LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Kafa O Ka Rulaganyang Laeborari ya Puso ya Modimo ka Gone
    Tora ya Tebelo—1994 | November 1
    • Kafa O Ka Rulaganyang Laeborari ya Puso ya Modimo ka Gone

      SHEREZADE, mosetsanyana yo o botlhale wa Mosepanishe, o ne a na le dingwaga di le nne fa morutabana wa gagwe a ne a bolelela tlelase gore ba ne ba tsile go taka ditshwantsho tsa ga “Father Christmas.” Gone fela foo, Sherezade o ne a kopa tetla ya gore a se ka a nna le seabe. O ne a tlhalosa gore segakolodi sa gagwe se ne se sa mo letle gore a dire jalo.

      Morutabana o ne a gakgamadiwa ke go bona a gana jalo, mme a mmolelela gore go ne go tshwana fela le go taka setshwantsho sa mpopi le gore go dira jalo ga go phoso le eseng. Sherezade o ne a fetola jaana: “Fa e le gore ke mpopi fela, nka rata gore ke itshwantshetse mpopi oo fa e le gore o a dumela.”

      Ka lekgetlho le lengwe tlelase e ne ya laelwa gore e take folaga ya setšhaba. Sherezade o ne a boa a kopa gore a dire sengwe se sele. Go tlhalosa seno, o ne a bolelela morutabana polelo ya ga Shaterake, Mesheke, le Abetenego.—Daniele 3:1-28.

      Nakwana fela morago ga foo morutabana o ne a founela mmaagwe Sherezade a mmolelela kafa a gakgametseng ka teng. O ne a re: “Morwadio o ile a mpolelela kaga segakolodi sa gagwe ka makgetlho a le mantsi. A ko o akanye fela. Mosetsana wa dingwaga tsa gagwe a ntlhalosetsa gore ke eng fa segakolodi sa gagwe se mo tshwenya! Bona, ga ke dumelane le se o se mo rutang, mme nka go tlhomamisetsa gore o a kgona. Mme ke batla gore o itse gore ke rolela morwadio hutshe.”

      Go tla jang gore mosetsana wa dingwaga tse nne a bo a na le segakolodi se se thapisitsweng ka Baebele? Mmaagwe ebong Marina, o tlhalosa gore Sherezade o na le laeborari ya gagwe ya puso ya Modimo mo kamoreng ya gagwe. Laeborari eno e na le dikopi tsa gagwe ka namana tsa Tora ya Tebelo, tse a di thaletseng, dibuka tsa gagwe tse a di dirisang fa a rera, le dikgatiso tsotlhe tsa Mokgatlho wa Watchtower tse di golotsweng fa e sale a tsholwa. Se a se ratang thata mo laeboraring ya gagwe ke theipi e e reediwang ya My Book of Bible Stories, eo a e reetsang bosigo le bosigo a ntse a bala mo bukeng ya gagwe. Dipego tseno tsa Baebele ke tsone di neng tsa mo thusa gore a dire ditshwetso tse di umakilweng fa godimo.

      A laeborari e e rulagantsweng sentle ya puso ya Modimo e ka go thusa wena le bana ba gago? Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go nna le laeborari mo gae?

      “Laeborari Ga Se Sengwe sa Go Ijesa Monate Fela”

      “Laeborari ga se sengwe sa go ijesa monate fela, mme ke sengwe sa dilo tsa botlhokwa mo botshelong,” go ne ga bolela jalo Henry Ward Beecher. Totatota, mo e batlileng e le mongwe le mongwe wa rona o na le sengwe sa dilo tseno “tsa botlhokwa mo botshelong,” le fa re sa itse. Jang? Ka gonne le fa re na le yone Baebele fela, re na le laeborari ya mofuta mongwe.

      Tota Baebele ke laeborari ya puso ya Modimo ya maemo a a kwa godimo thata. Mo lekgolong la bonè la dingwaga, Jerome o ne a tlhama polelwana ya Selatine e e reng Bibliotheca Divina (Laeborari ya Modimo) a tlhalosa motlobo wa dibuka tsotlhe tse di tlhotlheleditsweng o re o bitsang Baebele. Jehofa o re neetse laeborari eno e e boitshepo gore e re thuse, e re rute, e bo e re kaele ka tsela e e mosola. Ke sengwe se re sa tshwanelang go se tseela kwa tlase le ka motlha. Go nna le Baebele yotlhe ka bogone fela go kaya gore re na le laeborari e kgolo go gaisa bontsi jwa batlhanka ba Modimo ba dinako tse di fetileng.

