mo gae ba bo ba rutiwa go lemoga dilo tse ba bangwe ba di tlhokang gantsi e nna batho ba ba lebogang batsadi ba bone mmogo le Jehofa.
Selo se sengwe gape sa botlhokwa ke go simolola go sale gale go tlhoma mekgele ya puso ya Modimo e ngwana tota a ka kgonang go e fitlhelela. Fa seno se sa dirwe go sa le gale e bile e le ka metlha, ba bangwe ba ka nna ba tlatsa mogopolo le pelo ya gagwe ka mekgele e sele. Mengwe ya mekgele eno e tshwanetse ya nna go bala Baebele yotlhe, go ithuta nngwe ya dikgatiso tsa Mokgatlho wa Watchtower ka namana, go ikwadisa mo Sekolong sa Bodihedi sa Puso ya Modimo, go nna mmoledi wa mafoko a a molemo, le go kolobediwa.
Takafumi o gakologelwa gore mmaagwe o ne a mo tlwaetsa go bala dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka go mo kwalela dipotso tse di motlhofo a bo a di tlogela mo tafoleng ya kitsi gore a di fitlhele fa a boa kwa sekolong. Yuri o gakologelwa gore go nna malatsinyana le babulatselab ba ba direlang kwa go tlhokegang badihedi ba Bakeresete thata teng, go tsamaya le bone mo bodiheding, go bona ba apaya dijo tse di monate, le go bona kafa ba itumetseng ka gone e bile ba tlhagafetse go ne ga mo tlhotlheletsa thata gore a eletse go direla Jehofa ka tsela e e tshwanang. Basha ba le bantsi ba bolela gore batsadi ba bone ba ne ba ba isa kwa Bethele ka metlha, e leng leina le ntlokgolo le makala a Mokgatlho wa Watch Tower a bidiwang ka lone, koo ba neng ba ka kgona go bona makolwane a mangwe le makgarebe a direla Jehofa ka boitumelo. Bontsi jwa bao ba neng ba etela teng e le bana jaanong ba direla mo magaeng a Bethele mo lefatsheng lotlhe.
Abela Bana Ba Gago Nako ya Gago
Selekanyo sa nako e o e dirisetsang go nna le bana ba gago mmogo le boleng jwa yone bo tla ba tlhotlheletsa thata gore ba tlhophe go direla Jehofa kana ba se ka ba go tlhopha. Ba lemoga ka bofefo gore o dirisa nako e e kana kang mo thutong ya Baebele e o e tshwarang le bone le gore o e ipaakanyetsa go le kana kang. Fa o sa gakologelwe gore lo ne lo eme fa kae mo thutong ya lona ya nako e e fetileng kana o tlosolosa nako ya thuto ka mabaka a e seng a sepe, o ba ruta gore thuto ga e botlhokwa go le kalo. Lefa go ntse jalo, fa ba bona gore batsadi ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang gore thuto e tshwarwe, ba e baakanyetsa sentle e bile ba e tshwara ka metlha go sa kgathalesege gore go tlhaga eng, seo se ba ruta sengwe se se fapaaneng thata. Bommè bangwe ba apara sentle fa ba tlile go tshwara thuto le bana ba bone, fela jaaka e kete ba ya kwa dipokanong kana ba ya go tshwara thuto ya Baebele le moagelani, le mororo go sa tlamege gore go dirwe jalo. Seno se ba ruta gore kobamelo ya ga Jehofa e botlhokwa.
O tla tlhoka nako le boiteko jo bontsi go dira gore thuto ya ngwana wa gago ya Baebele e itumedise, e fitlhelele pelo. Bana, segolobogolo ba babotlana ba a kgatlhega fa ba bona dilo tse ba di ithutang di dirwa fa pele ga bone. Ka sekai, rre mongwe o ne a thusa bana ba gagwe go bona tsogo ka matlho a mogopolo ka go tshameka pego e e mo Baebeleng kaga tsogo ya ga Lasaro. O ne a tsena mo phaposing ya diaparo mme a tswa mo teng jaaka e kete ke Lasaro yo o tsositsweng.—Johane 11:17-44.