      Ka nako ya fa memeno e e tlhwatlhwakgolo e e kwadilweng ka seatla e ne e le yone fela e e teng, ke magae a sekae fela a batho, fa e le gore gone a ne a le teng, a a neng a na le Baebele e e feletseng. Fa Paulo a ne a batla go ithuta Dikwalo ka nako ya fa a ne a tshwerwe la bofelo kwa Roma, o ne a tshwanelwa ke go kopa Timotheo gore a mo tlele memeno mengwe go tswa kwa Asia Minor—gongwe e le dikarolo dingwe tsa Dikwalo tsa Sehebera. (2 Timotheo 4:13) Lefa go ntse jalo, disinagoge tsone di ne di na le memeno e le mentsi, mme Jesu Keresete le moaposetoloi Paulo ba ne ba dirisa dilaeborari tseno mo tirong ya bone ya go rera. (Luke 4:15-17; Ditiro 17:1-3) Se se itumedisang ke gore jaanong Dikwalo di ka bonwa motlhofo go feta mo lekgolong la ntlha la dingwaga.

      E re ka go tlhamilwe metšhine e e gatisang, gompieno mo e batlileng e le batlhanka ba Modimo botlhe—go sa kgathalesege gore puo ya bone ke efe—ba ka kgona go nna le Baebele e e feletseng ka madi fela a ba ka a kgonang. Gape re na le tshono e e tlhomologileng ya go nna le sengwe se se ka oketsang “laeborari” eno e e boitshepo. “Motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale” o setse a na le dingwaga tse di ka fetang lekgolo a ntse a tshwaregile ka go ntsha dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng.—Mathaio 24:45-47.

      Mme lefa go ntse jalo re ka se ka ra kgona go dirisa tshedimosetso eno ya botlhokwa ka botlalo fa re sa itirele laeborari ya puso ya Modimo motho ka namana. E ka dirwa jang? Kgato ya ntlha ke go nna le dibuka tse di tlhokegang mo laeboraring e e ntseng jalo. Go tla bo go le mosola thata go tsaya matsapa ao, ka gonne go tla dira gore re kgone go bona yone tshedimosetso e re e tlhokang tota go rarabolola mathata le go araba dipotso tsa Baebele ka bofefo.

      Ke Tlhoka Dibuka Dife?

      A o kile wa ipotsa gore o ka rarabolola jang mathata a go sa bolelelane se se mo mafatlheng mo lenyalong la gago kana kafa o ka thusang bana ba gago gore ba re nnyaa ka gone fa ba fiwa diokobatsi? O ne o ka thusa tsala e e tshwenyegileng thata mo maikutlong jang? A o ka tlhalosa ka phepafalo gore re na le bosupi bofe jwa gore Modimo o teng le gore ke ka ntlha yang fa a letleletse boikepo? Sebatana se se mmala o bohibidu jo bo letlhololo sa Tshenolo kgaolo 17 se tshwantshetsa eng?

      Dipotso tseno mmogo le tse dingwe tse dintsintsi di ka arabiwa sentle fa o na le laeborari e e lekaneng ya puso ya Modimo. Mokgatlho wa Watchtower o gatisitse dibuka, diboroutšhara, le ditlhogo tsa dimakasine tse di tlhalosang dikgang tse dintsi tsa Dikwalo. Mo godimo ga moo, dikgatiso tseno di ama dikgang tsa lelapa, di nonotsha tumelo ya rona mo Modimong le mo Baebeleng, di dira gore re kgone go tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go rera, gape di re thusa gore re tlhaloganye boperofeti jwa Baebele.

      Bontsi jwa dikgatiso tse di gatisitsweng ke Mokgatlho mo dingwageng tse 20 tse di fetileng di santse di le teng. Fa e le gore o sa tswa go tsena mo boammaaruring bosheng jaana, go tla bo go le botlhokwa gore o nne le dibuka tseo tsotlhe tse di leng teng ka puo e o e buang. Dibuka tse di kgethegileng tsa patlisiso, tse di jaaka Insight on the Scriptures le Comprehensive Concordance, le tsone di gatisitswe ka dipuo tse di farologaneng. Lefa go ntse jalo, go nna le dibuka tseno ke kgato ya ntlha fela.

      Rulaganya Laeborari ya Gago!

      O ka nna wa itse gore o na le buka felo gongwe, mme go bona buka e o e tlhokang ke gone ga botlhokwa. Fa re ka senya nako e ntsi re batla buka ya patlisiso e re e tlhokang, re ka nna ra tloga ra felelwa ke kgatlhego ya se re se dirang. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa dibuka tsa rona di rulagantswe sentle, mo lefelong le le tshwanetseng, re tla ikutlwa re rata thata go dira patlisiso motho ka namana.