Fa bana ba ntse ba atamela dingwaga tsa bogodi, o tlhoka nako le bokgoni jo bo oketsegileng le go feta pele gore o dirisane le maikutlo, dipelaelo, le ditlhobaelo tse dintsi tse ba lebanang le tsone. Nako e batsadi ba ba lorato le ba ba kelotlhoko ba e beelang kwa thoko mo seemong seno e botlhokwa thata gore bana ba tle ba simolole go ikanya Jehofa. Rre mongwe wa bana ba bane yo o atlegileng o ne a gakologelwa gore fa bana ba gagwe ba ne ba na le mathata a a farologaneng, o ne a leba mo dikgatisong tsa Watchtower letsatsi le letsatsi go bona tshedimosetso e e amanang le one a ba a e tlotla le bone go fitlha bothata bo felela ruri.
Mmè mongwe wa mmulatsela yo o neng a na le bana ba babedi yo o neng a tshwaregile thata o ne a lemoga gore morwadie o ne a simolola go nna motho yo o didimetseng thata e bile a sa itumelele ditiro tsa puso ya Modimo. Ka jalo mmè o ne a tlhomamisa gore ngwana a mo fitlhele mo gae letsatsi le letsatsi thapama fa a tswa kwa sekolong, a ba a tlotle le morwadie fa ba ntse ba nwa kopi ya tee. Ka go buisana le mmaagwe jalo ka tsela e e botsalano, mosetsana o ne a bona thuso e a neng a e tlhoka. Jaanong, fa a sena go aloga mo sekolong se segolwane, o ne a simolola go direla jaaka mmulatsela le mmaagwe.—Diane 20:5.
Ditsala tse di Siameng le Sekao
Mo godimo ga go dirisa nako ya bone le bana, batsadi ba tshwanetse go batlela bana ba bone ditsala tse di siameng. Diane 13:20 ya re: “Tsamaya le batho ba ba botlhale, mme o tlaa nna botlhale, mme monkana wa dieleele o tlaa utlwisiwa botlhoko ke gone.”
Batsadi ba le bantsi ba ba atlegileng ba bona kafa seane seo se leng boammaaruri ka gone. Rre mongwe wa bana ba bane a re: “Fa ke leba kwa morago, ke akanya gore go nna le ditsala tse dintsi tse di mo boammaaruring ke gone go ileng ga thusa go ba tlhotlheletsa gore ba direle Jehofa. Ke ne ka ba kgothaletsa gore ba ipatlele ditsala mo diphuthegong tse dingwe mmogo le mo go ya rona le gore ba nonotshe botsalano joo.” Mogolwane mongwe wa Mokeresete yo o ileng a direla kwa Bethele ka dingwaga di le dintsi o ne a gakologelwa jaana: “Fa ke ne ke le mmotlana, re ne re nna mo ntlong e nnye, mme lefa go ntse jalo re ne re atisa go amogela molebedi wa potologo mo go yone. Mo godimo ga moo, babulatsela ba ba kgethegileng ba phuthego ya rona ba ne ba atisa go ja tinara le rona. Ba ne ba tlhapa kwa ntlong ya rona ba bo ba itisa le rona. Go utlwa maitemogelo a bone le go bona kafa ba itumetseng ka gone go ne go nthusa gore ke simolole go anaanela tirelo ya nako e e tletseng.”
Go itsalanya le batho ba ba siameng go thusa batho ba ba tlhagetsweng ke mathata. Mmè mongwe yo morwawe a neng a tlhasetswe ke mathata o ne a buisana le molebedi yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa kaga bothata jono. O ne a akantsha gore mmè yoo a tsamaye le morwawe mo tirelong ya tshimo. “Fa o dira jalo, bomoya jwa gagwe mmogo le mathata a mangwe otlhe a tla fokotsega,” molebedi o ne a rialo. O bega jaana: “Mo phuthegong ya rona go ne go na le thulaganyo ya go ya tshimong maitseboa, mme e ne e iwa ke bana ba le bantsi ba ba tsenang sekolo, babulatsela ba ka metlha ba ba godileng ba le mmalwa, le bobotlana mogolwane a le mongwe fela. La ntlha go ne go le bokete go dira gore morwaake a tswe ka metlha, mme lefa go ntse jalo go ne ga tloga ga fetoga ka gonne o ne a tlhola a tla gae a itumetse thata e bile a kgothetse ka ntlha ya go kopana le batho ba ba siameng. O ne a kolobediwa a santse a le moithuti kwa sekolong se segolwane, a bo a direla jaaka mmulatsela yo o thusang kgwedi le kgwedi, mme fa a aloga, o ne a nna mmulatsela wa ka metlha.” Go tsalana le batho ba ba siameng mmogo le go dira thato ya ga Jehofa go ne ga tlisa diphelelo tse di molemo.