      Fa go kgonega, go ka nna mosola gore o nne le bontsi jwa dibuka tsa puso ya Modimo mo lefelong le le lengwe fela. Re ka kgona go itirela shelofo ya dibuka, gantsi re dira jalo ka madi a a kwa tlase, fa e le gore ga re kgone go reka e e diretsweng ruri, mme e bile ga go tlhokege gore e bo e le kgolo thata. Selo se se botlhokwa gape ke gore o kgone go fitlhelela laeborari motlhofo. Dibuka tse di beilweng kwa godimo kwa marulelong di beetswe go tlala lerole fela.

      Kgato e e latelang ke ya gore o rulaganye dibuka sentle. Go dirisa nako e khutshwane fela o rulaganya dibuka tseno ka tsela e e siameng go na le matswela.

      Go tweng fa e le gore bontsi jwa ba lelapa la gago ga se Basupi ba ga Jehofa? Lefa o ka se ke o kgone go rulaganya laeborari jaaka o ne o ka batla, o ka nna le shelofo ya dibuka mo kamoreng ya gago ka namana e e nang le bobotlana dingwe tsa dikgatiso tsa Dikwalo.

      Laeborari ya Puso ya Modimo E Ka Thusa Motho go Agega Semoyeng

      Fa re setse re rulagantse dibuka tsa rona, re tlhoka thulaganyo e e ka re thusang go bona tshedimosetso. Re ka nna ra bo re sa kgone go gakologelwa dilo sentle, mme rona ka namana re ka nna ra bo re sa itse diteng tsa buka nngwe le nngwe e e mo laeboraring ya rona ya puso ya Modimo. Lefa go ntse jalo, tshedimosetso yotlhe e e mo laeboraring e ka bonwa motlhofo fela. Fa Watch Tower Publications Index e le teng ka puo ya rona, e ka re thusa gore re bone tshedimosetso e e tlhomameng ka kgang nngwe le nngwe fela mo nakong e khutshwane.

      Julián, yo o ileng a direla ka dingwaga di le dintsi e le mmulatsela yo o kgethegileng le mogolwane o tlhalosa gore Index e botlhokwa thata fa a ruta morwawe yo mmotlana gore a ithute ka namana. “Jairo, yo o dingwaga di supa, o ne a tla letsatsi lengwe a tswa sekolong mme a mpotsa a re, ‘Papa, Mokgatlho o ile wa tlhalosa eng kaga di-dinosaur?’ Re ne ra tlhamalalela fela go Index mme ra leba kafa tlase ga lefoko ‘dinosaurs.’ Mo e batlileng e le gone fela foo re ne ra bona motseletsele wa setlhogo se se kafa ntle sa Tsogang! o bua ka kgang eno. [February 8, 1990] Ka lone letsatsi leo, Jairo o ne a simolola go e bala. O setse a itse gore laeborari ya rona ya puso ya Modimo e na le tshedimosetso ya botlhokwa mo kgannyeng nngwe le nngwe tota. Nna ka namana, ke tlhomamisa gore fa bana ba rona ba ithuta go dirisa laeborari ya puso ya Modimo sentle, seo se ba thusa gore ba gole semoyeng. Ba ithuta go akanya, mme mo godimo ga moo, ba lemoga gore go ithuta motho ka namana go ka nna monate.”

      Fausto ebong rraagwe Sherezade yo o umakilweng kwa tshimologong, o dumela gore o tshwanetse wa simolola go sale gale tota go thapisa bana ba gago gore ba dirise laeborari ya puso ya Modimo. O tlhalosa ka go re: “Re setse re bontsha Sherezade, yo o setseng a na le dingwaga tse thataro jaanong, kafa a ka dirisang Index, ka gone. E re ka a kgatlhiwa ke tsholofelo ya lefatshe la Paradaise, re ne ra simolola ka go mmontsha lefoko ‘paradise’ mo go Index re bo re leba ditlhogo tsa Tora ya Tebelo tse e di umakileng. Gantsi re ne re mmontsha ditshwantsho fela. Lefa go ntse jalo, mokgwa ono o ne wa mo ruta gore Index ke yone tsela ya go mo thusa go bona tshedimosetso mo laeboraring ya mo lapeng. Re ne ra itse gore o tlhalogantse fa a ne a boa kwa sekolong letsatsi lengwe a na le potso kaga mekete ya Paseka. ‘Ke eng fa re sa tlhole mo teng ga Index?’ o ne a botsa mmaagwe jalo.”