Go ka nna ga bo go sena basha mo lefelong la lona ba ba ka tlhotlheletsang ngwana wa gago ka tsela e e siameng, mme lefa go ntse jalo mafoko a a buiwang kgapetsakgapetsa ke basha ba le bantsi ba ba tlhophileng go direla Jehofa a supa gore ba ne ba tlhomelwa sekao ke batsadi ba bone. Basha ba le bantsi ba ne ba kgatlhiwa ke batsadi ba bone e bile ba batla go ba etsa. Yuri o gakologelwa kafa mmaagwe a neng a rata baeng ka gone le kafa a neng a tlhokomela ba bangwe ka gone, a ba founela gape a apeela balwetsi dijo. Tatsuo, yo o tswang mo legaeng la bana ba basimane ba le bane, ba jaanong ba setseng ba godile botlhe e bile ba direla Jehofa, o ne a re: “Mama o ne a sa kgone go ithuta le rona ka metlha ka gonne Papa o ne a sa dumela le gone o ne a ganediwa thata ke ba losika. Mme lefa go ntse jalo go bona kafa a neng a emela boammaaruri ka gone le kafa a neng a itumelela go direla Jehofa ka gone go ne ga ntlhotlheletsa thata. Gape o ne a iketleeditse go nna go fitlha ka makuku a re thusa mathata a rona.” Mafoko a a botlhale a batsadi a nna le maatla fa a tshegediwa ka ditiro tse di bontshang boikanyegi. Yoichiro o ne a bolela jaana kaga batsadi ba gagwe: “Ga ke gakologelwe nako epe e ba kileng ba umaka sengwe se se bosula kaga batho ba bangwe mo phuthegong; le gone ba ne ba sa letle rona bana gore re sebe ba bangwe kaga diphoso tsa bone.”—Luke 6:40-42.
Boitumelo jwa go Bona Bana Ba Tlhopha Jehofa
Ga go na mokgwa ope o o senang diphoso o o ka thusang bana ba gago gore ba tlhophe Jehofa. Go tla nna le dinako tse dingwe tse di bakang ditlhobaelo tse dintsi. Mme lefa go ntse jalo rre yo o neng a tshwenyegile yo o umakilweng pelenyana o ne a re: “Jaaka batsadi re ne re leka ka metlha ka boikanyegi gore re latele dikakantsho tsa phuthego ya ga Jehofa e e bonalang. Seno se ne sa re thusa thata gore re fenye mathata.” Maiteko a bone a ne a atlega.
Ee, ka go dira gotlhe mo o ka go kgonang gore o latele melaometheo ya Baebele, o neela bana ba gago mabaka a a utlwalang a gore ba rate Jehofa, o bo o tshegetsa seo ka go tlhoma sekao ka boikanyegi le go leka ka bopeloephepa gore o ba thuse, le wena e ka re kgabagare wa bona maiteko a gago a duelwa ka gore o atlege. A o gakologelwa mosimane yo o umakilweng kwa tshimologong, yo o neng a ititeile sehuba gore a ka seka a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa? Mme fa mmaagwe a sena go atlega go mo thusa mo dingwageng tsa gagwe tsa mathata, mosimane yono o ne a re: “Ke itumela tota ka gore ga a ise a ko a itlhoboge!” Go ka nna ga diragala jalo le ka bana ba gago.—Bagalatia 6:9.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Badihedi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba bidiwa babulatsela. Mmulatsela yo o thusang o dirisa bobotlana diura tse 60 mo bodiheding kgwedi le kgwedi, mmulatsela wa ka metlha o dirisa tse 90, mme mmulatsela yo o kgethegileng o dirisa tse 140.
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
A o a itumela fa o gakologelwa dinako tsa fa o ne o godisa ngwana wa gago?