      Go sa kgathalesege gore re na le dingwaga tse kae, Baebele e re kgothaletsa gore re ‘leke dilo tsotlhe, mme se se molemo re se tshware thata.’ (1 Bathesalonika 5:21) Seno se tlhoka gore re tlhatlhobe se se buiwang ke Dikwalo. (Ditiro 17:11) Fa re na le laeborari e e rulagantsweng sentle ya puso ya Modimo, re ka itumelela go dira patlisiso e e ntseng jalo. Nako le nako fa re atlega mo go diriseng laeborari ya rona go baakanyetsa puo, go bona kgakololo e e mosola ya go dirisana le bothata bongwe, kana go batla tshedimosetso nngwe e e kgatlhang, re tla bona kafa laeborari ya rona e leng mosola ka gone.

      Batsadi ba ga Sherezade ba tlhalosa gore: “Mo legaeng la Bokeresete, laeborari ya puso ya Modimo ruri ga se sengwe sa go ijesa monate fela!”

      [Lebokoso mo go tsebe 30]

      O KA RULAGANYA DIBUKA TSA GAGO JANG?

      Ga go na melao epe e e gagametseng ya kafa o ka rulaganyang dibuka tsa gago ka gone. Lefa go ntse jalo, dikgaoganyo tse di latelang tse di tlang ka tatelano di bontsha tsela nngwe e o neng o ka rulaganya dibuka tsa gago ka yone go ya ka se di se tshwereng.

      1. Dibuka tse di tlhalosang dikarolo dingwe tsa Baebele temana ka temana

      (Dikai: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela, Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!, “The Nations Shall Know That I Am Jehovah”—How?, “Your Will Be Done on Earth”)

      2. Dibuka tse di amanang le botshelo jwa lelapa

      (Dikai: Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa, Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela)

      3. Dibaebele le dibuka tsa patlisiso

      (Dikai: New World Translation of the Holy Scriptures—With References, le Dibaebele tse dingwe, Watch Tower Publications Indexes, Comprehensive Concordance, Insight on the Scriptures, The Kingdom Interlinear Translation of the Greek Scriptures, dikishinare e e siameng)

      4. Dibuka tse di dirisiwang ka nako eno mo Thutong ya Buka ya Phuthego le mo Sekolong sa Puso ya Modimo

      5. Dikhasete tse di reediwang le dibidio

      6. Dibolumo tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!

      7. Hisitori ya Basupi ba ga Jehofa

      (Dikai: Yearbooks of Jehovah’s Witnesses, Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo)

      8. Dibuka le diboroutšhara tse re di dirisang ka metlha mo bodiheding jwa rona

      (Dikai: O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, Go Fetolana ka Dikwalo, Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation?, Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo, Go Utlwana mo Kobamelong ya Modimo o o Osi wa Boammaaruri)

      [Setshwantsho mo go tsebe 31]

      Sherezade o setse a le moithuti yo o molemo wa Baebele

      [Setshwantsho mo go tsebe 31]

      Le mororo a sa le mmotlana, mosimane yono o dirisa laeborari ya puso ya Modimo

  • Setlhopha Se Se Laolang Se Okeditswe
    Tora ya Tebelo—1994 | November 1
    • Setlhopha Se Se Laolang Se Okeditswe

      ELE gore go okediwe badiri ba Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, maloko a a 11 a a direlang gone jaanong a okeditswe ka le le lengwe, go simologa ka July 1, 1994. Leloko le lesha ke Gerrit Lösch.

      Mokaulengwe Lösch o simolotse tirelo ya nako e e tletseng ka November 1, 1961, mme a aloga mo setlhopheng sa bo41 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate. O ne a direla mo tirong ya potologo le ya kgaolo kwa Austria go simolola ka 1963 go ya go 1976. O ne a nyala ka 1967, mme moragonyana ene le mosadi wa gagwe, Merete, ba ne ba direla ka dingwaga di le 14 e le maloko a lelapa la Bethele la Austria kwa Vienna. Dingwaga di le nne tse di fetileng ba ne ba fudusediwa kwa ntlokgolong ya Mokgatlho kwa Brooklyn, New York, koo Mokaulengwe Lösch a ileng a direla mo Diofising tsa Botsamaisi e bile a le mothusi wa Komiti ya Tirelo. E re ka a na le maitemogelo a magolwanyane mo tshimong ya Yuropa e bile a itse Sejeremane, Seesemane, Seromania, le Setadiana, o tla thusa thata mo tirong ya Setlhopha Se Se Laolang.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela